LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/09 ts. 30
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Merwalo e e Latlhegang
  • Bakatoliki ba ba Nnang Fela ba sa Nyalana
  • Leroborobo la go Ipolaya mo Baleming ba Kwa India
  • Dikwena Tsa Nile di a Buisana le Pele di Thuthuga
  • Go Sekaseka Kwena Sentle
    Tsogang!—1995
  • Ke Eng se se Bakang Mathata a Temothuo?
    Tsogang!—2003
  • Mars e Atametse Thata
    Tsogang!—2009
  • Mathata a Balemirui ba Lebanang le One
    Tsogang!—2003
Tsogang!—2009
g 5/09 ts. 30

Ditiragalo Tsa Lefatshe

◼ “Go latlhegile dilo di ka nna 160 000 kwa dimusiamong, go ralala Russia.” —RIA NOVOSTI, RUSSIA.

◼ “Roboto e e bidiwang Phoenix Mars Lander ya NASA e lemogile gore go na le kapoko e e wang mo marung a Mars.”—“NASA MISSION NEWS,” U.S.A.

◼ “Diperesente di le 65 tsa bakgweetsi le bapalami ba ba swang mo ditseleng tsa kwa Gerika ga ba dirise mabanta a tshireletso kgotsa dihelemete.”—EIKONES, GREECE.

Merwalo e e Latlhegang

Go latlhega ga merwalo mo sefofaneng go direga gantsi. Lokwalodikgang lwa International Herald Tribune lo begile gore ka 2007, “dibeke di le dimilione di le 42 di ne tsa latlhega, e leng diperesente di le 25 go feta ka 2006.” Bontsi jwa dibeke tseo di ne tsa isiwa kwa go beng ba tsone mo sebakeng sa diura di le 48, mme diperesente di le tharo tsa tsone, “beke e le nngwe mo bapalaming bangwe le bangwe ba le 2 000, ga di a ka tsa bonwa.” Ka 2007 go latlhega ga dibeke go jetse ditirelo tsa difofane diranta di le dimilione di le 38. Dilo dingwe tse di bakang seno ke “go kgobelana ka ntlha ya palo e e golang ya bapalami, nako ya fa merwalo e pegiwa le go pagololwa mo sefofaneng,” go sa tshware dibeke sentle le go baya maina a a sa siamang mo dibekeng.

Bakatoliki ba ba Nnang Fela ba sa Nyalana

Makasine wa Population & Sociétés o ne wa bolela gore dipatlisiso tsa kwa Fora di bontsha gore “bodumedi ga bo tlhole bo na le tlhotlheletso” mo matshelong le mo boitshwarong jwa batho, go sa kgathalesege gore ke ba bodumedi bofe. Ka sekai, diperesente dingwe di le 88 tsa basha ba dingwaga tse di mo magareng ga 18 le 24 kwa Fora ba ipolela fa e le Bakatoliki, mme diperesente di le 80 tsa bone ga di nke di ya kerekeng fa e se fela kwa manyalong, dikolobetsong kgotsa kwa diphitlhong. Go koafala ga mekgwa ya setso go bonala mo botshelong jwa mo malapeng. Mo dingwageng di le 40 tse di fetileng, mo ditlhopheng di le 10 tsa baratani go ne go na le se le sengwe fela se se neng se nna mmogo se sa nyalana. Gompieno dipalo tseo di eme go 9 mo go ba le 10. Dipatlisiso tseno di bontshitse gore “mo Bakatoliking ba ba yang kerekeng ka metlha, diperesente di le 75 di kile tsa nna mmogo di sa nyalana.”

Leroborobo la go Ipolaya mo Baleming ba Kwa India

Lokwalodikgang lwa The Hindu lo bega gore kwa India fa e sa le ka 2002, ngwaga le ngwaga balemi ba ba fetang 17 000 ba ile ba ipolaya, gantsi e le ka go ja sebolayaditshenekegi. Gareng ga mathata a ba lebaneng le one ke komelelo, go fokotsega go gogolo ga ditlhwatlhwa tsa dijo, go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa temo le mathata a go adima madi kwa bankeng. Ka ntlha ya seno, ba le bantsi ba ya kwa bathong ba ba adimisanang ka madi, ba bo ba ba kopa madi a mantsi a morokotso mme seno se tlogela batho ba ba adimileng ba na le sekoloto se segolo. E le go fedisa dikoloto tsa bone, balemi bangwe ba boela mo mokgweng wa go rekisa dirwe tsa mebele ya bone. Le fa go ntse jalo, fa mokgwa ono o sa thuse kgotsa go bonala go se na tharabololo, balemi ba le diketekete ba boela mo mokgweng o le mongwe fela o ba o itseng—go ipolaya.

Dikwena Tsa Nile di a Buisana le Pele di Thuthuga

Lokwalodikgang lwa The Times lwa kwa Lontone lo bega gore, “bana ba dikwena ba kgona go buisana ba ntse ba le mo teng ga lee,” gore ba tle ba thuthuge ka nako e le nngwe. Go ne ga rekotiwa medumo e e dirwang ke dikwena tsa Nile pele ga di thuthuga. Medumo eno e ne ya tshamekelwa setlhopha se le sengwe sa mae. Bana ba ba mo teng ga mae ba ne ba arabela ka go tshikinya mae gangwe le gape go na le ba ba sa utlweng modumo ono. Pego ya re: “Bana ba ba utlwang medumo e mengwe ya dikwena tse di iseng di thuthuge mo maeng ba ne ba dira gore ba thuthuge ka nako e le nngwe mo metsotsong e le lesome fela.” Mae a a neng a le mo go se nang modumo kgotsa a a leng mo medumong e mentsi ga a ka a thuthuga ka nako e le nngwe le a mangwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela