Kgaolo 11
Kafa go Tlileng ka Teng Gore Re Itsiwe Jaaka Basupi ba ga Jehofa
MO MASOMENG a ntlha a dingwaga tsa hisitori ya bone ya motlha wa segompieno, gantsi ba ne ba bidiwa fela Baithuti ba Bibela. Fa ba bangwe ba ne ba botsa leina la mokgatlho ono, bakaulengwe ba rona gantsi ba ne ba araba ka go re, “Re Bakeresete.” Mokaulengwe Russell o ne a araba potso e e ntseng jalo mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) a re: “Ga re ikgaoganye le Bakeresete ba bangwe ka go ipitsa ka leina lengwe le le tlhaolegileng kana le le sa tshwaneng le lepe. Re kgotsofalela leina leno, Mokeresete, leo baitshepi ba pele ba neng ba itsiwe ka lone.”—Tokololo ya September 1888.
Ka gone, go tlile jang go bo gompieno re itsiwe jaaka Basupi ba ga Jehofa?
Leina Mokeresete
Balatedi ba ga Jesu Keresete ba boammaaruri, mo lekgolong la ntlha la dingwaga mmogo le mo metlheng ya segompieno, ba ile ba ipitsa ba bo ba bitsa badumedi ba bangwe “bakaulengwe,” “ditsala,” le “phuthègō ea Modimo.” (Dit. 11:29; 3 Yoh. 14; 1 Bakor. 1:2) Gape ba ile ba bua ka Keresete ba mmitsa “Morèna” mme bone ba ipitsa “batlhanka ba ga Keresete Yesu” le “batlhanka ba Modimo.” (Bakol. 3:24; Bafil. 1:1; 1 Pet. 2:16) Mareo a a ntseng jaana a ile a dirisiwa ka phuthologo mo phuthegong, mme mo go yone a ile a tlhaloganngwa sentle.
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, botshelo joo bo ikaegile ka go dumela mo go Jesu Keresete (mme, fa seno se akaretsa go ka twe botshelo jwa phuthego ka boyone) bo ne bo bidiwa “Tsela.” (Dit. 9:2; 19:9) Dithanolo di le mmalwa tsa Ditihō 18:25 di bontsha gore gape bo ne bo bidiwa “tsela ya ga Jehofa.”a Mo letlhakoreng le lengwe, bangwe bao ba neng ba le ka kwa ntle ga phuthego ba ne ba e bitsa “lekōkō la Banasarena” ba sotla.—Dit. 24:5.
Ka 44 C.E. kana lobaka lo lo seng loleele morago ga foo, balatedi ba ba ikanyegang ba ga Jesu Keresete ba ne ba simolola go itsiwe jaaka Bakeresete. Ba bangwe ba bolela gore batho ba ba ka kwa ntle ke bone bao ba neng ba ba manega leina Bakeresete, ba dira jalo ka tsela ya go nyatsa. Lefa go ntse jalo, bakwadi ba dibuka tse di tlhalosang mafoko a Bibela ba le mmalwa le batho ba ba neng ba akgela ka tsone ba tlhalosa gore lediri le le dirisitsweng mo go Ditihō 11:26 le kaya go kaelwa ke Modimo kana go senolelwa ke ene. Ka gone, lokwalo loo lo balega jaana mo go New World Translation: “Barutwa ba ne ba bidiwa Bakeresete la ntlha kwa Antioka ka kaelo ya bomodimo.” (Dithanolo tse di tshwanang di fitlhelwa mo go Literal Translation of the Holy Bible ya ga Robert Young, Thanolo e e Ntšhafaditsweng, ya 1898; The Simple English Bible, ya 1981; le New Testament ya ga Hugo McCord, ya 1988.) Mo e ka nnang ka 58 C.E., leina Mokeresete le ne le itsiwe thata le eleng ke badiredi ba bagolo ba Baroma.—Dit. 26:28.
Fa baaposetoloi ba ga Keresete ba ne ba santse ba tshela, leina Mokeresete le ne le tlhaola ebile le tlhamaletse. (1 Pet. 4:16) Botlhe ba ba neng ba ipolela e le Bakeresete mme e le ba ditumelo tsa bone kana boitshwaro jwa bone bo neng bo ganetsa se ba neng ba se bolela ba ne ba lelekwa mo bathong ba e leng Bakeresete. Lefa go ntse jalo, jaaka fa Jesu a ne a bolelela pele, fa baaposetoloi ba sena go swa, Satane o ne a jala dipeo tseo di neng tsa tlhagisa Bakeresete ba eseng bone. Batho ba eseng ba boammaaruri bano le bone ba ne ba ipitsa Bakeresete. (Math. 13:24, 25, 37-39) Fa Bokeresete jwa botenegi bo ne bo simolola go pateletsa batho go sokologa, bangwe ba ne ba ipolela gore ke Bakeresete fela gore ba tile go bogisiwa. Morago ga nako e e rileng, motho ope fela wa kwa Yuropa yo o neng a sa ipolele e le Mojuda, Momoselema, kana molatolamodimo gantsi o ne a tsewa e le Mokeresete, le mororo a ne a ka tswa a dumela eng kana a itshwara ka tsela efe.
Maina a Matshamekwane A A Sotlang
Go tswa lekgolong la bo 16 la dingwaga go ya pele, seemo seno se ne sa bakela Batlisadiphetogo bothata. Ereka leina Mokeresete le ne le dirisiwa motlhofo fela, ba ne ba ka ipharologanya jang le ba bangwe bao ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete mme e se bone?
Gantsi ba ne ba dumalana motlhofo fela le go dirisiwa ga leina la matshamekwane la tshotlo le ba neng ba le reilwe ke baba ba bone. Ka gone baba ba thutabodumedi ba ga Martin Luther, kwa Jeremane, e ne e le bone ba ntlha go bitsa balatedi ba gagwe ka leina la gagwe, ba ba bitsa Balutere. Bao ba neng ba kopanela le John Wesley, kwa Engelane, ba ne ba rewa leina la Ba-Methodist ka gonne gantsi ba ne ba le kelotlhoko ka mo go sa tlwaelegang ba bile ba dira ka mokgwa mongwe (methodical, ka Seesemane) fa ba dira ditiro tsa bone tsa bodumedi. Kwa tshimologong Ba-Baptist ba ne ba gana leina la matshamekwane la Anabaptist (le le rayang, “Yo o Kolobe-tsang Gape”) mme ka bonya ba ne ba amogela leina Baptist e le tsela ya go fedisa kgang.
Go tweng ka Baithuti ba Bibela? Ba ne ba mariwa ka leina le go tweng Ba-Russell le Ba-Rutherford ke baruti. Mme go amogela leina la mofuta ono go ne go tla bo go rotloetsa moya wa go itira lekoko. Go ne go tla bo go sa tsamaisane le kgalemo e e neng ya neelwa Bakeresete ba pele ke moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwala ka go re: “Ha moñwe a re, Nna ke oo ra Paulo; le eo moñwe a re, Nna ke oo ra Apolose; a ga lo batho hèla [ke gore, lo leba dilo ka tsela ya senama go na le ya semoya]?” (1 Bakor. 3:4) Batho bangwe ba ne ba ba bitsa “Ba Tshimologo ya Mileniano”; mme Puso ya ga Keresete ya Mileniamo e ne e le nngwe ya dithuto tsa bone fela. Ba bangwe ba ne ba ba bitsa “Batho ba Watch Tower”; mme seo le sone se ne se sa tshwanela, ka gonne Watch Tower e ne e le fela nngwe ya dikgatiso tse ba di dirisang go anamisa boammaaruri jwa Bibela.
Go Tlhokega Leina Le Le ba Tlhaolang
Morago ga nako e e rileng, go ne ga bonala ka mo go oketsegileng gore mo godimo ga leina Mokeresete, phuthego ya batlhanka ba ga Jehofa eleruri e ne e tlhoka leina le le e tlhaolang. Megopolo ya batho ka kakaretso e ne e sa tlhole e tlhaloganya sentlentle gore leina Mokeresete le raya eng ka gonne batho ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete mme e se bone gantsi ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo kana ba sa itse gotlhelele gore Jesu Keresete e ne e le mang, gore ke eng seo a neng a se ruta, le gore ke eng se ba tshwanetseng ba bo ba se dira fa tota e ne e le balatedi ba gagwe. Mo godimo ga moo, jaaka bakaulengwe ba rona ba ntse ba tswelela go tlhaloganya Lefoko la Modimo, ba ne ba bona ka phepafalo gore go tlhokega gore ba farologane ba bo ba kgaogane gotlhelele le ditsamaiso tsa bodumedi tseo ka tsietso di neng di ipolela gore ke tsa Bokeresete mme go sa nna jalo.
Ke boammaaruri gore gantsi bakaulengwe ba rona ba ne ba ipitsa Baithuti ba Bibela le gore, go simolola ka 1910, ba ne ba ipitsa International Bible Students’ Association fa ba bua ka dipokano tsa bone. E le gore go tle go se nne le ketsaetsego epe malebana le lekgotla la bone le le neng le sa tswa go tlhamiwa le le bidiwang International Bible Students Association, ka 1914, ba ne ba simolola go dirisa leina Associated Bible Students e le la ditlhopha tsa mafelo a bone. Kobamelo ya bone e ne e akaretsa se se fetang go ithuta Bibela. Mo godimo ga moo, go ne go na le ba bangwe bao le bone ba neng ba ithuta Bibela—ba bangwe ba tlhoafetse; ba bangwe, e ne e le batshwayadiphoso; mme ba le bantsi, e ne e le batho ba ba neng ba e leba fela jaaka buka e e molemo. Go tswa foo, morago ga loso lwa ga Mokaulengwe Russell, batho bangwe ba pele ba neng ba kopanela ba ne ba gana go dirisana mmogo le Mokgatlho wa Watch Tower le International Bible Students Association, ebile ba le kgatlhanong le tiro ya mekgatlho eno. Ditlhopha tseno tse di kgaokgaoganeng di ne di dirisa maina a a farologaneng, dingwe tsa tsone di ne tsa ngaparela leina Associated Bible Students. Seno se ne se tlhakatlhakanyetsa dilo kwa pele.
Mme go tswa foo, ka 1931, re ne ra ipitsa ka leina le le neng le re tlhaola tota eleng Basupi ba ga Jehofa. Mokwadi Chandler W. Sterling o ne a re J. F. Rutherford, yo ka nako eo e neng e le mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, o “dirile selo se se botlhale thata” ka go dira seno. Go ya kafa mokwadi yoo a neng a leba kgang eno ka gone, seno e ne e le tiro e e botlhale eo e neng e sa neye setlhopha seno leina la semmuso fela mme gape e ne e ba tlhofofaletsa go tlhalosa se se kaiwang ke Bibela fa e bua ka “bosupi” le “go neela bosupi” gore seno se raya Basupi ba ga Jehofa ka tlhamalalo. Go farologana le seno, A. H. Macmillan, yo a neng a dira mmogo le boporesidente ba bararo ba bakaedi ba Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a re malebana le kitsiso eno ya ga Mokaulengwe Rutherford: “Ke ne ke sa belaele sepe mo kakanyong ya me—ka nako eo lefa e le gompieno—gore Morena o ile a mo kaela mo go seo, mme leo ke leina le Jehofa a batlang re bidiwa ka lone, mme re itumela fela thata ebile re thamisitswe ke go nna le lone.” Mabaka a tshegetsa kgopolo efe? A leina leo e ne e le ‘sengwe se se botlhale thata’ se se dirilweng ke Mokaulengwe Rutherford, kana a se ne se diragetse ka go bo a ne a kaelwa ke Modimo?
Ditiragalo Tse Di Neng Di Ama Leina Leno
Jehofa o ne a dira gore Isaia a kwale jaana mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E.: “Lona lo bashupi ba me, go bua Yehofa, u bile o motlhanka oa me eo ke go itshenketseñ; gore lo tlè lo itse, lo ntumèlè, lo bo lo tlhaloganyè ha ke le èna: e rile pele ga me ga bo go sa bopiwa modimo opè, le gōna ga go ketla go nna opè moragō ga me . . . ke gōna lo leñ bashupi ba me, go bua Yehofa, me ke Nna Modimo.” (Isa. 43:10, 12) Jaaka go bontshitswe mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, boperofeti jo bontsi jo bo kwadilweng ke Isaia bo diragadiwa mo phuthegong ya Bokeresete. (Bapisa Isaia 8:18 le Bahebera 2:10-13; Isaia 66:22 le Tshenolō 21:1, 2.) Lefa go ntse jalo, ga go a ka ga tlotliwa thata ka Isaia 43:10, 12 mo dingwageng tsa ntlha tse 40 tsa fa Tora ya Tebelo e ntse e gatisiwa.
Lefa go ntse jalo, morago ga moo, batlhanka ba ga Jehofa fa ba ntse ba ithuta Dikwalo ba ne ba kgona go bona dilo dingwe tse disha tse di botlhokwa. Bogosi jwa Modimo jo Kgosi ya jone ya Bomesia e leng Jesu bo ne bo tsetswe kwa magodimong ka 1914. Ka 1925, ngwaga o mo go one seno se neng sa phepafadiwa ka one ka Tora ya Tebelo, taolo ya seperofeti e e mo go Isaia kgaolo 43 ya gore ba tshwanetse go nna basupi ba ga Jehofa e ne ya tlhalosiwa mo ditokololong tse 11 tse di farologaneng tsa makasine ono.
Mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya January 1, 1926, setlhogo se segolo se se neng se na le potso e e gwetlhang e e reng: “Ke Mang Yo O Tla Tlotlang Jehofa?” Mo dingwageng tse di latelang tse tlhano, Tora ya Tebelo e ne ya bua ka dikarolo dingwe tsa Isaia 43:10-12 mo ditokololong di le 46 tse di farologaneng mme nako le nako di e lebisa go Bakeresete ba boammaaruri.b Ka 1929 go ne ga bontshiwa gore kgangkgolo ya botlhokwa e e lebaneng dibopiwa tsotlhe tse di botlhale e akaretsa go tlotliwa ga leina la ga Jehofa. Mme malebana le boikarabelo jo batlhanka ba ga Jehofa ba nang le jone malebana le kgangkgolo eno, go ne ga nna ga tlotliwa ka Isaia 43:10-12 kgapetsakgapetsa.
Ka gone dintlha di bontsha gore ka ntlha ya go ithuta Bibela, go ne go ntse go tlhokomedisiwa kgapetsakgapetsa gore ba tshwanetse go nna basupi ba ga Jehofa. Se go neng go buiwa ka sone e ne e se leina la setlhopha mme e ne e le tiro e se neng se tshwanetse go e dira.
Mme basupi bao ba ne ba tshwanetse go itsiwe ka leina lefe? Ke eng se se neng se tla bo se tshwanetse ka ntlha ya tiro e ba neng ba e dira? Lefoko le e leng la Modimo le ne le ba dira gore ba dire tshwetso efe? Kgang eno go ne ga buiwa ka yone kwa kopanong e kgolo kwa Columbus, kwa Ohio, kwa U.S.A., ka July 24-30, 1931.
Leina Le Lesha
Ba ba neng ba tlile kopanong ba ne ba bona ditlhaka tse dikgolo J W di bonala go feta tse dingwe mo tsebeng e e kafa ntle ya thulaganyo ya kopano ya bone e kgolo. Di ne di kaya eng? Seo di neng di se kaya se ne sa se ka sa tlhalosiwa go fitlha ka Sontaga, ka July 26. Ka letsatsi leo Mokaulengwe Rutherford o ne a neela puo ya phatlalatsa e e reng “Bogosi, Tsholofelo ya Lefatshe.” Mo polelong eo, fa a ne a tlhaola ba e leng baboledi ba Bogosi jwa Modimo, o ne a umaka leina Jehovah’s Witnesses (Basupi ba ga Jehofa) ka tsela e e kgethegileng.
Moragonyana mo letsatsing leo Mokaulengwe Rutherford o ne a gatisetsa seno ka puo e nngwe, eo mo go yone a neng a bua ka mabaka a go bo leina le le tlhomologileng le ne le tlhokwa.c Dikwalo ka botsone di ne di umaka leina lefe? Sebui se ne sa nopola Ditihō 15:14, eo e bolelang kaga boikaelelo jwa Modimo jwa go itseela “batho ba leina la gagwe” mo merafeng. Mo polelong ya gagwe o ne a otlelela ntlha ya gore jaaka go tlhalositswe mo go Tshenolō 3:14, Jesu Keresete ke “moshupi eo o boikañō le eo o boamarure.” O ne a umaka Yohane 18:37, eo mo go yone Jesu a neng a bolela jaana: “Ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupe ka ga boamarure.” O ne a umaka gape le 1 Petere 2:9, 10, e e bolelang gore batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go ‘bolela dilo tse di molemo tsa yo o ba biditseng mo lefifing a ba biletsa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.’ O ne a tshwara kgang ka ditemana di le mmalwa mo go Isaia, tseo di neng di sa tlhaloganngwa tsotlhe ka phepafalo ka nako eo, mme go tswa foo o ne a konela mafoko a gagwe ka Isaia 43:8-12, eo e nang le thomo ya bomodimo e e reng: “Ke gōna lo leñ bashupi ba me, go bua Yehofa, me ke Nna Modimo.” Ka gone Lefoko le e leng la ga Jehofa tota le ne le ba dira gore ba dire tshwetso efe? Ke leina lefe le le neng le tla dumalana le tsela e Modimo tota o neng o ba dirisa ka yone?
Karabo e e neng e sa belaetse e ne e le mo maitlamong a a neng a amogelwa ka matlhagatlhaga ka nako eo.d Karolo ya maitlamo ao e ne e re:
“E le gore se tota e leng boemo jwa rona bo ke bo itsiwe, mme re dumela gore seno se tumalanong le thato ya Modimo, jaaka go tlhalositswe mo Lefokong la gagwe, A RE DIRENG TSHWETSO E E LATELANG:
“GORE re rata Mokaulengwe Charles T. Russell fela thata, ka ntlha ya tiro ya gagwe, le gore re dumela ka boitumelo gore Morena o ile a mo dirisa a bo a segofatsa tiro ya gagwe, lefa go le jalo re tla bo re sa tsamaisane le Lefoko la Modimo fa re dumela gore re bidiwe ‘Ba-Russell’; gore Watch Tower Bible and Tract Society le International Bible Students Association le Peoples Pulpit Association ke maina fela a makgotla ao jaaka setlhopha sa batho ba Bakeresete re nang nao, re a laolang ebile re a dirisa go tsweledisa tiro ya rona re utlwa ditaolo tsa Modimo, lefa go ntse jalo ga go lepe la maina ano leo le nyalanang ka tshwanelo kana le re bitsang jaaka setlhopha sa Bakeresete bao ba latelang dikgato tsa Morena wa rona le Mong, Keresete Jesu; gore re baithuti ba Bibela, mme, jaaka setlhopha sa Bakeresete seo se bopang mokgatlho, re tlogela go tsaya kana go bidiwa ka leina ‘Baithuti ba Bibela’ kana maina a a tshwanang le lone e le tsela ya go tlhalosa seemo sa rona se se tshwanetseng fa pele ga Morena; re gana go itsiwe kana go bidiwa ka leina la motho ope fela;
“GORE, ereka re rekilwe ka madi a a botlhokwa a ga Jesu Keresete, Morena le Morekolodi wa rona, re siamisitswe ebile re tsetswe ke Jehofa Modimo ebile re bileditswe bogosing jwa gagwe, kwantle ga go etsaetsega re bolela fa re ikanyega ka botlalo ebile re ineetse mo go Jehofa Modimo le bogosi jwa gagwe; gore re batlhanka ba ga Jehofa Modimo ba ba romilweng go dira tiro ka leina la gagwe, mme, ka go utlwa taolo ya gagwe, go ntsha bosupi kaga Jesu Keresete, le go itsise batho gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri le Modimo Mothatayotlhe; ka gone ka boipelo re dumela le go bidiwa ka leina le le boletsweng ka molomo wa Morena Mo-dimo, mme re eletsa go itsiwe le go bidiwa ka leina, basupi ba ga Jehofa.—Isa. 43:10-12.”e
Morago ga fa go sena go bolelwa ka maitlamo ano ka botlalo, go ne ga opelwa magofi kwa godimo go sa kgaodiwe mme seo se ne se supa gore bareetsi ba ne ba dumalana ka botlalo le se se neng se tlhalosiwa.
Go Amogela Boikarabelo
Abo e le tlotlo jang ne go bidiwa ka leina la Modimo o o osi wa boammaaruri, Molaodi wa lobopo! Mme leina leno le rwesa boikarabelo. Ke boikarabelo jo ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi di sa bo batleng. Jaaka Mokaulengwe Rutherford a ne a bolela jaana mo puong ya gagwe: “Go itumela bao ba ka bidiwang ka leina le go senang motho ope fa tlase ga letsatsi yo o le batlang kwantle ga bao ba ineetseng mo go Jehofa ka bojotlhe ba sa sadise sepe.” Lefa go le jalo, abo go tshwanela jang go bo batlhanka ba ga Jehofa ba bidiwa ka leina la Modimo ka boene, go bo ba le itsise, le go bo le nyalanngwa ka mo go tlhomologileng le go bolelwa ga boikaelelo jwa gagwe!
Setlhopha sepe fela se se buang kaga leina la ga Jehofa se itlama gore se tla itsise lefoko la gagwe ka boammaaruri. (Yer. 23:26-28) Ba tshwanetse ba itsise eseng fela ka dilo tse Jehofa a di baakanyetsang tsa go segofatsa ba ba ratang tshiamo mme gape le dikatlholo tsa gagwe mo bathong ba ba dirang tshiamololo. Jaaka Jehofa a ne a laola baperofeti ba gagwe mo metlheng e e fetileng, jalo le gompieno basupi ba gagwe ga ba a tshwanela go ntsha sepe mo lefokong la Modimo ka go retelelwa go le itsise. (Yer. 1:17; 26:2; Esek. 3:1-11) Ba tshwanetse go bolela “ñwaga o o lebosègañ oa ga Yehofa, le letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona.” (Isa. 61:1, 2) Bao ba amogelang maitlhomo a a fa godimo ba lemoga boikarabelo joo, mme mo karolong ya bofelo ya maitlamo ao, ba ne ba bolela jaana:
“Jaaka basupi ba ga Jehofa boikaelelo jwa rona bo le josi le jo e leng jone fela ke go utlwa ditaolo tsa gagwe tsotlhe; go itsise gore ke Modimo Mothatayotlhe yo e leng ene fela wa boammaaruri; gore Lefoko la gagwe le boammaaruri le gore leina la gagwe le tshwanetswe go tlotliwa le go galalediwa; gore Keresete ke Kgosi ya Modimo, eo a e tlhomileng mo setulong sa gagwe sa bogosi sa bolaodi; gore bogosi jwa gagwe jaanong bo tsile, mme go supa gore re utlwa ditaolo tsa Morena jaanong re tshwanetse go bolela dikgang tseno tse di molemo jaaka boipolelo kana bosupi mo merafeng le go itsise babusi le batho kaga mokgatlho o o setlhogo le o o gatelelang wa ga Satane, mme segolobogolo kaga ‘Labokeresete,’ eo e leng karolo e e bosula go di feta tsotlhe ya mokgatlho oo o o bonalang, le kaga boikaelelo jwa Modimo jwa go senya mokgatlho wa ga Satane mo lobakeng lo lokhutshwane seo e leng tiro e kgolo eo ka bofefo e tla latelwang ke gore Keresete Kgosi a tlisetse batho ba ba utlwang ba lefatshe kagiso le kgatelopele, kgololesego le boitekanelo jo bo siameng jwa mmele, boitumelo le botshelo jo bo sa khutleng; gore bogosi jwa Modimo ke tsholofelo ya lefatshe, le gore ga go na epe e nngwe, le gore molaetsa ono o tshwanetse go itsisiwe ke bao ba tlhaolwang jaaka basupi ba ga Jehofa.
“Ka boikokobetso re laletsa batho botlhe bao ba ineetseng ka bojotlhe mo go Jehofa le mo bogosing jwa gagwe go kopanela mo go boleleleng ba bangwe dikgang tseno tse di molemo, gore tsela e e siameng e Morena a dirang dilo ka yone e tlotlomadiwe, gore batho ba lefatshe ba itse gore ba ka bona kae boammaaruri le tsholofelo ya go imologa; le, mo godimo ga tsotlhe, gore leina le legolo le le le boitshepo la ga Jehofa Modimo le ke le tlhatswiwe le go tlotlomadiwa.”
E ne e se fela kwa Columbus, kwa Ohio, kwa Amerika, mme le kwa kgakala kwa Australia koo bareetsi ba neng ba thela loshalaba fa ba ne ba utlwa kitsiso ya leina le lesha leo. Kwa Japane, morago ga fa ba sena go leka ka diura tse dintsi, ba ne ba kgona go utlwa karolo e khutshwane ya thulaganyo eo mo lekhubung la shortwave la radio mo gare ga mpa ya bosigo. E ne ya ranolwa gone fela foo. Ka gone setlhopha se sennye se se neng se le koo se ne sa utlwa maitlamo ao le go opiwa ga magofi. Matsue Ishii le ene o ne a na le bone, mme jaaka a ne a kwala moragonyana, ba ne ba ‘tlhaeletsa ka boipelo le bakaulengwe ba bone ba kwa Amerika.’ Morago ga kopano e kgolo kwa Columbus, dikopano le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo mafatsheng otlhe koo ba neng ba dira bodihedi jwa bone gone ba ne ba ipolela fa ba dumalana ka botlalo le maitlamo ao. Go tswa kwa Norway, e le sengwe sa dikai fela tsa seno, go ne ga tla pego eno: “Kwa kopanong ya rona e kgolo ya ngwaga . . . kwa Oslo rotlhe re ne ra ema ka dinao mme ka matlhagatlhaga a magolo ra tlhaeletsa ra re ‘Ee’ fa re ne re amogela leina la rona le lesha ‘basupi ba ga Jehofa’.”
Ga se Letshwao Fela
A lefatshe ka kakaretso le ne le tla lemoga gore bakaulengwe ba rona ba ne ba simolotse go dirisa leina le lesha? Ee, eleruri! Puo e e neng e itsise kaga leina leno la ntlha e ne e gasiwa go gokagantswe mafelo a mantsi ka radio go gaisa jaaka go ne go kile ga dirwa pele ga foo. Mo godimo ga moo, maitlamo a a neng a tlhalosa leina le lesha leno a ne a kwadilwe mo bukaneng The Kingdom, the Hope of the World. Morago ga kopano e kgolo eo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba anamisa dikaelo di le dimilione tsa bukana eo ka dipuo tse dintsi kwa Amerika Bokone le Borwa, Yuropa, Afrika, Asia, le ditlhaketlhake tsa lewatle. Mo godimo ga go neela dikaelo ka ntlo le ntlo, ba ne ba dira boiteko jo bo kgethegileng jwa go neela modiredi mongwe le mongwe yo mogolo wa puso, rakgwebo wa maemo a a kwa godimo, le moruti sekaelo. Ba ba neng ba santse ba tshela ka 1992 ba ne ba gakologelwa sentle seabe sa bone mo letsholong leo la botlhokwa.
Ga se botlhe ba ba neng ba amogela bukana eo ka pelo e tshweu. Eva Abbott o gakologelwa gore jaaka a ne a tswa mo ntlong ya moruti mongwe kwa United States, bukana eo e ne ya tla e fofa ya mo feta ya bo e wela fa fatshe. O ne a sa batle go e tlogela foo, ka jalo o ne a e sela; mme ntša nngwe e kgolo e ne ya korotla, ya e phamola mo seatleng sa gagwe, ya bo e e isa kwa go mong wa yone, yo e leng moreri. O ne a bolela jaana: “Se ke neng ke sa kgone go se isa, ntša e ne ya se isa!”
Martin Poetzinger, yo moragonyana a neng a direla jaaka leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o gakologelwa jaana: “Batho ba ne ba bontsha difatlhego tse di akabetseng fa e re re fitlha fa dikgorong tsa bone re bo re ipolela ka mafoko a a reng: ‘Ke tlile mo go wena gompieno jaaka mongwe wa basupi ba ga Jehofa.’ Batho ba ne ba tshikinya ditlhogo tsa bone kana ba botsa jaana: ‘Gone mme a lo santse lo le baithuti ba Bibela? Kana a lo tsene mo lekokong le lesha?’” Seemo seo se ne sa fetoga ka bonya ka bonya. Dingwaga di le masome a le mmalwa ba sena go simolola go dirisa leina la bone le le tlhomologileng, Mokaulengwe Poetzinger o ne a kwala jaana: “Abo eno e ne e le phetogo e kgolo jang ne! Pele nka bua sepe fela batho ba setse ba akgela jaana: ‘O tshwanetse wa bo o le mongwe wa basupi ba ga Jehofa.’” Ee, jaanong ba itse leina leno.
Leina leo ga se letshwao fela. Ekane ba le bannye kana bagolo, e le banna kana basadi, Basupi ba ga Jehofa botlhe ba nna le seabe mo tirong eno ya go neela bosupi kaga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe jo bogolo. Ka ntlha ya seo, C. S. Braden, porofesara wa hisitori ya bodumedi, o ile a kwala jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba tladitse lefatshe ka bosupi jwa bone.”—These Also Believe.
Le mororo bosupi jo bakaulengwe ba rona ba ileng ba bo neela pele ba ipitsa ka leina Basupi ba ga Jehofa bo ne bo itsiwe mo lefatsheng lotlhe, fa re leba kwa morago go lebega ekete Jehofa o ne a ba baakanyetsa tiro e kgolo thata—go phuthiwa ga boidiidi jo bogolo joo bo neng bo tla bolokiwa bo tshela go kgabaganya Hara–Magedona bo na le tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a New World Translation of the Holy Scriptures; A Literal Translation of the New Testament . . . From the Text of the Vatican Manuscript, ka Herman Heinfetter; le dithanolo di le thataro tsa Sehebera. Bona le ntlhanyana e e kwa tlase mo go Ditihō 19:23 mo go New World Translation of the Holy Scriptures.
b Ditlhogo dingwe tse dikgolo tsa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) tse di neng tsa phasaladiwa ka nako eo e ne e le “Jehofa le Ditiro tsa Gagwe,” “Tlotlang Leina la Gagwe,” “Batho ba Leina la Gagwe,” “Leina la Gagwe Le Tlotlomaditswe,” “Mosupi Yo O Boammaaruri le Boikanngo,” “Bakang Jehofa!” “Itumele mo go Jehofa,” “Jehofa O Mogolo go Gaisa,” “Go tlotlomadiwa ga Leina la Gagwe,” “Leina la Gagwe,” le “Opelelang Jehofa.”
c Bona setlhogo se se reng “Leina le Lesha,” mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya October 1, 1931.
d Tora ya Tebelo (ka Seesemane), September 15, 1931, dits. 278-9.
e Le mororo bosupi bo bontsha tota gore Jehofa o ne a ba kaela fa ba tlhopha leina leno Basupi ba ga Jehofa, Tora ya Tebelo (February 1, 1944, dits. 42-3; October 1, 1957, ts. 607 [tsa Seesemane]) le buka “New Heavens and a New Earth” (dits. 231-7) moragonyana di ne tsa supa gore leina leno ga se “leina ye lesha” le go buiwang ka lone mo go Isaia 62:2; 65:15; le Tshenolō 2:17, le mororo leina leno le dumalana le botsalano jo bosha jo go buiwang ka jone mo ditemaneng tse pedi tsa Isaia.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 149]
“Barutwa ba ne ba bidiwa Bakeresete ka kaelo ya bomodimo”
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 150]
Se se neng se kaiwa ke leina Mokeresete se ne sa sokamisiwa mo megopolong ya batho
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 151]
E ne e se Baithuti ba Bibela fela
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 157]
“Ke gōna lo leñ bashupi ba me, go bua Yehofa, me ke Nna Modimo”
[Lebokoso mo go tsebe 151]
Leina Basupi ba ga Jehofa ka dipuo tsa mafatshe a Amerika
Searabea شهود يهوه
Se-Armenia Եհովայի Վկաներ
Se-China 耶和華見證人
Seesemane Jehovah’s Witnesses
Sefora Témoins de Jéhovah
Segerika Μάρτυρες του Ιεχωβά
Se-Greenland Jehovap Nalunaajaasui
Setadiana Testimoni di Geova
Sejapane エホバの証人
Sekorea 여호와의 증인
Se-Papiamento Testigonan di Jehova
Se-Poland Świadkowie Jehowy
Sepotokise Testemunhas de Jeová
Sesamoa Molimau a Ieova
Se-Spain Testigos de Jehová
Se-Sranantongo Jehovah Kotoigi
Se-Tagalog Mga Saksi ni Jehova
Se-Vietnam Nhân-chứng Giê-hô-va
[Lebokoso mo go tsebe 152]
Ba Bangwe Ba ne Ba Le Bona
E ne e se “Tora ya Tebelo” fela eo e neng ya supa mo Bibeleng gore Jehofa o ne a tla nna le basupi mo lefatsheng. Ka sekai, H. A. Ironside, mo bukeng ya “Lectures on Daniel the Prophet” (e e neng ya gatisiwa la ntlha ka 1911), o ne a lebisa go bao ditsholofetso tse di molemolemo tsa Isaia kgaolo 43 di neng di tla diragadiwa mo go bone a bo a re: “Bano ba tla nna basupi ba ga Jehofa, ba supa gore Modimo o mongwe fela wa boammaaruri o maatla ebile o a galalela, fa Labokeresete wa motenegi a tla bo a itetlile go tsiediwa fela thata gore a dumele maaka a Moganetsakeresete.”
[Lebokoso mo go tsebe 153]
Leina Basupi ba ga Jehofa mo Botlhaba le Ditlha-ketlhake tsa kwa Pacific
Bengali যিহোবার সাক্ষিরা
Bicol, Cebuano, Hiligaynon,
Samar-Leyte, Tagalog Mga Saksi ni Jehova
Bislama Ol Wetnes blong Jeova
Chinese 耶和華見證人
English Jehovah’s Witnesses
Fijian Vakadinadina i Jiova
Gujarati યહોવાહના સાક્ષીઓ
Hindi यहोवा के साक्षी
Hiri Motu Iehova ena Witness Taudia
Iloko Dagiti Saksi ni Jehova
Indonesian Saksi-Saksi Yehuwa
Japanese エホバの証人
Kannada ಯೆಹೋವನ ಸಾಕ್ಷಿಗಳು
Korean 여호와의 증인
Malayalam യഹോവയുടെ സാക്ഷികൾ
Marathi यहोवाचे साक्षीदार
Marshallese Dri Kennan ro an Jeova
Myanmar ယေဟောဝါသက်သေမျာ
Nepali यहोवाका साक्षीहरू
New Guinea Pidgin Ol Witnes Bilong Jehova
Niuean Tau Fakamoli a Iehova
Palauan reSioning er a Jehovah
Pangasinan Saray Tasi nen Jehova
Ponapean Sounkadehde kan en Siohwa
Rarotongan Au Kite o Iehova
Russian Свидетели Иеговы
Samoan, Tuvaluan Molimau a Ieova
Sinhalese යෙහෝවාගේ සාක්ෂිකරුවෝ
Solomon Islands Pidgin all’gether Jehovah’s Witness
Tahitian Ite no Iehova
Tamil யெகோவாவின் சாட்சிகள்
Telugu యెహోవాసాక్షులు
Thai พยานพระยะโฮวา
Tongan Fakamo‘oni ‘a Sihova
Trukese Ekkewe Chon Pwarata Jiowa
Urdu ہاوگےکہاووہی
Vietnamese Nhân-chứng Giê-hô-va
Yapese Pi Mich Rok Jehovah
[Lebokoso mo go tsebe 154]
Leina Basupi ba ga Jehofa mo Afrika
Seburu Jehovah se Getuies
Se-Amhara የይሖዋ ምሥክሮች
Searabea شهود يهوه
Sechicheŵa Mboni za Yehova
Sebemba Inte sha kwa Yehova
Se-Efịk Mme Ntiense Jehovah
Seesemane Jehovah’s Witnesses
Se-Ewe Yehowa Ðasefowo
Sefora Témoins de Jéhovah
Se-Ga Yehowa Odasefoi
Se-Gun Kunnudetọ Jehovah tọn lẹ
Sehausa Shaidun Jehovah
Se-Igbo Ndịàmà Jehova
Sekiluba Ba Tumoni twa Yehova
Sekinyarwanda Abahamya ba Yehova
Sekirundi Ivyabona vya Yehova
Sekisi Seiyaa Jɛhowaa
Sekwanyama Eendombwedi daJehova
Selingala Batemwe ya Jéhovah
Seluganda Abajulirwa ba Yakuwa
Se-Malagasy Vavolombelon’i Jehovah
Se-Moore A Zeova Kaset rãmba
Sendonga Oonzapo dhaJehova
Sepotokise Testemunhas de Jeová
Sesango A-Témoin ti Jéhovah
Sepedi Dihlatse tša Jehofa
Sesotho Lipaki tsa Jehova
Seshona Zvapupu zvaJehovha
Serotsi Lipaki za Jehova
Seswahili Mashahidi wa Yehova
Se-Tigrinya ናይ የሆዋ መሰኻኽር
Setshiluba Bantemu ba Yehowa
Setsonga Timbhoni ta Yehovha
Setswana Basupi ba ga Jehofa
Setwi Yehowa Adansefo
Sevenda Ṱhanzi dza Yehova
Sexhosa amaNgqina kaYehova
Seyoruba Ẹlẹ́rìí Jehofa
Se-Zulu oFakazi BakaJehova
[Lebokoso mo go tsebe 154]
Leina Basupi ba ga Jehofa mo Yuropa le Botlhaba Bogare
Sealbania Dëshmitarët e Jehovait
Searabea شهود يهوه
Se-Armenia Եհովայի Վկաներ
Se-Bulgaria Свидетелите на Йехова
Se-Croatia Jehovini svjedoci
Se-Czech svĕdkové Jehovovi
Se-Denmark Jehovas Vidner
Se-Dutch Jehovah’s Getuigen
Seesemane Jehovah’s Witnesses
Se-Estonia Jehoova tunnistajad
Se-Finland Jehovan todistajat
Sefora Témoins de Jéhovah
Sejeremane Jehovas Zeugen
Segerika Μάρτυρες του Ιεχωβά
Sehebera עדי־יהוה
Se-Hungary Jehova Tanúi
Se-Iceland Vottar Jehóva
Sentandiana Testimoni di Geova
Se-Macedonia, Se-Serbia Јеховини сведоци
Se-Malta Xhieda ta’ Jehovah
Se-Norway Jehovas vitner
Se-Poland Świadkowie Jehowy
Sepotokise Testemunhas de Jeová
Se-Romania Martorii lui Iehova
Se-Russia Свидетели Иеговы
Se-Slovak Jehovovi svedkovia
Se-Slovenia Jehovove priče
Se-Spain Testigos de Jehová
Se-Sweden Jehovas vittnen
Se-Turkey Yehova’nın Şahitleri
Se-Ukraine Свідки Єгови
[Setshwantsho mo go tsebe 155]
Ditlhaka tsa J W (tse di neng di sa tlhalosiwa) di ne di feta tse dingwe kwa kopanong e kgolo ya 1931. Di ne tsa tlhalosiwa mo polelong e e kgatlhang e e neng e bua ka leina le lesha
[Ditshwantsho mo go tsebe 156]
Ba ne ba ipelela go itsise ba bangwe gore e ne e le Basupi ba ga Jehofa