Kgaolo 38
Bakang Jah ka Ntlha ya Dikatlholo Tsa Gagwe!
1. Ke mafoko afe a Johane a a utlwang a a tshwanang le “lentswe le le kwa godimo la boidiidi jo bogolo kwa legodimong”?
BABELONA O MOGOLO ga a tlhole a le gone! Ruri tseno ke dikgang tse di itumedisang. Ga go gakgamatse go bo Johane a utlwa mafoko a boitumelo a pako kwa legodimong! “Morago ga dilo tseno ka utlwa se se neng se tshwana le lentswe le le kwa godimo la boidiidi jo bogolo kwa legodimong. Ba ne ba re: ‘Haleluja!a Poloko le kgalalelo le maatla ke tsa Modimo wa rona, ka gonne dikatlholo tsa gagwe di boammaaruri e bile di siame. Gonne o atlhotse seaka se segolo se se neng sa senya lefatshe ka kgokafalo ya sone, e bile o busoloseditse madi a batlhanka ba gagwe mo seatleng sa sone.’ Mme gone fela foo ba bua lekgetlo la bobedi ba re: ‘Haleluja!b Mme mosi o o tswang mo go sone o tswelela o tlhatloga ka bosaengkae le go ya go ile.’”—Tshenolo 19:1-3.
2. (a) Lefoko “Haleluja” le rayang, mme ke eng se go le utlwa ga ga Johane gabedi mo ntlheng eno go se bontshang? (b) Ke mang yo o galalediwang ka ntlha ya go senya Babelona o Mogolo? Tlhalosa.
2 Ruri ke Haleluja! Lefoko leo le raya gore “Bakang Jah,” “Jah” e le khutshwafatso ya leina la Modimo, Jehofa. Fano re gakololwa ka kgothatso ya mopesalema e e reng: “Sengwe le sengwe se se hemang—a se bake Jah. Bakang Jah!” (Pesalema 150:6) Go utlwa ga ga Johane gabedi baopedi kwa legodimong ba re “Haleluja!” mo karolong eno ya Tshenolo go supa gore tshenolo ya Modimo ya boammaaruri e ntse e a tswelela. Modimo wa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika e ntse ke Modimo wa Dikwalo tsa Sehebera tsa pelenyana, mme Jehofa ke leina la gagwe. Modimo yo o neng a diga Babelona wa bogologolo jaanong o atlhotse le go senya Babelona o Mogolo. A a newe kgalalelo ka ntlha ya tiro eno ya gagwe e kgolo! Maatla a a neng a laola go wa ga Babelona o Mogolo ke a gagwe mme ga se a ditšhaba tse a neng a di dirisa jaaka didirisiwa tsa gagwe go mo swafatsa. Ke Jehofa a le nosi fela yo re tshwanetseng go bolela gore poloko e tswa kwa go ene.—Isaia 12:2; Tshenolo 4:11; 7:10, 12.
3. Ke ka ntlha yang fa go ne go tshwanela gore seaka se segolo se amogele katlholo?
3 Ke ka ntlha yang fa seaka se segolo se ile sa tshwanelwa ke katlholo eno? Go ya ka molao o Jehofa a o neileng Noa—mme wa fetela mo bathong botlhe ka Noa—Babelona o Mogolo o tshwanetse go atlholelwa loso ka ntlha ya go tsholola ga gagwe madi ka tsela e e sa laolegeng. Seno se ne sa tlhalosiwa gape mo Molaong wa Modimo o a neng a o naya Iseraele. (Genesise 9:6; Dipalo 35:20, 21) Mme gape, mo Molaong wa ga Moshe boaka jwa senama le jwa semoya bo ne bo tshwanetse katlholelo ya loso. (Lefitiko 20:10; Duteronome 13:1-5) Ka diketekete tsa dingwaga, Babelona o Mogolo o ile a nna le molato wa madi, mme ke seaka se se bosulasula. Ka sekai, maikemisetso a Kereke ya Katoliki ya Roma a go iletsa baruti ba gagwe go nyala a feletse ka gore ba wele mo boitsholong jo bo sa siamang ka tsela e e feteletseng mo go ba le bantsi ba bone, mme e bile bano ka bontsi ba ile ba tsenwa ke AIDS. (1 Bakorintha 6:9, 10; 1 Timotheo 4:1-3) Mme maleo a gagwe a magolo, ‘a a koameng go fitlha fela kwa legodimong,’ ke ditiro tse di ferosang sebete tsa boaka jwa semoya—e leng go ruta maaka le go itsalanya le dipolotiki tse di bodileng. (Tshenolo 18:5) E re ka jaanong a setse a tletswe ke kotlhao ya gagwe, matshwititshwiti a legodimo jaanong a bua gape la bobedi a re Haleluja.
4. Ke eng se se tshwantshediwang ke go bo mosi o o tswang mo Babelona o Mogolo “o tlhatloga ka bosaengkae le go ya go ile”?
4 Babelona o Mogolo o ile a tlhosediwa ka molelo jaaka motse o o fentsweng, mme mosi o o tswang mo go ene o “tlhatloga ka bosaengkae le go ya go ile.” Fa motse wa mmatota o fisiwa ke masole a a fentseng, mosi o nna o ntse o kua fa fela molora o sa ntse o le molelo. Mongwe le mongwe yo o ka reng o leka go o aga sesha fa o ntse o kua mosi o tla fisiwa ke marope a a ntseng a kua molelo. E re ka jaana mosi o o tswang mo go Babelona o Mogolo o tla tlhatloga “ka bosaengkae le go ya go ile” go supa gore katlholo e a e neilweng ke ya makgaolakgang, ga go na ope yo o ka tlholang a kgona go tsosolosa motse oo o o bosulasula. Bodumedi jwa maaka bo tla bo bo tsamaetse ruri. Ruri, ke Haleluja!—Bapisa Isaia 34:5, 9, 10.
5. (a) Ke eng se bagolwane ba ba 24 le ditshedi tse nnè ba se dirang le go se bua? (b) Ke ka ntlha yang fa pina ya Haleluja e le monate thata go feta dikopelo tsa Haleluja tse di opelwang mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete?
5 Mo ponatshegelong nngwe e e fetileng, Johane o ne a bona mo tikologong ya setulo sa bogosi dibopiwa tse nnè tse di tshelang, mmogo le bagolwane ba ba 24 ba ba tshwantshetsang baruaboswa ba Bogosi mo maemong a bone a a galalelang a kwa legodimong. (Tshenolo 4:8-11) Jaanong o ba bona gape jaaka ba goeletsa Haleluja wa boraro ka ntlha ya go senngwa ga Babelona o Mogolo: “Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bonè le dibopiwa tse nnè tse di tshelang ba wela fa fatshe ba obamela Modimo yo o ntseng mo setulong sa bogosi, ba re: ‘Amen! Haleluja!’”c (Tshenolo 19:4) Jalo he, mokgosi ono o mogolo wa Haleluja, o oketsa “pina e ntšha,” e e opelwang go baka Kwana. (Tshenolo 5:8, 9) Jaanong ba opela pina e kgolo ya phenyo, ba bolela gore kgalalelo yotlhe e isiwe kwa go Jehofa Morena wa Lobopo ka ntlha ya phenyo ya gagwe e e boitshegang mo seakeng se segolo, Babelona o Mogolo. Bohaleluja bano ba utlwala ka molodi o o monate thata go feta dikopelo dipe fela tsa Haleluja tse di kileng tsa opelwa mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete, koo Jehofa, kana Jah, a ileng a tlontlololwa le go nyadiwa teng. Kopelo e e ntseng jalo ya boitimokanyo e e tlontlololang leina la ga Jehofa jaanong e didimalediwa ruri!
6. Ke “lentswe” la ga mang le le utlwiwang, mme ke eng se le se kgothaletsang, mme ke bomang ba ba kopanelang mo go utlweng taelo ya lone?
6 E ne e le ka 1918 fa Jehofa a simolola go duela ‘ba ba boifang leina la gagwe, ba bannye le ba bagolo’—ba ntlha mo go bano e le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba swa ba ikanyega, ba a neng a ba tsosa le go ba kopanya le bagolwane ba ba 24 kwa legodimong. (Tshenolo 11:18) Ba bangwe ba kopanela le bano mo go opeleng Bohaleluja, ka go bo Johane o bega jaana: “Gape, lentswe la tswa mo setulong sa bogosi la re: ‘Bakang Modimo wa rona, lona lotlhe batlhanka ba gagwe, ba lo mmoifang, ba bannye le ba bagolo.’” (Tshenolo 19:5) Leno ke “lentswe” la Mmueledi wa ga Jehofa, Morwawe ka sebele, Jesu Keresete, yo o emeng “mo gare ga setulo sa bogosi.” (Tshenolo 5:6) Ga se fela kwa legodimong mme gape le mono mo lefatsheng, “lona lotlhe batlhanka ba gagwe” ba kopanetse mo pineng, mme ba setlhopha sa Johane se se tloditsweng ba eteletse pele mo lefatsheng. A bo bano ka boitumelo ba kopanetse mo go utlweng taolo e e reng: “Bakang Modimo wa rona”!
7. Morago ga fa Babelona o Mogolo a sena go senngwa, ke bomang ba ba tla bakang Jehofa?
7 Ee, ba boidiidi jo bogolo le bone ba balelwa gare ga batlhanka bano. Fa e sa le ka 1935 bano ba ile ba tswa mo go Babelona o Mogolo mme ba bona jaaka fa tsholofetso eno ya Modimo e diragadiwa: “O tla segofatsa ba ba boifang Jehofa, ba babotlana mmogo le ba bagolo.” (Pesalema 115:13) Fa Babelona wa seaka a senngwa, dimilione tsa bone ba tla kopanela mo go ‘bakeng Modimo wa rona’—mmogo le setlhopha sa Johane le masomosomo otlhe a selegodimo. Moragonyana, ba ba tla bong ba tsositswe mo lefatsheng, e ka ne ba ne ba itsege pele kana nnyaa, kwantle ga pelaelo ba tla tswelela go opela Bohaleluja ba bangwe fa ba sena go lemoga gore Babelona o Mogolo o etse ruri. (Tshenolo 20:12, 15) A bo pako yotlhe e ya kwa go Jehofa jang ne ka ntlha ya phenyo ya gagwe e kgolo mo seakeng sa bogologolo!
8. Ke tlhotlheletso efe e dikopelo tsa selegodimo tsa pako e e utlwilweng ke Johane di tshwanetseng go e re naya gone jaanong jaana, pele ga Babelona o Mogolo a senngwa?
8 A bo seno se re tlhotlheletsa jang ne go kopanela ka botlalo mo tirong ya Modimo gompieno! E kete batlhanka botlhe ba ga Jah ba ka ineela ka pelo yotlhe le moya otlhe mo go boleleng dikatlholo tsa Modimo, mmogo le tsholofelo e e molemolemo ya Bogosi, gone jaanong jaana, pele ga Babelona o Mogolo a tlosiwa le go senngwa.—Isaia 61:1-3; 1 Bakorintha 15:58.
‘Haleluja—Jehofa ke Kgosi!’
9. Ke ka ntlha yang fa Haleluja wa bofelo e le modumo o mogolo, le o o nonofileng jaana?
9 Go na le mabaka a mangwe gape a go itumela, fela jaaka Johane a tswelela go re bolelela: “Mme ka utlwa se se neng se tshwana le lentswe la boidiidi jo bogolo le se se neng se tshwana le mosumo wa metsi a mantsi e bile se tshwana le modumo wa tumo e kgolo ya maru. Ba re: ‘Haleluja,d ka gonne Jehofa Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o simolotse go busa e le kgosi.’” (Tshenolo 19:6) Haleluja yono ke wa bofelo yo o dirang gore polelo e tlhomamisege, kana e nne ya boammaaruri. Ke modumo o mogolo wa selegodimo, o o kgatlhisang thata go feta wa le fa e le setlhopha sefe sa baopedi ba batho, bogolo jwa one bo feta lephothophotho le fa e ka nna lefe la metsi mo lefatsheng, e bile o boitshega go gaisa leratla lepe la tladi le le diragalang mo lefatsheng. Bontsintsi jwa mantswe a selegodimo a keteka lebaka la gore “Jehofa Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o simolotse go busa e le kgosi.”
10. Ke ka tsela efe go ka bolelwang gore Jehofa o simolola go busa e le kgosi morago ga Babelona o Mogolo a sena go senngwa?
10 Le fa go le jalo, ke ka tsela efe go tweng Jehofa o simolola go busa e le kgosi? Go setse go fetile diketekete tsa dingwaga fa e sale mopesalema a bolela a re: “Modimo ke Kgosi ya me go tloga bogologolong.” (Pesalema 74:12) Bogosi jwa ga Jehofa le eleng ka nako eo e ne e le jwa bogologolo, jalo baopedi ba lobopo lotlhe ba ka opela jang ba re “Modimo . . . o simolotse go busa e le kgosi”? Ke ka go bo fa Babelona o Mogolo a senngwa, Jehofa o tla bo a sa tlhole a na le moganetsi yo o boikgodiso yo o faposang batho mo go mo utlweng jaaka Molaodi wa Lobopo Lotlhe. Bodumedi jwa maaka bo tla bo bo sa tlhole bo tlhotlheletsa babusi ba lefatshe go mo ganetsa. Fa Babelona wa bogologolo a ne a tlogela go nna mmusi wa lefatshe lotlhe, Siona o ne a utlwa polelo ya phenyo e e reng: “Modimo wa gago jaanong ke kgosi!” (Isaia 52:7) Morago ga go tsalwa ga Bogosi ka 1914, bagolwane ba ba 24 ba ne ba bua ba re: “Re a go leboga, Jehofa Modimo . . . ka gonne o tsere maatla a gago a magolo mme wa simolola go busa o le kgosi.” (Tshenolo 11:17) Jaanong, morago ga go nyelediwa ga Babelona o Mogolo, go kuiwa mokgosi o mongwe gape o o reng: “Jehofa . . . o simolotse go busa e le kgosi.” Ga go na modimo ope o o itiretsweng ke batho o o tla bong o le teng go ganetsana le bolaodi jwa Modimo wa boammaaruri, Jehofa!
Nyalo ya Kwana e Fitlhile!
11, 12. (a) Jerusalema wa bogologolo o ne a bitsa Babelona wa bogologolo eng, mme seo se kaya eng mabapi le Jerusalema o Mosha le Babelona o Mogolo? (b) Morago ga fa Babelona o Mogolo a sena go fenngwa, ke eng se masomosomo a selegodimo a se opelang le go se itsise?
11 “Wena mosadi yo o leng mmaba wa me”! Ke kafa Jerusalema, lefelo le tempele ya kobamelo ya ga Jehofa e neng e le mo go lone, le neng la bitsa Babelona yo o dirisang kobamelo ya medimo ya disetwa ka gone. (Mika 7:8) Ka go tshwana, “motse o o boitshepo, Jerusalema yo Mosha,” yo o dirilweng ka maloko a monyadiwa a le 144 000, o ile a nna le mabaka a a utlwalang a go bitsa Babelona o Mogolo mmaba wa gagwe. (Tshenolo 21:2) Mme kgabagare seaka se segolo se ile sa tlelwa ke bomadimabe, masetlapelo, tshenyego. Ditlwaelo tsa gagwe tsa go dirisana le meya le tepodinaledi ga di a kgona go mo falotsa. (Bapisa Isaia 47:1, 11-13.) Ruri, seo ke phenyo e kgolo, ya kobamelo ya boammaaruri!
12 Ka jaana seaka se se ferosang sebete, Babelona o Mogolo, se tla bo se etse ruri, tlhokomelo jaanong e ka lebisiwa mo monyadiweng wa ga Kwana yo o itshekileng jaaka lekgarebane! Ka jalo, masomosomo a selegodimo a opela ka boitumelo go baka Jehofa: “A re itumeleng re bo re ipeleng go feta selekanyo, mme a re mo neyeng kgalalelo, ka gonne lenyalo la Kwana le gorogile le mosadi wa gagwe o ipaakantse. Ee, o neilwe gore a apare leloba le le phatsimang, le le phepa, le le boleta, gonne leloba le le boleta le emela ditiro tse di siameng tsa baitshepi.”—Tshenolo 19:7, 8.
13. Ke eng se se ntseng se direga go ralala makgolokgolo a dingwaga go baakanyetsa lenyalo la Kwana?
13 Go ralala makgolokgolo a dingwaga, Jesu o ntse a baakanyetsa lenyalo leno la selegodimo ka lorato. (Mathaio 28:20; 2 Bakorintha 11:2) O ile a phepafatsa Iseraele wa semoya wa ba ba 144 000 gore “a tle a tlhagise phuthego kwa go ene ka boene e le mo bontlentleng jwa yone, e se na selabe kgotsa letsutsuba kgotsa sepe sa dilo tse di ntseng jalo, fa e se gore e tle e nne boitshepo e bile e se na molato.” (Baefeso 5:25-27) Ka boikaelelo jwa go bona “tuelo ya pitso ya kwa godimo ya Modimo,” Mokeresete mongwe le mongwe yo o tloditsweng o ile a tshwanelwa ke go apola botho jwa gagwe jwa bogologolo le ditlwaelo tsa jone, mme a apare botho jo bosha jwa Bokeresete, mme a dire ditiro tsa tshiamo “ka moya otlhe, jaaka [a] direla Jehofa.”—Bafilipi 3:8, 13, 14; Bakolosa 3:9, 10, 23.
14. Satane o lekile jang go bodisa ba e neng e tlile go nna maloko a mosadi wa ga Kwana?
14 Go simologa ka Pentekosete 33 C.E. go ya pele, Satane o ne a dirisa Babelona o Mogolo jaaka sedirisiwa sa gagwe go bodisa bao e neng e tla nna maloko a mosadi wa ga Kwana. Kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, o ne a setse a jadile dipeo tsa bodumedi jwa Sebabelona mo phuthegong. (1 Bakorintha 15:12; 2 Timotheo 2:18; Tshenolo 2:6, 14, 20) Moaposetoloi Paulo o tlhalosa ba ba neng ba koafatsa tumelo ka mafoko ano: “Gonne batho ba ba ntseng jalo ke baaposetoloi ba maaka, badiri ba ba tsietsang, ba ba iphetolang baaposetoloi ba ga Keresete. Mme ga go gakgamatse, gonne Satane ka boene o nna a iphetola moengele wa lesedi.” (2 Bakorintha 11:13, 14) Mo makgolokgolong a dingwaga, dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete tsa botlhanogi, fela jaaka Babelona o Mogolo, di ne tsa ikapesa ka diaparo tsa khumo le ditshiamelo, “bobududu jo bo mokgona le bohibidu jo bo letlhololo, . . gouta le leje le le tlhokegang le diperela.” (Tshenolo 17:4) Baruti ba gagwe le bomopapa ba ne ba itsalanya le babusi ba bagolo ba ba nyoretsweng madi, jaaka Constantine le Charlemagne. Le ka motlha ga di ise di ko di apare “ditiro tse di siameng tsa baitshepi.” Jaaka monyadwi yo e seng ene, tota ruri di nnile sedirisiwa se segolo sa tsietso ya ga Satane. Labofelo jaanong, di etse ruri!
Mosadi wa ga Kwana o Ipaakantse
15. Go tshwaiwa go direga jang, mme ke eng se se tlhokegang mo Mokereseteng yo o tloditsweng?
15 Jalo he, morago ga dingwaga tse di ka nnang 2 000, botlhe ba ba 144 000 ba setlhopha sa monyadwi ba ile ba ipaakanya. Mme ke ka nako efe go ka tweng ‘mosadi wa ga Kwana o ipaakantse’? Kgato ka kgato, go tloga ka Pentekosete 33 C.E. go ya pele, batlodiwa ba ba dumelang ba ne ba ‘tshwaiwa ka moya o o boitshepo o o solofeditsweng,’ seno se direlwa go tla ga “letsatsi la go gololwa ka thekololo.” Fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a tlhalosa, Modimo o “beile letshwao la gagwe mo go rona e bile o re neile sesupo sa se se tlang, ke gore, moya, mo dipelong tsa rona.” (Baefeso 1:13; 4:30; 2 Bakorintha 1:22) Mokeresete mongwe le mongwe yo o tloditsweng ‘o biditswe le go tlhophiwa,’ mme o itshupile a “ikanyega.”—Tshenolo 17:14.
16. (a) Go tshwaiwa ga ga moaposetoloi Paulo go ne ga wela leng, mme re itse jang? (b) Mosadi wa ga Kwana o tla bo a “ipaakantse” leng ka botlalo?
16 Morago ga dingwagangwaga tsa diteko, Paulo ka boene o ne a kgona go bua a re: “Ke tlhabane tlhabano e e molemo, ke tabogile lobelo go ya bofelong, ke bolokile tumelo. Go tswa mo nakong eno go ya pele ke beetswe serwalo sa tshiamo, se Morena, moatlhodi yo o siameng, o tla se nnayang e le maduo mo letsatsing leo, le fa go ntse jalo e seng nna fela, mme le botlhe ba ba ratileng go bonatshega ga gagwe.” (2 Timotheo 4:7, 8) Go tshwaiwa ga moaposetoloi go bonala go ne go setse go digetswe, le mororo a ne a sa ntse a le mo nameng e bile a sa ntse a tla swela tumelo. Ka tsela e e tshwanang, nako e tshwanetse go tla ya fa botlhe ba ba sa ntseng ba setse mo lefatsheng ba ba 144 000 ba tla bong ba tshwailwe motho ka bongwe gore ke ba ga Jehofa. (2 Timotheo 2:19) Seno e tla bo e le fa mosadi wa ga Kwana a sena go ipaakanya ka botlalo—bontsi jwa ba ba 144 000 ba setse ba amogetse tuelo ya bone ya selegodimo mme ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng ba sena go amogelwa le go tshwaiwa gore ba a ikanyega.
17. Lenyalo la ga Kwana le tla diragala leng?
17 Mo karolong eno ya thulaganyo ya ga Jehofa, fa go tshwaiwa ga ba ba 144 000 go tla bo go diragetse, baengele ba tla lesa diphefo tse nnè tsa pitlagano e kgolo. (Tshenolo 7:1-3) Sa ntlha, katlholo e diragadiwa mo Babelona o Mogolo wa seaka. Go tswa foo Keresete yo o fentseng o itlhaganelela go ya Haramagedona go senya phuthego yotlhe e e setseng ya ga Satane mo lefatsheng mme, kgabagare, go tsenya Satane le badimona ba gagwe mo moleteng. (Tshenolo 19:11–20:3) Fa go sa ntse go na le batlodiwa ba ba setseng mo lefatsheng, ga go pelaelo gore ba tla tsena mo tuelong ya bone ya selegodimo ka bonako fa Keresete a sena go digela phenyo ya gagwe mme ba bo ba kopana le maloko a mangwe a setlhopha sa monyadiwa. Mme ka nako e e beilweng ke Modimo ke gone lenyalo la Kwana le ka diragalang!
18. Pesalema 45 e tlhalosa jang thulaganyo ya ditiragalo mabapi le lenyalo la ga Kwana?
18 Pego ya boporofeti e e mo go Pesalema 45 e tlhalosa tsela e ditiragalo di tla latelanang ka yone. Sa ntlha Kgosi e e beilweng mo setulong sa bogosi e ya go fenya baba ba yone. (Ditemana 1-7) Go tswa foo go tsenwa mo lenyalong, monyadiwa wa selegodimo a etleeleditswe mo lefatsheng ke ditsala tsa gagwe tsa makgarebane, boidiidi jo bogolo. (Ditemana 8-15) Morago ga moo lenyalo le nna le maungo, ka gore batho ba ba tsositsweng ba fiwe boitekanelo mme seo se okametswe ke “dikgosana mo lefatsheng lotlhe.” (Ditemana 16, 17) A bo lenyalo la Kwana le patilwe ke masego a magolo jang ne!
Go Itumela ba ba Laleditsweng
19. Boitumelo jwa bonè mo go a le supa a Tshenolo ke bofe, mme ke bomang ba segolo bogolo ba kopanelang mo boitumelong jono?
19 Johane jaanong o kwala boitumelo jwa bonè mo go a a supa a Tshenolo: “Mme [moengele yo o neng a ntse a senolela Johane dilo tseno] a nthaya a re: ‘Kwala: Go itumela ba ba laleditsweng kwa dijong tsa maitseboa tsa lenyalo la Kwana.’ Gape, a nthaya a re: ‘Ano ke mafoko a a boammaaruri a Modimo.’” (Tshenolo 19:9)e Ba ba laleditsweng go tla “dijong tsa maitseboa tsa lenyalo la Kwana” ke maloko a setlhopha sa monyadiwa. (Bapisa Mathaio 22:1-14.) Botlhe ba ba mo setlhopheng sa monyadiwa ba ba tloditsweng ba kopanela mo boitumelong jwa go bo ba amogetse taletso eno. Bontsi jwa balalediwa ba setse ba ile kwa legodimong, lefelo le go tshwarelwang sejo sa maitseboa sa lenyalo mo go lone. Ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng le bone ba itumetse, ka go bo ba laleditswe. Ga go na yo o ka ba tseelang bonno jwa bone mo sejong seno sa maitseboa sa lenyalo. (Johane 14:1-3; 1 Petere 1:3-9) Fa ba tsosediwa kwa legodimong, monyadiwa yo o feletseng, o tla tswelela go kopanela le Kwana mo lenyalong leno le le tletseng ka boitumelo jo bogolo thata.
20. (a) Mafoko a a reng: “Ano ke mafoko a a boammaaruri a Modimo,” a raya eng tota? (b) Johane o ne a amiwa jang ke mafoko a moengele, mme moengele o ne a arabela jang?
20 Moengele o oketsa ka go re, “Ano ke mafoko a a boammaaruri a Modimo.” Lefoko leno “boammaaruri” le ranotswe mo go la Segerika le le reng a·le·thi·nosʹ le le rayang “selo sa mmatota” kana “selo se o ka se ikanyang.” E re ka mafoko ano a tswa kwa go Jehofa tota, a a ikanyega e bile go ka ikaegwa ka one. (Bapisa 1 Johane 4:1-3; Tshenolo 21:5; 22:6.) Jaaka e ne e le mongwe wa ba ba laleditsweng mo moketeng oo wa lenyalo, Johane o tshwanetse a bo a ne a tletse ka boitumelo fa a utlwa ka seno le fa a gopola ka masego a a neng a emetse setlhopha sa monyadiwa. O ne a tseega maikutlo fela thata, mo eleng gore, moengele o ne a tshwanelwa ke go mo fa kgakololo, jaaka fa Johane a anela: “Foo ka wela fa fatshe fa pele ga dinao tsa gagwe go mo obamela. Mme a nthaya a re: ‘O tlhokomele! O se ka wa dira jalo! Se ke leng sone fela ke motlhankammogo le wena le bakaulengwe ba gago ba ba nang le tiro ya go supa ka Jesu. Obamela Modimo.’”—Tshenolo 19:10a.
21. (a) Tshenolo e tlhalosa eng kaga baengele? (b) Ke boikutlo bofe jo Bakeresete ba tshwanetseng go nna le jone ka baengele?
21 Go ralala Tshenolo yotlhe go tlhalosiwa ka botlalo kaga go ikanyega le botlhaga jwa baengele. Ba tseneletse mo tirong ya go fetisa boammaaruri jo bo senotsweng. (Tshenolo 1:1) Ba dira mmogo le batho mo go rereng dikgang tse di molemo le mo go gorometseng dipetso tsa tshwantshetso. (Tshenolo 14:6, 7; 16:1) Ba ne ba thusa Jesu mo go tlhabantsheng le mo go digeng Satane le baengele ba gagwe kwa legodimong, mme ba tla tswelela ba ntse ba thusana le ene mo ntweng ya Haramagedona. (Tshenolo 12:7; 19:11-14) Tota ruri, ba kgona go bona Jehofa ka sebele sa gagwe. (Mathaio 18:10; Tshenolo 15:6) Le fa go le jalo, bone ke batlhanka ba ba boikokobetso fela ba Modimo. Ga go na sebaka sepe mo kobamelong e e itshekileng sa gore baengele ba obamelwe kana le eleng go ba neela kobamelo ya mofuta mongwe, go obamela Modimo ka tiriso ya “moitshepi” mongwe kana moengele. (Bakolosa 2:18) Bakeresete ba obamela Jehofa fela, ba isa dikopo tsa bone kwa go ene ka leina la ga Jesu.—Johane 14:12, 13.
Seabe sa ga Jesu mo Polelelopeleng
22. Moengele o raya Johane a reng, mme mafoko ao a raya eng?
22 Go tswa foo moengele a re: “Gonne go naya bosupi ka Jesu ke se se tlhotlheletsang go porofeta.” (Tshenolo 19:10b) Jang? Seno se raya gore polelelopele nngwe le nngwe e e tlhotlheleditsweng e nna gone ka ntlha ya ga Jesu le seabe se a nang le sone mo maikaelelong a ga Jehofa. Polelelopele ya ntlha mo Baebeleng e ne ya solofetsa kaga go tla ga losika. (Genesise 3:15) Jesu o ne a nna Losika loo. Ditshenolo tse di neng tsa latela di ne tsa tiisetsa boammaaruri jwa polelelopele kaga tsholofetso eno ya motheo. Moaposetoloi Petere o ne a raya Moditšhaba yo o dumetseng Korenelio a re: “Baporofeti botlhe ba naya bosupi ka ene [Jesu].” (Ditiro 10:43) Dingwaga tse di ka nnang 20 moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a re: “Le fa ditsholofetso tsa Modimo di ka bo di le dintsi jang, di ntse Ee ka ene [Jesu].” (2 Bakorintha 1:20) Morago ga dingwaga tse dingwe tse 43, Johane ka boene o re gakolola a re: “Boammaaruri [bo nnile] gone ka Jesu Keresete.”—Johane 1:17.
23. Ke ka ntlha yang fa maemo a a kwa godimo le taolo tse Jesu a nang natso di sa re fapose mo kobamelong e re e fang Jehofa?
23 A seno se faposa ka tsela nngwe kobamelo e re e neelang Jehofa? Nnyaa. Gakologelwa mafoko ao moengele a neng a tlhagisa ka one: “Obamela Modimo.” Le ka motlha Jesu ga a ke a leka go itepatepanya le Jehofa. (Bafilipi 2:6) Gone ke boammaaruri, baengele botlhe ba bolelelwa gore ba “obame fa pele ga [ga Jesu],” mme lobopo lotlhe lo tshwanetse go lemoga maemo a gagwe a a kwa godimo gore “ka leina la ga Jesu lengole lengwe le lengwe le tle le obame.” Mme ela tlhoko gore, seno se dirwa “kgalalelong ya Modimo Rara” le ka taolo ya gagwe. (Bahebera 1:6; Bafilipi 2:9-11) Jehofa o file Jesu taolo ya gagwe e kgolo, mme ka go dumalana le taolo eo, re galaletsa Modimo. Fa re gana go ikobela puso ya ga Jesu, go tshwana fela le go gana Jehofa Modimo ka sebele.—Pesalema 2:11, 12.
24. Ke ditiragalo dife tse pedi tse di tlhomologileng tse re gopotseng ka tsone, mme jalo ke mafoko afe a re tshwanetseng go a bua?
24 Ka jalo, a ka kutlwano rotlhe re bueng mafoko a tshimologo a Dipesalema 146 go ya go 150: “Bakang Jah!” E kete pina ya Haleluja e ka tlhatlogela godimo fa re ntse re lebile pele kwa nakong ya fa Jehofa a tla bo a fenya mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka wa Babelona! Mme e kete boipelo bo ka oketsega fa nyalo ya Kwana e ntse e atamela!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ntlhanyana e e kwa tlase mo go New World Translation Reference Bible.
b Ntlhanyana e e kwa tlase mo go New World Translation Reference Bible.
c Ntlhanyana e e kwa tlase mo go New World Translation Reference Bible.
d Ntlhanyana e e kwa tlase mo go New World Translation Reference Bible.
e Bona gape Tshenolo 1:3; 14:13; 16:15.
[Lebokoso mo go tsebe 273]
“Lokwalo lo lo Yang Sodoma le Gomora”
Kafa tlase ga setlhogo seno se segolo, Daily Telegraph ya London ya November 12, 1987, e ne ya bega ka kgang e e neng ya tlotliwa mo Lekgotlenglegolo la Church of England. Kgang e ne e le gore “Bakeresete” ba basodoma ba lelekwe mo kerekeng. Mokwaladikgang Godfrey Barker o ne a tlhalosa jaana: “Mobishopomogolo wa Canterbury ka pelo e e botlhoko o ne a tlhalosa jaana maabane: ‘Fa Moitshepi Paulo a ne a ka kwalela Church of England lokwalo, re ka nna ra ipotsa gore o ne a tla kwala lekwalo la mofuta ofe.’” Rre Barker ka boene o ne a akgela a re: “Lokwalo lo lo yang Sodoma le Gomora ke yone karabo,” mme o ne a oketsa a re: “Rre Runcie [mobishopomogolo] o ne a akanya gore le ne le tla balega fela jaaka Baroma, Kgao 1.”
Mokwadi o ne a nopola mafoko a ga Paulo a a mo go Baroma 1:26-32: “Modimo o ba leseleditse ba ineela mo dikeletsong tsa dipelo tsa bone tse di tlhabisang ditlhong. . . . Banna ba dira matlhabisa ditlhong le banna ba bangwe . . . le mororo ba itse molao wa Modimo, o o reng, ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ba tshwanetse go swa, mme ga ba felele fela ka gore ba di dire mme gape ba amogela ba ba di dirang.” O ne a digela ka go re: “Moitshepi Paulo o ne a tshwenyegile fela ka batho ba ba tsenang kereke. Bothata jwa ga Rre Runcie jone ke batho ba ba rerang mo kerekeng.”
Ke ka ntlha yang fa mobishopomogolo a na le bothata joo? Setlhogo sa dikgang se segolo sa Daily Mail ya London ya October 22, 1987, se ne sa bolela jaana: “‘Moruti a le mongwe mo go ba bararo ke mosodoma’ . . . Go leka go leleka basodoma mo kerekeng ‘go tla tswala Church of England.’” Dipego di ne tsa nopola “moruti” yo e bileng e le motsamaisimogolo wa Mokgatlho wa Bakeresete wa Basodoma a re: “Fa go ne go ka dumalanwa le kgang eno, Kereke e ne e tla thubega mme Mobishopomogolo wa Canterbury o itse seno. Re dumela gore baruti ba Church of England ba ba ka dirang diperesente tse di fa gare ga 30 le 40 ke basodoma. Mme ke bone ba ba tlhagafetseng thata mo bodireding jwa Kereke.” Kwantle ga pelaelo sengwe sa dilo tse di bakang go ngotlega ga dipalo tsa batho ba ba tsenang kereke ke ka ntlha ya go bo ba ferosiwa sebete ke baruti ba ba ntseng ba oketsega ba basodoma.
Lekgotlalegolo la kereke le ne la fetsa jang? Bontsi jo bogolo jwa maloko a le 388 (diperesente di le 95 tsa baruti) bo ne jwa dumalana le gore kgang eno e tshololwe. Malebana le seno, The Economist ya November 14, 1987, e ne ya bega jaana: “Church of England e kgatlhanong le ditlwaelo tsa bosodoma, mme eseng go le kalo. Lekgotlalegolo, ebong palamente ya Kereke, le le neng le gopotse ka baruti ba basodoma, le ne la digela mo bekeng eno ka go re ditiro tsa bosodoma, ka go sa tshwane le boaka le kgokafalo, ga se boleo: ke fela gore ‘ga di tsamaisane le kgopolo’ ya gore ‘tlhakanelodikobo ke selo se se bontshang go ineela ka mo go feletseng se ka tshwanelo se dirwang fela mo kamanong ya lenyalo le le nnetseng ruri.’” Fa e bapisa boemo jwa ga Mobishopomogolo wa Canterbury le mafoko a a tlhamaletseng a moaposetoloi Paulo mo go Baroma 1:26, 27, The Economist e ne ya kwala mafoko a ga Paulo mo godimo ga mafoko a a reng “Moitshepi Paulo o ne a itse se a buang ka sone.”
Jesu Keresete le ene o ne a itse se a buang ka sone mme a se tlhalosa ka mafoko a a tlhamaletseng. O ne a re “lefatshe la Sodoma le tla itshoka segolo ka Letsatsi la Katlholo” go na le batho ba bodumedi ba ba neng ba bifela molaetsa wa gagwe. (Mathaio 11:23, 24) Jesu fano o ne a dirisa sekapuo sa pheteletso go bontsha gore baeteledipele bao ba bodumedi ba ba neng ba gana Morwa Modimo le thuto ya gagwe ba ne ba na le molato o mogolo go feta le batho ba Sodoma. Jude 7 e tlhalosa gore Basodoma bao ba ne ba otlhaiwa ka “kotlhao ya katlholo ya molelo o o sa khutleng,” mo go rayang tshenyego ya bosakhutleng. (Mathaio 25:41, 46) A bo he katlholo e tla nna setlhogo jang ne mo baeteledipeleng ba go tweng ke Bakeresete ba ka bofofu ba etelelang pele matsomane a bone a a foufetseng go ba faposa mo melaong ya boitsholo e e kwa godimo ya Bogosi jwa Modimo go ya mo ditseleng tsa lefatshe leno tsa botlhaswa, le bofafalele! (Mathaio 15:14) Malebana le bodumedi jwa maaka, Babelona o Mogolo, lentswe le le tswang legodimong le ikuela jaana ka potlako: “Tswang mo go ene, batho ba me, fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe, le fa lo sa batle go amogela karolo ya dipetso tsa gagwe.”—Tshenolo 18:2, 4.
[Ditshwantsho mo go tsebe 275]
Legodimo le utlwala Bohaleluja ba le banè, le baka Jah ka ntlha ya phenyo ya gagwe ya makgaolakgang mo go Babelona o Mogolo