LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be ts. 21-ts. 26 ser. 4
  • Ineele go Bala

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ineele go Bala
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sola Sebaka Molemo
  • Bala ka Boikaelelo jo bo Siameng
  • Akanyetsa Lobelo
  • Ithute go Tlhoma Mogopolo
  • Go Bala Phatlalatsa
  • Iphe Nako ya go Bala
  • Go Solegelwa Molemo ke go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Bala Baebele—Go Molemo E Bile go a Itumedisa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Nnela Ruri mo go Baleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ruta Batho Ba ba Sa Kgoneng go Bala Sentle
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be ts. 21-ts. 26 ser. 4

Ineele go Bala

DIPHOLOGOLO ga di kgone go dira se o se dirang gone jaanong. Gantsi, ka ntlha ya go se nne le tshono ya go tsena sekolo, motho a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 6 ga a ithuta go bala—mme mo go ba ba ithutileng go bala, ba le bantsi ga ba bale ka metlha. Le fa go ntse jalo, go kgona go bala se se kwadilweng go go letla gore, ka go bala, o tseye loeto go ya kwa dinageng tse dingwe, o kopane le batho ba matshelo a bone a ka tokafatsang jwa gago, o bo o bone kitso e e mosola e e ka go thusang go lepalepana le mathata a botshelo.

Bokgoni jwa go bala bo tla laola gore mosha o tla solegelwa molemo go le kana kang kwa sekolong. Fa a batla tiro, bokgoni jwa gagwe jwa go bala e ka nna jone bo laolang gore o bona tiro ya mofuta mang le gore o tla tshwanelwa ke go dira diura di le kana kang gore a kgone go itshedisa. Bommamalapa ba ba kgonang go bala sentle ba kgona go tlhokomela malapa a bone botoka ka dijo tse di siameng tse di nang le dikotla, ka boitekanelo, le ka go thibela malwetse. Bommè ba ba itseng go bala sentle le bone ba ka thusa bana ba bone thata gore ba kgone go tlhalefa.

Ee, mme gape mosola o mogolo thata wa go bala ke gore go ka dira gore o ‘bone e e leng kitso ya Modimo.’ (Dia. 2:5) Ditsela tse dintsi tse re direlang Modimo ka tsone di akaretsa go kgona go bala. Kwa dipokanong tsa phuthego, go balwa Dikwalo le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Matswela a o nnang le one mo bodireding jwa tshimo a ikaegile thata ka tsela e o balang ka yone. E bile go baakanyetsa ditiro tseno tsotlhe go akaretsa go bala. Ka ntlha ya moo, go gola ga gago mo semoyeng go ikaegile thata ka mekgwa ya gago ya go bala.

Sola Sebaka Molemo

Batho bangwe ba ba ithutang ditsela tsa Modimo ga ba a rutega go le kalo. Ba ka nna ba tlhoka go rutwa go bala gore ba kgone go gatela pele botokanyana semoyeng. Kgotsa ba ka nna ba tlhoka go thusiwa gore ba tokafatse bokgoni jwa bone jwa go bala. Fa go tlhokega, diphuthego di leka go rulaganya ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala di dirisa buka ya Ineele go Bala le go Kwala. Thuto eno e solegetse ba le diketekete molemo thata. E re ka go bala sentle go le botlhokwa jaana, diphuthego dingwe di tshwara ditlelase tsa go tokafatsa go bala ka nako e le nngwe fela le Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Tota le kwa go sa tshwarweng ditlelase tse di ntseng jalo gone, motho a ka dira kgatelopele e e molemo ka go dirisa nako e e rileng letsatsi le letsatsi a balela kwa godimo le go nna teng ka metlha mo sekolong le go nna le seabe mo go sone.

Se se utlwisang botlhoko ke gore dikgatiso tse di nang le ditshwantsho fela le thelebishene di dirile gore batho ba le bantsi ba tlhokomologe go bala. Go leba thelebishene thata mme o bala go le gonnye fela go ka kgoreletsa motho go gola mo bokgoning jwa gagwe jwa go bala le go akanya sentle le go itlhalosa sentle.

“Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o re naya dikgatiso tse di re thusang go tlhaloganya Baebele. Dikgatiso tseno di re naya tshedimosetso e e seng kana ka sepe e e kaga dilo tse di botlhokwa thata tsa semoya. (Math. 24:45; 1 Bakor. 2:12, 13) Gape di re thusa go nna re itse ka ditiragalo tse di botlhokwa tse di diregang mo lefatsheng le gore di kaya eng, di re thusa go itse lefatshe le re nnang mo go lone botoka; e bile di re ruta ditsela tsa go lepalepana le dilo tse di re amang. Mo godimo ga tsotlhe, di re tlhokomedisa tsela ya go direla Modimo ka tsela e a e amogelang le go bona kamogelo ya gagwe. Tsela e e ntseng jalo e e siameng ya go bala e tla go thusa go nna motho wa semoya.

Gone ke boammaaruri gore go kgona go bala sentle ka bogone ga se gone selo se se molemolemo. Bokgoni jono bo tshwanetse go dirisiwa ka tsela e e siameng. Fela jaaka motho a dira ka dijo, gape o tshwanetse go tlhopha se a se balang. Ke ka ntlha yang fa o ja dijo tse tota di se nang dikotla kgotsa e bile di na le botlhole? Ka tsela e e tshwanang, ke ka ntlha yang fa o bala dibuka tse di ka leswafatsang mogopolo wa gago le pelo ya gago? Melaometheo ya Baebele e tshwanetse go nna yone e e re kaelang gore re tlhophe dilo dife go di bala. Pele ga fa o swetsa gore o bale eng, akanya ka dikwalo di tshwana le Moreri 12:12, 13; Baefeso 4:22-24; 5:3, 4; Bafilipi 4:8; Bakolosa 2:8; 1 Johane 2:15-17; le 2 Johane 10.

Bala ka Boikaelelo jo bo Siameng

Botlhokwa jwa go bala ka boikaelelo jo bo siameng bo bonala sentle fa motho a sekaseka dipego tsa Efangele. Ka sekai, mo Efangeleng ya ga Mathaio, re fitlhela Jesu a botsa baeteledipele ba bodumedi ba ba rutegileng dipotso tse di jaaka “A ga lo a bala?” le “A lo ne lwa se ka lwa bala?” pele ga a araba dipotso tsa bone tsa boferefere ka Dikwalo. (Math. 12:3, 5; 19:4; 21:16, 42; 22:31) Thuto nngwe e re e ithutang mo go seno ke gore fa re sa bale ka boikaelelo jo bo siameng, re ka dira ditshwetso tse di phoso kgotsa ra se ka ra tlhaloganya dilo gotlhelele. Bafarasai ba ne ba bala Dikwalo ka gonne ba ne ba akanya gore ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng ka tsone. Jaaka Jesu a ile a bontsha, tuelo e e ntseng jalo ga e newe batho ba ba sa rateng Modimo e bile ba sa amogele tsela ya gagwe ya go boloka. (Joh. 5:39-43) Bafarasai ba ne ba na le maikaelelo a bopelotshetlha; ka gone, bontsi jwa ditshwetso tsa bone di ne di le phoso.

Boikaelelo jo bo phepa go a gaisa otlhe jo re ka nnang le jone jwa go bala Lefoko la ga Jehofa ke gore re a mo rata. Lorato lo lo ntseng jalo lo re tlhotlheletsa go ithuta thato ya Modimo, gonne lorato “lo ipela le boammaaruri.” (1 Bakor. 13:6) Le fa re ne re sa rate go bala mo nakong e e fetileng, go rata Jehofa ka “mogopolo otlhe” wa rona go tla re tlhotlheletsa gore re dirise megopolo ya rona ka tlhagafalo go bapala kitso ka Modimo. (Math. 22:37) Lorato lo tsosa kgatlhego, mme kgatlhego e tlhotlheletsa motho go ithuta.

Akanyetsa Lobelo

Go bala go tsamaisana le go lemoga. Tota le jaaka o ntse o bala gone jaanong, o lemoga mafoko mme o gakologelwa bokao jwa one. O ka kgona go oketsa lobelo lo o balang ka lone fa o dira gore o lemoge mafoko a le mantsi ka nako e le nngwe. Mo boemong jwa go ema gore o lebe lefoko lengwe le lengwe, leka go bona mafoko a le mmalwa ka nako e le nngwe fela. Fa o ntse o tokafatsa bokgoni jono, o tla fitlhela gore o tlhaloganya se o se balang botoka.

Le fa go ntse jalo, fa o bala sengwe se se thata, o ka nna wa bona molemo o montsinyana fa o dirisa mokgwa o sele. Jehofa o ne a bolela jaana fa a ne a naya Joshua kgakololo ka go bala ga gagwe Dikwalo: “Buka eno ya molao e se ka ya tloga mo molomong wa gago, o e balele kwa tlase.” (Josh. 1:8) Gantsi motho o buela kwa tlase fa a akanyetsa kwa teng. Ka jalo, lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka go re ‘balela kwa tlase’ gape le ranolwa ka go re “tlhatlhanya.” (Pes. 63:6; 77:12; 143:5) Fa motho a tlhatlhanya, o akanyetsa kwa teng; ga a potlake. Fa motho a bala Lefoko la Modimo a ntse a tlhatlhanya, seno se dira gore le ame mogopolo le pelo ya gagwe fela thata. Baebele e na le boporofeti, kgakololo, diane, maboko, go itsisiwe ga dikatlholo tsa Modimo, dintlha tse di amanang le boikaelelo jwa ga Jehofa, le dikai tse dintsi tsa dilo tse di kileng tsa direga mo botshelong—tsotlhe fela di solegela molemo ba ba batlang go tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa. A bo go le molemo jang ne go bala Baebele ka tsela e e dirang gore e nwelelele thata mo mogopolong le mo pelong ya gago!

Ithute go Tlhoma Mogopolo

Fa o bala, ipeye mo boemong jwa tiragalo nngwe le nngwe e e tlhalosiwang. Leka go bona batsayakarolo ka leitlho la gago la mogopolo, o bo o akanye kafa ba neng ba ikutlwa ka gone kaga se se neng se ba diragalela mo matshelong a bone. Seno se motlhofo thata fa o bala pego e e jaaka e e buang ka Dafide le Goliate, e e kwadilweng mo go 1 Samuele kgaolo 17. Mme tota le dintlha tse di mo go Ekesodo le Lefitiko tse di buang ka go agiwa ga motlaagana kgotsa go tlhongwa ga boperesiti di tla nna le botshelo fa o leka go bona mo mogopolong wa gago bogolo jwa motlaagana le dilo tse o agilweng ka tsone kgotsa o akanya ka monkgo wa maswalo, dijo tsa ditlhaka tse di besitsweng, le diphologolo tse di neng di tlisiwa go ntsha tshupelo. Akanya fela gore e tshwanetse ya bo e ne e le selo se se boitshegang jang go dira tiro ya boperesiti! (Luke 1:8-10) Go dira gore maikutlo a gago a amege ka tsela eno go tla go thusa go tlhaloganya bokao jwa se o se balang e bile go tla go thusa gore o se gakologelwe.

Le fa go ntse jalo, fa o se kelotlhoko, fa o leka go bala, o ka nna wa tla o eta ka mogopolo. Matlho a gago a ka tswa a lebile tsebe e o e balang mme mogopolo wa gago o le go sele. A go na le mmino o o tshamekang? A go buletswe thelebishene? A go na le ba bangwe mo lelapeng ba ba tlotlang? Fa go kgonega, go botoka gore o balele mo lefelong le le didimetseng. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa itewa tsebe ke dilo tse di mo teng ga gago. Gongwe o ne o tshwaregile thata mo letsatsing leo. Ee, a bo go le motlhofo jang ne gore o akanye ka dilo tse di diragetseng mo letsatsing leo! Gone ke boammaaruri gore go molemo go akanya ka dilo tse di diragetseng mo letsatsing leo—mme e seng fa o bala. Gongwe o simolola o tlhomile mogopolo wa gago mo go se o tlileng go se bala, kgotsa o ka nna wa simolola ka thapelo fa o bala. Mme jaanong fa o ntse o bala, mogopolo wa gago o simolola go kgarakgatshega. Leka gape. Itlwaetse go boloka mogopolo wa gago o tlhomilwe mo go se o se balang. Fa go ntse go ya, o tla bona jaaka dilo di tokafala.

O dirang fa o kopana le lefoko lengwe le o sa le tlhaloganyeng? Go ka tswa go tlhalosiwa kgotsa go tlotliwa ka mafoko mangwe a a sa tlwaelegang mo go se o se balang. Kgotsa o ka nna wa kgona go bona bokao jwa one fa o leba kgang yotlhe e o balang ka yone. Fa go sa nna jalo, iphe nako ya go leba lefoko leo mo bukeng e e tlhalosang mafoko fa e le teng, kgotsa tshwaya lefoko leo gore moragonyana o tle o botse mongwe bokao jwa lone. Seno se tla godisa tlotlofoko ya gago le go dira gore o tlhaloganye se o se balang.

Go Bala Phatlalatsa

Fa moaposetoloi Paulo a ne a bolelela Timotheo gore a tswelele a dira ka bojotlhe mo go baleng, o ne ka mo go kgethegileng a bua ka go balela ba bangwe. (1 Tim. 4:13) Go bala phatlalatsa ka tsela e e nang le matswela ga se kgang fela ya go bitsa mafoko a a mo tsebeng. Mmadi o tshwanetse go tlhaloganya bokao jwa mafoko le go tlhaloganya kgopolo e a e ntshang. Ke fa a dira jalo fela a ka kgonang go fetisa kgopolo ka tsela e e siameng le go tlhagisa maikutlo a one ka tsela e e siameng. Ke boammaaruri gore seno se tlhoka gore motho a baakanyetse ka botlalo le go ikatisa. Ka gone, Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Tswelela o dira ka bojotlhe mo go baleng phatlalatsa.” O tla newa thapiso e e botlhokwa ya go nna le bokgoni jono mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

Iphe Nako ya go Bala

“Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.” (Dia. 21:5) A bo seo se le boammaaruri jang ne malebana le keletso ya rona ya go bala! Gore re “solegelwe molemo,” re tshwanetse go dira dithulaganyo ka tlhoafalo gore ditiro tse dingwe di se ka tsa tseela go bala ga rona sebaka.

O bala leng? A o solegelwa molemo fa o bala go sa le moso? Kgotsa a o a bo o tsogile sentle moragonyana mo letsatsing? Fa o ka beela metsotso e le 15 kgotsa e le 20 kwa thoko letsatsi le letsatsi gore o bale sengwenyana, o tla gakgamadiwa ke go bona gore o ka fitlhelela go le kana kang. Selo se se botlhokwa ke go bala ka metlha.

Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tlhophile go dira gore maikaelelo a gagwe a magolo a kwalwe mo bukeng? Gore batho ba bale Lefoko la gagwe le le kwadilweng. Seno se ba thusa go akanya ka ditiro tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa, ba di bolelele bana ba bone, le go tshwarelela ditiro tsa Modimo ka tlhogo. (Pes. 78:5-7) Tsela e e molemolemo e re bontshang ka yone gore re anaanela bopelotshweu jwa ga Jehofa mo kgannyeng eno ke tsela e re dirang bojotlhe jwa rona ka yone mo go baleng Lefoko la gagwe le le nayang botshelo.

GO AKAREDITSWENG MO THULAGANYONG YA GAGO YA GO BALA?

  • A Baebele ke yone e tlang pele?

  • A o bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka metlha?

  • A o bala dikgatiso tse dintšha tsa Baebele ka bonako fela fa o sena go di amogela?

  • Fa o newa khopi ya gago ya Tirelo ya Rona ya Bogosi, a o bala se se mo go yone gore se go thuse mo bodireding?

  • O badile dikgatiso di le kae tsa Basupi ba ga Jehofa tsa bogologolo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela