Kgaolo 30
“Babelona o Mogolo o Ole”!
1. Ke eng se moengele wa bobedi a se itsiseng, mme Babelona o Mogolo ke mang?
KE NAKO ya Modimo ya go atlhola! He, reetsa molaetsa wa Modimo: “Mme yo mongwe, moengele wa bobedi, a latela, a re: ‘O ole! Babelona o Mogolo o ole, ene yo o neng a dira gore ditšhaba tsotlhe di nwe beine ya bogale jwa kgokafalo ya gagwe!’” (Tshenolo 14:8) Ka lekgetlo la ntlha, mme e se la bofelo, Tshenolo e lebisa tlhokomelo mo go Babelona o Mogolo. Moragonyana, kgaolo 17 e tla mo tlhalosa e le seaka se se tshelelang mo maitlhapedisong. Ene ke mang? Jaaka re tla bona, ke mmuso wa lefatshe lotlhe, ke wa bodumedi, gape ke tsamaiso ya tsietso ya ga Satane e a e dirisang go tlhabana le losika lwa mosadi wa Modimo. (Tshenolo 12:17) Babelona o Mogolo ke mmuso otlhe wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. O akaretsa ditumelo tsotlhe tse di rutang dithuto tsa bodumedi le ditlwaelo tsa Babelona wa bogologolo le tse di bontshang moya wa gagwe.
2. (a) Ditumelo tsa Sebabelona di ne tsa anama jang le dikarolo tsotlhe tsa lefatshe? (b) Karolo e kgolo ya Babelona o Mogolo ke efe, mme e ne ya tlhaga leng e le phuthego e e maatla?
2 E ne ya nna kwa Babelona, dingwaga tse di fetang 4 000 tse di fetileng, koo Jehofa a neng a tlhakatlhakanya dipuo tsa batho ba ba neng ba tla aga Tora ya Babele. Batho ba ditlhopha tsa dipuo tse di farologaneng ba ne ba phatlaladiwa go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe, ba tsamaya ka ditumelo tsa botlhanogi le ditlwaelo tse e leng motheo wa ditumelo tse dintsi go fitlha le gompieno. (Genesise 11:1-9) Babelona o Mogolo ke karolo ya bodumedi ya phuthego ya ga Satane. (Bapisa Johane 8:43-47.) Karolo ya gagwe e kgolo gompieno ke dikereke tsa botlhanogi tse di ipitsang tsa Bokeresete, tse di neng tsa tlhaga e le phuthego e e maatla, e e se nang molao mo lekgolong la bonè la dingwaga morago ga ga Keresete, e bontsi jwa ditumelo tsa yone le ditsamaiso di tswang, e seng mo Baebeleng, mme mo bodumeding jwa Babelona.—2 Bathesalonika 2:3-12.
3. Go ka buiwa jang ga twe Babelona o Mogolo o ole?
3 O ka nna wa botsa wa re, ‘E re ka bodumedi bo sa ntse bo na le tlhotlheletso e kgolo mo lefatsheng, ke ka ntlha yang fa moengele a re Babelona o Mogolo o ole?’ Ebu, go ne ga diragala eng morago ga 539 B.C.E. fa Babelona wa bogologolo a sena go wa? Ee, Iseraele o ne a gololwa go boela kwa nagagaeng ya gagwe le go ya go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri koo! Jalo go tsosolosiwa ga Iseraele wa semoya ka 1919 go bona katlego e e itumedisang ya semoya, e e ntseng e tsweletse e bile e oketsega le go fitlha gompieno, ke bosupi jwa gore Babelona o Mogolo o ne a wa ka ngwaga oo. Ga a tlhole a na le maatla a go thibela batho ba Modimo. Mo godimo ga moo, o mo mathateng a magolo gareng ga batho ba gagwe. Fa e sa le ka 1919, bosula jwa gagwe, go sa ikanyegeng, le boitsholo jo bo sa siamang di nnile tsa senolwa ka botlalo. Mo dikgaolong tse dintsi tsa Yuropa, ke batho ba se kae fela ba ba sa ntseng ba ya dikerekeng, mme mo dinageng dingwe tsa dipuso tsa bojammogo, bodumedi bo tsewa e le “selo se se tagang batho.” E re ka a tlhabisa ditlhong mo matlhong a barati botlhe ba Lefoko la Modimo la boammaaruri, Babelona o Mogolo jaanong o emetse go bolawa, jaaka go ka tualo, fa Jehofa a diragatsa katlholo ya gagwe ya tshiamo mo go ene.
Go wa Ga Matlhabisaditlhong ga Babelona
4-6. “Babelona o Mogolo . . . o [dirile] gore ditšhaba tsotlhe di nwe beine ya bogale jwa kgokafalo ya gagwe” ka tsela efe?
4 A re sekasekeng ka botlalo maemo a go wa ga Babelona o Mogolo ka tsela e e tlhabisang ditlhong. Moengele fano o re bolelela gore “Babelona o mogolo . . . o [dirile] gore ditšhaba tsotlhe di nwe beine ya bogale jwa kgokafalo ya gagwe.” Seno se kaya eng? Se amana le phenyo. Ka sekai, Jehofa o ne a raya Jeremia a re: “Tsaya senwelo seno sa beine ya bogale jwa me mo seatleng sa me, mme o dire gore ditšhaba tsotlhe tse ke go romang kwa go tsone di se nwe. Mme ba nwe ba bo ba thetheekelele kwa pele le kwa morago mme ba itshware jaaka batho ba ba tsenwang ka ntlha ya tšhaka e ke e romelang mo go bone.” (Jeremia 25:15, 16) Mo lekgolong la borataro le la bosupa la dingwaga B.C.E., Jehofa o ne a dirisa Babelona wa bogologolo go tshelela ditšhaba di le dintsi senwelo sa tshwantshetso sa pitlagano gore di se nwe, go akareletsa le Juda wa motlhanogi, mo e leng gore le e leng batho ba gagwe ba ne ba isiwa botshwarwa. Go tswa foo, ka nako ya gagwe, Babelona o ne a wa ka gonne kgosi ya gagwe e ne e ikgogomosetsa Jehofa, “Morena wa magodimo.”—Daniele 5:23.
5 Babelona o Mogolo le ene o nnile le diphenyo dingwe, mme gantsi, e nnile tsa boferefere. O dirile gore “ditšhaba tsotlhe di nwe” ka go dirisa maretshwa a boaka, a akafala le tsone ka tsela ya bodumedi. O hepisitse babusi ba dipolotiki go tshwaragana le go itsalanya le ene. Ka go dirisa bodumedi go hepisa, o logile maano a go gatelela batho ka tsela ya sepolotiki, ya kgwebo, le ya itsholelo. Gape o tsositse dipogiso tsa bodumedi le dintwa tsa bodumedi le mephato e e tlhabanelang go sokololela batho mo bodumeding, le dintwa tsa bomorafe, ka ntlha ya dipolotiki le kgwebo. Gape o segofaditse dintwa tseno a re ke thato ya Modimo.
6 Go itsenya ga bodumedi mo dintweng le dipolotiki tsa lekgolo la bo20 la dingwaga ke selo se se itsiweng ke batho botlhe—jaaka Bashinto ba Japane, Bahindu ba India, Babuda ba Vietnam, “Bakeresete” ba Northern Ireland le Latin America, mmogo le ba bangwe—re sa lebale seabe sa baruti ba ba neng ba rapelela masole mo matlhakoreng oomabedi a dintwa tse pedi tsa lefatshe ba ba neng ba kgothaletsa makawana go ya go bolaana. Sekai se se tlhomolosegileng sa go akafala ga Babelona o Mogolo ke go nna le seabe ga gagwe mo Ntweng ya Maraganelateng a Bana ba Mpa ya kwa Spain ka 1936-39, e mo go yone batho ba ka nna 600 000 ba neng ba bolawa. Tshololo eno ya madi e ne ya simololwa ke baemanokeng ba baruti ba Katoliki le ditsala tsa bone, lebaka le lengwe e le ka gonne khumo le maemo a kereke eo a ne a tshosediwa ke puso e e kafa molaong ya Spain.
7. Ke mang yo Babelona o Mogolo a ileng a mo tlhasela thata, mme o dirisitse ditsela dife go mo tlhasela?
7 E re ka Babelona o Mogolo e le karolo ya bodumedi ya losika lwa ga Satane, o nnile a tlhasela “mosadi” wa ga Jehofa, e bong “Jerusalema o o kwa godimo,” fela thata. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e ne ya senolwa ka botlalo fa e le losika lwa mosadi. (Genesise 3:15; Bagalatia 3:29; 4:26) Babelona o Mogolo o ne a leka ka natla go fenya phuthego eo e e itshekileng ka go e hepisa gore e dire kgokafalo ya bodumedi le ene. Moaposetoloi Paulo le Petere ba ne ba ntsha tlhagiso ya gore bontsi jwa batho ba ne ba tla ineela le gore go ne go tla felela ka botlhanogi jo bogolo. (Ditiro 20:29, 30; 2 Petere 2:1-3) Molaetsa wa ga Jesu mo diphuthegong tse supa o ne o supa gore go ya bofelong jwa botshelo jwa ga Johane, Babelona o Mogolo o ne a gatetse pele mo maitekong a gagwe a go senya. (Tshenolo 2:6, 14, 15, 20-23) Mme Jesu o ne a setse a bontshitse bokgakala jo a neng a tla letlelelwa go fitlha kwa go jone.
Korong le Mefero
8, 9. (a) Setshwantsho sa ga Jesu sa korong le mefero se ne se supa eng? (b) Ke eng se se neng sa direga fa “batho ba robetse”?
8 Mo setshwantshong sa gagwe sa korong le mefero, Jesu o ne a bua ka monna yo o neng a jala peo e e molemo mo tshimong. Mme “ya re batho ntse ba robetse,” mmaba a tla a jala mefero. Ka jalo, korong e ne ya hupediwa ke mefero. Jesu o ne a tlhalosa setshwantsho sa gagwe ka mafoko ano: “Mojadi wa peo e e molemo ke Morwa motho; tshimo ke lefatshe; mme peo e e molemo, bano ke bana ba bogosi; mme mefero ke bana ba yo o boikepo, mme mmaba yo o e jadileng ke Diabolo.” Go tswa foo o ne a bontsha gore korong le mefero di ne di tla letlelelwa go gola mmogo go fitlha “mo bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo,” fa baengele ba “phutha” korong ya tshwantshetso.—Mathaio 13:24-30, 36-43.
9 Se Jesu le moaposetoloi Paulo le Petere ba neng ba tlhagisa ka sone se ne sa diragala. Fa “batho ba robetse,” e ka ne e le morago ga baaposetoloi ba sena go robala mo losong kana fa balebedi ba Bakeresete ba ne ba tshwakgafala mo go diseng letsomane la Modimo, botlhanogi jwa Sebabelona bo ne jwa runya mo teng ga phuthego. (Ditiro 20:31) Go ise go ye kae ke fa mefero e feta korong ka palo mme e e khurumetsa mo e neng e sa tlhole e bonala. Go ne ga feta makgolo a dingwaga go lebega fa losika lwa mosadi lo khurumeditswe ke dikobo tse di kgokgothang tsa Babelona o Mogolo.
10. Ke eng se se neng sa diragala ka bo1870, mme Babelona o Mogolo o ne a itshwara jang mabapi le seo?
10 Ka bo1870 Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba simolola go dira maiteko a magolo a go ikgaoganya le ditsela tsa boaka tsa Babelona o Mogolo. Ba ne ba tlogela dithuto tsa maaka tse ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di neng di di lerile go tswa mo boheitaneng mme ka bopelokgale ba dirisa Baebele go rera ba bolela gore metlha ya Baditšhaba e ne e tla khutla ka 1914. Sedirisiwa se segolo sa Babelona o Mogolo, e bong baruti ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, sa ne sa ganetsa maiteko ano a go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. Ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe, ba ne ba dirisa lesukasuka la ntwa ka tsela e e sa tshwanelang go leka go fedisetsa ruri setlhopha se sebotlana seo sa Bakeresete ba ba ikanyegang. Ka 1918, fa ditiro tsa bone di ne di batla di thibetswe gotlhelele, go ne ga lebega e ke te Babelona o Mogolo o ne a atlegile. O ne a lebega a ba fentse.
11. Go wa ga Babelona wa bogologolo go ne ga felela ka eng?
11 Jaaka re etse tlhoko pelenyana, motse o o boikgodiso wa Babelona o ne wa wa setlhogo fa o ne o felelwa ke maatla ka 539 B.C.E. Go tswa foo go ne ga utlwiwa mokgosi o o reng: “O ole! Babelona o ole!” Motsemogolo wa mmusomogolo wa lefatshe o ne o fentswe ke masole a Bameda le Baperesia a a neng a eteletswe pele ke Kuruse yo Mogolo. Le fa motse oo ka boone o ne wa se ka wa senngwa, go wa ga gagwe mo bogosing e ne e le ga mmatota, mme go ne ga felela ka go gololwa ga batshwarwa ba gagwe ba Bajuda. Ba ne ba boela kwa Jerusalema go ya go tlhoma kobamelo e e itshekileng sesha koo.—Isaia 21:9; 2 Ditiragalo 36:22, 23; Jeremia 51:7, 8.
12. (a) Mo motlheng wa rona, ke jang go ka tweng Babelona o Mogolo o ole? (b) Ke eng se se supang gore Jehofa o latlhile gotlhelele ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete?
12 Mo motlheng wa rona mokgosi wa gore Babelona o Mogolo o ole le one o ne wa utlwala! Go atlega ga nakwana ga ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete tsa Sebabelona ka 1918 go ne ga fetoga fela thata ka 1919 fa masalela a batlodiwa, e bong setlhopha sa Johane, ba ne ba tsosolosiwa ka tsogo ya semoya. Babelona o Mogolo o ne a ole malebana le kafa a neng a ntse a tshwara batho ba Modimo ka gone. Fela jaaka tsie, bomonnawe Keresete ba ba tloditsweng ba ne ba tswa mo moleteng o o se nang bolekanngo, ba ipaakanyeditse tiro. (Tshenolo 9:1-3; 11:11, 12) E ne e le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” wa segompieno, mme Morena wa bone o ne a ba naya go laola dilo tsotlhe tsa gagwe mo lefatsheng. (Mathaio 24:45-47) Go dirisiwa ga bone ka tsela eno go ne ga supa gore Jehofa o ne a latlhile ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete gotlhelele go sa kgathalesege maiphako a tsone a gore ke baemedi ba gagwe mo lefatsheng. Kobamelo e e itshekileng e ne ya tlhomiwa gape, mme go ne ga bulwa tsela ya go wetsa tiro ya go tshwaya masalela a ba ba 144 000—e bong ba ba setseng ba losika lwa mosadi, ba e leng baba ba bogologolo ba Babelona o Mogolo. Seno sotlhe se ne se supa go fenngwa mo gogolo ga phuthego eo ya ga Satane ya bodumedi.
Go Itshoka ga Baitshepi
13. (a) Moengele wa boraro o itsise eng? (b) Jehofa o atlhola jang batho ba ba amogelang lotshwao lwa sebatana?
13 Jaanong go bua moengele wa boraro. Reetsa! “Mme moengele yo mongwe, wa boraro, a ba sala morago, a bua ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘Fa mongwe a obamela sebatana sa naga le setshwantsho sa sone, mme a amogela letshwao mo phatleng ya gagwe kgotsa mo seatleng sa gagwe, le ene o tla nwa beine ya bogale jwa Modimo e e tshetsweng mo senwelong sa bogale jwa gagwe e sa timolwa.” (Tshenolo 14:9, 10a) Mo go Tshenolo 13:16, 17, go ne ga senolwa gore ka nako ya letsatsi la Morena batho ba ba sa obameleng setshwantsho sa sebatana ba ne ba tla boga—le e leng go bolawa. Jaanong re bolelelwa gore Jehofa o ikaeletse go atlhola ba ba “nang le letshwao, leina la sebatana sa naga kgotsa palo ya leina la sone.” Ba tla patelesega go nwa ‘senwelo sa tšhakgalo’ se se bogalaka sa bogale jwa ga Jehofa. Seno se tla raya eng mo go bone? Ka 607 B.C.E., fa Jehofa a ne a pateletsa Jerusalema go nwa ‘senwelo sa gagwe sa tšararego,’ motse oo o ne wa bona “go thopa le go senya, tlala le tšhaka” tse ba neng ba di tlisediwa ke Bababelona. (Isaia 51:17, 19) Ka tsela e e tshwanang, fa baobamedi ba mebuso ya lefatshe ya sepolotiki le setshwantsho sa yone, e bong Ditšhaba Tse di Kopaneng, ba nwa senwelo sa tšhakgalo ya ga Jehofa, phelelo e tla nna matlhotlhapelo mo go bone. (Jeremia 25:17, 32, 33) Ba tla senngwa gotlhelele.
14. Le e leng pele ga go senngwa batho ba ba obamelang sebatana le setshwantsho sa sone, batho bano ba tshwanetse go diragalelwa ke eng, mme Johane o tlhalosa seo jang?
14 Le fa go ntse jalo, le e leng pele ga seo se diragala, ba ba tshwailweng ka lotshwao lwa sebatana ba tshwanetse go tlhokofadiwa ke go sa amogelweng ke Jehofa. Fa moengele a bua ka moobamedi wa sebatana le setshwantsho sa sone, o itsise Johane jaana: “Mme o tla tlhokofadiwa ka molelo le sulefera mo ponong ya baengele ba ba boitshepo le mo ponong ya Kwana. Mme mosi wa tlhokofatso ya ba ba obamelang sebatana le setshwantsho sa sone, mmogo le mang fela yo o amogelang letshwao la leina la sone, o tlhatloga ka bosaengkae le go ya go ile, mme ga ba na boikhutso bosigo le motshegare.”—Tshenolo 14:10b, 11.
15, 16. Ke eng se se kaiwang ke mafoko a a reng “molelo le sulefera” mo go Tshenolo 14:10?
15 Batho bangwe ba tsere gore go umakwa ga molelo le sulefera fano (“molelo le sebabole,” King James Version) ke bosupi jwa gore go na le dihele tsa molelo. Mme fa ka bokhutshwane re leba boporofeti jo bo tshwanang le jono re bona se tota se kaiwang ke mafoko ano mo ditemaneng tseno. Bogologolo mo metlheng ya ga Isaia, Jehofa o ne a tlhagisitse setšhaba sa Edoma gore ba ne ba tla otlhaelwa go ila Iseraele ga bone. O ne a re: “Melatswana ya gagwe e e phothoselang e tla fetolwa boka, le lorole lwa gagwe sulefera; mme lefatshe la gagwe le tla nna jaaka boka jo bo tukang. Ga le kitla le timiwa bosigo le fa e le motshegare; mosi wa lone o tla nna o tlhatloga ka bosakhutleng. Go tloga kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe o tla phaphalala; ka bosaengkae le go ya go ile ga go na ope yo o tla fetang go mo ralala.”—Isaia 34:9, 10.
16 A Edoma o ne a latlhelwa mo diheleng tsa molelo tsa masaitseweng gore a she ka bosakhutleng? Nnyaa. Go na le moo, setšhaba seo se ne sa nyelela gotlhelele mo lefatsheng jaaka e ke te se ne se nyeleditswe ka molelo le sulefera. Phelelo ya bofelo ya kotlhao eo e ne e se ya go tlhokofadiwa ka bosakhutleng mme e ne e le “lolea . . . kgakgabalo . . . [le] lefela.” (Isaia 34:11, 12) Mosi ‘o o tlhatlogang ka bosakhutleng’ o tshwantshetsa seno sentle. Fa ntlo e sha, mosi o nna o kuelela go tswa mo moloreng ka nako e e rileng morago ga dikgabo tsa molelo di sena go tima, o naya batho ba ba o lebileng bosupi jwa gore go nnile le tshenyo e kgolo ya molelo. Le e leng gompieno batho ba Modimo ba gakologelwa thuto e ba ithutang yone mo go senngweng ga Edoma. Ka tsela eno ‘mosi wa go sha ga gagwe’ o sa ntse o tlhatloga ka tsela ya tshwantshetso.
17, 18. (a) Phelelo ya ba ba amogelang lotshwao lwa sebatana ke eng? (b) Baobamedi ba sebatana ba tlhokofadiwa ka tsela efe? (c) ‘Mosi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosaengkae le go ya go ile’ ka tsela efe?
17 Batho ba ba nang le lotshwao lwa sebatana le bone ba tla senngwa gotlhelele, jaaka e ke te ka molelo. Jaaka fa boporofeti bo senola moragonyana, mebele ya bone e e suleng e tla tlogelwa e sa fitlhwa gore e jewe ke diphologolo le dinonyane. (Tshenolo 19:17, 18) Jalo, ga go pelaelo gore, ga ba tlhokofadiwe ka bosaengkae ka tsela ya mmatota! Ba ‘tlhokofadiwa jang ka molelo le sulefera’? Ka tsela ya gore go itsisiwe ga boammaaruri go ba senola le go ba tlhagisa ka ga katlholo ya Modimo e e tlang. Ka jalo ba senya batho ba Modimo leina mme, fa ba kgona, ka boferefere ba pateletsa sebatana sa sepolotiki go bogisa le e leng go bolaya Basupi ba ga Jehofa. Kwa bokhutlong jwa seno, baganetsi bano ba tla senngwa jaaka e kete ka molelo le sebabole. Ka nako eo, ‘mosi wa tlhokofatso ya bone o tla tlhatloga ka bosaengkae le go ya go ile’ ka tsela ya gore go atlholwa ga bone ke Modimo go tla nna bosupi jwa go ya go ile fa go ka direga gore tshwanelo ya bolaodi jwa ga Jehofa e boe e gwetlhiwe gape. Kgang eo e tla bo e rarabolotswe ka bosaengkae.
18 Ke bomang ba ba bolelang molaetsa wa tlhokofatso gompieno? Gakologelwa gore tsie ya tshwantshetso e na le thata ya go tlhokofatsa batho ba ba se nang lotshwao lwa Modimo mo diphatleng tsa bone. (Tshenolo 9:5) Go bonala batho bano ba ba kaelwang ke baengele e le bone batlhokofatsi. Go dira ka natla ga tsie ya tshwantshetso go ama ‘ba ba obamelang sebatana le setshwantsho sa sone, mmogo le mang fela yo o amogelang letshwao la leina la sone, [mo e leng gore] ga ba na boikhutso bosigo le motshegare.’ Mme kgabagare, morago ga go nyelediwa ga bone, e leng bosupi jo bogolo jwa go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa, “mosi wa tlhokofatso ya bone,” o tla tlhatloga ka bosaengkae le go ya go ile. E kete ba setlhopha sa Johane ba ka itshoka go fitlha tlotlomatso eo e wediwa! Jaaka fa moengele a digela: “Fano ke gone fa go kayang boitshoko jwa baitshepi, ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo le tumelo ya ga Jesu.”—Tshenolo 14:12.
19. Ke ka ntlha yang fa baitshepi ba tshwanelwa ke go nna le boitshoko, mme Johane o bega eng se se ba nonotshang?
19 Ee, “boitshoko jwa baitshepi” bo kaya go obamela ga bone Jehofa ka boineelo jo bo feletseng ka Jesu Keresete. Molaetsa wa bone ga o ratege. O dira gore ba ganediwe, ba bogisiwe, le e leng go bolaelwa tumelo ya bone. Le fa go ntse jalo ba nonotshiwa ke se Johane a se begang morago ga moo: “Mme ka utlwa lentswe le tswa legodimong le re: ‘Kwala: Go itumela baswi ba ba swang ba le seoposengwe le Morena go tloga mo nakong eno go ya pele. Ee, go bua moya, a ba ikhutse mo ditirong tsa bone tsa bonatla, gonne dilo tse ba neng ba di dira di tsamaya le bone.’”—Tshenolo 14:13.
20. (a) Tsholofetso e e begwang ke Johane e dumalana jang le boporofeti jwa ga Paulo ka ga go nna gone ga ga Jesu? (b) Batlodiwa ba ba swang morago ga go lelekwa ga ga Satane kwa legodimong ba solofediwa tshiamelo efe e e kgethegileng?
20 Tsholofetso eno e dumalana sentle le boporofeti jwa ga Paulo jo bo malebana le go nna gone ga ga Jesu: “Ba ba suleng ba le seoposengwe le Keresete ba tla tsoga pele. Morago ga moo rona batshedi ba re tshelang [batlodiwa ba ba tla tshelang go fitlha ka nako ya Letsatsi la Morena], mmogo le bone, re tla phamolelwa kwa marung go kgatlhantsha Morena mo moyeng.” (1 Bathesalonika 4:15-17) Morago ga go lelekwa ga ga Satane kwa legodimong, batho ba ba suleng ba le seoposengwe le Keresete ba ne ba tsoga pele. (Bapisa Tshenolo 6:9-11.) Morago ga moo, batlodiwa ba ba swang mo letsatsing la Morena ba solofediwa tshiamelo e e kgethegileng. Ba tsosediwa botshelong jwa semoya kwa legodimong ka yone nako eo, “ka ponyo ya leitlho.” (1 Bakorintha 15:52) A bo seo se gakgamatsa jang ne! Mme ba tswelela ba dira ditiro tsa tshiamo go ya fela kwa legodimong.
Thobo ya Lefatshe
21. Ke eng se Johane a se re bolelelang kaga “thobo ya lefatshe”?
21 Batho ba bangwe le bone ba tla solegelwa molemo mo letsatsing leno la katlholo, fela jaaka Johane a tswelela ka go re bolelela: “Ka leba, mme, bona! leru le lesweu, mme mo lerung leno go ntse mongwe yo o tshwanang le morwa motho, a na le serwalo sa gouta mo tlhogong ya gagwe le sekele e e bogale mo seatleng sa gagwe. Mme moengele yo mongwe [wa bonè] a tlhaga a tswa kwa lefelong le le boitshepo la tempele, a goeletsa yo o ntseng mo lerung ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘Tsenya sekele ya gago mme o robe, ka gonne nako e tlile ya go roba, gonne thobo ya lefatshe e budule thata.’ Mme yo o ntseng mo lerung a tsenya sekele ya gagwe mo lefatsheng, mme lefatshe la rojwa.”—Tshenolo 14:14-16.
22. (a) Ke mang yo o rweleng serwalo sa gouta e bile a ntse mo lerung le lesweu? (b) Thobo eno e konelwa leng, mme jang?
22 Ga go na pelaelo gore yo o dutseng mo lerung le lesweu ke mang. E re ka a ntse mo lerung le lesweu, a tshwana le morwa motho e bile a rwele serwalo sa gouta, ga go pelaelo gore ke Jesu, Kgosi ya Bomesia e Daniele le ene a neng a e bona mo ponatshegelong. (Daniele 7:13, 14; Mareko 14:61, 62) Mme thobo e go bolelelwang pele ka yone fano ke eng? Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a tshwantsha tiro ya go dira barutwa le thobo ya mo tshimong ya lefatshe ya batho. (Mathaio 9:37, 38; Johane 4:35, 36) Konelo ya thobo eno e diragala mo letsatsing la Morena, fa Jesu a rwesiwa serwalo jaaka Kgosi a ba a diragatsa katlholo mo boemong jwa ga Rraagwe. Ka gone, nako ga gagwe ya go busa, fa e sa le ka 1914, gape ke nako ya boipelo ya go lere thobo.—Bapisa Duteronome 16:13-15.
23. (a) Taelo e e bolelang gore thobo e simololwe e tswa kae? (b) Ke thobo efe e e diragetseng go tloga ka 1919 go tla go fitlha gompieno?
23 Le mororo Jesu e le Kgosi le Moatlhodi, o letela taelo e e tswang kwa go Jehofa Modimo wa gagwe pele ga a simolola go roba. Taelo eo e tla ka moengele e tswa “lefelong le le boitshepo la tempele.” Gone fela foo, Jesu o dira jaaka a laelwa. Sa ntlha, go simolola ka 1919 go ya pele, o roma baengele ba gagwe go digela thobo ya ba ba 144 000. (Mathaio 13:39, 43; Johane 15:1, 5, 16) Go tswa foo, go nna le thobo ya ba boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe. (Johane 10:16; Tshenolo 7:9) Ditiragalo di bontsha gore magareng a 1931 le 1935 palo e kgolo ya dinku tseno tse dingwe e ne ya simolola go tlhaga. Ka 1935 Jehofa o ne a dira gore ba setlhopha sa Johane ba tlhaloganye gore tota boidiidi jo bogolo jwa Tshenolo 7:9-17 ke bomang. Go tloga ka nako eo, go ne ga gatelelwa thata tiro ya go phuthwa ga boidiidi jono jwa batho. Ka ngwaga wa 2005, palo ya bone e ne e setse e fetile dimilione tse thataro, mme e sa ntse e oketsega. Eleruri, yo o tshwanang le morwa motho o nnile le thobo e kgolo, e e ipedisang mo nakong eno ya bofelo.—Bapisa Ekesodo 23:16; 34:22.
Go Gatwa ga Mofine wa Lefatshe
24. Moengele wa botlhano o tshotse eng, mme moengele wa borataro o tlhaeletsa a reng?
24 E re ka thobo ya poloko e weditswe, ke nako ya thobo e nngwe. Johane o bega jaana: “Mme moengele yo mongwe [wa botlhano] gape a tlhaga a tswa mo lefelong le le boitshepo la tempele le le kwa legodimong, yono le ene, a tshotse sekele e e bogale. Moengele yo mongwe gape [wa borataro] a tlhaga a tswa mo sebesong mme o ne a na le taolo ya go laola molelo. A tlhaeletsa ka lentswe le le kwa godimo kwa go yo o neng a tshotse sekele e e bogale, a re: ‘Tsenya sekele ya gago e e bogale mme o kgetle masitlha a mofine wa lefatshe, ka gonne morara wa lone jaanong o budule.’” (Tshenolo 14:17, 18) Matsholo a baengele ba neilwe boikarabelo jwa go dira thobo e kgolo mo letsatsing la Morena, ba kgaoganya batho ba ba molemo mo go ba ba bosula!
25. (a) Ke eng se se kaiwang ke kgang ya go bo moengele wa botlhano a tswa mo lefelong le le boitshepo la tempeleng? (b) Ke ka ntlha yang fa go tshwanela go bo taelo ya go simolola go roba e tswa kwa moengeleng yo o ‘tlhagang fa sebesong’?
25 Moengele wa botlhano o tswa kwa go leng Jehofa gone mo lefelong le le boitshepo la tempeleng; ka gone, thobo ya bofelo le yone e dirwa go ya ka thato ya ga Jehofa. Moengele yono o laelwa go simolola tiro ya gagwe ka molaetsa o o bolelwang ke moengele yo mongwe yo o ‘tlhagang fa sebesong.’ Kgang eno ke ya botlhokwa fela thata, e re ka batho ba ba ikanyegang ba ba ka fa tlase ga sebeso ba boditse ba re: “Morena Molaodimogolo yo o boitshepo le yo o boammaaruri, o tla ithiba go atlhola le go busolosa madi a rona mo go ba ba nnang mo lefatsheng go fitlha leng?” (Tshenolo 6:9, 10) Go lelela tefetso gono go tla arabiwa ka go robiwa ga mofine wa lefatshe.
26. “Mofine wa lefatshe” ke eng?
26 Mme gone “mofine wa lefatshe” ke eng? Mo Dikwalong tsa Sehebera, go ne ga buiwa ka setšhaba sa Bajuda go twe ke mofine wa ga Jehofa. (Isaia 5:7; Jeremia 2:21) Ka tsela e e tshwanang, Jesu Keresete le ba ba tla direlang le ene mo Bogosing jwa Modimo go buiwa ka bone e le mofine. (Johane 15:1-8) Go ya ka seno, sebopego sa botlhokwa sa mofine ke gore o ntsha maungo, mme mofine wa Bokeresete jwa boammaaruri o ntshitse maungo a le mantsi a a bakang Jehofa. (Mathaio 21:43) Ka jalo, “mofine wa lefatshe,” e tshwanetse ya bo e le, e seng mofine ono wa mmatota, mme e le setshwantsho sa one sa wa ga Satane, tsamaiso ya puso e e bosula e e bonalang e e busang setho, ka “masitlha” a a farologaneng a yone a maungo a bodimona a e a ungwileng mo makgolokgolong a dingwaga. Babelona o Mogolo, o Bokeresete jwa botlhanogi bo leng bontsi thata mo go ene, o tlhotlheleditse mofine ono o o nang le botlhole fela thata.—Bapisa Duteronome 32:32-35.
27. (a) Go diragala eng fa moengele yo o tshotseng sekele a kgetla mofine wa lefatshe? (b) Ke dipolelelopele dife mo Dikwalong tsa Sehebera tse di supang bogolo jwa thobo eno?
27 Katlholo e tshwanetse go diragadiwa! “Moengele a tsenya sekele ya gagwe mo lefatsheng mme a kgetla mofine wa lefatshe, mme a o latlhela mo segatisetsong se segolo sa beine ya bogale jwa Modimo. Mme segatisetso sa beine sa gatisetswa ka kwa ntle ga motse, mme madi a tswa mo segatisetsong sa beine a ya kwa godimo go fitlha fela kwa ditomong tsa dipitse, sekgala sa diferelone di le sekete le makgolo a le marataro.” (Tshenolo 14:19, 20) Bogale jwa ga Jehofa kgatlhanong le mofine ono ga bo bolo go itsisiwe. (Sefania 3:8) Boporofeti mo bukeng ya ga Isaia bo tlhalosa sentle gore ditšhaba tsotlhe di tla senngwa fa segatisetso sa mofine se gatwa. (Isaia 63:3-6) Joele le ene o ne a bolelela pele gore “boidiidi,” le ditšhaba tsotlhe, di tla senngwa ka go gatakwa ga “segatisetso sa beine,” mo “lebaleng le le kwa tlase la katlholo.” (Joele 3:12-14) Eleruri, seo e tla nna thobo e kgolo e go se kitlang go tlhola go nna le epe e e tshwanang le yone gape! Go ya ka ponatshegelo ya ga Johane, ga go kgetlwe mofine fela mme gape mofine otlhe wa tshwantshetso o kgaolwa o bo o latlhelwa mo segatisetsong sa mofine gore o gatakwe. Ka jalo mofine wa lefatshe o tla gatakwa mme ga o kitla o tlhola o kgona go tlhoga gape.
28. Ke bomang ba ba gatakang mofine wa lefatshe, mme go “gatisetswa kwa ntle ga motse” ga segatisetso sa mofine go kaya eng?
28 Go gatakwa ga tshwantshetso go dirwa ka dipitse, ka gonne madi a a tswang mo mofineng oo a fitlha fela kwa “ditomong tsa dipitse.” E re ka lefoko “dipitse” ka gale le amana le ditiro tsa ntwa, seno e tshwanetse ya bo e le nako ya ntwa. Mephato ya magodimo e e eteletsweng pele ke Jesu mo ntweng ya bofelo kgatlhanong le tsamaiso ya dilo ya ga Satane go bolelwa fa e gata “segatisetso sa beine ya bogale jwa tšhakgalo ya Modimo Mothatayotlhe.” (Tshenolo 19:11-16) Ga go pelaelo gore bano ke ba ba gatakang mofine wa lefatshe. Segatisetso sa mofine se “gatisetswa ka kwa ntle ga motse,” ke gore, ka fa ntle ga Siona wa kwa legodimong. Eleruri, go a tshwanela gore mofine wa lefatshe o gatelwe mo lefatsheng. Mme gape o tla “gatisetswa ka kwa ntle ga motse” mo go rayang gore ba ba setseng ba losika lwa mosadi, ba ba emelang Siona wa selegodimo mo lefatsheng, ga ba kitla ba gobala ka gope. Bone le boidiidi jo bogolo ba tla fitlhwa ka pabalesego mo thulaganyong ya mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa.—Isaia 26:20, 21.
29. Madi a a tswang mo segatisetsong sa mofine a bogolo bo kana kang, mme a fitlha fa kae, mme seno sotlhe se supa eng?
29 Ponatshegelo eno e e bonalang sentle e tshwana le ya go thubaganngwa ga magosi a lefatshe ka tshilo ya Bogosi e e tlhalosiwang mo go Daniele 2:34, 44. Go tla nna le tshenyo e kgolo. Noka ya madi a a tswang mo segatisetsong sa mofine e boteng fela thata, e fitlha fa ditomong tsa dipitse, mme e boleele jwa diferelone di le 1 600.a Palo eno e kgolo, e e bonwang ka go ntsifadiwa ga bonè ka bonè le lesome ka lesome (4 x 4 x 10 x 10), e bolela ka kgatelelo molaetsa wa gore bosupi jwa tshenyo bo tla bonala mo lefatsheng lotlhe. (Isaia 66:15, 16) Tshenyo eo e tla bo e le e e feletseng le e e ka se kang ya fetolwa. Le ka motlha, nnyaa le fa e le ka motlha ope, mofine wa ga Satane wa lefatshe ga o kitla o tlhola o tlhoga gape!—Pesalema 83:17, 18.
30. Maungo a mofine wa ga Satane ke eng, mme ke eng se se tshwanetseng go nna boikemisetso jwa rona?
30 E re ka jaanong re tshela mo garegare ga motlha wa bokhutlo, ponatshegelo ya dithobo tseno tse pedi e na le bokao jo bogolo. Re tshwanetse fela ra leba mo tikologong ya rona go bona maungo a mofine wa ga Satane. Go senngwa ga dimpa le mefuta e mengwe ya polao; bosodoma, boaka, le mefuta e mengwe ya boitsholo jo bo sa siamang; go sa ikanyege le go tlhoka lorato lwa tlholego—dilo tseno tsotlhe di dira gore lefatshe leno le nyatsege mo matlhong a ga Jehofa. Mofine wa ga Satane ke “modi o o ungwang leungo la semela se se botlhole le longana.” Tsela ya one e e senyang, ya kobamelo ya medimo ya disetwa e tlontlolola Mmopi yo Mogolo wa batho. (Duteronome 29:18; 32:5; Isaia 42:5, 8) A bo e le tshiamelo e e molemo jang ne go kopanela ka tlhagafalo le ba setlhopha sa Johane mo go robeng maungo a a molemo a Jesu a a tlhagisang gore Jehofa a bakwe! (Luke 10:2) E ke te rotlhe re ka ikemisetsa gore ga re kitla re leswefadiwa ke mofine wa lefatshe leno, mme e ke te ka go dira jalo re ka tila go gatakwa le mofine wa lefatshe fa katlholo e e bogale ya ga Jehofa e diragadiwa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Diferelone tse 1 600 e ka nna dikilometara di le 300, kana dimaele tse 180 tsa Engelane.—Tshenolo 14:20, New World Translation Reference Bible, mokwalo o o kwa tlase.
[Lebokoso mo go tsebe 208]
‘Bojalwa Jwa Kgokafalo ya Gagwe’
Karolo e kgolo ya Babelona o Mogolo ke Kereke ya Katoliki ya Roma. Kereke eo e laolwa ke mopapa a le kwa Roma mme e iphaka gore mopapa mongwe le mongwe ke motlhatlhami wa ga moaposetoloi Petere. Ditiragalo tse di latelang ke dingwe tsa tse di gatisitsweng ka ga batho ba go tweng ke batlhatlhami bao:
Formosus (891-96): “Dikgwedi di le robongwe morago ga loso lwa gagwe, setopo sa ga Formosus se ne sa ntshiwa mo mabitleng a bomopapa mme sa leriwe go tla go sekisiwa ke lekgotla la ‘baswi,’ le Stephen [mopapa yo mosha] a neng a le okametse. Mopapa yo o suleng yoo o ne a latofadiwa ka molato wa go eletsa maemo a go nna mopapa a a neng a sa mo tshwanela mme go ne ga bolelwa fa ditiro tsotlhe tsa gagwe di ne di se na mosola. . . . Setopo sa gagwe se ne sa apolwa diaparo tsa mopapa; menwana ya seatla sa gagwe sa moja ya kgaolwa.”—New Catholic Encyclopedia.
Stephen VI (896-97): “Mo dikgweding di se kae [morago ga go sekisiwa ga setopo sa ga Formosus] tiragalo e e setlhogo e ne ya fedisa maemo a ga Mopapa Stephen; o ne a tseelwa lotshwao lwa go nna mopapa, a latlhelwa mo kgolegelong, a bo a kalediwa.”—New Catholic Encyclopedia.
Sergius III (904-11): “Batho ba babedi ba a neng a ba tlhatlhama . . . ba ne ba kalediwa mo kgolegelong. . . . Kwa Roma o ne a tlhokomelwa ke ba lelapa la ga Theophylactus, yo go bolelwang a ne a tshola ngwana wa mosimane (yo kwa morago a neng a bidiwa Mopapa John XI) le mongwe wa bomorwadie, e bong Marozia.”—New Catholic Encyclopedia.
Stephen VII (928-31): “Mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo e le mopapa, Mopapa John X . . . o ne a tlhoiwa ke Marozia, e bong Donna Senatrix wa Roma, mme o ne a latlhelwa mo kgolegelong a bo a bolawa. Go tswa foo Marozia o ne a tlhoma Mopapa Leo VI go nna mopapa, mme o ne a tlhokafala morago ga dikgwedi di le 6 1/2 a le mo maemong ao. Stephen VII o ne a mo tlhatlhama, gongwe ka tlhotlheletso ya ga Marozia. . . . Mo dingwageng tse pedi tsa fa e le Mopapa, o ne a se na maatla ape ka ntlha ya go laolwa ke Marozia.”—New Catholic Encyclopedia.
John XI (931-35): “Fa Stephen VII a sena go tlhokafala . . . , Marozia, wa Ntlo ya ga Theophylactus, o ne a tlhoma morwawe e bong John go nna mopapa, ntswa e ne e le mosha fela yo o neng a simolola dingwaga tsa bo20. . . . Ka nako ya fa John e le mopapa, o ne a laolwa ke mmaagwe.”—New Catholic Encyclopedia.
John XII (955-64): “O ne a ise a bo a nne dingwaga di le lesome le borobedi, mme dipego tsa nako eo di dumalana gore o ne a sa kgatlhegele dilo tsa semoya, a tshwakgotswe ke maitlhapediso a a bosula, e bile a tshela botshelo jwa tlhapelo e e feteletseng.”—The Oxford Dictionary of Popes.
Benedict IX (1032-44; 1045; 1047-48): “O ne a itsege ka tiro e e maswe ya go abela motlamedi wa gagwe maemo a bopapa mme go tswa foo a bo a ipusetsa mo maemong ao gabedi.”—The New Encyclopædia Britannica.
Ka gone, go na le go latela sekao sa ga Petere yo o neng a ikanyega, bomopapa bano le ba bangwe e ne e le batlhotlheletsi ba ba bosula. Ba ne ba letlelela tshololo ya madi le boaka jwa semoya le jwa senama, mmogo le tlhotlheletso ya Bojesebele, go bodisa kereke e ba neng ba e laola. (Jakobe 4:4) Ka 1917 buka ya Baithuti ba Baebele ya The Finished Mystery e ne ya senola ditiragalo tseno ka botlalo. Eno e ne e le tsela e nngwe e Baithuti ba Baebele ba neng ba “itaya lefatshe ka sebetso sa mofuta mongwe le mongwe” ka yone mo metlheng eo.—Tshenolo 11:6; 14:8; 17:1, 2, 5.
[Setshwantsho mo go tsebe 206]
Keresete yo o tlhomilweng mo setulong sa bogosi o diragatsa katlholo a engwe nokeng ke baengele
[Setshwantsho mo go tsebe 207]
Fa Babelona a sena go wa ka 539 B.C.E., magolegwa a gagwe a ne a gololwa