Paua—E e Tshwanang le Leje le Lentle la Lewatle
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA NEW ZEALAND
Kwa tlase ga lewatle shellfish e kgolo e tsamaya ka bonya go kgabaganya maje, e ntse e ja mofero wa mo lewatleng o o ntseng o temekisiwa ke makhubu. Bokafantle jwa legapa la yone jo bo letobo, jo bo apesitsweng ke masaledi a kalaka le ditshedinyana tse dinnye tsa lewatle, bo fitlhile mebala e e kafa teng e e galolang—bobududu jwa loapi, botala jo bobu- dudu, le phepole o o tseneletseng o o elang go mebala e e serolwana le pinki e e sa tsenelelang, go tla go ntse go bonala mmala wa gauta le wa selefera.
SETSHEDI seno se se gakgamatsang ke paua, e leng abalone e e fitlhelwang fela kwa New Zealand. Yone le masika a mangwe a yone a nna kwa tlase ga metsi mo mabopong a a nang le maje. Le fa gone legapa la paua le ratiwa ka ntlha ya mebala ya lone e e phatsimang e e mo teng, mme le ka dirisiwa go dira mabenyane a mantle, batho ba bantsi ba rata le nama ya yone e e monate le e e turang. Mo godimo ga moo, go ka dirwa gore diperela tse di phatsimang di gole mo go yone.
Paua ke mongwe wa mefuta e e fetang 100 ya di-abalone tse di fitlhelwang mo lefatsheng. Afrika Borwa le California, kwa U.S.A. di na le mefuta ya tsone. Kwa Japane abalone e bidiwa awabi, kwa Australia e bidiwa muttonfish, mme kwa setlhaketlhakeng sa Guernsey, se se kwa English Channel e bidiwa omer. Le fa go ntse jalo, ke fela kwa metsing a a tsididi a kwa borwa jwa South Pacific, koo motho a ka fitlhelang abalone e e mmala o o galolang ya kwa New Zealand e e bidiwang paua (Haliotis iris).
Setshedi se se Gakgamatsang
Mo teng ga legapa la paua, go na le dileyara tsa diporoteine le calcium tse di dirang gore go nne le mebala e mentle e e tshwanang le (opal) leje la lewatle. Ke ka moo paua e teilweng leina la leje la lewatle. Fa themperetšha ya lewatle e ya kwa tlase seno se dira gore di-abalone di robale. Ka nako eno dileyara tsa magapa a tsone di tsaya lobaka lo loleele go gola. Mankge mongwe wa di-paua o dumela gore mebala ya tsone e e farologaneng, e ka tswa e bakiwa ke dikotla tse di mo metsing le mebala e e farologaneng ya mefero ya mo lewatleng e di-abalone di e jang.
Di-paua di tlhopha dijo tsa tsone ka botlhale, e bile ga di rate go nna gaufi le ditshedi dingwe le dingwe fela. Ga di ka ke tsa nna gaufi le ditshedinyana tsa lewatle tse di jaaka urchin, kgotsa kina ka gonne di ja dijo tse di tshwanang le tsa tsone. Gape, starfish ke mmaba wa yone o o kotsi. Di-starfish di le mmalwa fela di ka ganyaola losaisai lwa di-paua. Starfish eno e e botlhale e tla bo e tswala maroba a go hema a paua ka maoto a yone, mme seno se dire gore e hupelwe. Fa e wa mo lefelong la yone le le nang le maje, e tla bo e jewa ke starfish.
Ditsela Tse Dintsi Tse Paua e Dirisiwang ka Tsone
Le fa bokafantle jwa paua bo le bontsho e bile bo sa kgatlhe, ka makgolokgolo a dingwaga Ba-Maori ba ba tlholegang kwa New Zealand ba ntse ba tseela paua kwa godimo ka ntlha ya nama ya yone. Karolo e e jewang ya paua ke leoto la yone, le e le dirisang go tsamaya mo lefelong le e nnang mo go lone le le nang le maje. Gape Ba-Maori ba ntse ba dirisa legapa la yone go tshwara ditlhapi, go kgabisa, go dira mabenyane le go dira matlho mo dilong tse ba di gabileng.
Gone jaanong, paua e ratiwa go feta le e leng pele. Loeto lwa gago lwa kwa New Zealand lo ka tsewa lo sa felela fa o sa reka mabenyane a a dirilweng ka legapa la paua.
Gompieno batho ba ba thumang kwa tlase ga metsi—ba sa tsenya didirisiwa dipe tse di ba thusang go hema—ba tshwara di-paua tse dintsi. Go tshwara di-paua e setse e le kgwebo ya dilo tse di romelwang kwa dinageng di sele e e tsenyang madi a mantsi thata. Go tlhomamisa gore di-paua ga di fele kwa New Zealand, puso e tlhomile molao wa gore go tshwarwe palo e e rileng mo ngwageng. Nama e ntsi ya yone e tsenngwa mo dithining e bo e rekisiwa kwa Asia, mme e nngwe e a gatsediwa e bo e romelwa kwa Singapore le Hong Kong, kwa paua e ratiwang thata gone. Gantsi e jewa e le tala e bo e segelelwa go nna dilae, jaaka sushi. Le fa di-paua di le dintsi mo metsing a kwa New Zealand, bontsi jwa batho ba koo ga ba ise ba ko ba je nama ya yone ka gonne bontsi jwa yone bo romelelwa dinaga tsa kwa moseja.
Ka go bo di tlhokega thata kwa moseja, barekisi ba tsone ba dirisa mokgwa wa segompieno wa go di atisa. Mokgwa ono o o itiretsweng ke batho o ile wa atlega le mo di-abalone tse dingwe kwa Australia, Japane, le United States. Mekgwa e mesha eo e dirile gore di-paua di kgone go gola le go ata di se mo lefelong la tsone la tlholego kwa lewatleng mme di le mo ditankeng tse dithemperetšha tsa tsone di laolwang.
Di-paua tse di godisitsweng le go atisiwa ka mokgwa ono le tsone di ja thata fela jaaka tse di golelang mo lewatleng. Di kgona go ja dijo tsa bokete jo bo lekanang le halofo ya mmele wa tsone beke nngwe le nngwe. Se se gakgamatsang ke gore, di-paua di matlhagatlhaga. Fa di pitikololwa, di kgona go boa di ipitikolola gape ka bonako. Go motlhofo go tlhokomela di-paua tse di godisitsweng. Mankge mongwe a re: “Di-paua ke ditshedi tse di molemo thata go di rua ka gonne di bokgwabo e bile ga di tshwenye!”
Diperela Tsa Paua
Mo godimo ga gore di-paua di dira mabenyane e bile e le dijo tse di monate, gape di kgona go dira le diperela tse di phatsimang. Ga se gantsi di-paua tse di nnang mo lewatleng di ntshang diperela tsa tlholego. Mme di ka godisiwa ka go dirisa mokgwa mongwe o o simolotsweng la ntlha ke rasaense wa Mofora e bong Louis Boutan ka dingwaga tsa bo1890. Mokgwa ono o dira gore go nne le leje le le botlhokwa le le bopegileng jaaka halofo ya sediko le le nang le mebala e mentle e e jaaka ya legapa leno. Mokgwa ono o dirwa jang?
Mokgwa ono o dirwa ka go bula legapa la paua go bo go tsenngwa dikgolokwe tse dinnye tse gantsi di bewang mo mafelong a le mararo—di le pedi mo matlhakoreng mme e le nngwe kwa morago. Ka bonya ka bonya dikgolokwe tseno di tla bo di nna le dileyara tsa nacre e e nang le calcium carbonate le conchiolin. Morago ga dikgwedi di le 18—le dileyara di le diketekete—go tla bo go tlhagelela perela e nnye. (Bona lebokoso le le fa tlase.) Go tsaya dingwaga di le thataro gore go nne le perela e kgolo e ntle. Mo e ka nnang paua e le nngwe mo go di le 50 e tla dira perela e e batlang e feletse. Eno ke perela e e nang le bokafantle jo bo borethe, mmala o o galolang le o o phatsimang.
Babatlisisi ga ba ise ba kgone go dira gore paua e tlhagise perela e e kgolokwe. Seno ke ka gonne go farologana le oyster, paua e na le mosifa mo maleng a yone o o kgwang talama epe fela e e tsenngwang mo maleng a yone. Gongwe letsatsi lengwe go tla nna le mongwe yo o tla kgonang go dira gore paua e dire perela e e kgolokwe.
Fa re sa ntse re letile seno, re ka itumelela dilo tse dintsi tse di tlhagisiwang ke mofuta ono wa shellfish—mabenyane a a phatsimang, nama ya yone le legapa la yone le le nang le mebala e mentle. A ga re leboge Modimo go bo a re file mpho eno e e itumedisang?—Jakobe 1:17.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]
NTLO E E NONOFILENG
Karolo e e botlhokwa mo legapeng la paua ke calcium carbonate. Ke khemikale e e dirisiwang go dira tšhoko. Le fa go ntse jalo, legapa leno la paua le maatla go gaisa tšhoko ka makgetlho a a ka nnang 30!
Paua e monya calcium carbonate go tswa mo metsing a lewatle mme e bo e dira microthin plates of nacre. Tseno ke tsone tse di dirang gore legapa le nne thata le bo le nne le mmala o montle le o o phatsimang. Dipoleite tseno di golaganngwa mmogo ka sekgomaretsi sa poroteine le sukiri se se bidiwang conchiolin. Sekgomaretsi seno se se thata gape se dira gore legapa le nne jaaka seipone.
Baitsesaense ga ba ise ba kgone go dira sekgomaretsi se se tshwanang le seno kgotsa go etsa tsela e legapa leno le dirwang ka yone. Legapa leno le kgona go ipaakanya fa le phatlogile mme gape le na le bobotlana mekgwa e e ka nnang tlhano ya go thibela gore le se ka la robega. E le ruri, paua ke tiro e e gakgamatsang ya boenjeniri le ya botlhami e e dirilweng ke Modimo.
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Humann/gt photo
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Top left: © K.L. Gowlett-Holmes; top right: Marcus Byrne/Photographers Direct
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]
Silverdale Marine Hatchery, New Zealand