LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 5 ts. 42-ts. 60 ser. 4
  • Go Bolela Kaga go Boa ga Morena (1870-1914)

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bolela Kaga go Boa ga Morena (1870-1914)
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Matsapa Ao A A Tsereng go Batla Boammaaruri
  • Go Nonotshiwa ga Gagwe mo Tumelong
  • Go Tlhotlhelediwa ga Bone Ke Batho Ba Bangwe
  • Boperofeti Jo Bo Supang Nako ya Ditiragalo Dingwe le go Nna Gone ga Morena
  • “Ke Ne Ka Ititaya Sehuba Gore Ke Tlile go Tswa Letsholo la go Anamisa Boammaaruri Ke Tlhagafetse”
  • Russell O Kgaogana le Barbour
  • “Eseng Jaaka Jo Bosha, Eseng Jaaka Jo Bo Tswang mo go Rona, Mme Jaaka Jo Bo Tswang mo Moreneng”
  • ‘Go Agana mo Tumelong E E Itshekileng Segolo’
  • “A Wena O A Rera?”
  • “O Tshwanetse Gore . . . O Tswe mo go Ene”
  • “Boammaaruri jwa Yone Bo Ne Jwa Gapa Pelo ya Me Gone Fela Foo”
  • Ntlokgolo E E kwa Bible House
  • Go Kitlanya Letsomane Leo Le Ntseng Le Gola
  • Go Bula Kgoro ya “Go Rera Efangele ka Lokwalodikgang”
  • Go Fudugela kwa Brooklyn
  • Go Oketsa Tsela ya go Bolela Mafoko A A Molemo
  • Go Gola mo Kitsong e e Tlhomameng ya Boammaaruri
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Lekwa le go Feferwa go Tswa mo Teng
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Bogosi bo Tlhomiwa Kwa Legodimong
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Motlha wa go Lekwa (1914-1918)
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 5 ts. 42-ts. 60 ser. 4

Kgaolo 5

Go Bolela Kaga go Boa ga Morena (1870-1914)

“Ke bolela hisitori e e latelang eno eseng fela ka ntlha ya go bo ke kopilwe thata gore ke bolele gape ditsela tseo Modimo o etelelang pele ka tsone mo tseleng eno ya lesedi, mme lefa go ntse jalo ke ka ntlha ya go bo segolobogolo ke dumela gore go tlhokega gore boammaaruri bo bolelwe fela jaaka bo ntse, gore go tle go fenngwe dipolelo tse di neng tsa tlhaloganngwa ka tsela e e phoso le tseo di neng tsa bolelwa ka maikaelelo a go senya, le gore batho ba ba balang dikgatiso tsa rona ba kgone go bona kafa Morena a re thusitseng le go re kaela ka teng go tla go fitlha mo nakong eno.”a

MORAGO ga mafoko ao, Charles Taze Russell o ne a tswelela pele go tlhalosa dilo tseo di neng tsa diragala tseo di neng tsa felela ka gore a gatise buka ya Millennial Dawn (eo moragonyana e neng ya bidiwa Studies in the Scriptures) le makasine wa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence (o gone jaanong o itsiweng jaaka Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi jwa ga Jehofa). Hisitori eno e botlhokwa mo Basuping ba ga Jehofa ka tsela e e kgethegileng eletota. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya gore tsela eo gone jaanong ba tlhaloganyang boammaaruri jo bo mo Bibeleng ka yone le ditiro tseo ba di dirang le tiro e e ileng ya dirwa ke C. T. Russell le ditsala tsa gagwe go ka bonwa gore di simolotse ka bo 1870, mme go tswa foo go ka bonwa gore di tswa mo Bibeleng le mo Bokereseteng jwa pele.

Charles Taze Russell e ne e le mang? A hisitori ya tiro eo a neng a e dira e re naya bosupi jwa gore o ne a thusiwa le go kaelwa ke Morena?

Matsapa Ao A A Tsereng go Batla Boammaaruri

C. T. Russell o ne a tsholelwa kwa United States, mo toropong ya Allegheny (eo gone jaanong e leng karolo ya Pittsburgh), kwa Pennsylvania, ka February 16, 1852. E ne e le morwa wa bobedi wa ga Joseph L. le Ann Eliza (Birney) Russell, bao e neng e le maloko a kereke ya Presbyterian e le batho ba Ba-Scotland ba ba tswang kwa Ireland. Mmaagwe Charles o ne a tlhokafala ka nako ya fa Charles a ne a na le dingwaga di le robongwe fela, mme lefa go ntse jalo go tloga ka nako ya fa a ne a sa le monnye, Charles o ne a tlhotlhelediwa ke batsadi ba gagwe bao ka bobedi e neng e le batho bao ba ratang bodumedi fela thata. Jaaka fa motho yoo kgabagare a neng a nna tsala ya ga C. T. Russell a tlhalosa, “ba ne ba oba thupana eno, mme e ne ya gola e lebile ntlheng ya Morena.” Le mororo a ne a godisiwa jaaka Mo-Presbyterian, Charles o ne a felela e le leloko la Kereke ya Congregational ka gonne o ne a rata dithuto tsa yone.

Ka phepafalo, Charles yo mmotlana yono e ne e le rakgwebo wa maemo a a kwa godimo eletota. Ka nako ya fa a ne a na le dingwaga di le 11 fela, o ne a tlhakanela kgwebo eo e neng e tswelela pele sentle le rraagwe mo lebenkeleng leo le neng le rekisa diaparo tsa banna fela. Charles o ne a atolosa kgwebo eno, mme o ne a felela a na le mabenkele a le mantsi a a farologaneng ao e neng e le a gagwe ka namana. Le mororo dilo di ne di mo tsamaela sentle mo kgwebong, o ne a tshwenyega thata ka dilo tsa semoya. Ka ntlha yang?

Batsadi ba ga Charles ba ne ba dumela ka pelo yotlhe dithuto tseo di neng di rutiwa mo dikerekeng tsa Labokeresete ebile ba ne ba mo godisa ba di mo ruta gore le ene a di dumele. Ka gone, Charles yo mmotlana yono o ne a rutiwa gore Modimo o lorato, mme lefa go ntse jalo o ile a bopa batho bao ba ruileng bosasweng le gore o ile a dira gore go nne le lefelo leo le tukang molelo leo a neng a tla bogisetsa batho botlhe mo go lone ka bosakhutleng kwantle fela ga bao ba ileng ba laolelwa go sa le gale gore bone ba tla bolokwa. Pelo e e phepa ya ga Charles yo o neng a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome e ne e sa rate gotlhelele kgopolo e e ntseng jalo. O ne a bolela jaana: “Modimo yo o neng o ka dirisa nonofo ya one go bopa batho bao o neng o ntse o itse gore e ne e tlile go nna ba ba ntseng jang o bo o ba laolela go sa le gale gore ba tshwanetse go bogisiwa ka bosakhutleng, ga e ka ke ya nna Modimo yo o botlhale, yo o siameng, kana yo o lorato. Seemo sa gagwe e ne e tla nna se se kwa tlase thata go gaisa sa batho ba le bantsi.”

Mme lefa go ntse jalo Russell yo mmotlana yono e ne e se motho yo o neng a latola gore Modimo o teng; ke fela gore o ne a sa dumele dithuto tseo di neng di rutiwa mo dikerekeng tseo batho ba le bantsi ba neng ba di dumela. O ne a tlhalosa jaana: “Ke ne ka simolola go lemoga ka iketlo gore le mororo nngwe le nngwe ya dithuto tseo di neng di rutiwa tseno e ne e na le dintlha dingwe tseo tsone di neng di le boammaaruri, gantsi di ne di timetsa batho ebile di thulana le Lefoko la Modimo.” Gone ke boammaaruri gore mo dithutong tseo di neng di rutiwa mo dikerekeng, “dintlha tseo di neng di le boammaaruri” di ne di hupeditswe ke dithuto tse di tlhakanyang tlhogo tsa boheitane tseo di neng di tseneletse mo Bokereseteng jo bo neng bo setse bo leswefaditswe mo nakong ya botenegi jo bo neng bo sa bolo go nna teng ka makgolokgolo a dingwaga. Fa a kgaogana le dithuto tseo di rutiwang mo dikerekeng mme a simolola go batla boammaaruri, Russell o ne a simolola go sekaseka ditumelo tse dikgolo tsa Botlhaba, mme o ne a fitlhela di sa mo kgotsofatse.

Go Nonotshiwa ga Gagwe mo Tumelong

Lefa go ntse jalo, thupana eno e ne e thapisitswe ke batsadi ba ba boifang Modimo; e ne ya gola “e lebile ntlheng ya Morena.” Ka nako ya fa a ne a santse a batla boammaaruri, go ne ga diragala sengwe mo maitsiboeng mangwe a ngwaga wa 1869, seo se neng sa nonotsha tumelo e e reketlang ya ga Charles. Ka nako ya fa a ne a tsamaya go bapa le lebenkele la boorra Russell le le neng le le mo Federal Street, o ne a utlwa go opelwa pina ya bodumedi go tswa kwa holong nngwe e e kwa boalong jo bo kwa tlase. Go ya ka mafoko a gagwe ka namana, seno ke seo se ileng sa diragala:

“Go ne ga diragala gore mo maitsiboeng mangwe ke fapogele mo holong nngwe e e tletseng lerole, e e leswe, ke sa ikaelela, eo ke neng ke utlwile gore go ne go tshwarelwa ditirelo tsa bodumedi mo go yone, go ya go bona gore a batho ba le mokawanyana bao ba neng ba kopanetse mo go yone ba ne ba na le sengwe seo se nang le tlhaloganyo go gaisa dithuto tseo di neng di rutiwa kwa dikerekeng tse dikgolo seo ba neng ba ka se bolelela motho. Ka nako ya fa ke ne ke le koo ka lekgetlo la ntlha, go ne go rera Rre Jonas Wendell, mme ke ne ka utlwa sengwe se se amanang le dilo tseo maloko a kereke ya Second Adventist [Advent Christian Church] a di dumelang . . . Ka gone ke leboga maloko a kereke ya Adventist mmogo le a ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi. Le mororo a ne a sa tlhalose Dikwalo ka phepafalo go le kalo, . . . dilo tseo a neng a di tlhalosa ka thuso ya Modimo, a dirisa Bibela e e tlhotlheleditsweng ke one, di ne di lekane go ka nonotsha tumelo ya me e e reketlang, le go bontsha gore dilo tse di kwadilweng kaga baaposetoloi le baperofeti ke diya thoteng di bapile. Seo ke neng ka se utlwa se ne sa ntira gore ke e kwa Bibeleng ya me go ya go e ithuta ka tlhoafalo le ka kelotlhoko ka mo go oketsegileng go feta pele, ebile ga nkitla ke bo ke tsamaya ke emisa go lebogela Morena tsela eo a ileng a etelela dilo pele ka yone; ka gonne le mororo kobamelo ya bo-Advent e se kile ya kgona go nthusa gore ke bone selo lefa se le sengwenyana fela se se boammaaruri, gone e ile ya nthusa fela thata gore ke kgone go lemoga diphoso, mme ka go dira jalo e ne ya ntira gore ke nne ke ipaakanyeditse go dumela Boammaaruri.”

Kokoano eo e ne ya tsosolosa boiketleetso jwa ga Russell yo mmotlana yono jwa go batla boammaaruri jo bo thailweng mo Dikwalong. E ne ya mo dira gore a ye go bala Bibela ya gagwe gape a tlhagafetse go feta pele. Go ise go e kae Russell o ne a simolola go dumela gore nako ya gore bao ba neng ba direla Morena ba nne le kitso e e phepafetseng kaga boikaelelo jwa Gagwe e ne e atametse. Ka gone, ka ngwaga wa 1870, ka nako ya fa a ne a tlhagafetse thata, ene mmogo le batho bangwe ba le mokawanyana bao a neng a itsane nabo bao ba neng ba nna kwa Pittsburgh le bao ba neng ba nna gaufi le Allegheny ba ne ba kopana mmogo go bopa setlhopha sa batho ba ba ithutang Bibela. Go ya ka motho yoo moragonyana a neng a nna tsala ya ga Russell, tlelase e potlana eno ya Bibela e ne e tshwarwa ka mokgwa ono: “Mongwe o ne a botsa potso. Ba ne ba tlotla ka potso eo. Ba ne ba leba dikwalo tsotlhe tseo di neng di bolela ka potso eo mme morago ga moo, fa ba ne ba kgotsofetse gore ditemana tseno di a dumalana, ba ne kwa bofelong ba bolela tshwetso ya bone ba bo ba e kwala.” Jaaka fa Russell a ile a bolela moragonyana, lobaka lwa “go simolola ka ngwaga wa 1870 go ya go fitlha ka ngwaga wa 1875 e ne e le nako eo ka yone ba neng ba gola ka metlha mo boitshekong le mo kitsong le mo go rateng Modimo le Lefoko la gagwe.”

Jaaka fa ba ne ba ntse ba batlisisa mo Dikwalong, batho ba ba peloephepa bano bao ba neng ba batla boammaaruri ba ne ba simolola go tlhaloganya dilo di le dintsi ka tsela e e phepafetseng. Ba ne ba bona boammaaruri jo bo theilweng mo Dikwalong jo bo amanang le gore moya wa motho o a swa le gore go sa sweng e ne e le neo eo e neng e tshwanetse ya amogelwa ke bao ba neng ba fetoga baruaboswa mmogo le Keresete kwa Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. (Esek. 18:20; Bar. 2:6, 7) Ba ne ba simolola go tlhaloganya thuto ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete le tshono eo setlhabelo seno se ileng sa dira gore setho se nne nayo. (Math. 20:28) Ba ne ba simolola go lemoga gore le mororo Jesu a ile a tla mo lefatsheng lekgetlo la ntlha jaaka motho wa nama, e tla re fa a boa e tla bo e le motho yo o sa bonaleng wa moya. (Yoh. 14:19) Mo godimo ga moo ba ne ba lemoga gore fa Jesu a ne a boa e ne e se ka boikaelelo jwa go tla go bolaya mongwe le mongwe mme lefa go ntse jalo, e ne e le go tla go segofatsa malapa a a utlwang ao a leng mo lefatsheng. (Bagal. 3:8) Russell o ne a kwala jaana: “Re ne ra utlwisiwa botlhoko thata ke phoso eo maloko a kereke ya Second Adventist a neng a e dira, a ne a solofetse gore Keresete o tla boa e le motho wa nama, ebile a ne a ruta gore lefatshe le batho botlhe di ne di tlile go fisiwa ka molelo kwantle fela ga maloko a kereke ya Second Adventist.”

Ga go na pelaelo epe gore boammaaruri jo bo theilweng mo Dikwalong joo setlhopha se sennye seno sa Bibela se neng sa bo tlhaloganya bo ne bo ba kgaoganya le dithuto tsa boheitane tseo di ileng tsa tsenelela mo Bokereseteng ka nako ya botenegi jo bo sa bolong go nna gone ka makgolokgolo a dingwaga. Mme lefa go ntse jalo a Russell le balekane ba gagwe ba ba ratang dilo tsa semoya ba ile ba bapala boammaaruri jono jo bo tswang mo Bibeleng ba sa thusiwe ke batho ba bangwe?

Go Tlhotlhelediwa ga Bone Ke Batho Ba Bangwe

Russell o ne a umaka fela a sa tshabe gore o thusitswe ke thuto ya Bibela e a neng a e bona go tswa mo go ba bangwe. Ga a ka a leboga Jonas Wendell wa kereke ya Second Adventist fela mme lefa go ntse jalo gape o ne a bua ka lorato ka batho ba bangwe ba babedi bao ba ileng ba mo thusa ka nako ya fa a ne a ithuta Bibela. Russell o ne a bolela jaana ka banna ba babedi bano: “Go ithuta Lefoko la Modimo le bakaulengwe ba ba rategang bano go ne ga nkgogela ka iketlo mo mafulong a matalana.” Yo mongwe wa bone ebong George W. Stetson, e ne e le moithuti yo o tlhoafetseng thata wa Bibela ebile e le moruti wa Advent Christian Church kwa Edinboro, kwa Pennsylvania.

Yo mongwe ene ebong George Storrs, e ne e le mogatisi wa makasine o o bidiwang Bible Examiner, kwa Brooklyn, kwa New York. Storrs, yo o neng a tsholwa ka December 13, 1796, o ne a tlhotlheletsega la ntlha gore a sekaseke go bona gore Bibela ya reng kaga boemo jwa baswi ka go bo a ne a bala sengwe se se neng se gatisitswe ke moithuti mongwe (le mororo ka nako eo go ne go sa itsiwe gore ke mang) yo o kelotlhoko thata wa Bibela ebong Henry Grew wa kwa Philadelphia kwa Pennsylvania. Storrs o ne a buelela ka tlhoafalo seo se neng se bidiwa gore ke go sa sweng goo go ikaegileng ka maemo mangwe—thuto e e bontshang gore moya o a swa le gore go sa sweng ke neo eo e amogelwang ke Bakeresete ba ba ikanyegang fela. Gape o ne a bolela gore ereka batho ba ba bosula ba sa rua bosasweng, ga go na gore ba ka bogisiwa ka bosakhutleng. Storrs o ne a tsamaya tota, a tsamaya a tlhatlhelela batho ka thuto ya gore ga go na gore mewa ya batho ba ba bosula ga e swe. Gareng ga dibuka tsa gagwe tseo di neng tsa gatisiwa go ne go na le e nngwe eo e neng e bidiwa Six Sermons, eo kgabagare e neng ya felela ka gore go gasiwe dikopi tsa yone di le 200 000. Kwantle ga pelaelo, tumelo e e nonofileng ya ga Storrs e e theilweng mo Bibeleng ya gore moya o a swa le ya tetlanyo le ya tsosoloso (go busetsa seo se neng sa latlhega ka ntlha ya boleo jwa ga Adame; Ditihō 3:21) e ne ya tlhotlheletsa Charles T. Russell yo mmotlana thata ka tsela e e siameng.

Lefa go ntse jalo, go ne go na le monna mongwe yo a neng a tlhotlheletsa botshelo jwa ga Russell thata ebile o ne a tla dira gore a lekwe gore a o rata boammaaruri jo bo theilweng mo Dikwalong le gore o ineetse go le kana kang mo go jone.

Boperofeti Jo Bo Supang Nako ya Ditiragalo Dingwe le go Nna Gone ga Morena

Mo mosong mongwe ka January 1876, Russell yo o neng a na le dingwaga di le 23 o ne a amogela makasine mongwe wa bodumedi o o neng o bidiwa Herald of the Morning. O ne a kgona go lemoga makasine ono ka setshwantsho sa one se se kafa ntle gore e ne e le wa kobamelo ya bo-Adventist. Morulaganyi wa one ebong Nelson H. Barbour, wa kwa Rochester, kwa New York, o ne a dumela gore boikaelelo jwa go boa ga ga Keresete e ne e se go tla go bolaya malapa ao a leng mo lefatsheng mme e ne e le go tla go a segofatsa le gore o ne a sa tle go boa e le motho wa nama mme o ne a tlile go boa jaaka motho wa moya. Aitsane, selo seno se ne se dumalana kgo le seo Russell le balekane ba gagwe bao ba neng ba nna kwa Allegheny ba neng ba na le nakonyana ba ntse ba se dumela!b Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go nna marata go itse, Barbour o ne a dumela go tswa mo boperofeting jwa Bibela jo bo supang nako ya ditiragalo gore Keresete o ne a setse a le teng (a sa bonale) le gore e ne e setse e le nako ya gore go dirwe tiro ya thobo ya go phutha “mabèlè” (Bakeresete ba boammaaruri bao ba bopang setlhopha sa Bogosi).—Math., kgao. 13.

Russell o ne a ile a se ka a tsaya tsia boperofeti jwa Bibela jo bo supang nako ya ditiragalo. Mme jaanong, lefa go ntse jalo, o ne a ipotsa jaana: “A e ka tswa e le gore totatota boikaelelo jwa boperofeti jo bo supang nako ya ditiragalo joo ke sa bolong go bo nyatsa ka lobaka lo loleele jaana, ka ntlha ya go sa dirisiweng ga jone sentle ke maloko a kereke ya Adventist e ne e le go supa nako eo ka yone Morena a neng a tla nna gone a sa bonale go tla go tlhoma Bogosi jwa gagwe?” Russell o ne a tshwanelwa ke gore a ithute ka mo go oketsegileng ka ntlha ya go nyorelwa ga gagwe bobe boammaaruri jo bo theilweng mo Dikwalong. Ka gone o ne a rulaganya dilo gore a tle a kopane le Barbour kwa Philadelphia. Go kopana gono ga bone go ne ga tlhomamisa gore ba ne ba dumalana ka dilo di le dintsi tseo Bibela e di rutang ebile go ne ga ba naya tshono ya gore ba thusane ka dikakanyo. “Ka nako ya fa re ne re kopana ka lekgetlo la ntlha,” Russell o ne a tlhalosa jalo moragonyana, “go ne go na le dilo di le dintsi tseo a neng a di ithuta go tswa mo go nna tseo di neng di amana le tsosoloso e e feletseng eo e neng e theilwe mo thekololong e e feletseng eo e ntsheditsweng batho botlhe, fela jaaka le nna go ne go na le dilo di le dintsi tseo ke neng ka di ithuta go tswa mo go ene tseo di neng di amana le go balwa ga dinako.” Barbour o ne a atlega mo go direng gore Russell a dumele gore go nna gone ga ga Keresete a sa bonale go ne go ile ga simolola ka ngwaga wa 1874.c

“Ke Ne Ka Ititaya Sehuba Gore Ke Tlile go Tswa Letsholo la go Anamisa Boammaaruri Ke Tlhagafetse”

C. T. Russell e ne e le monna yo o nang le tumelo e e nonofileng eletota. Ereka a ne a tlhatswegile pelo gore Keresete o ne a setse a le teng a sa bonale, o ne a ititaya sehuba gore o ya go bolelela ba bangwe kaga seno. Moragonyana, o ne a bolela jaana: “Go itse ntlha ya gore re ne re setse re le mo nakong ya thobo go ne ga ntlhotlheletsa gore ke anamise Boammaaruri go feta kafa nkileng ka bo anamisa ka gone. Ka gone, ke ne ka ititaya sehuba gone fela foo gore ke tlile go tswa letsholo la go anamisa Boammaaruri ke tlhagafetse.” Jaanong Russell o ne a swetsa ka gore a fokotse dikgwebo tsa gagwe e le gore a tle a ineele mo go direng tiro ya go rera.

Gore a lwe kgatlhanong le dikgopolo tse di phoso tseo di leng malebana le go boa ga Morena, Russell o ne a kwala bukana e e bidiwang The Object and Manner of Our Lord’s Return. E ne ya gatisiwa ka ngwaga wa 1877. Mo go yone ngwaga eo Barbour le Russell ba ne ba gatisa mmogo buka e e bidiwang Three Worlds, and the Harvest of This World. Buka eno e e nang le ditsebe di le 196 e ne e tlotla ka ditlhogo tseo di amanang le tsosoloso le boperofeti jwa Bibela jo bo supang nako ya ditiragalo. Le mororo batho ba bangwe ba ile ba tlotla ka sengwe le sengwe sa ditlhogo tseno mo nakong e e fetileng, go ya ka Russell buka eno e ne e le “yone ya ntlha e e neng e nyalanya thuto e e kaga tsosoloso le boperofeti jo bo supang nako ya ditiragalo.” E ne ya naya kgopolo ya gore Jesu Keresete o ne a nna teng a sa bonale go simologa ka letlhabula la ngwaga wa 1874.

Jaaka fa Russell a ne a ntse a eta thata ebile a rera, o ne a lemoga gore go ne go tlhokega sengwe se se oketsegileng seo se neng se tshwanetse sa dirwa go boloka dipeo tsa boammaaruri tseo a neng a di jala di ntse di tshela le go nosediwa. Tharabololo e ne e le eng? “Lokwalopaka lwa kgwedi nngwe le nngwe,” Russell o ne a bolela jalo. Ka gone, ene mmogo le Barbour ba ne ba swetsa ka gore ba simolole gape go gatisa makasine wa Herald, oo o neng o ile wa emisiwa ka lobakanyana ka ntlha ya go bo batho ba ne ba kgaoseditse dipeeletso tsa bone le ka gonne madi a bone a ne a le mannye. Russell o ne a ntsha moneelo ka madi ao e leng a gagwe ka namana gore a tsosolose lokwalopaka lono, mme o ne a nna mongwe wa barulaganyi ba lone.

Sengwe le sengwe se ne sa tsamaya sentle fela ka lobakanyana—go fitlha ka ngwaga wa 1878.

Russell O Kgaogana le Barbour

Mo tokololong ya August 1878 ya makasine wa Herald of the Morning, go ne go na le setlhogo seo se neng se kwadilwe ke Barbour seo se neng se ganetsa molemo wa loso lo lo emisetsang maleo lwa ga Keresete. Russell, yoo Barbour a neng a le mogolo mo go ene ka dingwaga tseo di ka nnang 30, o ne a kgona go bona gore tota selo seno se ne se ganetsa karolo e e botlhokwa thata ya thuto ya thekololo. Ka gone mo tokololong e e latelang (ya September 1878), Russell, mo setlhogong se se reng “Tetlanyo” o ne a buelela thekololo mme a ganetsa seo Barbour a neng a se kwadile. Go ganetsana gono go ne ga tswelela pele go ntse go tlhagelela mo teng ga lokwalopaka lono dikgwedi di le mmalwa tse di latelang. Kwa bofelong, Russell o ne a swetsa ka gore a kgaogane le Rre Barbour a bo a emise go tlhola a tswelela pele go tshegetsa makasine wa Herald ka madi.

Lefa go ntse jalo, C. T. Russell o ne a lemoga gore go kgaogana fela le makasine wa Herald go ne go sa lekana; thuto e e amanang le thekololo e ne e tshwanetse ya sirelediwa le gore go tshwanetse ga bolelwa gore Keresete o setse a le teng. Ke ka ntlha ya gone moo e rileng ka July 1879, Russell a bo a simolola go gatisa makasine wa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence.d Russell e ne e le ene morulaganyi le mogatisi wa makasine ono, mme o ne a na le batho ba bangwe ba le batlhano bao kwa tshimologong ba neng ba dira mmogo nae ka go kwala ditlhogo ba bo ba di mo fa gore a di tsenye mo makasineng ono. Go ne ga gatisiwa dikopi di le 6 000 tsa tokololo ya ntlha ya makasine ono. Erile ka ngwaga wa 1914, ke fa go setse go gatisiwa dikopi tseo di ka nnang 50 000 tsa tokololo nngwe le nngwe ya makasine ono.

“Eseng Jaaka Jo Bosha, Eseng Jaaka Jo Bo Tswang mo go Rona, Mme Jaaka Jo Bo Tswang mo Moreneng”

C. T. Russell o ne a dirisa Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe gore a tlotlomatse boammaaruri jo bo mo Bibeleng le gore a senole dithuto tsa maaka tsa bodumedi le botlhajana jwa batho jo bo neng bo ganetsa Bibela. Lefa go ntse jalo, ga a ka a iphaka gore o ne a kgonne go bona boammaaruri jo bosha.

Go simolola mo karolong ya bobedi ya lekgolo la dingwaga la bo 18, baruti le bakanoki ba le bantsi ba Bibela ba ne ba ntse ba senola dithuto tsa maaka tseo di bolelang gore moya ga o swe le tseo di bolelang kaga go bogisiwa ka bosakhutleng ga batho ba ba bosula. Go senolwa ga dithuto tseno go ile ga begwa ka botlalo mo bukeng e e bidiwang Bible Vs. Tradition, e e kwadilweng ke Aaron Ellis, eo e neng ya gatisiwa la ntlha kwa Engelane mme morago ga moo kwa United States ka ngwaga wa 1853 ke George Storrs. Lefa go ntse jalo ga go na ope yoo ka nako eo a ileng a dira go gaisa C. T. Russell le ditsala tsa gagwe gore boammaaruri jono bo itsiwe.

Go tweng ka dithuto tse dingwe tsa Bibela tseo go neng ga tlotliwa ka tsone mo go Tora ya Tebelo le mo dikgatisong tse dingwe? A tlotlo yotlhe e ile ya ya kwa go Russell ka ntlha ya go bo a kgonne go bona boammaaruri jo bo tlhokegang jono? Russell o ne a tlhalosa jaana: “Re ile ra fitlhela gore makoko le diphathi tse di farologaneng di feditse makgolokgolo a dingwaga di ntse di kgaoganya dithuto tsa Bibela dikarolwana, di di tlhakanya le diphopholetso tsa batho le dikgopolo tsa bone tse di phoso . . . Re ne ra fitlhela gore thuto e e botlhokwa ya gore motho o siamisiwa ka tumelo mme eseng ka ditiro e ne e dumelwa ka phepafalo ke Luther mme bosheng fela jaana e ne e dumelwa ke Bakeresete ba le bantsi; gore maloko a kereke ya Presbyterian a ne a buelela tshiamiso ya bomodimo le nonofo le botlhale le mororo a ne a sa di tlhaloganye sentle ka phepafalo; gore maloko a kereke ya Methodist a ne a anaanela le go tlotlomatsa lorato le kutlwelobotlhoko tseo Modimo a nang natso; gore maloko a kereke ya Adventist a ne a dumela thuto e e botlhokwa thata ya go boa ga Morena; gore gareng ga dintlha tse dingwe, maloko a kereke ya Baptist a ne a dumela mo kolobetsong ya tshwantshetso le mororo ba ne ba tlhokomologile kolobetso ya mmatota; gore bangwe ba Ba-Universalist ba ne ba sa bolo go nna ba dumela dintlha dingwe kaga ‘tsosoloso’ mme e se ka phepafalo. Mme ka gone, mo e batlang e nna ditlhopha tsotlhe tsa bodumedi di ne tsa neela bosupi jwa gore batho bao ba di theileng ba ne ba ntse ba batla boammaaruri: mme lefa go ntse jalo go mo mpaananeng gore Mmaba yo mogolo o ile a lwa le bone ebile o ile a ganetsa Lefoko la Modimo ka tsela e e sa siamang leo a neng a ka se ka a kgona go le nyeletsa.”

Russell o ne a tlhalosa jaana kaga lenaane la ditiragalo le go latelana ga tsone: “Fa re bolela kaga lenaane la ‘rona’ la ditiragalo le go latelana ga tsone re raya leo re le dirisang, eleng la Bibela, leo e leng la batho botlhe ba Modimo bao ba le amogelang. Ebile tota, bogologolo pele ga motlha wa rona, le ne le dirisiwa le le ka mokgwa o re le bolelang ka one, fela jaaka boperofeti jo bo farologaneng joo re bo dirisang bo ne bo dirisediwa boikaelelo jo bo farologaneng ke maloko a kereke ya Adventist, le fela jaaka dithuto tse di farologaneng tseo re di dumelang le tseo di lebegang di le disha thata ebile di farologane di ne di dumelwa ka tsela nngwe e e farologaneng bogologolo: ka sekai—Go tlhopa, Go Utlwelwa Botlhoko Mahala, Tsosoloso, Go Kaiwa O Siame, Go Itshekisiwa, Go Galalediwa, Go Tsoga ga Baswi.”

Ka gone Russell o ile a lemoga jang seabe seo ene le balekane ba gagwe ba ileng ba nna naso mo go anamiseng boammaaruri jo bo theilweng mo Dikwalong? O ne a tlhalosa jaana: “Tiro ya rona . . . e ntse e le go kopanya dikarolwana tse di gasameng tsa boammaaruri le go bo ruta batho ba Morena—eseng jaaka jo bosha, eseng jaaka jo bo tswang mo go rona, mme jaaka jo bo tswang mo Moreneng. . . . Re tshwanetse gore re gane lefa e ka nna tlotlo epe fela eo re e newang ya go bo re kgonne go bona boammaaruri jo bo tlhokegang jono le go bo rulaganya sesha.” O ne a tswelela pele go tlhalosa jaana: “Tiro eo re neng re e dira eo mo go yone Morena a ileng a rata gore a dirise dikgono tseo e seng tsa sepe tseo re nang natso e ne e se ya go simolola boammaaruri fa e se fela gore e ne e le ya go bo tsosolosa, go bo siamisa, le go bo dira gore bo dumalane le dikwalo.”

Ka gone seno se raya gore Russell o ne a le boikokobetso tota malebana le dilo tseo a kgonneng go di dira. Lefa go ntse jalo, “dikarolwana tse di gasameng tsa boammaaruri” tseo a neng a di kopanya a bo a di ruta batho ba Morena di ne di sa tswakana le dithuto dipe tsa boheitane tsa Tharonngwe le tsa go sa sweng ga moya tse di tlontlololang Modimo, tseo di neng di ikepetse mo dikerekeng tsa Labokeresete ka ntlha ya botenegi jo bo seng kana ka sepe. Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba bolela mo lefatsheng ka bophara go gaisa ope fela ka nako eo seo se kaiwang ke go boa ga Morena le seo se kaiwang ke boikaelelo jwa Modimo le gore boikaelelo jono bo akaretsa eng.

‘Go Agana mo Tumelong E E Itshekileng Segolo’

Batho ba ba dipelo di phepa ba ne ba tsaya kgato ka bonako ka ntlha ya boammaaruri jo bo gololang joo C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba neng ba bo bolela ka go dirisa dikgatiso le ka go tlhatlhelela ba bangwe ka jone. Go ise go e kae, Russell yo o neng a santse a na le dingwaga tse di kafa tlase ga di le 30, o ne a lemoga gore batho bao ba neng ba bala makasine wa Tora ya Tebelo ba ne ba tlhoka gore ba tlwaelane mmogo le badumedi ka bone le go kgothatsana nabo. Baithuti ba Bibela bao ba neng ba le kwa Pittsburgh ba ne ba dira seno ka go kopana mmogo ka metlha, mme ke eng seo se neng se ka dirwa gore go thusiwe ba-tho bao ba neng ba bala makasine wa Tora ya Tebelo bao ba neng ba nna kwa mafelong a mangwe?

Ditokololo tsa makasine wa Tora ya Tebelo tsa kgwedi ya May le ya June 1880 (ka Seesemane) di ne tsa tla di na le karabo ya potso eno. Mo go tsone Russell o ne a itsise ka dithulaganyo tseo a neng a di dirile tsa go etela ditoropo tse dikgolo le tse dinnye kwa Pennsylvania, New Jersey, Massachusetts, le kwa New York. Ke ka ntlha yang fa a ne a batla go etela ditoropo tseno? “Batho bao ba balang dimakasine tsa rona,” kitsiso eno e ne ya tlhalosa jalo, “ba phatlaletse fela thata, bangwe fa o ya kwa go bone o feta mafelo a le 2 le a le 3, le go tswelela pele jalo go ya go fitlha kwa go a le 50. Ga ba itsane gotlhelele mo mafelong a le mantsi, mme ka gone ga ba kgone go bona kutlwelobotlhoko le kgomotso tseo Rraarona a rulagantseng gore ba di bone ka ‘Go kopana mmogo ga bone jaaka fa bangwe bone ba tlwaetse go dira jalo.’ Boikaelelo jwa Gagwe ke gore ‘Re nonotshane,’ re bo re agane mo tumelong eno e e itshekileng segolo. Re solofela gore dikokoano tseo go akantshitsweng gore ba nne natso, di tla ba thusa gore ba itsane.”—Baheb. 10:24, 25.

“Dipokano tseo go akantshitsweng gore ba nne natso” tseno di ne di tshwarwa mo nakong ya loeto lwa ga Russell, ebile di ne tsa atlega eletota; batho ba ba balang makasine wa Tora ya Tebelo ba ne ba atamalanngwa gaufi fela thata. Go ise go e kae, maeto ano mmogo le a mangwe a go etela “ditlhopha tse dipotlana tsa batho ba ba letileng” a ne a felela ka gore go bopiwe ditlhopha di le mmalwa tsa batho, kana dikereke (tseo kgabagare di neng tsa bidiwa gore ke diphuthego), tseo di neng di le mo mafelong ao a setseng a umakilwe mmogo le kwa Ohio le kwa Michigan. Ditlhopha tseno tsa bone di ne tsa kgothalediwa gore di tshware dipokano ka metlha. Mme e ne e le dipokano tsa mofuta mang tseo?

Setlhopha seo se neng se le kwa Pittsburgh se ne sa itlwaetsa go kopana mmogo ka metlha bobotlana gabedi ka beke. Nngwe ya pokano eo e neng e tshwarwa ke setlhopha seo se neng se le kwa Pittsburgh e ne gantsi e akaretsa go tlhatlhelelwa ga botlhe bao ba neng ba le mo phuthegong ke sebui se se tshwanelegang, se dira jalo gongwe mo holong e e hirilweng. Mme kwa dipokanong tse dingwe, tseo gantsi di neng di tshwarelwa kwa magaeng a ba bangwe, bao ba neng ba nna gone mo go tsone ba ne ba kopiwa gore ba tle le Bibela, concordance, pampiri, le pensele—le gore ba nne le seabe.

Bokopano jo bo lorato jwa semoya joo ba neng ba bo ipelela kwa dipokanong tseo tsa ka metlha tseo di neng di tshwarwa beke nngwe le nngwe e ne e le selo se se lapolosang eletota seo se neng se sa tshwane le seo se neng se direga kwa ditirelong tsa kobamelo tsa dikereke di le dintsi tsa Labokeresete tseo motho a neng a ikutlwa ekete o latlhegile fa a le kwa go tsone. Mme lefa go ntse jalo Russell le ditsala tsa gagwe ga ba a ka ba simolola kgopolo eno ya gore go nne go kopanwe mmogo ka metlha. Tlwaelo eno ya go kopana mmogo, le eleng mo magaeng a ba bangwe, e ne ya tlhongwa ke Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.—Bar. 16:3, 5; Bakol. 4:15.

“A Wena O A Rera?”

C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba dumela ka tsela e e nonofileng gore ba ne ba le mo nakong ya thobo le gore batho ba ne ba tlhoka go utlwa boammaaruri jo bo gololang. Lefa go ntse jalo ba ne ba le babotlana thata ka palo. Makasine wa Tora ya Tebelo o ne o dira tiro e e botlhokwa thata e e neng e tlhoka go dirwa, a mme go ne go na le sengwe se se oketsegileng seo se neng se ka dirwa? Russell le badirimmogo nae ba ne ba akanya jalo. Mo ngwageng wa 1880 ba ne ba simolola go gatisa Bible Students’ Tracts (tseo kgabagare di neng tsa bidiwa ka leina le lengwe gape gore ke Old Theology Quarterly,) mme dikgatiso tseno di ne di newa batho ba ba balang makasine wa Tora ya Tebelo gore ba di abele batho mahala.

Ee, batho ba ba balang makasine wa Tora ya Tebelo ba ne ba kgothalediwa gore ba bolelele ba bangwe boammaaruri jo bo botlhokwa thata jono joo ba neng ba bo ithuta. “A wena o a rera?” e ne e le potso eo e neng e boditswe mo tokololong ya makasine o o kopaneng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa kgwedi ya July le August 1881. Go rera e ne e le selo seo se neng se le botlhokwa go le go kana kang mo go bone? Setlhogo seno se ne sa tswelela pele go tlhalosa jaana: “Re dumela gore ga go na ope yo o tla nnang wa letsomanyane kwantle fela ga bao ba rerang. . . . Ee, re ne ra bidiwa gore re tle go boga nae le go bolela mafoko a a molemo ao gone jaanong, gore mo lobakeng lo lo laotsweng re tle re galalediwe le go dira dilo tseo jaanong go rerwang ka tsone. Re ne re sa bilediwa, lefa e le go tlolediwa gore re tle go amogela tlotlo le khumo e e boitshegang, mme e ne e le gore re tle go dirisa nako yotlhe fela ya rona le maikatlapelo a rona, le go rera mafoko a a molemo.”

Ke selo se se tshwanetseng go bo Baithuti bao ba ntlha ba Bibela ba bo ba ile ba lemoga ka botlalo gore go botlhokwa gore ba rere mafoko a a molemo. Ebile tota, thomo eno ya go rera e ne e neetswe Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga; ke boikarabelo jwa Bakeresete botlhe ba boammaaruri nako kgolo ke eno. (Math. 24:14; 28:19, 20; Dit. 1:8) Mme lefa go ntse jalo boikaelelo jwa tiro ya go rera e e neng e dirwa ke Russell le batho bao pele ba neng ba bala makasine wa Tora ya Tebelo e ne e le eng? A e ne e le fela go aba dibuka tsa Bibela kana go dira gore batho ba ba tsenang dikereke ba tsibogele boammaaruri jo bo theilweng mo Dikwalong?

“O Tshwanetse Gore . . . O Tswe mo go Ene”

Bibela ga e bolo go tlhagisa jaana, “Cwañ mo go èna, lona batho ba me.” Ba tswe mo go eng? Mo go “Babelona o Mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lehatshe.” (Tshen. 17:5; 18:4) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra tswa mo go Babelona? “Gonne dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè.” (Tshen. 18:5) Mma diaka yono ke mang yoo batho ba tshwanetseng gore ba ikgaoganye nae?

Martin Luther le baeteledipele ba bangwe ba Mokgatlho wa Bodumedi wa Diphetogo ba ne ba tlhaola Kereke ya Katoliki le thulaganyo ya yone ya bomopapa jaaka Babelona O Mogolo. Go tweng ka dikereke tsa Porotesetanta tseo di neng tsa nna teng ka ntlha ya Mokgatlho ono wa Bodumedi wa Diphetogo? Totatota, kwantle ga gore di ne di gana ntlha ya gore mopapa o ne a na le maemo a a kwa godimodimo, dingwe tsa tsone di ne di sa farologane go le kalo le kobamelo ya Bokatoliki fa go tla mo tseleng e kereke e neng e tsamaisiwa ka yone, ebile ba ne ba ruta dithuto tseo di sa theiwang mo Dikwalong, tse di jaaka Tharonngwe, go sa sweng ga moya, le go bogisiwa ka bosakhutleng. Ka ntlha ya lone lebaka leno batho bangwe bao ba neng ba rera ba ne ba kgothaletsa batho gore ba se ka ba kgaogana fela le Kereke ya Katoliki mme gore gape ba kgaogane le ditsamaiso tse dikgolo tsa kereke ya Porotesetanta.

C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba lemoga gape gore seaka se se sa rategeng seno e ne e se Kereke ya Katoliki fela. Ka gone, ka nako ya fa makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa November 1879 o ne o tlhaola Babelona O Mogolo le “Thulaganyo ya Bomopapa jaaka TSAMAISO,” mme setlhogo sa yone se ne sa oketsa jaana: “Re tshwanetse ra tswelela pele re bontsha gore e lebisitse (eseng go maloko a yone, mme lefa go ntse jalo go ditsamaiso tsa dikereke ka botsone) dikereke tse dingwe tseo di leng seoposengwe le Mebuso E Megolo ya lefatshe. Kereke nngwe le nngwe eo e iphakang gore ke lekgarebane le le itshekileng le eleng monyadwi wa ga Keresete, mme totatota e le seoposengwe le lefatshe (sebatana) ebile e tshegediwa ke lone, re tshwanetse ra e kgala ka mafoko a a ntseng jaaka ao a dirisiwang mo dikwalong ka go e bitsa gore ke kereke ya seaka.”

Ka gone, batho bao ba balang makasine wa Tora ya Tebelo ba ne ba kgothalediwa gore ba dire eng? Russell o ne a kwala jaana: “Fa e le gore kereke e o e tsenang e akafala le lefatshe, o tshwanetse gore o tswe mo go yone, fa e le gore o batla go boloka diaparo tsa gago di ntse di le ditshweu.” Ka nako eo, Russell le ditsala ka ba ne ba sa tlhaloganye gore Babelona O Mogolo o na le tlhotlheletso e e kana kang. Lefa go ntse jalo, batho bao ba neng ba bala makasine wa Tora ya Tebelo ba ne ba kgothalediwa gore ba ikgaoganye le ditsamaiso tsa dikereke tseo di neng di le leswe ebile e le tsa lefatshe.—Yoh. 18:36.

“Boammaaruri jwa Yone Bo Ne Jwa Gapa Pelo ya Me Gone Fela Foo”

Go gatisiwa ga boammaaruri jo bo mo Bibeleng go ne ga gatela pele fela thata ka ngwaga wa 1886 ka nako ya fa go ne go gololwa bolumo ya ntlha ya motseletsele wa dibuka tseo di neng di solofeditswe tseo di bidiwang Millennial Dawn, tseo di kwadilweng ke C. T. Russell. Bolumo I e ne e bidiwa The Divine Plan of the Ages. E ne e na le dithuto tseo di neng di theilwe mo ditlhogong di le 16, tse di ntseng jaaka tseo di reng “Go Tlhomamisa Gore go Na le Mmopi Yo Mogolo Yo O Botlhale,” “Go Leba Bibela go ya ka Mabaka Ereka E Senotswe Ke Modimo,” “Boikaelelo jwa go Boa ga Morena wa Rona Ke go Tla go Tsosolosa Dilo Tsotlhe,” le “Go Letliwa ga Bosula le Kafa Go Amanang ka Gone Le Thulaganyo ya Modimo.” Kgabagare, C. T. Russell o ne kwala motseletsele wa dibuka tse dingwe gape di le tlhano tsa Millennial Dawn.e

Russell ga a ka a kgona go kwala bolumo ya bosupa eo a neng a ikaeletse go e kwala ya motseletsele ono, mme lefa go ntse jalo, batho ba ba dipelo di phepa ba ile ba arabela ka tsela e e molemo fela thata ka nako ya fa dibolumo di le thataro tseo a ileng a di kwala di ne di abiwa phatlalatsa. “Ke ne ka amogela buka ya gago e e bidiwang MILLENNIAL DAWN mo nakong ya letlhabula le le fetileng,” mosadi mongwe o ne a kwala jalo ka ngwaga wa 1889, “ke ne ke simolola go itse gore dibuka tse di ntseng jalo di teng. Ke ne ka e amogela mo maitsiboeng a Matlhatso, ke ne ka simolola go e bala ka yone nako eo ebile ke ne ka se ka ka kgaogana nayo go fitlha ke e fetsa, kwantle fela ga fa ke ne ke patelesega go dira jalo. Boammaaruri jwa yone bo ne jwa gapa pelo ya me gone fela foo; ke ne ka tswa mo Kerekeng ya Presbyterian kwantle ga go senya nako epe eleng kereke eo mo go yone ke sa bolong go nna ke apaapa mo lefifing ke batla boammaaruri mme ke sa bo bone.”

Go ne go kgothatsa tota mo malatsing ao go bona motho a tswa mo kerekeng eo a neng a e tsena. Seno se bontshiwa ke mosadi mongwe yo o neng a nna kwa Manitoba kwa Canada, yo o neng a amogela buka ya Millennial Dawn ka ngwaga wa 1897. Kwa tshimologong, o ne a leka go tswelela pele a ntse a kopanela le kereke eo a neng a e tsena le go nna a ruta mo dikolong tsa Sontaga tseo di neng di tsenela mo lefelong la gaabo. Go ne ga fitlha letsatsi lengwe ka ngwaga wa 1903, leo ka lone a neng a swetsa gore a tswe mo kerekeng eo a neng a e tsena. O ne a ema ka dinao mme a bolelela botlhe bao ba neng ba le gone gore ke ka ntlha yang fa a ne a akanya gore o tshwanetse go tswa mo kerekeng. Motho mongwe yo a neng a agile gaufi thata nae (yo o neng a ratiwa thata ke batho bao ba neng ba nna mo mafelong a mannye mo malatsing ao) o ne a leka go mo pateletsa gore a boele mo kerekeng. Mme lefa go ntse jalo o ne a se ka a fetola mogopolo wa gagwe, le eleng lefa go ne go sena phuthego epe ya Baithuti ba Bibela fa gaufi. Go ne go ntse jaaka fa morwa wa gagwe moragonyana a neng a tlhalosa seemo sa gagwe jaana: “Go ne go sena motlhanka wa thuto [mogolwane] yoo a neng a ka ikaega ka thuso ya gagwe. Go ne go sena dipokano. O ne a bontsha gore o ikwatlhaela maleo a gagwe. Bibela ya gagwe e ne e onetse. O ne a rapela ka diura di le dintsi.”

Ke eng seo se neng se le mo bukeng ya Millennial Dawn, mo makasineng wa Tora ya Tebelo, le mo dikgatisong tse dingwe tsa Mokgatlho seo se neng sa gapa dipelo tsa batho le go ba tlhotlheletsa gore ba tseye kgato e e ntseng jalo ba sa fetoge? C. T. Russell o ne a na le mokgwa wa go tlhalosa dithuto tsa Bibela oo a neng a o dirisa oo o neng o farologane le oo o neng o dirisiwa ke bakwadi ba motlha wa gagwe. O ne a dumela gore Bibela ke Lefoko la Modimo le le senang phoso epe le gore dithuto tsa yone di tshwanetse gore di dumalane. Ka gone, fa go na le karolo epe fela ya Bibela eo go seng motlhofo go e tlhaloganya, o ne a lemoga gore e ne e tshwanetse gore e phepafadiwe le go tlhalosiwa sentle ke karolo e nngwe ya Lefoko le le tlhotlheleditsweng. Ga a ka a leka go tshegetsa ditlhaloso tseo a neng a di neela ka go dirisa bosupi jo bo tswang mo bathong ba ba neng ba ithuta bodumedi ba motlha wa gagwe kana ka go dirisa dikgopolo tsa batho bao ba bidiwang gore ke baruti ba ntlhantlha ba mo kerekeng. Jaaka fa a ile a kwala mo go Bolumo I ya Millennial Dawn: “Re dumela gore eno ke phoso ya ka metlha eo batho ba le bantsi ba e dirang jaanong le e ba tlholang ba e dira ya gore ba dumele dithuto dingwe tse di rileng fela ka ntlha ya gore batho bao ba neng ba ba ikantse, ba ne ba di dumela. . . . Batho ba ba batlang boammaaruri ba tshwanetse gore ba tsholole metsi otlhe a a leswe a ngwao ao a leng mo dijaneng tsa bone mme ba e go di tlatsa kwa motsweding wa metsi a boammaaruri—Lefoko la Modimo.”

Jaaka fa palo ya batho ba ba ntseng jalo ba ba batlang boammaaruri bao ba neng ba tsaya kgato ka seo ba neng ba se bala mo dikgatisong tsa Mokgatlho wa Watch Tower e ne e ntse e gola, go ne ga tlhokega gore go dirwe diphetogo tseo di neng di sa lebelelwa kwa Allegheny.

Ntlokgolo E E kwa Bible House

Baithuti ba Bibela bao ba neng ba le kwa Allegheny, bao ba neng ba dira tiro ya go gatisa makasine wa Tora ya Tebelo, ba ne ba lejwa jaaka batho bao ba nang le maitemogelo go gaisa mo go direng tiro ya Morena ebile dikereke tsotlhe, kana diphuthego di ne di ba leba jaaka bao ba etelelang pele. Sa ntlha, ba ne ba na le diofisi tsa ntlokgolo kwa 101 Fifth Avenue, kwa Pittsburgh, mme moragonyana kwa 44 Federal Street, kwa Allegheny. Lefa go ntse jalo, ka nako ya fa dingwaga tsa bo 1880 di ne di ela go fela, go ne ga tlhokega gore go atolosiwe dikantoro tseno. Ka gone Russell o ile a rulaganya dilo gore go tle go agiwe dikago tse dikgolwane. Ka ngwaga wa 1889 go ne ga wediwa kago ya setene e e nang le matlhatlaganyane a le mane kwa 56-60 Arch Street, kwa Allegheny. Boleng jwa yone e ne e le $34 000, mme e ne ya itsiwe jaaka Bible House. E ne ya fetsa dingwaga di le 19 e direla jaaka ntlokgolo ya diofisi tsa Mokgatlho.

Go tla go fitlha ka ngwaga wa 1890 maloko a lelapa le lennye la Bible House a ne a thusa ditsala tsa one tse di tlhagafetseng di le makgolo a le mmalwa tsa Mokgatlho wa Watch Tower ka dilo tseo ba neng ba di tlhoka. Mme jaaka fa lesome la dingwaga tsa bo-1890 le ne le ntse le tswelela pele, batho ba ba oketsegileng ba ne ba simolola go kgatlhegela seo bano ba neng ba se dira. Ebile tota, go ya ka pego e e sa felelang e e neng e le mo makasineng wa Tora ya Tebelo, (ka Seesemane) March 26, 1899, Segopotso sa loso lwa ga Keresete se ne sa ketekelwa kwa dipokanong di le 339 tse di farologaneng tseo mo go tsone go neng go na le ba le 2 501. Lefa go ntse jalo, ke eng seo se neng se tla thusa go boloka Baithuti bano ba Bibela bao palo ya bone e oketsegang ba le mmogo?

Go Kitlanya Letsomane Leo Le Ntseng Le Gola

C. T. Russell o ne a kgothaletsa batho botlhe ba ba balang makasine wa Tora ya Tebelo gore ba kopane mmogo koo ba neng ba ka kgona go dira jalo gone go bopa ditlhopha, tse dinnye kana tse dikgolo, e le gore ba tle ba agane semoyeng. Go ne go neelwa kgakololo e e theilweng mo Dikwalong go dirisiwa makasine wa Tora ya Tebelo. Gape, baemedi ba ba etang ba Mokgatlho wa Watch Tower ba ne ba romelwa go tswa kwa ntlokgolo gore ba e go kopana le ditlhopha tse di farologaneng tseno le go di agelela semoyeng.

Ka dinako dingwe go ne go na le dikopano tse di kgethegileng tseo Baithuti ba Bibela bao ba tswang kwa mafelong a le mantsi ba neng ba ya kwa go tsone. “Eno ke TALETSO E E KGETHEGILENG eo e yang go motho mongwe le mongwe yo o balang makasine ono yo o ka kgonang go tla,” tokololo ya Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya March 1886 e ne ya rotloetsa jalo. E ne e le taletso ya eng? Ya go ketekiwa ga moletlo wa ngwaga le ngwaga wa Sejo sa Morena sa Maitseboa oo o neng o tshwanetse go tshwarwa ka Sontaga April 18, 1886, kwa Allegheny. Lefa go ntse jalo, go ne go na le dilo di le dintsi tseo di neng di rulagantswe: Motseletsele wa dipokano tse di kgethegileng o ne o rulaganyeditswe go tshwarwa mo maitseboeng mangwe le mangwe a beke eo e neng e latela. Baithuti ba Bibela ba kwa Allegheny ba ne ba bula matlo a bone—le dipelo tsa bone—go amogela baemedi ba ba neng ba etile ba sa ba duedise. Mo dingwageng di le mmalwa tse di latelang, go ne ga tshwarwa dikopano tse di tshwanang le tseno kwa Allegheny ka nako ya Segopotso sa loso lwa Morena.

Ka nako ya fa dingwaga tsa bo1890 di ne di ela go fela, go ne ga simololwa go dira dithulaganyo tsa gore go tshwarwe dikopano mo mafelong a le mantsi. C. T. Russell o ne a neela puo gangwe le gape mo dikopanong tseno. O ne o ikutlwa jang fa o mo reeditse?

Ralph Leffler, yo o neng a reetsa C. T. Russell a bua, o ne a gakologelwa jaana: “Ka nako ya fa a ne a le mo seraleng fa pele ga bareetsi, o ne ka metlha a apere purapura e telele e ntsho a tsentse kholara e tshweu. O ne a sena lentswe le le kwa godimo, ebile o ne a se ka a dirisa segodisalentswe kana sebuelakgakala, ka gonne di ne di ise di nne teng ka nako eo; mme lefa go ntse jalo, lentswe la gagwe ka metlha le ne le utlwala ka tsela nngwe mo holong yotlhe fela. O ne a kgona go bua le bontsi jo bo seng kana ka sepe jwa bareetsi eseng ka sebaka sa ura e le nngwe fela mme lefa go ntse jalo ka dinako tse dingwe ka sebaka sa diura di le pedi kana di le tharo. O ne a tlwaetse gore ka metlha fa a simolola go tlhatlhelela bareetsi a bo a ikobela pele go se kae kwa go bone. Ka nako ya fa a bua, o ne a sa eme tsi felo go le gongwe fela jaaka setshwantsho, mme ka metlha o ne a tsamayatsamaya, a bua a dirisa mabogo ebile a ntse a ya go tswa kafa letlhakoreng le lengwe go ya kafa go le lengwe kana go tswa kwa pele go ya kwa morago. Ga ke ise ke bo ke tsamae ke mmone a tshotse lefa e le pampirinyana eo a kwaletseng dintlha mo go yone kana a kwadile kgang yotlhe—mme ka metlha o ne a tshotse Bibela, eo a neng a e dirisa kgapetsakgapetsa. O ne a bua go tswa pelong ebile a bua ka mokgwa oo o neng o tlhatswa pelo eletota. Gantsi selo se le sengwe fela seo se neng se le gone mo godimo ga serala mo malatsing ao e ne e le tafojana eo go neng go beilwe Bibela mo godimo ga yone le nkgwana e e nang le metsi le galase eo sebui se neng se nwa metsi gangwe le gape ka yone.”

Dikopano tseo tsa ntlhantlha e ne e le dinako tseo ka tsone go neng go ipelelwa botsalano jo bo lorato ebile di lapolosa semoyeng. Boikaelelo jwa tsone e ne e le go nonotsha kutlwano ya Baithuti botlhe ba Bibela le go phasalatsa boammaaruri jo bo mo Bibeleng. Kgabagare, ka nako ya fa lesome la dingwaga tsa bo1890 le ne le ela go fela, Baithuti ba Bibela ba ne ba lemoga gore go ne go na le dilo di le dintsi tseo di neng di tlhoka go dirwa gore go anamisiwe boammaaruri jo bo mo Bibeleng. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba santse ba le babotlana fela thata ka palo. A go ne go na le tsela epe fela eo ka yone ba neng ba ka kgona go fitlhelela batho ba ba dimilionemilione go feta bao ba neng ba kgona go ba fitlhelela ka go dirisa mekgwa eo ba neng ba e dirisa ka nako eo? Ruri e ne e le gone!

Go Bula Kgoro ya “Go Rera Efangele ka Lokwalodikgang”

Mo bokhutlong jwa lekgolo la bo 19 la dingwaga, lefatshe le ne le setse le tletse ka mafaratlhatlha a dithelekerafa. Go buisana le batho go dirisiwa megala eno go ne go sa je madi a mantsi ebile go ne go le bonako; go ne ga fetola go gatisiwa ga makwalodikgang. Mafoko a a molemo a ne a ka kgona go anamisediwa kgakala thata ka bofefo le go kwadiwa mo makwalodikgannyeng. Ka nako ya fa lekgolo la bo 20 la dingwaga le ne le simolola, C. T. Russell le badumedi ka ene ba ne ba leba go dirisa makwalodikgang jaaka tsela e e mosola tota ya go fitlhelela batho ba bantsi thata. Moragonyana Russell o ne a bolela jaana: “Lokwalodikgang lo fetogile selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi mo lefatsheng leno le le tlhabologang.”

Tokololo ya makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya December 1, 1904, e ne ya itsise gore dithuto di le tharo tseo di kwadilweng ke C. T. Russell di ne di tlhagelela mo makwalodikgannyeng a le mararo. Tokololo e e latelang ya makasine wa Tora ya Tebelo e ne ya bega jaana kafa tlase ga setlhogo se se reng, “Go Rera Mafoko A A Molemo ka Lokwalodikgang”: “Ka gone dithero di le dimilionemilione di phasalaleditswe gongwe le gongwe; ebile dingwe tsa tsone bobotlana di ile tsa nna le matswela. Fa Morena a rata re tla rata go bona ‘kgoro’ eno e nna e ntse e bulegile ka metlha, kana e bulega le eleng go feta fano.” Kgoro ya “go rera efangele ka lokwalodikgang” e ile ya ba ya bulega le eleng go feta foo. Ebile tota, ka 1913 go ne ga fopholediwa gore dithuto tsa ga Russell di le 2 000 tseo di neng di phasaladiwa ka makwalodikgang di ne di fitlhelela batho ba le 15 000 000 ba ba balang dikgatiso tsa gagwe!

Lefa go ntse jalo, Russell o ile a kgona jang go dira gore go gatisiwe thuto ya gagwe ya beke nngwe le nngwe mo lokwalodikgannyeng le eleng ka nako ya fa a ne a eta? O ne a dirisa thelekerafa beke nngwe le nngwe go romela thuto nngwe eo a e kwadileng (eo e neng e ka nna boleele jwa dikolomo di le pedi tsa lokwalodikgang) kwa mokgatlhong o o rekisetsang batho ba ba kwalang dikgang ditlhogo dingwe tse di kwadilweng. Mokgatlho ono o o rekisetsang bakwaladikgang ditlhogo dingwe tseo di kwadilweng le one o tla bo o dirisa thelekerafa go romela thuto eno kwa mafelong ao go kwalwang makwalodikgang kwa go one eleng a a kwa United States, Canada, le kwa Yuropa.

Russell o ne a tlhwatswegile pelo gore Morena o ne a atlhamisitse kgoro ya go rera mafoko a a molemo go dirisiwa lokwalodikgang. Mo dingwageng tsa ntlha di le lesome tsa lekgolo leno la bo 20 la dingwaga, molaetsa wa Bibela oo Russell le ditsala tsa gagwe ba neng ba o bolela o ne wa itsiwe gongwe le gongwe ka ntlha ya dithuto tse di ntseng jalo tseo di neng di tlhagelela mo makwalodikgannyeng. Kgatiso nngwe e e bidiwang The Continent e kile ya tlhalosa jaana malebana le Russell: “Go bolelwa gore go na le makwalodikgang a le mantsi thata ao a phasaladiwang beke nngwe le nngwe ao a nang le dilo tseo a di kwadileng go gaisa ao a phasaladiwang ke motho ope fela yo mongwe yo o leng teng; ga go na pelaelo epe gore a mantsi thata go gaisa ao a kwadiwang ke baruti botlhe le a batho ba ba rerang kwa Amerika Bokone a kopantswe mmogo.”

Go Fudugela kwa Brooklyn

Jaaka fa go rera ka lokwalodikgang go ne go ntse go tswelela pele ka bofefo, Baithuti ba Bibela ba ne ba simolola go batla lefelo le lengwe leo ba neng ba ka gatisetsa dithuto tsa Bibela kwa go lone. Ka ntlha yang? Bible House eo e neng e le kwa Allegheny e ne e setse e le nnye thata jaanong. Gape go ne ga akanngwa gore fa dithuto tsa Bibela tsa ga Russell di ne di ka gatisiwa go tswa kwa toropong e kgolwane, e e itsiweng botoka, seno se ne se tla felela ka gore dithuto tsa gagwe tsa Bibela di kwalwe mo makwalodikgannyeng a a oketsegileng. Mme lefa go ntse jalo e ne e tla nna toropo efe eo? Makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa December 15, 1908 o ne wa tlhalosa jaana: “Morago ga fa re sena go kopa Modimo gore a re kaele, rotlhe fela re ne ra dira tshwetso ya gore Brooklyn, N.Y., eo e nang le baagi ba le bantsi ba maemo a a fa gare, ebile e itsiwe jaaka ‘Motsemogolo wa Dikereke,’ ka ntlha ya one mabaka ano, e tla nna lefelo le le tshwanelang go a gaisa otlhe leo re ka direlang tiro ya thobo mo go lone mo nakong ya dingwaga tseno tseo di santseng di setse.”

Lefa go ntse jalo, ka ngwaga wa 1908, baemedi ba le mmalwa ba Mokgatlho wa Watch Tower, go akaretsa le mogakolodi wa one wa tsa molao ebong Joseph F. Rutherford, ba ne ba romelwa kwa New York City. Boikaelelo jwa bone jwa go ya koo e ne e le eng? E ne e le go ya go reka kago nngwe eo C. T. Russell a ileng a e bona mo loetong lwa gagwe lwa bosheng. Ba ne ba reka kago nngwe ya bogologolo eo e neng e bidiwa “Plymouth Bethel,” eo e neng e le kwa 13-17 Hicks Street kwa Brooklyn. Kago eno e ne e kile ya direla jaaka ntlo ya barongwa ba Plymouth Congregational Church e e neng e le fa gaufi, eo Henry Ward Beecher a kileng a nna moruti wa yone. Gape, baemedi bano ba mokgatlho ba ne ba reka dikago tsa bonno tseo pele e neng e le tsa ga Beecher, tseo di nang le matlhatlaganyane a le mane di agilwe ka ditena tse ditshetlha, tseo di neng di le kwa 124 Columbia Heights, dikago di le mmalwanyana fela go tswa foo.

Kago e e mo Hicks Street eno e ne ya tlhabololwa mme ya bidiwa gore ke Brooklyn Tabernacle. E ne e na le diofisi tsa Mokgatlho le holo kafa teng. Morago ga fa go sena go baakanngwa thata, dikago tsa bonno tseo pele e neng e le tsa ga Beecher mo 124 Columbia Heights di ne tsa fetoga go nna legae le lesha la diofisi tsa ntlokgolo ya Mokgatlho. Legae leno le ne le tla bidiwa ka leina lefe? Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya March 1, 1909, e ne ya tlhalosa jaana: “Re tla bitsa legae le lesha leno ‘Bethele’ [eo e kayang, “Ntlo ya Modimo”].”f

“Tiro ya go rera efangele ka lokwalodikgang,” jaaka fa e ne e bidiwa jalo, e ne ya oketsega morago ga fa go sena go fudugelwa kwa Brooklyn. Mme lefa go ntse jalo eno e ne e se yone fela tsela ya go fitlhelela batho ba le bantsi ka mafoko a a molemo.

Go Oketsa Tsela ya go Bolela Mafoko A A Molemo

Ka ngwaga wa 1912, Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba simolola go dira tiro ya go ruta ka tsela e e sa tlwaelegang eo e neng e le kgatelo pele e e gakgamatsang eletota mo motlheng oo. Ebile tota, boikaelelo jwa tiro eno e ne e le go fitlhelela batho ba le dimilionemilione mo lefatsheng ka bophara. E ne e le tiro eo mo go yone ba neng ba dirisa “Photo-Drama of Creation”—ditshwantsho tse di tsamayang tseo di neng di tla di ntse di tsenwa fa gare ke puo ya diselaete, tseo di neng di tsamaisana sentle le mmino o o gatisitsweng mmogo le dipuo tse di gatisitsweng tseo di neng di tshamekiwa ka fonokerafa. Terama eno e ne e le boleele jwa diura tseo di ka nnang robedi mme go ne go tshamekiwa dikarolo di le nne tsa yone. Gape, kwantle ga “Photo-Drama” eo ba neng ba e tshameka ka metlha, go ne go na le “Eureka Drama” eo e ka tswang e ne e na le dithuto tse di gatisitsweng kana direkoto le diselaete fela. Le mororo yone e ne e sena ditshwantsho tse di tsamayang, ba ne ba kgona go e bontsha batho ba ba kwa mafelong ao a senang baagi ba bantsi.

A o ko o akanye fela ka tiragalo e e botlhokwa thata eno: Ka January 1914, mo motlheng wa fa go ne go na le ditshwantsho tse di tsamayang tse di senang modumo ope,g bareetsi ba le 5 000 ba ne ba kopana mmogo kwa kagong e e bidiwang The Temple, eo e neng e le mo West 63rd Street, kwa New York City. Ba le bantsi ba bone ba ne ba se ka ba letliwa go tsena ka go bo go ne go tletse thata. Go ne go diragalang? Aitsane, go ne go tshamekiwa “Photo-Drama of Creation” lekgetlo la ntlhantlha mo New York! Go ne go na le sebontshetsi se segolo sa dibaesekopo. Jaaka fa ba ne ba ntse ba bogetse ebile ba reeditse, go ne ga diragala sengwe seo ruri se neng se jesa kgakge. C. T. Russell, a le mo dingwageng tse di simololang tsa bo 60 ka nako eo, o ne a tlhagelela mo sebontshetsing seno. Dipounama tsa gagwe di ne tsa simolola go tsamaya, mme ba ne ba kgona go utlwa mafoko a gagwe! Jaaka fa terama eno e ne e ntse e tsweletse pele, go utlwala mantswe, go tlhaga ditshwantsho tse di mebala, ebile go utlwala mmino, bao ba neng ba le gone ba ne ba bogetse dilo tsa go simolola ka nako ya fa lefatshe le ne le bopiwa go ya go fitlha kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse Di Sekete. Gape, ka nako ya fa terama eno e ne e ntse e tsweletse ba ne ba bona dilo tse dingwe tseo di neng tsa dira gore ba sale ba gakgametse—ba ne ba bona sesheshe se thunya le kokwana e tswa mo teng ga lee (ba bona dilo tseno mo setshwantshong seo se neng se dirilwe gore se di tlhagise di direga ka bofefo). Ba ne ba kgatlhegile eleruri!

Ka nako ya fa ngwaga wa 1914 o fela, batho ba le dimilionemilione ba ba nnang kwa Amerika Bokone, Yuropa, New Zealand, le kwa Australia ba ne ba setse ba bontshitswe “Photo-Drama.” Ga go na pelaelo epe gore “Photo-Drama” e ile ya itshupa e le tsela e e mosola thata ya go fitlhelela bontsintsi jo bo boitshegang jwa batho ka lobaka lo lokhutshwanyane thata lwa nako.

Jaanong, go tweng ka October 1914? Russell le ditsala tsa gagwe ba ile ba fetsa masomesome a dingwaga ba bolela gore Metlha ya Baditšhaba e ne e tlile go fela ka ngwaga wa 1914. Ba ne ba na le tsholofelo e e seng kana ka sepe. C. T. Russell o ne a ntse a tshwaya phoso batho bao ba neng ba tlhomile matlha a a farologaneng ao ba neng ba bolela gore Morena o tlile go boa ka one, batho ba ba ntseng jaaka William Miller le ba ditlhopha dingwe tsa kereke ya Second Adventist. Mme lefa go ntse jalo, go tloga ka nako ya fa a ne a simolola go tsalana le Nelson Barbour, o ne a tlhatswegile pelo gore go ne go na le tsela e e tlhomameng ya go balwa ga dinako, eo e theilweng mo Bibeleng, le gore e ne e supa ngwaga wa 1914 jaaka bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba.

Jaaka fa ngwaga e e botlhokwa eo e ne e ntse e atamela, Baithuti ba Bibela ba ne ba na le tsholofelo e e seng kana ka sepe, mme lefa go ntse jalo ga se dilo tsotlhe tseo ba neng ba di solofetse tseo di neng tsa tlhalosiwa ka tlhamalalo mo Dikwalong. Go ne go tlile go diragala eng?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Makasine wa Tora ya Tebelo wa July 15, 1906, ts. 229 (ka Seesemane).

b Barbour le Russell e ne e se bone ba ntlha go tlhalosa gore Morena o ne a tlile go boa a sa bonale. Lobaka lo loleele pele ga foo, Sir Isaac Newton (1642-1727) o ne a ile a kwala gore Keresete o ne a tlile go boa le go busa “a sa bonwe ke batho.” Ka ngwaga wa 1856, Joseph Seiss ebong moruti wa kereke ya Lutere wa kwa Philadelphia kwa Pennsylvania, o ne a ile a kwala kaga go tla ga bobedi ga ga Keresete a bolela gore go na le dikarolo tse pedi—pa·rou·siʹa e e sa bonaleng, kana go nna teng ga gagwe a sa bonale, goo go salwang morago ke fa a tla bo a itshenola gore a bonwe. Morago ga moo, ka 1864, Benjamin Wilson o ne a ile a gatisa Emphatic Diaglott eo e neng e na le ditlhaka tseo di neng di kwadilwe fa gare ga mela tseo mo boemong jwa pa·rou·siʹa, di neng di balega ka gore “go nna gone,” eseng “go tla,” mme ebile B. W. Keith, yo e neng e le tsala ya ga Barbour, o ne a setse a kile a tlhokomedisa Barbour le balekane ba gagwe selo seno.

c Mo dingwageng tsa morago, go ne ga kwalwa lenaane la ditiragalo tsa Bibela ka go latelana ga tsone ka tsela e e tlhaloganngwang sentle ka phepafalo. Bona Kgaolo 10, e e nang le setlhogo se se reng “Go Gola mo Kitsong E E Tlhomameng ya Boammaaruri.”

d Mafoko ano “Watch Tower” ga a ka a dirisiwa fela mo dibukeng tsa ga Russell kana mo go tsa Basupi ba ga Jehofa. Mo dingwageng tsa bo 1850 George Storrs o ne a gatisa buka e e neng e bidiwa The Watch Tower: Or, Man in Death; and the Hope for a Future Life. Gape, leina leno le ne la tsenngwa mo setlhogong sa dimakasine tse di farologaneng tsa bodumedi. Leina leno le tswa mo kgopolong e e rayang go nna o lebile jaaka maikaelelo a Modimo a ntse a diragadiwa.—Isa. 21:8, 11, 12; Esek. 3:17; Hab. 2:1.

e Dibuka tseno e ne e le Bolumo II, e e bidiwang The Time Is at Hand (1889); Bolumo III, e e bidiwang Thy Kingdom Come (1891); Bolumo IV, e e bidiwang The Day of Vengeance (1897); eo moragonyana e neng ya bidiwa The Battle of Armageddon); Bolumo V, e e bidiwang The At-one-ment Between God and Man (1899); le Bolumo VI, e e bidiwang The New Creation (1904). Ka nako ya fa dibolumo tsa Millennial Dawn di ne tsa simolola go bidiwa Studies in the Scriptures, Bolumo I e ne ya bidiwa “Series I,” Bolumo II ya nna “Series II” jalo jalo. Go simolola mo e ka nnang ka October 1904, leina le lesha eleng Studies in the Scriptures, le ne le dirisiwa mo dikgatisong di le mmalwa fela, mme go simolola ka ngwaga wa 1906, le ne la dirisiwa thata mo dikgatisong tsotlhe ka kakaretso.

f Moragonyana, go ne ga rekiwa kago e e fa gaufi mo 122 Columbia Heights, ka go dira jalo Legae la Bethele le ne la atologa. Gape, ka ngwaga wa 1911 go ne ga agiwa kago e nngwe kafa morago ga Legae la Bethele go dira gore go nne le dikago tse disha tsa bonno.

g Le mororo bogologolo go ilwe ga dirwa maiteko a go tsenya modumo mo ditshwantshong tse di tsamayang, ditshwantsho tseo di nang le modumo di ne tsa simolola go nna teng ka August 1926 ka nako ya fa go ne go gololwa Don Juan (eo e neng e na le mmino mme e sena modumo), eo morago ga yone go neng ga gololwa The Jazz Singer (eo e neng e na le modumo) ka nako ya fa ngwaga wa 1927 o ne o ela go fela.

[Mafoko a a mo go tsebe 51]

‘Go bilediwa go rera mafoko a a molemo’

[Lebokoso mo go tsebe 44]

“Lesañ, Lo Mmè go Golè Mmōgō go ea Thoboñ”

Ke eng seo se ileng sa diragalela Bokeresete jwa boammaaruri morago ga lekgolo la ntlha la dingwaga? Mo setshwantshong, Jesu o ne a ile a tlhagisa gore Diabolo o ne a tla jala “mohoka,” eleng batho ba ba itirang ekete ke Bakeresete, mo gare ga “mabele,” eleng Bakeresete ba boammaaruri, ebong “bana ba bogosi.” Bobedi jono bo ne bo tla gola mmogo go ya “thoboñ,” eleng “bokhutlō jwa lehatshe.” (Math. 13:24-30, 36-43) Mo nakong ya botenegi jo bogolo joo bo ileng jwa nna gone fa baaposetoloi ba sena go swa, “mohoka” o ne o le montsi thata ka makgolo a le mantsi a dingwaga.

Mme lefa go ntse jalo go tweng ka “mabele”? Ke bomang bao ba neng ba le teng mo gare ga “bana ba bogosi” ka nako ya botenegi jo bo sa bolong go nna gone ka makgolo a le mantsi a dingwaga? Re ka se kgone go ba itse ka tlhomamo. Mohoka wa mmatota oo Jesu a neng a o umaka mo setshwantshong sa gagwe gantsi o lejwa jaaka “bearded darnel,” eo e tshwanang fela thata le mabele go fitlha ka nako ya fa e setse e godile, nako eo ka yone motho a ka kgonang go e farologanya sentle le mabele ka peonyana ya yone e ntsho ka mmala. Ka tsela e e tshwanang, ke ka nako ya “thobo” fela batho ba ba itirang ekete ke Bakeresete ba tla kgonang go farologanngwa sentle le “bana ba bogosi” ba boammaaruri. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a bolela jaana: “Lesañ, lo mmè go golè mmōgō go ea thoboñ.” Ka gone, seno se bolela gore Bokeresete jwa boammaaruri bo ne bo sa hupediwa gotlhelele.

Ga go bolo go nna go ntse go na le batho ba ba ratang boammaaruri go kgabaganya makgolo a le mantsi a dingwaga. Go umaka ba le mokawanyana fela: John Wycliffe (c. 1330-1384) le William Tyndale (c. 1494-1536) ba ne ba tsweledisetsa pele tiro ya go ranola Bibela le eleng lefa seno se ne se baya matshelo kana kgololesego ya bone mo kotsing. Wolfgang Fabricius Capito (1478-1541), Martin Cellarius (1499-1564), Johannes Campanus (c. 1500-1575), le Thomas Emlyn (1663-c. 1741) ba ne ba amogela Bibela jaaka Lefoko la Modimo ebile ba ne ba gana thuto ya Tharonngwe. Henry Grew (1781-1862) le George Storrs (1796-1879) ba ne ba se ka ba dumela fela Bibela le go gana thuto ya Tharonngwe mme gape ba ne ba bontsha fa ba anaanela setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete.

Le mororo re ka se ka ra kgona go tlhaola ka tlhomamo ope wa batho ba ba ntseng jalo jaaka “mabele” ao Jesu a neng a a umaka mo setshwantshong sa gagwe, ga go na pelaelo epe gore “Morèna o itse ba e leñ ba gagwè.”—2 Tim. 2:19.

[Lebokoso mo go tsebe 45]

George W. Stetson—“Monna Yo O Nang le Dinonofo Tse Di Tlhomologileng”

C. T. Russell o ne a lebogela thuso eo George W. Stetson wa kwa Edinboro, kwa Pennsylvania a ileng a e mo naya fa a ne a ithuta Dikwalo. Stetson o ne a tlhokafala ka October 9, 1879, a na le dingwaga di le 64. Mo kgweding e e latelang makasine wa “Tora ya Tebelo” o ne wa tla o na le kitsiso eo e neng e bolela kaga loso lwa ga Stetson mme e ne e senola tsela e e boteng eo Russell yo o neng a na le dingwaga di le 27 a neng a mo tlotla ka yone. “Mokaulengwe wa rona e ne e le monna yo o neng a na le dinonofo tse di tlhomologileng,” Russell o ne a kwala jalo, “o ne a tlogela isagwe e e itumedisang ya go tlotliwa mo lefatsheng le mo dipolotiking gore a letliwe go rera kaga Keresete.” Fa a ne a swa, Stetson o ne a kopa gore C. T. Russell e nne ene a rerang mo tirelong ya gagwe ya phitlho; Russell o ne a dira jaaka a kopilwe. “Go ne go na le batho ba ba ka nnang makgolo a le somepedi mo tirelong eno ya phitlho,” Russell o ne a bega jalo, “ka gone a naya bosupi gore mokaulengwe yono wa rona o ne a tlotliwa thata.”—Makasine wa “Tora ya Tebelo,” (ka Seesemane) wa November 1879.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 46]

George Storrs —“Tsala le Mokaulengwe wa Rona”

C. T. Russell o ne a ikutlwa a le molato kaga George Storrs, yoo o neng a mo feta ka dingwaga di le 56. Russell o ile a ithuta dilo di le dintsi thata go tswa mo go Storrs tseo di leng malebana le gore moya o a swa. Ka gone ka nako ya fa Storrs a ne a simolola go lwala thata fela ka nako ya fa ngwaga wa 1879 o ne o ela go fela, Russell o ne a akantsha gore a kwale mo makasineng wa “Tora ya Tebelo” polelo eo e neng e le malebana le boemo joo Storrs a neng a le mo go jone. “Mokaulengwe wa rona,” Russell o ne a kwala jalo, “yo o sa bolong go nna morulaganyi wa makasine wa ‘The Bible Examiner’ o itsiwe ke batho ba le bantsi bao ba balang dikgatiso tsa rona; le gore o ile a patelediwa ke bolwetse jwa gagwe jo bo botlhoko gore a emise go kwala pampiri ya gagwe.” Go ya ka Russell, Storrs o ne a na le “mabaka a le mantsi a go lebogela Modimo go bo a ile a mo naya tshiamelo ya go tshela botshelo jo boleele jaana le joo a neng a bo neetse ka botlalo mo Moreneng.” Storrs o ne a swa ka December 28, 1879, a na le dingwaga di le 83. Tokololo ya makasine wa “Tora ya Tebelo” ya February 1880 (ka Seesemane)e ne ya tla e na le kitsiso eo e neng e bega loso lwa gagwe, e e neng ya bolela jaana: “Re hutsafetse ka ntlha ya go latlhegelwa ke tsala le mokaulengwe wa rona mo go Keresete mme lefa go ntse jalo, ‘eseng jaaka bao ba senang tsholofelo.’”

[Setshwantsho]

George Storrs

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 48]

“Ke Tlogela Makasine Ono wa ‘Herald’ le Wena”

Ka dikgakologo tsa ngwaga wa 1879, C. T. Russell o ne a tlogela gotlhelele go tlhola a tshegetsa makasine wa “Herald of the Morning,” oo ba neng ba o gatisa mmogo le N. H. Barbour. Russell o ne a tlhalosa lebaka la gagwe jaana mo lekwalong leo a neng a le kwaletse Barbour la May 3, 1879: “Go tsogile bothata jwa go leba dilo ka tsela e e sa tshwaneng fa gare ga me le wena joo bo leng malebana le seo lefoko la Rraarona le se rutang [malebana le molemo wa thekololo e e emelang maleo a batho], mme le mororo ke go tlotla ka ntlha ya bopeloephepa jotlhe joo o nang najo le go ikanyega ga gago mo tseleng eo wena o lebang dilo ka yone, tseo nna ke di lebang ka tsela e e farologaneng, lefa go ntse jalo ke tshwanetse gore ke kaelwe ke tsela eo nna ke tlhaloganyang lefoko la Rraarona ka yone, mme ka gone ke akanya gore o phoso. . . . Dintlha tse re sa dumalaneng mo go tsone di lebega e le tsa motheo ebile di le botlhokwa thata mo e leng gore botsalano le go utlwana ka botlalo go go tshwanetseng ga rena fa gare ga bagatisi le barulaganyi ba lokwalodikgang kana ba makasine, ga di tlhole di le teng fa gare ga me le wena, mme ka ntlha ya boemo jono, ke akanya gore botsalano jwa rona bo tshwanetse jwa khutla.”

Russell o ne a kwala jaana mo lekwalong le lengwe leo le neng la sala leno morago la May 22, 1879: “Jaanong ke tlogela makasine ono wa ‘Herald’ le wena. Ke kgaogana gotlhelele le one, ebile ga nkitla ke kopa sepesepe go tswa mo go wena . . . Tsweetswee mo Kgatisong e e latelang ‘Herald,’ kwala kitsiso eno e e leng malebana le go kgaogana ga rona o bo o phimole leina la me.” Go simolola ka tokololo ya June 1879, leina la ga Russell le ne le sa tlhole le tlhagelela jaaka mothusamorulaganyi wa makasine wa “Herald.”

Go ya ka dipego tseo di leng teng tsa laeborari, Barbour o ne a tswelela pele go gatisa makasine ono wa “Herald” go fitlha ka ngwaga wa 1903, eleng ka nako eo o neng wa khutla go gatisiwa ka yone. Barbour o ne a swa dingwaga di le mmalwanyana moragonyana, ka ngwaga wa 1906.

[Setshwantsho]

Nelson H. Barbour

[Lebokoso mo go tsebe 54]

Lebaka la Go Bo A Ne A Bidiwa Moruti

Ditsala tsa ga Charles Taze Russell di ne di mmitsa Moruti Russell. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya ditiro tseo a neng a di dira tseo di neng di le malebana le go disa letsomane la Modimo. Lekwalo la Baefesia 4:11 le tlhalosa gore Keresete o tla naya bangwe mo phuthegong ya gagwe gore e nne “baruti,” kgotsa “badisa.” Ga go na pelaelo epe gore Mokaulengwe Russell o ile a direla jaaka modisa wa semoya mo phuthegong ya Bokeresete.

Ka ntlha ya tiro ya boruti eo a neng a e dira kafa tlase ga boeteledipele jwa Modisa Yo Mogolo, Jesu Keresete, diphuthego dingwe di ile tsa dumela gore e ne e le moruti wa tsone di dira jalo ka go mo tlhopha ka go bouta. E ne e se sereto seo a neng a se iphile. Setlhopha sa ntlha seo se neng sa mo tlhopha jaaka moruti wa sone se dira jalo ka go bouta e ne e le phuthego eo e neng e le kwa Pittsburgh, kwa Pennsylvania, ka ngwaga wa 1882. Morago ga moo, diphuthego tse dingwe di le 500 tseo di neng di le kwa United States le kwa Boritane le tsone di ne tsa mo tlhopha jaaka moruti wa tsone di dira jalo ka go bouta.

Bogologolo ka nako eo, go ne go tlwaelegile gore ngwaga nngwe le nngwe diphuthego di tlhophe bao ba neng ba tla di etelela pele di ba tlhopha jalo ka go bouta. Gompieno jaana, bagolwane ba Bakeresete mo Basuping ba ga Jehofa ga ba tlhophiwe ke diphuthego tseo di leng mo lefelong la bone mme lefa go ntse jalo ba tlhomiwa ke Setlhopha Se Se Laolang Sa Basupi ba ga Jehofa. Gape go tlhokomelwa gore mafoko a a ntseng jaaka “moruti” kana “mogolwane” a se ka a dirisiwa jaaka direto.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 56, 57]

“Photo-Drama of Creation”

“Photo-Drama of Creation” e ne e na le ditshwantsho tse di tsamayang tseo di neng di tla di ntse di tsenwa gare ke puo ya diselaete, eo e neng e tsamaisana sentle le modumo. Mo terameng eo e neng e sa tlwaelega eno bareetsi ba ne ba bona dilo tsa go tloga ka nako ya fa dilo di bopiwa go ya go fitlha kwa nakong ya Puso ya Dingwaga Tse Di Sekete.

Go ne go dirilwe bobotlana disete di le 20 tseo nngwe le nngwe ya tsone e neng e na le dikarolo di le nne, seo se neng se dira gore go kgonege gore letsatsi lengwe le lengwe, karolo e le nngwe ya “Photo-Drama” e bontshiwe batho kwa ditoropong tse di farologaneng di le 80. Go ya go dira tiro e e ntseng jalo kwa ditoropong tse 80 tseo e ne e le selo se se gwetlhang eletota. Gantsi dinako tseo diterena di neng di tsamaya ka tsone e ne e le tseo di neng di sa ba siamela. Diphuthego di ne di sa kgone gore ka metlha di thape mafelo a dipontsho ka matlha ao go neng go eletswa gore “Photo-Drama” e tshamekiwe ka one. Mme lefa go ntse jalo, erile ngwaga wa 1914 o fela, batho ba palogotlhe e e fetang 9 000 000 kwa Amerika Bokone, Yuropa, le kwa Australia ba ne ba setse ba bontshitswe “Photo-Drama” eno.

[Ditshwantsho]

Mafelo a dipontsho a ne a dirisiwa ka dinako tsotlhe fela gore batho ba bontshiwe “Photo-Drama”

“Buka” ya “Photo-Drama” e nang le dithuto le ditshwantsho di le dintsi

Chicago

New York

Segasa ditshwantsho tse di tsamayang

Segasa ditshwantsho tsa diselaete

Direkoto tsa fonokerafa

Diselaete tseo di tswang mo ditshwantshong tsa “Photo-Drama”

Pampiri eo e dirisediwang go phasalatsa

[Lebokoso mo go tsebe 60]

“Elang Tlhoko Ngwaga wa 1914!”

Ka nako ya fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e tlhagoga ka ngwaga wa 1914, lekwalodikgang le le bidiwang “The World,” leo le neng le phasaladiwa go a gaisa otlhe kwa New York City ka nako eo, le ne la tlhalosa jaana mo karolong ya lone ya dimakasine: “Go tlhagoga ga ntwa e e matlho mahibidu kwa Yuropa go diragaditse polelelopele e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe. . . .  ‘Elang Tlhoko Ngwaga wa 1914!’ ke mokgosi o o neng o ntse o goelediwa ke baefangele ba ba makgolokgolo ba ba etang, bao, ka go bo ba emela tumelo eno e e sa tlwaelegang [ba ba neng ba dira le Russell], ba tsamaileng go ralala naga yotlhe ba anamisa thuto ya gore ‘Bogosi jwa Modimo bo Atametse.’”—“The World Magazine,” wa August 30, 1914.

[Setshwantsho mo go tsebe 42]

Charles Taze Russell

[Setshwantsho mo go tsebe 43]

Joseph L. Russell, rraagwe Charles, e ne e le leloko la setlhopha sa batho ba ba ithutang Bibela seo se neng se nna kwa Allegheny ebile o ne a dira gaufi thata le morwawe mo ditirong tseo di neng di dirwa mo Mokgatlhong wa Watch Tower go fitlha a swa ka ngwaga wa 1897

[Setshwantsho mo go tsebe 50]

Baithuti ba Bibela ba ne ba aba dikopi di le dimilione di le masomesome tsa dipampitshana tseo di neng di senola maaka a bodumedi, di tlhalosa boammaaruri jo bo theilweng mo Dikwalong, le tseo di neng di bolela ka ngwaga o o botlhokwa thata wa 1914

[Setshwantsho mo go tsebe 52]

C. T. Russell o feditse lobaka lo e ka nnang dingwaga di le 37 a kwala dibolumo di le thataro tsa “Millennial Dawn” (1886 go ya go fitlha ka 1904) mmogo le dipampitshana, dibukana, le ditlhogo tsa makasine wa “Tora ya Tebelo”

[Setshwantsho mo go tsebe 53]

Ka nako ya fa a ne a neela dipuo tsa phatlalatsa, Mokaulengwe Russell o ne a sa dirise le fa e le pampirinyana eo a kwaletseng dintlha mo go yone ebile ka metlha o ne a bua a ntse a tsamayatsamaya—a bua a dirisa mabogo a ntse a tsamayatsamaya mo seraleng

[Ditshwantsho mo go tsebe 58]

Go ne ga fopholediwa gore ngwaga mongwe, ka makwalodikgang a le 2 000, dithuto tsa ga C. T. Russell di ne di fitlhelela babadi ba le 15 000 000

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela