Pina 50
Sekao sa Modimo sa Lorato
1. Jehofa Mmopi, o bontshitse ’rato
Go botlhe,
Ga’a tlhophe,
A re late leng, tsela ya lorato,
Re’e tshwarel’leng,
Re’e tshwarel’leng.
Tsela ya ’rato, ruri e molemo;
E tlhotlheletsa go dira molemo;
E ruta botlhe, go nna ka kutlwano.
Tsela ya Jah,
Ee ke ya ’rato.
2. Fa re etsa Jah, re nna le lorato
Lwa nnete,
Go botlhe;
Mme re tla bona ba ba tlhokang thuso
Re ba thuseng,
Re ba thuseng;
Re’itshwarelaneng ditlolo tsa rona,
Mme re bontshaneng go kgatlhegelana,
Re bontsheng gore re etsa Rraarona,
Re rataneng,
Re bontsheng ’rato.
3. Fa re rata Jah, re tla mo direla
Ka metlha,
Le metlha.
Re mo’obameleng rotlhe ka boipelo,
Mme re mmakeng,
mme re mmakeng,
A re itsiseng botlhe ’ina la ’gwe;
Mme re ba ruteng Lefoko la gagwe.
Gore ba itse Mmopi ba mo rate,
Ke lorato.
Lwa boammaaruri.
(Bona le Bar. 12:10; Baef. 4:3; 2 Pet. 1:7.)