O ne O ka Reng?
Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?
Bala Mathaio 25:1-12. Jaanong lebelela setshwantsho. Ke dilo dife tse di phoso mo go sone? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano.
1. ․․․․․
2. ․․․․․
3. ․․․․․
4. ․․․․․
DILO TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Ke ka ntlha yang fa ba le batlhano ba makgarebana ba ne ba gana go aba lookwane lwa bone?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mathaio 25:8, 9.
Ke leng go siameng go abelana dilo tse re nang le tsone le ba bangwe? Ke mo maemong a a ntseng jang re sa tshwanelang go abelana le ba bangwe se re nang le sone?
Tse di Tswang mo Makasineng Ono
Araba dipotso tseno mme o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
TSEBE 6 Lefatshe ke la ga mang le tsotlhe tse di mo go lone? Pesalema 24:․․․
TSEBE 9 Mongwe le mongwe yo o nyorilweng a ka amogela eng? Tshenolo 22:․․․
TSEBE 18 Motho yo o nang le temogo o ntse jang? Diane 17:․․․
TSEBE 29 Boeleele jwa motho bo ka dira eng? Diane 19:․․․
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
O Itse Eng ka Baporofeti?
5. ․․․․․
Ke moporofeti ofe yo o neng a tshabela Kgosi Jehoiakime?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Jeremia 26:17-23.
6. ․․․․․
Fa Hesekia e ne e le kgosi, ke mang yo o neng a porofeta gore Jerusalema e tla nna “mekoakoa ya marope”?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Jeremia 26:18.
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Fa o sena go bala ka baporofeti bano ba babedi, ke ka ntlha yang o sa tshwanela go tshaba go bua ka Modimo?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Diane 29:25.
◼ Dikarabo di mo tsebeng ya 21
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
1. Pego ga e umake monyadiwa.
2. Makgarebane a le matlhano a ne a tsena mo moletloeng.
3. Makgarebane a le matlhano a ne a tshotse dipone le dielo, fa a mangwe a ne a tshotse dipone fela.
4. Go ne go tla nna le lebati le monyadi a neng a tla le tswala.
5. Urija.—Jeremia 26:20.
6. Mika.