LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jd kgao. 4 ts. 43-55
  • Jehofa—Modimo yo o Bolelelang Dilo Pele Le go Di Diragatsa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa—Modimo yo o Bolelelang Dilo Pele Le go Di Diragatsa
  • Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MOLAODIMOGOLO YO O LORATO O NA LE MAATLA A A FELETSENG A GO LAOLA
  • O DIRAGATSA DITSHOLOFETSO TSOTLHE
  • RRE YO O AMEGANG KA BANA BA GAGWE
  • GO ITSHWARELWA GO KA DIRA GORE MOTHO A BOLOKWE
  • Baporofeti ba Melaetsa ya Bone E ka Re Amang
    Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
  • Letsatsi la ga Jehofa—Kgang ya Botlhokwa
    Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
  • “Jehofa o Kopa Eng mo go Wena?”
    Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
  • “Lesego go Fitlha lo sa Tlhole lo Tlhoka Sepe”
    Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
jd kgao. 4 ts. 43-55

Kgaolo ya Bonè

Jehofa—Modimo yo o Bolelelang Dilo Pele Le go Di Diragatsa

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa bangwe ba ka akanya gore ga go na ope yo o nang le maatla a go laola dilo? (b) Baporofeti ba ba 12 ba tlhalosa botho jwa ga Jehofa jang?

BATHO ba le bantsi ba akanya gore ga ba tlhole ba kgona go laola se se diregang mo matshelong a bone. Fa ba ntse ba bala dipego tsa dikgang ba bona go se na tsholofelo epe ka batho mo lefatsheng. Maiteko a go rarabolola mathata a lefatshe a lebega a senya dilo go ya pele. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore bangwe ba baporofeti ba ba 12 ba re tlotlang ka bone ba ne ba lebana le maemo a a tshwenyang fela jalo, mme ba ne ba bolela melaetsa e e nayang batho tsholofelo, e le rona re ka solegelwang molemo ke yone e bile e le e re ka e dirisang go gomotsa ba bangwe.—Mika 3:1-3; Habakuke 1:1-4.

2 Ntlha ya botlhokwa e o tla e fitlhelang mo dibukeng tseno tsa boporofeti ke gore Jehofa, Molaodimogolo wa lobopo, o na le maatla a a feletseng a go laola ditiro tsa batho e bile o kgatlhegela thata go bona re atlega. Tota e bile, mongwe le mongwe wa rona a ka re, “Jehofa o batla gore le nna ke atlege.” Baporofeti ba ba 12 ba tlhalosa “Jehofa wa masomosomo” bontle. Modimo a ka ‘ama lefatshe, gore le gakologe,’ mme o tlhomamisetsa batho ba gagwe jaana: “Yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la me.” (Sekarea 2:8; Amose 4:13; 9:5) A ga o kgothadiwe ke go bala ditemana tse di bontshang kafa ditirisano tsa Modimo le batho di tlhotlhelediwang ke lorato ka teng le kafa a bontshang bopelotlhomogi le boitshwarelo ka teng? (Hosea 6:1-3; Joele 2:12-14) Ke boammaaruri gore dibuka tsa baporofeti bano ga di sekaseke karolo nngwe le nngwe ya botho jwa Modimo; motho o tlhoka dibuka tsotlhe tse 66 tsa Baebele go ithuta dikarolo tsotlhe tsa botho jwa Modimo. Le fa go ntse jalo, dibuka tseno tse 12 di re thusa go bona sentle botho jo bo kgatlhang jwa Modimo le tsela e a dirisanang le batho ka yone.

3. Baporofeti ba ba 12 ba bontsha jang gore Jehofa ke Modimo yo o diragatsang maikaelelo a gagwe?

3 Dibuka tsa baporofeti bano ba ba 12 di ka nonotsha tsela e re ikanyang Jehofa ka yone fa a bolelela isagwe pele le gore a ka se palelwe ke go diragatsa maikaelelo a gagwe. Di tlhomamisa gore kgabagare o tla tlisa paradaise mo lefatsheng le a tla bong a busa mo go lone. (Mika 4:1-4) Bangwe ba baporofeti bao ba tlhalosa kafa Jehofa a neng a baakanyetsa ka teng go tla ga ga Mesia le thekololo e e neng e tla golola batho mo boleong le mo losong. (Malaki 3:1; 4:5) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re itse dilo tseno tsotlhe?

MOLAODIMOGOLO YO O LORATO O NA LE MAATLA A A FELETSENG A GO LAOLA

4, 5. (a) Baporofeti ba ba 12 ba gatelela ntlha efe ya botlhokwa kaga Modimo? (b) Lebaka la go bo Jehofa e le Mothatayotlhe le go ama jang?

4 Gakologelwa kgang e e malebana le tshwanelo ya Modimo ya go busa, e go tlotlilweng ka yone mo kgaolong e e fetileng. Go tsuologela taolo ya ga Jehofa—le go belaela maitlhomo a gagwe—go ne ga dira gore bangwe kwa legodimong ba se ka ba ikobela Modimo mme ba tlhakatlhakanye dilo mo lefatsheng. Ka jalo go bonala sentle gore go tlhokega gore batho ba tlotle bolaodi jwa ga Jehofa ba bo ba ineele mo go jone gore go nne le kutlwano e e feletseng mo lobopong le kagiso mo bathong. Go a tshwanela gore Jehofa a bo a ikemiseditse go bontsha fa bolaodi jwa gagwe e le jo bo siameng. A re sekasekeng kafa dibuka tse 12 tsa boporofeti di ka re thusang ka teng go bona seno sentle.

5 E re ka baporofeti e ne e le barongwa ba ga Jehofa, ba ne ba bua thata ka maemo a gagwe a a kwa godimo. Ka sekai, fa Amose a gatelela botlhokwa jwa leina le bolaodi jwa Mothatayotlhe, o mmitsa “Morena Molaodimogolo” makgetlho a le 21. Seno se bontsha gore Modimo wa boammaaruri o mogolo mo a ka se lekanngweng le sepe le gore ga go na sepe se a ka palelwang ke go se laola. (Amose 9:2-5; bona lebokose le le reng “Jehofa Mothatayotlhe.”) Jehofa ke ene fela Molaodimogolo yo o tshwanelang wa lobopo, mme o mogolo thata mo medingwaneng e e sa tsheleng. (Mika 1:7; Habakuke 2:18-20; Sefania 2:11) E re ka Jehofa e le Modiri wa dilo tsotlhe, seo se dira gore a nne le tshwanelo ya tlholego ya go laola batho botlhe. (Amose 4:13; 5:8, 9; 9:6) Seo se go ama jang?

6. Ke jang go ka tweng mongwe le mongwe o a amega mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo?

6 Fa e le gore o kile wa bontshiwa tlhaolele, wa direlwa tshiamololo kgotsa wa bontshiwa letlhoo, o ka gomodiwa ke go itse gore Molaodimogolo yo o lorato o amega ka batho botlhe. Jehofa o ne a na le kamano e e kgethegileng le setšhaba sengwe sa bogologolo, mme o ne a itsise gore o ikemiseditse go direla batho ba ditšhaba tsotlhe le dipuo tsotlhe molemo. Ke ene “Morena wa boammaaruri wa lefatshe lotlhe.” (Mika 4:13) Modimo o ne a solofetsa gore leina la gagwe “le tla nna legolo mo ditšhabeng.” (Malaki 1:11) E re ka Rraarona wa selegodimo a ikitsise batho botlhe a sa tlhaole, batho “ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba” ba arabela ka tlhoafalo fa a ba laletsa gore e nne baobamedi ba gagwe.—Sekarea 8:23.

7. Ke ka ntlha yang fa bokao jwa leina la ga Jehofa bo le botlhokwa?

7 Go itse se Modimo a leng sone le se a tla se dirang go amana thata le leina la gagwe. (Pesalema 9:10) Mo motlheng wa ga Mika, leina la ga Jehofa le ne la kgobiwa ka gonne batho ba le bantsi ba ba neng ba ipitsa ka lone ba ne ba bontsha go tlhoka kutlo ka tsela e e feteletseng. Moporofeti yono o ne a tlhotlhelediwa gore a gatelele ‘tlotlomalo ya leina la ga Jehofa’ le go bontsha gore “motho yo o nang le botlhale jo bo mosola o tla boifa leina la [Modimo].” (Mika 5:4; 6:9) Ka ntlha yang? Tsholofelo epe e o nang le yone ya gore o tlile go nna le isagwe e e nnelang ruri e amana le se tota se kaiwang ke leina leo: “O Dira Gore go Diragale.” Ke ka ntlha yang fa o sa bale Joele 2:26 mme o akanye ka kafa o ka itumelelang ka teng go sikara leina leo le go bolelela batho ba bangwe kaga Modimo yo o esi yo o kgonang go nna sengwe le sengwe fela se a tlhokang go nna sone gore a solegele dibopiwa tsa gagwe tsotlhe molemo? Modimo o bontshitse gore ke ene a nang le bokgoni jo bo seng kana ka sepe jwa go dira dilo. Seo se supiwa ke gore dipolelelopele tse dintsintsi tse di boletsweng ke baporofeti ba ba 12 di ile tsa diragadiwa.

8. Leina la ga Jehofa le go tlhotlheleditse ka ditsela dife?

8 Batho ba le dimilionemilione ba ile ba solegelwa molemo ke go utlwa gore Jehofa a ka dira gore sengwe le sengwe fela se a se batlang se diragale. Joele o ne a bontsha seo mo mafokong a a itsegeng a a nopotsweng ke bakwadi ba Bakeresete: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla falola.” (Joele 2:32; Ditiro 2:21; Baroma 10:13) A re bua re tlhatswegile pelo jaaka Mika re re, “fa e le rona, re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae”? (Mika 4:5) Ee, ka nako ya fa re bogisiwa kgotsa re na le mathata fela a rona, re ka “tshabela mo leineng la ga Jehofa” re na le tsholofelo.—Sefania 3:9, 12; Nahume 1:7.

9. Modimo o na le maatla a go laola babusi ba batho go le kana kang?

9 Fa o ntse o bala dibuka tseno tsa boporofeti, o ka tlhomamisa se o se dumelang gore Jehofa o na le maatla a go laola tota le babusi le batho ba ba dirang ditshwetso tsa botlhokwa. A ka kgona go ba tlhotlheletsa go dira dilo go ya ka thato ya gagwe. (Diane 21:1) Akanya ka kgang ya ga Dario yo Mogolo wa Peresia. Batho ba ba kgatlhanong le kobamelo ya boammaaruri ba ne ba kopa thuso ya gagwe gore ba emise go agiwa sesha ga tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema. Mme go ne ga direga se se farologaneng le seo gotlhelele! Mo e ka nnang ka 520 B.C.E., Dario o ne a busetsa taelo ya ga Kurose mme a ema tiro ya Bajuda ya go aga nokeng. E rile go tla dikgoreletsi tse dingwe, Modimo a naya Mmusi wa Bajuda e bong Serubabele molaetsa ono: “‘E seng ka mophato wa sesole, le fa e le ka maatla, mme ka moya wa me,’ go buile Jehofa wa masomosomo. O mang, wena thaba e kgolo? O tla nna naga e e sebatla fela fa pele ga ga Serubabele.” (Sekarea 4:6, 7) Ga go sekgoreletsi sepe se se tla thibelang Jehofa go senya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo le go tlhomela baobamedi ba gagwe paradaise e ba tla e itumelelang.—Isaia 65:21-23.

10. Modimo o na le maatla a a kana kang a go laola, mme ke ka ntlha yang fa seo se le botlhokwa?

10 Ela tlhoko gape gore Jehofa o laola maatla a tlholego, a a ka a dirisang go senya baba ba gagwe fa a batla. (Nahume 1:3-6) Sekarea o ne a dirisa puo ya tshwantshetso jaana go gatelela kafa Jehofa a ka sireletsang batho ba gagwe ka teng: “Jehofa o tla bonwa a le kwa godimo ga bone, e bile motswi wa gagwe o tla tswa fela jaaka logadima. Mme Morena Molaodimogolo Jehofa ka boene o tla letsa lonaka, mme o tla tsamaya ka diphefo tsa matsubutsubu tsa borwa.” (Sekarea 9:14) A mme go tla ketefalela Modimo go supa gore o mogolo mo ditšhabeng tsa gompieno tse di sa mo rateng? Nnyaa le e seng!—Amose 1:3-5; 2:1-3.

O DIRAGATSA DITSHOLOFETSO TSOTLHE

11, 12. (a) Ke ka ntlha yang fa motse wa Ninife o ne o tsewa o ka se fenngwe? (b) Go ne ga direga eng ka Ninife, go dumalana le lefoko la Modimo la boporofeti?

11 A re re o ne o tshela mo lekgolong la borobongwe la dingwaga B.C.E. mo lefelong le jaanong le bidiwang Botlhabagare. Ke motse ofe o mogolo o o neng o ka utlwela ka one? Ee, Ninife. E ne e le motse o o itsegeng thata kwa Asiria mo lobopong lo lo kwa botlhaba lwa Noka ya Tigris, dikilometara di ka nna 900 kwa bokonebotlhaba jwa Jerusalema. O ka nna wa bo o utlwetse ka bogolo jwa one jo bo gakgamatsang—dikilometara di ka nna 100 go o dikologa! Batho ba ba neng ba etela kwa Ninife ba ne ba re kgalalelo ya motse oo e ne e tshwana le ya Babelona, o na le matlo a segosi, ditempele, mebila e megolo, diparaka le laeborari e kgolo. Mo godimo ga moo, baitse ba tsa sesole ba ne ba re o ne o na le dipota tse dikgolo tse di nonofileng tse di mo teng le tse di kafa ntle tse go neng go le thata go tsena ka tsone.

12 “Motse o o ka se kang wa fenngwa!” Ke se batho ba le bantsi ba ka tswang ba ile ba se bua fa ba bua ka Ninife. Mme baporofeti bangwe ba ba tswang mo setšhabeng se sennye sa Juda ba ne ba eme ka la gore Jehofa o ne a atlholetse “motse [oo] wa tshololo ya madi” tshenyego. Katlholo ya Modimo mo bathong ba motse ono e ne ya busediwa morago go se kae ka ntlha ya tsela e ba neng ba arabela ka yone fa ba utlwa molaetsa wa ga Jona. Le fa go ntse jalo, Baninife ba ne ba boela gape mo ditseleng tsa bone tse di boikepo tsa pele. Nahume o ne a bolelela pele a re: “Ninife . . . , tšhaka e tla go kgaola. . . . Ga go na kgololo mo matlhomoleng a gago a magolo.” (Nahume 3:1, 7, 15, 19; Jona 3:5-10) Mo e ka nnang ka yone nako eo, Modimo o ne a dirisa Sefania go bolelela pele gore Ninife e ne e tla dirwa kgakgabalo. (Sefania 2:13) A mmuso oo wa dipolotiki wa motlha oo, o o neng o lebega o ka se fenngwe, o ne o tla fenngwa jaaka lefoko la ga Jehofa le ne le boletse? Karabo e ne ya bonala ka 632 B.C.E. fa Bababelona, Basethia le Bameda ba ne ba dikaganyetsa Ninife. Dipota tsa one di ne tsa digwa ke merwalela e e tlileng ka tshoganyetso, mme batlhasedi ba ne ba kgona go tsena mo go one. (Nahume 2:6-8) Ka bonako fela motse o o kileng wa bo o nonofile o ne wa nna thotobolo ya marope. Le jaanong motse wa Ninife o sa ntse o swafetse.a “Motse o o itumetseng” ga o a ka wa kgona go thibela lefoko la Modimo go diragadiwa!—Sefania 2:15.

13. Mo dibukeng tseno tse 12 tsa boporofeti, ke dilo dife tse di supang gore boporofeti bo diragaditswe?

13 Se se diragetseng kwa Ninife ke sekai se le sengwe fela sa go diragadiwa ga boporofeti. Leba mmapa wa segompieno wa Botlhabagare. A go na le Amona, Asiria, Babelona, Edoma kgotsa Moabe? Ga di yo! Le fa nako nngwe dinaga tseno di kile tsa bo di tumile, baporofeti bano ba ba 12 ba ne ba bolelela pele gore di tla wa. (Amose 2:1-3; Obadia 1, 8; Nahume 3:18; Sefania 2:8-11; Sekarea 2:7-9) Ditšhaba tseo di ne tsa fela ka bongwe ka bongwe. Jehofa o ne a re di ne di tla fela, mme di ne tsa fela! Mme masalela a Bajuda a ne a boa kwa botshwarwa jwa Babelona fela jaaka baporofeti bano ba ne ba boletse!

14. Ke ka ntlha yang fa o ka ikanya ditsholofetso tsa ga Jehofa le go tshela ka tsela e e bontshang go di ikanya?

14 Bosupi jo bo ntseng jalo jwa gore Jehofa o kgona go bolelela isagwe pele bo dira gore o mo ikanye go le kana kang? O ka tlhomamisega gore Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe; ke Modimo “yo a ka se kang a aka.” (Tito 1:2) Mo godimo ga moo, Modimo o dirisa Lefoko la gagwe go re bolelela se re tshwanetseng go se itse. O ka tshela ka tsela e e bontshang gore o batla go dira thato ya ga Jehofa le gore o dumela gore mafoko a gagwe a boporofeti a boammaaruri. Dipolelelopele tse di mo dibukeng tseno tse 12 ga se dikai fela tsa dipolelelopele tse di diragaditsweng mo nakong e e fetileng. Dipolelelopele tse dintsi tsa tsone di a diragadiwa gone jaanong kgotsa di tla tloga di diragadiwa. Ka jalo, pego e e mo dibukeng tseno tse 12 e ka nonotsha tsholofelo ya gago gore dipolelelopele tse di buang ka motlha wa rona le ka nako e e tlang di tla diragadiwa. E tseye tsia.

RRE YO O AMEGANG KA BANA BA GAGWE

15. Fa o lebane le mathata mangwe, se se diragaletseng Mika se ka go thusa jang?

15 Go ikanyega ga Modimo ga go ame fela se se tla diragalelang ditšhaba kgotsa lefatshe lotlhe. Jehofa o bolelela dilo pele a bo a di diragatse ka tsela e e ka go amang wena ka namana. Jang? Ka dinako tse dingwe o ka nna wa tshwanelwa ke go lebana le mathata mangwe. O lemoga gore ga o tlhoke fela go bona mongwe yo o tlhaloganyang seemo sa gago—mme o tlhoka mongwe yo o ka mo ikanyang gore a go thuse. Ka lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E., Mika o tshwanetse a bo a ne a ikutlwa a le esi fela fa a ntse a lebane le batho ba ba boikgodiso ba Juda. Go ka tswa go ne go lebega e kete e ne e le ene fela motho yo o ikanyegang mo lefatsheng, a sa kgone go ikanya le ba lelapa la gagwe tota. Gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng, batho ba ne ba rata tshololo ya madi, ba tsietsa e bile ba le bosula. Le fa go ntse jalo, Mika o ne a kgothadiwa ke ditsholofetso tsa Modimo tsa gore o tla tlhokomela batho ba gagwe ba ba ikanyegang go sa kgathalesege gore batho ba bangwe ba dirang. Le wena o ka ikgomotsa ka seo, bogolo jang fa o ka iphitlhela e le wena fela moobamedi wa ga Jehofa kgotsa lo le mmalwa fela mo gare ga batho ba ba sa tlotleng Modimo.—Mika 7:2-9.

16. Ke ka ntlha yang fa o ka tlhomamisega gore Modimo o amega ka boferefere le kgatelelo e e leng teng mme o tla golola basiami?

16 Fela jaaka go tlwaelegile gompieno, bahumi le batho ba ba maatla kwa Juda le kwa Iseraele ba ne ba nna bogagapa e bile ba gatelela ba bangwe. Go batliwa ga lekgetho le le feteletseng le go gapela ba bangwe naga ya bone go ne ga baka gore batho ba dirwe makgoba e se kafa molaong. Bahumanegi ba ne ba tlhokomologiwa e bile ba sotliwa. (Amose 2:6; 5:11, 12; Mika 2:1, 2; 3:9-12; Habakuke 1:4) Modimo o ne a dirisa barongwa ba gagwe go bontsha sentle gore ga a rate boferefere le kgatelelo le gore o tla otlhaya batho ba ba dirang bosula ba sa kgaotse. (Habakuke 2:3, 6-16) O bolelela pele gore o tla “tlhamalatsa dilo malebana le ditšhaba tse di thata” le gore batlhanka ba gagwe ba a ba amogelang “ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.” (Mika 4:3, 4) Akanya fela gore go tshwanetse ga bo go tla itumedisa jang! Modimo o boleletse pele dilo tse dingwe tse dintsi a ba a di diragatsa. A ga o tlhomamisege gore le tsholofetso eno e tla diragadiwa?

17, 18. (a) Ke ka ntlha yang fa Modimo a dira gore batho ba gagwe ba nne le tsholofelo? (b) Re tshwanetse ra leba kotlhao ya ga Jehofa jang?

17 Jehofa ga a diragatse ditsholofetso tsa gagwe e le fela go bontsha gore o na le bokgoni jwa go bolelela dilo pele, jaaka e kete o batla go kgatlha batho. O dira jalo a tlhotlhelediwa ke lorato lo lo theilweng mo melaong ya gagwe, ka gonne “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Gopola kgang ya ga Hosea, yo o neng a tshela mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E. Fela jaaka Gomere, mosadi wa ga Hosea, a ne a sa ikanyege mo monneng wa gagwe, Baiseraele le bone ba ne ba sa ikanyege mo go Jehofa. Go obamela medingwana ga bone go ne go tshwana le boaka; ba ne ba kopanya kobamelo ya ga Baale le kobamelo ya ga Jehofa e e itshekileng. Gape ba ne ba ‘dira kgokafalo’ ka tsela ya tshwantshetso le Asiria le Egepeto. Jehofa o ne a tla dira eng ka seo? Hosea o ne a tshwanelwa ke go ya go tsaya mosadi wa gagwe yo o sa ikanyegeng a mmusetsa mo lelapeng. Jehofa o ne a leka go busa batho ba gagwe, ka ntlha ya lorato. “Ke ne ka nna ka ba goga ka megala ya batho ba mo lefatsheng, ka megala ya lorato, . . . mme ka bonolo ke ne ka tlisetsa mongwe le mongwe wa bone dijo.” (Hosea 2:5; 11:4) Fa ba ne ba ka bontsha go ikwatlhaya ka pelo yotlhe, Modimo o ne a tla ba itshwarela, ba bo ba kgona go boa ba dirisana le ene gape. (Hosea 1:3, 4; 2:16, 23; 6:1-3; 14:4) A ga o kgothadiwe ke go bona lorato lwa ga Jehofa? Ipotse jaana, ‘Fa e le fano Jehofa a ile a bontsha lorato lo lo ntseng jalo mo nakong e e fetileng, a seo ga se ntlhomamisetse gore o tla mpontsha lorato lo lo bonolo, lo lo ikanyegang, lo lo sa fetogeng le lo lo sa feleng?’—Hosea 11:8.

18 Dibuka tse 12 tsa boporofeti gape di ka go thusa le go bona gore lorato lwa Modimo lo ka akaretsa go kgalemela. Jehofa o ne a tlhomamisetsa batho ba gagwe ba ba leofileng gore o ne a ‘se kitla a ba nyeletsa gotlhelele.’ (Amose 9:8) Fa go ne go tlhokega gore Modimo a otlhaye batho, o ne a ba otlhaya, mme a bo go ne go nametsa pelo jang go itse gore kotlhao ya gagwe e ne e tla nna ya nakwana! Malaki 1:6 e tshwantsha Jehofa le rre yo o lorato. O a itse gore rre a ka otlhaya bana ba gagwe ba a ba ratang gore a ba tsenye mo tseleng. (Nahume 1:3; Bahebera 12:6) Le fa go ntse jalo, lorato lwa ga Rraarona yo o kwa legodimong lo dira gore a nne bonya go galefa, mme Malaki 3:10, 16 e tlhomamisa gore o tla duela batlhanka ba gagwe ka bopelotshweu.

19. Ke dipotso dife tse go tshwanelang gore re ka di ipotsa?

19 Malaki o simolola buka ya gagwe ka mafoko ano a a kgothatsang: “‘Ke lo ratile,’ go buile Jehofa.” (Malaki 1:2) Fa o ntse o akanya ka mafoko ao a Modimo a neng a a bua go kgothatsa Baiseraele, ipotse: ‘A go na le sengwe se ke se dirang se se ka nkgoreletsang gore ke se ka ka ratiwa ke Modimo? Ke eng se ke batlang go se itse le go se iponela ka lorato lwa Modimo?’ Fa o kgona go tlhaloganya lorato lwa Modimo ka botlalo, o ka tlhomamisega gore o a go rata, mme lorato lwa gagwe ga lo ne lo tsamaya lo fela.

GO ITSHWARELWA GO KA DIRA GORE MOTHO A BOLOKWE

20. Go itshwarelwa ke Modimo go ka dira jang gore motho a bolokwe?

20 Fa o ntse o bala dibuka tseno tsa boporofeti, o tla lemoga gore ka dinako tse dingwe Jehofa o ne a bolelela pele masetlapelo. Ka ntlha yang? Gantsi e ne e le gore a tlhotlheletse batho ba gagwe gore ba ikwatlhaye. Ka jalo, o ne a letla batswakwa ba senya Samarea ka 740 B.C.E. le Jerusalema ka 607 B.C.E. Se Modimo a neng a se boleletse pele se ne sa diragala, mme moragonyana o ne a letla ba ba ikwatlhayang gore ba boele kwa nageng ya bone. Ee, dibuka tseno di bontsha gore Modimo ka bopelontle o itshwarela batho ba ba ikwatlhaelang maleo a bone a bo a ba amogela fa ba boela mo go ene. (Habakuke 3:13; Sefania 2:2, 3) Mika o ne a tlhotlheletsega go bolela jaana: “Ke mang Modimo yo o tshwanang le wena, yo o itshwarelang phoso e bile a tlhokomologa tlolo ya masalela a boswa jwa gagwe? Ruri ga a na go tshwarelela mo bogaleng jwa gagwe ka bosaengkae, gonne o natefelelwa ke bopelonomi jwa lorato.” (Mika 7:18; Joele 2:13; Sekarea 1:4) Go diragadiwa ga boporofeti go tlhomamisa seo.

21. (a) Baporofeti ba ba 12 ba ne ba tlhalosa eng kaga Mesia? (b) Ke dipolelelopele dife kaga Mesia tse o di ratang?

21 Jehofa o ne a bolelela pele gore Mesia o ne a tla tla go ntsha botshelo jwa gagwe jwa fa a ne a le mo lefatsheng go nna setlhabelo e le “thekololo e e lekanang” e e ntshediwang batho ba ba leofileng, mme seo e ne e tla nna thulaganyo e e kafa molaong ya go itshwarela batho maleo ka bosakhutleng. (1 Timotheo 2:6) Amose o ne a bua ka tsosoloso e Mesia, morwa Dafide, a neng a tla e tlisa. (Amose 9:11, 12; Ditiro 15:15-19) Mika o ne a ba a umaka lefelo le Jesu a neng a tla tsholelwa kwa go lone, ene yo o neng a tla tlisa thulaganyo e e neng e tla dira gore batho botlhe ba ba neng ba tla bontsha tumelo mo setlhabelong sa Gagwe, ba bone botshelo. (Mika 5:2) Mme Sekarea o ne a bua ka “Letlhogela,” Jesu, yo o neng a tla “nna a bo a busa a le mo setulong sa gagwe sa bogosi.” (Sekarea 3:8; 6:12, 13; Luke 1:32, 33) Ruri tumelo ya gago e tla nonotshiwa ke go sekaseka dipolelelopele tse dingwe tse di ntseng jalo.—Bona lebokose la “Boporofeti Jwa Konokono Kaga Mesia.”

22. Se baporofeti ba ba 12 ba se senolang kaga Jehofa se nonotsha jang tsela e o mo ikanyang ka yone?

22 Fa o ntse o bala melaetsa ya baporofeti ba ba 12, tsela e o ikanyang phenyo ya bofelo ya Modimo ka yone e tla gola. Jehofa o a re lwela, mme o tla tlisa tshiamiso ya boammaaruri. Lefoko la Modimo le nnela ruri. O gopola ditumalano tse a di dirileng le batho ba gagwe, o tlhokomela batlhanka ba gagwe, e bile o ba golola mo go botlhe ba ba ba gatelelang. (Mika 7:8-10; Sefania 2:6, 7) Jehofa ga a fetoga. (Malaki 3:6) A bo go kgothatsa jang ne go itse gore Modimo ga a nne le mathata ape kgotsa dikgoreletsi dipe fa a tshwanetse go diragatsa boikaelelo jwa gagwe! Fa a re letsatsi la gagwe la katlholo le tla tla, le tla tla. Ka jalo, nna o lebeletse letsatsi la ga Jehofa! “Jehofa o tla nna kgosi ya lefatshe lotlhe. Mo letsatsing leo Jehofa o tla itshupa a le mongwe fela, le leina la gagwe le le lengwe fela.” (Sekarea 14:9) O boleletse seo pele; mme o tla se diragatsa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka November 2002, pele ga ntwa ya kwa Iraq, Porofesa Dan Cruickshank o ne a etela kgaolo eo. O ne a bega jaana mo thelebisheneng ya BBC: “Gaufi le motse wa Mosul go na le marope a magolo a motse wa Ninife—o o neng wa ribololwa ka tlhoafalo mmogo le wa Nimrud . . . o ribololwa ke baithutamarope ba ba tswang kwa Boritane go tloga ka bo1840 go ya pele. . . . Fa metse eno ya Asiria e ntse e ribololwa, go ne ga fitlhelwa metse e e sa bolong go fetoga marope—e go neng go ntse jaaka e kete ga e ise e ke e tsamaye e nne gone—e e neng e umakwa fela mo ditlhalosong tse dikhutshwane tsa Baebele, tse di sa tlhaloseng ka botlalo e bile di sa bue molemo go le kalo ka metse eno.”

TUMELO YA GAGO E NONOTSHIWA JANG . . . 

• ke kgang ya go bo Jehofa e le Mothatayotlhe?—Joele 1:15.

• ke go se tlhaole ga Modimo?—Sekarea 8:23.

• ke bokao jo bogolo jwa leina la Modimo?—Mika 5:4.

O KA NONOTSHA KAMANO YA GAGO LE MODIMO JANG . . .

• ka go tlhatlhanya ka bokgoni jwa gagwe jwa go diragatsa ditsholofetso?—Joele 2:11.

• ka go akanya ka lorato lwa gagwe lo lo bonolo?—Hosea 11:4; 14:4; Sefania 3:17.

• ka go tlhatlhanya ka bopelotlhomogi jwa gagwe le go itshwarela ga gagwe?—Hosea 2:23; Mika 7:18.

[Lebokoso mo go tsebe 45]

JEHOFA MOTHATAYOTLHE

Ka Sehebera, leina lengwe le Modimo a tleng a bidiwe ka lone ke Shad·daiʹ, kgotsa “Mothatayotlhe.” Lereo leno le fitlhelwa gangwe fela mo dibukeng tse 12 tsa boporofeti, mo go Joele 1:15. Go akanyediwa gore bokao jwa lone jwa konokono ke “go nna maatla” kgotsa “go dira ka maatla.” Polelwana e e jaaka eo, ‘Jehofa wa masomosomo,’ e fitlhelwa makgetlho a le 107 mo dibukeng tseno tse 12. Lefoko maatla le kaya thata kgotsa bokgoni jwa go dira sengwe se se ikaeletsweng. Gape le kaya go fenya dikgoreletsi kgotsa kganetso. Go nna Mothatayotlhe ga ga Jehofa gape go akaretsa maatla a gagwe a magolo a go diragatsa boikaelelo jwa gagwe, go diragatsa se a se bolelelang pele.

[Tšhate/Setshantsho mo go tsebe 55]

BOPOROFETI JWA KONOKONO KAGA MESIA

Bo Fitlhelwa

Boporofeti mo go Bo a Diragadiwa

O tsholetswe kwa Mika 5:2 Luke 2:4-11;

Bethelehema Johane 7:42

A bidiwa go tswa Hosea 11:1 Mathaio 2:14, 15

botshabelong kwa

Egepeto

O tsene mo Jerusalema Sekarea 9:9 Mathaio 21:1-9;

a palame esele Johane 12:12-15

O okilwe ka dipapetla Sekarea 11:12 Mathaio 26:15; 27:3-10

tsa selefera di le 30

Modisa a itewa, Sekarea 13:7 Mathaio 26:31, 56

letsomane la falala

O tlhabilwe a le mo Sekarea 12:10 Mathaio 27:49;

koteng Johane 19:34, 37

A nna mo lebitleng Jona 1:17; Mathaio 12:39, 40;

dikarolo tsa malatsi a 2:10 16:21;

le mararo, a bo a tsosiwa 1 Bakorintha 15:3-8

[Setshwantsho mo go tsebe 48]

Ninife e ne e lebega e ka se fenngwe, mme boporofeti jwa ga Jehofa bo ne jwa felela jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela