LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • kr kgao. 20 ts. 209-219
  • Bodiredi Jwa Namolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bodiredi Jwa Namolo
  • Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo Tiro ya Namolo e le “Tirelo e e Boitshepo”
  • Tiro ya Namolo e e Nang le Maitlhomo a a Tlhomameng
  • Bodiredi Jwa Namolo bo Tlisa Masego a a Nnelang Ruri
  • A le Wena o ka Tsenya Letsogo?
  • O ka Thusa Jang Morago ga Masetlapelo?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Thusa ka Dilwana Tsa Namolo ka Nako ya Dikotsi Tsa Masetlapelo?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Go Gola Mmogo mo Loratong
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Tiro ya Namolo ka 2023—“Re Iponela ka Matlho Gore Eleruri Jehofa O a Re Rata”
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
kr kgao. 20 ts. 209-219

KGAOLO 20

Bodiredi Jwa Namolo

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Go bontsha lorato lwa Bokeresete ka ditiro ka dinako tsa masetlapelo

1, 2. (a) Bakeresete ba kwa Judea ba ne ba lebane le mathata afe? (b) Bakeresete ba kwa Judea ba ne ba bontshiwa lorato ka tsela efe?

KE MO e ka nnang ka 46 C.E., mme Judea e aparetswe ke leuba le le maswe. Bajuda ba ba nnang koo ba e leng barutwa ba ga Keresete, ga ba na madi a go reka dijo tse tlhwatlhwa ya tsone e leng kwa godimo fela thata. Ba tshwerwe ke tlala e bile ba aparetswe ke letlhoko le legolo. Le fa go ntse jalo, ba tloga ba bona kafa seatla sa ga Jehofa se ba sireletsang ka gone ka tsela e e iseng e ko e diragalele barutwa bape ba ga Keresete. Ke eng se se tlogang se direga?

2 E re ka Bakeresete ba Bajuda le ba Baditšhaba ba kwa Antioka, Siria, ba amilwe ke go boga ga Bakeresete ba Bajuda ba kwa Jerusalema le Judea, ba kgobokanya madi gore ba thuse badumedikabone. Morago ga moo, ba tlhopha bakaulengwe ba babedi mo gare ga bone ba ba nang le maikarabelo e bong Barenabase le Saulo, gore ba ise thuso ya namolo kwa bagolwaneng ba phuthego kwa Jerusalema. (Bala Ditiro 11:27-30; 12:25.) Akanya fela kafa bakaulengwe ba ba humanegileng ba kwa Judea ba neng ba amilwe pelo ka gone ke go bontshiwa lorato ke bakaulengwe ba bone ba kwa Antioka!

3. (a) Batho ba Modimo mo motlheng wa rona ba sa ntse ba latela sekao sa Bakeresete ba kwa Antioka ka tsela efe? Naya sekai. (Bona le lebokose le le reng, “Tiro ya Rona e Kgolo ya Ntlha ya Namolo mo Motlheng wa Rona.”) (b) Re tla sekaseka dipotso dife mo kgaolong eno?

3 Tiragalo eno e e diragetseng mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., ke tiragalo ya ntlha go kwalwa e e begang kafa Bakeresete ba ba nnang kwa karolong e nngwe ya lefatshe ba neng ba romela thuso ya namolo ka gone kwa Bakereseteng ba bangwe ba ba nnang mo karolong e nngwe ya lefatshe. Gompieno re latela sekao se se tlhomilweng ke bakaulengwe ba rona ba kwa Antioka. Fa re utlwa gore badumedimmogo le rona ba kwa lefelong le lengwe ba wetswe ke masetlapelo kgotsa ba lebane le diteko, re dira dithulaganyo tsa go ba thusa.a E le gore re tlhaloganye kafa ditiro tsa rona tsa namolo di amanang ka gone le ditiro tse dingwe tsa rona tsa bodiredi, a re sekasekeng dipotso di le tharo tse di malebana le bodiredi jwa namolo: Ke eng fa re leba tiro ya namolo e le bodiredi? Maitlhomo a tiro ya rona ya namolo ke afe? Re solegelwa molemo jang ke bodiredi jwa namolo?

Lebaka La go Bo Tiro ya Namolo e le “Tirelo e e Boitshepo”

4. Paulo o ne a bolelela Bakorintha eng malebana le bodiredi jwa Bokeresete?

4 Mo lekwalong la bobedi le Paulo a neng a le kwalela Bakorintha, o ne a tlhalosa gore Bakeresete ba na le bodiredi jo bo dikarolo tse pedi. Le fa gone lekwalo leo la ga Paulo le ne le lebisitswe mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, gompieno mafoko a gagwe a dira le mo ‘dinkung tse dingwe’ tsa ga Keresete. (Joh. 10:16) Karolo nngwe ya bodiredi jwa rona ke “bodiredi jwa tetlanyo,” ke gore, tiro ya rona ya go rera le go ruta. (2 Bakor. 5:18-20; 1 Tim. 2:3-6) Karolo e nngwe e akaretsa bodiredi jo re bo direlang badumedimmogo le rona. Paulo o ne a bua ka tlhamalalo ka ‘bodiredi jwa namolo.’ (2 Bakor. 8:4) Mo makgetlong ano otlhe, lefoko “bodiredi” mo dipolelwaneng “bodiredi jwa tetlanyo” le ‘bodiredi jwa namolo,’ ke thanolo ya mofuta wa lefoko la Segerika di·a·ko·niʹa. Ke eng fa seo se le botlhokwa?

5. Ke eng fa go le botlhokwa go bo Paulo a ne a bitsa tiro ya namolo a re ke bodiredi?

5 Fa Paulo a ne a dirisa lefoko le le tshwanang la Segerika mo ditirong tseno tse pedi, o ne a goboka tiro ya namolo le mefuta e mengwe ya bodiredi e e neng e dirwa mo phuthegong ya Bokeresete. O ne a buile jaana pelenyana: “Go na le mefuta e e farologaneng ya bodiredi, mme le fa go ntse jalo go na le Morena a le mongwe fela; e bile go na le ditiro tse di farologaneng, . . . Mme . . . di dirwa ke moya o le mongwe fela.” (1 Bakor. 12:4-6, 11) Tota e bile, Paulo o ne a amanya mefuta e e farologaneng ya bodiredi jo bo dirwang mo phuthegong le “tirelo e e boitshepo.”b (Bar. 12:1, 6-8) Ga go gakgamatse go bo a ne a bona go tshwanela gore a dirise bontlhanngwe jwa nako ya gagwe “go direla baitshepi”!—Bar. 15:25, 26.

6. (a) Jaaka Paulo a ile a tlhalosa, goreng tiro ya namolo e le karolo ya kobamelo ya rona? (b) Tlhalosa kafa tiro ya rona ya namolo e dirwang ka gone mo lefatsheng lotlhe gompieno. (Bona lebokose le le reng, “Fa go Nna le Masetlapelo!” tsebe 214.)

6 Paulo o ne a thusa Bakorintha go tlhaloganya lebaka la go bo tiro ya namolo e le karolo ya bodiredi le kobamelo ya bone mo go Jehofa. Ela tlhoko lebaka le a le ba nayang: Bakeresete ba ba namolang ba dira jalo ka gonne ba “ikobela dikgang tse di molemo ka ga Keresete.” (2 Bakor. 9:13) Ka jalo, e re ka Bakeresete ba tlhotlhelediwa ke keletso ya bone ya go batla go dirisa dithuto tsa ga Keresete, ba thusa badumedikabone. Paulo o ne a re ditiro tsa bopelonomi tse ba di direlang bakaulengwe ba bone, ruri di bontsha “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo bogolo thata jwa Modimo.” (2 Bakor. 9:14; 1 Pet. 4:10) Ka jalo, fa makasine wa The Watchtower wa December 1, 1975, o ne o akgela malebana le go direla bakaulengwe ba rona ba ba humanegileng, e leng se se akaretsang tiro ya namolo, o ne wa bua jaana ka nepo: “Le ka motlha ga re a tshwanela go belaela gore Jehofa Modimo le Morwawe Jesu Keresete ruri ba tsaya tirelo eno e le botlhokwa thata.” Eleruri tiro ya namolo ke mofuta o o botlhokwatlhokwa wa tirelo e e boitshepo.—Bar. 12:1, 7; 2 Bakor. 8:7; Baheb. 13:16.

Tiro ya Namolo e e Nang le Maitlhomo a a Tlhomameng

7, 8. Maitlhomo a ntlha a bodiredi jwa rona jwa namolo ke afe? Tlhalosa.

7 Maitlhomo a tiro ya rona ya namolo ke afe? Paulo o ne a araba potso eo mo lekwalong la bobedi le a neng a le kwalela Bakorintha. (Bala 2 Bakorintha 9:11-15.) Mo ditemaneng tseno Paulo o gatelela maitlhomo kgotsa mekgele e le meraro ya konokono e re e fitlhelelang ka go nna le seabe mo ‘bodireding jwa tirelo eno,’ e leng, tiro ya namolo. A re a sekasekeng ka bongwe ka bongwe.

8 Sa ntlha, bodiredi jwa rona jwa namolo bo tlisetsa Jehofa kgalalelo. Ela tlhoko gore ke makgetlo a le kae mo ditemaneng tse tlhano tse di fa godimo, a mo go one Paulo a lebisang tlhokomelo ya bakaulengwe ba gagwe kwa go Jehofa Modimo. Moaposetoloi Paulo o ba gopotsa “pontsho ya go leboga Modimo” le “dipontsho di le dintsi tsa go leboga Modimo.” (Temana 11, 12) O umaka kafa dithuso tsa namolo di dirang ka gone gore Bakeresete ba ‘galaletse Modimo’ le go baka “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo bogolo thata jwa Modimo.” (Temana 13, 14) Go tswa foo, Paulo o konela motlotlo wa gagwe o o malebana le bodiredi jwa namolo ka go bua jaana: “A re lebogeng Modimo.”—Temana 15; 1 Pet. 4:11.

9. Tiro ya namolo e ka fetola jang tsela e re akanyang ka yone? Naya sekai.

9 Fela jaaka Paulo, batlhanka ba Modimo gompieno ba leba tiro ya namolo e le tshono ya go galaletsa Jehofa le go kgabisa dithuto tsa gagwe. (1 Bakor. 10:31; Tito 2:10) Tota e bile, gantsi tiro ya namolo e nna le seabe se segolo mo go tloseng dikgopolo tse di sa siamang tse batho bangwe ba nang le tsone ka Jehofa le Basupi ba gagwe. Ka sekai: Mosadi mongwe yo o nnang kwa lefelong le le neng le kgautlhantswe ke kgwanyape, o ne a na le letshwao le le balegang jaana mo lebating la gagwe: “Basupi ba ga Jehofa—Lo se Ka Lwa Tsena.” Mme letsatsi lengwe o ne a bona badiri ba namolo ba baakanya ntlo nngwe e e senyegileng go bapa le kwa ga gagwe. O ne a fetsa malatsi a le mmalwa a ntse a lebile badiri ba ba berekang ba le botsalano, mme o ne a ya kwa go bone go ba botsa gore ke bomang. Fa a sena go utlwa gore baithaopi bao ke Basupi ba ga Jehofa, o ne a kgatlhega thata mme a ba raya a re: “Ke ntse ke na le dikgopolo tse di sa siamang ka lona.” Seno se ne sa felela ka eng? O ne a tlosa letshwao le le neng le le mo lebating la gagwe.

10, 11. (a) Ke dikai dife tse di bontshang gore re fitlhelela maitlhomo a bobedi a tiro ya rona ya namolo? (b) Ke kgatiso efe e e thusang badiri ba namolo? (Bona lebokose le le reng, “Sedirisiwa se Sengwe sa Badiri ba Namolo.”)

10 Sa bobedi, re ‘naya ka bogolo dilo tse di tlhokwang’ ke badumedikarona. (2 Bakor. 9:12a) Re fisegela go naya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona dilo tse ba di tlhokang ka bonako le go ba thusa go fokotsa pogo e ba lebaneng le yone. Ka ntlha yang? Ka gonne maloko a phuthego ya Bokeresete ke “mmele o le mongwe” mme “fa tokololo e le nngwe e boga, ditokololo tse dingwe tsotlhe di boga le yone.” (1 Bakor. 12:20, 26) Ka jalo, lorato lwa bokaulengwe le kutlwelobotlhoko di tlhotlheletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi gompieno go phuaganya se ba se dirang ka nako eo, ba bo ba tsaya didirisiwa tsa bone go potlakela kwa mafelong a a wetsweng ke masetlapelo go ya go namola badumedimmogo le bone. (Jak. 2:15, 16) Ka sekai, morago ga gore setsuatsue sa tsunami se ripitle naga ya Japane ka 2011, ofisi ya lekala ya kwa United States e ne ya romela makwalo kwa Dikomiting Tsa Kago Tsa Kgaolo mo nageng eo, e kopa gore fa e le gore go na le “bakaulengwe ba se kae ba ba tshwanelegang,” ba ithaopele go ya go thusa go aga sesha Diholo Tsa Bogosi kwa Japane. Bakaulengwe ba ne ba tsiboga jang? Mo dibekeng di se kae fela, mo e ka nnang baithaopi ba le 600 ba ne ba ikwadisetsa go ya go thusa—mme ba dumela go ituelela madi a sefofane go ya kwa Japane! Ofisi ya lekala ya kwa United States e ne ya bega jaana: “Go ne ga tsiboga batho ba le bantsi thata go feta kafa re neng re solofetse ka teng.” Fa mokaulengwe mongwe kwa Japane a ne a botsa modiri mongwe wa namolo yo o tswang kwa nageng e sele gore ke ka ntlha yang fa a tlile go thusa, o ne a mo raya a re: “Bakaulengwe ba rona mo Japane ke karolo ya ‘mmele wa rona.’ Re utlwa botlhoko jo ba bo utlwang le pogo e ba e bogang.” E re ka badiri ba namolo ba tlhotlhelediwa ke lorato lwa go intsha setlhabelo, ka dinako dingwe ba ile ba baya matshelo a bone mo kotsing gore ba thuse badumedikabone.c—1 Joh. 3:16.

Mosupi wa ga Jehofa kwa Switzerland a rulaganyetsa Bakeresetemmogo le ene dithuso tsa namolo ka ngwaga wa 1946

Switzerland, 1946

TIRO YA RONA E KGOLO YA NTLHA YA NAMOLO MO MOTLHENG WA RONA

KA Lwetse 1945, dikgwedi di le mmalwanyana fela morago ga Ntwa ya Lefatshe ya II e sena go khutla kwa Yuropa, Mokaulengwe Knorr o ne a itsise go simologa ga letsholo le legolo la go romela “dithuso tsa namolo kwa bakaulengweng ba rona ba ba tlhokang ba kwa Yuropa bogare.”

Dibeke di le mmalwa morago ga kitsiso eo, Basupi kwa Canada, United States le dinaga tse dingwe, ba ne ba simolola go phutha le go paka dijo le diaparo. Go tloga ka Ferikgong 1946 go ya pele, go ne ga romelwa dithoto kwa badumedingmmogo le rona kwa Austria, Belgium, Bulgaria, China, Czechoslovakia, Denmark, Engelane, Finland, Fora, Gerika, Hungary, Italy, Jeremane, Netherlands, Norway, ditlhaketlhake tsa Philippines, Poland le Romania.

Thulaganyo eno ya go thusa e ne e se selo se se dirwang gangwe fela. Dithoto tsa namolo di ne tsa tswelela go romelwa dingwaga di le pedi le sephatlo morago ga moo! Ka nako eo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna 85 000 ba ne ba romelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone kwa dinageng tse di kgautlhantsweng ke ntwa dijo tsa dikilogerama di ka nna 300 000, diaparo tsa dikilogerama di ka nna 450 000 le dipara tsa ditlhako di feta 124 000. Ka Phatwe 1948, letsholo leno le legolo la namolo le ne la konelwa. Makasine wa The Watchtower wa 1949 o ne a wa re: “Eleruri seno e nnile go bontshana lorato. Re itse gore bakaulengwe botlhe ba dirile seno go tlotla Morena, ba ntse ba gakologetswe gore go thusa ba bangwe ka dilo tse ba di tlhokang go ne go tla dira gore ba kgone go tsweletsa pele kobamelo ya bone ya boammaaruri; ka jalo, ba ne ba bona e le tshiamelo e kgolo go kgona go direla bakaulengwe ba bone ka tsela eno.” Tiro eno ya namolo e ne ya dira gore Jehofa a bakwe, ya thusa badumedikarona le go nonotsha sebofo sa kutlwano magareng ga bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe.

11 Batho ba e seng Basupi le bone ba bontsha gore ba anaanela tiro ya rona ya namolo. Ka sekai, morago ga gore naga ya Arkansas kwa U.S.A., e welwe ke masetlapelo ka 2013, lokwalodikgang lo ne lwa bega jaana fa lo bua kafa baithaopi ba Basupi ba neng ba tsiboga ka bofefo ka teng: “Basupi ba ga Jehofa ba rulagantse baithaopi ba bone sentle ka tsela e e leng gore ba kgona go tsibogela masetlapelo ka bothakga le ka bonako.” Eleruri fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a tlhalosa, re ‘naya ka bogolo’ bakaulengwe ba rona ba ba tlhokang.

12-14. (a) Ke eng fa go fitlhelela maitlhomo a boraro a tiro ya rona ya namolo go le botlhokwa thata jaana? (b) Ke dikakgelo dife tse di gatelelang botlhokwa jwa go tswelela re dira ditiro tsa semoya?

12 Sa boraro, re thusa ba ba sotlegileng gore ba boele mo thulaganyong ya bone ya semoya ya ka metlha. Ke eng fa seno se le botlhokwa? Paulo a re ba ba amogelang thuso ya namolo ba tla tlhotlheletsega go dira “dipontsho di le dintsi tsa go leboga Modimo.” (2 Bakor. 9:12b) A go na le tsela nngwe e e botoka e ba ba sotlegileng ba ka bontshang go leboga Jehofa ka yone go gaisa ya gore ba boele mo thulaganyong ya bone ya ka metlha ya semoya, ka bonako jo bo kgonegang? (Bafil. 1:10) Ka 1945 makasine wa The Watchtower o ne wa bua jaana: “Paulo o ne a letlelela . . . go phuthiwa ga meneelo ka gonne e ne e thusa . . . bakaulengwe ba Bakeresete ba ba tlhokang gore ba ipelele dithuso tsa namolo e le gore ba tle ba kgone go nna le seabe ka kgololesego le ka matlhagatlhaga mo tirong ya go neela bosupi ka Jehofa.” Re na le boikaelelo jo bo tshwanang gompieno. Fa bakaulengwe ba rona ba boa ba dira tiro ya go rera gape, ga ba nonotshe fela baagelani ba bone ba ba ngomogileng pelo, mme le bone ba a inonotsha.—Bala 2 Bakorintha 1:3, 4.

13 Ela tlhoko dikakgelo tsa bangwe ba ba ileng ba amogela thuso ya namolo e ba neng ba e tlhoka thata, mme ba simolola go rera gape ba bo ba nonotshiwa ke go dira jalo. Mokaulengwe mongwe o ne a re: “E ne e le tshegofatso mo lelapeng la rona go ya bodireding jwa tshimo. Fa re ntse re leka go gomotsa ba bangwe re ne ra lebala ditlhobaelo tsa rona ka nakwana.” Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Go tlhoma mogopolo mo tirong ya semoya go ne ga ntebatsa tshenyo e e neng e ntikologile. Go ne go dira gore ke ikutlwe ke sireletsegile.” Kgaitsadi yo mongwe o ne a re: “Le fa gone re ne re sa kgone go fetola maemo a rona, bodiredi bo ne bo thusa lelapa la me gore le tlhome mogopolo mo isagweng e e itumedisang. Go bua le ba bangwe ka tsholofelo ya rona ya lefatshe le lesha go ne ga nonotsha tshepo ya rona ya gore dilo tsotlhe di tla dirwa disha.”

14 Tiro e nngwe ya semoya e badumedikarona ba ba sotlegileng ba tlhokang go e tsweletsa ka bonako jo bo ka kgonegang ke go nna gone kwa dipokanong. Akanya ka se se neng sa diragalela Kgaitsadi Kiyoko yo ka nako ya masetlapelo a neng a le mo bowelong jwa dingwaga tsa bo50. Fa setsuatsue sa tsunami se sena go dira gore a latlhegelwe ke sengwe le sengwe kwantle ga diaparo tse a neng a di apere le ditlhako tse a neng a di rwele, o ne a akabetse a sa itse gore o tlile go tshela jang. Mme mogolwane mongwe o ne a mmolelela gore ba tla tshwarela pokano ya Bokeresete ya ka metlha mo koloing ya gagwe. Kiyoko a re: “Nna le mogolwane yoo le mosadi wa gagwe le kgaitsadi yo mongwe, re ne ra nna mo koloing. Le fa pokano eo e ne e le motlhofo fela, ka tsela ya kgakgamatso ke ne ka lebala ka setsuatsue sa tsunami. Ke ne ka ikutlwa ke na le kagiso ya mogopolo. Pokano eo e ne ya mpontsha maatla a go kopanela mmogo re le Bakeresete.” Fa kgaitsadi mongwe a ne a akgela ka dipokano tse a neng a nna gone kwa go tsone morago ga tiragalo ya masetlapelo, o ne a re: “Di ne tsa nthusa go itshoka!”—Bar. 1:11, 12; 12:12.

Bodiredi Jwa Namolo bo Tlisa Masego a a Nnelang Ruri

15, 16. (a) Bakeresete ba kwa Korintha le ba bangwe ba ne ba tla solegelwa molemo jang ke go ema nokeng ditiro tsa namolo? (b) Re solegelwa molemo jang ke tiro ya namolo gompieno?

15 Fa Paulo a ne a bua ka bodiredi jwa namolo, gape o ne a tlhalosetsa Bakorintha kafa bone le Bakeresete ba bangwe ba neng ba tla solegelwa molemo ka gone fa ba dira tiro eo. O ne a re: “Ka go lo direla mokokotlelo [Bakeresete ba Bajuda kwa Jerusalema ba ba neng ba amogela thuso] ba lo tlhologeletswe ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo bogolo thata jwa Modimo mo go lona.” (2 Bakor. 9:14) Eleruri bopelotshweu jwa Bakorintha bo ne bo tla tlhotlheletsa Bakeresete ba Bajuda go rapelela bakaulengwe ba kwa Korintha go akaretsa le Baditšhaba, e bile seno se ne se tla dira gore ba ba rate le go feta.

16 Fa makasine wa The Watchtower wa December 1, 1945, o ne o dirisa mafoko a ga Paulo go bontsha kafa tiro ya namolo e re solegelang molemo ka teng gompieno, o ne wa re: “Fa setlhopha se sengwe sa batho ba Modimo ba ba itshepisitsweng se naya setlhopha se sengwe sa bone dilo tse ba di tlhokang, akanya fela kafa seno se dirang gore ba nne seoposengwe ka gone!” Ruri ke sone se badiri ba namolo ba se iponelang ka matlho gompieno. Mogolwane mongwe yo o neng a thusa mo tirong ya namolo ka nako ya morwalela a re: “Go dira tiro ya namolo go dirile gore ke ikutlwe ke atamalane le bakaulengwe ba me go feta le fa e le leng pele.” Kgaitsadi mongwe yo o neng a tletse kanaanelo morago ga go amogela thuso ya namolo o tlhalosa jaana: “Bokaulengwe jwa rona ke jone selo se se ka tshwantshiwang thata le lefatshe la Paradaise.”—Bala Diane 17:17.

17. (a) Mafoko a a mo go Isaia 41:13 a amana jang le tiro ya namolo? (b) Umaka dikai tsa kafa tiro ya namolo e tlotlang Jehofa ka gone le go nonotsha sebofo sa rona sa kutlwano. (Bona le lebokose le le reng, “Baithaopi go Ralala Lefatshe ba Tlisa Namolo.”)

17 Fa badiri ba namolo ba fitlha kwa lefelong la masetlapelo, bakaulengwe ba rona ba ba amilweng ke masetlapelo ba bona ka tsela e e kgethegileng boammaaruri jwa tsholofetso eno ya Modimo: “Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’” (Isa. 41:13) Kgaitsadi mongwe o ne a bua jaana morago ga go falola masetlapelo: “Ke ne ke itlhobogile fa ke bona kafa go senyegileng ka gone, mme Jehofa o ne a otlolola seatla sa gagwe go nthusa. Ke felelwa ke mafoko fa ke leka go tlhalosa kafa bakaulengwe ba nthusitseng ka gone.” Bagolwane ba babedi ba ne ba kwala jaana mo boemong jwa diphuthego tse ba direlang kwa go tsone morago ga masetlapelo a sena go ripitla lefelo le ba nnang mo go lone: “Thoromo ya lefatshe e ne ya tlisa bohutsana jo bogolo, mme Jehofa o ne a re thusa a dirisa bakaulengwe ba rona. Re ne re ile ra bala ka tiro ya namolo mme jaanong re ne ra e iponela ka matlho e diragala.”

Peter Johnson a bereka mo porojekeng ya go aga kago ya puso ya Modimo

E NE YA TLHOTLHELETSA TSELA YA GAGWE YA BOTSHELO

FA BASHA ba nna le seabe mo tirong ya namolo seno se ka ba ama jang? Ela tlhoko se se neng sa diragalela Peter Johnson, yo o neng a dira tiro eno lekgetlo la ntlha fa a le dingwaga di le 18. O gopola jaana: “Go bona kafa bakaulengwe ba neng ba anaanela ka gone le boipelo jo ke neng ke nna le jone ka ntlha ya go aba, di ne tsa nkama pelo fela thata. Seno se ne sa nonotsha keletso ya me ya go dirisa botshelo jwa me go direla Jehofa ka botlalo.” Morago ga moo, Peter o ne a simolola tirelo ya bobulatsela. Gape o ne a direla kwa Bethele mme morago ga moo a direla e le leloko la Komiti ya Kago ya Kgaolo. Gompieno Peter a re: “Go dira tiro ya namolo lekgetlo leo la ntlha ka 1974, go ne ga tlhotlheletsa tsela ya me ya botshelo.” A o sa ntse o le mosha? A o ka etsa sekao sa ga Peter? O itse jang gore gongwe tiro ya namolo e ka tlhotlheletsa tsela ya gago ya botshelo mo tirelong ya ga Jehofa!

A le Wena o ka Tsenya Letsogo?

18. Ke eng se o ka se dirang fa o batla go nna le seabe mo tirong ya namolo? (Bona le lebokose le le reng, “E ne Ya Tlhotlheletsa Tsela ya Gagwe ya Botshelo.”)

18 A o ka rata go lekeletsa kafa tiro ya namolo e leretseng motho boipelo ka gone? Fa e le gore go ntse jalo, nna o gopotse gore gantsi badiri ba namolo ba tlhophiwa mo go ba ba dirang mo diporojekeng tsa kago ya Diholo Tsa Bogosi. Ka jalo, bolelela bagolwane ba phuthego ya lona gore o ka rata go tlatsa foromo ya go ikwadisa. Mogolwane mongwe yo o nang le maitemogelo a mantsi mo tirong ya namolo o gakolola jaana: “Ya fela kwa lefelong le masetlapelo a diragetseng kwa go lone fa o sena go amogela taletso e e tswang kwa Komiting ya Namolo ya Dikotsi Tsa Masetlapelo.” Ka go dira jalo, tiro ya rona ya namolo e tla tswelela ka mokgwa o o rulaganeng sentle.

19. Badiri ba namolo ba thusa thata jang go bontsha gore ruri re barutwa ba ga Keresete?

19 Eleruri tiro ya namolo ke tsela e e tlhomologileng e re bontshang ka yone gore re ikobela taelo ya ga Keresete ya gore ‘re ratane.’ Fa re bontsha lorato lo lo ntseng jalo, re bontsha gore ruri re barutwa ba ga Keresete. (Joh. 13:34, 35) Ruri ke tshegofatso mo go rona gompieno go nna le badiri ba le bantsi jaana ba ba dirang ka go rata ba ba tlisetsang Jehofa kgalalelo fa ba ntse ba naya ba ba emang nokeng Bogosi jwa Modimo ka boikanyegi thuso ya namolo e ba e tlhokang!

a Kgaolo eno e sekaseka dithuso tsa namolo tse di direlwang badumedimmogo le rona. Le fa go ntse jalo, mo maemong a le mantsi tiro ya namolo e solegela molemo le batho ba e seng Basupi.—Bagal. 6:10.

b Paulo o ne a dirisa mofuta wa lefoko le le kayang bontsi, di·aʹko·nos (modiredi) go tlhalosa “batlhanka ba bodiredi.”—1 Tim. 3:12.

c Bona setlhogo se se reng, “Go Thusa Ba E Leng Ba Ntlo ya Rona ya Tumelo kwa Bosnia,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 1, 1994, tsebe 23-27.

Bogosi ke Selo sa Mmatota go le Kana Kang mo go Wena?

  • Re itse jang gore tiro ya namolo ke karolo ya tirelo ya rona e e boitshepo mo go Jehofa?

  • Maitlhomo a mararo a konokono a tiro ya rona ya namolo ke afe?

  • Tiro ya namolo e tlisa masego afe a a nnelang ruri?

  • Tiro ya namolo e amana jang le taelo ya ga Jesu e e mo go Johane 13:34?

BAITHAOPI GO RALALA LEFATSHE BA TLISA NAMOLO

AFRIKA BOGARE LE AFRIKA BOPHIRIMA

Ka 1994, batho ba ka nna 800 000 kgotsa go feta, ba ne ba bolawa mo kgailong ya morafe kwa Rwanda. Morago ga kganyaolo eo, mekubukubu e ne ya anamela kwa Afrika Bogare mme ya feleletsa ka gore dikampa tsa batshabi di penologe ka batho. E le gore Basupi ba ga Jehofa ba kwa Belgium, Fora le Switzerland ba thuse badumedimmogo le bone ba ba amilweng ke masetlapelo, ba ne ba romela diaparo tsa ditone di ka nna 300, melemo, ditente, dijo le dithuso tse dingwe ka difofane. Mo dibekeng di se kae fela, dithuso tseo di ne tsa goroga kwa bakaulengweng ba rona ba ba tlhokang.

Gape mo Afrika, setlhopha sa dingaka tsa Basupi di le lesome le baoki ba ba tswang kwa Fora, ba ntse ba thusa bakaulengwe ba rona go fokotsa go boga ga bone mo go bakilweng ke ntwa ya maraganateng a bana ba mpa, leuba le malwetse. Mo dingwageng tse pedi fela tse di fetileng, setlhopha seo se ne sa tlhatlhoba batho ba le 10 000 ba ba tlhokang kalafi. Tiro ya bone e tlisetsa Jehofa le phuthego ya gagwe pako. Mooki mongwe a re: “Fa re fitlha mo lefelong lengwe go tla go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, batho ba bua jaana ka tlotlo: ‘Bano ke Basupi ba ga Jehofa. Ba tlile fano go tla go thusa bakaulengwe ba bone.’” Mosupi mongwe o ne a bua jaana morago ga go thusiwa ke mooki: “Ke a leboga kgaitsadi wa me. Ke a leboga Jehofa!”

Ka dinako dingwe, go ka tlhokega tiro ya namolo fa go nna le dikotsi tse di maswe. Ka 2012, kotsi ya tsela e ne ya bolaya Basupi ba le 13 kwa Nigeria, botlhe e le ba phuthego e le nngwe e nnye, mme ya tlogela ba bangwe ba le 54 ba na le dikgobalo tse di masisi. Komiti ya namolo e ne ya dira dithulaganyo tsa gore mongwe le mongwe wa batho ba ba gobetseng a newe tlhokomelo bosigo le motshegare. Fa molwetse mongwe a ne a bona kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba gobetseng ba neng ba engwa nokeng ka gone, o ne a founela moruti wa gagwe mme a mo raya a re: “Ga go na ope go tswa kwa kerekeng ya rona yo o nketetseng. Tla kwa kokelong mme o bone kafa Basupi ba ga Jehofa ba bontshanang lorato ka ditiro ka gone!”

Le fa gone bakaulengwe ba rona ba ba rategang ba phuthego eno e nnye ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke go latlhegelwa ke bakaulengwe ka bone, ba ne ba gomodiwa ke go bontshiwa lorato ke badumedimmogo le bone. Mo godimo ga moo, fa batho ba le mmalwa ba sena go bona kafa badiri ba namolo ba neng ba thusa bakaulengwe ba ba gobetseng ka gone ka bopelotshweu le ka lorato, ba ne ba tlhotlheletsega go oketsa bodiredi jwa bone. Pele ga kotsi eo, phuthego e ne e na le baboledi ba le 35. Pele ga ngwaga o fela, palo eo e ne e tlhatlogile go nna 60.

AUSTRALIA

Ka 2013, dikarolo tsa lotshitshi lwa Queensland di ne tsa amiwa ke morwalela o o neng wa tlogela Basupi ba le 70 ba se na bonno. Mark le Rhonda le morwadiabone ba ne ba tshaba mo legaeng la bone le le neng le le mo bobidibiding jwa metsi, mme ba feleletsa ba le kwa lefelong le go tshabelwang kwa go lone. Lefelo leo le ne le tletse ka batho. Rhonda a re: “Go ne go na le batho ba le bantsi thata mo e leng gore re ne re sa kgone go nna fa fatshe.” Modumo o o thubang ditsebe wa dihelikopotara fa di ntse di kotama le go tsamaya gaufi le lefelo leo, o ne o dira gore ba tlhobaele le go feta. E re ka Rhonda a ne a tshwenyegile thata, o ne a botsa monna wa gagwe jaana: “Re tlile go dira eng?” Mark o ne a rapela Jehofa a sa kgaotse a kopa gore a mo thuse. Rhonda a re: “Metsotso e ka nna 30 morago ga moo, go ne ga goroga koloi nngwe kwa lefelong leo mme bakaulengwe ba le bararo ba ne ba fologa mo go yone. Fa re kopana le bone ba ne ba re: ‘Re tsamaya le lona. Lo tla nna kwa ntlong ya mokaulengwe.’” Rhonda o oketsa ka gore: “Go thata go tlhalosa tsela e re neng re amegile maikutlo ka yone ka nako eo, ka ntlha ya tlhokomelo e e lorato ya phuthego ya ga Jehofa.”

Baithaopi ba feta 250 ba ne ba potlakela kwa lefelong leo la masetlapelo go ya go thusa bakaulengwe ba bone. Mokaulengwe mongwe yo o godileng a re: “Go ne ga runya setlhopha sa Basupi ba ba neng ba bereka ka natla go tlosa tlhakatlhakano e e neng e le mo legaeng la me. Nna le mosadi wa me re ka se lebale kafa ba neng ba re thusa ka gone.”

BRAZIL

Ka 2008, go elela ga seretse se sentsi le merwalela kwa nageng ya Santa Catarina go ne ga pateletsa batho ba ka nna 80 000 go tshaba mo magaeng a bone. Moagi mongwe a re go ne go tshwana le setsuatsue sa “tsunami ya mmopa, seretse le ditlhare.” Bakaulengwe bangwe ba ne ba bona bonno mo Holong ya Dikopano. Motlhokomedi wa holo e bong Márcio a re: “Ba ne ba kgona go tshaba fela ka diaparo tse ba neng ba di apere, tse di neng di tletse seretse.” Kgaitsadi mongwe a re: “Ntlo ya rona e ne ya wa. Go ne go utlwisa botlhoko go e bona e nyelela mo metsotswaneng fela, mme gone nka se lebale kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba neng ba re gomotsa ka gone. Re ne ra bontshiwa lorato ka ditsela tse dintsi! Se se neng sa ntiragalela se nthutile kafa go leng botlhale ka gone go rata dilo tsa semoya thata.”

Basupi ba ga Jehofa ba rulaganya le go anamisa dilwana tse di abilweng tse di tla dirisiwang e le dithuso tsa namolo kwa Brazil

Holo ya Dikopano kwa Santa Catarina, Brazil, e fetotswe go nna lefelo la namolo le le tletseng ka dithoto tse di abilweng tsa namolo, 2009

Seretse se se elelang se ne sa kgakgabatsa mafelo otlhe a a mo mekgokoloseng ya thaba e e gaufi le toropokgolo ya Rio de Janeiro. Bakaulengwe ba ne ba tlhoma Komiti ya Namolo ya Dikotsi Tsa Masetlapelo ya leruri gore ba tsibogele ka katlego masetlapelo a a ntseng jalo a a nnang gone kgapetsakgapetsa. Fa go nna le matshosetsi a gore go tla nna le seretse se se elelang mo bogautshwaneng, batlhokomedi (bakaulengwe ba ba tlhomilweng ba ba nnang mo lefelong le le amegang) ba tsibosa Komiti ya Namolo ya Dikotsi Tsa Masetlapelo. Ka bofefo, baithaopi ba goroga ka dilori tse di nang le letshwao le le reng, “Basupi ba ga Jehofa—Thuso ya Namolo.” Maloko otlhe a setlhopha sa go namola se se tlhomeleletseng sentle, a na le ditiro tse ba di abetsweng go sa le gale. Badiri ba apara di-vest tse di bontshang sentle gore ke Basupi ba ga Jehofa. Bone mmogo le bakaulengwe ba Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo ba thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba gobetseng. Badiri ba namolo ba tlisa dijo, metsi, dilo tsa kalafi, diaparo le dilo tsa go phepafatsa. Go tlosa seretse mo matlong ke namane e tona ya tiro. Morago ga seretse se se elelang se sena go senya bosheng jaana, baithaopi ba le 60 ba ne ba semelela go ntsha seretse se se tlalang dilori di le nnè mo ntlong e le nngwe fela!

GO BAAKANYETSA MASETLAPELO

Setlhopha se se Laolang se laetse makala otlhe lefatshe ka bophara go naya bagolwane ba phuthego le balebedi ba ba etang ditaelo tsa kafa ba ka ipaakanyetsang le go lepalepana le seemo sa kotsi ya masetlapelo ka gone. Ka sekai, le e leng pele ga masetlapelo a direga, bagolwane ba tlhoka go tlhomamisa gore ba na le tshedimosetso e e mo nakong ya kafa ba ka ikgolaganyang ka gone le leloko lengwe le lengwe la phuthego.

FA GO NNA LE MASETLAPELO!

  1. Mogolwane wa Mokeresete a etetse lelapa la baboledi

    Bagolwane ba ikgolaganya le baboledi botlhe ba ba mo lefelong la bone

  2. Bagolwane ba begela morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane

  3. Ditsela tsa go buisana tse di leng gone magareng ga barulaganyi mo ditlhopheng tsa bagolwane, balebedi ba ba etang le bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo gammogo le ofisi ya lekala

    Barulaganyi ba begela balebedi ba ba etang le bakaulengwe ba bangwe ba ba ikarabelelang mo kgannyeng eo ba ba dirisanang le ofisi ya lekala

  4. Dijo le metsi

    Batho ba newa dijo, metsi, bonno, kalafi e bile ba thusiwa mo maikutlong le mo semoyeng ka bonako jo bo kgonegang

  5. Pego e e malebana le thuso ya namolo e a sekasekiwa

    Ofisi ya lekala e romela pego kwa Komiting ya Barulaganyi ya Setlhopha se se Laolang malebana le gore seemo se ntse jang le gore ke eng se se tlhokegang

  6. Go aba dilwana tsa thuso ya namolo

    Komiti ya Namolo ya Dikotsi Tsa Masetlapelo e rulaganya tiro ya namolo le go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi fa maemo a bone a ntse a tokafala ka lobaka lo loleele morago ga masetlapelo

  7. Sefofane se fofa

    Komiti ya Barulaganyi e sekaseka gore ke eng se se tlhokegang, mme fa go tshwanela, e letla gore go nne le baithaopi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe go tla go thusa

SEDIRISIWA SE SENGWE SA BADIRI BA NAMOLO

Khabara ya boroutšhara jwa Jehovah’s Witnesses and Disaster Relief

KA Seetebosigo 2013, go ne ga nna le boroutšhara jo bo reng, Jehovah’s Witnesses and Disaster Relief. Bo ne bo diretswe segolobogolo go thusa badiredi ba puso ba ba okametseng dithulaganyo tsa maemo a potlako kwa United States. Boroutšhara jono bo tlhalosa ditiro dingwe tsa namolo tse re ntseng re di dira fa e sa le go tloga mo ­magareng a bo1940. Gape bo na le mmapa o o bontshang gore tiro ya rona ya namolo re e dira mo lefatsheng lotlhe. Mogolwane mongwe yo o nang le seabe mo go rulaganyeng ditiro tsa namolo a re: “Pele ga masetlapelo, bakaulengwe ba ba direlang mo Dikomiting Tsa Namolo Tsa Dikotsi Tsa Masetlapelo ba dirisa boroutšhara jono gore ba ikgolaganye le badiredi ba puso ba bagolo ba ba tshwanelegang mo mafelong a a tshabelelwang ke go welwa ke dikotsi tsa masetlapelo. Fa badiredi bao ba setse ba tlwaelane le ditiro tsa rona tsa namolo, go nna motlhofo gore ba re fe tetla e e tlhokegang ya gore re tsene mo mafelong a masetlapelo a diragetseng mo go one.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela