LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/09 ts. 22-25
  • Dikai Tsa Malapa a a Atlegileng—Karolo 2

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikai Tsa Malapa a a Atlegileng—Karolo 2
  • Tsogang!—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsaya Tlhagiso Tsia go Ile ga Thusa
    Tsogang!—2006
  • Ba Bolelele Gore O a Ba Rata
    Maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa
  • Lorato lo lo Nonofileng go Gaisa Kgwanyape!
    Tsogang!—2008
  • “Ke Bolokile Tumelo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 10/09 ts. 22-25

Dikai Tsa Malapa a a Atlegileng—Karolo 2

Fela jaaka go tlhalositswe mo setlhogong sa “Dikai Tsa Malapa a a Atlegileng—Karolo ya Ntlha,” melaometheo ya Baebele e ka dira gore malapa a nne a tlhomame le mo dinakong tse di thata.a Jehofa Modimo o solofetsa batho ba ba tshelang ka melao ya gagwe jaana: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.”—Pesalema 32:8.

Go lepalepana le mathata a tsa madi. Gantsi mathata a madi ke one a bakang dikgotlhang mo manyalong. Mme le fa go ntse jalo, melaometheo ya Baebele e ka thusa malapa gore a lebe mathata a madi ka tsela e e tshwanetseng. Jesu o ne a re: “Tlogelang go tlhobaela ka meya ya lona ka ga gore lo tla ja eng kgotsa lo tla nwa eng, kgotsa kaga mebele ya lona gore lo tla apara eng. . . . Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.”—Mathaio 6:25, 32.

Mo tsebeng ya 23, Issachar, wa kwa United States, o tlhalosa kafa ene le lelapa la gagwe ba neng ba lepalepana le mathata a madi ka teng morago ga gore legae la bone le senngwe ke Kgwanyape ya Katrina.

Fa leloko la lelapa le tlhaselwa ke bolwetse. Mo e ka nnang batho botlhe ba a lwala. Gantsi boemo joo ke jwa nakwana mme morago ga foo motho o fola ka bonako. Mme go tweng fa leloko lengwe la lelapa le tshwarwa ke bolwetse jo bo sa foleng? Baebele ya re Jehofa o kgona go tshegetsa ba ba leng mo bolaong jwa bolwetse. (Pesalema 41:1-3) Lelapa le ka itetla jang gore Jehofa a le dirise go tlhokomela ba ba lwalang bao?

Mo tsebeng ya 24, Hajime monna mongwe wa kwa Japane o tlhalosa kafa ene le bomorwadie ba neng ba dirisana mmogo ka teng go thusa mosadi wa gagwe e bong Noriko, morago ga gore a bolelelwe gore o na le bolwetse jo bo botlhoko.

Fa ngwana a tlhokafala. Go tlhokafala ga ngwana ke nngwe ya masetlapelo a magolo a lelapa le ka lebanang le one. Jehofa o solofetsa go phimola dikeledi tsa kutlobotlhoko tse di bakiwang ke maemo a a ntseng jalo. (Tshenolo 21:1-4) Tota le gone jaanong, o gomotsa ba ba hutsafetseng.—Pesalema 147:3.

Mo tsebeng ya 25, Fernando le Dilma ba kwa United States, ba tlhalosa kafa Baebele e neng ya ba nonotsha ka teng gore ba lepalepane le loso lwa morwadiabone wa lesea.

Fela jaaka dipego tse di leng mo ditsebeng tse di latelang di bontsha, Baebele e ka neela malapa a a lebaneng le mathata kaelo e e ka ikanngwang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona tsebe 14-17 ya makasine ono.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Go Lepalepana le Mathata a Tsa Madi

Jaaka go boletse Issachar Nichols, United States

“Kgwanyape ya Katrina e ne ya senya legae la rona mme ya tlogela go setse motheo wa konkereite fela. Sekolo se ke neng ke bereka kwa go sone se ne se tletse metsi, lobaka lwa kgwedi le halofo.”

KA PAKA ya selemo ka 2005, nna le mosadi wa me Michelle mmogo le morwadiarona wa dingwaga di le pedi e bong Sydney re ne re nna kwa Bay St. Louis, Mississippi, kwa U.S.A. E re ka re le Basupi ba ga Jehofa, nna le Michelle re ne re na le mokgele wa go nna le seabe ka botlalo mo bodireding jwa Bokeresete. Ke ne ke ruta batho ba ba thapisediwang tiro mme sekolo se ke neng ke ruta kwa go sone se ne se le gaufi le New Orleans, kwa Louisiana. Thulaganyo ya me e ne e ntetla gore ke bereke malatsi a le mararo mo bekeng mme ke dirise nako e e setseng go ruta batho ba bangwe ka Baebele. Re ne re itumelela tsela e re neng re dira dilo ka yone. Mme ga tla dikgang tsa gore go ka direga gore Kgwanyape ya Katrina e tlhasele lefelo la rona. Re ne ra rulaganya gore re tswe foo ka bonako.

Fa setsuatsue seo se fela, ntlo ya rona kwa Bay St. Louis mmogo le sekolo se ke neng ke ruta kwa go sone kwa New Orleans di ne di senyegile. Madi a inshorense le a puso a ne a re thusa go bona ntlo, mme ke ne ke sa kgone go bona tiro e e tlhomameng morago ga foo. Mo godimo ga moo, mosadi wa me o ne a tshwaediwa ke megare ka ntlha ya metsi a a kgotletsweng. Thulaganyo ya mmele wa gagwe ya go lwantsha malwetse e ne ya koafala, mme morago ga foo o ne a longwa ke monang mme a tshwaediwa ke baerase ya West Nile. Go sa ntse go le jalo, ditlhwatlhwa tsa inshorense le tsa dilo tse re itshedisang ka tsone di ne tsa tlhatloga.

E le go lepalepana le boemo jwa rona jo bosha, re ne ra ithuta go somarela fa re dirisa madi, tota le fa re reka dilo tse re di tlhokang. Ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela go tlhopha mofuta wa tiro o ke neng ke tla o amogela.

Ke a dumela gore go latlhegelwa ke dilo tse re neng re na le tsone go ne go se motlhofo. Mme gone re ne re itumelela go bo re tshela. Mme seno sotlhe se ne se gatelela ntlha ya gore dithoto ga di na mosola o o kalo. Tota e bile, re ne ra gakologelwa mafoko a ga Jesu a a reng: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.”—Luke 12:15.

Gape re lemogile gore go sa kgathalesege gore re hutsafetse go le kana kang ka ntlha ya go latlhegelwa ga rona, go na le ba bantsi ba ba latlhegetsweng go re gaisa—bangwe e bile ba latlhegetswe ke matshelo a bone. Ke ka lone lebaka leo ka bonako morago ga foo, ke neng ka tshwarega mo tirong ya namolo, ke gomotsa ba ba latlhegetsweng.

Mo masetlapelong ano, Pesalema 102:17 e ne ya re kgothatsa thata. E bolela gore Jehofa Modimo “o tla retologela mo thapelong ya ba ba amogilweng sengwe le sengwe, mme a sa nyatse thapelo ya bone.” Re ne ra itemogela tshegetso ya gagwe re le lelapa!

[Lebokoso mo go tsebe 23]

Morago ga gore Dikgwanyape tsa Katrina le Rita di senye U.S. Gulf Coast ka 2005, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhoma mafelo a namolo a le 13, mafelo a bobolokelo a le robongwe, le mafelo a go tshela lookwane a le manè. Mo e ka nnang baithaopi ba Basupi ba le 17 000 ba ne ba tla ba tswa kwa United States le mafelo a mangwe a le 13 a a gaufi go tla go thusa ka tiro ya namolo. Ba baakantse magae a le diketekete.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Fa Bolwetse bo Tlhasela Leloko la Lelapa

Jaaka go boletse Hajime Ito, Japane

“Re ne re itumelela go apaya mmogo—go fitlha Noriko a lwala. Gone jaanong ga a kgone go ja le go nwa ka molomo, tota e bile ga a kgone le go bua. O mo setulong sa maotwana mme o thusiwa ke motšhine go hema.”

KA MAY 2006, mosadi wa me e bong Noriko, o ne a simolola go bua ka thata. Ka selemo sa one ngwaga oo o ne a simolola go nna le mathata fa a ja le fa a nwa. Ka September o ne a bolelelwa gore o tshwerwe ke amyotrophic lateral sclerosis (ALS)—bolwetse jo bo nnang bo etegela jo bo amang ditshika tsa disele tsa boboko le tsa monyetsane. Mo dikgweding di le nnè fela, botshelo jwa rona bo ne jwa fetoga gotlhelele. Mme e ne e le tshimologo fela ya mathata a gagwe.

Fa nako e ntse e ya, loleme lwa ga Noriko lo ne lwa golafala mme a golafala le seatla sa moja. Mokgwa wa kalafi o o bidiwang gastrostomy o ne wa thusa gore a kgone go fepiwa ka tšhupu mme wa tracheostomy—go bula letshoba mo molaleng gore go nne le mosele wa moya—o ne wa dira gore a se ka a kgona go bua. Ga ke kgone go akanya gore seno se ne sa utlwisa Noriko botlhoko jang, ka gonne e ne e ntse e le motho yo o matlhagatlhaga. Re Basupi ba ga Jehofa, mme Noriko le bomorwadiake ba ntse ba direla ka nako e e tletseng mo bodireding jwa Bokeresete. Gone jaanong Noriko o ikaegile ka motšhine wa go hema mme o nna nako e ntsi a robetse.

Mme seno se sa ntse se sa thibele Noriko! Ka sekai, o nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete a le mo setulong sa maotwana a tsentswe motšhine wa go hema. Ga a sa tlhole a utlwa sentle ka jalo morwadiake o mo kwalela dintlha ka mokwalo o mogolo kwa dipokanong gore thulaganyo e mo solegele molemo. Mme tota le fa Noriko a ile a tshwanelwa ke gore a emise go direla ka nako e e tletseng, o sa ntse a kwalela batho makwalo, a ba ruta ka molaetsa wa Baebele wa tsholofelo, a dirisa sediriswa sengwe se se kgethegileng se se tsentsweng mo khomputareng ya rona.—2 Petere 3:13; Tshenolo 21:1-4.

Re ile ra dirisana re le lelapa gore re thuse Noriko. Bomorwadiake ba babedi ba bone ditiro tse disha gore ba kgone go thusa ka tsela e kgolwane kwa gae. Boraro jwa rona, re dira bontsi jwa ditiro tsa letsatsi le letsatsi tse Noriko a neng a di dira.

Ka dinako dingwe mo mosong fa ke leba Noriko, o lebega a lapile. Ke bo ke akanya gore ‘ke batla go mmolelela gore a iketle gompieno.’ Mme le fa go ntse jalo, Noriko o batla go bolelela ba bangwe ka molaetsa wa Baebele. Fa ke simolola go mmaakanyetsa khomputara o a itumela! Fa a kwala, boemo jwa gagwe bo a tokafala. Ke bone botlhokwa jwa ‘go nna le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.’—1 Bakorintha 15:58.

Maitemogelo a ga Jason Stuart yo a neng a na le bolwetse jwa ALS a a tlhalositsweng mo makasineng wa Tsogang! wa January 2006, a ile a thusa Noriko gore a tile go kgobega marapo. Tota e bile, fa badiri ba kwa bookelong ba ne ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa a na le boikutlo jo bo siameng jaana, Noriko o ne a ba bolelela ka setlhogo seno mme re ne ra abela badiri dikhopi tsa makasine oo. Mosadi wa me o nonotshiwa ke go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gagwe.

Nna le Noriko re na le dingwaga di le 30 re nyalane, mme mo dingwageng di le tharo tse di fetileng, ke kgonne go anaanela dilo dingwe ka ene tse mo nakong e e fetileng ke neng ke di tlhaetsa matlho. Ke itumeletse go bo ke ile ka mo nyala!

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Fa Ngwana a Tlhokafala

Jaaka go boletse Fernando le Dilma Freitas, United States

“Kutlobotlhoko e e nnang gone ka ntlha ya go tlhokafalelwa ke ngwana ke sengwe se motho a sa kgoneng go se tlhalosa. Ga go na botlhoko jo bo fetang joo.”

MORWADIARONA yo re neng ra mmitsa Precious, o ne a tlhokafala ka April 16, 2006. O ne a na le malatsi a le lesome fela. Fa mosadi wa me a ne a na le dikgwedi di le tharo a imile, dingaka di ne tsa lemoga gore ngwana wa rona yo a iseng a tsholwe o na le bothata jo bo masisi jwa pelo. Fa nako ya go tsholwa ga gagwe e ntse e atamela, go ne ga bonala gore o tla tlhokafala ka bonako morago ga go tsholwa—fa e le gore gone o ne a tla tshela. Go ne go le boima thata gore re amogele seo. Re ne re na le bana ba le bararo ba ba itekanetseng. Re ne re sa kgone go dumela gore ngwana wa rona o ne a tla tlhokafala.

Morago ga gore Precious a tsholwe, ngaka nngwe e e nang le maitemogelo e e itseng ka chromosomal disorders, e ne ya re bolelela gore o na le bolwetse bongwe jo bo sa tlwaelegang jwa Trisomy 18, jo bo tshwarang ngwana a le mongwe fela mo go ba le 5 000. Go ne go bonala sentle gore a ka se tshele nako e telele. Re ne re ikutlwa re tlaletswe ka gonne go ne go se na sepe se re neng re ka se dira. Se fela re neng re ka se dira e ne e le go nna le ene mo botshelong jo bokhutshwane jo a neng a tla nna le jone. Ka jalo re ne ra dira fela jalo.

Re itumelela malatsi a le lesome a re nnileng le one le Precious. Ka nako eo rona le bomorwadiarona ba le bararo re ne ra nna le kamano e e gaufi le ene. Re ne ra mo tshola, ra bua le ene, ra mo tlamparela, ra mo atla mme ra mo tsaya ditshwantsho tse dintsi. E bile re ne ra bua ka gore o tshwana le mang thata mo lelapeng. Ngaka e e neng ya re bolelela ka bolwetse jwa ga Precious e ne e re etela letsatsi le letsatsi kwa bookelong. O ne a lela le rona mme a re bolelela gore o re utlwela botlhoko jang. O ne a bo a torowa setshwantsho sa ga Precious fa a ntse a bua le rona gore a mo gopole. O ne a re naya khopi ya setshwantsho seo.

E re ka re le Basupi ba ga Jehofa, re dumela se Baebele e se rutang gore Modimo o tla busetsa maemo a paradaise mo lefatsheng la rona mme o eletsa go busetsa ba ba tlhokafetseng mo botshelong—go akaretsa le masea a a jaaka Precious. (Jobe 14:14, 15; Johane 5:28, 29) Re lebeletse pele letsatsi le re tla mo tlamparelang gape. Nako nngwe le nngwe fa re utlwa lefoko “paradaise” re a itumela! Mme gone jaanong re gomodiwa ke kgang ya gore Precious o mo mogopolong wa Modimo mme ga a sa tlhole a boga.—Moreri 9:5, 10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela