LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/08 ts. 4-5
  • Mathata e ka Nna Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mathata e ka Nna Eng?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dinako Tsa Tlalelo e Kgolo
  • Go Nna le Ditebelelo Tse di sa Kgonegeng
  • Bothata Jwa go Buisana
  • Lenyalo le ka Atlega mo Lefatsheng la Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Kafa o ka Nnang le Lenyalo le le Atlegileng ka Gone
    Tsogang!—2008
  • A Lenyalo le ka Kgona go Emelana le Difefo?
    Tsogang!—2006
  • “A Lenyalo le Tlotlege”
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 7/08 ts. 4-5

Mathata e ka Nna Eng?

GA GO utlwale go solofela gore lenyalo le se ka la nna le mathata. Gone mme, tota le banyalani ba ba tshwanelanang sentle ga ba dumalane ka sengwe le sengwe. Ka jalo, mathata mangwe a a rileng a ka se ka a kgona go tilwa. Fela jaaka tshipi e ka senngwa ke ruse kafa tlase ga pente go na le dilo tse dintsi tse di ka senyang lenyalo. Gore re tle re tlhaloganye gore re ka dira eng go tokafatsa lenyalo, mma re sekaseke pele mangwe a mathata a a ka nnang teng.

Dinako Tsa Tlalelo e Kgolo

Baebele e ile ya bolelela pele gore batho ba le bantsi mo motlheng wa rona e tla nna “baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, . . . ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso.” (2 Timotheo 3:2-4) Mekgwa e e ntseng jalo e oketsa go sa utlwane, go palelwa ke go buisana le go bua dilo tse di utlwisang botlhoko tse go leng motlhofo gore re di bue jaaka batho ba ba sa itekanelang.

Mmatlisisi mongwe o ne a bolela jaana: “Nako ya lenyalo ke nako e e tlhakanyang tlhogo mo botshelong. Mme kafa letlhakoreng le lengwe . . . , re ka kgona go bona tshedimosetso e ntsintsi malebana le kafa re ka dirang gore manyalo a rona a nonofe le go feta . . . Mme gape, re lebana le tlhotlheletso e kgolo ya setšhaba le ya itsholelo e e dirang gore go nne thata gore re nne le manyalo a a siameng.”

Go Nna le Ditebelelo Tse di sa Kgonegeng

Mankge mongwe wa lenyalo o tlhalosa gore “go nna le ditebelelo tse di sa kgonegeng, ke nngwe ya dilo tse di bakang go sa kgotsofale thata mo lenyalong.” Batho ba bantsi ba ba mo lenyalo ba kgobega marapo fa ba lemoga gore lenyalo ga se se tota ba neng ba se lebeletse le gore molekane wa bone ga se ene motho yo ba neng ba akanya gore e tla nna ene.

Le fa go ntse jalo, Baebele e dumela e sa potapote gore lenyalo le ka tlisetsa motho “botlhoko le khutsafalo.” (1 Bakorintha 7:28, The New English Bible) Ka ntlha yang? Lebaka le lengwe ke gore go ise go ye kae fa batho ba babedi ba ba sa itekanelang ba nna mmogo yo mongwe o tla bona diphoso tsa yo mongwe.

Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba nna le ditebelelo tse di ka se kgonegeng malebana le lenyalo le le itumetseng le fa ba sa dire maiteko ape go fitlhelela seo. E re ka ba ne ba foufaditswe ke maikutlo a lorato le boitumelo jwa lenyalo, ga ba a akanya ka maikarabelo le matsapa a a tlhokegang gore motho a nne le lenyalo le le itumetseng. Fa ba lemoga gore manyalo a bone ga se se ba neng ba lebeletse gore e tla nna sone, ba tla bo ba tlhakana tlhogo le go kgobega marapo. Gantsi fa ba nna le ditebelelo tse dikgolo tse di se kitlang di kgonega ka lenyalo, ba nna le kutlobotlhoko e kgolo thata.

Bothata Jwa go Buisana

Motho a ka tila diphoso dife tsa go buisana gore a nne le kamano ya lenyalo e e nonofileng? Banyalani bangwe ba nna le tlwaelo ya go utlwa mme ba sa reetse le go bua fela mme ba sa buisane. Gantsi go na le gore go buisanwe sentle go ngangisanwa ka sengwe le sengwe fela le fa go se na lebaka. Go sa tlhaloganyane go dira gore go nne le go sa utlwane; dikomano di latelwa ke go ngalelana.

Ka maswabi, balekane ba le bantsi ba banyalani ba palelwa ke go bona dilo tse di siameng tse molekane wa bone a di dirang kgotsa ba a di bona mme ba palelwa ke go ba di lebogela. Mo godimo ga moo, e re ka mo nakong e re tshelang mo go yone gantsi balanyani ba bereka ba le babedi, basadi ba le bantsi ba ba nyetsweng ba a galefa ka gonne ba tshwanetse ke go dira sengwe le sengwe mo gae fa ba tswa tirong. Mo godimo ga moo, basadi ba bantsi ba ba nyetsweng ba ikutlwa e kete maikutlo a bone a itlhokomolosiwa.

Ke eng se o ka se dirang go aga lenyalo le le atlegileng? Akanya ka kgakololo e e molemo eno e e latelang ya Baebele.

[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 4]

Banyalani bangwe ba utlwa fela mme ba sa reetse le go bua kwantle ga go buisana

[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 5]

Ba le bantsi ba lebeletse go le gontsi mo lenyalong go na le kafa bone ba ka thusang ka gone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela