Go Leba mo Teng ga Mmele—Kwantle ga Karo
KA NTLHA ya dikhomputara tsa maemo a a kwa godimo, mathematiki le saense, thipa e tseelwa tiro ke dithulusu tse di sa tlhokeng gore go dirwe karo go bona malwetse mangwe a a rileng. Kwantle ga ditshwantsho tsa ekeserei, tse gone jaanong di setseng di na le dingwaga di le 100 di le gone, botegeniki bo akaretsa setshwantsho sa computed tomography (CT), setshwantsho sa positron-emission tomography (PET), magnetic resonance imaging (MRI) le ultrasound imaging, kgotsa sonography.a Botegeniki jono bo bereka jang? Bo ka nna kotsi ka ditsela dife mo botsogong jwa motho? Mme mesola ya jone ke efe?
Ekeserei ya Radiography
E bereka jang? Diekeserei di na le marang a makhutshwane go feta lesedi le re le bonang mme di kgona go tsena mo teng ga dithishu tsa mmele. Fa go dirwa ekeserei mo karolong e e rileng ya mmele, dithishu tse di kitlaneng, tse di jaaka marapo, di monya marang mme di bonala e le dikarolo tse di galolang mo filiming e e ntshitsweng, e e bidiwang radiograph. Dithishu tse di boleta di tlhaga ka mebala e e farologaneng e mesetlha. Gantsi diekeserei di dirisiwa go bona mathata kgotsa malwetse a a amanang le meno, marapo, mabele le sehuba. Go bona pharologano fa gare ga dithishu tse di bapileng tse di boleta tse di kitlaneng ka tsela e e tshwanang, ngaka e ka nna ya tsenya sefetolammala sa radiopaque mo mading a molwetse ka lomao go dira gore pharologano e bonale sentle. Bosheng jaana, gantsi diekeserei di kgona go tsenngwa mo khomputareng di bo di bonwa mo sekirining sa khomputara.
Dikotsi: Go na le kgonego e nnye ya gore disele le dithishu di senyege, mme gantsi kotsi ya gone e kwa tlase thata fa e bapisiwa le mesola ya gone.b Basadi ba ba ka tswang ba imile ba tshwanetse go bolelela dingaka tsa bone pele ga ba dirwa ekeserei. Difetolammala tse di thusang go dira gore pharologano e bonale sentle, tse di jaaka iodine, di ka nna tsa dira gore go nne le matshwao a a bontshang gore di ilwa ke mmele. Ka jalo, bolelela ngaka ya gago kgotsa motegeniki fa e le gore mmele wa gago o ila iodine kgotsa dijo tsa lewatle, tse di nang le iodine.
Mesola: Ditshwantsho tsa ekeserei di bonako, gantsi motho ga a utlwe botlhoko, gantsi ga di ture mme go motlhofo go di tsaya. Ka jalo, di mosola thata mo dilong tse di jaaka mammography (ekeserei ya mabele) le fa ngaka e batla go bona gore bothata jwa motho ke eng mo maemong a tshoganyetso. Ga go na marang ape a a salang mo mmeleng fa go sena go dirwa ekeserei mme gantsi ga go ke go nna le ditlamorago tse di sa itumediseng.c
Computed Tomography
E bereka jang? CT scan ke tsela e e raraaneng ya go dirisa diekeserei ka tsela e e tseneletseng mmogo le disensara tse di kgethegileng. Molwetse o rapama mo tafoleng e e tsenang mo teng ga thanele mo motšhining. Ditshwantsho di ntshiwa ke matlhasedi a masesane a marang le ke disensara tse di dikologang molwetse. Seno se ile sa tshwantshiwa le go tlhatlhoba lofo ya borotho ka go e sega dilae tse di tshesane mme o bo o tsaya selae sengwe le sengwe setshwantsho. Khomputara e kopanya “dilae,” ka go bontsha sengwe le sengwe se se mo teng ga mmele. Metšhini ya bosheng e kgona go tsaya setshwantsho se le sengwe se se nnang se tswelela pele ka tsela ya go itshopela mme ka tsela eo go dira gore tiro e nne bonako. E re ka di-CT scan di ntsha tshedimosetso e ntsi, gantsi di dirisediwa go tlhatlhoba sehuba, mpa le marapo a mmele, le go bona dikankere le malwetse a a farologaneng.
Dikotsi: Gantsi di-CT scan di akaretsa selekanyo se se kwa godimo sa kalafi ya marang go na le diekeserei tse di tlwaelegileng. Go dirisiwa ga marang a a oketsegileng ano go na le kotsi e nnye ya kankere mme e le e e ka nnang masisi thata, ke ka lebaka leo go dirisiwa ga one go tshwanetseng ga bapisiwa ka kelotlhoko le mesola ya gone. Balwetse bangwe ba na le matshwao a a supang gore mebele ya bone e ila difetolammala tse di dirisiwang go bona pharologano mo diekesereing, tse gantsi di akaretsang iodine; mme e bile balwetse ba bangwe ba ka nna ba bo ba le mo kotsing ya gore diphilo tsa bone di nne le mathata. Fa go dirisiwa seedi sa diekeserei se se bontshang pharologanyo, bommè ba ba anyisang ba tla tshwanelwa ke go leta diura di le 24 kgotsa go feta, pele ga ba ka anyisa bana ba bone gape.
Mesola: E re ka ditshwantsho tsa CT scan di sa utlwise botlhoko e bile marang a tsone a sa anamele mo dithishung tsa mmele, di ntsha tshedimosetso e e feletseng e khomputara e kgonang go e fetola gore e nne ditshwantsho tse di bontshang mo e ka nnang sengwe le sengwe. Ditshwantsho tseno di bonako e bile di motlhofo mme e bile di ka boloka matshelo a batho ka go bontsha dikgobalo tse di mo teng ga mmele. Metšhini ya di-CT scan ga e ame didirisiwa tse dingwe tsa kalafi tse di tsentsweng mo mmeleng.
Positron-Emission Tomography
E bereka jang? Go bona ditshwantsho tsa PET scan go dirisiwa sere sengwe sa marang se se kopanngwang le sere se sengwe sa tlholego, se gantsi e leng glucose mme se bo se tsenngwa mo mmeleng ka lomao. Ditshwantsho tseno di dirwa ke go tswa ga di-positron tse di tswang mo dithishung. Di-PET scan di dira go ya ka molaomotheo wa gore disele tsa kankere di dirisa glucose e ntsi go gaisa tse di se nang kankere, ka jalo di ngoka sere se sentsi sa marang. Ka ntlha ya seo, dithishu tse di nang le kankere di ntsha di-positron tse dintsi, tse di tlhagang ka mebala e e farologaneng kgotsa selekanyo se se farologaneng sa go phatsima mo setshwantshong sa bofelo.
Le fa di-CT scan le di-MRI scan di bontsha popego le kafa dirwe le dithishu di ntseng ka teng, di-PET scan di bontsha gore di bereka jang, ka jalo di bontsha diphetogo tse di leng teng go sa le gale. Di-PET scan di kgona go bereka mmogo le di-CT scan mme fa ditshwantsho tsa tsone di kopantswe di le pedi di kgona go bontsha dilo botoka. Le fa go ntse jalo, di-PET scan di ka ntsha ditlhaloso tse di seng boammaaruri fa e le gore balwetse ba ile ba ja ka nako e e rileng pele ga ba tla go tsewa ditshwantsho tseno kgotsa fa selekanyo sa madi se se kafa se tshwanetseng go nna ka gone ka ntlha ya bolwetse jwa sukiri. Gape, ka go bo marang a a dirisiwang mo go tsone a sa nne nako e telele, selekanyo sa nako e di tsewang ka yone se botlhokwa.
Dikotsi: E re ka go dirisiwa selekanyo se se kwa tlase sa marang e bile a sa nne nako e telele mo mmeleng, selekanyo se a amang mmele ka sone se kwa tlase. Le fa go ntse jalo, a ka nna kotsi mo loseanyaneng lo lo iseng lo tsholwe. Ka jalo, basadi ba ba ka tswang ba imile ba tshwanetse go itsise dingaka tsa bone kgotsa badiri ba ba tsayang ditshwantsho. Mme basadi ba ba mo dingwageng tsa go tshola bana ba ka nna ba kopiwa go neela ka madi a bone kgotsa motlhapo gore go dirwe ditlhatlhobo tsa boimana. Fa PET scan e dirisiwa mmogo le CT scan, dikotsi tse di amanang le CT scan le tsone di tshwanetse go akanyediwa.
Mesola: E re ka ditshwantsho tsa di-PET scan di sa bontshe fela popego ya dirwe le ya dithishu mme gape di bontsha le kafa di berekang ka teng, ditshwantsho tseno di kgona go senola mathata pele ga diphetogo tsa popego ya dithishu di ka bonwa mo ditshwantshong tsa CT kgotsa tsa MRI.
Magnetic Resonance Imaging
E bereka jang? MRI e dirisa maatla a makenete le marang (a e seng marang a ekeserei) le khomputara e e ntshang ditshwantsho tse di tlhalosang mo gontsi tsa “selae sengwe le sengwe” tsa dikarolo tsotlhe tse di mo teng ga mmele. Matswela a dira gore dingaka di kgone go tlhatlhoba dikarolo dingwe tsa mmele ka tsela e e tseneletseng mme di bone bolwetse ka ditsela tse di sa kgonegeng fa go dirisiwa mekgwa e mengwe. Ka sekai, MRI ke nngwe ya dithulusu di le mmalwa tse di kgonang go bontsha ditshwantsho tsa lerapo kafa teng, mme seo se dira gore e nne sedirisiwa se se molemo thata go tlhatlhoba boboko le dithishu tse dingwe tse di boleta.
Balwetse ga ba a tshwanela go tshikinyega fa ba tsewa ditshwantsho tseno. Mme e re ka setshwantsho sa scan se tsewa fa molwetse a feta mo thaneleng e nnye mo motšhining, batho bangwe ba tlhaselwa ke claustrophobia (poifo ya mafelo a a kitlaneng). Le fa go ntse jalo, bosheng jaana, go dirilwe metšhini ya MRI scan e e bulegileng gore e dirisiwe mo balwetseng ba ba nang le poifo ya mafelo a a kitlaneng le ba bakima. Mme mo kamoreng ya go tlhatlhobela ga go a letlelelwa dilo dipe tsa tshipi tse di jaaka dipene, ditshupanako, mabenyane, diphini tsa moriri le dizipi tsa tshipi mmogo le dikarata tsa sekoloto le dilo tse di ka tshwarwang ke makenete.
Dikotsi: Fa go dirisiwa seedi se se tla supang pharologano mo ditshwantshong, go na le kotsi e nnye ya gore mmele o se ile, mme kotsi ya gone e nnye thata go na le ya dire tse di nang le iodine tse gantsi di dirisiwang fa go dirwa diekeserei le fa go tsewa ditshwantsho tsa di-CT scan. Kwantle ga moo, ga go itsege ka dikotsi tsa MRI mo molwetseng. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya maatla a magolo a makenete, balwetse ba ba tsentsweng didirisiwa dingwe mo mmeleng kgotsa ba ba nang le dikarolwana tsa tshipi tse di tseneng mo mmeleng ka ntlha ya kgobalo ba ka nna ba bo ba sa kgone go tsewa ditshwantsho tsa MRI. Ka jalo, fa go akantshiwa gore go dirisiwe MRI mo go wena, tlhomamisa gore o bolelela ngaka ya gago le moitse wa thekenoloji ya MRI fa e le gore o na le dingwe tsa dilo tseo.
Mesola: MRI ga e dirise kalafi ya marang a a ka nnang kotsi mme e molemo mo go boneng dithishu tse di nang le bothata bongwe segolobogolo tse di ka tswang di sirilwe ke lerapo.
Ultrasound Imaging
E bereka jang? Ultrasound kgotsa sonography, ke botegeniki jwa mofuta wa sonar jo bo dirisang makhubu a modumo a motho a ka se kgoneng go a utlwa. Fa makhubu ano a fitlha mo selekanyong se se rileng fa go nang le phetogo ya go kitlana ga thishu—ka sekai, mo godimo ga serwe—go nna le modumo. Khomputara e tlhatlhoba modumo oo e bo e bontsha dikarolo tse di kafa teng tsa serwe seo, tse di jaaka boteng, bogolo, popego le go tlhomama ga tsone. Makhubu a a nang le modumo o o kwa tlase a dira gore go bonale ditshwantsho tsa dikarolo tse di kwa teng tsa mmele, modumo o o kwa godimo o dira gore go tlhatlhobiwe dirwe tse di bonalang tse di jaaka matlho, dileyara tsa letlalo gongwe a thuse le go bona kankere ya letlalo.
Mo makgetlhong a le mantsi, motlhatlhobi o dirisa sedirisiwa se se tshwarwang ka letsogo se se bidiwang transducer. Morago ga go tshasa jele mo letlalong, o tsamaisa sedirisiwa seno mo lefelong le le tlhokang go tlhatlhobiwa mme setshwantsho sa teng se tlhaga ka yone nako eo mo sekirining sa khomputara. Fa go tlhokega, go ka gokelelwa transducer e nnye mo sedirisiweng se se tlhatlhobang mme se bo se tsenngwa mo phatlheng ya tlholego mo mmeleng gore go kgonege go tlhatlhoba mmele kafa teng.
Botegeniki jo bo bidiwang Doppler ultrasound bo kgona go lemoga motsamao ope fela mme bo dirisiwa go bontsha kafa madi a elelang ka teng. Mme seno se thusa thata go bona bolwetse mo dirweng le go bona ditlhagala, tse gantsi di nang le ditshika tsa madi tse dintsi ka tsela e e sa tlwaelegang.
Ditshwantsho tsa ultrasound di thusa dingaka go bona mathata a a farologaneng le go lemoga se se bakang matshwao a teng, go tloga ka mathata a di-valve tsa pelo le dikuruga mo mabeleng le go bona seemo sa losea lo lo iseng le tsholwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, e re ka marang a ultrasound a sa fete mo gaseng, botegeniki jono bo a tlhaela fa bo dirisiwa mo dikarolong tse di rileng tsa mpa. Mme gape setshwantsho se ka nna sa se ka sa bonala sentle jaaka sa mekgwa e mengwe ya thekenoloji e e jaaka ya radiography.
Dikotsi: Tota le fa gantsi ultrasound e babalesegile fa e dirisiwa sentle, ke mofuta wa maatla mme e ka nna le dikotsi tse di rileng mo dithishung go akaretsa le tsa loseanyana lo lo iseng lo tsholwe. Ka jalo, go dirisiwa ga ultrasound pele ga ngwana a tsholwa ga go a tshwanela go tsewa go se na dikotsi dipe.
Mesola: Botegeniki jono bo teng gongwe le gongwe, marang a jone ga a anamele mo mmeleng mme gantsi ga bo ture. Mme gape setshwantsho sa jone se ka kgona go bonwa ka yone nako eo.
Botegeniki Jwa Nako e e Tlang
Gone jaanong, go bonala babatlisisi ba tlhomile mogopolo mo go lekeng go tokafatsa botegeniki jo bo setseng bo le gone. Ka sekai, babatlisisi ba dira metšhini ya MRI e e dirisang maatla a a kwa tlase a makenete go na le didirisiwa tse di dirisiwang gone jaanong, mme ka tsela e ntseng jalo go fokotsa ditshenyegelo. Botegeniki jo bo sa ntseng bo tla ke jo bo bidiwang molecular imaging (MI). E re ka motšhini ono o dirilwe ka tsela ya gore o kgone go bona diphetogo tsa mmele mo dimolekhuleng, go solofelwa gore motšhini wa MI o tla kgona go bona bolwetse go sale gale le go bo alafa ka bonako.
Botegeniki jwa go tlhatlhoba bolwetse ka go tsaya ditshwantsho bo fokoditse dikaro tse dintsi tse di botlhoko, tse di kotsi le tse ka dinako dingwe di sa tlhokegeng. Mme fa botegeniki jono jwa go dirisa ditshwantsho bo ka kgona go bona bolwetse ka bonako le go bo alafa ka bonako, go ka dira gore matswela a nne molemo le go feta. Le fa go ntse jalo, didirisiwa tseno di a tura—metšhini mengwe e ja madi a a fetang diranta di le dimilione.
Gone mme, go thibela bolwetse go botoka go na le go bonwa ga jone le go alafiwa ga jone. Ka jalo, leka go nna o na le botsogo jo bo itekanetseng ka go ja sentle, go ikatisa ka metlha, go ikhutsa mo go lekaneng le go nna le pono e e siameng mo botshelong. Diane 17:22 ya re: “Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tomography ke mokgwa wa go kgona go ntsha ditshwantsho tsa se se diregang mo teng ga mmele. Lefoko leno le tswa mo lefokong tomo le le kayang “karolo” kgotsa “leyara,” le graphein, le le kayang “go kwala.”
b Go bona ditekanyetso tsa kalafi ya marang, bona lebokoso la setlhogo se se reng “O Tshwanetse go Newa Selekanyo se se Kana Kang sa Kalafi ya Marang?”
c Setlhogo seno se tlhalosa fela ka bokgoni jwa go tsaya ditshwantsho tsa ekeserei le dikotsi le mesola ya gone. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee bona dikgatiso tse di kgethegileng malebana le seno kgotsa bona moitse wa diekeserei.
[Lebokoso mo go tsebe 13]
O TSHWANETSE GO NEWA SELEKANYO SE SE KANA KANG SA KALAFI YA MARANG?
Letsatsi le letsatsi, go na le selekanyo se sennye sa marang a a re amang, e ka tswa e le marang a cosmic a a tswang mo lefaufaung kgotsa a tlhago a a jaaka a a tswang mo gaseng ya radon. Papiso e e latelang e ka go thusa gore o sekaseke gore diteko tse dingwe tsa kalafi di ka nna kotsi go le kana kang. Selekanyo sa tsone ke di millisieverts (mSv).
Fa o tsamaya ka sefofane diura di le tlhano o amiwa ke selekanyo sa marang sa di-millisievert di le 0,03
Fa o nna mo go nang le marang a selekanyo se sennye a tlhago malatsi a le lesome o amiwa ke selekanyo sa marang sa di-millisievert di le 0,1
Fa o dira ekeserei e le nngwe ya meno o amiwa ke selekanyo sa marang sa di-millisievert di le 0,04-0,15
Fa o dira ekeserei e le nngwe ya sehuba o amiwa ke selekanyo sa marang sa di-millisievert di le 0,1
Fa o dira mammogram e le nngwe o amiwa ke selekanyo sa marang sa di-millisievert di le 0,7
Fa o dira CT scan e le nngwe ya sehuba o amiwa ke selekanyo sa marang sa di-millisievert di le 8,0
Fa o batla go tlhatlhobiwa o se ka wa okaoka go kopa ngaka ya gago gore a go neye tshedimosetso e e tlhamaletseng ka ga gore o tla amiwa ke selekanyo se se kana kang sa marang kgotsa ka dilo dingwe tse o ka tswang o tshwenyega ka tsone.
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Ekeserei
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
CT
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Philips
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
PET
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy Alzheimer’s Disease Education and Referral Center, a service of the National Institute on Aging
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
MRI
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Ultrasound