Kgaolo 7
Tsosolosang Lorato Lole Lwa Pele!
EFESO
1. Molaetsa wa ntlha wa ga Jesu o kwaletswe phuthego efe, mme ke eng se a se gopotsang balebedi?
MOLAETSA wa ntlha wa ga Jesu ke o o yang kwa phuthegong ya Efeso, toropo ya Asia Minor e e mo lotshitshing lwa lewatle go bapa le setlhaketlhake sa Patamose e ka nako eo e neng e humile. O laela Johane jaana: “Kwalela moengele wa phuthego e e kwa Efeso o re: Tseno ke dilo tse a di buang yo o tshotseng dinaledi tse supa mo seatleng sa gagwe sa moja, yo o tsamayang mo gare ga ditlhomo tsa lobone tsa gouta tse supa.” (Tshenolo 2:1) Fela jaaka mo melaetseng e mengwe e merataro, fano Jesu o re bolelela ka sengwe se se supang maemo a gagwe a bolaodi. O gopotsa balebedi ba Efeso gore bagolwane botlhe o ba sireleditse ka bolebedi jwa gagwe le gore o tlhatlhoba diphuthego tsotlhe. Go tla go fitlha mo motlheng wa rona, o ntse a tsweletse ka go dirisa botlhogo jono jo bo lorato, ka go tlhokomela bagolwane le go disa ka bopelonomi batho botlhe ba ba kopanelang le phuthego. Nako le nako, o baakanya dithulaganyo tsa phuthego e le gore lesedi le tle le phatsimele pele. Ee, Jesu ke Modisa yo Mogolo wa letsomane la Modimo.—Mathaio 11:28-30; 1 Petere 5:2-4.
2. (a) Jesu o ne a akgolela phuthego ya Efeso dilo dife tse di molemo? (b) Ke kgakololo efe e moaposetoloi Paulo a ileng a e neela Baefeso e go bonalang bagolwane ba teng ba ile ba e dirisa?
2 Go tswa foo Jesu o simolola melaetsa yotlhe ya gagwe, kwantle fela ga e mebedi, ka go bua pele mafoko a a itumedisang a kakgolo. O tsholetse Baefeso molaetsa ono: “Ke itse ditiro tsa gago, le tiro ya gago ya bonatla le boitshoko, le gore ga o ka ke wa itshokela batho ba ba bosula, le gore o leka ba ba reng ke baaposetoloi, mme e se bone, mme o ba fitlhetse e le baaki. Gape o bontsha boitshoko, e bile o itshokile ka ntlha ya leina la me mme ga wa ka wa lapa.” (Tshenolo 2:2, 3) Dingwaga di le dintsi pele ga moo, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisitse bagolwane ba Efeso ka ga “diphiri tse di gatelelang,” batlhanogi ba ba itayang letsomane tsebe, mme o ne a boleletse bagolwane bao ‘go nna ba tsogile,’ ba latela sekao sa gagwe sa go dira ka natla. (Ditiro 20:29, 31) E re ka Jesu jaanong a ba akgolela tiro ya bone ya bonatla le boitshoko le go se lape ga bone, ba tshwanetse ba bo ba ile ba dirisa kgakololo eo.
3. (a) “Baaposetoloi ba maaka” ba ile ba leka jang go tsietsa batho ba ba ikanyegang mo motlheng wa rona? (b) Ke tlhagiso efe e Petere a neng a e neela ka ga batlhanogi?
3 Le mo letsatsing la Morena, go ile ga tlhaga “baaposetoloi ba maaka” ba ba ‘buang dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (2 Bakorintha 11:13; Ditiro 20:30; Tshenolo 1:10) Ba bona sengwe le sengwe se le molemo fela mo makokong otlhe a ditumelo tse di ganetsanang, ba bolela gore Modimo ga o na phuthego, ba bile ba ganetsa kgang ya gore Jesu o neilwe maatla a Bogosi ka 1914. Ba diragatsa boporofeti jono jo bo mo go 2 Petere 3:3, 4: “Mo metlheng ya bofelo go tla tla basotli ka go sotla ga bone, ba tswelela go ya ka dikeletso tsa bone mme ba re: ‘Go kae go nna gone mono ga gagwe mo go solofeditsweng? Aitsane, go tswa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba robala mo losong ka lone, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka go tswa kwa tshimologong ya popo.’”
4. (a) Boikgogomoso le botsuolodi jwa basotli bo bonatshega jang? (b) Bakeresete gompieno ba itshupa gore ba tshwana le Baefeso ka go tsaya kgato efe kgatlhanong le baganetsi ba ba buang maaka?
4 Basotli bano ba ganana le mogopolo wa go bolela tumelo ya bone phatlalatsa. (Baroma 10:10) Ba dirisa kemonokeng ya baruti ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete le thuso ya dipampiri tsa dikgang le dikgaso tsa thelebishene go anamisa dipego tsa maaka kaga ba e kileng ya bo e le bakaulengwe ba bone. Batho ba ba ikanyegang, go ise go ye kae ba lemoga gore puo le boitshwaro jwa batsietsi bano ga di na boammaaruri. Fela jaaka Baefeso, Bakeresete gompieno ‘ga ba kgone go itshokela batho ba ba bosula,’ ka jalo ba ba kgaola mo diphuthegong tsa bone.a
5. (a) Jesu o ne a re Baefeso ba ne ba na le bokoa bofe? (b) Ke mafoko afe ao Baefeso ba tshwanetseng ba ka bo ba a gakologetswe?
5 Le fa go ntse jalo, fela jaaka a dira ka diphuthego tse tlhano tsa tse supa tseno, Jesu o tlhomolola bothata jo bo masisi. O raya Baefeso a re: “Le fa go ntse jalo, ke na le seno se ke se nyatsang ka wena, gore o tlogetse lorato lo o neng o na le lone pele.” (Tshenolo 2:4) Ba ne ba sa tshwanela ba ka bo ba ne ba reteletswe mo ntlheng eno, ka go bo Paulo a ne a ba kwaletse dingwaga tse 35 pele ga moo a bua ka ‘lorato lo logolo lwa Modimo lo a neng a re rata ka lone,’ mme e bile a ile a ba kgothatsa a re: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang, lo bo lo tswelele lo tsamaya mo loratong, fela jaaka Keresete le ene a ne a lo rata” (Baefeso 2:4; 5:1, 2) Gape, mafoko a ga Jesu a ne a tshwanetse a ka bo a ne a kwadilwe mo a sa kakeng a phimoga mo dipelong tsa bone: “Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa yo o mongwe fela, mme o rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.” (Mareko 12:29-31) Baefeso ba ne ba latlhegetswe ke lorato lole lwa ntlha.
6. (a) E kane re le bagologolo kana re le bosha go kopanela mo phuthegong, re tshwanetse go itisa kgatlhanong le kotsi efe le ditshekamelo? (b) Lorato lwa rona mo Modimong lo tshwanetse lwa re pateletsa go dira eng?
6 E kane re sa bolo go kopanela kana re le basha mo phuthegong, re tshwanetse go ela tlhoko gore re seka ra latlhegelwa ke lorato lwa rona lwa ntlha mo go Jehofa. Tatlhegelo eno e ka diragala jang? Re ka letlelela go rata ga rona tiro ya boitshediso, keletso ya go kgobokanya madi a mantsi, kana telekiso ya dikgatlhego go nna selo se segolo mo matshelong a rona. Ka gone re ka akanya ka tsela ya senama go na le go akanya ka tsela ya semoya. (Baroma 8:5-8; 1 Timotheo 4:8; 6:9, 10) Lorato lwa rona mo go Jehofa lo tshwanetse lwa re pateletsa go baakanya ditshekamelo dipe tse di ntseng jalo le go nna re ‘batla pele bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe,’ e le gore re ‘ipolokele matlotlo kwa legodimong.’—Mathaio 6:19-21, 31-33.
7. (a) Tiro e re e direlang Jehofa e tshwanetse go tlhotlhelediwa ke eng? (b) Johane o ne a reng mabapi le lorato?
7 A ka metlha go direla Jehofa ga rona go tlhotlhelediwe ke lorato lwa rona lo lo nonofileng mo go ene. A re anaaneleng ka tlhoafalo sotlhe se Jehofa le Keresete ba se re diretseng. Fela jaaka Johane ka boene a ne a kwala morago: “Lorato lo ka tsela eno, e seng gore re ratile Modimo, mme gore o re ratile mme a romela Morwawe go nna setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona.” Johane o tswelela ka go re raya a re: “Modimo ke lorato, mme yo o nnang mo loratong o nna a le seoposengwe le Modimo mme le Modimo o nna a le seoposengwe le ene.” E kete le ka motlha re ka se letle gore lorato lwa rona mo go Jehofa, mo go Morena Jesu Keresete, le mo Lefokong la Modimo le le tshedileng lo nyelele! Lorato lono re ka lo bontsha eseng fela mo go direleng Modimo ka tlhagafalo mme le ka go utlwa “taelo eno e e tswang kwa go ene, gore yo o ratang Modimo o tshwanetse a bo a rata le mokaulengwe wa gagwe.”—1 Johane 4:10, 16, 21; Bahebera 4:12; 1 Petere 4:8; Bakolosa 3:10-14; Baefeso 4:15.
“O Dire Ditiro Tsa Pele”
8. Jesu o ne a re Baefeso ba ne ba tshwanetse go itshwara jang?
8 Baefeso bao ba ne ba tshwanetse go tsosolosa lorato lo ba kileng ba bo ba na nalo fa ba sa batle go latlhegelwa. Jesu o ba raya a re: “Jalo gakologelwa gore o ole mo go eng, mme o ikwatlhaye o bo o dire ditiro tsa pele. Fa o sa dire jalo, ke tla kwa go wena, mme ke tla tlosa setlhomo sa gago sa lobone mo lefelong la sone, fa o sa ikwatlhaye.” (Tshenolo 2:5) Bakeresete ba phuthego ya Efeso ba ne ba amogela mafoko ao jang? Ga re itse. Re solofela gore ba ne ba ikotlhaya mme ba atlega mo go tsosoloseng lorato lwa bone mo go Jehofa. Fa ba ne ba sa dire jalo, he lobone lwa bone lo ne lo tla tingwa mme setlhomo sa bone sa lobone se tlosiwe. Ba ne ba tla latlhegelwa ke tshiamelo ya bone ya go phatsimisa boammaaruri.
9. (a) Jesu o ne a tsholetse Baefeso mafoko afe a a kgothatsang? (b) Diphuthego di ne tsa retelelwa jang ke go utlwa kgakololo ya ga Jesu e a neng a e naya Baefeso morago ga motlha wa ga Johane?
9 Le fa go le jalo, Jesu o tsholetse Baefeso mafoko ano a a kgothatsang: “Le fa go ntse jalo, o na le seno, e leng gore o tlhoile ditiro tsa lekoko la ga Nikolase, tse le nna ke di tlhoileng.” (Tshenolo 2:6) Go botoka ka ba ne ba ila go itira makoko, fela jaaka Morena Jesu Keresete a go ila. Le fa go ntse jalo, fa dingwaga di ntse di kgabaganya, diphuthego tse dintsi di ne tsa retelelwa ke go utlwa mafoko ao a ga Jesu. Go se rate Jehofa, boammaaruri, le go se ratane ka bobone go ne ga felela ka gore ba katogele kwa lefifing la semoya. Ba ne ba kgaogana ka makoko a le mmalwa a a sa utlwaneng. Bakwadi ba “Bakeresete” ba ba neng ba sa rate Jehofa ba ne ba ntsha leina la Modimo mo dikwalong tsa Segerika tsa Baebele. Gape go tlhaela lorato ga bone go ne ga bulela dithuto tsa Sebabelona le dithuto tsa motheo tsa Segerika phatlha, tse di tshwanang le dihele tsa molelo, pakatori, le Tharonngwe, go twe ke tsa Bokeresete. Ka go bo ba ne ba sa rate Modimo le boammaaruri, bontsi jwa ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba emisa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Ba ne ba laolwa ke setlhopha sa baruti ba ba bogagapa ba ba neng ba itirela bogosi jwa bone mono lefatsheng.—Bapisa 1 Bakorintha 4:8.
10. Seemo sa bodumedi mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete e ne e le sefe ka 1918?
10 Fa katlholo e ne e simolola mo ntlong ya Modimo ka 1918, baruti ba makoko a dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba ema nokeng Ntwa ya Lefatshe I phatlalatsa, ba kgothaletsa Bakatoliki le Baporotesetanta mo matlhakoreng oomabedi go bolaana. (1 Petere 4:17) Ka go sa tshwane le phuthego ya Efeso eo e neng e ila seo Banikolaitane ba neng ba se dira, ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di ne di sa bolo go ruta dithuto tsa motheo tse dintsi tse di sa dumalaneng, tse di leng kgatlhanong le Modimo, mme baruti ba bone ba ne ba inaakantse le lefatshe, leo Jesu a rileng barutwa ba gagwe ga ba a tshwanela go nna karolo ya lone. (Johane 15:17-19) Diphuthego tsa bone, ka ba ne ba sa itse setlhogo sa Baebele, e leng Bogosi jwa Modimo, e ne e se ditlhomo tsa dipone tse di phatsimisang boammaaruri jwa Dikwalo, le gone maloko a tsone e ne e se karolo ya tempele ya semoya ya ga Jehofa. Banna (le basadi) ba bone ba ba ba eteletseng pele e ne e se dinaledi mme ba ne ba senolwa fa e le maloko a “monna yo o se nang molao.”—2 Bathesalonika 2:3; Malaki 3:1-3.
11. (a) Ke setlhopha sefe sa Bokeresete mo lefatsheng se ka 1918 se neng sa dirisa mafoko a Jesu a neng a a bolelela Baefeso? (b) Setlhopha sa Johane se ne sa dira eng go simolola ka 1919 go ya pele?
11 Le fa go ntse jalo, ba setlhopha sa Johane, ba ne ba tlhagelela mo metlheng ya dikhuduego tsa ntwa ya ntlha ya lefatshe e le ba ba ratang Jehofa le boammaaruri, moo go neng ga ba tlhotlheletsa go mo direla ka tlhoafalo e kgolo. Ba ne ba ganana le ba ba neng ba leka go simolola makoko ba ba neng ba batla go dira mookamedi wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower, e bong Charles T. Russell, modingwana, morago ga loso lwa gagwe ka 1916. Ka go bo ba ne ba thapisitswe ke dipogiso le mathata, setlhopha seno sa Bokeresete ka phepafalo se ne sa utlwa Mong wa sone a se raya a re “o dirile sentle,” a bo a ba laletsa gore ba tsene mo boitumelong jwa gagwe. (Mathaio 25:21, 23) Mo go tlhatlologaneng ga ditiragalo tsa lefatshe, le mo dilong tse di neng tsa ba diragalela, ba ne ba lemoga tiragatso ya sesupo se Jesu a neng a boletse gore se ne se tla tshwaya go nna gone ga gagwe mo go sa bonaleng ka maatla a Bogosi. Go simologa ka 1919 go ya pele, ba ne ba gatela pele ka go nna le seabe mo tiragatsong e nngwe ya polelelopele e kgolo ya ga Jesu: “Mme dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 6:9, 10; 24:3-14) Fa e le gore lorato lwa bone mo go Jehofa lo ne lo ntse lo tlhaela ka tsela nngwe, lo ne lwa simolola go tuka thata jaaka kgabo ya molelo go simologa ka nako eo go ya pele.
12. (a) Mo kopanong e e sa lebalesegeng ya 1922, ke mokgosi ofe o o neng wa ntshiwa? (b) Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba amogela leina lefe ka 1931, mme ke eng se ba neng ba se ikotlhaela?
12 Mo kopanong e e sa lebalesegeng, e mo go yone go neng go tlile Bakeresete bano ba le 18 000, kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A., ka September 5-13, ka 1922, go ne ga tswa mokgosi o o reng: “Boelang kwa tshimong, Lona bomorwa Modimo mogodimodimo! . . . Lefatshe le tshwanetse go itse gore Jehofa ke Modimo le Jesu Keresete ke Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. . . . Ka gone itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa gagwe.” Leina la ga Jehofa le le botlhokwa le ne la tlotlomadiwa go feta. Ka 1931 Bakeresete bano, ba ba neng ba phuthegile mo kopanong kwa Columbus, Ohio, U.S.A., ba ne ba ipelela go amogela le go bidiwa ka leina le le boletsweng ke Modimo mo polelelongpele ya Isaia—e bong la Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10, 12) Leina la makasine o mogolo wa mokgatlho ono, mo tokololong ya one ya March 1, 1939, le ne la fetolelwa go Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi jwa ga Jehofa, ka gone go neelwa Mmopi wa rona le puso ya gagwe ya segosi tlotlo e kgolo. Basupi ba ga Jehofa, ka lorato lo lo tsosolositsweng lo ba neng ba rata Jehofa ka lone, ba ne ba ikotlhaela lefa e ka nna eng se ba ka tswang ba se dirile se se neng se bontsha gore ba paletswe ke go tlotla le go galaletsa leina la gagwe le le tlotlometseng le Bogosi.—Pesalema 106:6, 47, 48.
“Yo o Fenyang”
13. (a) Baefeso ba ne ba tla bona lesego lefe fa ba ne ba ka ‘fenya’? (b) Bakeresete ba Baefeso ba ne ba tla ‘fenya’ jang?
13 Kwa bokhutlong, fela jaaka a dira le ka melaetsa e mengwe ya gagwe, Jesu o bontsha gore moya wa Modimo ke one o o bolelang dituelo tsa boikanyego ka Jesu. O raya Baefeso a re: “A yo o nang le tsebe a utlwe se moya o se buang le diphuthego: Yo o fenyang ke tla mo naya gore a je ga setlhare sa botshelo, se se mo paradaiseng ya Modimo.” (Tshenolo 2:7) Ba ba nang le ditsebe tsa go utlwa ba ne ba tla tlhagafalela go utlwa molaetsa oo wa botlhokwa, ba itse gore ga o a itshimololelwa fela ke Jesu mme e leng gore o tswa kwa Molaoding yo Mogolo Jehofa ka boene o tla ka moya wa Gagwe o o boitshepo, kana maatla a a dirang. Ba ne ba tla ‘fenya’ jang? Ka go latela dikgato tsa ga Jesu ka kelotlhoko, yo o neng a boloka bothokgami go ya losong a bile a ne a ka re: “Nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.”—Johane 8:28; 16:33; 1 Johane 5:4.
14. ‘Paradaise ya Modimo’ e e umakilweng ke Jesu e tshwanetse ya bo e lebisitse go eng?
14 E re ka ba se na tebelelo ya go tshela mo paradaiseng ya selefatshe, go tla jang gore Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba tshwanang le Baefeso bao, ba bo ba duelwa ka go ja “setlhare sa botshelo, se se mo paradaiseng ya Modimo”? Seno ga e kake ya bo e le Paradaise e e tsosolositsweng mo lefatsheng, e re ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000, go akareletsa le ba phuthego ya Efeso, ba rekilwe mo bathong go ya go busa le Kwana, Keresete Jesu, mo Thabeng ya Siona ya selegodimo jaaka barwa ba semoya. (Baefeso 1:5-12; Tshenolo 14:1, 4) Jalo he, fano go tshwanetse ga bo go buiwa ka sebaka sa sekatshimo sa selegodimo seo se ruiwang ke bafenyi bano. Koo, “mo paradaiseng ya Modimo,” ee, fa pele ga ga Jehofa ka boene, bafenyi bano ba ba abetsweng bosasweng ba tla tshelela ruri, jaaka go tshwantshediwa fano ke go ja ga bone setlhare sa botshelo.
15. Ke ka ntlha yang fa kgothatso ya ga Jesu ya go fenya e kgatlhisa thata mo go ba boidiidi jo bogolo gompieno?
15 Go tweng he, ka ba ba ikanyegang ba selefatshe ba ba emeng batlodiwa bano ba ba 144 000 nokeng? Boidiidi jo bogolo jwa balekane bano ba Basupi le bone ba a fenya. Mme tsholofelo ya bone ke ya go tsena mo paradaiseng ya selefatshe, koo ba tla nwang mo ‘nokeng ya metsi a botshelo’ ba bo ba alafiwa ke ‘matlhare a ditlhare’ tse di jadilweng go bapa le noka eo. (Tshenolo 7:4, 9, 17; 22:1, 2) Fa o le mongwe wa setlhopha seno, e kete le wena o ka bontsha lorato lwa gago lo lo itumedisang mo go Jehofa wa ba wa fenya mo ntweng ya tumelo. Ka go dira jalo o ka bona boitumelo jwa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise.—Bapisa 1 Johane 2:13, 14.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona dintlha ka botlalo kaga go simologa ga baaposetoloi ba maaka, bona ditsebe 359-67 tsa buka e potlana ya Go Fetolana ka Dikwalo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso mo go tsebe 36]
Go Baka Jehofa le Morwawe ka Lorato
Mo bukeng ya dipina e e neng ya kwalwa ke batho ba ga Jehofa ka 1905, dipina tse di bakang Jesu di ne di feta tse di bakang Jehofa Modimo go menagane gabedi. Mo bukeng ya bone ya dipina ya 1928, palo ya dipina tse di galaletsang Jesu e ne e batlile e lekana le palo ya tse di galaletsang Jehofa. Mme mo bukeng ya dipina ya bosheng ya 1984, Jehofa o tlotlwa go feta Jesu go menagane gane. Seno se tumalanong le mafoko a ga Jesu a a reng: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Johane 14:28) Go tshwanetse ga tla pele go rata Jehofa, go patilwe ke go rata Jesu ka lorato lo logolo le go anaanela setlhabelo sa gagwe se se botlhokwa le maemo a gagwe a go nna Moperesiti yo Mogolo wa Modimo le Kgosi.
[Tšhate mo go tsebe 34]
Thulaganyo e Jesu a Neng a e Dirisa ya go Naya Kgakololo
(dikgaolo le ditemana tse di umakiwang fano ke tsa buka ya Tshenolo)
Phuthego e Se se dirang Kakgolo e a O senola Kgalemelo le/ Masego
molaetsa o gore a simololang bothata kana a a tla
yang kwa tshwanelegele ka yone sentle kgothatso bonwang
go yone go neela
kgakololo
Efeso 2:1 2:2, 3 2:4 2:5, 6 2:7
Peregamo 2:12 2:13 2:14, 15 2:16 2:17
Thiatira 2:18 2:19 2:20, 21 2:24, 25 2:26-28
Saredisa 3:1 — 3:1, 2 3:3, 4 3:5
Filadelefia 3:7 3:8 — 3:8-11 3:12
Laodikia 3:14 — 3:15-17 3:18-20 3:21