Dyslexia Ga ya Ka ya Kgoreletsa Mekgele ya Me
Jaaka go boletse Michael Henborg
Ke na le bothata jwa go ithuta e leng “dyslexia.” Bothata jono, jo rre, mmè le bonnake ba bararo ba nang le jone, bo dirile gore go nne thata gore ke kgone go bala puo ya gaetsho ya Se-Denmark mme sekolo e ne e le kgwetlho. Le fa go ntse jalo, ke ne ka thusiwa thata le go kgothadiwa, segolobogolo ke ba lelapa la gaetsho.
BA LELAPA la gaetsho e nnile Basupi ba ga Jehofa ka dikokomana di le nnè mme go bala, segolobogolo Baebele le dibuka tse di thusang go ithuta Baebele, ka metlha e ne e ntse e le karolo e e botlhokwa ya botshelo jwa rona. Mme gape nna le nnake e bong Flemming re ne re tsamaya ka metlha le Rre mo bodireding jwa Bokeresete, jo bo ileng jwa re thusa go bona botlhokwa jwa go bala le go kwala sentle.
Fa ke ne ke le ngwana, ke ne ke bala kgatiso nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo le ya Tsogang! ke tsaya diura tse di ka nnang 15 go bala makasine o le mongwe fela! Mo godimo ga moo, ke ne ka simolola go bala Baebele yotlhe. Ke ne ka ikwadisa le mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, se se tshwarwang mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe. Sekolo seno se thapisa baithuti go bala le go bua sentle le go neela dipuo fa pele ga bareetsi. Dithulaganyo tseno tsotlhe di nthusitse thata ka bothata jwa me jwa dyslexia. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa itse gore ke tla tshwanelwa ke go lebana le dikgwetlho tse dintsi le go feta. Mma ke tlhalose.
Go Ithuta Seesemane
Ka 1988, fa ke ne ke le dingwaga di le 24, ke ne ka simolola go nna mmulatsela, mmoledi wa nako e e tletseng wa dikgang tse di molemo. E re ka go na le batswakwa ba le bantsi mo Denmark, ke ne ke batla go ba bolelela boammaaruri jwa Baebele. Le fa go ntse jalo, gore ke tle ke nne le matswela mo go seo, ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta Seesemane—thulaganyo ya go ithuta e ke neng ka fitlhela gore e ne e le boima thata. Le fa go ntse jalo, ka bopeletelele le ka go nna le dithuto tse di kwa thoko, ka bonya ka bonya ke ne ka tokafatsa, mme fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka kgona go rerela batswakwa ba ba buang Seesemane ba ba neng ba nna mo toropong ya gaetsho ya Copenhagen dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Boammaaruri ke gore, ke ne ke dira diphoso tse dintsi tse di amanang le puo eo mme seo ga se a ka sa dira gore ke tlogele.
Go nna le kitso ya Seesemane go ne ga nthusa go nna moithaopi mo diporojekeng tsa go aga tsa Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tse di farologaneng. La ntlha ke ne ka romelwa kwa Gerika, mme moragonyana ke ne ka thusa mo tirong ya go aga lekala la Madrid, kwa Spain.
E re ka ke ne ke batla go oketsa tiro ya me ya go rera, ke ne ka ikwadisetsa go ya kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi se se tshegediwang ke Basupi ba ga Jehofa. Sekolo seno se thapisa banna ba ba sa nyalang ba Bakeresetse ba ba iketleeleditseng go amogela kabelo ya go ya go direla kwa mafelong a go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba dikgang tse di molemo gone. Mme ke thapiso e e kgethegileng ya dibeke di le robedi. (Mareko 13:10) Ke ne ka lalediwa go nna teng kwa tlelaseng ya puo ya Seesemane e e neng e tla tshwarelwa kwa Sweden.
Tlelase eo e ne ya simolola ka September 1, 1994. Ke ne ke batla go ipaakanyetsa sentle, ka jalo ke ne ka ithuta Seesemane diura di le nnè ka letsatsi ka dikgwedi tse di ka nnang robedi, mme ke ne ka ya go kopanela le phuthego e go dirisiwang Seesemane mo go yone. Mme fa sekolo se ne se simolola, ga ke a ka ka letlelela bothata jwa me go nkgoreletsa go gatela pele. Ka sekai, fa bakaedi ba ne ba botsa dipotso, gantsi ke ne ke tsholetsa letsogo gore ke arabe, tota le fa ke ne ke sa tlhomamisege ka metlha ka mafoko a a siameng a ke tshwanetseng go a dirisa. Fa ke sena go aloga, ke ne ka abelwa go ya go nna mmulatsela kwa Copenhagen. Go ithuta Seesemane e ne e le kgwetlho e kgolo mme ke ne ke letetswe ke kgwetlho e kgolo le go feta.
Go Ithuta Se-Tamil
Ka December 1995, ke ne ka abelwa go ya kwa phuthegong e go dirisiwang puo ya Se-Tamil mo go yone kwa toropong nngwe ya kwa Denmark ya Herning. Ke ne ke akanya gore Se-Tamil e tshwanetse ya bo e le nngwe ya dipuo tse di thata go gaisa mo lefatsheng. E na le ditlhaka di le 31 mmogo le ditumammogo le ditumanosi tse di kopaneng go bopa ditlhaka tse di farologaneng, tse fa di kopane tsotlhe di dirang ditlhaka tse di ka nnang 250!
Kwa tshimologong, ke ne ke neela dipuo ka Se-Denmark mo phuthegong mme di bo di ranolelwa mo puong ya Se-Tamil. Mme fa kgabagare ke ne ke neela puo ka Se-Tamil, ga ke dumele gore go ne go na le mongwe yo o neng a ntlhaloganya. Le fa go ntse jalo, bareetsi ba ne ba reetsa ka tlotlo, tota le fa go ne go bonala ba le bantsi ba ne ba tshegisiwa ke se ke neng ke se bua. Gore ke tle ke ithute ka bonakonyana, ke ne ka swetsa ka go ya kwa nageng e batho ba ba dimilione ba buang puo ya Se-Tamil gone—Sri Lanka.
Fa ke goroga kwa Sri Lanka ka October 1996, naga eo e ne e na le dikhuduego tsa ntwa ya selegae. Ke ne ka nna nakwana kwa toropong ya Vavuniya mo molelwaneng o o fa gare ga ditlhopha tse pedi tse di lwang. Basupi ba lefelo leo ba ne ba se na dilo tse dintsi tse di bonalang mme ba ne ba na le lorato e bile ba rata go amogela baeng thata mme ba ne ba leka go nthuta Se-Tamil. Batho ba e seng Basupi ba ne ba kgatlhiwa ke go bona fa nna, yo ke neng ke le motho a le mongwe fela yo o tswang kwa Bophirima mo lefelong la bone, ke ne ke leka go bua le bone ka puo ya bone. Boikutlo jwa bone jwa go bontsha kanaanelo le go nna boikokobetso bo ne jwa dira gore go nne motlhofo gore ke bue le bone ka Baebele.
Ka January 1997, ke ne ka tshwanelwa ke go boela kwa Denmark, mme ka ngwaga o o latelang, ke ne ka nyalana le Camilla yo e neng e le mmulatsela. Ke ne ke eletsa tota go boela kwa Sri Lanka, ka jalo, ka December 1999 ke ne ka boela gone mme mo lekgetlhong leno, ke na le mosadi wa me. Go ise go ye kae, re ne re tshwara dithuto tsa Baebele le batho ba le mmalwa le malapa mme re ne re tsamaya le Basupi ba lefelo leo go ya kwa dithutong tsa bone tsa Baebele. Re ne ra nna le seabe ka botlalo mo bodireding le mo go bueng puo ya koo.
Ka March 2000, re ne ra tshwanelwa ke go boela kwa Denmark. Go kgaogana le Basupi ka rona le baithuti ba Baebele go ne go le thata tota, ka gonne re ne re setse re ba rata thata. Mme re ne re emetswe ke tiro e kgolo le go feta, go akaretsa le kgwetlho ya go ithuta puo e nngwe gape!
Morago ga go Ithuta Se-Tamil ka Ithuta Se-Latvia
Ka May 2002, nna le Camilla, ka nako eo re ne re setse re nyalane ka dingwaga di le nnè, re ne ra amogela taletso ya gore re ye go nna barongwa kwa Latvia, naga nngwe ya kwa Yuropa e e leng kwa botlhaba jwa Denmark. Camilla o ne a ithuta Se-Latvia ka bonako mme o ne a kgona go se bua morago ga dibeke di le thataro fela! Mme nna ga ke a ka ka atlega jalo. Tota e bile, go fitlha le gompieno ke sa ntse ke akanya gore ke dirile kgatelopele e nnye thata, go sa kgathalesege thuso e ntsi e ke e amogetseng. Le fa go ntse jalo, ke ikemiseditse go tswelela ke ithuta.
Camilla o sa ntse a ntshegetsa thata, mme bobedi jwa rona re itumelela tiro ya rona ya borongwa. Ee tota, re ile ra ithuta Baebele le batho ba bantsi ba ba nang le kanaanelo. Fa ke lebetse mafoko mangwe kgotsa ke sa dirise thutapuo e e siameng, Basupi le batho ba ba ithutang Baebele ba leka go tlhaloganya se ke se buang le go nthusa ka bopelotelele. Seno se oketsa tsela e ke itshepang ka yone fa ke le mo bodireding le fa ke neela dipuo kwa dipokanong tsa Bokeresete.
Ke ka ntlha yang fa ke ile ka amogela kgwetlho ya go ithuta dipuo tse dingwe le fa e le bothata jaana mo go nna? Ka bokhutshwane fela, ke ka go bo ke rata batho e seng ka go bo ke rata go ithuta dipuo. Ke tshiamelo e e itumedisang go thusa mongwe go itse Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa le gore a atamalane le ene. Mme jaaka barongwa ba bangwe ba bone gangwe le gape, motho o kgona tiro eo botoka thata fa a bua le ba bangwe ka puo ya segabone, puo e ba e ratang.
Go ralala dingwaga, nna le mosadi wa me re ile ra kgona go thusa batho ba le mmalwa go bona kitso ya boammaaruri ya Baebele. Le fa go ntse jalo, re ka se ka ra ikgalaletsa ka ntlha ya seo. Go na le moo, re leboga Jehofa ka ntlha ya matswela a a molemo a re a boneng. Tota e bile, re jala le go nosetsa fela dipeo tsa boammaaruri jwa Baebele; Modimo ke ene a di godisang.—1 Bakorintha 3:6.a
Fa Sekgoreletsi se ka Fetoga Thuso
Le fa gone dyslexia e nnile sekgoreletsi mo go nna, gape e ntsholegetse molemo. Ka tsela efe? Fa ke neela dipuo kwa phuthegong, ga ke ikaege thata ka dintlha tse ke di kwadileng mme ka ntlha ya seo ke kgona go leba bareetsi ba me botoka. Mme gape, ke dirisa dipapiso tse go leng motlhofo go di gakologelwa thata. Ka jalo, mo makgetlhong a mangwe, bothata jwa me bo ile jwa nthusa gore ke tokafatse bokgoni jwa me jwa go ruta.
Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a kwala jaana: “Modimo o ne a tlhopha dilo tse di bokoa tsa lefatshe, gore a tle a tlhabise dilo tse di nonofileng ditlhong.” (1 Bakorintha 1:27) Ga go na pelaelo gore ka dinako tse dingwe bothata jwa me bo ne bo ntira ‘selo se se bokoa.’ Le fa go ntse jalo, jaaka nna le ba bangwe ba bantsi re ile ra ithuta, Jehofa o kgona go dira mo gontsi go re thusa mo go se re se tlhaelang. Re tlhoka fela gore re ipeele mekgele e re ka kgonang go e fitlhelela, re nne le ditebelelo tse di siameng, re rapelele moya o o boitshepo wa Modimo mme re bo re leka go dira dilo tse re batlang go di fitlhelela.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Morago ga go direla dingwaga di le thataro, boorra Henborg ba sa tswa go abelwa go ya go direla kwa Ghana.
[Lebokoso mo go tsebe 22]
DILO DINGWE TSE DI AMANANG LE DYSLEXIA
Dyslexia ke eng? Lefoko “dyslexia” le tswa mo Segerikeng mme le raya “puo e e bokoa.” Dyslexia e leng bothata jo motho a nnang le jone botshelo jotlhe, ke mathata a a farologaneng a a amanang le puo, segolobogolo go bala. Batho ba ba nang le bothata jwa dyslexia gantsi ba na le bothata jwa go amanya ditlhaka le medumo e ditlhaka tseo di e emelang. Le fa go ntse jalo, matshwao a a rileng, a ka farologana go ya ka batho.
Ke eng se se bakang dyslexia? Ga go tlhaloganngwe sentle gore e bakiwa ke eng, le fa gone lebaka lengwe e le la go bo motho a tsholwa ka yone. Le fa gone dipatlisiso di bontsha gore e bakiwa ke go sa gole sentle ga boboko le go sa dire sentle ga jone, dyslexia ga e amane le botlhale jo bo tlwaelegileng kgotsa go sa batle go ithuta. Tota e bile, batho ba ba nang le bothata jono gantsi ba na le bokgoni mo dilong tse dingwe tse di sa tlhokeng gore ba nne le botswerere jwa puo.
Dyslexia e alafiwa jang? Go botlhokwa gore bothata jono bo lemogiwe e sa le gale. Go thapisa motho go nna le bokgoni jwa puo ka tsela e e nang le matswela go akaretsa go dirisa ditemosi di le mmalwa, segolobogolo go utlwa, go bona le go ama. Gore batho ba ba thapisiwang ba tle ba kgone go dira kgatelopele go ya ka lobelo lwa bone, baithuti ba le bantsi ba tlhoka go thusiwa ba le nosi. Ba ka nna ba tlhoka go thusiwa gape mo dilong tse di amanang le maikutlo tse di bakiwang ke go nna le mathata kwa sekolong. Fa baithuti ba ba nang le bothata jwa dyslexia ba thapisiwa sentle e bile ba dira ka natla, ba ka kgona go ithuta go bala le go kwala sentle.b
[Ntlha e e kwa tlase]
b Tshedimosetso e e fa godimo e tswa go International Dyslexia Association. Bona gape setlhogo se se reng “Go Thusa Bana ba ba Nang le Bothata Jwa go Ithuta,” se se mo kgatisong ya January 2009 ya makasine ono.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ke na le Mosupi ka nna kwa Sri Lanka
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ke na le Camilla kwa Latvia