Ditiragalo Tsa Lefatshe
◼ “Mo e ka nnang nngwe tharong ya basetsana ba kwa United States ba a ima pele ga ba tshwara dingwaga di le 20.”—CENTERS FOR DISEASE CONTROL AND PREVENTION, U.S.A.
◼ Patlisiso ya kwa United States e e dirilweng mo banneng ba le 420 ba e leng “batswasetlhabelo ba dintwa tsa mo magaeng” e fitlhetse gore “mo e batlang e nna ba le bararo mo go ba le lesome ba ne ba iteilwe kgotsa ba sotlilwe ka mokgwa mongwe.”—AMERICAN JOURNAL OF PREVENTIVE MEDICINE.
A ba Ka Kgona go Ithuta Dipuo Tse Dintsi?
Batsadi ba le bantsi ba boifa gore fa bana ba bone ba ka utlwa puo e nngwe, seo se tla dira gore ba se ka ba kgona go bua puo ya bone ya kwa gae sentle. Le fa go ntse jalo, seo ga se boammaaruri, go bolela jalo setlhopha sa babatlisisi se se eteletsweng pele ke Laura-Ann Petitto yo e leng moithuti wa boboko wa kwa Toronto, kwa Canada. Petitto o bolela gore, “thishu ya methapo e o tsholwang o na le yone . . . e siametse go ka ithuta puo, e bile e ka go thusa go ithuta dipuo tse di farologaneng.” Kwa sekolong bana ba ba buang dipuo tse pedi gantsi ba dira botoka go na le ba ba buang puo e le nngwe fela. Le fa go ntse jalo, lokwalodikgang lwa Toronto Star lwa re: “Batsadi ba tshwanetse go etelela pele mo go ruteng bana ba bone puo e nngwe, fa e le gore ba batla bana ba bone ba solegelwa molemo ke go itse dipuo tse pedi.”
Ditshwantsho Tse di Hepisang di Tshwenya Bana mo Tlhaloganyong
Bana ba le bantsi ba bona ditshwantsho tse di kotsi tse di hepisang le tse di bontshang thubakanyo mo dibidiong tsa Internet ba sa ntse ba le bannye thata. Go ya ka Heinz-Peter Meidinger yo e leng modulasetulo wa German Association of Philologists, gantsi basimane ba dingwaga di le 12 le go feta ba itse gore ba ka bona jang le go fitlhela kae mafelo mo Internet a a bontshang thubakanyo e e feteletseng le ditshwantsho tse di hepisang tsa tlhakanelodikobo e e ferosang sebete. Le fa bana bano ba ka tswa ba lebega ba siame kafa ntle e bile ba sa tshwenyega, bontsi jwa bone ba tshogile e bile ba tshwenyegile kafa gare go bo ba ile ba di lebelela. Meidinger o kgothaletsa batsadi gore ba kgatlhegele go itse se bana ba bone ba se akanyang le go itse se se leng mo dikhomputareng tsa bone.
Go Rulaganyetsa Tlhalo
Pego nngwe ya lokwalodikgang lwa kwa Sydney lwa Sunday Telegraph ya re, Ba-Australia ba le bantsi ba saena ditumalano tse di batlang gore balekane ba bone ba fitlhelele mekgwa e e rileng ya go tshela pele ba ka nyalana. Ditumalano tseno ke maitlamo a a bontshang gore fa banyalani ba tlhalana ba tla arogana jang dithoto. Gone jaanong ditumalano tse dintsi di bontsha mokgwa wa go tshela o molekane mongwe le mongwe a tshwanetseng go o latela e le gore lenyalo le tle le tshwarelele. Melawana eno e ka tlhalosa gore ke mang yo o tla apayang, yo o tla phepafatsang kgotsa yo o tla kgweetsang le gore a go rua diphologolo go letleletswe, gore molekane mongwe le mongwe a ka nna le bokete jwa mmele jo bo kana kang, ke mang yo o tla tsamaisang ntša le gore ke mang yo o tla tshololang matlakala. Mmueledi e bong Christine Jeffress, o kwala gore batho “ga ba na tsholofelo ya gore lenyalo la bone le tla nna go ya go ile.”
Batsadi ba Thatafalelwa ke go Bontsha Lorato
Makasine wa kwa Poland wa Newsweek Polska wa re: “Batsadi ba le bantsi ba tlhoka buka ya dikaelo e e bontshang kafa ba tshwanetseng go tlhokomela bana ba bone ba bannye ka teng, e re ka go bonala ba palelwa ke go ba bontsha lorato lwa tlholego.” Batsadi ba tlhoka go rutiwa dilo tsa motheo tse di jaaka go tlamparela bana ba bone, go tshameka le bone le go ba opelela. Dilo tseno di botlhokwa gore ngwana a gole sentle. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso di bontshitse gore “mo ditseleng tse batsadi ba Ba-Poland ba dirisang nako ya bone le bana ba bone ka yone, go lebelela thelebishene le go ya kwa mabenkeleng le bone ke gone go tlang pele.” Go tshameka le bone go tla mo maemong a borataro.