PINA 56
Tlhopha go Tshelela Boammaaruri
1. Go tshelela Jah ruri ke yone tsela
E re tshwanetseng go e tlhopha.
Reetsa kaelo e e tswang go Jehofa;
O mo’ikobele ka metlha.
(KHORASE)
Rata tsela e.
Tshelela boammaaruri.
Mme o tla ipela
Fela thata
Fa o bo kgomarela.
2. Fa o’ipha nako; o dira maiteko
Go rera ’kgang tse di molemo,
Jehofa Mmopi o tla go segofatsa
Ka ’tshelo jo bo monate.
(KHORASE)
Rata tsela e.
Tshelela boammaaruri.
Mme o tla ipela
Fela thata
Fa o bo kgomarela.
3. Re bana rotlhe mo matlhong a Modimo,
Re tlhoka kaelo ya gagwe.
Tsamaya le Jah, Mmopi wa ’go ka metlha,
Mme o tla go segofatsa.
(KHORASE)
Rata tsela e.
Tshelela boammaaruri.
Mme o tla ipela
Fela thata
Fa o bo kgomarela.
(Bona le Pes. 26:3; Diane 8:35; 15:31; Joh. 8:31, 32.)