Boitumelo jwa Sebele bo Ikaegile ka Wena
“Go segō chaba e Modimo oa eōna e leñ Yehofa.”—Pes. 144:15.
1. Ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go akanya kaga gore ke eng se se go itumedisang?
GO TLHOKEGA eng gore o itumele tota? Maemo a a go dikologileng, dilo tse di bonalang kana batho ba bangwe ba ka go itumedisa go le kana-kang? A Modimo gammogo le Bibela a ka akarediwa mo go itumeleng ga gago? A re akanyetseng dintlha tseno, ereka rotlhe re batla go itumela.
2, 3. (a) Go ka diragala jang gore dilo le batho ba bangwe ba ka oketsa boitumelo jwa gago? (b) Modimo o leba seno jang?
2 Go a itlhalosa gore dilo tsa kafa ntle di ka oketsa boitumelo jwa rona, tse di etsang go ipelela dijo tse di monate tse di lekaneng mo ditikologong tse di itumedisang. Re ka itumelela seno segolo-bogolo fa mo nakong e e fetileng re ne re tshwerwe ke tlala ka lobaka lo loleele mo go botlhoko. Fa re batla boitumelo jo bo rileng mo dijong tse di molemo ga re tlhabane le thato ya Modimo. Kgosi Solomone o tlhotlheleditswe go kwala jaana:
“Kea itse, go re, ga gona sepè se se molemō mo go bōnè bogolo go go itumèla le go diha molemō ka metlha eotlhe ea go tshela ga bōnè. Le gōna ke nèō ea Modimo, gore motho moñwe le moñwe a yè a nwè, me a yè monate ka letsapa yeotlhe ya gagwè.”—Mor. 3:12, 13; bapisa Pesalema 104:14, 15.
3 Le batho ba bangwe le bone ba ka oketsa boitumelo jwa rona. Abo ke selo se se kgotsofatsang jang go nna le baratwa ba ba amegang ka rona, ekane e le maloko a lelapa kana ditsala tse di gaufi-ufi!—Pes. 127:3-5; 128:3.
4. Ke ka ntlhayang fa go nna le dilo kana bankane go sa tlhomamise gore o tla itumela? (Dia. 23:4, 5; Mor. 5:11; Luke 12:16-20)
4 Mme o ka ne o itse sentle gore go nna le dilo tse di bonalang le ditsala tse di gaufi ga go tlhomamise mongwe ka boitumelo jwa sebele jo bo nnelang ruri. Bangwe ba na le dijo tse di kwa godimo ka motlele ebile ba mo mafureng a dikhumo-khumo tsa segompieno; mme boitumelo bo ntse bo a ba katoga. Dingwaga di le pedi pele ga fa mohumi yo mogolo yo o rekisang oli J. P. Getty a tlhokofala, o ne a lemogile jaana: “Ga se gore madi a amana le boitumelo ka gope. Ka gongwe a amana le go sa itumela.” (1 Tim. 6:9, 10) Ebile madi ga a ne a oketsa boitumelo jwa rona jwa sebele fa bao ba itshemang ba amega ka rona e le batho bao botsala jwa bone bo rekiwang ka tsela nngwe.—Dia. 19:6.
5. Ke ka ntlhayang fa boitumelo e le seikgakantshi?
5 Go lemogilwe gore boitumelo ka tsela nngwe ke boikgakantsi jo bogolo. Lemororo lefoko “boitumelo” le ka akantsha maemo a a itumedisang, tota le ka mela mo mmung mongwe le mongwe, le tshela tlase ga maemo afe le afe, le gana tikologo epe fela. Boitumelo tota ga se seo re nang naso fa e se seo re leng sone. Ke lone lebaka la gore ke ka ntlhayang fa ba bantsi bao ba tshelelang mo dikhumong ba sa itumela ka mo go kgethegileng, lemororo bangwe bao ba nang le mo go lekanetseng ebile matshelo a bone ekete a kwa tlasenyana ba itumela. Go feta moo, o ka ne o rakane le batho ba ba kwa kokelong kana ba ba golofetseng bao ba nang le boikutlo jo bo tlhomameng, ba na le sefatlhogo se se thantseng, se se itumetseng. Ke boammaaruri, ga ba itumelele go lwala kana go golofala ebile ba ne ba ka rata fa ba ka fetoga. (Dit. 3:1-8) Mme lefa go ntse jalo ba na le lebaka la go itumelela botshelo.
BOITUMELO LE TLHOKAFALO YA GAGO YA SEMOYA
6, 7. (a) Ba bantsi ba dirile phoso efe fa ba ntse ba senka boitumelo? (b) A o ka akanya ka dikai dingwe tsa se?
6 Batho ba bantsi ba swabela ba ba itumetseng, ba batla go tshwana le bone. Ba ka nna ba leka go khutlisa go sa itumela ga bone ka ditsela tsa maitirelo—diokobatsi, go tagwa bobe, dikamano tsa bonna le bosadi tse di sa tshwanelang, botshwakga—mme ba ntse ba gakgamalela gore ke ka ntlhayang fa boitumelo bo ntse bo ba katoga. Maipelo ape ao ba ka a bonang mo ditelekisong tseo e tla bo e le boitumelo jwa maitirelo, joo fa bo sena go lekiwa bo nnang moswantlha fela jaaka madi a maitirelo.
7 Bosupi jwa lobaka lo loleele lwa ditiragalo gammogo le maitemogelo a didikadike tsa batho bao ba tshelang gompieno di supa gore ga re ne re iphoufaletsa maemo kana melao-metheo ya boitsholo mme re bo re itumela ka bosakhutleng. Bao ba ‘feletsweng ke maikutlo, ba ineetse mo bopepeng, go dira maswe otlhe ka bopelotshetlha’ ga baa itumela. (Baef. 4:17-19; Bar. 13:13) Tsela e e ntseng jalo, ekane gone jaanong kana moragonyana, e oketsa matlhoko, e eta e baya dithibedi mo tseleng e e yang boitumelong. A o ka akanya ka ditiragalo tsa sebele tseo di tlhomamisang ntlha eo? Mo letlhakoreng je lengwe, go dira dilo ka tsela ya Modimo—mo tumalanong le maemo a gagwe a boitsholo—go fokotsa mathata a botshelo mme ka jalo go tlosa dithibedi mo tseleng ya go fitlhelela boitumelo. Mme go tila mathata fela ka bogone ga se tlhomamiso ya go itumela ga rona. Go tlhokega mo gontsi. Re ka tlhomamisega ka seo, ka gobo Modiri wa rona o re bolelela jalo.
8, 9. (a) Re na le tlhokafalo efe ya motheo? (b) Jesu o rileng kaga se?
8 Re tlhoka go godisa kamano le Mmopi, go ithuta thato le maikaelelo a gagwe re bo re di amogela. Ee, re tlhoka seo. Mo bukeng ya Dr. Ivar Lissner, eleng Man, God and Magic, o bontsha gore “pharologano ya motheo gareng ga motho le phologolo” ke gore “motho gaa kgotsofalele fela go robala, go ja le go ithutafatsa.” Rona batho re na le “kgorobelelo e e sa itsiweng ebile e e nnelang ruri” eo e ka bidiwang “bomoya.” Tota, Dr. Lissner o bega gore ‘ditlhabologo tsotlhe tsa batho di simolotse ka keletso ya go itse Modimo.’—Dit. 17:26-28.
9 Jesu o ne a dumela kgorobelelo eno ya motheo, ka go re: “Go segō [go itumetse] ba ba humanegileñ mo mōeeñ,” kana bao ba lemogang tlala ya bone ya semoya ba bo ba dira sengwe. (Math. 5:3) Mme kana go motlhofo thata go tlodisa tlhokafalo eo matlho. Le eleng motho yo o nnileng le kamano le Modimo ka lobaka lo loleele a ka nna a latlhegelwa ke go lemoga gore kamano eno e tlisa boitumelo jo bo kanakang. A ka nna a bona ba bangwe ba le mo manobonobong kana bangwe ba ba setseng ditiro tse di rategang tsa maitloso-bodutu kana boitapoloso jwa mokgwa mongwe morago. Ka jalo a ka ba rokologela mathe a ba a re, ‘ka gongwe ke latlhegelwa ke sengwe.’ Fa a latela tsela ya bone a dirisa nako kana kgatlhego e e neelwang kamano ya gagwe le Modimo, botshelo jwa gagwe, ka tlhaloganyo ya senama, bo ka bonala bo farologane thata, bo dumalana thata le ditlwaelo tsa bosheng. Mme a tota o tla itumela go feta? Monna yo o tshwerweng ke tlala, mo boemong jwa gore a je, a ka ikela kwa toropong kana a ikela dibaesekopong. Ditiro tse di ntseng jalo di ka nna tsa mo tlhokomolosa kana tsa mo tshegisa. Mme a di tla mo kgorisa?
10. Boitumelo bo amana jang le go lemoga ga gago tlhokafalo eno?
10 Vermont Royster, yo o kileng ya bo e le morulaganyi wa The Wall Street Journal, o ne a akgela kaga botswelopele jwa maranyane a batho. Morago a ba a oketsa jaana:
“Selo se se šwegašwegisang ke se. Mo go akanyetseng motho ka boene, ditlalelo tsa gagwe, bonno jwa gagwe mo lobopong lotlhe, ga rea katoga fa nako e simolotseng teng le eseng. Re santse re setse ka dipotso tsa gore re bomang le gore ke ka ntlhayang re ntse jaana gammogo le gore re ya kae.”—“Science Digest.”
O ka lemoga gore bao ba apa-apang, bao ba senang dikarabo, ga ba ne ba ikutlwa ba kgotsofetse kana ba itumetse. Mme, fa re kaya tlhokafalo ya rona ya semoya e le botlhokwa thata ebile re senka go tlhaloganya Lefoko la Modimo, re ipona moo re leng teng. Botshelo jwa rona bo nna le boikaelelo, bokao, kgonego ya go ka itumela ka mo go oketsegileng.
11. Ke ka ntlhayang fa o tla itumela bogolo fa o dirisa maemo a Modimo? (Pes. 19:7, 8, 11)
11 Gape re oketsa boitumelo jwa rona ka tsela e nngwe ka go lemoga tlhokafalo ya rona ya semoya gammogo le ka go nna le kamano le Modimo. Re setse re umakile gore go amogela maemo a Modimo a boitsholo go re thusa go tila mathata, mme go dira jalo go fetela ka kwa. Tota re tlhoka setlhopha sa maemo se se utlwalang le se se tlhomameng. Lefoko la Modimo le kgotsofatsa tlhokafalo eo ka botlalo. Ebile maemo a Modimo a dumalana le boikutlo joo re nang najo jwa segakolodi. Ka jalo fa re dumalana le ona re ikutlwa re le botoka, re gololesegile, re na le kagiso ka mo go oketsegileng. (Pes. 1:1-4; Bar. 2:14, 15) Re ka ba ra thusa le bana ba rona gore ba bone boitumelo ka go arola le bone maemo a Modimo. Ngaka Robert Coles wa Yunibesithi ya Harvard o tlhokometse jaana kaga basha:
‘Ba tlhoka kotlhao eseng fela ya go kgwabofatsa maikutlo a bone a bongwana, mme kotlhao eo gape e gokagantsweng le maemo a boitsholo a a boletsweng le a a sedifaditsweng. Ba tlhoka sengwe se ba ka se dumelang seo se leng segolwane bogolo go dikeletso le dikgorobelelo tsa bone. . . . Ba tlhoka go bona karolo e kgolwane ya lefatshe, e go ka tweng ke karolo e kgolwane ya boitsholo—eleng tumelo e e itemosang bokao jwa botshelo joo rotlhe re bo tshelang.’
12. O ka fitlhelela boammaaruri bofe jwa motheo kaga boitumelo jwa gago?
12 Ka jalo, go a utlwala go ka umaka gore boitumelo jwa sebele bo amana le go tlhokomela tlhokafalo ya rona ya semoya gammogo le go nna le kamano le Modimo, fela jaaka Bibela e bontshitse sentle: “Go segō [go itumetse] monna eo o ikgantshañ Yehofa,” yo o “mo ikanyañ,” yo o “boihañ Yehofa,” yo o sepelang “mo molaoñ oa ga Yehofa,” le yo o ‘batlang Modimo ka pelo yotlhe.’ (Pes. 40:4; 34:8; 112:1; 119:1, 2) Modimo ka pelo yotlhe o batla go re atolosetsa lorato lwa ona le go itsalanya le rona. A re bontsha ka tlhomamo gore re ipelela go nna le kamano le ene?—Bar. 8:38, 39.
BOITUMELO JO BO TLISIWANG KE GO UTLWA LE GO DIRA
13. Jesu o re neetse temogo ya go itumela jang?
13 Ka nako nngwe mosadi yo o utlwileng Jesu a ruta o kile a goa a re: “Go segō sebopèlō se se go belegeñ, le mabèlè a u a amuleñ.” (Luke 11:27) Go bonala gore o ne a itse gore Bibela e goletsa bommè, ebile a ne a akanya gore Maria o ne a segofaditswe kana a ka itumela ka mo go kgethegileng gore morwa wa gagwe Jesu e ne e le morutisi yo o sethakga jalo, yo o siameng jalo. Mme Jesu o ne a itse gore go na le boitumelo jo bogolwane bogolo go jwa go nna rra-ngwana kana mma-ngwana, le eleng go nna mmaagwe Mesia. O arabile ka go re: “E, me bogolo go segō ba ba utlwañ lehoko ya Modimo, ba le boloka.”—Luke 11:28.
14, 15. ‘Go utlwa lefoko la Modimo’ go raya gore o direng?
14 Tlhokomela kgatelelo eo Jesu a e beileng mo go tshwaregeng ka “lehoko ya Modimo,” eleng go le utlwa kana go le bala. Gangwe le gape re tlhomamisediwa mo Bibeleng kaga molemo wa go tshwarega ka Lefoko la Modimo. Pesalema ya ntlha e re kaga monna yo o itumetseng, kana yo o sego; “Go itumèla ga gagwè go mo molaoñ oa ga Yehofa; me o akanya mo molaoñ oa gagwè motshegare le bosigo.” (Pes. 1:1, 2) Ka jalo re ka botsa gore, ‘A le nna ke bona boitumelo mo motsweding oo?’
15 Dikwalo di tshwana le sefalana sa boitumelo, ka gobo di humisa mogopolo le pelo. Di phatsimisa sefatlhogo. Dia solofetsa. Di bontsha tsela e e ungwang, le e e ipedisang. Di na le megopolo ya Modimo eo re ka e akanyetsang ka nako nngwe le nngwe. Ke motheo wa botlhale jwa boammaaruri.—Bapisa Diane 3:13-18.
16. Ka jalo o ka oketsa boitumelo jwa gago jang ka go dira dipaakanyo?
16 Abo go na le dikgatiso tse dintsi thata jang tseo re ka di balang—dikoranta, dimakasine, dibuka, dibuka tsa ditiragalo, makwalo-paka kaga legae kana tiro nngwe. Lemororo dingwe tsa tseno di ka ne di kgatlha ebile go na le mo di tshwanetseng teng, re ka ipotsa: ‘Gore ke tle ke bone boitumelo, a nka fetola thulaganyo ya me kana mekgwa ya me ya go bala gore ke tle ke bale le go ipelela Lefoko la Modimo mo go oketsegileng?’ Ee, tota o ka e balela monate fela. Bala karolo ya yone tsatsi lengwe le lengwe, fa o rata o dira thulaganyo. Bala Bibela ka tatelano ya dibuka. Bala Dikwalo ka dithuso tse di botlhokwa tsa Bibela. Ka dinako dingwe bala thanolo e nngwe kana mo puong e e farologaneng fa o itse dipuo tse dintsi. Ee, go bala Lefoko la Modimo mo go oketsegileng go tla go atametsa mo boitumelong.—Tshen. 1:3.
17, 18. Karolo e nngwe ya go “boloka lehoko ya Modimo” e e ka go okeletsang boitumelo ke efe?
17 Jesu o rile ‘go boloka Lefoko la Modimo’ le gona go akarediwa mo go itumeleng ga rona. Mo tshimologong re tlhokometse gore seno se boammaaruri ka gobo ka go dira jalo re tila mathata. Mme gape go boammaaruri go tswa mo dintlheng tse di farologaneng.
18 Batho ba bantsi gompieno ba amega segolo thata ka “NNA.” Maiteko le dikamego tsa bone ke tsa molemo wa bone fela. Lefa go ntse jalo, a ba itumetse eleruri? Mo phapaanong, Lefoko la Modimo le tlhotlheletsa boikutlo jwa go kgatlhegela ba bangwe, jwa go abalana, jwa go thusa batho ba bangwe. Re ka bona sekao sa seno mo go Jehofa ka boene, ka gobo ke Ena yo o ‘ratileng lefatshe mo go kalo-kalo, wa ntsha Morwa wa ona yo o tsetsweng a le esi, gore lefa e le mang yo o dumelang mo go ene a bone botshelo jo bo sa khutleng.’ Jehofa o bidiwa ‘Modimo o o itumetseng.’ (Yoh. 3:16; 1 Tim. 1:11, NW) Ka mo go tshwanang, “Keresete le ene ga a ka a ikgatlha,” mme o ne a re swela.—Bar. 15:3; Bagal. 1:3-5.
19-21. (a) O ka dira seno ka botlalo thata jang? (b) Ke ka ntlhayang fa o akanya gore seno se tla go tlisetsa boitumelo jo bo oketsegileng?
19 Go aba ga rona go ka nna ga mekgwa e mentsi, ebile go tshwanetse ga nna jalo. Mme ga go tlhokege gore e nne sengwe se segolo thata ebile ga go a tshwanela go direlwa go kgatlha batho. Jesu o gakolotse jaana:
“E re ha u diha modihō oa motshegare, leha e le oa maitsiboea, u se ka ua laletsa ditsala tsa gago, leha e le bana ba ga rrago, leha e ie ba losika loa gago, leha e le ba ga eno ba ba humileñ; e se re kgotsa le bōnè, ba ba ba gu bitsa, me tuèlō e gu dihalèle. Me e re ha u diha modihō, laletsa bahumanegi, le digōlè, le batlhotsi, le dihohu; Me u tla nna segō; gonne bōnè ga ba na se ba ka gu duèlañ ka shōna; gonne u tla duèlwa mo go cogeñ ga basiami.”—Luke 14:12-14.
20 Moo go tlhomamisa bonnete jwa gore boitumelo bo tla ka go aba. (Dit. 20:35) Maloka le dijo kana eng fela, a o ka akanya ka moo o ka dirisang kgakololo ya ga Jesu ka teng? Fa o le monna yo o nyetseng, o le mosadi yo o nyetsweng kana leloko le lengwe la setlhopha sa lelapa, ke ka ntlhayang fa o sa ikemisetse gore gompieno o tla tlotla ka moo o ka dirisang kakantsho ya ga Jesu ka teng? Mme o bone gore o tla itumela go le kana-kang.
21 Tsela e nngwe ya go bona boitumelo jo bo ntseng jalo ke ka go abela ba bangwe dinnete tsa Bibela tseo di ka oketsang boitumelo jwa bone. A ko o akanye gore o ne o tla ikutlwa jang fa o bona motho yo o tshwerweng ke tlala tota mo moyeng mme o mo thusa gore a kgore. (Dit. 13:48, 52) Ke boammaaruri, go ka nna ga tlhoka boiteko jo bo tswelang-pele gore o bone motho yo o ntseng jalo gammogo le go mo thusa ka bopelotelele gore a je dijo tsa semoya go tswa mo Lefokong la Modimo. Mme o tla bona gore mafoko a ga Jesu a boammaaruri: “Go segō ba ba utlwañ lehoko ya Modimo, ba le boloka.” (Luke 11:28; Yoh. 13:17) Mme le wena ka bowena o tla itumela segolo ka ntlha ya gobo o nnile le seabe mo go thuseng motho o sele gore a itumele.
BOITUMELO—A KE MOKGELE KANA KE PHELELO?
22-24. (a) Boitumelo bo tshwanetse go nna mokgele wa gago go le kana-kang? (b) Ka jalo, o ka bona boitumelo jwa sebele jang? (Dia. 8:32-35)
22 Re etse tlhoko gore boitumelo ga se segolo botshelo jwa go rua, mme ke go nna gone le go ipela. Gantsi bo tlhoka gore re baakanye ditebelelo tsa rona gore re kgotsofalele se re nang naso, re lemoga gore “poihōmodimo e e nañ le pelo e e ritibetseñ” e botlhokwa. (1 Tim. 6:6) Mme re ka dira boitumelo mokgele, kana tlhora e re ka e lekelang go le kana-kang?
23 Tota-tota, seo re se tlotlileng ka go nna le kamano le Modimo le kaga go aba se tshwanetse go re thusa go bona seno: Boitumelo ga se sengwe seo re tshwanetseng ra tlhola re se kobile. Ga bo tle ka go bo dira boitlhomo ka bojone mme bo tla kwa thoko fa re ntse re tshela fa pele ga Modimo, re bontsha dinonofo tsa gagwe gape re itshwara ka tsela eo a e batlang. Ke leungo la lorato le la tirelo. Boitumelo bo tshwantshanngwa le serurubele. Fa re se koba ka matlhagatlhaga, re leka go se tshwara, se tla nna se re katoga ka gale. Fa re se itlhokomolosa mme ka kagiso re tswelapele ka go dira thato ya Modimo, “serurubele” seo se tla tla mme se kotama mo legetleng la rona.—Bar. 12:19-21.
24 Ka ntlha ya moo, ke boammaaruri gore boitumelo bo ikaegile segolo thata ka wena. O se ka wa bo koba ka phegelo jaaka mokgele o mogolo mo botshelong. Bogolo, lemoga tlhokafalo ya gago ya semoya, eleng tlhokafalo ya go ithuta ka Mmopi wa gago le go mo obamela. Go latela maemo a gagwe a boitsholo go tla go sireletsa mo mathateng a mantsi ebile go tla neela botshelo jwa gago tlhomamo e e tlhokegang. Direla go nna le kamano e e gaufi le Jehofa Modimo, ka gobo o tla bona go kgotsofala le boipelo mo go tshwaneng le ‘Modimo o o itumetseng.’ Iphe nako e e oketsegileng mo botshelong jwa gago gore o ‘utlwe Lefoko la Modimo.’ Mme o utlwe tuelo ya go aba, go thusa ba bangwe go itse Jehofa le maikaelelo a gagwe. Eleruri o tla fitlhela gore ka go dira jalo o tla bo o segofaditswe ka boitumelo jo bogolo, fela jaaka didikadike tsa ba bangwe gompieno.—Pes. 146:5.