O a Amogelwa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
MO DINAGENG di feta 200 mo lefatsheng lotlhe, baithuti ba le dimilionemilione ba solegelwa molemo ke thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo beke nngwe le nngwe. Bangwe ba sa le basha mo go sone. Ba bangwe ba feditse dingwaga di le dintsi ba le mo sekolong seno. Sekolo seno se tshwarelwa mo mafelong a le dikete tse di masomesome. Gongwe le gongwe kwa o nnang teng mo lefatsheng, o ka kgona go rutwa thuto eno. Batho ba dingwaga tsotlhe, ba ditso tsotlhe le ba maemo a a farologaneng a thutego ba rutwa thuto eno ya puso ya Modimo mahala.
Fa sekolo seno se ne se tlhongwa mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa ka 1943, boikaelelo jwa sone bo ne jwa tlhalosiwa ka mafoko ano: “Go dira gore ‘banna botlhe ba ba ikanyegang,’ ba ba utlwileng Lefoko la Modimo e bile ba bontshitse gore ba a le dumela, ba ‘kgone go ruta ba bangwe’ . . . ka boikaelelo bo le bongwe fela jwa go dira gore mongwe le mongwe . . . a tlhomelelwe botoka go bolela tsholofelo e a nang le yone phatlalatsa.” (Course in Theocratic Ministry, ts. 4) Mokgele wa sekolo seno ga o ise o fetoge go tla go fitlha gompieno.
Tota ke eng se se molemolemo se ope fela wa rona a ka se dirang ka mpho ya go bua e re e neilweng ke Modimo? Baebele e araba jaana: “Sengwe le sengwe se se hemang—a se bake Jah.” (Pes. 150:6) Fa re dira jalo, re itumedisa pelo ya ga Rraarona wa selegodimo. Re mmontsha gore dipelo tsa rona di leboga molemo le lorato lwa gagwe. Ke ka ntlha ya moo Bakeresete ba kgothadiwang ka metlha gore ba ‘isetse Modimo setlhabelo sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa’! (Baheb. 13:15) Re go amogela go nna moithuti mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka boikaelelo jwa go go thusa go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go dirisa dimpho tse o di neilweng ke Modimo go baka Jehofa.
Le mororo mo sekolong seno go tlhomilwe mogopolo thata mo go baleng phatlalatsa le mo bokgoning jwa go bua le go ruta, eo ga se yone fela melemo ya thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Fa o ntse o nna le seabe mo go sone, o tla thusiwa go nna le bokgoni jo bo botlhokwa mo dilong tse di jaaka go ipalela ka bowena, go reetsa le go gakologelwa, go ithuta, go dira patlisiso, go tlhatlhoba dintlha le go di rulaganya, go tshwara motlotlo le ba bangwe, go araba dipotso, le go kwala dintlha. Re tla dirisa Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng go ithuta le go akgela le go neela dipuo mo sekolong. Fa o ntse o tlatsa mogopolo wa gago ka boammaaruri jo bo molemo jo bo mo Lefokong la Modimo, o tla ithuta go akanya dikakanyo tsa Modimo. A bo seo se tla nna mosola jang ne mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa gago! Motlhatlheledi wa lekgolo la bo20 la dingwaga wa kwa yunibesithing e bong William Lyon Phelps o ne a kwala jaana fa a ne a bua ka botlhokwa jwa Lefoko la Modimo: “Mongwe le mongwe yo o itseng Baebele sentle ruri a ka bidiwa serutegi. . . . Ke dumela gore go itse Baebele o se na khoso ya kwa kholetšheng go botlhokwa thata go feta khoso ya kwa kholetšheng o se na Baebele.”
Kafa o ka Solegelwang Molemo ka Botlalo ka Gone
Ee, ke boammaaruri gore e le gore thuto e o e rutwang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e go solegele molemo ka botlalo, wena, moithuti, o tshwanetse go tsaya matsapa. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa tsala ya gagwe ya Mokeresete e bong Timotheo jaana: “Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.” (1 Tim. 4:15) O ka iteka ka ditsela dife tse di mosola?
Fa go kgonega, nna teng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo beke nngwe le nngwe. Dirisa buka eno ya go ithuta ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, ka botlhale. Kwala leina la gago mo sebakeng sa lone mo tsebeng e e kafa ntle. Tla o tshotse buka eno ka metlha fa o tla sekolong. Buka eno gape ke buka e o ka kgonang go ikwalela dintlha mo go yone. Fa o bala dintlha dingwe tse di botlhokwa mo go yone tse o akanyang gore di tla go thusa, di thalele. Dirisa dikarolo tse dikgolo tse di sa kwalelang sepe mo mathokong a ditsebe go kwala dintlha tse di mosola tse go tlotliwang ka tsone tse o di ithutang mo sekolong.
O tla amogela khopi e e gatisitsweng ya thulaganyo e e tla latelwang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Thulaganyo eno gape e tla nna le dintlha tse di bontshang kafa sekolo seno se tla tshwarwang ka gone. O ka nna wa go fitlhela go thusa go boloka thulaganyo eno mo bukeng eno, mo o tla e bonang ka bonako gone fa o e batla.
Fa o baakanyetsa dipuo tsa sekolo tsa beke le beke, gakologelwa gore Baebele ke yone buka ya konokono e re e ithutang. Simolola pele ka go bala karolo le fa e le efe fela ya Baebele e e leng mo thulaganyong ya beke eo. Fa e le gore gape o kgona go balela kwa pele dintlha tsa dipuo tse di farologaneng tsa thulaganyo eno, seno le sone se tla go solegela molemo thata.
Fa sekolo se ntse se tsweletse, go ka nna ga nna le ditshono tsa gore bareetsi ba nne le seabe. Dirisa ditshono tseno ka botlalo. Go nna le seabe mo metlotlong e e ntseng jalo ke selo se se botlhokwa se se go thusang go gakologelwa se o se utlwang le gore o kgone go se dirisa mo botshelong jwa gago.
Ke boammaaruri gore baithuti botlhe ba tla nna le tshono ya go neela dipuo kgotsa go dira dipontsho fa pele ga phuthego. Dirisa nngwe le nngwe ya ditshono tse di ntseng jalo ka tsela e e molemo. Leka ka natla gore o tokafatse mo ntlheng le fa e le efe fela ya go bua e o e abetsweng. O tla newa kgakololo ka boikaelelo jwa gore o nne o gatele pele. Amogela thuso e e ntseng jalo e o e newang. Mo bukeng ya gago kwala dikakantsho tse di maleba malebana le se o ka se dirang gore o tokafatse. E re ka go se motlhofo gore motho a itemoge ka tsela e ba bangwe ba mo lemogang ka yone, dikakantsho tse di newang ka lorato tse di theilweng mo Baebeleng le kgakololo di ka go thusa fela thata gore o gatele pele. Di ka go thusa le fa o feditse dingwaga di le dintsi o ntse o ikwadisitse mo sekolong.—Dia. 1:5.
A o batla go gatela pele ka bofefonyana? Fa o tsaya matsapa, o ka kgona. Ithute dintlha tse di tlileng go tlotliwa mo puong ya moithuti mongwe le mongwe go sa le gale. Fa go tlhokega sebui sa seithaopi, o tla bo o kgona go ithaopa, mme seo se tla go naya maitemogelo a a oketsegileng. Fa ba bangwe ba neela dipuo, reetsa ka kelotlhoko kafa ba neelang dipuo ka gone. Re ithuta mo go ba bangwe.
Mo godimo ga moo, fa maemo a gago a go letla, o ka kgona go gatela pele ka lobelo lo logolwanyane ka go balela buka eno kwa pele. Fa o sena go ithuta se se mo dithutong di le 15 tse di latelang sentle, tswelela ka go bala setlhogo se se reng “Thulaganyo ya go Godisa Bokgoni Jwa Gago Jaaka Sebui le Morutisi,” se se simololang mo tsebeng 78. Santlha, ithute thuto nngwe le nngwe o bo o ikatisa ka tsela e go bontshiwang gore o dire ka yone. Dirisa se o se ithutang mo bodireding jwa gago. Seno se ka go thusa go gatela pele fela thata jaaka sebui le morutisi wa Lefoko la Modimo.
Thuto e o e rutwang kwa Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e tla thusa go go baakanyetsa dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong. E re ka re tshela ka ntlha ya thato ya Modimo, fa re mmaka, re a bo tota re diragatsa boikaelelo jwa go bo re tshela. Jehofa Modimo o tshwanelwa ke go newa pako ya maemo a a kwa godimo. (Tshen. 4:11) Thuto e re e rutwang mo sekolong seno ke yone e e re thusang gore re kgone go dira seno gore re tle re akanye sentle, re dire dilo ka botlhale, le go bolela boammaaruri jo bo molemolemo jo bo tswang mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo ka tsela e e nang le matswela.