LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g19 no. 3 ts. 12-13
  • Go Nna Tsala ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna Tsala ya Modimo
  • Tsogang!—2019
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • NNA LE TSHOLOFELO
  • BONA DIKARABO TSA DIPOTSO TSE BATHO BA RATANG GO DI BOTSA
  • MELAOMETHEO E MENGWE YA BAEBELE
  • Re ka Bona Kae Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Botlhokwa ka Botshelo?
    Re ka Bona Kae Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Botlhokwa ka Botshelo?
  • Kwa Malapa a ka Bonang Thuso Gone
    Tsogang!—2018
  • Tshedimosetso e Nngwe Gape E e Ka Thusang Batsadi
    Tsogang!—2019
  • Tswelela o Nonotsha Tumelo ya Gago!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2019
g19 no. 3 ts. 12-13
Mosadi a ntse kwa phakeng a akanya

Go Nna Tsala ya Modimo

Batho ba le bantsi ba tsaya Baebele e le Lefoko la Modimo. Ba re fa ba e bala ba bo ba dirisa se ba se ithutileng, e ba thusa gore ba atamalane le Modimo le go tlhaloganya gore ba tshelela eng. Baebele ya re motho yo o kaelwang ke melaometheo ya Baebele o na le maitshwaro a mantle.

Batho ba ba kaelwang ke melaometheo ya Baebele ga ba ikakankanyetse ba le nosi, ba tshela ka melao ya Modimo.—Jude 18, 19; Baefeso 5:1.

NNA LE TSHOLOFELO

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.”—Diane 24:10.

SE MOLAOMOTHEO ONO O SE KAYANG: Go kgobega marapo go ka dira gore re palelwe ke go itshokela mathata a re lebanang le one mo botshelong. Mme go nna le tsholofelo gone, go ka re thusa gore re nne le maatla a re a tlhokang gore re kgone go lebana le mathata a botshelo. Gape tsholofelo e re thusa go lemoga gore mathata a rona ga a kitla a nnela ruri, tota e bile, re ka ithuta go le gontsi mo mathateng a re lebanang le one.

SE O KA SE DIRANG: Leka go akanya ka dilo tse di molemo tse di tla diragalang mo nakong e e tlang. Gona le gore o nnele go akanya ka dilo tse di iseng di direge, ipeele mekgele o bo o e latela. Gone ke nnete gore re ka diragalelwa ke dilo tse re neng re sa di lebelela. (Moreri 9:11) Go bua nnete fela, dilo ga di nke di nna maswe jaaka re ne re akantse. Baebele ya re: “Mo mosong o jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse go fitlha maitseboa; gonne ga o itse kwa seno se tla nnang le katlego teng, e ka tswa e le fano kgotsa fale, kgotsa gore a ka bobedi jwa tsone di tla nna molemo ka go tshwana.”—Moreri 11:6.

BONA DIKARABO TSA DIPOTSO TSE BATHO BA RATANG GO DI BOTSA

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Ntira gore ke tlhaloganye . . . Lefoko la gago ke boammaaruri.”—Pesalema 119:144, 160.

SE MOLAOMOTHEO ONO O SE KAYANG: Baebele e re naya dikarabo tsa dipotso tse batho ba ratang go di botsa. Ka sekai e re naya dikarabo tsa dipotso tseno

  • Batho ba tswa kae?

  • Re tletse eng mo lefatshe?

  • Go diragala eng ka motho fa a swa?

  • A fa re swa go ile fela jalo ka rona?

Batho ba le bantsi ba ile ba itumelela botshelo fa ba se na go bona dikarabo tsa dipotso tseno mo Baebeleng.

SE O KA SE DIRANG: Iphe nako ya go ithuta Baebele. Kopa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore a go thuse go tlhaloganya Baebele. O ka tsena mo website ya rona ya jw.org kgotsa o ka ya kwa Basupi ba ga Jehofa ba kopanelang teng go ithuta Baebele. Go tsenwa mahala e bile mongwe le mongwe o a lalediwa.

MELAOMETHEO E MENGWE YA BAEBELE

Mosadi a lebile bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? mo jw.org

Leba Bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? mo jw.org. E gone ka dipuo di feta 880

TLHOMA MOGOPOLO MO GO NNENG TSALA YA MODIMO.

“Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—MATHAIO 5:3.

ITHUTE KA MODIMO YO O KWADILENG BAEBELE.

‘Batla Modimo . . . mme ruri o tla mmona . . . Ka gonne ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’—DITIRO 17:27.

BALA MME O AKANYE KA SE BAEBELE E SE RUTANG.

“O natefelelwa ke molao wa ga Jehofaa o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo. . . . Mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”—PESALEMA 1:2, 3.

a Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela