LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/08 ts. 29
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Khaete e Thusa go Goga Sekepe
  • Go Falola Komelelo
  • Lefelo le le Siametseng Thutodinaledi
  • A Ke Boitsholo jwa Go Goga?
    Tsogang!—1991
  • “Ga go na ope mo go lona yo o tla swang”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Tsogang!—2008
g 12/08 ts. 29

Ditiragalo Tsa Lefatshe

◼ Kwa Jeremane, ke diperesente di le robedi fela tse di tsayang gore Letsatsi Pele ga Keresemose ke letsatsi la bodumedi. Ka 1980, palo ya batho bano e ne e le diperesente di le 47.—TV NEWS CHANNEL N24, GERMANY.

◼ “Ka lekgetlho la ntlha mo hisitoring ya [United States] bagolo ba kwa Amerika ba ba fetang a le mongwe mo go ba le 100 ba kwa kgolegelong . . . Go ralala le naga, go na le batho ba ba ka nnang dimilione di le 1,6 kwa dikgolegelong.”—THE NEW YORK TIMES, U.S.A.

◼ Patlisiso nngwe e fitlhetse gore “batho botlhe ba kwa Spain ba go batlisisitsweng mo go bone” ba na le bobotlana mofuta o le mongwe wa sebolayaditshenekegi mo mebeleng ya bone e leng “dilo tse ka tlwaelo di lebiwang di ka nna kotsi mo botsogong jwa motho.”—UNIVERSITY OF GRANADA, SPAIN.

◼ “Mo dinageng tse di nang le tshedimosetso, madi a lekgetho a motsoko a kwa godimo ka makgetlho a le 500 go gaisa madi a a dirisediwang go laola tiriso ya motsoko.”—WORLD HEALTH ORGANIZATION, SWITZERLAND.

◼ Palo ya balatedi ba Baiselamo e feta palo ya Bakatoliki ba Roma. Ka 2006, go ne go na le Baiselamo ba le diperesente di le 19,2 mo lefatsheng fa Bakatoliki ba Roma bone ba ne ba le diperesente di le 17,4.—REUTERS NEWS SERVICE, BRITAIN.

Khaete e Thusa go Goga Sekepe

Mo dinakong tseno tse tlhwatlhwa ya lookwane e tlhatlogang le batho ba tshwenyegile ka maemo a tikologo, beng ba dikepe ba batla ditsela tse ka tsone ba ka fokotsang tiriso ya lookwane le go fokotsa go ntshiwa ga digase tse di kotsi. Mme ba dirisa mothusi wa bogologolo e leng phefo. Lokwalodikgang lwa Frankfurter Allgemeine Zeitung lo begile gore kgopolo e lengwe e e setseng e lekilwe ke ya go dirisa khaete e le go thusa go goga sekepe. Khaete e e fofang bogodimo jwa dimetara di le 300 kwa moyeng e dirisa moya, mme ka jalo e dira gore kapotene a kgone go fokotsa lobelo lwa enjene ya sekepe. Bosheng jaana, khaete e e bogolo jwa disekweremetara di le 160, e ne ya thusa sekepe sa merwalo gore se kgabaganye lewatle la Atlantic.

Go Falola Komelelo

Makasine wa Science News o ne wa bolela gore “sebokwana sa ntsi ya mo Afrika se kgona go falola komelelo e e bogale ka go iphetola gore se nne popota jaaka dimonamone.” Fa sebokwana seno sa ntsi se se bidiwang Polypedilum vanderplanki se sena go kgala metsi gotlhelele se emisetsa metsi a a mo diseleng ka sere se se popota se se jaaka sukiri e e gakolositsweng e bo e nna thata. Fa se le mo boemong jono, selekanyo se se silang dijo ka sone se emisa gotlhelele. Sebokwana se ka kgona go nna mo boemong “jwa go nna e kete se sule” mo e ka nnang dingwaga di le 17 go fitlha dipula di na mme se bo se tsoga gape.

Lefelo le le Siametseng Thutodinaledi

Setlhopha se se tswang kwa dinageng tse dingwe se tlhomile bobogelo jwa dinaledi jo bo nang le diroboto kwa Dome Argus, jo bo ka nnang dimetara di le 4 000 kwa godimo ga bogodimo jwa lewatle, e leng lefelo le le kwa godimo go gaisa kwa setlhabeng sa East Antarctic. E re ka lefelo leno le le dikilometara di le 1 000 fela go tswa kwa South Pole, le tsididi thata mme ka dinako dingwe le lefifi thata. Le na le moya o o omileng thata, o o ritibetseng mme gape le na le masigo a boleele jwa dikgwedi di le nnè. Dome Argus e tlhalosiwa e le lefelo le le molemo go gaisa la bobogelo jwa dinaledi mo lefatsheng. Lifan Wang yo e leng motsamaisi wa Chinese Center for Antarctic Astronomy o bolela gore ka thelesekoupo e e fano “go a kgonega go bona ditshwantsho tse di molemo jaaka e kete di tserwe kwa lefaufaung mme gone ka tlhwatlhwa e e kwa tlase go gaisa go romela thelesekoupo kwa lefaufaung.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela