A go Na le Mongwe yo o Batlang go Palama Rickshaw?
FA MOENG a goroga kwa Dhaka, motsemogolo wa Bangladesh, ka bonako fela o lemoga sengwe se se sa tlwaelegang. Fa gare ga boidiidi jwa batho o tla bona dibaesekele tsa di-rickshaw! Di-rickshaw tse dintsintsi di tla bo di ralala mebila le diphashiti, di rwele batho le dithoto.
Kwa Dhaka, rickshaw e sa ntse e le sepalangwa se se ratiwang thata. Le fa gone palo ya di-rickshaw tse di kwadisitsweng e le 80 000, batho ba le bantsi ba akanya gore go na le tse dintsi go feta palo eo mo mebileng letsatsi le letsatsi. Tota e bile, Dhaka, o bidiwa motsemogolo ya di-rickshaw mo lefatsheng!
Di-rickshaw Tsa Bogologolo
Le fa gone mofuta wa bogologolo wa setulo se se tsamayang se ne se dirisiwa ka nako ya puso ya ga Louis XIV wa kwa Fora (1638-1715), ka dinako tse dingwe go tsewa fa rickshaw ya ntlhantlha e e gogiwang ke motho e ne e tlhamilwe ke Jonathan Gable, morongwa mongwe wa Moamerika kwa Japane ka bo1870. Ga twe o ne a tlhamela mosadi wa gagwe yo o bokoa mofuta mongwe o mosha wa sepalangwa le gore se ne sa nna sone sa ntlha se se neng sa bidiwa jinrikisha ka Sejapane, go go kayang koloi e e gogiwang ka maatla a motho. Lefoko leo kgabagare e ne ya nna “rickshaw” ka Seesemane. Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga nna le mefuta e mentsi ya di-rickshaw go ralala Asia mme e le dipalangwa tse di sa tureng. Fa Charles Taze Russell (kafa mojeng) yo o neng a eteletse tiro ya Baithuti ba Baebele (jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo) pele ka tlhoafalo, a ne a etela Japane ka 1912, setlhopha se a neng a tsamaya le sone se ne se dirisa di-rickshaw go ya kwa mafelong a mangwe mo nageng eo.
Kwa Dhaka, go ne ga simololwa go dirwa di-rickshaw tsa maotwana a mararo kwa bofelong jwa bo1930. Go farologana le rickshaw e e gogiwang ke motho yo o dirisang dipale di le pedi tse di bofeletsweng mo koloing, di-rickshaw tseno di ne di lebega thata jaaka dibaesekele tse dikgolo tsa maotwana a mararo. Wallah kgotsa mokgweetsi wa rickshaw, o ne a gata a gatoga leotwana le le kwa pele la rickshaw. Seno se ne se mo thusa gore a kgone go tsamaisa bapalami kgotsa dithoto, a kgweetsa motlhofo mo gare ga dikoloi tse dintsi le ditsela tse di tletseng.
Di-rickshaw Tse di Kgabisitsweng
Go bonala di-rickshaw tsa kwa Dhaka di apesitswe ka mekgabiso gongwe le gongwe. Mokgwa ono wa go kgabisa di-rickshaw o ne o tswa kae? Fa di-rickshaw di simolola go nna gone la ntlha kwa Dhaka, di ne tsa tshwanelwa ke gore di gaisane le dikolotsana tse di bidiwang di-tomtom tse di neng di gogiwa ke dipitse tse di neng di rwala bapalami le dithoto. Se se ka tswang se dirile gore beng ba di-rickshaw ba simolole go kgabisa dipalangwa tsa bone, e ne e le go ngoka bapalami mo mofuteng ono o mosha dipalangwa. Kgabagare botaki le diphasalatso di ne tsa fetolwa go nna botaki jo bo sa tlwaelegang.
Botaki jo bo dirilweng mo di-rickshaw bo a kgatlha thata. Ke mokgabiso wa maotwana. Tota e bile, Syed Manzoorul Islam, mosekaseki mongwe wa botaki wa kwa Bangladesh, o tlhalosa di-rickshaw tsa Dhaka e le “ditshwantsho tse dintle tse di takilweng tse di tsamayang.” Karolo nngwe le nngwe mo sepalangweng seno e kgabisitswe ka mekgabiso, ditshwantsho le dipatorone tsa mebalabala. Go na le makantsa a a akgaakgegang, dibaga tse di phatsimang tse di mo matlhakoreng kgotsa mo marulelong a tsone.
Motaki mongwe le mongwe o na le mokgwa wa gagwe wa go taka le dilo tse a ratang go di taka. Ditshwantsho dingwe tse di takilweng di lebega thata jaaka mamati a phasalatso, a a nang le ditshwantsho tsa dibaesekopo tsa India le Bangladesh, tsa nako e e fetileng le tsa bosheng. Botaki jono bo supa go tlhologelelwa botshelo jwa kwa metseng le jwa metseselegae mme ka dinako tse dingwe le dikgang tsa bosetšhaba le tsa dipolotiki. Go tlwaelegile go bona ditshwantsho tsa diphologolo, tsa dinonyane, tsa go tsoma, le tsa naga e ntle.
Ka bo1950, go ne go na le bataki ba le mmalwanyana fela ba di-rickshaw. Gompieno go na le bataki ba ba fa gare ga 200 le 300 ba ba takang ditshwantsho tseno. Fa go dirwa di-rickshaw kwa madirelong, go kopanngwa dikarolwana tse gantsi e leng dilo tse di kileng tsa dirisiwa. Ka sekai, motaki o tla dirisa phatsana ya thini e e segilweng go tswa mo motomong wa oli kgotsa sengwe se se latlhilweng a bo a dirisa pente go taka setshwantsho sengwe sa mebalabala. Botaki jwa di-rickshaw ke botaki jwa setso sa Bangladesh. Botaki jono bo ile jwa itsege jwa ba jwa nna le bontle jo bo sa tshwaneng le bope.
Mokgweetsi wa Rickshaw
Jaaka o ka tswa o tlhaloganya, botshelo jwa mokgweetsi wa rickshaw bo boima. Akanya fela letsatsi lotlhe o kgweetsa go palame batho ba bantsi kgotsa go na le dithoto tse dintsi. Bapalami ba ka nna ba akaretsa bommamalapa, bana ba sekolo, borakgwebo kgotsa batho ba ba tswang go reka ba tshotse dilwana. Gantsi go pitlaganngwa batho ba le babedi, ba le bararo kgotsa go feta mo teng ga rickshaw. Rickshaw e ka nna gape ya dirisediwa go rwala dikgetsi tsa raese, ditapole, dieiye kgotsa ditswaiso tse mogwebi a ka di rekisang kwa marekisetsong. Ka dinako tse dingwe mopalami a ka nna a pegiwa kwa godimo a ntse mo godimo ga dithoto tsa gagwe. Mo mothong yo o lebileng, go ka lebega mokgweetsi a se kitla a kgona go kgweetsa ka morwalo o o boima jalo. Le fa go ntse jalo, mo mogoteng wa letsatsi kgotsa ka nako ya paka e pula e nang thata ka yone, mokgweetsi yo o ikokobeditseng wa rickshaw o dira ka natla kwantle ga go ngongorega.
Bontsi jwa bakgweetsi bano ba tla mo ditoropong ba tswa kwa mafelong a metseselegae kwa ba sa kgoneng go dira madi a a lekaneng jaaka balemirui. E re ka ba sa kgone go bona ditiro tse di duelang madi a mantsi, bontsi jwa bone ba tlogela ba malapa a bone go tla go nna bakgweetsi ba di-rickshaw. Le fa ba dirisa maatla a mebele ya bone, ba ka nna ba dira madi a a kana ka didolara tsa (United States) di se kae fela letsatsi le letsatsi.
Sepalangwa se se Tlhomologileng
Di-rickshaw di tswelela go oketsega kwa Dhaka ka gonne di kgona go tsamaya mo mafelong a go leng thata gore dipalangwa tse dingwe di tsamaye mo go one. Batho ba le bantsi ba tsaya mofuta ono wa dipalangwa e le o o sa kgotleleng tikologo le o o mosola e bile e le o o tsamayang monate.
Mo ditoropong tse dintsi tsa Asia, di-rickshaw ga di tlhole di dirisiwa thata. Kwa mafelong ao, go rata go nna le dipalangwa tse dintsi le go rata botshelo jo bo tlhabologileng go dirile gore di-rickshaw di nyelele mo e ka nnang gotlhelele. Le fa batho bangwe ba ka tswa ba akanya gore di-rickshaw di siilwe ke nako, go ntse go dirwa maiteko a go di boloka, ka go dira mofuta o o botoka.
Fa o tsaya loeto kwa Dhaka, o ka kgona go tlhopha mo mefuteng e mentsi ya dipalangwa—dibese, dithekisi, dikuta, dikolotsana tsa rickshaw, kgotsa dibaesekele tsa di-rickshaw tsa mebalabala. Mme le ka motlha o ka se ka wa lebala loeto lwa gago fa o ka palama rickshaw ya baesekele o ralala mebila e e tletseng ya kwa Dhaka o iketlile!
[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 23]