LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 28 ts. 186-198
  • Go Emelana le Dibatana Tse Pedi Tse di Galefileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Emelana le Dibatana Tse Pedi Tse di Galefileng
  • Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Titeo ya Loso
  • Go Tlhabana le Baitshepi
  • Sebatana se se Dinaka Tse Pedi
  • Setshwantsho sa Sebatana
  • Lotshwao Lwa Sebatana
  • Tshenolo E a Re go Tla Direga Eng ka Baba ba Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • O se Ka wa Tshaba Dibatana Tse di Tshosang
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Jehofa o Senola se se Tla ‘Akofang se Diragala’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Kagiso, Polokesego, le ‘Setshwantsho sa Sebatana’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 28 ts. 186-198

Kgaolo 28

Go Emelana le Dibatana Tse Pedi Tse di Galefileng

Ponatshegelo 8​—Tshenolo 13:1-18

Setlhogo: Sebatana se se ditlhogo di supa, sebatana se se dinaka di pedi le setshwantsho sa sebatana

Nako ya go diragadiwa: Go simologa mo motlheng wa ga Nimerode go fitlha ka pitlagano e kgolo

1, 2. (a) Ke eng se Johane a se buang ka kgogela? (b) Johane o tlhalosa jang, ka puo ya tshwantshetso, phuthego e e bonalang e e dirisiwang ke kgogela?

KGOGELA e kgolo e latlhetswe mo lefatsheng! Go ithuta ga rona Tshenolo go re bontsha sentle gore Noga kana balatedi ba yone ba badimona ga ba kitla le ka motlha ba letlelelwa go boela kwa legodimong. Mme ga re ise re fetse kaga yono yo o “bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni.” Go tswa foo pego eno e tlhalosa ka botlalo ditsela tse di dirisiwang ke Satane go tlhabana le ‘mosadi le losika lwa gagwe.’ (Tshenolo 12:9, 17) Johane o bua jaana ka kgogela eno ya sekanoga: “Mme ya ema mo moshaweng wa lewatle.” (Tshenolo 13:1a) Jalo a re eme go sekae re tlhatlhobe ditsela tse kgogela e dirang dilo ka tsone.

2 Magodimo a a boitshepo ga a tlhole a tlhasetswe ke go nna gone ga ga Satane le badimona ba gagwe. Meya eo e e boikepo e lelekilwe kwa legodimong mme e kganeletswe mono mo lefatsheng. Seno kwantle ga pelaelo ke sone se se dirileng gore go aname ditlwaelo tsa tirisabadimo mo metlheng ya gompieno. Noga eno e e boferefere e sa ntse e na le phuthego e e boikepo ya semoya. Mme gape a o dirisa phuthego e e bonalang e le gore a tle a timetse setho? Johane o a re bolelela: “Mme ka bona sebatana sa naga se tlhatloga se tswa mo lewatleng, se na le dinaka di le lesome le ditlhogo di le supa, mme mo dinakeng tsa sone go na le dirwalo tsa segosi di le lesome, mme mo ditlhogong tsa sone go na le maina a tlhapatso. Jaanong sebatana sa naga se ke neng ka se bona se ne se tshwana le lengau, mme dinao tsa sone di ne di tshwana le tsa bera, le molomo wa sone o ne o tshwana le molomo wa tau. Mme kgogela ya naya sebatana seno maatla a yone le setulo sa yone sa bogosi le taolo e kgolo.”​—Tshenolo 13:1b, 2.

3. (a) Ke dibatana dife tse di galefileng tse moperofeti Daniele a di bonang mo diponatshegelong? (b) Dibatana tse dikgolo tsa Daniele 7 di ne di emela eng?

3 Sebatana seno se se sa tlwaelegang ke eng? Baebele ka boyone e re naya karabo. Pele ga go wa ga Babelona ka 539 B.C.E., moperofeti wa Mojuda e bong Daniele o ne a bona diponatshegelo tse di akaretsang dibatana tse di galefileng. Mo go Daniele 7:2-8 o tlhalosa dibatana tse nnè tse di tswang mo lewatleng, sa ntlha se tshwana le tau, sa bobedi le bera, sa boraro le nkwe, mme “bona! sebatana sa bonè, se boifisa e bile se boitshega mme se nonofile ka tsela e e sa tlwaelegang . . . mme se ne se na le dinaka di le lesome.” Se tshwana ka tsela e e gakgamatsang le sebatana se se neng sa bonwa ke Johane mo e ka nnang ka ngwaga wa 96 C.E. Sebatana seo le sone se na le dipopego tsa tau, tsa bera, le tsa nkwe, e bile se na le dinaka di le lesome. Dibatana tseno tse dikgolo tse di bonwang ke Daniele ke eng? O a re bolelela: “Dibatana tse dikgolo tseno . . . [ke] dikgosi tse nnè tse di tla tsogang mo lefatsheng.” (Daniele 7:17) Ee, dibatana tseo di emela “dikgosi,” kana mebuso ya sepolotiki ya lefatshe.

4. (a) Mo go Daniele 8, ke eng se se neng se tshwantshediwa ke phelefu le phoko? (b) Ke eng se se neng se supiwa ke go robega ga lonaka lo logolo lwa phoko mme lo tseelwa sebaka ke dinaka tse nnè?

4 Mo ponatshegelong e nngwe, Daniele o bona phelefu e e dinaka di pedi e latlhelwa fa fatshe ke phoko e e nang le lonaka lo logolo. Moengele Gabariele o mo tlhalosetsa se se kaiwang ke seo: “Phelefu . . . e emela dikgosi tsa Media le Peresia. Mme phoko e e maudi e emela kgosi ya Gerika.” Gabariele o tswelela pele ka go bolelela pele gore lonaka lo logolo lwa phoko e e maudi lo ne lo tla robega mme lo tlhatlhamiwe ke dinaka di tse nnè. Seno tota se ne sa direga dingwaga tse di fetang 200 moragonyana fa Alexander the Great a sena go swa mme bogosi jwa gagwe bo kgaoganngwa go nna magosi a le manè a a neng a busiwa ke bagenerale ba gagwe ba banè.​—Daniele 8:3-8, 20-25.a

5. (a) Ke eng se se kaiwang ke lefoko la Segerika le le rayang sebatana? (b) Ke eng se sebatana sa Tshenolo 13:1, 2, le dinaka tsa sone tse supa, di se emelang?

5 Ka gone, ga go pelaelo gore Mokwadi wa Baebele e e tlhotlheleditsweng o tsaya babusi ba lefatshe ba sepolotiki jaaka dibatana. Dibatana tsa mofuta ofe? Moakgedi mongwe o bitsa sebatana sa Tshenolo 13:1, 2 “phologolo,” a ba a oketsa ka go re: “Re amogela ditlhaloso tsotlhe tse θηρίον [the·riʹon, e leng lefoko la Segerika le le rayang “sebatana”] di se rayang, tse di tshwanang le selalome se se setlhogo, se se senyang, se se boifisang, se se garolakang, jalo le jalo.”b A bo seo se tlhalosa tsamaiso e e tladikegileng madi ya sepolotiki e Satane a busitseng setho ka yone jang ne! Ditlhogo tse supa tsa sebatana seno di emela mebuso ya lefatshe e megolo e merataro e e neng ya busa mo ditiragalong tsa Baebele go tla go fitlha mo motlheng wa ga Johane​—e leng Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia, Gerika, le Roma—​le mmuso wa bosupa wa lefatshe o go neng ga bolelelwa pele fa o ne o tla tlhaga moragonyana.​—Bapisa Tshenolo 17:9, 10.

6. (a) Ditlhogo tse supa tsa sebatana di eteletse pele mo go eng? (b) Roma e ne ya dirisiwa jang ke Jehofa go diragatsa katlholo mo tsamaisong ya dilo ya Bajuda, mme go ne ga felela jang ka Bakeresete kwa Jerusalema?

6 Ke boammaaruri gore go nnile le mebuso e mengwe ya lefatshe mo ditiragalong kwantle ga eno e supa​—fela jaaka sebatana se Johane a neng a se bona se ne se na le mmele le ditlhogo tse supa le dinaka tse some. Mme ditlhogo tse supa di emela mebuso eo e megolo e supa, nngwe le nngwe ka nako ya yone, e neng ya etelela pele mo go gateleleng batho ba Modimo. Ka 33 C.E., fa go ne go busa Roma, Satane o ne a dirisa tlhogo eo ya sebatana go bolaya Morwa Modimo. Ka nako eo, Modimo o ne a latlha tsamaiso ya dilo ya Bajuda e e neng e se na tumelo mme moragonyana, ka 70 C.E., a letlelela Roma go diragatsa katlholo ya gagwe mo setšhabeng seo. Se se itumedisang ke gore, Iseraele wa boammaaruri wa Modimo, e leng phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng, o ne a tlhagisitswe go sa le pele, mme ba ba neng ba le mo Jerusalema le Judea ba ne ba tshabetse ka kwa ga Noka ya Joredane.​—Mathaio 24:15, 16; Bagalatia 6:16.

7. (a) Ke eng se se neng se le gaufi le go diragala fa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo bo goroga mme go simologa letsatsi la Morena? (b) Ke eng se se neng sa itshupa e le tlhogo ya bosupa ya sebatana sa Tshenolo 13:1, 2?

7 Le fa go ntse jalo, kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., batho ba le bantsi ba phuthego eno ya ntlha ba ne ba ole mo boammaaruring, mme korong ya Bakeresete ba boammaaruri, “bana ba bogosi,” bontsi jwa bone ba ne ba hupeditswe ke mefero, e bong “bana ba yo o boikepo.” Mme fa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo bo goroga, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tlhaga gape e le setlhopha se se rulagantsweng. Mo letsatsing la Morena, e ne e le nako ya basiami go “phatsima thata fela jaaka letsatsi.” Ka jalo, phuthego ya Bokeresete e ne ya rulaganyediwa go semelela mo tirong. (Mathaio 13:24-30, 36-43) Ka nako eo, Mmusomogolo wa Roma o ne o sa tlhole o le teng. Mmusomogolo wa Boritane, le United States of America o o maatla, e ne e le yone mebuso e megolo e e laolang lefatshe. Mmuso ono wa lefatshe o o maphata mabedi o ne wa itshupa e le tlhogo ya bosupa ya sebatana.

8. Ke ka ntlha yang fa go sa tshwanela ga re gakgamatsa go bo mmuso wa lefatshe o o maphata mabedi wa Maesemane le Maamerika o tshwantshiwa le sebatana?

8 A ga go gakgamatse go tshwantsha mebuso e e busang ya sepolotiki le dibatana? Seo ke sone se baganetsi bangwe ba neng ba se bua ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, fa boemo jwa Basupi ba ga Jehofa, jaaka phuthego le jaaka batho ka bongwe, bo ne bo gwetlhiwa mo dikgotlatshekelong mo lefatsheng lotlhe. Mme ema o akanye! A ditšhaba ka botsone ga di dirise dibatana kana ditshedi tsa naga jaaka direto tsa dinaga tsa tsone? Ka sekai, go na le tau ya Boritane, ntsu ya Amerika le kgogela ya China. Jalo ke ka ntlha yang fa go tshwanetse ga nna le motho yo o kgatlhanong le gore Modimo yo e leng Mokwadi wa Baebele e e Boitshepo le ene a dirise dibatana go tshwantshetsa mebuso ya lefatshe?

9. (a) Ke ka ntlha yang fa go sa tshwanela ga nna le ope yo o nnang kgatlhanong le gore Baebele e re Satane o naya sebatana thata e kgolo? (b) Satane o tlhalosiwa jang mo Baebeleng, mme o tlhotlheletsa dipuso jang?

9 Mo godimo ga moo, ke ka ntlha yang fa go tshwanetse ga nna le ope yo o nnang kgatlhanong le gore Baebele e re ke Satane yo o nayang sebatana nonofo ya sone e kgolo? Modimo ke ene Motswedi wa mafoko ao, mme mo matlhong a gagwe ‘ditšhaba di ntse jaaka lerothodi le le tswang mo kgamelong.’ Go ne go ka nna botoka gore ditšhaba tseno di lwele go amogelwa ke Modimo go na le go kgopisiwa ke kafa Lefoko la gagwe la boporofeti le di tlhalosang ka teng. (Isaia 40:15, 17; Pesalema 2:10-12) Satane ga se motho fela wa tlhamane yo o abetsweng go bogisa meya e e tlhokafetseng mo diheleng tsa molelo. Ga go na lefelo lepe le le ntseng jalo. Go na le moo, Satane o tlhalosiwa mo Dikwalong e le “moengele wa lesedi”​—motsietsi yo mogolo yo o nang le tlhotlheletso e kgolo mo dilong tsa sepolotiki ka kakaretso.​—2 Bakorintha 11:3, 14, 15; Baefeso 6:11-18.

10. (a) Ke eng se se kaiwang ke go bo go na le serwalo sa segosi mo lonakeng longwe le longwe lwa tse di lesome? (b) Ke eng se se tshwantshediwang ke dinaka tse di lesome le dirwalo tsa segosi tse di lesome?

10 Sebatana se na le dinaka di le lesome mo ditlhogong tse supa tsa sone. Gongwe ditlhogo tse nnè nngwe le nngwe e na le lonaka lo le longwe fela mme ditlhogo tse tharo nngwe le nngwe e na le dinaka tse pedi. Mo godimo ga moo, se ne se na le dirwalo tsa segosi di le lesome mo dinakeng tsa sone. Mo bukeng ya Daniele, go tlhalosiwa dibatana tse di boifisang, mme palo ya dinaka tsa tsone e tshwanetse go tlhalosiwa e le ya mmatota. Ka sekai, dinaka tse pedi tsa phelefu di ne di tshwantshetsa mmuso wa lefatshe wa babusi ba babedi, e leng Media le Peresia, fa dinaka tse nnè tsa phoko di ne di emela mebuso e menè e e neng e busa ka nako e le nngwe fela e e neng e tswa mo mmusong wa Gerika wa ga Alexander the Great. (Daniele 8:3, 8, 20-22) Le fa go ntse jalo, mo sebataneng se Johane o se boneng, palo ya dinaka tse some e lebega e le ya tshwantshetso. (Bapisa Daniele 7:24; Tshenolo 17:12.) Di emela mebuso yotlhe e e busang e e bopang phuthego yotlhe ya sepolotiki ya ga Satane. Dinaka tseno tsotlhe di tletse thubakanyo e bile di bogale, mme jaaka go supiwa ke ditlhogo tse supa, ke mmuso wa lefatshe o le mongwe fela o o di gogang kwa pele ka nako e le nngwe fela. Ka tsela e e tshwanang, mekgabo e e lesome e supa gore dipuso tsotlhe tse di laolang di ne di tla busa ka nako e le nngwe fela le puso e kgolo, kana mmuso wa lefatshe, wa nako eo.

11. Ke eng se se kaiwang ke kgang ya go bo sebatana seno “mo ditlhogong tsa sone go na le maina a tlhapatso”?

11 Sebatana seno “mo ditlhogong tsa sone go na le maina a tlhapatso,” se dira maiphako kaga sone a a bontshang lenyatso le legolo mo go Jehofa Modimo le Keresete Jesu. Se dirisitse maina a Modimo le Keresete ka tsietso gore se atlege mo dipolotiking; mme se nnile sa thusana le bodumedi jwa maaka, se bile se letlelela baruti go nna le seabe mo ditirong tsa sone tsa sepolotiki. Ka sekai, House of Lords kwa Engelane e akareletsa bobishopo. Baruti ba bagolo ba Katoliki ba nnile le maemo a a kwa godimo a sepolotiki kwa Fora le Italy, mme bosheng fela jaana, baruti ba nnile le maemo a sepolotiki kwa Latin America. Dipuso di kwala meano ya sedumedi, e e jaaka “RE IKANYA MO MODIMONG,” mo mading a tsone a dipampiri, mme mo mading a ditshipi di iphaka fa babusi ba tsone ba amogelwa ke Modimo, di tlhalosa, ka sekai, gore babusi bano ba tlhomilwe ka “tshegofatso ya Modimo.” Sotlhe seno tota ke tlhapatso, ka gonne se leka go kopanyeletsa Modimo mo ditirong tse di maswe tsa sepolotiki tsa ditšhaba.

12. (a) Ke eng se se kaiwang ke go tswa mo “lewatleng” ga sebatana, mme se simolotse go tlhatloga leng? (b) Ke eng se se kaiwang ke lebaka la go bo kgogela e naya sebatana sa tshwantshetso maatla a magolo?

12 Sebatana se tswa mo “lewatleng,” se e leng tshwantshetso e e tshwanelang ya bontsintsi jwa batho ba ba tobekaneng ba dipuso tsa batho di tswang mo go bone. (Isaia 17:12, 13) Sebatana seno se ne sa simolola go tswa mo lewatleng le le tobekaneng la batho bogologolo tala mo metlheng ya ga Nimerode (mo e ka nnang ka lekgolo la bo21 la dingwaga B.C.E.), fa tsamaiso ya dilo ya morago ga Morwalela, e e neng e le kgatlhanong le Jehofa, e ne e simolola go bonala la ntlha. (Genesise 10:8-12; 11:1-9) Mme tlhogo ya bofelo ya tse supa e ile ya bonala ka botlalo fela mo letsatsing la Morena. Ela tlhoko le gore ke kgogela e e neng ya “naya sebatana seno maatla a yone le setulo sa yone sa bogosi le taolo e kgolo.” (Bapisa Luke 4:6.) Sebatana ke dipolotiki tse di simolotsweng ke Satane mo gare ga setho. Satane eleruri ke “mmusi wa lefatshe leno.”​—Johane 12:31.

Titeo ya Loso

13. (a) Sebatana se ne sa welwa ke matlhotlhapelo afe kwa tshimologong ya letsatsi la Morena? (b) Go tla jang gore sebatana sotlhe se utlwe botlhoko fa tlhogo e le nngwe ya sone e itewa ka titeo ya loso?

13 Kwa tshimologong ya letsatsi la Morena, sebatana se welwa ke matlhotlhapelo. Johane o a bega: “Mme ka bona nngwe ya ditlhogo tsa sone jaaka e kete e tlhabilwe gore e bo e swe, mme titeo ya yone ya loso e ne ya fola, mme lefatshe lotlhe la sala sebatana seno sa naga morago ka kgatlhego.” (Tshenolo 13:3) Temana eno e bolela gore tlhogo nngwe ya sebatana e ne ya itewa ka titeo ya loso, le fa go ntse jalo temana ya 12 e bua jaaka e kete sebatana se ne sa utlwa botlhoko mo mmeleng otlhe. Ka ntlha yang? Ebu, ditlhogo tsa sebatana ga di buse tsotlhe ka nako e le nngwe. Nngwe le nngwe ka nako ya yone e nnile ya rena mo sethong, segolobogolo mo bathong ba Modimo. (Tshenolo 17:10) Ka gone, fa letsatsi la Morena le simologa, ke tlhogo e le nngwe fela, e leng ya bosupa, e e leng mmuso o mogolo wa lefatshe. Go itewa ga tlhogo eo ka titeo ya loso go leretse sebatana sotlhe tlalelo e kgolo.

14. Go itewa ka titeo ya loso go ne ga diragala leng, mme molaodi mongwe wa masole o ne a tlhalosa jang kafa go neng ga ama sebatana sa ga Satane ka gone?

14 Go itewa gono ga loso e ne e le eng? Moragonyana, go bidiwa titeo ya tšhaka, mme tšhaka e tshwantshetsa ntwa. Go rengwa gono ka tšhaka, go go diragaditsweng mo tshimologong ya letsatsi la Morena, go tshwanetse ga bo go amana le ntwa ya ntlha ya lefatshe, e e neng ya senya ya ba ya swahatsa sebatana sa ga Satane sa sepolotiki. (Tshenolo 6:4, 8; 13:14) Mokwadi Maurice Genevoix, yo e neng e le mogolwane wa masole mo ntweng eo, o ne a bua jaana ka yone: “Mongwe le mongwe o dumalana le go lemoga gore mo ditiragalong tsotlhe tsa batho, ke malatsi a se kae fela a a nnileng botlhokwa jaaka la August 2, 1914. Sa ntlha Yuropa, mme ka bonako morago ga moo mo e ka nnang batho botlhe ba ne ba iphitlhela ba tseneletse mo tiragalong e e boifisang. Dikokoano, ditumalano, melao ya boitsholo, le metheo yotlhe e ne ya reketlisiwa; go tswa letsatsing le lengwe go ya go le lengwe, sengwe le sengwe se ne sa tlhobaetsa. Tiragalo eo e ne e tla nna kgolo go feta ditebelelo tsa tlholego le dikeletso tse di utlwalang. Re sa ntse re utlwa matswela a tiragalo eno e kgolo, e e tlhakatlhakaneng, e e sa tlwaelegeng.”​—Maurice Genevoix, leloko la Académie Française, e e nopotsweng mo bukeng ya Promise of Greatness (1968).

15. Tlhogo ya bosupa ya sebatana e ne ya itewa jang ka titeo ya loso?

15 Mo tlhogong e kgolo ya bosupa ya sebatana, ntwa eo e ne e le masetlapelo a magolo. Boritane le dinaga tse dingwe tsa Yuropa di ne tsa latlhegelwa ke makawana a tsone ka dipalo tse dikgolo. Mo tlhabanong e le nngwe fela, e leng Ntwa ya kwa River Somme ya 1916, go ne ga swa masole a Boritane a le 420 000, a Fora a le 194 000 le a Jeremane a le 440 000​—baswi ba feta 1 000 000! Mo go tsa itsholelo, le gone, Boritane​—le Yuropa yotlhe—​e ne ya nna le tatlhegelo e kgolo. Mmuso o mogolo wa Boritane o ne wa reketlisiwa ke sebetso seo mme ga o ise o ko o tlhole o siama gape. Eleruri, ntwa eo, e e neng e lowa ke dinaga di le 28 tse di di gogang kwa pele, e ne ya tsenya lefatshe lotlhe tsebetsebe jaaka e kete le iteilwe ka titeo ya loso. Ka August 4, 1979, dingwaga di le 65 fela morago ga go runya ga Ntwa ya Lefatshe I, The Economist, ya London, kwa Engelane, e ne ya akgela jaana: “Ka 1914 lefatshe le ne la latlhegelwa ke kutlwano e le iseng le kgone go nna nayo gape fa e sa le ka nako eo.”

16. Ka nako ya ntwa ya lefatshe ya ntlha, United States e ne ya bontsha jang gore ke karolo ya mmuso wa lefatshe o o maphata mabedi?

16 Ka nako e e tshwanang, Ntwa e Kgolo, jaaka e ne e bidiwa ka nako eo, e ne ya bulela United States sebaka sa go lemotshega sentle gore ke karolo ya Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika. Mo dingwageng tsa ntlha tsa ntwa eo, batho ka kakaretso ba ne ba itsa United States go tsenelela mo go yone. Mme jaaka mokwalahisitori Esmé Wingfield-Stratford a ile a kwala, “gotlhe e ne e le kgang fela ya gore a mo nakong eno ya mathata, a puso ya Boritane le United States di tla tlogela go sa utlwane ga tsone gore di tle di fitlhelele go tshwaraganela puso ga [tsone] le go kopanela mafelo a di a busang.” Jaaka go ne ga diragala, ba ne ba dira jalo. Ka 1917 United States e ne ya ntsha dithuso tsa yone le masole go ya go tshegetsa dinaga tsa Allied tse di neng di reketla mo ntweng. Ka gone, tlhogo ya bosupa, e e kopantseng Boritane le United States, e ne ya nna mo letlhakoreng le le neng la fenya.

17. Ke eng se se neng sa diragalela tsamaiso ya lefatshe ya ga Satane morago ga ntwa?

17 Morago ga ntwa eo lefatshe le ne le fetogile fela thata. Tsamaiso ya ga Satane ya lefatshe, le mororo e ne e sentswe ke titeo ya loso, e ne ya tsoga gape mme ya nna maatla go feta pele mme jalo ya kgatlhegelwa ke batho ka ntlha ya maatla a yone a go iphodisa.

18. Ke jang go ka tweng batho ka kakaretso ba ‘setse sebatana morago ka kgatlhego’?

18 Raditiragalo Charles L. Mee, Jr., o kwala jaana: “Go phutlhama ga thulaganyo ya bogologolo [mo go neng ga bakiwa ke ntwa ya ntlha ya lefatshe] e ne e le ketapele ya botlhokwa ya go anama ga moya wa go ipusa, go gololwa ga ditšhaba tse disha le ditlhopha, go simologa ga kgololesego e ntšha le go bona boipuso.” E e neng e eteletse pele mo tiragalong eno ya motlha wa morago ga ntwa e ne e le tlhogo ya bosupa ya sebatana, e jaanong e neng e fodisitswe, mme United States of America e le yone e di gogang kwa pele. Mmuso wa lefatshe o o maphata mabedi o ne wa etelela pele mo go bueleleng Kgolagano ya Ditšhaba le Ditšhaba Tse di Kopaneng. Ka ngwaga wa 2005, mmuso wa sepolotiki wa United States o ne o eteletse dinaga tse di humileng pele mo go tlhomeng botshelo jwa maemo a a kwa godingwana, mo go lwantsheng malwetse le go tswelediseng boranyane pele. O ne wa ba wa isa batho ba le 12 kwa ngweding. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo batho ka kakaretso, ‘ba sala sebatana morago ka kgatlhego.’

19. (a) Ke ka tsela efe batho ba dirileng se se fetang go kgatlhegela sebatana fela? (b) Ke mang yo o laolang magosi otlhe a lefatshe a le nosi, mme re itse seo jang? (c) Satane o naya sebatana thata jang, mme seno se ama bontsi jwa batho jang?

19 Batho ba bile ba dirile se se fetang go kgatlhegela sebatana fela, jaaka fa Johane a tlhalosa morago: “Mme ba obamela kgogela ka gonne e ne ya naya sebatana sa naga taolo, ba obamela sebatana sa naga ka mafoko a a reng: ‘Ke mang yo o tshwanang le sebatana sa naga, mme ke mang yo o ka tlhabanang le sone’” (Tshenolo 13:4) Fa Jesu a ne a le mono mo lefatsheng, Satane o ne a ipolela gore o laola magosi otlhe a lefatshe. Jesu ga a ka a ganetsa seo; tota e bile, ene ka boene o ne a bitsa Satane a re ke mmusi wa lefatshe mme a gana go nna le seabe mo dipolotiking tsa motlha oo. Johane moragonyana o ne a kwala jaana ka Bakeresete ba boammaaruri: “Re a itse gore re tswa mo Modimong, mme lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19; Luke 4:5-8; Johane 6:15; 14:30) Satane o naya sebatana nonofo, mme o dira jalo mo setšhabeng sengwe le sengwe. Ka gone, go na le go nna seoposengwe mo loratong lwa bomodimo, batho ba kgaogantswe ke boikgodiso jwa morafe, lotso le jwa setšhaba. Tota, batho ba le bantsi ba obamela karolo ya sebatana e e laolang lefatshe le ba nnang mo go lone. Ka gone sebatana sotlhe se a kgatlhegelwa le go obamelwa.

20. (a) Batho ba obamela sebatana ka tsela efe? (b) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ba obamelang Jehofa Modimo ba sa nne le seabe mo go obameleng sebatana, mme ba etsa sekao sa ga mang?

20 Se obamelwa ka tsela efe? Ka tsela ya go baya go rata naga kwa pele ga go rata Modimo. Bontsi jwa batho ba rata lefatshe le ba tsaletsweng mo go lone. E re ka Bakeresete ba boammaaruri e le baagi ba ba molemo, le bone ba tlotla babusi le ditshwantsho tsa naga e ba nnang mo go yone, ba ikobela melao ya yone, e bile ba na le go thusa ka ditsela dingwe mo motseng le mo baagelaning ba bone. (Baroma 13:1-7; 1 Petere 2:13-17) Le fa go ntse jalo, ga ba na go ineela ka tsela e e feteletseng mo nageng e nngwe go gaisa tse dingwe tsotlhe. Thuto ya gore, “Ke naga ya rona, e siame kana e sa siama” ga se ya Bokeresete. Ka jalo Bakeresete ba ba obamelang Jehofa Modimo ga ba kake ba nna le seabe mo kobamelong ya boikgogomoso ya boratanaga mo karolong epe fela ya sebatana, ka gonne seno se tla bo se kaya go obamela kgogela​—e sebatana se tsayang nonofo ya sone mo go yone. Ba ka se ka ba botsa ka go supa kgatlhego ba re: “Ke mang yo o tshwanang le sebatana?” Go na le moo, ba latela sekao sa ga Mikaele​—yoo leina la gagwe le rayang gore “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?”—​fa ba ntse ba tshegetsa bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa. Ka nako ya Modimo e e tlhomilweng Mikaele yono, e bong Keresete Jesu, o tla tlhabantshana le sebatana le go se fenya, fela jaaka a ne a fenya fa a ne a leleka Satane kwa legodimong.​—Tshenolo 12:7-9; 9:11, 19-21.

Go Tlhabana le Baitshepi

21. Johane o tlhalosa jang kafa Satane a laolang sebatana ka gone?

21 Satane wa leferefere o ne a loga maano a go laola sebatana gore se dire thato ya gagwe. Johane o tlhalosa seno jaana: “Mme [sebatana se se ditlhogo tse supa] sa newa molomo o o buang dilo tse dikgolo le ditlhapatso, sa ba sa newa taolo ya go dira dikgwedi di le masome a manè le bobedi. Mme sa bula molomo wa sone se tlhapatsa Modimo, se tlhapatsa leina la gagwe le boago jwa gagwe, le ba ba agileng kwa legodimong. Mme se ne sa newa go tlhabana ntwa le baitshepi le go ba fenya, mme sa newa taolo godimo ga lotso longwe le longwe le batho le teme le setšhaba. Mme botlhe ba ba nnang mo lefatsheng ba tla se obamela; ba go seng ope wa bone yo leina la gagwe le kwadilweng mo lokwalong lwa momeno lwa botshelo lwa Kwana e e neng ya tlhabiwa, go tloga fa e sa le lefatshe le thaiwa.”​—Tshenolo 13:5-8.

22. (a) Dikgwedi tse 42 di malebana le lobaka lofe? (b) Ka nako ya dikgwedi tse 42, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ‘ba fenngwa’ jang?

22 Dikgwedi tse 42 tse di umakiwang fano go bonala di tshwana le dingwaga tse tharo le sephatlo tse baitshepi ba tlhorontshiwang mo go tsone ke lonaka lo lo tlhogang mo sebataneng sengwe sa polelelopele ya ga Daniele. (Daniele 7:23-25; bona le Tshenolo 11:1-4.) Ka gone, go simologa mo bofelong jwa 1914 go ya go 1918, fa ditšhaba tse di neng di tlhabana di ne di jana ka meno jaaka dibatana tsa mmatota, baagi ba ditšhaba tseo ba ne ba patelediwa go obamela sebatana, go tsenelela mo tumelong ya boratanaga, le e leng go ipaakanyetsa go swela naga ya bone. Kgatelelo eo e ne ya dira gore batlodiwa ka bontsi ba boge, ba ba neng ba ikutlwa ba tshwanelwa ke go isa kobamelo ya bone yotlhe mo go Jehofa Modimo le Morwawe, e bong Keresete Jesu. (Ditiro 5:29) Diteko tsa bone di ne tsa fitlha kwa setlhoeng ka June 1918, fa ba ne ba ‘fenngwa.’ Kwa United States, batlhankedi ba bagolo le baemedi bangwe ba Mokgatlho wa Watch Tower ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong ba se na molato, mme thulaganyo ya go rera ya bakaulengwe ba bone ba Bakeresete e ne ya kgorelediwa fela thata. Ka go bo sebatana seno se na le taolo mo “godimo ga lotso longwe le longwe le batho le teme le setšhaba,” se ne sa thibela tiro ya batho ba Modimo lefatshe ka bophara.

23. (a) ‘Lokwalo lwa momeno lwa botshelo lwa Kwana’ ke eng, mme ke eng se se ntseng se wediwa fa e sa le ka 1918? (b) Ke ka ntlha yang fa sepe fela se se neng se lebega e kete ke go fenngwa ga “baitshepi” ke phuthego ya ga Satane e le sa lefela?

23 Seno se ne se lebega e le phenyo mo go Satane le phuthego ya gagwe. Mme go ne go ka se ba leretse melemo epe ya lobaka lo loleele, e re ka go se na ope wa phuthego ya ga Satane e e bonalang yo leina la gagwe le kwadilweng mo “lokwalong lwa momeno lwa botshelo lwa Kwana.” Ka tsela ya tshwantshetso, lokwalo lono lo na le maina a ba ba tla busang le Jesu mo Bogosing jwa gagwe jwa kwa legodimong. Maina a ntlha a ne a kwalwa mo go lone ka Pentekosete ya 33 C.E. Mme mo dingwageng tsa fa e sa le go tswa foo, go nnile ga okediwa ka maina a mangwe. Fa e sa le ka 1918, go tshwaiwa ga ba ba setseng ba baruaboswa ba Bogosi ba ba 144 000 go nnile ga tswelela go fitlha go wediwa. Maina a bone botlhe a tla tloga a kwalwa mo lokwalong lwa momeno lwa botshelo lwa ga Kwana mo a ka se kang a phimolwa. Fa e le baganetsi bone, ba ba obamelang sebatana, ga go na ope wa bone yo leina la gagwe le ka kwalwang mo lokwalong loo. Jalo sepe fela se se lebegang e le go fenya “baitshepi” bano ke ga lefela, ga nakwana fela.

24. Johane o ikuela mo go ba ba nang le temogo go utlwa eng, mme mafoko ao a a utlwiwang a raya eng mo bathong ba Modimo?

24 Johane jaanong o laletsa ba ba nang le temogo go reetsa ka kelotlhoko: “Fa mongwe a na le tsebe, a a utlwe.” Go tswa foo o tswelela a re: “Fa mongwe a laoletswe botshwarwa, o ya botshwarwa. Fa mongwe a ka bolaya ka tšhaka, o tshwanetse go bolawa ka tšhaka. Fano ke gone fa go kayang boitshoko le tumelo ya baitshepi.” (Tshenolo 13:9, 10) Jeremia o ne a kwala mafoko a a tshwanang le ano mo dingwageng tse di tlang pele ga 607 B.C.E., a bontsha gore dikatlholo tsa ga Jehofa di ne di se kitla di boa ka morago mo motseng o o sa ikanyegeng wa Jerusalema. (Jeremia 15:2; bona le Jeremia 43:11; Sekarea 11:9.) Mo nakong ya go lekwa ga gagwe go gogolo, Jesu o ne a bontsha sentle gore balatedi ba gagwe ba ne ba sa tshwanela go ineela fa a ne a re: “Botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:52) Ka tsela e e tshwanang, jaanong mo letsatsing la Morena batho ba Modimo ba tshwanetse go tshwarelela thata mo melaometheong ya Baebele. Baobamedi ba sebatana ba ba sa ikotlhaeng ga ba kitla ba falola kwa bokhutlong. Rotlhe re tlhoka boitshoko le tumelo e e sa reketleng, e le gore re falole dipogiso le diteko tse di tlang.​—Bahebera 10:36-39; 11:6.

Sebatana se se Dinaka Tse Pedi

25. (a) Johane o tlhalosa jang sebatana se sengwe sa tshwantshetso se se tswelang mo lefatsheng? (b) Ke eng se se kaiwang ke dinaka tse pedi tsa sebatana se sengwe le ke go tswa ga sone mo lefatsheng?

25 Mme jaanong go bonala sebatana se sengwe mo lefatsheng. Johane o bega jaana: “Mme ka bona sebatana se sengwe sa naga se tlhatloga se tswa mo lefatsheng, mme se ne se na le dinaka tse pedi jaaka kwanyana, mme sa simolola go bua jaaka kgogela. Mme se dirisa taolo yotlhe ya sebatana sa ntlha sa naga mo ponong ya sone. Mme se dira gore lefatshe le ba ba nnang mo go lone ba obamele sebatana sa ntlha sa naga, se titeo ya sone ya loso e neng ya fola. Mme se dira ditshupo tse dikgolo, mo se dirang le gore molelo o fologe o tswa legodimong o tla mo lefatsheng mo ponong ya batho.” (Tshenolo 13:11-13) Sebatana seno se na le dinaka tse pedi, se supa go tshwaragana ga mebuso e mebedi ya sepolotiki. Mme se tlhalosiwa se tswa mo lefatsheng, e seng mo lewatleng. Ka gone, se tswa mo tsamaisong ya dilo ya selefatshe ya ga Satane e e setseng e tlhomilwe. E tshwanetse ya bo e le mmuso wa lefatshe, o o setseng o le teng, o o tsayang maemo a botlhokwa mo letsatsing la Morena.

26. (a) Sebatana se se dinaka di pedi ke eng, mme se amana jang le sebatana sa ntlha? (b) Ke ka tsela efe dinaka tsa sebatana se se dinaka di pedi di tshwanang le tsa kwanyana, mme se bua jang “jaaka kgogela”? (c) Batho ba ba nang le moya wa boratanaga tota ba obamela eng, mme boratanaga bo ile jwa tshwantshanngwa le eng? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)

26 E ka tswa e le eng? Ke Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika​—o o tshwanang le tlhogo ya bosupa ya sebatana sa ntlha mme o le mo maemong a a kgethegileng! Go o tlhaola mo ponatshegelong e le sebatana se sele go re thusa go bona sentle kafa se ikemetseng ka nosi ka teng mo lefatsheng. Sebatana seno sa tshwantshetso se se dinaka di pedi se dirilwe ka mebuso e mebedi ya sepolotiki e e busang ka nako e le nngwe fela, e ikemetse ka nosi, mme e dirisana mmogo. Dinaka tsa sone tse pedi tse di ‘jaaka tsa kwanyana’ di kaya gore se itira jaaka e kete se bonolo le gore ga se ke se gobatsa ope, gore se na le mofuta wa puso e e tlhabologileng e lefatshe lotlhe le tshwanetseng go retologela kwa go yone. Mme se bua “jaaka kgogela” ka tsela ya gore se dirisa kgatelelo le matshosetsi le e leng thubakanyo e kgolo gongwe le gongwe ko puso ya sone e sa amogelweng gone. Ga se a kgothaletsa batho go ikobela Bogosi jwa Modimo kafa tlase ga puso ya Kwana ya Modimo mme, go na le moo, se kgothaleditse batho go ikobela dikgatlhego tsa ga Satane, e leng kgogela e kgolo. Se rotloeditse dikgaogano tsa boratanaga le dikilo tse di godisang go obamelwa ga sebatana sa ntlha.c

27. (a) Ke boikutlo bofe jwa sebatana se se dinaka tse pedi jo bo bontshiwang ke kgang ya go bo se dira gore molelo o fologe go tswa legodimong? (b) Batho ba le bantsi ba leba jang setshwani sa segompieno sa sebatana se se dinaka tse pedi?

27 Sebatana seno se se dinaka tse pedi se dira ditshupo tse dikgolo, le e leng go dira gore molelo o fologe kwa legodimong. (Bapisa Mathaio 7:21-23.) Sesupo seno sa bofelo se re gakolola Elija, moperofeti wa bogologolo wa Modimo yo o neng a gaisana le baporofeti ba ga Baale. Fa ka katlego a ne a kopa gore molelo o fologe kwa legodimong ka leina la ga Jehofa, go ne ga itshupa kwantle ga pelaelo gore e ne e le moporofeti wa boammaaruri le gore baporofeti ba ga Baale ba ne ba le maaka. (1 Dikgosi 18:21-40) Fela jaaka baporofeti bale ba ga Baale, sebatana se se dinaka tse pedi se ikutlwa se na le ditshwanelego tse di lekaneng tsa go nna moporofeti. (Tshenolo 13:14, 15; 19:20) Ee, se iphaka se nyeleditse maatla a a boikepo mo dintweng tse pedi tsa lefatshe, le gore jaanong se fentse se go tweng ke Bokomonisi jo bo sa batleng Modimo! Batho ba le bantsi, eleruri, ba leba setshwani sa segompieno sa sebatana se se dinaka tse pedi e le se se tla ba leretseng kgololesego le motswedi wa dilo tse di bonalang tse di molemo.

Setshwantsho sa Sebatana

28. Johane o bontsha jang gore sebatana se se dinaka di pedi ga se bonolo jaaka dinaka tsa sone tse di tshwanang le tsa kwana di kaya?

28 A sebatana seno se se dinaka di pedi se bonolo fela jaaka dinaka tsa sone tse e ke teng tsa kwana di bontsha? Johane o tswelela pele ka go re: “Mme se tsietsa ba ba nnang mo lefatsheng, ka ntlha ya ditshupo tse se neng sa di newa gore se di dire mo ponong ya sebatana sa naga, fa se ntse se bolelela ba ba nnang mo lefatsheng gore ba dire setshwantsho ba se direle sebatana sa naga se se neng se na le titeo ya tšhaka mme le fa go ntse jalo se rudile. Mme se ne sa newa gore se neye setshwantsho sa sebatana sa naga mohemo, gore setshwantsho sa sebatana sa naga se ko se bue se bo se dire gore go bolawe botlhe ba ba neng ba sa obamele setshwantsho sa sebatana sa naga ka tsela le fa e le efe.”​—Tshenolo 13:14, 15.

29. (a) Boikaelelo jwa setshwantsho sa sebatana ke eng, mme setshwantsho seno se ne sa bopiwa leng? (b) Ke ka ntlha yang fa setshwantsho sa sebatana e se setshwantsho fela se se sa tsheleng?

29 ‘Setshwantsho seno sa sebatana,’ ke eng, mme boikaelelo jwa sone ke eng? Boikaelelo jwa sone ke go rotloetsa kobamelo ya sebatana se se dinaka di supa se e leng setshwantsho sa sone mme ka gone, tota, se tsweledisa pele go nna gone ga sebatana. Setshwantsho seno se bopiwa morago ga go tsoga ga sebatana se se dinaka di supa morago ga titeo ya sone ya loso, ke gore, morago ga bokhutlo jwa ntwa ya ntlha ya lefatshe. Ga se setshwantsho se se betlilweng se se sa tsheleng, se se tshwanang le se Nebukadenesare a neng a se aga mo dipoeng tsa Dura. (Daniele 3:1) Sebatana se se dinaka di pedi se tsenya botshelo mo setshwantshong seno mo e leng gore setshwantsho seno se kgona go tshela le go nna le seabe mo ditiragalong tsa lefatshe.

30, 31. (a) Ditiragalo tsa hisitori di kaya fa setshwantsho seno e le eng? (b) A batho bangwe ba kile ba bolaelwa go gana go obamela setshwantsho seno? Tlhalosa.

30 Go diragala ga ditiragalo go supa fa setshwantsho seno e le tsamaiso e e neng ya akantshiwa, ya rotloediwa, ya ba ya engwa nokeng ke Boritane le United States e bile e le e pele e neng e itsiwe e le lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba. Moragonyana, mo go Tshenolo kgaolo 17 e tla tlhaga ka sebopego se se farologaneng, e le sebatana se se tshelang, le go hema, se sehibidu se se ikemetseng ka nosi. Lekgotla leno la dinaga tse di farologaneng le ‘a bua,’ ka gore le iphaka ka boikgogomoso fa e le lone fela le le kgonang go leretse setho kagiso le polokesego. Mme tota le nnile patlelo e dinaga tsa maloko a lone di tikanang ka mafoko le matlhapa mo go lone. Le tshoseditse naga epe fela kana setšhaba se se sa obameleng bolaodi jwa lone gore le tla se nyeletsa, kana le se bolaela ruri. Tota e bile lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le kobile dinaga tse di retelelwang ke go obamela megopolo ya lone. Kwa tshimologong ya pitlagano e kgolo, “dinaka” tsa sesole tsa setshwantsho seno sa sebatana di tla dira tiro ya tshenyo.​—Tshenolo 7:14; 17:8, 16.

31 Fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe II, setshwantsho sa sebatana​—se jaanong se tlhagang e le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng—​se setse se bolaile batho ka tsela ya mmatota. Ka sekai, ka 1950 masole a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a ne a tsenelela mo ntweng e e neng e lowa ke Korea Bokone le Korea Borwa. Masole a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le Ba-Korea Borwa, ba ne ba bolaya Ba-Korea Bokone le Ba-China ba palo e e fopholediwa go 1 420 000. Ka tsela e e tshwanang, go tswa ka 1960 go ya go 1964, masole a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a ne a tseneletse mo ntweng ya kwa Congo (Kinshasa). Mo godimo ga moo, baeteledipele ba lefatshe, go akareletsa le mopapa Paul VI le John Paul II ba nnile ba tswelela go gatelela gore setshwantsho seno ke tsholofelo ya bofelo le e e botoka go di feta tsotlhe ya motho mo go lereng kagiso. Ba gatelela ka go re, fa setho se retelelwa ke go se direla, losika lwa motho lo tla ipolaya. Ka tshwantshetso ba dira gore batho botlhe ba ba ganang go tsamaisana le setshwantsho seno le go se obamela ba bolawe.​—Duteronome 5:8, 9.

Lotshwao Lwa Sebatana

32. Johane o tlhalosa jang go loga maano ga ga Satane ka makgamu a sepolotiki a phuthego ya gagwe e e bonalang go tlhokofatsa ba ba setseng ba losika lwa mosadi wa Modimo?

32 Johane jaanong o bona kafa Satane a logang maano a go dira gore maloko a sepolotiki a phuthego ya gagwe e e bonalang a tlhokofatse segolobogolo ba ba setseng ba losika lwa mosadi wa Modimo. (Genesise 3:15) O boa a tlhalosa “sebatana” ka bosone: “Mme se patelela batho botlhe, ba bannye le ba bagolo, le bahumi le bahumanegi, le bagololesegi le batlhanka, gore bano ba tshwaiwe mo seatleng sa bone sa moja kgotsa mo phatleng ya bone, le gore go se nne le ope yo o ka kgonang go reka kgotsa go rekisa fa e se motho yo o nang le letshwao, leina la sebatana sa naga kgotsa palo ya leina la sone. Fano ke gone fa botlhale bo tsenang gone: A yo o botlhale a bale palo ya sebatana sa naga, gonne ke palo ya motho; mme palo ya sone ke makgolo a marataro le masome a marataro le borataro.”​—Tshenolo 13:16-18.

33. (a) Leina la sebatana ke mang? (b) Palo ya thataro e amanngwa le eng? Tlhalosa.

33 Sebatana se na le leina, mme leina leno ke palo: 666. Palo ya thataro e amana le baba ba ga Jehofa. Monna mongwe wa Mofilisitia wa Morefaime o ne a le “bogolo jo bo boitshegang,” mme ‘menwana ya gagwe le menwana ya dinao mengwe le mengwe e le merataro.’ (1 Ditiragalo 20:6) Kgosi Nebukadenesare o ne a aga setshwantsho sa gouta se le bophara jwa dikubita di le 6 le bogodimo jwa dikubita di le 60, go dira badiredibagolo ba gagwe ba sepolotiki go nna seoposengwe mo kobamelong e le nngwe fela. Fa batlhanka ba Modimo ba ne ba gana go obamela setshwantsho sa gouta, kgosi eo e ne ya dira gore ba latlhelwe mo leubelong la molelo. (Daniele 3:1-23) Palo ya thataro e tlhaela go nna ya supa, e e emelang botlalo kafa ponong ya Modimo. Ka jalo, palo ya thataro fa e le gararo e emela bosaitekanelang jo bogolo.

34. (a) Ke eng se se kaiwang ke kgang ya go bo palo ya sebatana e le “palo ya motho”? (b) Ke ka ntlha yang fa 666 e le palo e e tshwanelang tsamaiso ya ga Satane ya lefatshe ya sepolotiki?

34 Leina le tlhaola motho. Jalo palo eno e tlhaola sebatana jang? Johane o bolela gore ke “palo ya motho,” e seng ya motho wa semoya, jalo leina leo le re thusa go tlhomamisa gore sebatana seno ke sa mo lefatsheng, se se tshwantshetsang puso ya motho. Fela jaaka palo ya thataro e tlhaela go nna ya supa, jalo 666​—palo ya thataro e imenne gararo—​ke leina le le tshwanelang tsamaiso ya lefatshe e kgolo ya sepolotiki e e retelelwang ka tsela e e tlhabisang ditlhong go fitlhelela ditekanyetso tsa Modimo tsa boitekanelo. Sebatana sa selefatshe sa sepolotiki ke sone se se di gogang kwa pele ka leina la palo e leng 666, fa bapolotiki ba bagolo, ditumelo tse dikgolo, le bagwebi ba bagolo ba dira gore sebatana seo se nne se tswelele pele e le mogateledi wa setho le mmogisi wa batho ba Modimo.

35. Go tshwaiwa mo phatleng kana mo seatleng sa moja ka leina la sebatana go kaya eng?

35 Go tshwaiwa mo diphatleng kana mo seatleng sa moja ka leina la sebatana seo go kaya eng? Fa Jehofa a ne a naya Iseraele Molao, o ne a ba raya a re: “Lo tlhome mafoko ano a me mo pelong ya lona le mo moyeng wa lona lo bo lo a bofelele jaaka sesupo mo seatleng sa lona, mme a nne moitlamo wa phatla fa gare ga matlho a lona.” (Duteronome 11:18) Seno se ne se raya gore Baiseraele ba ne ba tshwanetse go boloka Molao oo ka metlha fa pele ga bone, e le gore o tle o ba tlhotlheletse mo ditirong tsotlhe tsa bone le dikakanyo. Batlodiwa ba ba 144 000 ba bolelwa ba kwadilwe leina la ga Rara le la ga Jesu mo diphatleng tsa bone. Seno se ba tlhaola e le ba e leng ba ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete. (Tshenolo 14:1) Ka go etsa seo, Satane o dirisa lotshwao lwa bodimona lwa sebatana. Mongwe le mongwe yo o tseneletseng mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi tse di tshwanang le go reka le go rekisa o patelesega go dira dilo kafa sebatana se di dirang ka teng, jaaka, ka sekai, mo meletlong ya malatsi a boikhutso. Go lebeletswe gore ba obamele sebatana, ba se letlelele go laola matshelo a bone, e le gore ba tle ba amogele lotshwao lwa sone.

36. Batho ba ba ganang go tshwaiwa ka lotshwao lwa sebatana ba nnile le mathata afe?

36 Batho ba ba ganang go amogela lotshwao lwa sebatana ba nnile ba nna le mathata. Ka sekai, go simologa ka bo1930, ba ne ba tshwanelwa ke go seka mo dikgotlatshekelong tse dintsi le go itshokela go tlhaselwa ke digopa tsa batho le dipogiso tse dingwe. Mo dinageng tsa bobusaesi, ba ne ba latlhelwa mo dikampeng tsa pogisetso, koo ba le bantsi ba swetseng teng. Fa e sa le ka nako ya ntwa ya lefatshe ya bobedi, makawana a a se nang palo a nnile a latlhelwa mo dikgolegelong ka lobaka lo loleele, ba bangwe ba bile ba tlhokofadiwa le go bolawa, ka baka la go gana ga bone go itatola boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete. Mo mafatsheng a mangwe Bakeresete ga ba kgone go reka le fa e le go rekisa ka tsela ya mmatota; ba bangwe ga ba kgone go nna le dilwana; ba bangwe ba a betelelwa, ba a bolawa, kana ba lelekwa mo nageng ya bone. Ka ntlha yang? Ka gonne ba gana go reka karata ya lekoko la sepolotiki ka ntlha ya segakolodi se se molemo.d​—Johane 17:16.

37, 38. (a) Ke ka ntlha yang fa lefatshe e le lefelo le le boima mo go ba ba ganang go tshwaiwa ka lotshwao lwa sebatana? (b) Ke bomang ba ba bolokang bothokgami, mme ba ititeile sehuba go dira eng?

37 Mo mafelong a mangwe a lefatshe, bodumedi bo tsene ka tlhogo mo ditirong tsa setšhaba mo e leng gore ope fela yo o emelang boammaaruri jwa Baebele o ngalelwa ke ba lelapa la gagwe le ditsala tsa gagwe tsa pele. Go tlhoka motho tumelo e kgolo gore a kgone go itshoka. (Mathaio 10:36-38; 17:22) Mo lefatsheng le bontsi jwa batho ba obamelang dikhumo le mo go sa ikanyege go leng gontsi thata, gantsi Mokeresete wa boammaaruri o tshwanelwa ke go tshepa fela mo go Jehofa gore o tla mo tshegetsa go tsamaya mo tseleng e e siameng. (Pesalema 11:7; Bahebera 13:18) Mo lefatsheng leno le le tletseng ka boitsholo jo bo sa siamang, go tlhoka motho go ititaya sehuba gore a nne a ntse a le phepa le go nna a itshekile. Bakeresete ba ba tsenwang ke malwetse gantsi ba gatelelwa ke dingaka le baoki go tlola molao wa Modimo o o malebana le boitshepo jwa madi; e bile ba tshwanelwa ke go gana go dumalana le ditaelo tsa dikgotlatshekelo tse di thulanang le tumelo ya bone. (Ditiro 15:28, 29; 1 Petere 4:3, 4) Mme mo metlheng eno e go tlhoka tiro go oketsegang thata mo go yone, go ntse go thatafalela Mokeresete wa boammaaruri go ya pele go tila tiro e e tla mo tlhokang go ineelela go roba bothokgami jwa gagwe mo Modimong.​—Mika 4:3, 5.

38 Ee, lefatshe ke lefelo le le boima mo go ba ba se nang lotshwao lwa sebatana. Ke sesupo se se molemo sa maatla le masego a ga Jehofa mo go ba ba setseng ba losika lwa mosadi, le ba boidiidi jo bogolo ba ba fetang dimilione tse thataro, ba boloka bothokgami go sa kgathalesege dikgatelelo tsotlhe tse ba lebanang le tsone tsa go tlola melao ya Modimo. (Tshenolo 7:9) E kete rotlhe re le seoposengwe, mo lefatsheng lotlhe, re ka tswelela pele go tlotlomatsa Jehofa le ditsela tsa gagwe tsa tshiamo, fa re ntse re gana go tshwaiwa ka lotshwao lwa sebatana.​—Pesalema 34:1-3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona dintlha tse dingwe, tsweetswee bona ditsebe 165-79 tsa buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

b The Interpretation of St. John’s Revelation, e e kwadilweng ke R. C. H. Lenski, ditsebe 390-1.

c Baakgedi ba lemogile gore, boratanaga tota, ke bodumedi. Ka gone, batho ba ba nang le moya wa boratanaga tota ba obamela karolo eo ya sebatana e e emelwang ke naga e ba nnang mo go yone. Mabapi le moya wa boratanaga kwa United States, re bala jaana: “Boratanaga, fa bo lebiwa jaaka bodumedi, bo na le dilo tse dintsi tse bo tshwanang ka tsone le ditsamaiso tse dingwe tse dikgolo tsa bodumedi tsa nako e e fetileng . . . Motho wa segompieno wa tumelo ya boratanaga o tlhokometse go ikanya mo modimong wa naga ya gaabo. O ikutlwa a tlhoka thuso ya Gagwe e e maatla. O lemoga fa boitekanelo jwa gagwe le boitumelo bo tswa kwa go Ene. O a Mo ikobela, ka tsela ya bodumedi tota. . . . O dumela fa naga e le ya bosafeleng, le gore go swa ga bana ba gagwe ba ba ikanyegang go oketsa fela go tuma ga gagwe mo go sa feleng le kgalalelo.”​—Carlton J. F. Hayes, jaaka fa a nopotswe mo tsebeng 359 ya buka ya What Americans Believe and How They Worship, ya ga J. Paul Williams.

d Ka sekai, bona makasine wa Tora ya Tebelo ya September 1, 1971, tsebe 520 (ka Seesemane); Tora ya Tebelo ya December 1, 1975, tsebe 276; Tora ya Tebelo ya June 1, 1975, tsebe 341; February 1, 1979, tsebe 23; June 1, 1979, tsebe 20; May 15, 1980, tsebe 10 (tsotlhe tseno ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 195]

Se ne sa letlelelwa go tshedisa setshwantsho sa sebatana

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela