O ka Kgona go Atlega Le fa O le Motsadi yo o Esi
GA TWE fa malapa a batsadi ba babedi e ka bo e le phologolo, a ka bo a le mo lenaaneng la diphologolo tse di leng mo kotsing ya go nyelela. Ela tlhoko: Go na le malapa a a fetang dimilione di le 13 a motsadi a le mongwe kwa United States fela, bontsi jwa one ke a bommè ba ba se nang balekane. Dipatlisiso di bontsha gore mo e ka nnang halofo ya bana ba koo ba tla fetsa bobotlana dingwaga dingwe tsa bosha jwa bone ba le mo lelapeng la motsadi a le mongwe.
Fa o le motsadi yo o esi, tlhomamisega gore botshelo jwa lelapa la gago bo ka kgona go atlega. Leka go dirisa dikakantsho tse di latelang.
◼ Tila ditlhaloso tse di sa siamang. Baebele ya re: “Malatsi otlhe a yo o bogisiwang a bosula; mme yo o nang le pelo e e thamileng o nna le modiro ka metlha.” (Diane 15:15) Gone ke boammaaruri, botshelo jwa gago bo ka bonala e se jwa letlepu. Mme jaaka temana eno e bontsha, boitumelo bo tswa mo pelong mme e seng mo maemong a motho a iphitlhelang a le mo go one. (Diane 17:22) Ga go thuse go akanya ka gore bana ba gago ba hutsegile kgotsa ka gore lelapa la lona ga le na tsholofelo. Maikutlo a a ntseng jalo a tla go kgoba marapo a bo a dira gore go nne boima mo go wena go diragatsa maikarabelo a gago a botsadi.—Diane 24:10.
Kakantsho: Dira lenaane la mafoko ape fela a a sa siamang a o a dirisang go tlhalosa seemo se o leng mo go sone mme o bo o kwala mafoko a a siameng go bapa le one. Ka sekai, emisetsa “Seno nka se se kgone” ka “Ke kgona go rwala maikarabelo a me jaaka motsadi yo o esi, e bile nka kgona go bona thuso e ke e tlhokang.”—Bafilipi 4:13.
◼ Dirisa madi a gago sentle. Batsadi ba le bantsi ba ba se nang balekane—bogolo jang bommè—ba amiwa thata ke mathata a madi. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe mathata a madi a ka tokafadiwa ka go kgona go dirisa madi sentle. Seane sengwe sa Baebele sa re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Go tila “masetlapelo” a madi, go botlhokwa go rulaganya le go akanyetsa kwa pele.
Kakantsho: Kwala kafa o tla dirisang madi ka teng mo pampiring. Kwala ditshenyegelo tsa gago tsa kgwedi eo mme o ele tlhoko gore madi a gago a felela kae. Sekaseka gore o dirisa madi jang. A o ikaegile thata ka sekoloto? A o rekela bana ba gago dilo e le gore ba se ka ba tlhologelelwa motsadi yo mongwe? Fa e le gore bana ba gago ba setse ba godile, nna fa fatshe le bone mme lo akanye ka ditsela tse lo ka bolokang madi ka tsone. Seno e tla bo e le thapiso e e molemo mo go bone. Mme e bile ba ka nna le dikakantsho di le mmalwa tse di mosola!
◼ Dirisana ka kagiso le yo e neng e le molekane wa gago. Fa e le gore bobedi jwa lona lo neilwe tetla ya go tlhokomela bana, ela tlhoko gore o se ka wa bua dilo tse di sa siamang ka yo e neng e le molekane wa gago mo ngwaneng wa gago kgotsa o dirisa ngwana wa gago jaaka setlhodi gore a tlhokomele se se diregang mo botshelong jwa yo e neng e le molekane wa gago, go dira jalo ga go a siama.a Go botoka go leka go dumalana le yo e neng e le molekane wa gago malebana le go otlhaya ngwana kgotsa kgang epe fela e nngwe e e solegelang ngwana wa gago molemo. Baebele ya re: “Dira sengwe le sengwe ka moo o kgonang ka teng, go agisana le mongwe le mongwe”—mme seo se akaretsa le yo e neng e le molekane wa gago.—Baroma 12:18, Today’s English Version.
Kakantsho: Fa go tsoga dingangisano mo nakong e e tlang, dirisana le yo e neng e le molekane wa gago jaaka o ne o ka dirisana le modirimmogo ka wena. Mo tirong, o tla leka go dirisana le mongwe le mongwe ka tsela e e siameng—tota le ba o sa utlwaneng thata le bone. Dira se se tshwanang le ka yo e neng e le molekane wa gago. Lo ka tswa lo sa dumalane ka metlha, mme gone seo ga se a tshwanela go baka dikomang tse dikgolo.—Luke 12:58.
◼ Nna sekao se se molemo. Ipotse jaana: ‘Ke mekgwa le dinonofo dife tse ke batlang bana ba me ba nna le tsone? A ke bontsha mekgwa le dinonofo tseo mo botshelong jwa me?’ Ka sekai, a gantsi o nna o itumetse, go sa kgathalesege go bo o le motsadi yo o esi? Kgotsa a o letla maemo a o leng mo go one go dira gore o akanye gore sengwe le sengwe mo botshelong jwa gago se maswe? A o sa ntse o tshwere sekgopi ka tsela e yo e neng e le molekane wa gago a neng a go tshwara ka yone? Kgotsa a o kgona go emelana le tshiamololo e o e direlwang e o ka se kgoneng go e laola? (Diane 15:18) Gone ke boammaaruri gore dikgang tseo ga di motlhofo mme e bile o ka se lebane le tsone tsotlhe sentle. Mme gone, bana ba gago ba tla leba botshelo ka tsela e o bo lebang ka yone.
Kakantsho: Kwala dinonofo tse tharo mo pampiring tse o ka ratang gore ngwana mongwe le mongwe wa gago a nne le tsone fa e nna mogolo.b Go bapa le nonofo nngwe le nngwe, kwala gore ke eng se o ka se dirang gone jaanong go tlhomela bana ba gago sekao se se tla ba thusang go tlhagolela nonofo eno.
◼ Itlhokomele. E re ka re tshela botshelo jwa lepotlapotla, go motlhofo go itlhokomolosa boitekanelo jwa mmele le maikutlo a gago. O se ka wa wela mo seraing seo! Go botlhokwa go nna o itlhokometse ‘ka se o se tlhokang semoyeng!’ (Mathaio 5:3) Gakologelwa—koloi e e se nang lookwane ga e ne e ya kgakala. Go ntse jalo le ka wena fa o sa iphe nako ya go “tshela lookwane.”
Gape go na le “nako ya go tshega” le “nako ya go tlolaka.” (Moreri 3:4) Go itlosa bodutu ga se go senya nako. Go a go lapolosa e bile go ntšhafatsa maatla a gago gore o kgone go tswelela o le motsadi yo o esi.
Kakantsho: Bua le batsadi ba bangwe ba ba se nang balekane ka gore ba itlhokomela jang. Le fa o ntse o ‘tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata,’ a gape o ka dirisa nako e e rileng beke nngwe le nngwe o dira sengwe se o se ratang? (Bafilipi 1:10) Kwala mo pampiring gore ke eng se o ka ratang go se dira le gore o ka se dira leng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo se se reng “Lelapa le le Kgaoganeng—Kafa Tlhalo e Amang Bana ba Dingwaga Tsa Bolesome ka Teng,” se se mo tsebeng ya 18-21 mo makasineng ono.
b Dinonofo dingwe e ka nna “tlotlo,” “go nna tekatekano,” le “go itshwarela,” tse go tlotliwang ka tsone mo ditsebeng 6-8 mo makasineng ono.