Pina 54
Re Tshwanetse go Nna le Tumelo
1. Jah o dirisitse baprofeti
Go bua le batho ba ’gwe.
O ba laetse gore, ‘Ba’ikwatlhaye,’
Balatele Morwawe.
(KHORASE)
Ruri re tlhoka tumelo.
Gore re tle re falole.
A re’e bontsheng ka ditiro.
Gonne tumelo’e tla re boloka.
2. Re’ikobela Jesu ka boipelo
Re rera ’kgang tsa Bogosi.
Re bua le bone re sa tshabe;
Re ba ruta Baebele.
(KHORASE)
Ruri re tlhoka tumelo.
Gore re tle re falole.
A re’e bontsheng ka ditiro.
Gonne tumelo’e tla re boloka.
3. Tumelo ya rona ke tshetledi;
Gare na go boifa sepe.
Lefa re tlhaselwa ke baikepi,
Re na le tsholofelo.
(KHORASE)
Ruri re tlhoka tumelo.
Gore re tle re falole.
A re’e bontsheng ka ditiro.
Gonne tumelo’e tla re boloka.
(Bona le Bar. 10:10; Baef. 3:12; Baheb. 11:6; 1 Joh. 5:4.)