Kgaolo 9
Lefoko la ga Jehofa le Ntse le Tswelela le Anama ka Bofefo (1976-1992)
“Sa bofelo, bakaulengwe, lo re rapelele, gore lefoko la ga Jehofa le tswelele le anama ka lobelo [kana, ‘gore le taboge’], ebile le galalediwe, fela jaaka le ntse mo go lona.”—2 Bathes. 3:1, “Kingdom Interlinear.”
KA MAFOKO ao moaposetoloi Paulo o ne a kopa badumedi ka ene ba ba neng ba le kwa Thesalonika gore ba rapelele ene mmogo le bao a neng a dira mmogo nabo gore ekete ba ka atlega mo go boleleng lefoko la ga Jehofa kwantle ga go kgorelediwa ke sepe. Jehofa o ne a araba thapelo eo. Mme lefa go ntse jalo seno ga se kaye gore moaposetoloi o ne a se ka a lebana le mathata. O ne a lebana le go ganediwa ka tsela e e botlhoko ke lefatshe ebile o ile a tshwanelwa ke gore gape a lebane le bakaulengwe bao e seng bone bao ba neng ba dira dilo ka tsietso. (2 Bakor. 11:23-27; Bagal. 2:4, 5) Mme lefa go ntse jalo, le mororo go ne go ntse jaana, morago ga dingwaga tseo di ka nnang lesome, Paulo o ne a ka kwala gore mafoko a a molemo a ne a ‘ungwa a bile a totafala mo lefatsheng lotlhe’ gonne Modimo o ne o mo segofatsa.—Bakol. 1:6.
Mafoko a a molemo a ungwa ka tsela e e tshwanang mo motlheng ono wa rona—mme e le ka selekanyo seo a iseng a ke a tsamae a ungwe ka sone pele. Go fitlheletswe batho ba le bantsi ka mafoko a a molemo ebile ba a amogela go feta jaaka ba kile ba dira mo nakong epe fela e e fetileng. Go diragadiwa ga seo Lefoko la Modimo le se boleletseng pele go diragadiwa ka bofefo, jaaka motabogi a le mo lobelong.—Isa. 60:22.
Go Rulaganngwa Sesha ga Dilo tsa Mokgatlho
Ka ngwaga wa 1976, Mokaulengwe Knorr o ne a setse a feditse dingwaga tse di fetang masome a le mararo a dira ka natla tota jaaka poresidente ya Mokgatlho wa Watch Tower. O ne a setse a etetse kwa dikarolong tse di kgakala tsa lefatshe ka makgetlo a le mantsi, a etela barongwa le go ba kgothatsa, a ruta setlhopha se se tlhokomelang badiri ba mo ofising ya lekala le go se laya. O ne a nna le tshiamelo ya go bona palo ya Basupi ba ba tlhagafetseng e oketsega go tswa go 117 209 ka 1942 go ya go 2 248 390 ka 1976.
Mme lefa go ntse jalo mo setlheng sa selemo sa ngwaga wa 1976, N. H. Knorr yo o neng a na le dingwaga di le 71 o ile a lemoga gore o ne a na le mokgwa wa go thula dilo. Fa a ntse a tlhatlhobiwa morago ga foo go ne ga bonala gore o ne a tswile tlhagala eo e neng e ka se ka ya kgona go ariwa mo bobokong. O ne a fetsa dikgwedi di le mmalwa a kgaratlha gore a tswelele pele go dira tiro e ntsi eo a neng a na nayo, mme lefa go ntse jalo botsogo jwa gagwe jwa mmele bo ne bo sa solofetse ka gope. A botsogo jwa gagwe jo bo bokoa bo ne bo tla kgoreletsa tiro gore e se ka ya tswelela pele?
Ka ngwaga wa 1971 Setlhopha Se Se Laolang se ne se setse se simolotse go oketsega. Go ne go na le maloko a le 17 a sone ka 1975. Go ralala mo e batlang e nna ngwaga oo otlhe, Setlhopa Se Se Laolang se ne sa akanya ka masisi le ka thapelo kafa se neng se ka kgona go tlhokomela ka tsela e e molemo go gaisa dilo tsotlhe tseo di akarediwang mo tirong ya mo motlheng wa rona ya go rera le go ruta eo e dirwang mo lefatsheng lotlhe e e tlhalosiwang mo Lefokong la Modimo. (Math. 28:19, 20) Ka December 4, 1975, Setlhopha Se Se Laolang se ne sa dumalana sotlhe gore se leke go tlhoma nngwe ya ditsela tseo di leng botlhokwa go di gaisa tsotlhe ya go rulaganya dilo tsa mokgatlho sesha mo hisitoring ya segompieno ya Basupi ba ga Jehofa.
Go simolola ka January 1, 1976, ditiro tsotlhe tseo di dirwang ke Mokgatlho wa Watch Tower le tseo di dirwang mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe di ne di okametswe ke dikomiti di le thataro tsa bokaedi, tsa Setlhopha Se Se Laolang. Go dumalana le thulaganyo eo, ka February 1, 1976, go ne go setse go dirilwe diphetogo mo diofising tsotlhe tsa makala tsa Mokgatlho go dikologa lefatshe. Lekala lengwe le lengwe le ne le sa tlhole le tlhokomelwa ke molebedi a le mongwe fela wa lekala, mme lefa go ntse jalo banna ba le bararo kana ba ba oketsegileng bao ba nang le maitemogelo ba ne ba direla jaaka Komiti ya Lekala, eo a le mongwe mo go bone a neng a direla jaaka mookamedi wa lone wa leruri.a Morago ga fa dikomiti tseno di ne di sena go fetsa dikgwedi di le mmalwa di ntse di dira, Setlhopha Se Se Laolang se ne sa bolela jaana: “Go itshupile go le mosola tota go nna le banna ba le mmalwa bao ba gakololanang gore ba sekaseke dilo tseo di direlwang Bogosi.—Dia. 11:14; 15:22; 24:6.”
Mo nakong ya letlhabula la ngwaga wa 1976, go sa kgathalesege ntlha ya gore botsogo jwa gagwe jwa mmele bo ne bo ntse bo sa solofetse ka gope, Mokaulengwe Knorr o ne a nna le seabe mo tirong ya go tlhatlhelela eo e neng ya dirwa mo dikokoanong tseo di neng di tshwaretswe kwa ntlokgolo le maloko a Dikomiti tsa Makala le ditlhopha tse dingwe tseo di tswang mo lefatsheng lotlhe tseo di tlhokomelang badiri ba mo makaleng. Morago ga go nna le seabe mo dikokoanong mo letsatsing leo, Mokaulengwe Knorr o ne a laletsa bakaulengwe bano ka ditlhopha tse dinnye maitsiboa mangwe le mangwe gore ba tle kwa phaposing ya gagwe. Ka tsela eno, ene mmogo le mosadi wa gagwe ebong Audrey, ba ne ba ipelela botsalano jo bo atamalaneng fela thata le banna bano bao ba neng ba mo itse ebile ba mo rata ebile e le banna bao a kileng a dirisana gaufi thata nabo ka dingwaga di le dintsi. Morago ga dikokoano tseno, botsogo jwa ga Mokaulengwe Knorr bo ne jwa nna maswe go ya pele go fitlha a tlhokafala ka June 8, 1977.
Ka June 22, 1977, dibeke di le pedi morago ga fa Mokaulengwe Knorr a sena go tlhokafala, Frederick W. Franz yo o neng a na le dingwaga di le 83 o ne a tlhophiwa go nna poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower. Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya August 1, 1977, e ne ya tlhalosa jaana ka Mokaulengwe Franz, “Go itsege ga gagwe ka tsela e e tlhomologileng jaaka mokanoki yo o tlhomologileng wa Bibela le go dira ga gagwe dilo tse di amanang le Bogosi a sa lape go ne ga dira gore Basupi ba ga Jehofa gongwe le gongwe ba mo ikanye le go mo tshegetsa ba ikanyega.”
Ka nako ya fa go ne go dirwa phetogo eno, dithulaganyo tse disha tsa mokgatlho di ne di setse di ntse di dira eleng seo se neng sa tlhomamisa gore tiro e nne e gatele pele.
Go Tlamela ka Dilo Tse Di Tlhokegang tsa Semoya go Dirisiwa Dibuka tsa Bibela
Pele ga ngwaga wa 1976 Basupi ba ga Jehofa ba ne ba otlilwe ka tsela e e molemo tota semoyeng. Mme lefa go ntse jalo fa go ne go sekasekiwa go bona gore ke eng seo se diragetseng go tloga ka nako eo kafa tlase ga kaelo ya Setlhopha Se Se Laolang le Komiti ya sone ya Bakwadi go ile ga senoga gore go eletse bophadiphadi jo bo seng kana ka sepe jwa metsi a boammaaruri ebile a elela jalo ka mekgwa e mentsi e e farologaneng.
Dikgatiso di le dintsi tseo di tlhagisitsweng di tlametse le eleng bone Basupi ka dilo tse di kgethegileng tseo ba di tlhokang. Go ne ga supiwa ka tsela e e kgethegileng gore basha ba a akanyediwa. Ka 1976, go ne ga gatisiwa buka e e bidiwang Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone (ka Seesemane) le e e bidiwang Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo ka 1989 go thusa basha gore ba dirise melaometheo ya Bibela mo maemong ao ba lebaneng nao mo botshelong. Buka e e nang le ditshwantsho e e bidiwang Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, eo e kwaletsweng bana ba bannye, yone e ne ya gololwa ka ngwaga wa 1978. Mo go one ngwaga oo, go ne ga neelwa kgakololo le kaelo tse di mosola ka buka ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa gore go nonotshiwe malapa.
Ka dinako tse dingwe batho ba ga Jehofa ba ntse ba newa dilo tse di kgethegileng tseo ba di tlhokang go dirisiwa kgakololo e e mo nakong e e mo makasineng wa Tora ya Tebelo. Ka sekai, pego ya lefatshe ka bophara ya ngwaga wa 1977/78 ya tiro eo e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa, e ne ya bontsha gore palo ya bao ba nnang le seabe mo tirong ya go rera e ne e fokotsegile. A lebaka la go wela tlase gono ga yone e ne bobotlana e le ka ntlha ya dilo tse di neng di solofetswe tseo di se kileng tsa diragadiwa tseo di neng di amana le ngwaga wa 1975? Gongwe go ntse jalo. Lefa go ntse jalo go ne go na le mabaka a mangwe ao a neng a tlhotlheletsa seno. Ke eng seo se neng se ka dirwa?
Setlhopha Se Se Laolang se ne sa tsaya dikgato tsa gore se nonotshe tsela eo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba tlhatswegile pelo ka yone gore go ne go tlhokega gore go tswelelwe pele ka tlhoafalo go bolelwa Bogosi ka ntlo le ntlo. Makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa July 15, 1979, o ne o na le ditlhogo tse di reng “Go Tlhoafalela Ntlo ya ga Jehofa,” “Go Rera mo Lefatsheng Le Le Tletseng Boitaolo,” “Ba Ne Ba Rera ka Ntlo le Ntlo,” le se se reng “Seo Ba Bangwe Ba Se Boletseng Malebana Le go Neela Bosupi ka Ntlo le Ntlo.” Ditlhogo tseno mmogo le tse dingwe di ne tsa neela bosupi gape gore tiro ya go rera ka ntlo le ntlo e theilwe ka tsela e e nonofileng mo Dikwalong ebile di ne tsa kgothaletsa gore go nniwe le seabe ka tlhoafalo le ka moya otlhe mo tirong e e botlhokwa eno.b—Dit. 20:20; Bakol. 3:23.
Go ne go na le boemo jo bongwe gape joo le jone bo neng bo tlhoka go elwa tlhoko. Ka 1980, batho ba le mmalwa bao ba ileng ba fetsa dingwaga di le mmalwa ba nna le seabe mo ditirong tseo di dirwang ke Basupi ba ga Jehofa, go akaretsa le bangwe bao ba ileng ba direla ka tsela e e tlhomologileng mo phuthegong, ba ne ba ntse ba leka ka ditsela tse di farologaneng go baka dikgaogano le go ganetsa tiro eo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba e dira. Go nonotsha batho ba ga Jehofa kgatlhanong le tlhotlheletso e e ntseng jalo ya botenegi, makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa tla o na le ditlhogo tse di ntseng jaaka tseo di reng “Nnang ‘Lo Nitame mo Tumeloñ’” (February 1, 1981 [August 1, 1980, ka Seesemane]), ‘Go Lere Makoko A A Senyang ka go Kukunela Mo Teng’ (March 1, 1984 [September 5, 1983, ka Seesemane]) le se se reng “Ganana le Botenegi, Ngaparela Boammaaruri!” (October 1, 1983 [April 1, 1983, ka Seesemane]), fa buka ya “Let Your Kingdom Come” (1981) yone e ne e otlelela boammaaruri jwa gore Bogosi bo atametse, gore bo ne jwa tlhomiwa kwa magodimong ka ngwaga wa 1914. Setlhopha Se Se Laolang ga se a ka sa letla maiteko a baganetsi gore a se kgoreletse mo go diragatseng maikaelelo a magolo ao Basupi ba ga Jehofa ba neng ba na nao—go bolela ka Bogosi jwa Modimo!
Lefa go ntse jalo, go tweng ka selo se se tlhokegang mo Basuping ba ga Jehofa sa gore ba tswelele ba oketsa kitso ya bone ya boammaaruri jwa Bibela? Gore go ithutiwe Bibela ka tlhagafalo, ka 1984 go ne ga gololwa kgatiso e e boeleditsweng ya ditshupiso ya New World Translation, e e nang le ditshupiso tse dintsi tse di kwadilweng fa gare ga mela, dintlhanyana tse di kwa tlase, le dintlha tse dingwe tse di oketsegileng. Morago ga dingwaga di le nne, ka 1988, batho ba ga Jehofa ba ne ba itumelela fela thata go amogela buka e e nang le tshedimosetso ya bosheng e e tlotlang ka temana nngwe le nngwe ya Tshenolo eleng Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, mmogo le saetlopedia ya Bibela e e nang le dibolumo di le pedi e e bidiwang Insight on the Scriptures. Morago ka 1991 go ne ga gololwa buka e e nang le ditshwantsho tse dintle eleng Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, e e rutang ka botlalo kaga botshelo jwa ga Jesu Keresete le dithuto tsa gagwe.
Mme lefa go ntse jalo go tweng ka dilo tseo di tlhokwang ke batho bao e seng Basupi ba ga Jehofa? Ka 1982 go ne ga gololwa kgatiso eo e bidiwang O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise jaaka sedirisiwa se se kaelang batho bao ba sa tswang go kgatlhega bosheng. E rulagantswe ka tsela e e kgonang go thusa batho bao ba ithutang Bibela gore ba fitlhelele dilo tseo Jehofa a di batlang mo go bone gore ba tle ba tshele mo lefatsheng la paradaise. Ka 1985 go ne ga tlamelwa ka buka e e bidiwang Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? gore go thusiwe batho bao ba ka nnang ba tswa ba na le dipotso tseo di amanang le gore botshelo jwa mo lefatsheng bo simologile jang le gore boikaelelo jwa bone ke bofe. Ka 1989, e ne ya latelwa ke buka e e nonotshang tumelo eleng Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Motho?
Gape, go ile ga lebisiwa tlhokomelo go batho ba ba boikokobetso bao ba ka tswang ba ne ba tlhoka thuso e e kgethegileng ka ntlha ya maemo a ngwao kana a bodumedi ao ba goletseng mo go one. Ka 1982 go ne ga gololwa boroutšhara e e nang le ditsebe tse 32 e e bidiwang Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! gore batho bao ba sa itseng go bala kana bao ba sa itseng go bala sentle ba tle ba rutwe boammaaruri ka Bogosi jwa ga Jehofa. Ka 1992, ke fa go setse go gatisitswe dikopi tsa yone tse di fetang 76 000 000, ebile e ne ya abiwa ka dipuo di le 200 go dikologa lefatshe, seo se e dirang gore e nne kgatiso e e ranotsweng ka bontsi go gaisa kgatiso epe fela ya Mokgatlho wa Watch Tower.
Ka 1983, go ne ga tlhagisiwa dibukana di le tharo ka boikaelelo jo bo kgethegileng jwa go thusa Bamoseleme, Babuda, le Bahindu. Go fitlhelela batho ba ditumelo tseno mmogo le ba ditumelo tse dingwe, go thusa thata fa motho a tlhaloganya sengwe ka bodumedi jwa bone—dithuto tsa jone le hisitori ya jone. Go thusa ka sengwe se se tlhokegang thata, ka 1990 go ne ga gololwa buka e e bidiwang Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo.
Setlhopha Se Se Laolang se ne se eletsa fela thata gore se fitlhelele batho ba le bantsi ka moo go neng go ka kgonega ka teng ka molaetsa wa Bogosi—batho “ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le . . . dipuō.” (Tshen. 7:9) Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore go ranolelwe dibuka mo dipuong di le dintsi tse di oketsegileng e le gore seo se kgonwe go dirwa. Ka sekai, go simolola ka 1976 go fitlha ka 1992, palo ya dipuo tseo makasine wa Tora ya Tebelo o neng o tlhagisiwa ka tsone e ne ya oketsega ka mo e ka nnang 42 lekgolong. Ka October 1992, palo ya tsone e ne e le 111. Go dira gore tiro ya boranodi e tsamae ka bofefo, mo go one ngwaga oo baranodi ba ba fetang 800 go dikologa lefatshe ba ne ba nna le seabe mo go direng tiro eno.
Dithulaganyo tsa go Ruta Di Ne tsa Tokafadiwa le go Dirwa Gore E Nne Tse Di Farologanang
Kafa tlase ga kaelo ya Setlhopha Se Se Laolang le Komiti E E Rutang ya sone, dithulaganyo tsa go tlhatlhelela maloko a kwa ntlokgolo le malapa a Bethele mo makaleng ao a leng teng go dikologa lefatshe di ne tsa tokafadiwa le go dirwa gore e nne tse di farologanang fela thata. Mo godimo ga go bala Bibela le Yearbook jaaka karolo ya kobamelo ya bone ya mo mosong, go ne ga simololwa go tlhatlhobiwa ka botlalo karolo ya Bibela e e badilweng mo bekeng e e fetileng, mme tshedimosetso eo go supiwa kafa bao ba direlang mo Bethele ba ka e dirisang ka teng. Seno se ne se akaretsa go dira patlisiso e e tseneletseng ya karolo ya Bibela eo e neng ya balwa mo bekeng e e sa tswang go feta le kafa bao ba direlang mo Bethele ba ka dirisang dintlha tseno ka gone. Gape go ne ga akarediwa dipego tsa ka metlha tseo di neng di tswa mo mafapheng a a farologaneng a mo Bethele mmogo le dipego tse dingwe tse di oketsegileng tseo di neng di neelwa kgapetsakgapetsa tseo di neng di tswa kwa balebeding ba kgaolo.
Go ne ga dirwa dithulaganyo tse di oketsegileng tsa go ruta ebile di ne tsa dirisiwa gore bao ba nang le maikarabelo a a oketsegileng mo teng ga phuthego ba tle ba tlamelwe ka dilo tseo ba di tlhokang. Ka 1977, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore bagolwane botlhe ba ye kwa khosong ya Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi eo e tsayang diura di le 15. (Dit. 20:28) Fa e sale go simolola ka yone nako eo, go dirilwe dithulaganyo tsa gore mo dingwageng dingwe le dingwe di le mmalwa go tshwarwe dithulaganyo tse di sa lekaneng ka boleele tseo di tshwanang le tseno; ebile go simolola ka 1984, batlhanka ba bodihedi le bone ba ne ba simolola go thapisiwa mo Sekolong seno sa Bodihedi sa Bogosi. Kwa Brooklyn, go simolola ka December 1977, maloko a Dikomiti tsa Makala a ne a simolola go tshwarelwa sekolo se se kgethegileng seo se neng se tsaya dibeke di le tlhano.
Gape, bao ba neng ba dira ka natla mo bodiheding jwa nako e e tletseng jaaka babulatsela ba ne ba bontshiwa gore go amegiwa ka bone ka tsela e e lorato. Ka December 1977 Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela, khoso e e tsayang dibeke di le pedi ya go thapisa badihedi ba babulatsela, se ne sa simololwa go tshwarwa kwa United States mme kgabagare se ne sa atolosediwa kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Mo dingwageng di le 14 tse di latelang, palo ya babulatsela e ne ya oketsega go feta makgetlo a matlhano—go tloga go 115 389 go ya go 605 610!
Go ne ga simololwa sekolo se sengwe se sesha mo letlhabuleng la ngwaga wa 1987—Sekolo sa Thapiso sa Badihedi. Sekolo seno se ne sa tlhomelwa go thapisa bakaulengwe ba ba tshwanelang bao ba sa nyalang bao ba neng ba na le maitemogelo jaaka bagolwane kana batlhanka ba bodihedi le bao ba neng ba ikemiseditse go ya go direla gope fela koo go neng go tlhokega badiri gone mo tshimong ya lefatshe ka bophara. Ka 1992, ditlelase tsa sone di ne di setse di ile tsa tshwarwa kwa Australia, Austria, Boritane, El Salvador, Fora, Itale, Jeremane, Mexico, Nigeria, Spain, Sweden, le kwa United States. Mme seno ga se a ka sa felela ka gore go nne le setlhopha sa batho ba ba lejwang ba le kwa godimo ga ba bangwe mo phuthegong, mme go na le moo se ne sa oketsa palo ya banna ba ba tshwanelang sentle go direla bakaulengwe ba bone.
Gore tiro ya lefatshe lotlhe ya go ruta Bibela e tswelele pele, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore go tshwarwe dikopano tsa meraferafe mo ditoropong tseo di leng mo mafelong a a siametseng ba le bantsi—dingwe tsa tsone mo dinageng tseo kwa go tsone Basupi ba ga Jehofa ba neng ba ntse ba thibetswe. Boikaelelo jwa dikopano tseno e ne e le go nonotsha bakaulengwe bao ba neng ba le kwa mafelong ao le go ba tlhotlheletsa ka tsela e e nonofileng fela thata gore ba rere mafoko a a molemo mo dinageng tseo.c
Mafelo Ao A Dirisediwang go Tlhokomela Kgolo Eo E Nnang Gone
Jaaka fa lefoko la ga Jehofa le ne le ntse le tswelela pele go anama ka bofefo, go ne ga tlhokega gore go dirwe diphetogo dingwe tse di kgatlhang mo tirong ya go aga le ya go gatisa—ditiro tse di tlhokometsweng ke Setlhopha Se Se Laolang le Komiti ya sone ya Kgatiso.
Basupi ba itseng tiro ya go aga ba ne ba ithaopela go dira ditiro dingwe, mme ba ne ba dira botlhe fela ka natla gore ba thuse mo go ageng dikago tse disha le tse dikgolwane tsa makala go dikologa lefatshe. Go simolola ka 1976 go fitlha ka 1992, go ne ga agiwa dikago tse disha tsa makala mo dinageng di le 60. Mo godimo ga moo, go ne ga dirwa tiro ya go atolosa dikago tsa makala tseo di leng teng mo dinageng di le 30. Tsela eo tiro eno e neng e dirwa ka yone (ka baithaopi bao ba tswang kwa diphuthegong di le dintsi—ka dinako tse dingwe bao ba tswang kwa dinageng tse dingwe) e ne ya nonotsha lorato le kutlwano mo bathong ba ga Jehofa.d
E le gore go tle go fitlhelelwe dilo tse di tlhokegang tseo di ntseng di oketsega tsa Mokgatlho tsa go gatisa ka dipuo di le dintsi, Basupi bao ba nang le maitemogelo mo go tsa khomputara ba ne ba tlhama thulaganyo ya khomputara e e bidiwang MEPS (Multilanguage Electronic Phototypesetting System) ya go rulaganya dikgatiso kgato ka kgato pele ga fa di gatisiwa. Tiro eno e ne ya wediwa ka ngwaga wa 1986. Ka ntlha ya gone moo, ka 1992, makasine wa Tora ya Tebelo o ne o gatisiwa ka dipuo di le 66 ka nako e le nngwe fela. Ka gone bontsi jo bo seng kana ka sepe jwa Basupi ba ga Jehofa bo ne bo kgona go amogela dijo tse di tshwanang tsa semoya ka nako e le nngwe fela.e
Jaaka fa dikago tsa Mokgatlho wa Watch Tower di ne di ntse di tswelela pele go atolosiwa, go ne go tlhokega baithaopi ba ba oketsegileng kwa diofising tsa ntlokgolo kwa Brooklyn mmogo le mo diofising tsa makala tseo di leng teng go dikologa lefatshe. Go simolola ka 1976 go fitlha ka 1992, bogolo jwa lelapa la Bethele la merafe yotlhe bo ne jwa menagana gararo, go tswa go maloko a a ka nnang 4 000 go ya go a a fetang 12 900 ao a direlang go ralala lefatshe lotlhe. Setlhopha Se Se Laolang mmogo le Komiti ya sone ya Badiri se tlhokometse dilo tsa senama le tsa semoya tseo lesomo le legolo leno la baithopi le di tlhokang.
Go Tlhokomela Diphuthego le Tiro ya Boefangele
Jaaka fa lefoko la ga Jehofa le ne le ntse le tswelela pele go anama ka lobelo, Setlhopha Se Se Laolang mmogo le Komiti ya sone ya Tirelo di ne tsa dira ka natla tota gore di agelele diphuthego lefatshe ka bophara le go atolosa tiro ya boefangele e e dirwang lefatshe ka bophara.
A go ne go na le go go oketsegileng goo go neng go ka dirwa gore go thusiwe batho ba le bantsi ba basha bao ba neng ba kolobediwa ngwaga nngwe le nngwe? Mo tshimologong ya ngwaga wa 1977, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore Basupi ba basha ba nonotshiwe semoyeng. Tirelo ya Rona ya Bogosi e ne ya tlhalosa jaana: “Re dumela gore go tshwanetswe gore go ithutiwe bobotlana dibuka di le pedi le batho botlhe bao ba tsenang mo boammaaruring. . . . Ka gone thuto e tshwanetse gore e tswelele pele morago ga kolobetso go fitlha buka ya bobedi e fediwa.” Ka tsela eno Basupi ba ba sa tswang go kolobediwa bosheng ba ne ba fiwa tšhono e e tletseng ya gore ba bapale kitso le tlhaloganyo le gore ba lemoge ka mo go oketsegileng gore go kolobediwa ga bone go kaya eng. Gape, thulaganyo e ntšha eno e ne ya tlhotlheletsa batho ba basha bano mmogo le Basupi bao ba neng ba ba thusa mo thutong ya bone ya legae ya Bibela gore ba atamalane ka mo go oketsegileng.
Go ne ga tlhomiwa diphuthego tse disha tse di fetang 29 000 fa gare ga ngwaga wa 1976 le wa 1992 gore go tle go tlhokomelwe batho bao ba oologelang mo teng ga phuthego ya ga Jehofa. (Mika 4:1) Setlhopha Se Se Laolang se ne sa tlhoma balebedi ba potologo le ba kgaolo ba ba oketsegileng se bo se ba roma gore ba ye go thusa. Palo ya balebedi ba ba etang bano e ne ya tlhatlogela godimo go tswa go mo e ka nnang 2 600 ka 1976 go ya go 3 900 ka 1992.
Jaaka fa palo ya diphuthego e ne e ntse e oketsega, diholo tse di oketsegileng tseo go neng go ka kopanelwa mo go tsone di ne le tsone di tlhokega ka mo go oketsegileng. A go ne go na le tsela nngwe e e bofefo go feta eo go neng go ka agiwa Diholo tsa Bogosi ka yone? Mo dingwageng tsa bo1970, Basupi ba ga Jehofa kwa United States ba ne ba rulaganya mokgwa wa go aga oo ka one badiri ba ba ditswerere mo tirong ya go aga bao ba tswang mo dikarolong tse di fa gaufi tsa naga ba neng ba kopiwa go tla go thusa Basupi ba mo lefelong lengwe go aga Holo ya Bogosi. Go thusa ga batho ba le makgolokgolo, go ne ga dira gore holo e kgone go fediwa ka bonako—gantsi mo malatsing a le mabedi kana a le mararo fela. Mo dingwageng tsa bo1980, tiro ya go aga Diholo tsa Bogosi ka bofefo e ne e tswelela pele mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.
Diphetogo tsa sepolotiki kwa Yuropa Botlhaba le tsone di ne tsa ama Basupi ba ga Jehofa. Abo bakaulengwe ba rona ba ne ba itumetse thata jang ne kwa dinageng tse di ntseng jaaka Jeremane Botlhaba (jaaka fa e ne e itsiwe jalo ka nako eo), Hungary, Poland, Romania, le eo e neng e bidiwa Soviet Union ka nako eo go itse gore ba ne ba dumeletswe go ya ka molao, bangwe ba bone morago ga dingwaga di le 40 ba thibetswe! Kgololesego e e oketsegileng kwa dinageng tseo e ne jaanong ya dira gore go nne motlhofo gore ba fitlhelele batho ba le 380 000 000 ka mafoko a a molemo! Basupi ba ga Jehofa ga ba a ka ba senya nako go dirisa kgololesego ya bone e ntšha eo ba neng ba e bone ya go nna le seabe mo tirong ya go rera phatlalatsa.
Seno se ne sa felela jang? Lefoko la ga Jehofa le ne la anama ka bofefo! Ka sekai, ka April 1992 palo ya baboledi ba Bogosi kwa Poland ba ba neng ba bega e ne e le 106 915. Ebile ba ne ba lebeletse gore ba tla oketsega fela thata mo isagweng: Mo go yone kgwedi eo, bao ba neng ba le teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ba ne ba le 214 218. Ka tsela e e tshwanang, kwa lefelong leo ka nako eo le neng le bidiwa Soviet Union, go ne go na le batho ba le 173 473 kwa Segopotsong ka ngwaga wa 1992, koketsego ya 60 lekgolong go feta ya ngwaga o o kwa pele ga ono.
Lefa go ntse jalo, kwa dinageng dingwe pogiso e e tswelelang pele mmogo le dikotsi tsa tlholego di ile tsa kgoreletsa thata. Ka sekai, ka 1992 ditiro tseo di dirwang ke Basupi ba ga Jehofa di ne di santse di thibetswe ke dipuso tsa dinaga tseo di ka nnang 24. Komiti ya Modulasetulo ya Setlhopha Se Se Laolang e dira seo e ka se kgonang go thusa le go itsise bakaulengwe ba merafe yotlhe ditsela tseo ka tsone ba ka kgonang go thusa Basupi ka bone bao ba direlang kafa tlase ga pogiso. (Bapisa 1 Bakorintha 12:12-26.) Matsholo a babogisi kana dikudumedi tsa tlholego ga di a kgona go emisa go rerwa ga lefoko la ga Jehofa!
“Batho Ba Ba Tla Nnañ Boshwa yoa Gagwè”
Ka gone, mo dingwageng tsa go simolola ka 1976 go fitlha ka 1992, ruri lefoko la ga Jehofa le ne la gatela pele ka bofefo. Phuthego e ne ya batla e menagana gabedi, e ne ya nna le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 4 470 000!
Batho ba ga Jehofa ba tsweletse pele go bolela Bogosi jwa Modimo ka tlhoafalo, ka dipuo tse dintsi go feta pele jaanong. Ba okeditse kitso ya bone ya Bibela le go thusa batho ba ba kgatlhegang gore ba ithute boammaaruri jwa Bibela ba dirisa dikgatiso tseo ba di filweng. Ba solegetswe molemo fela thata ke dithulaganyo tseo di tlhometsweng bao ba nang le maikarabelo a a oketsegileng mo teng ga phuthego. Ga go na pelaelo epe gore Jehofa o segofaditse tiro ya bone ya go bolela ka Bogosi.
Go na le banna bangwe bao go simolola ka dingwaga tsa bo1870 go tla go fitlha mo nakong eno ba ileng ba nna le seabe ka tsela e e tlhomologileng mo go tsweledisetseng tiro ya Bogosi pele, banna ba ba tshwanang le Charles T. Russell, Joseph F. Rutherford, Nathan H. Knorr, le Frederick W. Franz, mmogo le ba bangwe bao ba ileng ba direla jaaka maloko a Setlhopha Se Se Laolang. Mme lefa go ntse jalo ga go na tsela epe eo ka yone Basupi ba ga Jehofa ba neng ba fetoga lekoko le le neng le ikaegile ka go itsege ga banna bape. Go na le moo, ba na le moeteledipele a le mongwe fela ebong “Keresete.” (Math. 23:10) Ke ene Tlhogo ya Basupi bano ba ga Jehofa bao ba rulagantsweng, ene yoo o ‘neilweng taolo yotlhe’ gore a kaele tiro eno “ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Math. 28:18-20) Ba ikemiseditse go ineela mo boeteledipeleng jwa ga Keresete, go nna gaufi thata le Lefoko la Modimo, le go dirisana le tsela eo moya o o boitshepo o etelelang pele ka yone, gore ba tle ba tswelele pele go gatela pele mo kobamelong ya Modimo o o osi o o boammaaruri le go itshupa e le “batho ba ba tla nnañ boshwa yoa gagwè, ba ba tlhōahaletseñ ditihō tse di molemō.”—Tito 2:14.
Mme lefa go ntse jalo ke dithuto dife tsa motheo le melao efe ya boitsholo tseo di tlhaolang Basupi ba ga Jehofa mo ditumelong tse dingwe tsotlhe? Go tlile jang gore ba itsiwe jaaka Basupi ba ga Jehofa? Ditiro tsa bone di tshegediwa jang ka madi? Ke ka ntlha yang fa ba ipoloka gotlhelele ba kgaogane le dikereke tse dingwe le lefatshe ka kakaretso? Ke ka ntlha yang fa ba ntse ba bogisiwa setlhogo mo dikarolong tse dintsi thata jaana tsa lefatshe? Dipotso tseno le tse dingwe tse dintsi di tla arabiwa mo dikgaolong tse di latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona Kgaolo 15, e e nang le setlhogo se se reng “Tsela e Thulaganyo ya Phuthego Eno E Ileng ya Bopega ka Yone.”
b Go simolola ka 1980 go fitlha ka 1985, palo ya bao ba neng ba nna le seabe mo tirong ya go rera e ne ya oketsega ka 33 lekgolong, mme go simolola ka 1985 go fitlha ka 1992, e ne ya tswelela pele go oketsega ka 47,9 lekgolong.
c Bona Kgaolo 17 e e nang le setlhogo se se reng, “Dikopano Tse Dikgolo—Bosupi jwa Bokaulengwe jwa Rona.”
d Bona Kgaolo 20 e e nang le setlhogo se se reng, “Go Dira Tiro ya go Aga ka Kutlwano mo Lefatsheng Lotlhe.”
e Bona Kgaolo 26 e e nang le setlhogo se se reng, “Go Gatisa Dibuka tsa Bibela Tseo Di Dirisiwang mo Bodiheding.”
[Mafoko a a mo go tsebe 117]
E ne e se lekoko le le neng le ikaegile ka go itsege ga banna bape
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 110]
Go simolola ka 1976 go fitlha ka 1992, palo ya dipuo tseo makasine wa “Tora ya Tebelo” o tlhagisiwang ka tsone e ne ya oketsega ka 42 lekgolong
[Kerafa]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
111
78
1976 1992
[Lebokoso mo go tsebe 111]
Tsela E F. W. Franz A Godileng ka Yone
Frederick William Franz o ne a tsholelwa kwa Covington, kwa Kentucky, kwa U.S.A., ka September 12, 1893. Ka 1899 lelapa la gaabo le ne la fudugela kwa Cincinnati, koo Frederick a neng a wetsa dithuto tsa gagwe tsa sekolo se segolo teng ka 1911. Morago ga foo o ne a ya kwa Yunibesithing ya Cincinnati go ya go ithuta kitsokakaretso. O ne a sweditse gore o ne a tlile go nna moruti wa Presbyterian, ka gone o ne a tsenya marapo dinameng ka nako ya fa a ne a ithuta Segerika sa Bibela. Kwa yunibesithing, Frederick o ne a tlhophiwa jaaka mongwe wa bao ba neng ba tlile go amogela basari ya Rhodes gore a tle a kgone go amogelwa kwa Unibesithing ya Oxford kwa Engelane. Lefa go ntse jalo, pele go itsisiwe mongwe le mongwe, Frederick o ne a se ka a tlhola a kgatlhegela basari eno mme o ne a kopa gore leina la gagwe le phimolwe mo lenaaneng la bao ba neng ba tlile go di amogela.
Mo nakong e e fetileng, mogolowe ebong Albert o ne a kile a mo romelela bukana eo a neng a e amogetse mo Baithuting ba Bibela ba Merafe Yotlhe. Moragonyana Albert o ne a mo naya dibolumo tsa ntlha tse tharo tsa “Studies in the Scriptures.” Frederick o ne a itumedisiwa thata ke seo a neng a se ithuta mme o ne a swetsa ka gore a tlogele Kereke ya Presbyterian mme a kopanele le phuthego ya Baithuti ba Bibela. O ne a kolobediwa ka November 30, 1913. O ne a tlogela go ithuta kwa yunibesithing ka May 1914 mme go ise go e kae, o ne a dira dithulaganyo tsa gore e nne morekisi wa dibuka (mmulatsela).
Ka June 1920 o ne a nna leloko la lelapa la Bethele kwa Brooklyn. Morago ga fa N. H. Knorr a sena go tlhokafala ka June 1977, Mokaulengwe Franz o ne a tlhophiwa jaaka poresidente ya Mokgatlho. O ne a direla ka boikanyegi jaaka leloko la Setlhopha Se Se Laolang go fitlha a swa ka December 22, 1992, a na le dingwaga di le 99.
[Kerafa mo go tsebe 112]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Dipalo Tseo Di Ntseng Di Oketsega tsa Babulatsela
1992
600 000
400 000
1986
200 000
1981
1976
[Kerafa mo go tsebe 113]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Koketsego ya Lelapa la Bethele Lefatshe ka Bophara
1992
12 000
9 000
1986
6 000
1981
1976
3 000
[Kerafa mo go tsebe 114]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Diphuthego Tseo Di Ntseng Di Oketsega
80 000
1992
60 000
1986
1981
1976
40 000
20 000
[Kerafa mo go tsebe 115]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Go Oketsega ga Baboledi ba Bogosi
1992
4 000 000
1986
3 000 000
1981
1976
2 000 000
1 000 000
[Setshwantsho mo go tsebe 109]
Ofisi nngwe le nngwe ya lekala ya Mokgatlho e okamelwa ke komiti ya bakaulengwe, jaaka eno e e okamelang tiro kwa Nigeria
[Ditshwantsho mo go tsebe 116]
Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa January 1992
Carey W. Barber
John E. Barr
W. Lloyd Barry
John C. Booth
Frederick W. Franz
George D. Gangas
Milton G. Henschel
Theodore Jaracz
Karl F. Klein
Albert D. Schroeder
Lyman A. Swingle
Daniel Sydlik