Lenaane la Diteng
Basupi Ba Ga Jehofa
BATHO
Thuto 1-4
Basupi ba ga Jehofa ba fitlhelwa mo dinageng di le 239 mme ba tswa mo ditsong tse di farologaneng. Ke eng se se kopantseng batho bano ba ba sa tshwaneng? Basupi ba ga Jehofa ke batho ba mofuta ofe?
TIRO YA RONA
Thuto 5-14
Tiro ya rona ya go rera e itsege thata. Gape re kopana mmogo kwa Diholong tsa rona tsa Bogosi go ithuta Baebele le go obamela Modimo. Dipokano tsa rona di tshwarwa jang, mme ke bomang ba ba ka nnang gone kwa go tsone?
PHUTHEGO YA RONA
Thuto 15-28
Phuthego eno e fitlhelwa mo lefatsheng lotlhe, boikaelelo jwa yone ga se go ikokoanyetsa madi, go na le moo, ke ya batho ba ba direlang Modimo ka go rata. E rulagantswe jang, e kaelwa jang mme e tshegediwa jang ka madi? A tota e dira thato ya ga Jehofa le gompieno?