LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 24 ts. 155-160
  • Molaetsa o o Botshe Le o O Bogalaka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Molaetsa o o Botshe Le o O Bogalaka
  • Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditumo Tsa Maru Tse Supa
  • Go Wediwa ga Sephiri se se Boitshepo
  • Lokwalo lo lo Butsweng
  • Lokwalo lo Lonnye Gompieno
  • “Leno ke Letsatsi mo Malatsing Otlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Melaetsa ya Baengele ya Motlha wa Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tshenolo le Wena
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Buka ya Bibela ya bo 66—Tshenolō
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 24 ts. 155-160

Kgaolo 24

Molaetsa o o Botshe Le o O Bogalaka

Ponatshegelo 6​—Tshenolo 10:1–11:19

Setlhogo: Ponatshegelo ya lokwalo lo lonnye; se se diregang mo tempeleng; go lediwa ga terompeta ya bosupa

Nako ya go diragadiwa: Go simolola ka go bewa mo setulong sa bogosi ga ga Jesu ka 1914 go ya go pitlagano e kgolo

1, 2. (a) Ijoo wa bobedi o ne a felela ka eng, mme ke leng go tla bolelwang fa ijoo ono a khutlile? (b) Ke mang yo jaanong Johane a mmonang a fologa kwa legodimong?

IJOO wa bobedi e nnile o o senyang. O wetse dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete le baeteledipele ba tsone, eleng “nngwetharong ya batho,” mme ka gone di senolwa gore di sule semoyeng. (Tshenolo 9:15) Johane o tshwanetse a bo a ne a ipotsa morago ga seo gore ke eng se se neng se tla tlisiwa ke ijoo wa boraro. Mme iketle! Ijoo wa bobedi ga a ise a khutle​—ga a kitla a khutla go fitlhela re tla kwa ntlheng e e kwadilweng mo go Tshenolo 11:14. Pele ga nako eo, Johane o tshwanetse go iponela ka matlho tshimologo ya ditiragalo tse ene ka boene a kopanelang mo go tsone. Di simologa ka pono e e tshwarisang kgakge:

2 “Mme ka bona moengele yo mongwe yo o nonofileng a fologa a tswa legodimong, a apere leru, mme motshe wa godimo o ne o le mo tlhogong ya gagwe, le sefatlhego sa gagwe se ne se ntse jaaka letsatsi, le dinao tsa gagwe di ne di ntse jaaka dipilara tse di tukang.”​—Tshenolo 10:1.

3. (a) ‘Moengele yo o nonofileng’ ke mang? (b) Ke eng se se kaiwang ke motshe wa godimo o o mo tlhogong ya gagwe?

3 ‘Moengele yo o nonofileng’ yono ke mang? Ka phepafalo ke Jesu Keresete yo o galaleditsweng a le mo boemong jo bongwe. O apere leru la go sa bonale, seo se re gakololang mafoko a pelenyana a ga Johane kaga Jesu a a reng: “Bona! O tla a le mo marung, mme leitlho lengwe le lengwe le tla mmona, le ba ba mo tlhabileng.” (Tshenolo 1:7; bapisa Mathaio 17:2-5.) Motshe wa godimo o o mo tlhogong ya gagwe o re gakolola ponatshegelo ya pelenyana ya ga Johane kaga setulo sa Bogosi sa ga Jehofa, ka ‘motshe wa sone wa godimo o o tshwanang le emeraleda ka ponalo.’ (Tshenolo 4:3; bapisa Esekiele 1:28.) Motshe oo wa godimo o ne o kaya thethebalo le kagiso tse di neng di le teng go dikologa setulo sa Bogosi sa Modimo. Ka tsela e e tshwanang, motshe ono wa godimo o o mo tlhogong ya moengele o mo tlhaola jaaka moengele yo o kgethegileng wa kagiso, “Kgosana ya Kagiso” ya ga Jehofa e e boleletsweng pele.​—Isaia 9:6, 7.

4. Ke eng se se supiwang ke (a) sefatlhogo sa moengele yo o nonofileng ‘se se ntseng jaaka letsatsi’? (b) le ‘dinao tsa moengele yono tse di ntseng jaaka dipilara tse di tukang’?

4 Sefatlhego sa moengele yo o thata se ne se ntse “jaaka letsatsi.” Pelenyana, mo ponatshegelong ya gagwe ya ga Jesu a le mo tempeleng ya Modimo, Johane o ne a lemoga gore sefatlhego sa ga Jesu se ne se tshwana le “letsatsi fa le phatsima ka maatla a lone.” (Tshenolo 1:16) Jesu, jaaka “letsatsi la tshiamo,” o phatsima ka phodiso mo diphukeng tsa gagwe a fodisa ba ba boifang leina la ga Jehofa. (Malaki 4:2) Ga go galalele fela sefatlhego sa moengele yo mme maoto a gagwe le one a a galalela, “jaaka dipilara tse di tukang.” Boemo jwa gagwe jo bo nitameng ke jwa Ene yo Jehofa a mo neileng “taolo yotlhe . . . kwa legodimong le mo lefatsheng.”​—Mathaio 28:18; Tshenolo 1:14, 15.

5. Ke eng se Johane a se bonang mo seatleng sa moengele yo o thata?

5 Johane o tswelela ka go tlhalosa jaana: “Mo seatleng sa gagwe o ne a tshotse lokwalo lwa momeno lo lonnye lo butswe. Mme o ne a tlhomile lonao lwa gagwe lwa moja mo lewatleng, mme lwa molema mo lefatsheng.” (Tshenolo 10:2) A ke lokwalo lo longwe? Ee, mme gompieno ga le a kanelwa. Rona mmogo le Johane, re ka lebelela gore re tloga re bona ditshenolo tse dingwe gape tse di kgatlhisang. Le fa go le jalo, sa ntlha re neelwa seemo sa se se tla latelang.

6. (a) Ke ka ntlha yang fa go tshwanela go bo maoto a ga Jesu a le mo godimo ga lefatshe le lewatle? (b) Pesalema 8:5-8 e ne ya diragadiwa ka botlalo leng?

6 A re boeleng kwa go tlhalosiweng ga ga Jesu. Maoto a gagwe a a molelo o a tlhomile mo godimo ga lefatshe le lewatle, tse jaanong a di laolang ka botlalo. Go ntse fela jaaka go tlhalositswe mo pesalemeng ya polelelopele ka go re: “[Jehofa] o ne [a] dira [Jesu go nna] yo o kwa tlase go le gonnye mo go ba ba tshwanang le modimo, mme o ne wa mo rwesa serwalo sa kgalalelo le bontlentle. O mo dira gore a laole ditiro tsa diatla tsa gago; o beile sengwe le sengwe kafa tlase ga dinao tsa gagwe: dihutshane le dipoo, tsotlhe fela, le dibatana tsa naga e e bulegileng, dinonyane tsa legodimo le ditlhapi tsa lewatle, sengwe le sengwe se se ralalang ditselana tsa mawatle.” (Pesalema 8:5-8; bona le Bahebera 2:5-9.) Pesalema eno e ne ya diragadiwa ka botlalo ka 1914, fa Jesu a ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo mme go simologa motlha wa bokhutlo. Ka gone, se Johane a se bonang fano mo ponatshegelong se dira mo nakong ya fa e sa le ka ngwaga oo.​—Pesalema 110:1-6; Ditiro 2:34-36; Daniele 12:4.

Ditumo Tsa Maru Tse Supa

7. Moengele yo o nonofileng o goa ka tsela e e ntseng jang, mme ke eng se se kaiwang ke go goa ga gagwe?

7 Fa Johane a ntse a akantse ka moengele yono yo o thata o kgaupediwa ke moengele yoo ka boene: “Mme [moengele yono] a goa ka lentswe le le kwa godimo fela jaaka fa tau e kurutla. Mme e rile a goa, ditumo tsa maru tse supa tsa ntsha mantswe a tsone.” (Tshenolo 10:3) Go goa mo gogolo moo go ne ga gapa tlhokomelo ya ga Johane, go tlhomamisa gore eleruri Jesu ke “Tau e e leng ya lotso lwa Juda.” (Tshenolo 5:5) Johane gape o ne a tla ela tlhoko gore Jehofa, le ene, fa gongwe go bolelwa fa a “kurutla.” Go duma ga ga Jehofa mo dilong tsa boporofeti ke go itsise ka go phuthiwa gape ga Iseraele wa semoya le go tla ga “letsatsi la ga Jehofa” la tshenyo. (Hosea 11:10; Joele 3:14, 16; Amose 1:2; 3:7, 8) Ka phepafalo, he, go goa mo go tshwanang le ga tau ga moengele yono yo o thata go bolelela pele ditiragalo tse di tshwanang tse dikgolo tse di tla diragalang mo lewatleng le mo lefatsheng. Go bitsa ditumo tse supa tsa maru gore di bue.

8. ‘Mantswe a ditumo tsa maru tse supa’ ke eng?

8 Pele Johane o ne a utlwile ditumo tsa maru di tswa kwa setulong sa ga Jehofa ka sebele. (Tshenolo 4:5) Bogologolo mo motlheng wa ga Dafide, ka dinako tse dingwe go ne go bolelwa fa tumo ya maru ya mmatota e le “lentswe la ga Jehofa.” (Pesalema 29:3) Fa Jehofa a ne a bolela ka lentswe le le utlwalang boikaelelo jwa gagwe jwa go galaletsa leina la gagwe mo metlheng ya bodiredi jwa ga Jesu mo lefatsheng, mo go ba le bantsi go ne go utlwala jaaka go duma ga maru. (Johane 12:28, 29) Jalo, go a utlwala go fetsa ka gore ‘mantswe a ditumo tse supa tsa maru’ ke mafoko a ga Jehofa ka sebele kaga maikaelelo a gagwe. Lebaka la go bo go ne go na le ditumo “tse supa” le kaya kafa Johane a neng a utlwa ka botlalo ka teng.

9. Lentswe le le tswang kwa legodimong le ntsha taolo efe?

9 Mme reetsa! Go utlwala lentswe le lengwe. Le bua taolo e e tshwanetseng ya bo e ne ya lebega e gakgamatsa mo go Johane: “Jaanong e rile ditumo tsa maru tse supa di bua, ke ne ke setse ke tloga ke kwala; mme ka utlwa lentswe le tswa legodimong le re: ‘Kanela dilo tse ditumo tsa maru tse supa di di buileng, o se ka wa di kwala.’” (Tshenolo 10:4) Johane o tshwanetse a bo a ne a tlhoafaletse go utlwa le go kwala melaetsa eo e e tshwanang le tumo ya maru, fela jaaka ba setlhopha sa Johane gompieno ba nnile ba letela ka tlhoafalo gore Jehofa a bolele maikaelelo a gagwe gore a kwalwe. Ditshenolo tsa go nna jalo di tla fela ka nako e e tlhomilweng ya ga Jehofa.​—Luke 12:42; bona le Daniele 12:8, 9.

Go Wediwa ga Sephiri se se Boitshepo

10. Moengele yo o thata o ikana ka mang, le ka mafoko afe?

10 Mo nakong eno, Jehofa o neela Johane thomo e nngwe. Morago ga ditumo tse supa tsa maru di sena go utlwala, moengele yo o thata o bua gape: “Mme moengele yo ke neng ka mmona a eme mo lewatleng le mo lefatsheng a tsholeletsa seatla sa gagwe sa moja kwa legodimong, a ikana ka Yo o tshelang ka bosaengkae le go ya go ile, yo o neng a bopa legodimo le dilo tse di mo go lone le lefatshe le dilo tse di mo go lone le lewatle le dilo tse di mo go lone, a re: ‘Ga go na go tlhola go nna le tiego.’” (Tshenolo 10:5, 6) Moengele yo o thata o ikana ka mang? Jesu yo o galaleditsweng o ikana, eseng ka ene, mme ka Molaodi yo mogolo go feta botlhe, e bong Jehofa, Mmopi yo o sa sweng wa magodimo le lefatshe. (Isaia 45:12, 18) Ka go ikana mono, moengele o tlhomamisetsa Johane gore Modimo ga a tlhole a tla diega.

11, 12. (a) Ke eng se se kaiwang ke gore “ga go na go tlhola go nna le tiego”? (b) Ke eng se se wediwang?

11 Lefoko la Segerika le fano le ranotsweng ka go re ‘tiego’ ke khroʹnos, leo tota le rayang “nako.” Ka gone bangwe ba bona fa polelo eno ya moengele e tshwanetse go ranolwa ka go re: “Ga go kitla go nna le nako e nngwe gape,” jaaka e kete nako jaaka re e itse e tla khutla. Mme lefoko khroʹnos mono le dirisiwa kwantle ga lebopitlhopho. Jalo ga le reye nako ka kakaretso mme, go na le moo le raya, “nako e e rileng” kana “lobaka lo lo rileng.” Ka mafoko a mangwe, Jehofa ga a kitla a letla sebaka se sengwe sa nako (kana, a diega). Lediri la Segerika leo khroʹnos le tswang mo go lone le dirisiwa gape mo go Bahebera 10:37, koo Paulo, fa a nopola mo go Habakuke 2:3, 4, a kwalang ka go re “yo o tlang . . . ga a na go diega.”

12 ‘Ga go na go tlhola go nna le tiego’​—abo mafoko ao a ikuela jang ne mo go ba setlhopha sa Johane ba ba tsofalang gompieno! Ga go na tiego ka tsela efe? Johane o a re bolelela: “Mme mo malatsing a modumo wa moengele wa bosupa, fa a tloga a letsa terompeta ya gagwe, sephiri se se boitshepo sa Modimo go ya ka dikgang tse di molemo tse a neng a di bolelela batlhanka ba gagwe e leng baporofeti eleruri se a wediwa.” (Tshenolo 10:7) Nako ya ga Jehofa ya go konela sephiri sa gagwe se se boitshepo ka boitumelo, ka katlego e kgolo, e gorogile!

13. Sephiri se se boitshepo sa Modimo ke eng?

13 Sephiri seno se se boitshepo ke eng? Se kopanyeletsa losika lo lo neng lwa solofediwa lwa ntlha kwa Edene, lo segolobogolo lo itshupileng fa e le Jesu Keresete. (Genesise 3:15; 1 Timotheo 3:16) Gape se amana le go tlhaola mosadi yo Losika loo lo tswang mo go ene. (Isaia 54:1; Bagalatia 4:26-28) Gape, se kopanyeletsa maloko a mabotlana a setlhopha sa losika loo le Bogosi jo Losika loo lo busang mo go jone. (Luke 8:10; Baefeso 3:3-9; Bakolosa 1:26, 27; 2:2; Tshenolo 1:5, 6) Dikgang tse di molemo kaga Bogosi jono jwa mofuta wa jone fela jwa selegodimo di tshwanetse go rerwa mo lefatsheng lotlhe mo nakong eno ya bokhutlo.​—Mathaio 24:14.

14. Ke ka ntlha yang fa ijoo wa boraro a amanngwa le Bogosi jwa Modimo?

14 Eleruri, tseno ke dikgang tse di molemo go di gaisa tsotlhe. Le fa go le jalo, mo go Tshenolo 11:14, 15, ijoo wa boraro o amanngwa le Bogosi. Ka ntlha yang? Ka gonne mo bathong ba ba ratang tsamaiso ya ga Satane ya dilo, go bolelwa ga dikgang tse di molemo tsa gore sephiri se se boitshepo sa Modimo se weditswe​—ke gore, Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia bo gorogile—​ke dikgang tse di bosula. (Bapisa 2 Bakorintha 2:16.) Di raya gore thulaganyo ya lefatshe e ba e ratang fela thata e gaufi le go senngwa. Mantswe a ditumo tse supa, a a bolelang ditlhagiso tseno tsa polelelopele tse di maatla, a nna a utlwala sentle go ya pele le go utlwalela kwa godimo fa letsatsi le legolo la ga Jehofa la pusoloso le ntse le atamela.​—Sefania 1:14-18.

Lokwalo lo lo Butsweng

15. Lentswe le le tswang kwa legodimong le moengele yo o thata ba bolelela Johane eng, mme seno se ama Johane jang?

15 Fa Johane a sa ntse a letetse go lediwa ga terompeta eno ya bosupa le go wediwa ga sephiri se se boitshepo sa Modimo, o neelwa kabelo e nngwe gape: “Mme lentswe le ke neng ka le utlwa le tswa legodimong le bua gape le nna le re: ‘Tsamaya, tsaya lokwalo lwa momeno lo lo butsweng lo lo mo seatleng sa moengele yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.’ Mme ka tsamaya ka ya kwa moengeleng yono mme ka mmolelela gore a mphe lokwalo lwa momeno lo lonnye. Mme a nthaya a re: ‘Lo tseye o lo je o lo fetse mme lo tla dira gore mpa ya gago e nne bogalaka, mme mo molomong wa gago lo tla nna botshe jaaka tswina ya dinotshe.’ Mme ka tsaya lokwalo lwa momeno lo lonnye mo seatleng sa moengele ka lo ja ka lo fetsa, mme mo molomong wa me lo ne lo le botshe jaaka tswina ya dinotshe; mme e rile ke sena go lo ja ke lo fetsa, mpa ya me ya nna bogalaka. Mme ba nthaya ba re: ‘O tshwanetse go porofeta gape ka ga batho le ditšhaba le diteme le dikgosi di le dintsi.’”​—Tshenolo 10:8-11.

16. (a) Moperofeti Esekiele o ne a diragalelwa ke se se tshwanang le se se diragaletseng Johane jang? (b) Ke ka ntlha yang fa lokwalo lo lonnye lo ne lo natefelela Johane, mme ke ka ntlhayang fa lo ne lo le botlhoko fa a sena go lo metsa?

16 Se se diragaletseng Johane se batlile se tshwana le se se diragaletseng moperofeti Esekiele fa a ne a le kwa botshwarong kwa lefatsheng la Babelona. Le ene o ne a laolelwa go ja lokwalo lo lo neng lo le botshe mo ganong la gagwe. Mme fa le sena go tsena mo mpeng ya gagwe, le ne la mo rwesa boikarabelo jwa go bolelela pele dilo tse di botlhoko ka ba ntlo ya Iseraele ba ba neng ba tsuologile. (Esekiele 2:8–3:15) Lokwalo lo lo butsweng loo Jesu Keresete yo o galaleditsweng a lo nayang Johane le lone ke molaetsa o o tswang kwa Modimong. Johane o tshwanetse go rerela “batho le ditšhaba le diteme le dikgosi di le dintsi.” Lokwalo lono lo botshe fa a lo ja ka gonne ke lwa bomodimo. (Bapisa Pesalema 119:103; Jeremia 15:15, 16.) Mme o utlwa lo le bogalaka fa a sena go lo metsa ka gonne​—jaaka go ne ga nna pele ka Esekiele—​lo bolelela pele dilo tse di seng monate ka batho ba ditsuolodi.​—Pesalema 145:20.

17. (a) Ke bomang ba ba rayang Johane ba re a porofete “gape,” mme seno se kaya eng? (b) Setshwantsho se se kgatlhisang se se neng sa bonwa ke Johane se ne se tshwanetse go diragadiwa leng?

17 Batho ba ba rayang Johane ba re a porofete gape kwantle ga pelaelo ke Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Johane, le mororo a le botshwarong mo setlhaketlhakeng sa Patamose, o setse a porofetile kaga batho, ditšhaba, dipuo, le dikgosi ka tshedimosetso e e setseng e kwadilwe mo bukeng ya Tshenolo. Lefoko “gape” le raya gore o tshwanetse go kwala a bo a bolela tshedimosetso e nngwe e e mo bukeng ya Tshenolo. Mme gakologelwa, Johane fano tota o a kopanela mo ponatshegelong ya polelelopele. Se totatota a se kwalang ke polelelopele e e neng e tla diragadiwa morago ga 1914, fa moengele yo o thata a ema mo boemong jwa gagwe mo godimo ga lefatshe le lewatle. Ke eng, he, se setshwantsho seno se se kgatlhisang se se kayang mo go ba setlhopha sa Johane gompieno?

Lokwalo lo Lonnye Gompieno

18. Kwa tshimologong ya letsatsi la Morena, setlhopha sa Johane se ne sa bontsha kgatlhego efe mo bukeng ya Tshenolo?

18 Se Johane a se bonang se tshwantshetsa ka mo go gakgamatsang se se diragaletseng ba setlhopha sa Johane kwa tshimologong ya letsatsi la Morena. Go tlhaloganya ga bone maikaelelo a ga Jehofa, go akareletsa le se se kaiwang ke ditumo tse supa tsa maru, ka nako eo go ne go sa felela. Le fa go le jalo, ba ne ba na le kgatlhego e kgolo mo bukeng ya Tshenolo e bile Charles Taze Russell o ne a akgetse mo dikarolong tsa yone tse dintsi fa a ne a sa ntse a tshela. Morago ga loso lwa gagwe ka 1916, bontsi jwa dibuka tsa gagwe di ne tsa phuthiwa tsa ba tsa kwalwa mo bukeng ya setlhogo se se reng The Finished Mystery. Le fa go le jalo, morago ga nako buka eno e ne ya supega fa e sa kgotsofatse jaaka tlhaloso ya buka ya Tshenolo. Masalela a bomonnawe Keresete a ne a tshwanelwa ke go leta ka lobakanyana, go fitlha diponatshegelo tseo di simolola go diragadiwa, go tlhaloganya ka botlalo mokwalo oo o o tlhotlheleditsweng.

19. (a) Jehofa Modimo o ne a dirisa jang setlhopha sa Johane le e leng pele ga mantswe a ditumo tse supa tsa maru a gatisiwa ka botlalo? (b) Ba setlhopha sa Johane ba ne ba newa leng lokwalo lo lonnye lo lo butsweng, mme seno se ne se kaya eng mo go bone?

19 Le fa go ntse jalo, fela jaaka Johane, ba ne ba dirisiwa ke Jehofa le e leng pele ga mantswe a ditumo tse supa tsa maru a gatisiwa ka botlalo. Ba ne ba ile ba rera ka tlhagafalo mo dingwageng tse 40 pele ga 1914, e bile ba ne ba itekile ka natla go nna ba le tlhaga ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe. Ba ne ba itshupile fa e le bone bao, e rileng fa mong wa bone a goroga, ba fitlhelwa ba naya ba ntlo ya gagwe dijo ka nako e e tshwanetseng. (Mathaio 24:45-47) Ka gone, ka 1919 e ne ya nna bone ba ba neng ba newa lokwalo lo lonnye lo lo butsweng​—ke gore, molaetsa o o butsweng go o rerela batho. Jaaka Esekiele ba ne ba tshotse molaetsa o o tshwanetseng go bolelelwa phuthego e e sa ikanyegeng​—e bong dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete—​e e neng ya iphaka fa e direla Modimo mme, totatota, e ne e sa dire jalo. Fela jaaka Johane ba ne ba tshwanelwa ke go rera mo go oketsegileng ba rerela “batho le ditšhaba le diteme le dikgosi di le dintsi.”

20. Go ja ga ga Johane lokwalo go ne go tshwantshetsa eng?

20 Go ja lokwalo ga ga Johane go ne go tshwantshetsa gore bomonnawe Jesu ba ne ba amogela kabelo eno. E ne ya nna karolo ya bone go ya bokgakaleng joo ba neng jaanong ba dira se se kaiwang ke tshetla eno ya Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, ba ikotla ka lone. Mme se ba neng ba tshwanelwa ke go se rera se ne se na le mafoko a dikatlholo tsa ga Jehofa tse di neng di se monate mo bathong ka bontsi. Eleruri, se ne se akareletsa dipetso tse di boleletsweng pele mo go Tshenolo kgaolo 8. Le fa go ntse jalo, go ne go netefalela Bakeresete bano ba ba peloephepa go itse dikatlholo tseo le go lemoga gore ba ne ba dirisiwa gape ke Jehofa go di itsise.​—Pesalema 19:9, 10.

21. (a) Molaetsa wa lokwalo lo lonnye o ile wa natefelela jang le ba boidiidi jo bogolo? (b) Ke ka ntlha yang fa dikgang tse di molemo e le dikgang tse di bosula mo bathong ba ba ganetsang?

21 Morago ga nako, molaetsa wa lokwalo lono gape o ne wa natefelela “boidiidi jo bogolo . . . jo bo [tswang] mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme” ba ba neng ba fitlhelwa ba sonelela dilo tse di makgapha tse ba neng ba di bona di dirwa mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete. (Tshenolo 7:9; Esekiele 9:4) Bano, le bone, ba bolela dikgang tse di molemo ka botlhaga, ba dirisa mafoko a a monate, a bopelontle go tlhalosa dithulaganyo tsa ga Jehofa tse di gakgamatsang mo Bakereseteng ba sekadinku. (Pesalema 37:11, 29; Bakolosa 4:6) Mme mo baganetsing, tseno ke dikgang tse di bosula. Ka ntlhayang? Di raya gore tsamaiso e ba e ikantseng​—le eo e bile e ka tswang e ba lereditse kgotsofalo ka nakwana—​e tshwanetse go senngwa. Mo go bone, dikgang tse di molemo di raya katlholo.​—Bafilipi 1:27, 28; bapisa Duteronome 28:15; 2 Bakorintha 2:15, 16.

[Ditshwantsho mo go tsebe 160]

Setlhopha sa Johane le balekane ba bone ba bolelela setho sotlhe molaetsa o o botshe le o o bogalaka

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela