LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be ts. 56-ts. 61 ser. 3
  • Godisa Bokgoni Jwa Gago Jaaka Morutisi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Godisa Bokgoni Jwa Gago Jaaka Morutisi
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ikaege ka Jehofa
  • Tlotla Jehofa
  • ‘Dira Pharologanyo’
  • Kgothaletsa Bareetsi go Akanya
  • Leka go Fitlhelela Pelo
  • Bontsha Kafa Thuto e ka Dirisiwang ka Teng
  • Tlhoma Sekao se se Molemo
  • ‘Lo Tshwanetse Lwa Bo ne ne Fano Lo Le Barutisi’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Go Leka go Fitlhelela Pelo
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tokafatsa Tsela e o Rutang ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Ruta ka Temogo Le ka Go Tlhotlheletsa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be ts. 56-ts. 61 ser. 3

Godisa Bokgoni Jwa Gago Jaaka Morutisi

MOKGELE wa gago jaaka morutisi ke ofe? Fa e le gore o sa tswa go nna mmoledi wa Bogosi, ga go na pelaelo gore o eletsa go ithuta gore o ka tshwara jang thuto ya legae ya Baebele, ka gonne Jesu o ne a roma balatedi ba gagwe go dira barutwa. (Math. 28:19, 20) Fa e le gore o setse o na le maitemogelo mo tirong eno, gongwe mokgele wa gago ke gore o nne le matswela ka tsela e kgolwanyane mo go fitlheleleng dipelo tsa batho ba o batlang go ba thusa. Fa e le gore o motsadi, ga go na pelaelo gore o batla go nna morutisi yo o kgonang go tlhotlheletsa bana ba gago go ineela mo Modimong. (3 Joh. 4) Fa e le gore o mogolwane kgotsa o gagamalela go nna ene, gongwe o batla go nna sebui sa phatlalatsa se se kgonang go dira gore bareetsi ba sone ba anaanele Jehofa le ditsela tsa gagwe botoka. O ka fitlhelela mekgele eno jang?

Ithute mo Morutising yo Mogolo, e bong Jesu Keresete. (Luke 6:40) Go sa kgathalesege gore a Jesu o ne a bua le boidiidi jwa batho fa thoko ga thaba kgotsa a bua le batho ba sekaenyana fela fa ba ntse ba tsamaya mo tseleng, se a neng a se bua le tsela e a neng a se bua ka yone se ne se ama bareetsi ba gagwe lobaka lo loleele. Jesu o ne a tlhotlheletsa megopolo le dipelo tsa bareetsi ba gagwe, e bile o ne a ba bontsha gore se a se buang se ka dirisiwa jang ka tsela e e molemo gore ba kgone go tlhaloganya. A o ka kgona go dira jalo le wena?

Ikaege ka Jehofa

Selo se se neng se dira gore Jesu a nne le bokgoni jwa go ruta e ne e le kamano e kgolo e a neng a na le yone le Rraagwe wa selegodimo le tshegofatso ya moya wa Modimo. A o rapela Jehofa ka tlhoafalo gore o kgone go tshwara thuto ya legae ya Baebele ka tsela e e nang le matswela? Fa o le motsadi, a ka metlha o rapelela gore Modimo a go kaele fa o ruta bana ba gago? A o rapela go tswa pelong fa o baakanyetsa go neela dipuo kgotsa go tshwara dipokano? Go ikaega ka Jehofa ka tsela eno ka go mo rapela go tla go thusa gore o nne morutisi yo o nang le matswela ka mo go golwanyane.

Tsela e nngwe e go bonalang ka yone gore o ikaegile ka Jehofa ke fa o ikaegile ka Lefoko la gagwe e leng Baebele. Fa Jesu a ne a rapela mo maitseboeng a bofelo a botshelo jwa gagwe jaaka motho yo o itekanetseng, o ne a raya Rraagwe a re: “Ke ba neile lefoko la gago.” (Joh. 17:14) Le fa Jesu a ne a na le maitemogelo a mantsi thata, ga a ise a ke a bue dilo tse a di itshimololetseng ka boene. Ka metlha o ne a bua se Rraagwe a se mo rutileng, ka go dira jalo a re tlogelela sekao se re tshwanetseng go se latela. (Joh. 12:49, 50) Lefoko la Modimo le le bolokilweng mo Baebeleng le na le maatla a go tlhotlheletsa batho—ditiro tsa bone, megopolo ya bone le maikutlo a bone. (Baheb. 4:12) Fa o ntse o gola mo kitsong ya go itse Lefoko la Modimo e bile o ithuta go le dirisa sentle mo bodireding jwa gago, o tla bo o godisa bokgoni jwa go ruta jo bo gogelang batho kwa Modimong.—2 Tim. 3:16, 17.

Tlotla Jehofa

Go nna morutisi yo o tla tshwanang le Keresete ga se kgang fela ya gore o kgone go neela puo e e kgatlhang. Ke boammaaruri gore batho ba ne ba gakgamalela “mafoko a a ipedisang” a ga Jesu. (Luke 4:22) Mme gone boikaelelo jo bogolo jwa ga Jesu fa a ne a bua ka tsela e e molemo jalo e ne e le bofe? E ne e le go tlotla Jehofa, e seng go dira gore go isiwe tlhokomelo mo go ene ka boene. (Joh. 7:16-18) E bile o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe jaana: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.” (Math. 5:16) Kgakololo eo e tshwanetse go tlhotlheletsa tsela e re rutang ka yone. Re tshwanetse go go dira boikaelelo jwa rona go tlogela sengwe le sengwe se se ka dirang gore re se ka ra fitlhelela boikaelelo joo. Ka jalo fa re rulaganya se re tlileng go se bua kgotsa tsela e re tlileng go se bua ka yone, go molemo gore re ipotse jaana, ‘A seno se tla dira gore bareetsi ba me ba anaanele Jehofa thata, kgotsa a se tla dira gore tlhokomelo e ntsi e tlisiwe mo go nna?’

Ka sekai, ditshwantsho le dikai tsa dilo tse di kileng tsa direga ka mmatota mo botshelong di ka dirisiwa ka tsela e e molemo fa o ruta. Le fa go ntse jalo, fa go dirwa setshwantsho se setelele thata kana go anelwa boitemogelo jo botelele thata, ntlha e e rutwang e ka nna ya se ka ya tlhaga sentle. Ka tsela e e tshwanang, go bolela dikgang tse boikaelelo jwa tsone e leng go kgatlha batho fela go ka faposa mogopolo wa motho mo go se boikaelelo jo bogolo jwa bodiredi jwa rona e leng sone. Ka go dira jalo, morutisi o isa tlhokomelo kwa go ene go na le gore a fitlhelele mokgele wa mmatota wa thuto e re e newang mo pusong ya Modimo.

‘Dira Pharologanyo’

Gore motho a nne morutwa ka tsela ya mmatota, o tshwanetse go tlhaloganya sentle se a se rutiwang. O tshwanetse go utlwa boammaaruri mme a bone gore bo farologana jang le ditumelo tse dingwe. Go kgona go dira pharologanyo eo go mo thusa go fitlhelela seno.

Gangwe le gape Jehofa o ne a kgothaletsa batho ba gagwe gore ba “dire pharologanyo” fa gare ga se se phepa le se se seng phepa. (Lefi. 10:9-11) O ne a bolela gore ba ba neng ba tla direla mo tempeleng ya gagwe e kgolo ya semoya ba ne ba tla ruta batho “pharologanyo fa gare ga selo se se boitshepo le selo se se seng boitshepo.” (Esek. 44:23) Buka ya Diane e tletse ka dipharologanyo magareng ga se se siameng le se se sa siamang, magareng ga botlhale le boeleele. Tota le dilo tse di sa thulaneng di ka farologanngwa. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha pharologanyo mo gare ga motho yo o siameng le motho yo o molemo, jaaka fa e kwadilwe mo go Baroma 5:7. Mo bukeng ya Bahebera, o ne a bontsha kafa tirelo ya moperesiti yo mogolo ya ga Keresete e leng kwa godimo ka teng fa e bapisiwa le ya ga Arone. Ee, jaaka fa morutisi mongwe wa lekgolo la bo17 la dingwaga e bong John Amos Comenius a ne a kwala: “Go ruta go raya fela go bontsha kafa dilo dingwe di farologanang ka teng le tse dingwe mo maikaelelong a tsone a a farologaneng, mo dipopegong tsa tsone le kafa di simologileng ka teng. . . . Ka gone, motho yo o kgonang go bontsha sentle kafa dilo di farologanang ka teng o ruta sentle.”

Ka sekai, a re tseye gore o ruta motho ka Bogosi jwa Modimo. Fa a sa tlhaloganye gore Bogosi ke eng, o ka nna wa bontsha kafa se Baebele e se buang se farologanang ka teng le kgopolo ya gore Bogosi ke boemo fela mo pelong ya motho. Kgotsa o ka nna wa bontsha kafa Bogosi bo farologanang ka teng le dipuso tsa batho. Le fa go ntse jalo, mo bathong ba ba itseng dintlha tseno tsa konokono tsa boammaaruri, o ka nna wa tsenelela kwa tengnyana. O ka nna wa ba bontsha kafa Bogosi jwa ga Mesia bo farologanang ka teng le bogosi jwa ga Jehofa ka boene jwa lobopo lotlhe, jo bo tlhalosiwang mo go Pesalema 103:19, kgotsa kafa bo farologanang ka teng le ‘bogosi jwa Morwa wa lorato lwa Modimo,’ jo bo umakiwang mo go Bakolosa 1:13, kgotsa kafa bo farologanang ka teng le “tsamaiso,” e go buiwang ka yone mo go Baefeso 1:10. Go bontsha kafa dilo di farologanang ka teng go ka thusa go dira gore bareetsi ba gago ba kgone go bona sentle thuto e e botlhokwa eno ya Baebele.

Gangwe le gape Jesu o ne a dirisa mokgwa ono wa go ruta. O ne a bontsha pharologanyo mo gare ga tsela e batho ba neng ba tlhaloganya Molao wa ga Moshe ka yone le se boikaelelo jwa Molao ono e leng sone tota. (Math. 5:21-48) O ne a bontsha pharologanyo mo gare ga boineelo jwa mmatota jwa bomodimo le ditiro tsa boitimokanyo tsa Bafarasai. (Math. 6:1-18) O ne a bontsha pharologanyo mo gare ga moya wa ba ba neng ba “rena” mo go ba bangwe le moya wa go ikitsha setlhabelo o balatedi ba gagwe ba neng ba tla o bontsha. (Math. 20:25-28) Ka nako e nngwe, e go kwadilweng ka yone mo go Mathaio 21:28-32, Jesu o ne a dira gore bareetsi ba gagwe ba iponele pharologanyo mo gare ga go ipona tshiamo le boikwatlhao jwa mmatota. Seno se re lere mo karolong e nngwe e e botlhokwa thata ya mokgwa o o molemo wa go ruta.

Kgothaletsa Bareetsi go Akanya

Mo go Mathaio 21:28, re bala gore Jesu o ne a simolola papiso ya gagwe ka go botsa jaana: “Lo akanyang?” Morutisi yo o nang le bokgoni ga a bolele dintlha fela kgotsa go ntsha dikarabo fela. Go na le moo, o kgothaletsa bareetsi ba gagwe gore ba tlhagolele bokgoni jwa go akanya. (Dia. 3:21; Bar. 12:1) Tsela e nngwe ya go dira seno ke ka go botsa dipotso. Jaaka go kwadilwe mo go Mathaio 17:25, Jesu o ne a botsa jaana: “O akanyang, Simone? Dikgosi tsa lefatshe di amogela ditshwanelo kgotsa lekgetho la tlhogo mo go bomang? Mo barweng ba tsone kgotsa mo go ba e leng batswakwa?” Dipotso tsa ga Jesu tse di neng di dira gore Petere a akanye di ne tsa mo thusa gore a fitlhelele tshwetso ya gagwe e e tshwanetseng kaga go duela lekgetho la tempele. Ka tsela e e tshwanang, fa a ne a araba monna yo o neng a mmotsa gore, “Ke mang tota yo e leng moagelani wa me?” Jesu o ne a bontsha kafa ditiro tsa moperesiti le Molefi di farologaneng ka gone le tsa Mosamarea. Go tswa foo o ne a botsa potso eno: “Ke mang wa ba bararo bano yo mo go wena a bonalang a itirile moagelani wa monna yo o neng a wela mo gare ga dinokwane?” (Luke 10:29-36) Le mono gape, go na le gore Jesu a akanyetse moreetsi wa gagwe, o ne a dira gore ene ka boene a ikarabe.—Luke 7:41-43.

Leka go Fitlhelela Pelo

Barutisi ba ba tlhaloganyang kgopolo ya Lefoko la Modimo ba a lemoga gore kobamelo ya boammaaruri ga se kgang fela ya go itse dintlha dingwe ka tlhogo le go tshela tumalanong le melao mengwe. E theilwe mo kamanong e e molemo le Jehofa le go anaanela ditsela tsa gagwe. Kobamelo e e ntseng jalo e akaretsa pelo. (Dute. 10:12, 13; Luke 10:25-27) Mo Dikwalong, lefoko “pelo” gantsi le raya motho wa kafa teng a feletse, go akaretsa le dilo tse di tshwanang le dikeletso tsa gagwe, lorato, maikutlo le dilo tse di tlhotlheletsang motho go dira dilo.

Jesu o ne a itse gore lefa batho ba leba bokafantle, Modimo o bona pelo. (1 Sam. 16:7) Go direla Modimo ga rona go tshwanetse ga tlhotlhelediwa ke go bo re mo rata, ga go tlhotlhelediwe ke go bo re leka go kgatlha batho ba bangwe. (Math. 6:5-8) Kafa letlhakoreng le lengwe, Bafarasai ba ne ba dira dilo di le dintsi gore ba bonwe ke batho. Ba ne ba gatelela thata gore go tshwanetse ga latelwa le dintlhanyana tse dinnye tsa Molao le gore go dirwe dilo tumalanong le melao e ba e itiretseng. Le fa go ntse jalo, mo matshelong a bone ba ne ba palelwa ke go bontsha dinonofo tse di neng di tla ba tshwaya e le batho ba Modimo yo ba bolelang gore ba a mo obamela. (Math. 9:13; Luke 11:42) Jesu o ne a ruta gore le fa go utlwa melao ya Modimo go le botlhokwa, se se laolang gore kutlo e e ntseng jalo e molemo go le kana kang ke se se mo pelong. (Math. 15:7-9; Mar. 7:20-23; Joh. 3:36) Go ruta ga rona go tla fitlhelela molemo o mogolo fa re etsa sekao sa ga Jesu. Go botlhokwa gore re thuse batho go ithuta se Modimo a se tlhokang mo go bone. Mme gape go botlhokwa gore ba itse ba bo ba rate Jehofa jaaka motho gore boitshwaro jwa bone bo bontshe gore ba tsaya kamano e e amogelegang e ba nang le yone le Modimo wa boammaaruri e le botlhokwa go le kana kang.

Ee, ke boammaaruri gore, e le gore batho ba solegelwe molemo ke thuto eno, ba tshwanetse go lebana le se se mo dipelong tsa bone ka bobone. Jesu o ne a kgothaletsa batho gore ba sekaseke maitlhomo a bone ba bo ba tlhatlhobe maikutlo a bone. Fa a ne a baakanya pono nngwe e e phoso, o ne a botsa bareetsi ba gagwe gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba akanya, ba bua, kgotsa ba dira dilo dingwe ka tsela e ba neng ba di dira ka yone. Le fa go ntse jalo, gore Jesu a se ka a ba tlogela fela mo lefifing, o ne a dira gore fa a sena go botsa potso a bue polelo nngwe, setshwantsho, kgotsa a dire sengwe se se neng se ba kgothaletsa gore ba lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng. (Mar. 2:8; 4:40; 8:17; Luke 6:41, 46) Le rona re ka thusa bareetsi ba rona ka go akantsha gore ba ipotse dipotso tse di tshwanang le: ‘Ke ka ntlha yang fa ke rata tsela eno ya go dira dilo? Ke ka ntlha yang fa ke tsibogela boemo jono ka tsela e ke bo tsibogelang ka yone?’ Go tswa foo, ba tlhotlheletse gore ba lebe dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone.

Bontsha Kafa Thuto e ka Dirisiwang ka Teng

Morutisi yo o molemo o a itse gore “botlhale ke selo se segolo mo go tsotlhe.” (Dia. 4:7) Botlhale ke go kgona go dirisa kitso sentle go rarabolola mathata, go tswa mo dikotsing, go fitlhelela mekgele, go thusa ba bangwe. Ke boikarabelo jwa morutisi go thusa moithuti go ithuta go dira seo mme e seng go ba direla ditshwetso. Fa o tlotla ka melaometheo e e farologaneng ya Baebele, thusa moithuti go akanya. O ka nna wa umaka boemo bongwe jo bo diregang mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi go tswa foo o bo o botsa moithuti gore molaomotheo mongwe wa Baebele o lo sa tswang go o ithuta o ne o tla mo thusa jang fa a ne a lebane le boemo joo.—Baheb. 5:14.

Mo puong ya gagwe ka Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a neela sekai sa go bontsha kafa thuto e ka dirisiwang ka tsela e e molemo ka teng le kafa e ka amang matshelo a batho ka gone. (Dit. 2:14-36) Fa Petere a sena go tlotla ka ditemana di le tharo tsa Dikwalo tse boidiidi bo neng bo bolela gore bo a di dumela, o ne a bontsha kafa di dirang ka teng a dirisa ditiragalo tse ba sa tswang go di bona botlhe. Ka ntlha ya moo, boidiidi bo ne jwa utlwa go tlhokega go dira tumalanong le se ba neng ba se utlwile. A go ruta ga gago go ama batho ka tsela e e tshwanang? A o dira se se fetang go bolelela batho dintlha fela mme o ba thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa dilo di le ka tsela e di leng ka yone? A o ba kgothaletsa go akanyetsa kafa dilo tse ba di ithutang di tshwanetseng go ama matshelo a bone ka teng? Ba ka nna ba se ka ba goa ba re, “Re tla dirang?” jaaka fa boidiidi bo ne jwa dira ka Pentekosete, mme fa o dirisitse dikwalo sentle, ba tla tlhotlheletsega go akanyetsa go tsaya dikgato tse di tshwanetseng.—Dit. 2:37.

Fa lo bala Baebele le bana ba lona, lona batsadi lo na le sebaka se se molemo sa go ba thapisa go akanya ka tsela e ba ka dirisang melaometheo ya Baebele ka teng ka tsela e e molemo. (Baef. 6:4) Ka sekai, o ka nna wa tlhopha ditemana di le mmalwa mo mmalong wa Baebele o o rulaganyeditsweng beke eo, tlotla ka seo di se bolelang, o bo o botsa dipotso tse di tshwanang le tseno: ‘Seno se re kaela jang? Re ka dirisa ditemana tseno jang mo bodireding? Di senolang ka Jehofa le tsela ya gagwe ya go dira dilo, mme seno se dira jang gore re mo anaanele le go feta?’ Kgothaletsa lelapa la gago gore le akgele ka dintlha tseno fa go tlotliwa dintlhakgolo tsa Baebele kwa Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Go ka direga thata gore ditemana tse ba akgelang ka tsone e nne tsone tse ba di gakologelwang thata.

Tlhoma Sekao se se Molemo

Ga o rute fela ka se o se buang mme gape le ka se o se dirang. Ditiro tsa gago di bontsha sekai se se molemo sa kafa go ka dirisiwang se o se buang ka teng. Ke yone tsela e bana ba ithutang ka yone. Fa ba etsa batsadi ba bone, ba bontsha gore ba batla go tshwana le batsadi ba bone. Ba batla go itse gore go ntse jang go dira se batsadi ba bone ba se dirang. Ka tsela e e tshwanang, fa ba o ba rutang ba ‘nna baetsi ba gago jaaka o le wa ga Keresete,’ ba simolola go itemogela masego a go tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa. (1 Bakor. 11:1) Tsela e Modimo a dirisanang le bone ka yone e nna karolo ya maitemogelo a bone ka bobone.

Seno se re gakolola ka tsela e e molemolemo kafa go leng botlhokwa ka teng go tlhoma sekao se se molemo. ‘Mofuta wa batho o re nnang one mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo’ o tla thusa thata mo go neyeng batho ba re ba rutang sekao se se tshelang sa kafa ba ka dirisang melaometheo ya Baebele ka teng. (2 Pet. 3:11) Fa o kgothaletsa moithuti wa Baebele gore a bale Lefoko la Modimo ka metlha, le wena ka bowena tlhoafalela go le bala. Fa o batla gore bana ba gago ba ithute go tshela tumalanong le melaometheo ya Baebele, tlhomamisa gore ba bona ditiro tsa gago di dumalana le thato ya Modimo. Fa o ruta phuthego gore e tlhoafale mo bodireding, tlhokomela gore o bo o na le seabe ka botlalo mo tirong eo. Fa o dira se o se rutang, o tla kgona go tlhotlheletsa le ba bangwe.—Bar. 2:21-23.

Ipotse potso eno ka boikaelelo jwa gore o tokafatse go ruta ga gago: ‘Fa ke ruta, a ke ruta ka tsela e e amang maikutlo, puo, kana ditiro tsa ba ba nkutlwang? Go dira gore dilo di utlwale sentle, a ke dira gore go bonale pharologanyo mo gare ga dikgopolo kgotsa mo gare ga ditsela tse di farologaneng tsa go dira dilo? Ke dirang go thusa baithuti ba me, bana ba me, kgotsa bareetsi ba me kwa dipokanong gore ba gakologelwe se ke se buang? A ke bontsha bareetsi ba me sentle kafa ba ka dirisang ka gone se ba se ithutang? A ba kgona go se bona mo sekaong sa me? A ba a lemoga kafa tsela e ba tsibogelang ka yone se se tlotlwang e ka amang ka gone kamano ya bone le Jehofa?’ (Dia. 9:10) Tswelela pele o ntse o ela tlhoko dilo tseno fa o ntse o senka go godisa bokgoni jwa gago jwa go nna morutisi. “Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.”—1 Tim. 4:16.

GORE O NNE LE MATSWELA MO GO RUTENG GA GAGO

  • Ikaege ka Jehofa, e seng ka bokgoni jwa gago

  • Lemoga maatla a Lefoko la Modimo, o bo o le dirise sentle

  • Go dire mokgele wa gago go tlotla Jehofa, e seng go isa tlhokomelo kwa go wena ka bowena

  • Bontsha kafa dilo di farologanang ka teng go thusa ba bangwe go tlhaloganya sentle

  • Kgothaletsa bareetsi go akanya

  • Kgothaletsa ba bangwe go tlhatlhoba maikaelelo a bone le maikutlo a bone

  • Kgothaletsa bareetsi go akanyetsa kafa kitso ya Baebele e tshwanetseng go ama matshelo a bone ka teng

  • Nna sekao se se tshwanetseng go ediwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela