LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ip-1 kgao. 22 ts. 287-301
  • Isaia o Bolelela Pele ‘Tiro e e Gakgamatsang’ ya ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Isaia o Bolelela Pele ‘Tiro e e Gakgamatsang’ ya ga Jehofa
  • Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Matagwa a Eferaime”
  • “Ba Timetse”
  • Matagwa a Semoya Gompieno
  • “Kgolagano le Loso”
  • ‘Tiro e e Gakgamatsang’ ya ga Jehofa
  • A bo Go Latlhega Jerusalema!
  • “Bosusu ba Tla Utlwa”
  • Ke Bomang Matagwa a Semoya?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Nnang lo Ntse lo Tlhagisa ka Tiro e e Sa Tlwaelegang ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Nna o Lebeletse mo go Jehofa
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Isaia—I
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
ip-1 kgao. 22 ts. 287-301

Kgaolo ya Masomeamabedipedi

Isaia o Bolelela Pele ‘Tiro e e Gakgamatsang’ ya ga Jehofa

Isaia 28:1–29:24

1, 2. Ke ka ntlha yang fa Iseraele le Juda ba ikutlwa ba sireletsegile?

ISERAELE le Juda ba ikutlwa ba sireletsegile ka nakwana. Baeteledipele ba bone ba itsalantse le ditšhaba tse dikgolwane tse di nang le maatla go ba feta, ba leka go itshireletsa mo lefatsheng le le kotsi. Samarea, e leng motsemogolo wa Iseraele, o ikantse Siria yo o agelaneng le ene, fa Jerusalema ene, motsemogolo wa Juda, a ikantse Asiria yo o setlhogo.

2 Mo godimo ga go ikanya ditsala tse disha tsa bopolotiki, bangwe mo bogosing jwa bokone ba ka tswa ba letetse gore Jehofa a ba sireletse​—le fa ba ntse ba dirisa dinamane tsa gouta mo kobamelong. Juda le yone e dumela gore e ka ikanya go sirelediwa ke Jehofa. Kana e bile, a tempele ya ga Jehofa ga e kwa Jerusalema, motsemogolo wa bone? Mme kwa pele go larile ditiragalo tse di sa lebelelwang tse di tla diragalelang ditšhaba tseno ka bobedi. Jehofa o tlhotlheletsa Isaia gore a bolelele pele ditiragalo tse di tla lebegang di gakgamatsa tota mo bathong ba gagwe ba diganana. Mme mafoko a gagwe a na le dithuto tsa botlhokwa mo go mongwe le mongwe gompieno.

“Matagwa a Eferaime”

3, 4. Bogosi jwa bokone jwa Iseraele bo ikgantsha ka eng?

3 Isaia o simolola boporofeti jwa gagwe ka mafoko a a gakgamatsang: “A bo go latlhega serwalo se se tlhomologileng sa matagwa a Eferaime, le sethunya se se swabang sa mokgabiso wa gagwe wa bontle se se mo tlhogong ya mokgatšha o o nonneng wa ba ba fekeediwang ke beine! Bona! Jehofa o na le mongwe yo o nonofileng yo o matlhagatlhaga. Ruri o tla latlhela fa fatshe ka maatla, jaaka phefo ya matsubutsubu ya dikgadima ya sefako . . . Dirwalo tse di tlhomologileng tsa matagwa a Eferaime di tla gatakwa ka dinao.”​—Isaia 28:1-3.

4 Eferaime, e leng lotso lo lo kwa godimo mo ditsong tse di lesome tsa bokone, e setse e emela bogosi jotlhe jwa Iseraele. Motsemogolo wa yone, Samarea, o na le lefelo le lentle le le gogelang le le “mo tlhogong ya mokgatšha o o nonneng.” Baeteledipele ba Eferaime ba ikgantsha ka “serwalo [sa bone] se se tlhomologileng” sa go bo ba sa tlhole ba busiwa ke puso ya ga Dafide kwa Jerusalema. Mme ke “matagwa,” ba tagilwe ka tsela ya semoya ka gonne ba ikgolagantse le Siria go lwantsha Juda. Sengwe le sengwe se ba se ratang se tla tloga se gatakwa ke dinao tsa batlhasedi.​—Bapisa Isaia 29:9.

5. Iseraele o mo seemong sefe se se kotsi, mme Isaia o naya tsholofelo efe?

5 Eferaime ga a lemoge seemo se se kotsi se a leng mo go sone. Isaia o tswelela jaana: “Sethunya se se swabang sa mokgabiso wa bontle jwa one se se mo tlhogong ya mokgatšha o o nonneng se tla nna jaaka mofeige wa ntlha pele ga selemo, gore, fa mmoni a o bona, a o kometse o sa ntse o le mo seatleng sa gagwe.” (Isaia 28:4) Eferaime o tla wela mo seatleng sa Asiria, e le thathana e e monate ya go ka komediwa gangwe fela. A go raya gore ga go na tsholofelo? Ebu, jaaka tlwaelo, dipolelelopele tsa ga Isaia tsa katlholo di tswakane le tsholofelo. Tota le fa setšhaba se wa, batho ba ba ikanyegang ba tla falola, ka thuso ya ga Jehofa. “Mo letsatsing leo Jehofa wa masomosomo o tla nna jaaka serwalo sa mokgabiso le jaaka serwalo sa dithunya sa bontle mo go ba ba setseng ba batho ba gagwe, le jaaka moya wa tshiamiso mo go yo o ntseng mo katlholong, le jaaka thata mo go ba ba faposang tlhabano mo kgorong.”​—Isaia 28:5, 6.

“Ba Timetse”

6. Iseraele o wa leng, mme ke ka ntlha yang fa Juda a sa tshwanela go kgatlhega?

6 Letsatsi la katlholo la Samarea le tla ka 740 B.C.E. fa Baasiria ba tlhasela naga eno mme bogosi jwa bokone bo sa tlhole bo nna setšhaba se se ipusang. Go diragalang ka Juda? Naga ya gagwe e tla tlhaselwa ke Asiria, mme moragonyana Babelona o tla senya motsemogolo wa gagwe. Mme fa Isaia a sa ntse a tshela, tempele ya Juda le boperesiti di tla tswelela pele di dira mme baporofeti ba gagwe ba tla tswelela pele ba porofeta. A Juda o tshwanetse a kgatlhiwa ke go wa mo go tlang ga moagelani wa gagwe wa bokone? Eleruri nnyaa! Le Juda Jehofa o tla baakanya mabaka le ene le baeteledipele ba gagwe ka ntlha ya go tlhoka kutlo le go tlhoka tumelo ga bone.

7. Baeteledipele ba Juda ba tagilwe jang, mme seo se felela ka eng?

7 Isaia o tswelela jaana a lebisitse molaetsa wa gagwe kwa Juda: “Le bano gape​—ba timetse ka ntlha ya beine e bile ba kgarakgatshegile ka ntlha ya bojalwa jo bo tagang. Moperesiti le moporofeti​—ba timetse ka ntlha ya bojalwa jo bo tagang, ba tlhakane tlhogo ka ntlha ya beine, ba kgarakgatshitswe ke bojalwa jo bo tagang; ba timetse mo go boneng ga bone, ba etsaetsegile mo go direng tshwetso. Gonne ditafole tsotlhe di tletse matlhatsa a a leswe​—ga go na fa a seyong teng.” (Isaia 28:7, 8) A dilo tse di makgapha! Go tagwa ka tsela ya mmatota mo ntlong ya Modimo ka bogone fela go maswe. Mme baperesiti bano le baporofeti ba tagilwe ka tsela ya semoya​—megopolo ya bone e sirwa ke go ikanya mebuso ya batho thata. Ba itsietsa ka go dumela gore tsela e ba e tsayang ke yone fela e e siameng, gongwe ba dumela gore jaanong ba na le leano le le ka ba thusang fa tshireletso ya ga Jehofa e sa lekane. E re ka ba tagilwe semoyeng, baeteledipele bano ba bodumedi ba tlhatsa mafoko a a tlhabang a a leswe a a bontshang kafa ba se nang tumelo gotlhelele ka teng mo ditsholofetsong tsa Modimo.

8. Molaetsa wa ga Isaia o amogelwa jang?

8 Baeteledipele ba Juda ba itshwara jang malebana le tlhagiso ya ga Jehofa? Ba sotla Isaia, ba mo latofatsa ka gore o bua le bone jaaka e kete ke masea: “Ke mang yo motho a tla mo layang ka kitso, le gone ke mang yo motho a tla dirang gore a tlhaloganye se se utlwilweng? Ba ba kgwisitsweng mashi, ba ba ntshitsweng mo mabeleng? Gonne ke ‘taolo mo godimo ga taolo, taolo mo godimo ga taolo, thapo e e lekanyang mo godimo ga thapo e e lekanyang, thapo e e lekanyang mo godimo ga thapo e e lekanyang, bonnye fano, bonnye fale.’” (Isaia 28:9, 10) A bo mafoko a ga Isaia a utlwala a ipoeletsa e bile a sa tlwaelega jang ne mo go bone! O nna a ipoeletsa, a re: ‘Jehofa o laetse jaana! Jehofa o laetse jaana! Molao wa ga Jehofa ke o! Molao wa ga Jehofa ke o!’a Mme go ise go ye kae Jehofa o tla “bua” le banni ba Juda ka ditiro. O tla ba romelela mephato ya masole a Babelona​—batswakwa ba tota ba buang puo e sele. Mephato eo ya masole ruri e tla diragatsa “taolo [ya ga Jehofa] mo godimo ga taolo” mme Juda o tla wa.​—Bala Isaia 28:11-13.

Matagwa a Semoya Gompieno

9, 10. Mafoko a ga Isaia a ile a nna le bokao leng le gone jang mo dikokomaneng tsa moragonyana?

9 A dipolelelopele tsa ga Isaia di ne tsa diragadiwa fela mo Iseraele le Juda ba bogologolo? Le eseng! Jesu mmogo le Paulo ba ne ba nopola mafoko a gagwe ba bo ba a lebisa mo setšhabeng sa motlha wa bone. (Isaia 29:10, 13; Mathaio 15:8, 9; Baroma 11:8) Gompieno le gone, go na le seemo se se tshwanang le sa motlha wa ga Isaia.

10 Mo lekgetlong leno, baeteledipele ba bodumedi ba Labokeresete ke bone ba ikanyang dipolotiki. Ba thetheekela jaaka matagwa a Iseraele le Juda, ba itshunya nko mo dikgannyeng tsa bopolotiki, ba itumelela go nnela dipuisano le ba go tweng ke ba bagolo ba lefatshe leno. Mo boemong jwa go bua boammaaruri jo bo itshekileng jwa Baebele, ba bua leswe. Pono ya bone ya semoya e letobo, e bile ga se bagogi ba ba ka ikanngwang ba batho.​—Mathaio 15:14.

11. Baeteledipele ba Labokeresete ba itshwara jang fa ba utlwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo?

11 Baeteledipele ba Labokeresete ba itshwara jang fa Basupi ba ga Jehofa ba ba bolelela ka tsholofelo e e nosi fela ya boammaaruri, Bogosi jwa Modimo? Ga ba tlhaloganye. Mo go bone, Basupi ba lebega ba balabala jaaka masea. Baeteledipele ba bodumedi ba lebela barongwa bano kwa tlase e bile ba a ba kgoba. Jaaka Bajuda ba motlha wa ga Jesu, ga ba batle Bogosi jwa Modimo e bile ga ba batle matsomane a bone a utlwa ka jone. (Mathaio 23:13) Ka gone, ba lemosiwa gore ga se ka metlha Jehofa a tla buang ka barongwa ba gagwe ba ba seng kotsi. Nako e tla tla e ka yone batho ba ba sa ineeleng mo Bogosing jwa Modimo ba tla ‘robaganngwang ba beelwe seru ba bo ba tshwarwe,’ ee, ba senngwa gotlhelele.

“Kgolagano le Loso”

12. “Kgolagano le Loso” e Juda a reng o na le yone ke eng?

12 Isaia o tswelela jaana ka polelo ya gagwe: “Lo rile: ‘Re dirile kgolagano le Loso; mme re diragaditse ponatshegelo le Sheole; morwalela o o elelang o o penologang, gore fa o ka ralala, o se ka wa tla kwa go rona, gonne re dirile maaka botshabelo jwa rona e bile re iphitlhile ka maaka.’” (Isaia 28:14, 15) Baeteledipele ba Juda ba ikgantsha ka gore dikgolagano tse ba di dirileng tsa bopolotiki di a ba sireletsa gore ba se ka ba fenngwa. Ba akanya gore ba dirile “kgolagano le Loso” gore lo ba tlogele. Mme botshabelo jwa bone jo bo lolea ga bo kitla bo ba sireletsa. Dikgolagano tsa bone ke maaka. Go ntse fela jalo le gompieno, botsala jo bogolo jo Labokeresete a nang le jone le baeteledipele ba lefatshe ga bo ne bo mo sireletsa fa nako ya ga Jehofa ya go mo atlhola e tla. Eleruri, e tla mmakela tshenyego.​—Tshenolo 17:16, 17.

13. “Leje le le lekilweng” ke mang, mme Labokeresete e mo ganne jang?

13 Ka jalo he, baeteledipele bano ba bodumedi ba tshwanetse ba leba kae? Jaanong Isaia o kwala tsholofetso ya ga Jehofa: “Bona, ke thaya leje jaaka motheo mo Siona, leje le le lekilweng, sekhutlo se se tlhwatlhwakgolo sa motheo o o tlhomameng. Ga go na ope yo o supang tumelo yo o tla tshogang. Mme ke tla dira tshiamiso go nna thapo e e lekanyang le tshiamo go nna sedirisiwa se se papanang; mme sefako se tla gogola botshabelo jwa maaka, le metsi a tla rwalelela lone lefelo la go iphitlha.” (Isaia 28:16, 17) Go ise go fete nako e telele Isaia a buile mafoko ano, Kgosi Hesekia yo o ikanyegang o bewa mo setulong sa bogosi kwa Siona, mme bogosi jwa gagwe bo bolokwa ke letsogo la ga Jehofa, e seng ke baagelani ba gagwe ba a ikgolagantseng le bone. Le fa go ntse jalo, mafoko ano a a tlhotlheleditsweng ga a diragadiwe ka Hesekia. Moaposetoloi Petere o ne a nopola mafoko a ga Isaia mme a bontsha gore Jesu Keresete, setlogolwana sa ga Hesekia, ke “leje le le lekilweng” le gore ga go na ope yo o nnang le tumelo mo go Ene yo o ka boifang sepe. (1 Petere 2:6) A bo go utlwisa botlhoko jang ne gore baeteledipele ba Labokeresete, le fa ba ipitsa Bakeresete, ba dirile se Jesu a neng a gana go se dira! Ba ipatletse maemo le thata mo lefatsheng leno go na le go letela Jehofa gore a tlise Bogosi jwa gagwe jo bo tla etelelwang pele ke Kgosi Jesu Keresete.​—Mathaio 4:8-10.

14. “Kgolagano ya [ga Juda] le Loso” e tla senngwa leng?

14 Fa “morwalela o o elelang o penologa” wa masole a Babelona o ralala naga, Jehofa o tla senola gore botshabelo jwa Juda jwa sepolotiki ke jwa maaka. “Kgolagano ya lona le Loso ruri e tla nyerologa,” Jehofa a rialo. “Morwalela o o elelang o penologa, fa o ralala​—lo tla nna lefelo la one la go gataka. Nako le nako fa o ralala, . . . o tla nna lebaka la go tshoga fela go dira gore ba bangwe ba tlhaloganye se se utlwilweng.” (Isaia 28:18, 19) Ee, go na le thuto e e botlhokwa e e ka ithutiwang mo go se se diragalelang batho ba ba iphakang gore ba direla Jehofa mme go na le moo ba ikanya dikgolagano tse ba di dirileng le ditšhaba.

15. Isaia o dirisa setshwantsho sefe go bontsha kafa tshireletso ya Juda e sa lekanang ka teng?

15 Akanya ka seemo se baeteledipele bano ba Juda ba iphitlhelang ba le mo go sone jaanong. “Sekanamelo se sekhutshwane thata gore motho a ka namalala mo go sone, le letsela le le logilweng le lesesane thata fa motho a iphutha ka lone.” (Isaia 28:20) Go ntse jaaka e kete ba ne ba re ba a robala gore ba itapolose, mme ga go thuse sepe. Dinao tsa bone di sala kwantle mo serameng kana e seng jalo ba huna maoto kobo e bo e nna nnye thata mo e ka se ba apeseng gotlhe gore ba thuthafale. Jono ke boemo jo bo seng monate jo bo neng bo le teng mo motlheng wa ga Isaia. Mme go ntse jalo le gompieno mo go bape fela ba ba ikanyang botshabelo jwa maaka jwa Labokeresete. A bo e le selo se se makgapha jang ne gore ka ntlha ya go inaakanya le tsa bopolotiki, bangwe ba baeteledipele ba bodumedi ba Labokeresete ba ile ba iphitlhela ba nnile le seabe mo ditirong tse di setlhogo tse di jaaka go ganyaolwa ga merafe le go gailwa ga ditlhopha!

‘Tiro e e Gakgamatsang’ ya ga Jehofa

16. ‘Tiro e e gakgamatsang’ ya ga Jehofa ke eng, mme ke eng fa tiro eno e sa tlwaelega?

16 Matswela a kgang eno a tla bo a fapaane gotlhelele le se baeteledipele ba bodumedi ba Juda ba se solofetseng. Jehofa o tla direla matagwa a semoya a Juda sengwe se se gakgamatsang. “Jehofa o tla ema fela jaaka kwa Thabeng ya Perasime, o tla fuduega fela jaaka kwa lebaleng le le kwa tlase gaufi le Gibeone, gore a dire tiro ya gagwe​—tiro ya gagwe e a gakgamatsa—​gore a bereke mmereko wa gagwe​—mmereko wa gagwe ga o a tlwaelega.” (Isaia 28:21) Mo metlheng ya ga Kgosi Dafide, Jehofa o ne a naya batho ba gagwe diphenyo tse dikgolo kgatlhanong le Bafilisitia kwa Thabeng ya Perasime le mo lebaleng le le kwa tlase la Gibeone. (1 Ditiragalo 14:10-16) Mo metlheng ya ga Joshua, o ile a ba a dira gore letsatsi le eme fela kwa godimo ga Gibeone gore Iseraele a kgone go wetsa phenyo ya gagwe ya Baamore. (Joshua 10:8-14) Seo se ne se sa tlwaelega tota! Jaanong Jehofa o tla lwa gape, mme jaanong a lwa le ba ba ipolelang gore ke batho ba gagwe. A go na le sengwe se se sa tlwaelegang go feta seo? E seng fa re gopola gore Jerusalema ke lone lefelo la konokono la kobamelo ya ga Jehofa e bile ke one motse wa kgosi e e tloditsweng ya ga Jehofa. Go tla go fitlha jaanong, ntlo ya segosi ya ga Dafide mo Jerusalema ga e ise e ko e menolwe. Le fa go ntse jalo, ruri Jehofa o tla diragatsa ‘tiro ya gagwe e e gakgamatsang.’​—Bapisa Habakuke 1:5-7.

17. Go sotla go tla ama jang tiragatso ya boporofeti jwa ga Isaia?

17 Ka jalo, Isaia o tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa itshupa lo le basotli, gore dibofo tsa lona di se ka tsa nonofa, gonne go na le phediso, le eleng selo se go dirilweng tshwetso ka sone, se ke se utlwileng mo go Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo, ka lefatshe lotlhe.” (Isaia 28:22) Le fa baeteledipele ba sotla, molaetsa wa ga Isaia o boammaaruri. O o utlwile ka Jehofa, yo baeteledipele bano ba leng mo kgolaganong le ene. Le gompieno baeteledipele ba bodumedi ba Labokeresete ba a sotla fa ba utlwa ka ‘tiro e e gakgamatsang’ ya ga Jehofa. E bile ba buela kwa godimo le go goakaka. Mme molaetsa o Basupi ba ga Jehofa ba o bolelang o boammaaruri. O fitlhelwa mo Baebeleng, buka e baeteledipele bao ba iphakang gore ba a e dirisa.

18. Isaia o tshwantsha jang go nna tekatekano ga ga Jehofa fa a otlhaya?

18 Jehofa o tla fetola batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba sa lateleng baeteledipele bano mme a boe a ba amogele gape. (Bala Isaia 28:23-29.) Fela jaaka molemi a dirisa mekgwa e e bonolonyana go photha dijo tsa ditlhaka tse di motlhoswana tse di jaaka tsa kumina, Jehofa le ene o fetofetola tsela ya gagwe ya go otlhaya go ya ka motho le maemo a gagwe. Ga a ke a dirisa maatla ka tsela e e sa tshwanelang kana a gatelela, go na le moo, o tsaya kgato ka boikaelelo jwa gore fa go kgonega ba ba dirang phoso ba sokololwe. Ee, fa batho ba utlwa boikuelo jwa ga Jehofa, go nna le tsholofelo. Fela jalo le gompieno, le fa bokamoso jwa Labokeresete ka kakaretso bo tlhomamisitswe, motho ope fela yo o ineelang mo Bogosing jwa ga Jehofa a ka tila katlholo e e botlhoko e e tlang.

A bo Go Latlhega Jerusalema!

19. Jerusalema o tla nna “leiso la sebeso” ka tsela efe, mme seno se diragala leng le gone jang?

19 Mme jaanong, Jehofa o bua ka eng? “A bo go latlhega Ariele, Ariele, motse o Dafide a neng a thibelela mo go one! Oketsang ngwaga ka ngwaga; a meletlo e wetse modikologo. Ke tla thatafaletsa Ariele dilo, mme go tla nna le khutsafalo le selelo sa khutsafalo, e bile o tla nna jaaka leiso la sebeso la Modimo mo go nna.” (Isaia 29:1, 2) “Ariele” o tshwanetse a bo a raya “Leiso la Sebeso la Modimo,” mme fano go bonala fa go lebisitswe go Jerusalema. Ke gone kwa tempele le sebeso sa yone sa ditlhabelo di leng teng. Bajuda ba latela mokgwa wa go tshwara mekete le go isa ditlhabelo koo, mme Jehofa ga a itumelele kobamelo ya bone. (Hosea 6:6) Go na le moo, o bolela gore motse ka boone o tla fetoga “leiso la sebeso” ka tsela e nngwe. Fela jaaka sebeso, o tla elela madi mme o fisiwe ka molelo. E bile Jehofa o tlhalosa kafa seno se tla diragalang ka gone: “Ke tla thibelela kgatlhanong le wena mo matlhakoreng otlhe, mme ke tla go dikanyetsa ka legora la tshireletso ke bo ke age dithako tsa go go dikanyetsa. O tla kokobediwa gore o bue go tswa mo lefatsheng, mme lefoko la gago le tla utlwala le le kwa tlase jaaka le le tswang mo loroleng.” (Isaia 29:3, 4) Seno se diragadiwa mo Juda le Jerusalema ka 607 B.C.E. fa masole a Babelona a thopa a bo a senya motse le go fisa tempele. Jerusalema o isiwa kwa tlase fela jaaka mmu o a agilweng mo go one.

20. Kgabagare go tla diragala eng ka baba ba Modimo?

20 Pele ga nako eo ya masetlapelo, gangwe le gape Juda o nna le kgosi e e ikobelang Molao wa ga Jehofa. Go bo go diragalang? Jehofa o lwela batho ba gagwe. Le fa baba ba ka tlala ka lefatshe, ba nna fela jaaka “loupa lo lo boleta” le “mmoko.” Ka nako e Jehofa a e tlhomileng, o ba phatlalatsa “ka tumo ya maru le ka go roroma le ka modumo o mogolo, phefo ya matsubutsubu le setsuatsue, le kgabo ya molelo o o lailang.”​—Isaia 29:5, 6.

21. Tlhalosa setshwantsho se se mo go Isaia 29:7, 8.

21 Mephato ya masole a baba e ka tswa e lebile pele ka tlhoafalo fa e tla bo e tlhotlhora Jerusalema e bo e ikgotsofatsa ka dilo tse e di thopang mo ntweng. Mme ba tla iphitlhela ba rakane le lerwa le fuduga! Fela jaaka monna yo o tshwerweng ke tlala yo o lorang a le mo letlepung la dijo mme a bo a tsoga a tshwerwe ke tlala le go feta, baba ba Juda ga ba ne ba ipelela letlepu le ba le solofetseng ka tlhoafalo jaana. (Bala Isaia 29:7, 8.) Akanya ka se se diragalelang mophato wa masole a Asiria a a eteletsweng pele ke Senakeribe fa o dikanyetsa Jerusalema mo motlheng wa ga Kgosi Hesekia yo o ikanyegang. (Isaia, dikgaolo 36, 37) Ka bosigo bo le bongwe fela, go sa tsholediwa seatla sepe sa motho, mophato o o tshosang wa Asiria o boela morago​—batlhabani ba one ba digatlhamelamasisi ba le 185 000 ba sule! Ditsholofelo tsa go fenya di tla swabisiwa gape fa mophato wa masole wa ga Goge wa Magoge o ipaakanyetsa go lwantsha batho ba ga Jehofa mo isagweng e e fa gaufi.​—Esekiele 38:10-12; 39:6, 7.

22. Botagwa jwa Juda jwa semoya bo mo ama jang?

22 Ka nako ya fa Isaia a bolela karolo eno ya boporofeti jwa gagwe, baeteledipele ba Juda ga ba na tumelo e e tshwanang le ya ga Hesekia. Ba nole gore ba bo ba tagwe ka tsela ya semoya ka go ikgolaganya le ditšhaba tse di se nang bomodimo. “Nnelang go diega, lo gakgamale; iphoufatseng, lo foufale. Ba tlhapetswe, mme e seng ke beine; ba ile ba thetheekela, mme e se ka ntlha ya bojalwa jo bo tagang.” (Isaia 29:9) E re ka baeteledipele bano ba tagilwe ka tsela ya semoya, ga ba kgone go lemoga botlhokwa jwa ponatshegelo e e newang moporofeti wa boammaaruri wa ga Jehofa. Isaia o bolela jaana: “Jehofa o lo tsheletse moya wa boroko jo bogolo; mme o tswala matlho a lona, baporofeti, e bile o bipile ditlhogo tsa lona, baboni ba diponatshegelo. Mme mo go lona ponatshegelo ya sengwe le sengwe e nna jaaka mafoko a buka e e kanetsweng, e ba e nayang motho yo o itseng mokwalo, ba re: ‘Balela seno kwa godimo tsweetswee,’ ene a bo a re: ‘Ga ke kgone ka gonne e kanetswe’; mme buka e newe mongwe yo o sa itseng mokwalo, mongwe a re: ‘Balela seno kwa godimo, tsweetswee,’ mme a bo a re: ‘Ga ke itse mokwalo gotlhelele.’”​—Isaia 29:10-12.

23. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tla otlhaya Juda, mme o tla dira seo jang?

23 Baeteledipele ba bodumedi ba Juda ba ipolela ba le botlhale semoyeng, mme ba tlogetse Jehofa. Go na le moo ba ruta megopolo ya bone e e sokameng ya se se siameng le se se phoso, ba ipha mabaka a ditiro tsa bone tsa go tlhoka tumelo le go tlhoka boitshwaro le go gogela batho go dira dilo tse di sa amogelweng ke Modimo. Jehofa o tla ba otlhaela boitimokanyi jwa bone ka “sengwe se se gakgamatsang”​—‘tiro ya gagwe e e gakgamatsang.’ A re: “Ka lebaka la gore batho bano ba atametse ka molomo wa bone, mme ba nkgalaleditse ka dipounama tsa bone fela, mme ba tloseditse pelo ya bone kgakala le nna, mme poifo ya bone mo go nna e nna taelo e e rutiwang ya batho, ka gone ke fano, nna Yo o tla direlang batho bano gape ka tsela e e gakgamatsang, ka tsela e e gakgamatsang le ka sengwe se se gakgamatsang; mme botlhale jwa batho ba bone ba ba botlhale bo tla nyelela, le tlhaloganyo ya batho ba bone ba ba bonokopela e tla iphitlha.” (Isaia 29:13, 14) Botlhale le tlhaloganyo tse Juda a ipolelang a na le tsone di tla fela fa Jehofa a rulaganya dilo gore tsamaiso yotlhe ya gagwe ya bodumedi ya botlhanogi e fedisiwe ke Mmuso wa Lefatshe wa Babelona. Go ne ga diragala se se tshwanang mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa baeteledipele ba ba neng ba ipolela ba le botlhale ba Bajuda ba sena go tseisa setšhaba tsela e e phoso. Labokeresete o tla diragalelwa ke sengwe se se tshwanang mo motlheng wa rona.​—Mathaio 15:8, 9; Baroma 11:8.

24. Bajudea ba bontsha jang gore ga ba na poifomodimo?

24 Le fa go ntse jalo, gone jaanong baeteledipele ba ba ikgantshang ba Juda ba dumela gore ba botlhale mo ba ka se kang ba otlhaelwa go sokamisa kobamelo ya boammaaruri ga bone. A mme gone go ntse jalo? Isaia o tlosa seipipo sa bone, a senola gore ga ba na poifo ya mmatota ya Modimo mme ka jalo ga ba na botlhale jwa boammaaruri: “A bo go latlhega ba ba tsenelang kwa teng thata ka go fitlhela Jehofa boikaelelo, le ba ditiro tsa bone di diragetseng mo lefelong le le lefifi, fa ba ntse ba re: ‘Ke mang yo o re bonang, mme ke mang yo o itseng ka rona?’ A bo lo sokame! A mmopi wa letsopa o tshwanetse a kaiwa fela jaaka letsopa? Gonne a selo se se dirilweng se tshwanetse sa bua jaana ka modiri wa sone: ‘Ga a ntira’? Le selo se se bopilweng a se bua jaana ka mmopi wa sone: ‘Ga a bontsha tlhaloganyo epe’?” (Isaia 29:15, 16; bapisa Pesalema 111:10.) Le fa ba ka tswa ba akanya gore ba fitlhegile go le kana kang, ba “senogile e bile [ba] mo pontsheng” mo matlhong a Modimo.​—Bahebera 4:13.

“Bosusu ba Tla Utlwa”

25. “Bosusu ba tla utlwa” ka tsela efe?

25 Le fa go ntse jalo, batho ba ba nang le tumelo ba tla bolokwa. (Bala Isaia 29:17-24; bapisa Luke 7:22.) “Bosusu” ba tla “utlwa mafoko a buka,” molaetsa o o tswang mo Lefokong la Modimo. Ee, seno ga se go fodisiwa ga bosusu jwa mmatota. Ke phodiso ya semoya. Isaia o boa gape o bolelela pele ka go tlhomiwa ga Bogosi jwa ga Mesia le go busediwa ga kobamelo ya boammaaruri mo lefatsheng ka puso ya gagwe. Seno se diragetse mo motlheng wa rona, mme dimilione tsa batho ba ba dipelo di phepa ba itetla gore ba gakololwe ke Jehofa mme ba ithuta go mmaka. A tiragatso e e kgatlhang ruri! Kgabagare, go tla tla letsatsi le ka lone mongwe le mongwe, sengwe le sengwe se se tshelang, se tla bakang Jehofa le go itshepisa leina la gagwe le le boitshepo!​—Pesalema 150:6.

26. “Bosusu” ba utlwa dikgakololo dife tsa semoya gompieno?

26 “Bosusu” bano ba ba utlwang Lefoko la Modimo gompieno ba ithuta eng? Gore Bakeresete botlhe, bogolo jang ba phuthego e ba tsayang e le dikao, ba tshwanetse gore ka kelotlhoko ba tile go ‘timela ka ntlha ya bojalwa jo bo tagang.’ (Isaia 28:7) Mo godimo ga moo, le ka motlha ga re a tshwanela go lapisiwa ke go utlwa dikgakololo tsa Modimo, tse di re thusang gore re lebe dilo tsotlhe ka tsela ya semoya. Le fa Bakeresete ka tshwanelo ba ineela mo babusing ba bagolo e bile ba leba kwa go bone gore ba ba neye dithuso dingwe, poloko ga e tlisiwe ke lefatshe, mme e tlisiwa ke Jehofa Modimo. Gape, le ka motlha ga re a tshwanela go lebala gore katlholo ya Modimo mo kokomaneng eno ga e ka ke ya tilwa, fela jaaka katlholo e e dirilweng mo Jerusalema wa motlhanogi. Ka thuso ya ga Jehofa re ka tswelela pele re bolela tlhagiso ya gagwe le fa re ganediwa, jaaka Isaia a ne a dira.​—Isaia 28:14, 22; Mathaio 24:34; Baroma 13:1-4.

27. Bakeresete ba ka ithuta eng mo boporofeting jwa ga Isaia?

27 Bagolwane le batsadi ba ka ithuta sengwe mo tseleng e Jehofa a diragatsang kotlhao ka yone, ka dinako tsotlhe a batla go busetsa batho ba ba dirileng phoso mo loratong lwa Modimo, e seng go ba otlhaya fela. (Isaia 28:26-29; bapisa Jeremia 30:11.) Mme rotlhe fela, go akaretsa basha, re gakololwa kafa go leng botlhokwa ka teng go direla Jehofa go tswa pelong, e seng go itira fela e kete re Bakeresete gore re itumedise batho. (Isaia 29:13) Re tshwanetse ra bontsha gore ga re tshwane le banni ba ba se nang tumelo ba Juda, go na le moo, re boifa Jehofa ka tshwanelo e bile re mo tlotla tota. (Isaia 29:16) Mo godimo ga moo, re tshwanetse ra bontsha gore re iketleeditse go bontshiwa diphoso le go ithuta mo go Jehofa.​—Isaia 29:24.

28. Batlhanka ba ga Jehofa ba leba jang ditiro tsa gagwe tsa poloko?

28 A bo go le botlhokwa jang ne gore re dumele mo go Jehofa re bo re ikanye tsela e a dirang dilo ka yone! (Bapisa Pesalema 146:3.) Mo bathong ba le bantsi, molaetsa o re o rerang wa tlhagiso o tla utlwala e le wa bongwana. Go senngwa mo go lebeletsweng ga mokgatlho wa Labokeresete o o ipolelang gore o direla Modimo ke kgang e e gakgamatsang, e e sa tlwaelegang. Mme gone Jehofa o tla dira ‘tiro ya gagwe e e gakgamatsang.’ Ruri ga go na pelaelo ka seo. Ka gone, go ralala metlha ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo, batlhanka ba Modimo ba ikanya Bogosi jwa gagwe gotlhelele, le Kgosi e a e tlhomileng, Jesu Keresete. Ba itse gore ditiro tsa ga Jehofa tsa poloko​—tse di dirwang mmogo le ‘mmereko wa gagwe o o sa tlwaelegang’—​di tla lere masego a a nnelang ruri mo bathong botlhe ba ba utlwang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mo Sehebereng sa bogologolo, Isaia 28:10 ke poko e e ipoeletsang, fela jaaka poko ya ngwana wa khereshe. Ka jalo baeteledipele ba bodumedi ba ne ba utlwa molaetsa wa ga Isaia o ipoapoeletsa e bile e kete ke wa bongwana.

[Ditshwantsho mo go tsebe 289]

Labokeresete o ikanya dikgolagano tse a di dirileng le babusi ba batho go na le go ikanya Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 290]

Jehofa o dira ‘tiro ya gagwe e e sa tlwaelegang’ fa a letla Babelona gore a senye Jerusalema

[Setshwantsho mo go tsebe 298]

Batho ba e kileng ya bo e le bosusu semoyeng ba kgona go “utlwa” Lefoko la Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela