PINA 55
Se ba Boifeng!
1. Batho ba me, lo tswelele
Lo rera ka Bogosi.
Lo se ka lwa ba boifa.
Itsiseng batho botlhe
Gore Kreste, Morwa wa me,
O digile Satane,
O tloga a mo golega,
Gore go nne kagiso.
(KHORASE)
Se ba boifeng, batho ba me,
Le fa ba lo tshosetsa.
Lo thaka ya leitlho la me,
Ke tla lo sireletsa.
2. Le fa baba ba le bantsi
Ba leka go lo tshosa,
Gongwe ba lo bogisa,
Lo se ka lwa ineela.
Lona batlhabani ba me,
Lo se ka lwa ba tshaba,
Gonne ke tla lo boloka
Go fitlha ntwa e fela.
(KHORASE)
Se ba boifeng, batho ba me,
Le fa ba lo tshosetsa.
Lo thaka ya leitlho la me,
Ke tla lo sireletsa.
3. Lo se ka lwa boifa sepe;
Lo re ke lo latlhile.
Gonne le fa lo ka swa,
Ruri ke tla lo tsosa.
Ga lo tlhoke go ba boifa
Gonne ga ba na maatla.
Tswelelang lo ikanyega;
Mme ke tla lo falotsa!
(KHORASE)
Se ba boifeng, batho ba me,
Le fa ba lo tshosetsa.
Lo thaka ya leitlho la me,
Ke tla lo sireletsa.
(Bona le Dute. 32:10; Neh. 4:14; Pes. 59:1; 83:2, 3.)