Makgoba a a Lebetsweng a Ditlhaketlhake Tsa South Seas
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA FIJI
BOITUMELO jwa boidiidi bo ya magoletsa fa dikepe tse pedi di tsena di lelesela mo letsheng la setlhaketlhake se se kgakala sa Pacific. Mo dingwageng tse di fetileng, motho mongwe yo o neng a falotse mo sekepeng se se neng se thubegile o ne a naya lelapa lengwe le lengwe ditsebe di se kae tse a di gagotseng go tswa mo Baebeleng ya gagwe. Batho bano ba ba boikokobetso ba ne ba bala ditsebe tseo ka tlhoafalo mme fa e sa le ka nako eo ba ne ba nna ba ntse ba letile ka tlhoafalo gore morutisi wa Mokeresete a fitlhe.
Mme gone jaanong, bakgweetsi bano ba dikepe ba ba solofetsa go ba isa kwa lefelong lengwe le kwa go lone ba tla kgonang go oketsa kitso ya bone ka Modimo. Banna le basadi ba ba ka nnang 250 ba ba ikanyang batho bano ba ne ba palama dikepe, ba le bantsi ba bone ba ngaparetse ditsebe tsa Baebele tse ba di tsayang di le botlhokwa.
Le fa go ntse jalo, ba ne ba tsieditswe ka botlhale. Fa ba setse ba palame mo dikepeng tseo, ba ne ba bofiwa, ba latlhelwa kwa tlase mo sekepeng, mme ba tseisiwa loeto lo loleele go ya kwa boemakepeng jwa Callao kwa Borwa jwa Amerika. Maemo a a neng a se phepa a ne a dira gore ba le bantsi ba swe mo loetong lono. Batho ba ne ba sotliwa thata ka tlhakanelodikobo. Batho ba ba neng ba falola mo loetong lono ba ne ba rekisiwa go nna makgoba a a berekang mo dipolasing le mo meepong kgotsa go nna badiredi ba ditiro tsa legae, mme ga ba a ka ba tlhola ba boela kwa magaeng a bone a a kwa ditlhaketlhakeng.
Go Simologa ga Kgwebo ya Makgoba
Baagi ba ditlhaketlhake tsa kwa South Pacific ba ne ba gapiwa ka dikgoka mo lekgolong la bo19 le la bo20 la dingwaga. Baagi ba le diketekete ba ditlhaketlhake ba ne ba isiwa kwa Amerika Borwa ka tsela eno mo masimologong a bo1860. Mo dingwageng tse di lesome tse di neng tsa latela, baagi ba ditlhaketlhake tseno ba ne ba isiwa kwa bophirima, kwa Australia. Ka 1867, Ross Lewin, yo pele a neng a direla Royal Navy, o ne a solofetsa balemi ba sukiri le ba katuni go ba rekisetsa “baagi ba ditlhaketlhake ba ba nang le bokgoni e bile ba dira ka natla. Mme o ne a rekisa lekgoba le le lengwe ka diponto di le supa.”
Maiteko a British Colonial Office a go leka go fedisa kgwebo eno ya makgoba ga a ka a atlega. Lebaka lengwe la seno ke gore, go ne go le thata go dirisa molao wa Boritane mo bathong ba dinaga di sele. Lebaka le lengwe e ne e le gore molao wa kwa Boritane o ne o se na tlhaloso e e feletseng ya gore bokgoba bo akaretsa eng. Ka jalo, kwa kgotlatshekelo, batho ba ba neng ba rekisa makgoba ba ne ba atlega go tlhalosa gore baagi bano ba ditlhaketlhake—le fa gone ba tsieditswe e bile ba tserwe ka dikgoka—e ne e se makgoba tota mme e ne e le babereki ba go dirilweng tumalano ka bone ba ba tla duelwang mme fa nako e ntse e tsamaya ba tla romelwang gae. Mme ba bangwe ba ile ba ya bokgakaleng jwa go bolela gore ba direla batho bano ba pele e neng e le baheitane molemo ka go dira gore ba nne kafa tlase ga molao wa Boritane le go ba ruta go bereka! Mokgwa ono wa go rekisa makgoba o ne wa gola ka nakwana.
Maemo a a Fetoga
Fa baagi ba ba se nang tlhaolele ba simolola go bua kgatlhanong le kgwebo ya bokgoba, dilo di ne tsa simolola go fetoga. Le fa gone baagi bangwe ba ditlhaketlhake ba ne ba ngokiwa, go gapa batho ka dikgoka go ne go sa tlhole go letlelelwa. Mme e bile go ne go sa tlhole go letlelelwa gore batho ba sotliwe ka go itewa ka seme le go babolwa ka tshipi e e fisang kgotsa le e leng go bereka le go nna mo maemong a a sa itumediseng.
Go ne ga nna botlhokwa le go feta gore seemo se fetolwe fa bishopo wa kereke ya Anglican e bong J. C. Patteson—mongwe wa batho ba ba neng ba bua thata kgatlhanong le kgwebo ya bokgoba—a ne a bolawa ke bone baagi ba ditlhaketlhake ba a neng a batla go ba sireletsa. Batho ba ba rekisang makgoba ba ne ba dirisa mokgwa wa go tsietsa o ba neng ba tlwaetse go o dirisa, ba ne ba goroga kwa setlhaketlhakeng sengwe pele ga Patteson ka sekepe se ba neng ba dirile gore se nne e kete ke sa gagwe. Mo lekgetlhong leno, batho ba lefelo leo ba ne ba lalediwa go palama mo sekepeng go kopana le bishopo. Mme ga ba a ka ba tlhola ba bonwa gape. Mme fa Patteson wa mmatota a goroga, o ne a kopana le boidiidi jwa batho ba ba neng ba na le letlhoo, mme go utlwala go bo ba ne ba ikutlwa jalo. Ba ne ba mmolaya e le go ipusolosetsa ka phoso. E le go tsibogela tiragalo eno—le ka ntlha ya go oketsega ga batho ba ba neng ba nna kgatlhanong le kgwebo eno—go ne ga tlhomiwa dikepe tsa masole a lewatle tsa Boritane le tsa Fora mo lewatleng la Pacific ka ditaelo tsa gore go fedisiwe ditshotlo tseno.
Mebuso ya New South Wales le Queensland kwa Australia e ne ya dirisana mmogo le Colonial Office go dira melao e mesha e e neng e tla fedisa ditshotlo tseo le go laola kgwebo ya babereki ba go dirilweng tumalano ka bone. Go ne ga tlhomiwa batlhatlhobi le baemedi ba puso ba ba neng ba tsenngwa mo dikepeng tse go ngokiwang batho ka tsone. Go dira maiteko ano ka tlhagafalo go ne ga atlega ka gonne batho ba ne ba tshwarwa ka ntlha ya go tsaya batho ka dikgoka le ka ntlha ya go bolaya go na le gore e bo e le ka ntlha ya melao e e sa berekeng e e neng e le kgatlhanong le bokgoba. Mo dingwageng tsa bofelo tse di lesome tsa lekgolo la bo19 la dingwaga seemo se ne sa fetoga kwa ditlhaketlhakeng tsa South Seas. Mokgwa ono wa go tsaya makgoba ka dikgoka o ne wa fokotsega thata mme go “ngokwa” ga batho ba bangwe go ne ga nyelela mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga.
Ka 1901, palamente e ntšha ya ditšhabatšhaba ya Dinaga tsa Kgolagano ya Australia e ne ya simolola go laola kgang ya go fudugela kwa nageng e sele go ralala naga yotlhe. Melao ya yone e ne e dirwa go ya kafa batho ba ikutlwang ka teng, ba ka nako eo ba neng ba sa batle go hira batswakwa, ka gonne ba le bantsi ba ne ba tshaba go tseela badiri ba lefelo la bone kwa tlase. E ka tswa e ne e le babereki ba go dirilweng tumalano ka bone kgotsa nnyaa, baagi ba ditlhaketlhake tsa South Seas ba ne ba sa tlhole ba amogelesega. Diketekete tsa bone di ne tsa romelwa gae ka go patelediwa, mme seno se ne sa baka masetlapelo a a oketsegileng, ka gonne bangwe ba ba neng ba ntshiwa mo ba neng ba nna teng ba ne ba kgaoganngwa le baratiwa ba bone.
Makgoba a a Lebetsweng a a Gopolwa
Ka September 2000, puso ya naga ya Queensland e ne ya ntsha kitsiso e e neng e tla nnela ruri. Kitsiso eno e ne e tlotla seabe se baagi ba ditlhaketlhake tsa South Seas ba nnileng le sone mo go direng gore go nne le tswelelopele mo go tsa itsholelo, mo setsong le mo bodumeding jwa kwa Queensland. Mo godimo ga moo, e tlhalosa kafa ba leng maswabi ka teng ka ntlha ya tsela e e setlhogo e ba neng ba tshwerwe ka yone.
Go ralala dingwaga, batho ba le bantsi ba ile ba dirisa ditshono tsa go tokafatsa matshelo a bone ka go dira gore ba bangwe ba latlhegelwe ke botshelo kgotsa kgololesego ya bone. Baebele e solofetsa gore mo pusong ya Bogosi jwa Modimo, go tla bo go se na tshiamololo epe e e ntseng jalo. Ee, babusiwa ba mo lefatsheng ba puso ya kwa legodimong, “ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.”—Mika 4:4.
[Setshwantsho/Mmapa mo go tsebe 25]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Ditsela tse di neng di dirisiwa go tsamaisa makgoba di ne di ya Australia le Amerika Borwa
LEWATLE LA PACIFIC
MICRONESIA
MARSHALL ISLANDS
New Guinea
SOLOMON ISLANDS
TUVALU
AUSTRALIA KIRIBATI
QUEENSLAND VANUATU
NEW SOUTH WALES NEW CALEDONIA AMERIKA BORWA
Sydney ← FIJI → Callao
SAMOA
TONGA
COOK ISLANDS
FRENCH POLYNESIA
Easter Island
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]
National Library of Australia, nla.pic-an11279871