LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 5/1 ts. 20-26
  • ‘GO DIRA TIRO e e BOITSHEPO ya MAFOKO a a MOLEMO’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘GO DIRA TIRO e e BOITSHEPO ya MAFOKO a a MOLEMO’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘TIRO E E BOITSHEPO YA MAFOKO A A MOLEMO’
  • A TOTA KE TSELA E E ATLEGANG YA GO SUPA?
  • TIRO E MODIMO O E SEGOFATSANG
  • Bodiredi Jwa Ntlo le Ntlo—Ke Eng Fa bo Le Botlhokwa Gone Jaanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Ruta Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “Tsamayang Mme lo Dire Batho ba Ditšhaba Tsotlhe Barutwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • KGWETLHO YA NTLO LE NTLO
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 5/1 ts. 20-26

‘GO DIRA TIRO e e BOITSHEPO ya MAFOKO a a MOLEMO’

“Tshegohacō [ke e neilwe] ke Modimo, Ea go re, ke nnè modihedi oa ga Keresete Yesu mo go Badichaba, ke ba dihèla [tiro e e boitshepo ya mafoko a a molemo].”—Bar. 15:15, 16.

1, 2. Ke ka ntlhayang fa puo le mokgwa tsa rona di le botlhokwa?

MOTHO o itsege ka ditiro le dipuo tsa gagwe. Bangwe gantsi ba konela kaga gagwe le ka melao-metheo ya gagwe ka ntlha ya seo ba mmonang a se dira le go mo utlwa a se bua. Kgosi Solomone o kwadile jaana: “Le e leñ ñwanyana o tla a itshenole ka ditihō tsa gagwè, bo tihō ea gagwè e ntlè, le go re, a e siame.”—Dia. 20:11; Math. 7:16-20.

2 Mo go kaya eng fa o le Mokeresete? A bangwe ga baa tshwanela go lemoga mo boitshwarong le mo puong ya rona gore re direla Modimo wa boammaaruri, eleng Jehofa? Bibela e re tlhomamisetsa gore Modimo o boitshepo ebile o itshekile, gore melao-metheo ya gagwe e siame ebile e dira molemo. (Isa. 6:3; Yobe 34:10; Dute. 32:4) Fa tota re lemoga gore Modimo ke eng, seo se tshwanetse go bonala mo matshelong a rona.—Baef. 5:1.

3, 4. (a) Kobamelo le ditiragalo tsa Iseraele di nnile le phelelo efe? (b) Bangwe ba tshwanetse go amega jang ka go ela Bokeresete tlhoko?

3 Ereka kobamelo ya boammaaruri e bonala mo matshelong a batho, e ka thusa ba bangwe go iponela molemo. Ka sekai, Jehofa o ile a dirisana le Iseraele segolo-bogolo ka lobaka lo loleele. O ba reile a re: “Lo tla nna boitshèpō: ka gonne Nna Yehofa Modimo oa lona ke boitshèpō.” (Lefi. 19:2; bapisa Ekesodo 19:5, 6.) Melao ya dijo, ya phepafatso le ya boitsholo eo Modimo o e neileng Baiseraele e thusitse mo go ba dibeleng mo ditlwaelong tse dintsi tse di kgotlhelang tse di neng di tlwaelegile mo merafeng e e ba dikologileng. Basele ba bantsi ba kgonne go bona ka moo tsela ya kobamelo ya boammaaruri e neng e atlega ka teng, le ka moo Modimo o neng o goga le go sireletsa Iseraele. Mo ga ba kgatlha thata, mo go bileng ga tlhotlheletsa le ba bantsi go obamela Jehofa.—1 Dikg. 8:41, 42; 10:1; Ruthe 1:16.

4 Phelelo e e molemo e e ntseng jalo e nna gona fa Bakeresete ba boammaaruri ba tshela matshelo a bone mo tumalanong le ditaelo tsa Modimo. Matshelo a a fetotsweng a Bakeresete le “mokgwa [wa bone] o montlè” di tla tlhotlheletsa babogedi bangwe gore ba “galaletsè Modimo.” (1 Pet. 2:12, 15; 3:1, 2; Tito 2:7, 8; 1 Bathes. 4:11, 12) Mme Bibela e sedimosa sentle gore kgang-kgolo mo Bokereseteng ga se fela go tshela botshelo jwa boitshwaro jo bo siameng le go godisa botho jo bo molemo jo bo sedifatsang “louñō loa Mōea.” (Bagal. 5:22, 23; Baef. 4:22-24) Lemororo dintlha tseno tsa Bokeresete di le botlhokwa, go santse go na le tiro e e tlhomologileng e e tshwanetseng go dirwa fa mongwe e le molatedi wa boammaaruri wa ga Jesu.

‘TIRO E E BOITSHEPO YA MAFOKO A A MOLEMO’

5. (a) Sekao sa ga Jesu se bontsha gore ke eng gape se se leng botlhokwa go rona? (b) Ke ka ntlhayang fa tiro eno e le botlhokwa?

5 Jesu o tlotlile Rraagwe wa selegodimo e le mosimanyane gammogo le fa e le monna yo o itekanetseng. Tsela ya gagwe ya botshelo le botho jwa gagwe di tlhometse ba bangwe sekao, di tlhotlheletsa babogedi ba bantsi go galaletsa Modimo. (Luke 2:49, 52) Ka bonako fela fa Jesu a sena go kolobediwa o ne a “simolola go ruta,” a iteka ka natla jaaka a ne tsamaya-tsamaya a “rèra Mahoko a a Molemō a bogosi.” (Luke 3:23; Math. 4:17, 23) O bile a thapisa ba bangwe gore ba arole mo tirong eno, a ba romela gore ba ye go ruta batho. (Luke 10:1, 8, 9) Lantlha tiro e ya go ruta le go dira barutwa e ne e dirwa fela mo Bajudeng. Mme moragonyana e ne e tshwanetse go gola, ka gobo, jaaka moaposetoloi Paulo a tlhalositse go Baroma 15:8, 9, thato ya Modimo e ne e le gore batho botlhe ba lefatshe ba thusiwe go mo galaletsa.

6, 7. Moaposetoloi Paulo o dirile ‘tiro efe e e boitshepo’?

6 Paulo ka boene o diretse boikaelelo joo ka botlhaga. Go Baroma 15:16 o ipiditse “modihedi oa ga Keresete Yesu mo go Badichaba.” ‘Tirelo’ eo e ne e akaretsa eng? O okeditse ka go re o ne a “dihèla [tiro e e boitshepo ya mafoko a a molemo] a Modimo, gore Badichaba ba tlè ba dihwè chupèlō e e lebosègañ.” Mo go kaya eng?

7 Go Baroma 15:16 lediri la Segerika (hierourgounta) leo le kayang ‘go dira kana go kopanela mo selong se se boitshepo’a le dirisiwa mono fela mo Bibeleng yotlhe. Ka gone Paulo o ne a kaya gore o ne a tshwaregile ka botlhaga mo tirong e e boitshepo ya go rera mafoko a a molemo a Modimo, eleng molaetsa wa Bokeresete, a a rerela batho ba Baditšhaba. Bao ba amogetseng molaetsa ono ba bo ba nna Bakeresete ba ne ba tshwana le tshupelo e e diretsweng Modimo, eleng tshupelo eo Jehofa a e amogetseng a bo a e segofatsa ka moya wa gagwe.—Bar. 1:1, 16.

8. Paulo o dirile tiro eno mo Bajudeng jang?

8 Paulo le ba bangwe ba dirile jang ‘tiro eno e e boitshepo ya mafoko a a molemo a Modimo,’ eleng ya go rera molaetsa wa Bokeresete? “Mahoko a a Molemō” a ne a ka boloka matshelo, ka jalo ba ne ba batla go fitlhelela batho ba bantsi ka mo go neng go ka kgonega. Ka dinako dingwe Paulo, jaaka e ne e le Mojuda, o ne a kgona go bua le Bajuda ba ba neng ba kokoane mo matlung a thuto. (Dit. 13:14-42; 14:1; 18:4) Mme a ene le Bakeresete ba bangwe ba ne ba ka kgona go fitlhelela bontsi jwa “Badichaba,” eleng ba eseng Bajuda?

9. Bakeresete ba pele ba ne ba tle ba dirise mekgwa efe go thusa ba eseng Bajuda?

9 Bakeresete ba ne ba kgona go bua le batho mo mafelong a botlhe, jaaka kwa marekisetsong. (Dit. 17:17-22) Mme ga go bonale gore go dira jalo fela go ne go tla fitlhelela batho botlhe. Go tweng kaga go ya magaeng a batho, fela jaaka barutwa ba ga Jesu ba dirile fa a ne a ba romela go ya go rera mo metseng e e farologaneng? (Math. 10:5-13; Luke 9:2-6) Bakeresete ba pele le bone ba dirisitse mokgwa o, fa ba ntse ba ‘direla mo tirong e e boitshepo’ ya go anamisetsa Bokeresete go batho botlhe ka botlhaga.

10. Go na le bosupi bofe jwa gore go rera ka ntlo le ntlo go ne go dirisiwa mo go boneng le mo go thuseng ba ba sa dumelang?

10 Re ka bona seno mo dikakgelong tsa ga Paulo fa a ne a bua le banna ba ba nnileng bagolwane mo phuthegong ya Efesia. Fa Paulo a ne a bua ka go rera ga gagwe ga nako e e fetileng ya fa a ne a ba itsise Bokeresete, o rile: “Kaha ke se kañ ka boiha ka gōna go lo bolèlèla señwe le señwe se se molemō, ke ruta mo ponoñ le ka go nna ke tsamaea le matlo, Ke shupetsa Bayuda le Bagerika tlhabologèlō Modimoñ, le tumèlō mo go Morèna oa rona Yesu Keresete.” (Dit. 20:20, 21)b Ka phepafalo, Paulo fano o ne a bua kaga maiteko a gagwe a go rerela banna bano ba ise ba dumele, e le batho ba ba tlhokang go sokologa le go dumela mo go Yesu. Paulo o etetse kwa magaeng a batho ba ba ntseng jalo ba ba sa dumeleng. O ne a sena lebaka lepe la go etsa-etsega kaga go rerela basele mo go ntseng jalo, ka gobo o ne a dira ‘tiro e e boitshepo’ eo Modimo o neng o e amogela ebile o ne o tla e segofatsa.

11. (a) Bakeresete gompieno ba dira jang ‘tiro e e boitshepo’ eno? (b) Ke ka ntlhayang fa go arola mo tirong ya ntlo le ntlo go le botlhokwa?

11 Mo metlheng ya segompieno, Basupi ba ga Jehofa le bone ba nnile tlhaga mo go supeng ka ntlo le ntlo jaaka tsela ya bone e kgolo ya go rakana le batho le ya go rera boammaaruri jwa Modimo. Legale, Mokeresete mongwe le mongwe yo o bonang a patelesegile ebile a na le tshiamelo ya go bolela “Mahoko a a Molemō” o tla dirisa paka nngwe le nngwe e e tshwanetseng gore a supe—go ba-losika, bankane ba sekolo, badiri-mmogo, baagelani le basele fa a ntse a ipuela le bone. Ka gone Bakeresete ba tswelapele go dira gotlhe mo ba ka go kgonang gore ba supe ka ditsela tseo tse dingwe, tota le eleng fa ba le mo mafatsheng ao kganetso e kgolo go tswa mo ditlhopheng tsa bodumedi tse di thubakang kana mo mapodiseng e dirang gore go rera phatlalatsa ka ntlo le ntlo go se kgonege kana go se tshwanele. Lefa go ntse jalo, mo mafelong otlhe koo maemo ano a seng gone, Basupi ba ga Jehofa ba etela ntlo nngwe le nngwe ka thulaganyo. Mo go felela ka ‘bosupi jo bo feletseng’ le ka go rakana le batho ba bantsi bao ba neng ba se kitla ba kopana le Bakeresete ba boammaaruri ka tsela nngwe ba bo ba utlwa “Mahoko a a Molemō.”—Dit. 4:19, 20; 20:21; bapisa le Esekiele 9:3, 4.

A TOTA KE TSELA E E ATLEGANG YA GO SUPA?

12-14. Ke eng se se bontshang gore go rera ka ntlo le ntlo go ka atlega?

12 Mme a tota mokgwa ono wa go rera e santse e le tsela e e atlegang ya ‘go dira tiro e e boitshepo ya mafoko a molemo’? Bosupi bo goa bo re, EE! Ka 1977 lokwalo-paka lwa Social Compass lo gatisitse setlhogo “Basupi ba ga Jehofa mo Japane,” ka moithuta-ditlhopha wa Britani Bryan Wilson. O kwadile gore ba “mogopolo mongwe fela mo tirong ya boefangele go na le” ‘ditumelo dipe tse disha’ mo Japane. Gape, o ne a dira tlhotlhomiso eo e senotseng gore:

“Bontsi [58,3%] jwa bao e nnileng Basupi bo bolela gore kgatlhego ya bone e goteditswe lantlha ka go etelwa ke” mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

13 Le eleng bo-rabodumedi ba ba ganang go amogela thuto e e thailweng mo Bibeleng e e anamisiwang ke Basupi ba ga Jehofa ba dumela go atlega ga go rera ka ntlo le ntlo ga Basupi. Re bala gore:

“Ka gongwe [dikereke] di tlhokomologile thata seo tota e leng tiro e kgolo thata-thata ya Basupi—go etela magae, o o leng mokgwa wa boaposetoloi wa kereke ya ntlha. Lemororo dikereke, eseng ka dipaka di sekae, di felela fela ka go . . . rera mo teng ga mafelo a bone a dipokano, [Basupi] bone ba latela mokgwa wa boaposetoloi wa go tsamaya ka ntlo le ntlo.”—“El Catholicismo,” Bogotá, Colombia, ya Sept. 14, 1975.

‘Makatoliki a tshwanetse go latela sekao sa Basupi ba ga Jehofa mo go rereng, batla-pitsong ya ntlha ya Bomorafe kaga Boefangele ba boleletswe jalo.’—“Tribune” ya kwa Minneapolis, ya Aug. 29, 1977.

14 Basupi ba ga Jehofa ba setse ba itsege ka go rera ka ntlo le ntlo mo eleng gore mo mafatsheng a mantsi mungwantlo o a tle a bule mojako a bo a re, “Oh, o tshwanetse wa bo o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.” Tota lefa go sa tlotliwe thata ka Bibela, go dirilwe molemo tota. Ka go dira jalo tlhokomelo e kaetswe go leina le le boitshepo la Modimo, leo le tshwanelwang ke go itshepisiwa. Ebile mungwantlo o lemositswe gore batlhanka ba Modimo ba ne ba le gona ka molaetsa wa Ona. (Math. 6:9; Isa. 12:4; Esek. 33:6-9, 29) Mme, jaaka ditsopolo tse di fa godimo di bontsha, gantsi go na le diphelelo tse dintsi.

15. Tiro e e atlegang eno e dirilwe jang mo mafelong a mangwe moo go nang le dikgoreletso teng?

15 Go rerela motho ka mongwe kwa magaeng go mosola ebile go atlega thata mo go rakaneng le batho mo eleng gore Basupi ba leka thata go e dira le eleng mo maemong a a thata. Go ne go ntse jalo mo lefatsheng lengwe la Afrika koo balaodi ba neng ba thibetse tiro eno e e theilweng mo Bibeleng. Bakeresete ba lefelo leo ba ne ba itse gore mokgwa o wa boefangele o botlhokwa, gore ba tshwanetse go “utlwa Modimo bogolo go batho” gammogo le gore ba tshwanetse go dirisa kgakololo ya ga Jesu ya go nna “botlhale yaka dinōga le buri yaka maphoi.” (Dit. 5:29; Math. 10:16, 17) Ba ne ba tle ba dire eng?

Ba ne ba rulaganya gore ba sekae ba bone ba kgaogane mmila o moleele kana karolo go ya ka dinomoro tsa matlo. Mongwe o ne a tla dira matlo otlhe a a felelang ka 2 (2, 12, 22, 32, jalo le jalo) mme o ne a ka di etela ka tatelano e a e ratang, ka nako ya gagwe. Mongwe o ne a na le tse di felelang ka 3 (3, 13, jalo le jalo) ebile a di etela ka letsatsi le le farologaneng. Ka jalo bosupi jo bo feletseng bo ne bo neelwa.

Gape ba ne ba dirisa mekgwa e mengwe e e farologaneng. Mokeresete mongwe o ne a tle a tshole mae kana maungo ka seroto se sennye mme a di rekisetse mungwantlo, mme ka tlhwatlhwa e e kwa godingwana go na le ya kwa borekisetsong. Go ne go tla reka ba sekae, mme go ne go tlotliwa thata kaga ditlhwatlhwa tse di kwa godimo, mathata a botshelo gompieno mme morago, fa go ne go bonala go tshwanela, kaga tirafatso ya boperofeti jwa Bibela.

Kana, Mokeresete yo o batlang go reka digwete a ka dirisa lobaka lono go rakana le batho mo “tshimong” ya gagwe. Pele ga fa a ya borekisetsong o ne a tle a etele magae a a nang le ditshingwana, a botsa kaga go reka digwete tseno. Ekane o a reka kana ga a reke, gantsi o kgona gore a tlotle ka dintlha tsa Bibela.

Ka ditsela tseno Bakeresete ba lefelo leo ba ile ba tila go tshwenngwa ke bathubaki ba sepolotiki bao ba kileng ba bo ba tshwenya bao ba rerang ka ntlo le ntlo. Gape, bosupi jo bo feletseng bo ne bo neelwa mo lefelong leo.

16. Go ka dirwa diphetogo dife tse dingwe gore Basupi ba tswelepele go atlega mo mokgweng ono wa go rera?

16 Go feto-fetoga go ka ne go tlhokega mo mafelong mangwe. Mo dingwageng tse di fetileng go ka ne go ne go tshwanetse go etela magae mo mosong, fa beng ba matlo ba bantsi ba ne ba le teng. Mme fa maemo a fetoga ebile bontsi bo ya tirong jaanong, a go kaya gore mokgwa ono wa go rera ga o tshwanele? Nnya, ka gobo botlhe—mo ntlung le mo kagong nngwe le nngwe—ba ka bonwa jang gape le go neelwa sebaka sa go bona molemo go “Mahoko a a Molemō”? Go ka ne go le botlhale go ba etela mo thapameng kana ka letlatlana, fa maloko a lelapa a le mo gae. Mokgele ke go fitlhelela le go thusa batho ba bantsi ka mo go ka kgonegang.—Bapisa Ditiho 16:13.

17. Re akantse ka sekao sa ga Paulo, rona ka borona re ka dira dipaakanyo jang fa re ntse re dira tiro eno?

17 Moaposetoloi Paulo o ne a ikitlieleditse go fetola ditsela le mekgwa ya gagwe gore di tshwanele bareetsi ba gagwe. O rile: “Ke diha dilō cotlhe ka ntlha ea Mahoko a a Molemō, gore ke tlè ke nnè le kabèlanō mo go aōna.” (1 Bakor. 9:19-23) Go feto-fetoga mo go tshwanang go ka thusa le gompieno. Ka sekai, go tweng fa o tshela mo karolong eo batho ba bantsi ba sa kgatlhegeleng bodumedi kana Bibela? A o ka siamisa katamelo ya gago ka ntlha ya moo?

Mosupi wa Belgium o anela jaana: ‘Ke tshola Bibela e butswe mme ke sa e senole gore ke yone ka bonako. Ke bo ke re, “Fa ke ntse ke letile gore o tle fa mojako ke ne ke ntse ke lebile seo se kwadilweng fano . . . ‘Go segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.’ [Math. 5:5] A o akanya gore go santse go na le ba ba pelonomi mo gare ga rona?” Ka metlha go simolola motlotlo mme moragonyana Bibela e amogelwa ga motlhofo.’

TIRO E MODIMO O E SEGOFATSANG

18. Re na le mabaka afe a a bontshang gore Modimo o kgatlhegela ‘tiro e e boitshepo eno ya mafoko a a molemo’?

18 Bakeresete lefatshe ka bophara ba kgatlhegela ‘tiro e e boitshepo ya mafoko a a molemo’ ka botlhaga. Le Jehofa le ene. Paulo o rile Bakeresete ba basha ba ba tsileng ka ntlha ya go arola mo tirong eno ba ne ba tshwana le tshupelo e e amogelesegang mo Modimong, o o goromeditseng moya wa ona mo go bone.—Bar. 15:16.

19. Tiro eno e ka atlega jang tota lefa ba bantsi ba sa reetse?

19 Kamogelo le tshegofatso tsa Modimo di ntse di tswelapele mo tirong eno ya go rera, go akaretsa le tiro e e botlhokwa ya ntlo le ntlo ya go senka le go thusa batho. Fela jaaka sekai se le sengwe, modiredi yo o etelang diphuthego mo kgaolong e kgolo o amogetse taletso ya go ya le Mokeresete mongwe mo Maryland go ya go tshwara thuto ya Bibela. O rile:

“Ke boditse mungwantlo gore o tlhotlheleditswe ke eng go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. O rile gantsi o ne a ke a bule Bibela gongwe le gongwe, a tlhome monwana mo temaneng a bo a e bala mme gantsi o ne a sa tlhaloganye se a se balang.

“Ka letsatsi lengwe o ne a hutsafetse tota ka ntlha ya mathata a a masisi a lelapa. O ne a bula Bibela ya gagwe gape mme a supa temana. Gaa ka a e tlhaloganya, mme ka ntlha ya khutsafalo le go swaba ga gagwe a simolola go lela. O ile a rapela Modimo gore a romele mongwe yo o tla mo thusang go tlhaloganya Lefoko la gagwe. Ka yone nako ya fa a ne a rialo, mongwe a kokota. Fa a bula a fitlhela Mosupi, yo o rileng, ‘A o ka rata go tlhaloganya Bibela?’ Mungwantlo o ne a mo gogela ka mo teng mme ga simololwa thuto ya ka metlha ka bonako.”

20-23. Go ka nna le masego afe ka ntlha ya go oketsa tiro ya go rera ka ntlo le ntlo?

20 Go ka nna le diphelelo tse di molemo tota le eleng fa go bonala ekete bontsi jwa bao go rakanwang nabo bo gana go tlisetswa “Mahoko a a Molemō.”

Mosha mongwe o ne a tsamaya ka mojako le mojako mo motseng-selegae wa Afrika Borwa thapama nngwe ya Matlhatso. Gaa ka a amogelwa ke ba bantsi, ka gobo mokgatlho mongwe wa bodumedi mo kgaolong eo o ne o anamisitse bopelotlhoi jo bogolo kgatlhanong le maiteko a Bokeresete a a thusang a Basupi ba ga Jehofa. Mejako yotlhe e ne e thubaganngwa fa pele ga gagwe. Go ne go lebega e le boithamako fela.

Mme a sa go lemoge, mongwe o ne a mo lebile ka kelotlhoko ka fensetere go tshekaganya mmila. Mosadimogolo mongwe o lemogile boitshoko jwa Mosupi yo go sa kgathalesege dikarabelo tse di seng botsalano. Ka phepafalo Mokeresete yo o ne a farologane le basha ba bangwe.

Erile Mosupi a goroga fa ntlung ya mosadimogolo yo o ne a re a tsene. Lemororo mosetsana a ne a bua segolo Seesemane mme mosadi yo ene a bua Seburu, ba kgonne go buisana kaga molaetsa o o botlhokwa wa Bibela wa metlha ya rona. Moragonyana Mosupi yo o buang Seburu o ne a latedisisa kgatlhego, mme mosadimogolo ka boitumelo a dumela go nna le thuto ya ka metlha ya Lefoko la Modimo.

21 Tota-tota, tshegofatso ya Modimo mo ‘tirong e e boitshepo ya mafoko a a molemo’ e bonala ka ditsela tse dintsi. Modiredi yo o etelang diphuthego mo kgaolong ya New Orleans, Louisiana, o kwadile jaana: “Moya wa boefangele o ntse o nonofela pele. Diphuthego tsa bofelo tse di bofera-bobedi kana tse di bofera-bongwe tseo re di etetseng di sentse nako e ntsi tota mo tirong ya go rera. Ka ntlha ya boiteko jo bo okeditsweng jo, batho ba bantsi ba ba kgatlhegelang “Mahoko a a Molemō” baa bonwa. Mme ereka bakaulengwe le bokgaitsadi ba tshwaregile segolo mo go boleleng “Mahoko a a Molemō,” moya wa kagiso le boitumelo eleruri o ntse o bonala mo diphuthegong.”

22 Kagiso le boitumelo tse di ntseng jalo gape di oketsa matshelo a botho le a lelapa a Bakeresete bao ba rerang “Mahoko a a Molemō” ka maikatlapelo ebile ba lemoga tshegofatso ya Modimo. Ee, go tla nna go ntse go na le mathata le ditlhodiego dingwe tsa botshelo. Re lemoga gore tseno di tla nna di le gone fa re ntse re sa itekanela ebile tsamaiso e e bosula e ya dilo e ntse e tswelapele. Mme jaaka Mokeresete a tshwarega thata mo ‘tirong e e boitshepo [e e laotsweng ke Modimo e] ya mafoko a a molemo’ botshelo bo tla tlala, bo huma, bo itumedisa ka mo go oketsegileng. (Dit. 20:35) Mo ga se kgopolo fela. Go thusa tota. Go thusitse le moaposetoloi Paulo. Go thusa le dikete-kete tsa Basupi ba ga Jehofa gompieno. Go tla go thusa le wena.

23 Ba bangwe gape ba tla kgona go lemoga gore o Mokeresete wa mofuta ofe. Ba tla lemoga gore o arola mo tirong ya go bolela “Mahoko a a Molemō.” Ba tla bona kagiso le boitumelo tseo di tlisiwang ke tiro eno gammogo le ditiro tse dingwe tsa Bokeresete mo botshelong jwa gago. Ba tla bona mekgwa e mentsi eo o sedifatsang botho jwa Bokeresete le “louñō loa Mōea” mo go yone. (Baef. 4:24; Bagal. 5:22, 23) Ee, o tla bonala go ba bangwe ba bantsi thata gore o direla Modimo o o boitshepo ka katlego.

24. O ka ikutlwa jang kaga go arola ka botlalo mo tirong eno?

24 Morago ga kakgelo ya ga Paulo kaga ‘go dira tiro e e boitshepo ya mafoko a a molemo,’ o okeditse ka go re: “Me ke gōna ke na le go ipelahatsa ga me mo go Keresete Yesu, kaga dilō tse e leñ tsa Modimo.” (Bar. 15:17) A rotlhe jaaka Bakeresete re dire gore le rona re kgone go ipelafatsa mo go Keresete Jesu.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bafetoledi ba bangwe ba fetoletse hierourgounta jaaka “go dira jaaka moperisiti,” kana ka polelwana e e tshwanang. Bapisa le Luke 1:8 moo lediri le le amanang le lefoko leno le dirisiwang maloka le Sekaria, eleng rraagwe Johane Mokolobetsi.

b Thanolo ya ntlha ya Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete go ya puong e nngwe go bonala gore e ne e le ka Sesiria. Thanolo ya ga Moprofesa James Murdock go tswa Sesirieng e balega jaana: “Ga kea ikeha seo se neng se le molemo go meya ya lona, gore ke tle ke lo rerele, ke bo ke rute mo mebileng le mo matlung, fa ke ntse ke supa go Bajuda le go Badichaba.”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

“Ditihō tse dikgolo” di simolotse ka Pentekoste

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Gompieno Basupi ba arola mo ‘ditirong tse dikgolo’ go dikologa lefatshe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela