Pina 51
Re Ngaparela Jehofa
E e Gatisitsweng
1. Jehofa Modimo o tshwanelwa ke pako.
O rata tshiamo, o tletse tshiamiso.
Dipolelo tsa ’gwe tsotlhe di’a direga.
Re mo ngapareleng, re eme le e ne;
Bogosi jwa gagwe botla nnela ruri.
2. Puso ya gagwe ruri ke ya tshiamiso.
Setulo sa gagwe setletse kgalalelo.
Basiami botlhe ba thologela teng.
Re mo ngapareleng gonne o Mogolo;
O tshwanelwa ke pakole kgalalelo.
3. Magodimo le one ga a mo lekane.
Ga go yo’o ka thibang ditsholofetso tsa ’gwe.
Fela jaaka’a buile tsotlhe di’a direga.
Re mo ngapareleng; re dire thato’a ’gwe,
Boineelo jwa rona goene bo gole.
(Bona le Dute. 4:4; 30:20; 2 Dikg. 18:6; Pes. 89:14.)