A Nkwe ya Kwa Siberia—E Tla Falola?
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA RUSSIA
Mo letsatsing le le apogileng la mariga kwa botlhaba jo bo kgakala kwa Russia, katse e kgolo e taboga go kgabaganya kapoko e e tsabakelang e setswe morago ke helikopotara. Fa monna yo e leng kgeleke ya go thuntsha a tshwere tlhobolo a okomela kwa ntle ga helikopotara, nkwe e palamela mo setlhareng e bo e rora e batla go lwa. Monna yono o a e thuntsha. Helikopotara e a kotama, mme bapalami ba tswa ka kelotlhoko ba atamela sebatana seno se se thuntshitsweng.
A BANNA bano ke ba ba tsomang diphologolo e se kafa molaong? Nnyaa, ke babatlisisi ba ba dirisang metswi e e nang le diokobatsi. Ba tlile go ithuta ka nngwe ya diphologolo tse di leng mo kotsing e kgolo ya go nyelela mo lefatsheng e leng nkwe ya kwa Siberia e e sa bonweng motlhofo.a
Phologolo e e Kgatlhang Thata
Dinkwe tsa kwa Siberia di kile tsa bo di nna kwa Korea, bokone jwa China, Mongolia, le kwa bophirima jo bo kgakala kwa Letsheng la Baikal kwa Russia. Mme mo lekgolong le le fetileng la dingwaga, palo ya tsone e ne ya fokotsega. Lefelo le le lengwe fela kwa di ka bonang tshireletsego gone, ke dithaba tse di kgakala tsa kwa bokone jwa Vladivostok, kwa Russia, go bapa le Lewatle la Japane.
Dinkwe di kgona go itsane sentle ka monko wa tsone, mme seno se dira gore dinkwe tse di tonanyana di kgone go batla tse di namagadi fa e le nako ya gore di gwele. Dinkwe di tsala bana ba babedi kgotsa ba bararo ka nako e le nngwe, ba sa bone e bile ba nyokologa. Le fa go ntse jalo, go farologana le dikatsana, dinkwe tsa kwa Siberia ga di ke di ithuta go rorarora. Di duma ka bonolo. Di anya mashi a bommaatsone dikgwedi di le tlhano go ya go tse thataro mme morago di bo di simolola go ja nama. Kwa tshimologong di tsamaya le bommaatsone go ya go tsoma, mme le fa go ntse jalo di a bo di ise di siamele go tsoma ka botsone go fitlha di nna dikgwedi di le 18. Dinkwe tse dinnye di ka nna le bommaatsone go fitlha di le dingwaga tse pedi. Mme morago ga moo di a tsamaya go ya go ipatlela lefelo la tsone.
Fa di le mo nageng, dingwe tsa dinkwe tseno di gola go fitlha di nna dikgolo thata. Tse di tonanyana di ka nna boima jwa dikilogerama di le 270 le boleele jwa dimetara di le tharo, go akaretsa le mogatla. Dinkwe di kgona go emelana le maemo a a tsididi, le mariga a go nang kapoko mo go one. Mmele wa tsone o apesitswe ke boboa jo bokima, le maoto a tsone a tletse ka boboa jo bo di thusang go tsamaya mo godimo ga kapoko.
Dinkwe tsa kwa Siberia di na le methaladi e mentsho mo boboeng jwa tsone jo bo mmala wa namune. Nkwe e nngwe le nngwe e na le methaladi e e sa tshwaneng le ya tse dingwe, mme seno se dira gore motho a kgone go di farologanya fela jaaka dikgatiso tsa menwana di farologanya batho. Methaladi le mmala wa nkwe gantsi o e dira gore e se ka ya bonala mo sekgweng fa e eme. Mme fa nkwe e tswa mo sekgweng ka mariga, e bonala sentle mo kapokong. Seno se dira gore motho, yo e leng ene fela mmolai wa yone a e bone sentle.
Botshelo Jwa Yone bo mo Kotsing
E le gore nkwe ya kwa Siberia e tle e tswelele e tshela, e tshwanetse go bolaya diphologolo tse dikgolo tse di akaretsang dikgama, dikukama le dikolobe tsa naga. Mme diphologolo tseno ga di sa tlhole di le dintsi kwa dikgweng tse di leng kwa botlhaba jwa Siberia. Sekgwa sa disekwerekilometara di le 1 000 se ka tlamela dinkwe di le nnè kgotsa di le tlhano fela ka nama. Ka jalo, fa e le gore dinkwe tsa kwa Siberia di tla tswelela di tshela mo sekgweng, di tlhoka lefelo le le lekaneng.
Mo dingwageng di le dintsi dikgwa tsa kwa Siberia tse dikgolo e bile di sa tsenege motlhofo e ntse e le lefelo le le siameng la dinkwe tseno tse dikgolo. Batho ba e leng bone fela ba leng kotsi mo dikatseng tseno, ga se gantsi ba tsenang mo sekgweng seno. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana dikhampani tse di tswang kwa dinageng tse dingwe tse di remang ditlhare, di segile ditlhare di le dintsi tsa sekgwa seno.
Fa ditlhare di ntse di fela, dikgama, dikukama le dikolobe tsa naga, go akaretsa le dinkwe tsa kwa Siberia le tsone di a nyelela. E le go thibela go fokotsega gono, puso ya kwa Russia e agile mafelo a magolo a tshireletso ya ditshedi tsa naga, jaaka Sikhote Alin Nature Reserve. Mme fa dinkwe di tswa mo lefelong leno, di ipaya mo kotsing ya go bolawa ke batsomi ba ba tsomang e se kafa molaong, ba ba gwebang ka digopodiso tse di sa tlwaelegang. Meno a nkwe, dinala, marapo, le matlalo, go akaretsa le a bana ba tsone, di ka rekisiwa ka madi a mantsi.
Go Sireletsa Dinkwe Tseno
Go dirwa maiteko a magolo a go sireletsa dinkwe tsa kwa Siberia, e bile batho ba lefelo leno ba di goga kwa pele mo maitekong ano. Ka ntlha ya seno, palo ya dinkwe tseno e oketsegile go se kae. Dipalo tse di tserweng ka 2005 di supile gore go na le dinkwe tse di fa gare ga 430 le 540 tse di nnang kwa Siberia.
Kafa letlhakoreng le lengwe, dinkwe tsa kwa Siberia tse di leng mo mafelong a tshireletso di a ata e bile di gola sentle. Go na le dinkwe tsa kwa Siberia tse di fetang 500 mo dizuu go ralala lefatshe. Ke ka ntlha yang fa dingwe tsa diphologolo tseno di sa gololwe gore di tle di tsale di ate kwa nageng? Baitsesaense ba etsaetsega go dira jalo. Mmatlisisi mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Ga go thuse go golola diphologolo tseno gore di ye kwa nageng, kwantle fela ga gore go tlhomamisiwe gore di tla tswelela di sireletsegile.”
Dilo tsotlhe tse di tshelang, go akaretsa le dikatse tse dikgolo, ke bosupi jwa botlhale le maatla a Modimo, mme o di tsaya di le botlhokwa e bile o a di tlhokomela. (Pesalema 104:10, 11, 21, 22) Batho ba bantsi ba ba anaanelang ditiro tsa Mmopi thata ba na le tshepo ya gore go tla tla nako ya fa nkwe ya kwa Siberia e tla bong e sa tlhole e le mo kotsing ya go nyelela.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Nkwe ya kwa Siberia ka dinako tse dingwe e bidiwa nkwe ya kwa Amur, e re ka gantsi diphologolo tseno di fitlhelwa kwa lefelong le le dikologileng Noka ya Amur e e kwa botlhaba jo bo kgakala jwa Russia.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
KATSE E KGOLO GO DI GAISA TSOTLHE
Nkwe ya kwa Siberia e fetiwa fela ka bogolo ke liger, e leng ngwana wa tau le nkwe e e namagadi. Di-liger di ka gola go feta dimetara di le tharo ka boleele e bile di ka nna boima jwa dikilogerama di le 500. Di-liger di godisiwa mo dizuu, e bile di bonwa ka sewelo fa e le gore gone di teng kwa nageng.
[Motswedi wa Ditshwantsho mo go tsebe 16]
Top: © photodisc/age fotostock; bottom: Hobbs, courtesy Sierra Safari Zoo, Reno, NV