Kgaolo 21
Ditshenyegelo tsa Yone di Duelelwa Jang?
GO PHEPAFETSE gore tiro e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa e batla madi. Go aga Diholo tsa Bogosi, Diholo tsa Dikopano, diofisi tsa makala, difeketeri, le magae a Bethele go batla madi, ebile go tlhokega madi a mangwe gape go di tlhokomela. Go nna le ditshenyegelo tse dingwe gape fa go gatisiwa le fa go anamisiwa dibuka tse go ithutiwang Bibela ka tsone. Ditshenyegelo tseno tsotlhe di duelelwa jang?
Batho ba ba ganetsang tiro ya Basupi ba ga Jehofa ba ile ba anamisa magatwe a a seng boammaaruri mabapi le seno. Mme lefa go ntse jalo fa go sekasekiwa bosupi go fitlhelwa gore bo tshegetsa karabo eo Basupi ba e nayang ka bobone. Ke bofe? Bontsi jwa tiro bo dirwa ke baithaopi, bao ba sa lebelelang go duelelwa ditiro tsa bone kana ba ba sa eletseng jalo, mme ditshenyegelo tsa phuthego di duelelwa ka meneelo e e ntshiwang ka go ithatela.
“Ditulo Ga Di Duelelwe. Ga go Na Koleke”
Mokaulengwe Russell o ne a bolela jaana mo tokololong ya bobedi ya Tora ya Tebelo (ka Seesemane), ka August 1879: “Jaaka re dumela, ‘Zion’s Watch Tower’ e tshegediwa ke JEHOFA, mme fa a ntse a dira jalo ga e kitla e kopa kana e lopa batho gore ba e tshegetse. Fa Yoo a reng: ‘Gouta le selefera e e mo dithabeng ke ya me,’ a palelwa ke go ntsha madi a a tlhokegang, re tla tsaya gore ke nako ya gore kgatiso eno e emisiwe.” Go dumalana le seo, go tsamaisa dibuka tsa Basupi ba ga Jehofa ga se go kopa madi.
Se se diragalang ka dibuka tsa bone se diragala le ka dipokano tsa bone. Ga ba batle madi ka go ikuela ba lela mo diphuthegong tsa bone kana kwa dikopanong tsa bone. Ga go na dijana tsa koleke tse di tsamaisiwang; ga go na dienfelopo tse di abiwang gore madi a tsenngwe mo go tsone; ga go na makwalo a go kopa madi a a romelwang kwa malokong a phuthego. Diphuthego ga di ke di tshwara di-bingo kana dirafole go kokoanya madi. Fa e sale ka 1894 ka nako ya fa Mokgatlho wa Watch Tower o ne o romela dibui tse di etang, o ne wa romela lokwalo lono lo lo neng lo tla solegela mongwe le mongwe molemo: “A go itsiwe go tloga kwa tshimologong gore Mokgatlho ono ga o dumelele ebile ga o letle koleke kana go kopiwa ga madi ka tsela epe fela.”
Ka gone, go tloga fela kwa tshimologong ya hisitori ya bone ya metlha ya segompieno, dipampitshana le dimemo tseo di gatisiwang go laletsa batho go tla kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di ntse di na le polelwana e e reng “Ditulo Ga Di Duelelwe. Ga go Na Koleke.”
Go tloga kwa tshimologong ya 1914, Baithuti ba Bibela ba ne ba hira mafelo a dibaesekopo mmogo le diholo tse dingwe mme ba ne ba laletsa batho go tla go bona “Photo-Drama of Creation.” Yone e ne e na le dikarolo di le nne tse di neng di tsaya diura di le robedi tsa di-slides le ditshwantsho tsa baesekopo tse di neng di tsamaisana le modumo. Mo ngwageng wa ntlha fela, e ne ya bonwa ke dimilione tsa batho kwa Amerika Bokone, Yuropa, Australia, le New Zealand. Le mororo beng ba mafelo a dibaesekopo ba ne ba duedisa ditulo tse di kgethegileng, Baithuti ba Bibela ga ba ise ba ko ba kope gore go duelwe. Ebile go ne go sa tsewe koleke epe.
Moragonyana, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa nna le seteishane sa radio sa WBBR kwa New York City ka dingwaga tse di fetang 30. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirisa gape le diteishane tse dingwe di le makgolokgolo go phasalatsa dithulaganyo tsa thuto ya Bibela. Mme lefa go ntse jalo ga ba a ka ba di dirisa go kopa madi.
Ka jalo he, meneelo e e duelelang ditshenyegelo tsa tiro ya bone e bonwa jang?
E Tshegediwa ka Meenelo E E Ntshiwang ka go Ithatela
Bibela e tlhoma sekao. Mo Molaong wa ga Moshe go ne go na le meneelo mengwe e e neng e ntshiwa ka go ithatela. E mengwe batho ba ne ba patelesega go e ntsha. Go ntsha tsa bosome, kana karolo ya bosome, e ne e le nngwe ya tsone. (Ekes. 25:2; 30:11-16; Dipa. 15:17-21; 18:25-32) Mme lefa go ntse jalo, Bibela e bontsha gore Keresete o ne a diragatsa Molao, ebile Modimo o ne wa o nyeletsa; ka jalo Bakeresete ga ba laolwe ke ditaolo tsa one. Ga ba ntshe sa bosome, ebile ga ba patelesege go ntsha moneelo wa madi ape fela a a tlhomilweng kana ka nako epe fela e e tlhomilweng.—Math. 5:17; Bar. 7:6; Bakol. 2:13, 14.
Go na le moo, ba kgothalediwa gore ba nne le moya wa go nna pelotshweu le wa go aba ba etsa sekao se se molemolemo se se tlhomilweng ke Jehofa ka boene, le Morwawe, Jesu Keresete. (2 Bakor. 8:7, 9; 9:8-15; 1 Yoh. 3:16-18) Ke gone ka moo, moaposetoloi Paulo a neng a kwalela phuthego ya Bakeresete ba kwa Korintha jaana kaga go aba: “A motho moñwe le moñwe a dihè kaha o ikaeletseñ mo peduñ ea gagwè ka gōna; e señ ka go ñōñōrèga, leha e le ka patèlèlō: gonne Modimo o rata eo o abañ ka pelochweu hèla.” Fa ba ne ba bolelelwa gore go tlhokega sengwe, ‘bopeloephepa jwa lorato lwa bone bo ne bo lekwa,’ jaaka Paulo a ne a tlhalosa. O ne a bolela gape jaana: “Gonne ha go rata go le gōna, goa bo go lebosèga kaga se motho o nañ nashō, e señ kaga se o senañ nashō.”—2 Bakor. 8:8, 12; 9:7.
Go ya ka tshedimosetso eno, seo Tertullian a neng a akgela ka sone mabapi le dipokano tse di neng di tshwarwa ke batho ba ba neng ba leka go dira jaaka Bakeresete mo motlheng wa gagwe (c.155–morago ga 220 C.E.) se kgatlha tota. O ne a kwala jaana: “Le eleng lefa go na le lebokoso la mofuta mongwe, ga go tsenngwe madi a go tsena fa mojako mo go lone, jaaka ekete bodumedi ke go ikgolega. Monna mongwe le mongwe o tlisa ledinyana kgwedi le kgwedi—kana ka nako nngwe le nngwe e a eletsang go le tlisa ka yone, ebile fela fa a eletsa jalo, le fa e le gore o a kgona; ka go bo ga go na ope yo o patelediwang; ke selo se se ntshiwang ka go ithatela.” (Apology, XXXIX, 5) Lefa go ntse jalo, mo makgolong a dingwaga go tloga foo dikereke tsa Labokeresete di ile tsa dira maano otlhe a o ka a akanyang go kokoanyetsa ditiro tsa bone madi.
Charles Taze Russell o ne a se ka a etsa dikereke. O ne a kwala jaana: “Rona ga re dumalane le go kopa madi ka maano ka leina la Morena ebile ga a segofatse bao ba a ntshang kana tiro e e dirwang ka one.”
Go na le gore a leke go ithatisa bahumi, Mokaulengwe Russell o ne a bolela ka phepafalo fela a dumalana le Dikwalo gore bontsi jwa batho ba Morena ba ne ba tla tlhoka dilo tsa lefatshe leno mme lefa go ntse jalo ba ne ba tla huma tumelo. (Math. 19:23, 24; 1 Bakor. 1:26-29; Yak. 2:5) Go na le gore a gatelele gore go tlhokega madi gore boammaaruri jwa Bibela bo phasaladiwe, o ne a otlelela fela thata gore go tlhokega gore motho a tlhagolele go nna le moya wa lorato, keletso ya go aba, le keletso ya go thusa ba bangwe, segolobogolo ka go ba bolelela boammaaruri. Mo go bao ba neng ba kgona go dira madi le bao ba neng ba bolela gore fa ba ne ba ka dira ka natla mo kgwebong ba ne ba tla kgona go ntsha meneelo ya madi, o ne a ba bolelela gore go ne go tla nna botoka fa ba ne ba ka fokotsa go dira ditiro tse di ntseng jalo mme ba ineele ka bobone ba bo ba dirise nako ya bone mo go anamiseng boammaaruri. Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se santse se dira ka tsela e e tshwanang.a
Tota batho ba ntsha bokae? Se ba se dirang ke se ba sweditseng ka namana gore ba tla se dira. Lefa go ntse jalo, fa go tla mo go abeng, go tshwanetse ga lemogiwa gore Basupi ba ga Jehofa ga ba akanye fela ka dithoto. Kwa dikopanong tsa bone tsa kgaolo tsa 1985-86 ba ne ba tlotla ka setlhogo se se reng “Go Tlotla Jehofa ka Dikhumo tsa Rona.” (Dia. 3:9) Go ne ga gatelelwa gore dikhumo tseno ga di akaretse fela dithoto tse di bonalang mme gape le mebele ya rona, ditlhaloganyo tsa rona, bomoya jwa rona, le dithoto tsa rona.
Bogologolo ka 1904, Mokaulengwe Russell o ne a bolela gore motho yo o itshepiseditseng (kana, yo o ineetseng, jaaka re bolela gompieno) Modimo “o setse a neetse Morena tsotlhe tse a nang natso.” Ka jalo, jaanong “o tshwanetse go iteba a tlhomilwe ke Morena gore e nne molaodi wa nako ya gagwe, wa kafa a kgonang go tlhotlheletsa batho ka teng, le wa madi a gagwe, jalo le jalo, mme mongwe le mongwe o tshwanetse a batla go dirisa ditalenta tseno kafa a kgonang ka teng, gore a galaletse Mong wa gagwe.” O ne a oketsa ka gore ereka a kaelwa ke botlhale jo bo tswang kwa godimo, “selekanyo se lorato lwa gagwe le tlhoafalo ya gagwe mo Moreneng di oketsegang ka sone ka ntlha ya go itse Boammaaruri le go bona moya wa bone, o tla iphitlhela a setse a dirisa nako e e oketsegileng ya gagwe, a tlhotlheletsa batho ka mo go oketsegileng, ebile o tla dirisa le dilo tse di ntseng jalo tse a di dirisetsang Boammaaruri ka selekanyo se se tshwanang.”—Studies in the Scriptures, “The New Creation,” ts. 344-5.
Mo dingwageng tseo tsa ntlha, Mokgatlho wa Watch Tower o ne o na le seo o neng o se bitsa Letlole la Tower Tract. Seo e ne e le eng? Tshedimosetso e e latelang e e kgatlhang e ne e kwadilwe kafa morago ga dilo tsa go kwala le go kwalela tseo Mokaulengwe Russell a neng a di dirisa ka dinako dingwe: “Letlole leno le dirwa ke meneelo e e ntshiwang ka go ithatela ke bao ba ileng ba fepiwa le go nonotshiwa ke ‘dijo tse ba di boneng ka nako e e tshwanetseng’ tseo dikgatiso tse di fa godimo [tse ba di newang ke Mokgatlho wa Watch Tower], jaaka o dirisiwa ke Modimo, jaanong o di nayang baitshepi ba ba ineetseng, mo lefatsheng lotlhe.
“Letlole leno le dirisiwa ka metlha go romelela, mahala fela, babadi ba basha ba ba tshwanelang dikopi di le diketekete tsa ZION’S WATCH TOWER le OLD THEOLOGY TRACTS. Le thusa gape mo go anamiseng motseletsele wa dibuka tse di phuthetsweng ka pampiri tsa DAWN, ka go thusa bao ba di anamisang—barekisi ba dibuka le ba bangwe. Gape le dira gore go nne le ‘letlole la batlhoki’ leo bana bape fela ba Morena, bao ka ntlha ya botsofe, kana bolwetsi, kana ka ntlha ya lebaka lengwe fela, ba sa kgoneng go dira dipeeletso tsa TORA YA TEBELO le thusang gore ba di newe mahala fela fa e le gore ba romela lokwalo kana karata kwa tshimologong ya ngwaga nngwe le nngwe, ba bolela fa ba eletsa go di bona le gore ga ba kgone.
“Ga go na ope yo o a tleng a kopiwe gore a ntshetse letlole leno moneelo: meneelo yotlhe e ntshiwa ka go ithatela. Re gakolola babadi ba rona ka mafoko a ga Moaposetoloi (1 Bakor. 16:1, 2) ebile re gatelela gore bao ba kgonang go aba ebile ba batla gore boammaaruri bo aname ba tlile go duelwa ka dilo tse di molemo tsa semoya.”
Tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang mo lefatsheng lotlhe ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo e tswelela go duelelwa ka meneelo e e ntshiwang ka go ithatela. Kwantle ga Basupi ka bobone, batho ba bantsi ba ba kgatlhegang ba ba supang gore ba a leboga ba bone e le tshiamelo go tshegetsa tiro eno ya Bokeresete ka go ntsha meneelo ka go ithatela.
Go Duelela Ditshenyegelo tsa Mafelo a go Kopanelwang mo go One
Phuthego nngwe le nngwe ya Basupi ba ga Jehofa e na le mabokoso a moneelo a a tshwanetseng ao batho ba ka tsenyang mo go one moneelo ope fela o ba eletsang go o ntsha—fa ba eletsa jalo le fa ba kgona. Seno se dirwa ke motho a le esi kwa thoko mo e leng gore ba bangwe ga ba ke ba itse gore motho o dira eng. Ke selo se se itsiweng ke ene fela le Modimo.
Ga go na madi ape a a tshwanetseng go duelwa, mme lefa go ntse jalo mafelo a go kopanelwang kwa go one ao a tlhoka madi gore a tlhokomelwe. Maloko a phuthego a tshwanetse go itsisiwe gore go kgonwe go dira seo. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tse di fetang 70 tse di fetileng, Tora ya Tebelo e ne ya bolela ka phepafalo fela gore meneelo ga e a tshwanela go kopiwa—go bolelwa dintlha motlhofo fela jaaka di ntse. Go dumalana le kgopolo eno ga go ke go tlotliwa ka dikgang tsa madi kgapetsakgapetsa kwa dipokanong tsa phuthego.
Lefa go ntse jalo, ka dinako dingwe go tlhokega dilo dingwe tse di kgethegileng. E ka tswa e le gore go dirwa dithulaganyo tsa gore Holo ya Bogosi e tlhabololwe kana e godisiwe gongwe ebile go agiwe e ntšha. Bagolwane ba ka nna ba botsa bao ba leng mo phuthegong gore ba kwale mo dipampitshaneng seo mongwe le mongwe a bonang a ka kgona go se ntshetsa tiro eno kana, fa go kgonega a supe madi ao a ka a ntshang ka dingwaga di le mmalwa e le gore ba kgone go tlhomamisa gore go tla nna le madi a a kana kang. Mo godimo ga moo, bagolwane ba ka nna ba kopa gore batho ka bongwe kana malapa a kwale mo dipampitshaneng seo ba akanyang gore ba tla kgona go se ntsha beke le beke kana kgwedi le kgwedi, ba segofadiwa ke Jehofa. Ga go saeniwe maina ape. Tseno ga se dipampitshana tseo di pateletsang motho go ntsha madi, mme go na le moo di thusa gore dilo di rulaganngwe ka botlhale.—Luke 14:28-30.
Phuthego nngwe kwa Tarma, kwa Liberia e ne ya bona madi ka tsela nngwe e e sa tlwaelegang. Bangwe mo phuthegong ba ne ba lemela Mosupi mongwe tshimo ya gagwe ya reisi fa ene a ne a dira ka lobaka lwa ngwaga a rema ditlhare ebile a saga dipolanka ka letsogo, tseo di neng tsa rekisiwa gore ba bone madi a go aga. Le mororo phuthego ya kwa Paramaribo, kwa Suriname e ne e tshwanela go reka didirisiwa, e ne e sa tlhoke madi a go reka lebala, gonne Mosupi mongwe o ne a rebotse lebala la gagwe gore go agiwe Holo ya Bogosi mo go lone mme o ne a kopile fela gore ntlo ya gagwe e agiwe ka kwa morago mo lebaleng leo. Ditlhwatlhwa tse di kwa godimo thata tsa go reka mabala le matlo kwa Tokyo, kwa Japane, di ne di dira gore diphuthego tsa koo di nne le bothata jwa go bona ditsha tsa go aga Diholo tsa Bogosi. Malapa a mantsi a ile a rebola ditsha tse magae a one a neng a agilwe mo go tsone gore ba thuse go rarabolola bothata jono. Ba ne ba kopa fela gore ba agelwe bonno kwa godimo ga yone fa ntlo ya bone e sena go dirwa Holo e ntšha ya Bogosi.
Fa diphuthego di ntse di gola ebile di ntse di kgaoganngwa, tseo di neng di le mo lefelong le le lengwe di ne di thusana gore di kgone go nna le Diholo tse di siameng tsa Bogosi. Le mororo go ne go na le moya oo wa go rata go aba, go ne go na le sengwe se se tlhokegang. Ditlhwatlhwa tsa ditsha le ditshenyegelo tsa go aga matlo di ne tsa tlhatlogela kwa godimo thata, mme diphuthego ka bongwe gantsi di ne di fitlhela di sa kgone ditlhwatlhwa tseno. Go ne go ka dirwa eng.
Kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Kutlwano ya Bogosi” ka 1983, Setlhopha Se Se Laolang se ne sa bolela thulaganyo eo e neng e batla gore go dirisiwe molaomotheo o o mo go 2 Bakorintha 8:14, 15, oo o kgothaletsang gore bao ba nang le go le gontsi ba go dirise go thusa bao ba tlhaelelwang gore “go tle go nnè tekatekanō.” Ka jalo bao ba neng ba na le go le gonnye fela ba ne ba se kitla ba tlhaelelwa mo maiteko a bone a go direla Jehofa a neng a ka kgoreletsega.
Phuthego nngwe le nngwe e ne ya lalediwa gore e rulaganye gore go nne le lebokoso le le kwadilweng “Meneelo ya Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi.” Sengwe le sengwe se se tsenngwang mo lebokosong leo se ne se tlile go dirisediwa boikaelelo joo. Madi a a neng a ntshiwa jaaka moneelo mo nageng yotlhe a ne a tla dirisediwa go thusa diphuthego tse di neng di tlhaelelwa tseo di neng di tlhoka Holo ya Bogosi mme di ne di sa fitlhelele dilo tse di batliwang ke dibanka tsa mafelo ao. Mokgatlho o ne wa sekaseka ka kelotlhoko gore di ne di tlhokega ka bonako kae mme morago ga foo o ne wa simolola go dira gore diphuthego tse di neng di tlhoka go aga kana go reka Diholo tse disha tsa Bogosi ka tsela nngwe di bone madi. Fa go ntse go amogelwa meneelo e e oketsegileng (kwa dinageng tse go neng go kgonwa go dira jalo kwa go tsone) le fa madi a a adimilweng a ntse a duelwa, go ne go kgonwa go thusa diphuthego tse di oketsegileng.
Thulaganyo eno e ne ya simolola go dira kwa United States le kwa Canada, mme fa esale go tloga ka nako eo e ile ya anamela kwa dinageng tse di fetang 30 kwa Yuropa, Afrika, Latin America, le kwa Botlhaba Jo Bo Kgakala. Ka 1992, dinaga di le robedi mo go tseno di ne di setse di abile madi a go thusa go aga Diholo tsa Bogosi di le 2 737 tse di neng di tla dirisiwa ke diphuthego di le 3 840.
Le eleng le kwa dinageng tseo thulaganyo eno e sa dirisiweng kwa go tsone, mme lefa go ntse jalo Diholo tsa Bogosi di batlega ka bonako mme batho ba lefelo leo ba sa kgone go di duelela, Setlhopha Se Se Laolang se ile sa leka go dira dithulaganyo tse dingwe go bona gore ba a thusiwa. Ka jalo go ne ga lekalekanngwa dilo, gore ba ba nang le go le gonnye fela ba se ka ba tlhaelelwa thata.
Go Tlamela go Atolosiwa ga Ntlokgolo ya Lefatshe Lotlhe
Ntlokgolo ya lefatshe lotlhe le yone e tlhoka madi gore e kgone go dira. Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, ka nako ya fa Watch Tower Bible and Tract Society e ne e bona go le mosola gore e gatise le go itshwaraganyetsa dibuka tsa yone, go ne ga rulaganngwa gore go rekwe metšhine e e tlhokegang ka maina a batho fela—batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa. Go na le gore khampani nngwe ya kgwebo e duelwe madi a go dira dibuka tseno, Mokgatlho o ne wa dirisa madi ano kgwedi le kgwedi go fokotsa molato wa didirisiwa tseno. Fa go ntse go bonwa kafa seno se leng molemo ka teng, tlhwatlhwa e batho ba neng ba newa dibuka ka yone e ne ya fokotsega ka halofo. Seo se neng se dirwa e ne e le go anamisa go rerwa ga mafoko a a molemo, eseng go humisa Mokgatlho wa Watch Tower.
Mo dingwageng di le mmalwa fela go ne ga bonala gore go tlhokega lefelo le legolwane kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe gore e kgone go tlhokomela tiro ya go rera ka Bogosi e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Ereka phuthego e godile le jaaka tiro ya go rera e ile ya dirwa ka maatla jaana go ne ga nna ga tlhokega kgapetsakgapetsa gore mafelo ano a atolosiwe. Go na le gore go iwe kwa dibankeng go bona madi a a tlhokegang go oketsa le go reka didirisiwa tsa diofisi le difeketeri tsa ntlokgolo mmogo le madi a go tlhokomela dikago tse di neng di le mo New York le mo tikogolong ya yone, Mokgatlho o ile wa tlhalosetsa bakaulengwe gore go tlhokega eng. Seno se ile sa dirwa, mme ga se a ka sa dirwa kgapetsakgapetsa, mme lefa go ntse jalo se ile sa dirwa ka makgetlo a le 12 fela mo lobakeng lwa dingwaga di le 65.
Ga go ise go ko go tsamaiwe go kopiwa madi. Motho ope fela yo a neng a batla go ntsha moneelo o ne a lalediwa go dira jalo. Bao ba neng ba tlhopha gore bone ba ne ba tla adimana ka madi ba ne ba tlhomamisediwa gore ba ne ba tla duelwa madi a bone fela fa ba bolela gore ba a batla fa go ka diragala gore go tlhage sengwe se ba neng ba sa se lebelela ebile se batla go dirwa ka bonako. Ka jalo, Mokgatlho o ne o leka go dira dilo ka tsela ya gore o se ka wa direla batho le diphuthego tseo di neng di ntsha madi ka bopelonomi bothata. Tsela eo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba tshegetsa ka meneelo ka yone e ile ya dira gore Mokgatlho o kgone go duela madi otlhe a a adimilweng ka metlha. Meneelo e e ntseng jalo e e romelwang kwa Mokgatlhong e a itumelelwa. Fa go kgonega, go kwalwa makwalo a gore a amogetswe ebile go a bolelwa gore e a itumelelwa.
Tiro e e dirwang ke phuthego ga e tshegediwe ke meneelo ya setlhopha sa bahumi bangwe ba ba abang. Bontsi jwa meneelo bo tswa mo bathong ba ba sa humang—bontsi jwa bone bo na le dithoto di le dinnye thata tsa lefatshe leno. Ba akaretsa bana bao ba batlang go aba ka go tshegetsa tiro ya Bogosi. Dipelo tsa batho bano botlhe ba ba abang di tlhotlhelediwa ke go rata go lebogela kafa Jehofa a leng molemo ka teng le keletso ya bone ya go thusa ba bangwe go ithuta ka dilo tse a di nayang ka bopelonomi.—Bapisa Mareko 12:42-44.
Go Duelela Ditshenyegelo tsa go Atolosiwa ga Dikago tsa Makala
Jaaka fa tiro ya go rera ka Bogosi e ile ya dirwa ka selekanyo se segolo jaana mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, go ile ga tlhokega gore dikago tsa makala a mokgatlho ono di atolosiwe. Seno se dirwa se kaelwa ke Setlhopha Se Se Laolang.
Ke gone ka moo, go neng ga bolelwa gore go batliwe lefelo le le tshwanelang sentle go bo go agiwe dikago tse disha kwa Jeremane ka 1978, fa go sena go sekasekiwa seo lekala leo le neng le se akantsha. A Basupi ba kwa Jeremane ba ne ba tla kgona go duela ditshenyegelo tse di tlhokegang? Ba ne ba newa tshono ya go dira jalo. Lekala leo le ne la bega jaana fa tiro eo e sena go wediwa ka 1984 kwa Selters kafa karolong e e kafa bophirima ya Dithaba tsa Taunus: “Diketekete tse di masomesome tsa Basupi ba ga Jehofa—bahumi le bahumanegi, bagolo le bannye—ba ne ba ntsha dimilione tsa didolara go thusa go duelela dikago tse disha tseno. Tiro yotlhe e ne ya kgona go wediwa go sa adimiwa madi kwa baadimising ba lefatshe kana kwantle ga go dira molato gonne ba ne ba aba tota.” Mo godimo ga moo, mo e ka nnang Mosupi a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le 7 mo Federal Republic of Germany o ne a nna le seabe mo tirong ya go aga kwa Selters/Taunus.
Mo dinageng tse dingwe, ikonomi ya mo lefelong leo kana maemo a Basupi ba ga Jehofa a madi a ile a dira gore go nne bokete, ebile a dira gore go se ka ga kgonega gore ba age diofisi tse di tlhokegang tsa lekala go okamela tiro kana go aga difeketiri tse di gatisang dibuka tsa Bibela mo dipuong tsa lefelo leo. Basupi ba naga eo ba newa tshono ya go dira seo ba ka se kgonang. (2 Bakor. 8:11, 12) Mme lefa go ntse jalo ga go letliwe gore go tlhokega ga madi mo nageng nngwe go thibele gore molaetsa wa Bogosi o se ka wa anamisiwa fa e le gore madi a ka bonwa go tswa go sele.
Ka gone, le mororo Basupi ba mo lefelong leo ba dira seo ba ka se kgonang, madi a mantsi a a tlhokegang go aga makala mo karolong e kgolo ya lefatshe a nna teng ka meneelo e e ntshiwang ke Basupi ba ga Jehofa ba ba kwa dinageng tse dingwe. Go ne ga nna fela jalo ka dikago tse dikgolo tse go neng ga fediwa go di aga kwa Afrika Borwa ka 1987, kwa Nigeria ka 1990, le kwa Philippines ka 1991. Go ne ga diragala se se tshwanang kwa Zambia, koo dikago tsa go gatisetsa di neng di santse di agiwa ka 1992. Go ile ga diragala se se tshwanang ka dikago tse dintsi tse dipotlana, jaaka e e neng ya wediwa kwa India ka 1985; kwa Chile ka 1986; kwa Costa Rica, Ecuador, Guyana, Haiti, le kwa Papua New Guinea ka 1987; kwa Ghana ka 1988; le kwa Honduras ka 1989.
Lefa go ntse jalo, mo dinageng tse dingwe, bakaulengwe ba ile ba gakgamadiwa ke seo se neng sa kgonwa go dirwa ke batho ba lefelo leo fa Jehofa a ne a segofatsa maiteko a a dirwang ka kutlwano. Ka sekai, kwa tshimologong ya bo 1980, lekala la kwa Spain le ne la rulaganyetsa go oketsa dikago tsa lone fela thata. Lekala leno le ne la kopa Setlhopha Se Se Laolang gore se le neye madi a le neng le a tlhoka. Mme lefa go ntse jalo ereka go ne go dirisiwa madi a mantsi go dira ditiro tse dingwe ka nako eo, ba ne ba sa kgone go thusiwa ka tsela eo. A Basupi ba kwa Spain bao ba bonang madi a mannye thata ba ne ba tla kgona go ntsha madi a a lekaneng go dira tiro e e ntseng jalo fa ba ne ba ka newa tshono?
Ba ne ba tlhalosediwa boemo jono. Ba ne ba tlisa dibenyane tsa bone, dipalamonwana, le maseka gore di rekisiwe. Mosupi mongwe yo o godileng o ne a araba jaana fa a ne a bodiwa gore a ruri o ne a tlhomamisegile gore o ne a batla go ntsha leseka la gagwe la gouta leo a neng a le tlisitse: “Mokaulengwe, le tlile go dira molemo o mogolo mo go dueleleng Bethele go na le fa le ntse mo seatleng sa me!” Kgaitsadi mongwe yo o tsofetseng o ne a epolola madi a pampiri a a neng a setse a onetse ao a neng a a epetse mo boalong jwa ntlo ya gagwe ka dingwaga tse dintsi. Banyalani ba ne ba ntsha madi a ba neng ba a boloketse go tsaya maeto ka one. Bana ba ne ba romela madi a ba neng ba a bolokile. Mosha mongwe yo a neng a batla go reka katara o ne a ntshetsa tiro eno ya lekala madi ao go na le go reka katara. Fela jaaka Baiseraele ka nako ya fa go ne go agiwa motlaagana mo nageng, Basupi ba kwa Spain ba ile ba itshupa ba aba tota ebile dipelo tsa bone di rata go ntsha dilo tsotlhe tse di neng di tlhokega. (Ekes. 35:4-9, 21, 22) Morago ga foo ba ne ba ineela ka botlalo go dirisa—nako ya bone yotlhe, malatsi a bone a boikhutso, le mafelobeke—go dira tiro eo ka bobone. Ba ne ba tla go tswa mo Spain yotlhe—ba tla ba le diketekete. Basupi ba bangwe ba ne ba tswa kwa Jeremane, Sweden, Great Britain, Greece, le kwa United States, fa re umaka mafelo a le mmalwa fela, go tla go ba thusa go wetsa seo kwa tshimologong se neng se lebega ekete ga se kake sa kgonwa go dirwa.
A Go Na le Morokotso O O Bonwang ka Dibuka?
Ka 1992, dibuka tsa Bibela di ne di gatisiwa kwa ntlokgolong ya lefatshe le kwa makaleng a yone a a 32 a a mo lefatsheng lotlhe. Bontsintsi jwa tsone bo ne bo dirwa ke Basupi ba ga Jehofa gore di kgone go anamisiwa. Mme lefa go ntse jalo dilo tseno tsotlhe di ne di dirwa fela go sa bonwe morokotso ope. Ditshwetso tsa gore dibuka di ne di tla gatisiwa ka dipuo dife le gore di ne di tla romelwa kwa dinageng dife di ne di sa dirwe go ya ka gore go ka dirwa morokotso mongwe mme lefa go ntse jalo di ne di dirwa ka kgopolo ya go wetsa tiro eo Jesu Keresete a neng a e abetse balatedi ba gagwe.
Ka July 1879, ka nako ya fa go ne go ntshiwa tokololo ya ntlhantlha ya Tora ya Tebelo (ka Seesemane) yone tokololo eo e ne e na le molaetsa o o neng o re bao ba neng ba humanegile thata gore ba ka duelela peeletso (e ka nako eo e neng e le 50¢, U.S., fela ka ngwaga) ba ne ba ka e bona mahala ka go kwala ba e kopa. Boikaelelo jo bogolo e ne e le go thusa batho go ithuta ka boikaelelo jo bogolo jwa ga Jehofa.
Dibuka tsa Bibela di ile tsa newa batho mahala fa esale ka 1879 go fitlhelela boikaelelo joo. Ka 1881 le morago ga yone, go ne ga abiwa dikopi tse di ka nnang 1 200 000 tsa Food for Thinking Christians mahala. Bontsi jwa tsone e ne e le tsa mofuta wa buka ya ditsebe tse 162; tse dingwe di ne di le ka pampiri e e tshwanang le ya dikgang. Go ne ga gatisiwa dipampitshana tse dintsi tsa bogolo jo bo sa tshwaneng mo dingwageng tse di neng tsa latela. Bontsi jwa tseno (dikopi tse tota di neng di le dimilione di le makgolokgolo) di ne tsa newa batho mahala. Palo ya dipampitshana le dikgatiso tse di neng tsa abiwa e ne ya nna ya oketsega. Ka 1915 fela, pego e ne ya bontsha gore go ne go setse go abilwe dipampitshana di le 50 000 000 ka dipuo di le 30 mahala mo lefatsheng lotlhe. Madi a a neng a duelela dilo tseno tsotlhe a ne a tswa kae? Bontsi bo ne bo tswa mo meneelong e e ntshiwang ka go ithatela ya Letlole la Tower Tract.
Go ne go na le dibuka dingwe tse di neng di bonwa ka go ntshediwa moneelo mo masomeng a dingwaga a ntlha a hisitori ya Mokgatlho, mme lefa go ntse jalo moneelo o o neng o bolelwa gore o ka ntshiwa o ne o bolokwa o le kwa tlase thata. Dikgatiso tseno di ne di akaretsa dibuka tse di nang le dikhabara tsa ditsebe tse 350 go ya go di le 744. Fa barekisi ba dibuka ba Mokgatlho (jaaka bareri ba nako e e tletseng ba ne ba itsiwe ka nako eo) ba ne ba di naya batho, ba ne ba bolela tlhwatlhwa ya tsone e le moneelo o o akantshiwang gore o ntshiwe. Lefa go ntse jalo, boikaelelo jwa bone e ne e se go dira madi mme lefa go ntse jalo e ne e le gore boammaaruri jwa Bibela bo tsene mo diatleng tsa batho. Ba ne ba batla gore batho ba bale dikgatiso tseno mme ba solegelwe molemo.
Ba ne ba iketleeditse go naya motho dikgatiso tseno (ba di duelela ka bobone) fa mong wa ntlo a ne a sena sepesepe. Mme lefa go ntse jalo go ile ga lemogiwa gore motho o bala kgatiso fa a e dueletse, ebile seo ba neng ba se ntshitse se ne se ka dirisediwa go gatisa dibuka tse dingwe. Lefa go ntse jalo, pampiri ya ditaelo tsa tirelo ya Mokgatlho eleng Bulletin, ya October 1, 1920 e ne ya bolela jaana e gatelela ntlha ya gore Baithuti ba Bibela ba ne ba sa senke go boelwa ke madi: “Boela kwa bathong bao o ba neetseng bukana [e e neng e na le ditsebe di le 128] morago ga malatsi a le lesome go tlhomamisa gore a ba e badile. Fa ba sa dira jalo, ba kope gore ba e buse, o bo o ba naya madi a bone. Ba bolelele gore ga o morekisi wa dibuka, mme o kgatlhegela go bolelela mongwe le mongwe molaetsa ono o o gomotsang le o o itumedisang, le gore fa e le gore ga ba kgatlhegele ntlha e e ba amang thata eno . . . , o batla go naya mongwe yo o kgatlhegang buka eno.” Basupi ba ga Jehofa ba ne ba se ka ba tswelela ba dirisa mokgwa ono, ka go bo ba ile ba fitlhela gore ka dinako tse dingwe maloko a mangwe a malapa a ile a tsaya dibuka tseno mme tsa ba solegela molemo; mme lefa go ntse jalo seo se neng sa dirwa bogologolo ka nako eo se otlelela se boikaelelo jwa Basupi e leng sone tota.
Ba ne ba bitsa go anamisa ga bone dibuka “go rekisa” ka dingwaga tse dintsi. Mme mafoko a a ntseng jalo a ne a tsosa tlhakatlhakano, ka jalo go ne ga tlogelwa ka bonya ka bonya go simolola ka 1929. Lefoko leno le ne le sa tshwanele tiro ya bone, ka go bo tiro ya bone e ne e se ya kgwebo. Boikaelelo jwa bone e ne e se go dira madi. Se se neng se ba tlhotlheletsa e ne e le go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Ka ntlha ya seno, e ne ya re ka 1943, Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya United States e ne ya swetsa ka gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa tlhoke gore ba bone laesense ya go rekisa pele ba ka phasalatsa dibuka tsa bone. Mme morago ga foo kgotlatshekelo ya kwa Canada e ne ya tsopola kafa Kgotlatshekelokgolo ya U.S. e neng ya baya mabaka ka gone fa e ne e dira tshwetso eo.b
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna ba ntsha dibuka tsa bone ka moneelo mo dinageng tse dintsi. Moneelo o ba neng ba akantsha gore o ntshiwe o sale o ntse o le monnye, fa o bapisiwa le wa dibuka tse dingwe le dimakasine, mo e leng gore batho ba bantsi ba ile ba ntsha moneelo o o kwa godingwana ka bobone fela. Mme lefa go ntse jalo mokgatlho o ile wa dira maiteko a magolo go boloka meneelo eo e le kwa tlase gore dimilione tsa batho bao ba nang le dithoto tse dinnye tsa lefatshe leno mme lefa go ntse jalo ba itumelela go bona Bibela kana dibuka tsa Bibela ba di bone. Lefa go ntse jalo fa go akantshiwa gore go ntshiwe moneelo mongwe seo e ne e se gore phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e tle e hume.
Gongwe le gongwe koo molao o atlholang gore fa motho a naya batho dibuka tsa Bibela ka moneelo o a bo a dira kgwebo, Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go di naya mongwe le mongwe yo o supang ka tlhoafalo gore o a di kgatlhegela le yo o solofetsang gore o tla di bala. Bao ba batlang go ntsha sengwe gore tiro ya go ruta ba bangwe Bibela e nne e tswelele ba ka ntsha sepe fela se ba se ratang. Ka sekai, seo se a dirwa kwa Japane. Kwa Switzerland go amogelwa fela meneelo e e ntshiwang ka go ithatela e e lekanang tlhwatlhwa e e boletsweng ya kgatiso eo; ka jalo fa beng ba matlo ba batla go ntsha a a fetang, Basupi ba a busa kana ba ba naya dibuka tse di oketsegileng. Keletso ya bone ga se go tsamaya ba batla madi, mme ke go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba fetola kafa ba dirang ka teng ka 1990 gore ba se ka ba tlhakatlhakanngwa le bape gonne go ne go na le ditiro dingwe tse di maswe tse di neng di ama madi tse di neng tsa phasaladiwa tsa ditumelo tsa Labokeresete, mo godimo ga moo dipuso di ne di batla go balela tiro ya bodumedi jaaka kgwebo ya go dira madi. Setlhopha Se Se Laolang se ne sa laola gore kwa United States dibuka tsotlhe tseo Basupi ba di phasalatsang—Dibibela, mmogo le dipampitshana, dibukana, dimakasine, le dibuka tse di nang le dikhabara tse di tlhalosang Bibela—di newe batho ba sa bolelelwe gore ba ntshe bokae fela fa e le gore ba ne ba tla di bala. Tiro ya Basupi ba ga Jehofa tota ga se kgwebo, mme thulaganyo eno e ne ya thusa gape go ba farologanya le ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi tse di gwebang ka bodumedi. Gone mme, batho ba bantsi ba a itse gore dibuka tse di ntseng jalo di tlhoka madi gore di gatisiwe, mme bao ba itumelelang tiro e Basupi ba e dirang ba ka nna ba batla go ntsha moneelo wa go thusa mo tirong eno. Batho bao ba tlhalosediwa gore tiro ya go ruta Bibela e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang mo lefatsheng lotlhe e tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go ithatela. Meneelo e amogelwa ka boitumelo, mme lefa go ntse jalo ga e kopiwe.
Bao ba nnang le seabe mo bodiheding jwa tshimo ga ba go dire gore ba bone madi. Ba dirisa nako ya bone, ebile ba duelela dikoloi tse ba tsamayang ka tsone ka bobone. Fa mongwe a supa fa a kgatlhega ba ya kwa go ene beke le beke go ya go mo ruta Bibela ka namana ba sa mo duedise sepe. Go rata Modimo le batho ba bangwe ke sone fela se se ba tlhotlheletsang go tswelela ba dira tiro e e ntseng jalo, gantsi ebile ba itlhokomolosiwa ke batho ebile batho ba ba ganetsa botlhoko.
Madi a a amogelwang kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kana kwa makaleng a yone ga a dirisediwe go humisa mokgatlho ono kana motho ope fela, mme go na le moo a dirisediwa go tsweledisa go rerwa ga mafoko a a molemo pele. Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya bega ka 1922 gore dibuka tse di gatisediwang Mokgatlho kwa Yuropa di duelelwa ke ofisi e e kwa Amerika ebile di newa batho ka madi a a kwa tlase ga a di dirilweng ka one ka ntlha ya boemo jwa ikonomi ya koo. Le mororo Basupi ba ga Jehofa ba na le mafelo a ba gatisang mo go one mo dinageng tse dintsi, dinaga dingwe tse di romelelwang dibuka ga di kgone go romela madi ape go duelela ditshenyegelo. Meneelo e e ntshiwang ka bopelotshweu ka go ithatela ke Basupi ba ga Jehofa ba ba mo dinageng tse dingwe tse di nang le madi a a lekaneng e thusa go duelela go tlhaela go go leng mo go tseo di senang gone.
Mokgatlho wa Watch Tower o sale o ntse o leka go dirisa madi otlhe a o nang le one go tsweletsa tiro ya go rera mafoko a a molemo pele. Go ntse fela jaaka Charles Taze Russell, poresidente wa one wa ntlha a ne a bolela jaana ka 1915: “Mokgatlho wa rona ga o ise o leke go ikokoanyetsa dikhumo tsa selefatshe, mme lefa go ntse jalo e ile ya nna o o dirisang madi thata. Sepe fela seo Modimo o neng wa se re romelela re sa se kopa re ile ra se dirisa ka botlhale go dumalana le Lefoko le Moya wa Morena. Re ile ra bolela bogologolo gore fa madi a ka tlhaela, ditiro tsa Mokgatlho le tsone di ne di tla ema go dumalana le seo; mme fa madi a ntse a oketsega, ditiro tsa Mokgatlho di ne di tla okediwa.” Mokgatlho o ile wa tswelela o dira fela jalo.
Go fitlha jaanong, mokgatlho o dirisa madi a o nang nao go romela balebedi ba ba etang go nonotsha diphuthego le go di kgothatsa mo bodiheding jwa phatlalatsa. O tswelela go romela barongwa le baalogi ba Sekolo sa Thapiso sa Bodihedi kwa dinageng tseo ba tlhokegang kwa go tsone. O dirisa gape le madi ape fela a a leng teng go romela babulatsela ba ba kgethegileng kwa mafelong ao molaetsa wa Bogosi o sa rerweng thata kwa go one kana kwa o iseng o rerwe teng. Jaaka go begilwe mo go 1993 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, go ile ga dirisiwa $45 218 257,56 (U.S.) ka ditsela tseno mo ngwageng o o fetileng wa tirelo.
Go Sa Direle Go Ikhumisa ka Namana
Ga go na maloko ape a Setlhopha Se Se Laolang, batlhankedi ba kemedi ya semolao, kana batho bape fela ba maemo a a kwa godimo bao ba amanang le mokgatlho bao ba bonang madi ape ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa.
Tsala nngwe ya ga C. T. Russell yo a neng a nna poresidente wa ntlha wa Mokgatho wa Watch Tower ka dingwaga tse di fetang 30 e ne ya kwala jaana: “Fa a ne a batla go bona gore a se a se dirang se ne se dumalana le Dikwalo, le fa a ne a batla tsela ya go supa gore o tlhoafetse, o ne a dira tshwetso ya gore a leke go bona gore a Morena o amogela seo ka go dira jaana: (1) Go neela botshelo jwa gagwe go dira dilo tse a neng a di dumela; (2) Go dirisa madi a gagwe mo go itsiseng ka tiro eno; (3) Go thibela gore go se ka ga kolekiwa madi kwa dipokanong tsotlhe; (4) Go ikaega ka meneelo e e sa kopiweng (e e ntshiwang fela ka go ithatela) go tsweletsa tiro eno pele fa madi a gagwe a sena go fela.”
Go na le gore a dirise tiro ya bodumedi go ikokoanyetsa dikhumo, Mokaulengwe Russell o ne a dirisa madi otlhe a gagwe mo tirong ya Morena. Go ne ga begiwa jaana mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) fa a sena go tlhokafala: “O ne a dirisa khumo yotlhe ya gagwe mo tirong e a neng a ineetse go e dira ka botshelo jwa gagwe. O ne a bona fela madi a mannye a $11,00 ka kgwedi go reka dilo tse a di tlhokang. O ne a swa a sa tlogela le fa e le sepe.”
Mokaulengwe Russell o ne a bolela jaana mo wiling ya gagwe ka bao ba neng ba tla tsweledisa tiro ya Mokgatlho pele: “Fa e le ka go duelwa, ke akanya gore go botlhale gore go tswelelwe go dirwa ka tsela eo Mokgatlho o neng o ntse o dira ka yone fa go tla mo dituelong—go se ka ga nna le ope yo o duelwang; gore bao ba direlang Mokgatlho kana ba ba dirang ditiro tsa bone ka tsela epe fela ba duelelwe ditshenyegelo tsa bone tse dinnye.” Bao ba neng ba tla direla kwa magaeng a Mokgatlho a Bethele, kwa diofising tsa one, le kwa difeketiring, mmogo le jaaka baemedi ba one ba ba etang, ba ne ba tla newa dijo, le marobalo, le madinyana a mannye go duela ditshenyegelo—a a lekaneng fela go dira dilo tse ba di tlhokang thata mme lefa go ntse jalo “ba sa a neelwe . . . gore ba ikokoanyetse madi.” Go ntse go dirwa ka tsela e e tshwanang le gompieno.
Bao ba dumelelwang go tla go dira tirelo e e kgethegileng ya nako e e tletseng kwa ntlokgolo ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa ba ikana gore ba tla nna ba humanegile fela jaaka go dira maloko otlhe a Setlhopha Se Se Laolang le ka maloko otlhe a lelapa la Bethele a a koo. Seo ga se reye gore ba tshela ba sa itumela, ba sena dilo tse di itumedisang. Mme lefa go ntse jalo, seno se raya fela gore ba tla kgaogana dijo, marobalo, le madinyana a ba a bonang a go duela ditshenyegelo a a newang botlhe ba ba dirang koo ba sa tlhaolane.
Ke kafa phuthego eno e dirang tiro ya yone ka gone e ikaegile gotlhelele ka thuso e Modimo o e nayang. Basupi ba ga Jehofa ba dirisa madi a bone ka boitumelo fela go dira tiro eo Jehofa, Rraabone yo mogolo wa selegodimo, a e ba neileng go e dira ba sa patelediwe mme lefa go ntse jalo ba dira ka ntlha ya bokaulengwe jwa bone jwa semoya joo bo leng mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona Tora ya Tebelo, September 1, 1944, tsebe 269 (ka Seesemane); December 15, 1987, ditsebe 19-20.
b Murdock v. Commonwealth of Pennsylvania, 319 U.S. 105 (1943); Odell v. Trepanier, 95 C.C.C. 241 (1949).
[Mafoko a a mo go tsebe 340]
“Mokgatlho ono ga o letle ebile ga o dumelele go kopiwa ga madi”
[Mafoko a a mo go tsebe 342]
Go gatelelwa thata kafa go leng botlhokwa ka teng go bolelela ba bangwe kaga boammaaruri
[Mafoko a a mo go tsebe 343]
Go bolelwa dintlha motlhofo fela jaaka di ntse
[Mafoko a a mo go tsebe 344]
Diphuthego di thusana go bona Diholo tseo di di tlhokang tsa Bogosi
[Mafoko a a mo go tsebe 346]
Bontsi jwa meneelo bo tswa mo bathong ba ba sa humang
[Mafoko a a mo go tsebe 348]
Ke mang yo a duelelang dibuka tse dintsi tse di newang batho mahala?
[Mafoko a a mo go tsebe 349]
Motho ope fela yo o supang ka tlhoafalo gore o a di kgatlhegela le yo o solofetsang gore o tla di bala, o tlogelelwa dibuka ka boitumelo
[Mafoko a a mo go tsebe 350]
Go dirwa eng ka madi a a ntshitsweng jaaka moneelo?
[Mafoko a a mo go tsebe 351]
“O ne a dirisa khumo yotlhe ya gagwe mo tirong e a neng a ineetse go e dira ka botshelo jwa gagwe”
[Lebokoso mo go tsebe 341]
Modimo Ga O Kope Ope
“Ene yo a neng a re, ‘Fa nkabo ke bolawa ke tlala, ke ne ke sa kake ka bolelela wena gonne lobopo ke lwa me, le bojotlhe jwa lona. . . . Ga nkitla ke tsaya kgomo epe mo tlong ya gago, lefa e le dipodi tse ditona mo marakaneng a gago ka gonne setshedi sengwe le sengwe sa sekgwa ke sa me, le dikgomo tse di nnang mo dithabeng tse di makgolo a le lesome’ (Pes. 50:12, 9, 10), o kgona go dira tiro e kgolo eno ya gagwe a sa kope lefatshe kana bana ba gagwe madi. Ebile ga a kitla a pateletsa bana ba gagwe gore ba ntshetse tirelo ya gagwe setlhabelo sepe, kana gone go amogela sepe fela se se tswang mo go bone fa e se fa ba se ntsha ka boitumelo, ka go rata ga bone.”—“Zion’s Watch Tower,” September 1886, p. 6.
[Lebokoso mo go tsebe 347]
Meneelo E E Neng E Ntshiwa E Ne E Se ya Madi ka Metlha
Basupi ba kwa kgakala kwa Queensland bokone ba ne ba rema le go romelela lefelo la Watch Tower le go neng go agiwa kwa go lone kwa Sydney, kwa Australia, diforaga tse di ka lekanang le dikatereilara di le nne tsa logong tseo ka nako eo boleng jwa tsone bo neng bo fopholediwa go nna fa gare ga A$60 000 le A$70 000.
Ka nako ya fa feketiri ya Watch Tower ya kwa Elandsfontein, mo Afrika Borwa, e ne e okediwa, mokaulengwe mongwe wa Moindia o ne a letsa mogala a bo a kopa gore tsweetswee ba tle go tsaya dikgetsi di le 500 (tsa dikilogerama di le 50 e le nngwe) tsa samente—ka nako ya fa di ne di sa bonwe motlhofo mo nageng eno. Bangwe ba ne ba rebola dillori tsa bone gore di dirisiwe ke Mokgatlho. Kgaitsadi mongwe wa Moafrika o ne a duela khampani nngwe gore e ye go tsholola santa e e agang ya dikubita tsa dimetara di le 15.
Kwa Netherlands ka nako ya fa go ne go agiwa dikago tsa lekala kwa Emmen, go ne ga ntshiwa moneelo wa dithulusu le diaparo tsa tiro tse dintsi tota. Kgaitsadi mongwe o ne a logela modiri mongwe le mongwe dikausu tsa ulu ka nako ya mariga le mororo a ne a lwala thata.
Gore go kgonwe go agiwa ofisi e ntšha ya lekala le fa go ka nnang ga gatisediwa gone kwa Lusaka, kwa Zambia, didirisiwa tsa go aga di ne di rekwa ka madi a a ntshitsweng ke Basupi ba dinaga tse dingwe. Didirisiwa le difenitšhara tse di neng di sa kgonwe go bonwa mo lefelong leo di ne tsa isiwa ka dillori kwa Zambia jaaka meneelo ya tiro e e neng e dirwa koo.
Ka 1977 Mosupi mongwe kwa Ecuador o ne a rebola naga ya diheketara di le 34. Fano go ne ga agiwa Holo ya Dikopano le dikago tsa lekala le lesha.
Basupi ba kwa Panama ba ne ba bula matlo a bone go nna le badiri ba baithaopi; bangwe ba ba neng ba na le dibese ba ne ba ba rwala ka tsone; bangwe ba ne ba nna le seabe mo go apeeng dijo tse di jelweng ke batho ba le 30 000 kwa lefelong le go neng go agelwa kwa go lone.
Phuthego nngwe e ne ya dira dibanse di le 4 500 mme ya di romelela badiri kwa Arboga, kwa Sweden. Bangwe ba ne ba romela mamepe a dinotshe, maungo, le jeme. Molemi mongwe gaufi le kwa go neng go agiwa gone, o ne a ntsha ditone di le pedi tsa digwete, le mororo e se Mosupi.