Mmino—Mpho e Modimo a e Neileng Batho
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SPAIN
MMINO o na le maatla. O ka re ritibatsa, wa re tlhotlheletsa kana wa dira gore re itumele. O ka senola boipelo jwa rona le kutlobotlhoko ya rona. E re ka o fitlhelwa mo e ka nnang mo ditsong tsotlhe tsa bogologolo le tsa segompieno, mmino o ama mogopolo le pelo. Ee, ruri mmino ke mpho e e tswang kwa Modimong.—Genesise 4:21.
Go simolola ka nako ya fa re ne re tsholwa, go ka direga gore re kile ra utlwa mofuta o o rileng wa mmino. Gongwe bommaarona ba ne ba re opelela pina go re thusa gore re robale. Mo dingwageng tsa rona tsa bosha, re ka tswa re ne ra simolola go nna le lorato lwa mmino o o tlhotlheletsang pelo ya rona. Tota le fa re le bagolo, bontsi jwa rona re itumelela mmino o o lapolosang fa re kgweetsa kana fa re le kwa gae morago ga go dira ka thata letsatsi lotlhe.
Mafoko a mmino a ka nna le dintlha dingwe tse di buang ka setso kana hisitori ya naga. Baiseraele ba bogologolo ba ne ba gopola ditiragalo dingwe tse mmalwa tse di botlhokwa ka dipina. (Ekesodo 15:1-21; Baatlhodi 5:1-31) Moporofeti Moshe o ne a tlhama pina e e neng e akaretsa hisitori le kgakololo e a neng a e naya batho e e tswang pelong. (Duteronome 32:1-43) Ga go na pelaelo gore dipina tseo di ne di ba thusa go gakologelwa sengwe.
Le Wena o ka Kgona go Opela!
Gongwe o akanya gore ‘ga ke na bokgoni jwa go opela.’ Fa go ntse jalo, akanya ka lentswe la gago go se kae. Ka ntlha ya bokgoni jwa seletswa seno, mo e ka nnang mongwe le mongwe o kgona go opela go ya bokgakaleng jo bo rileng a dirisa diletswa kana a sa di dirise. Se o tshwanetseng go se dira fela ke go bula molomo mme o bo o opela. Mme fa o dira jalo, o se ka wa tshwenngwa ke gore batho ga ba kitla ba kgatlhwa ke lentswe la gago. Ikatise, mme o tla tokafatsa.
Makasine wa kwa Spain wa Psychologies o ne wa re: “Lentswe le amana ka tlhamalalo le maikutlo a rona a a boteng, mme ke seletswa se se molemo thata se se kgonang go tlhalosa maikutlo a a boteng a motho.” Moopedi wa soprano e bong Ainhoa Arteta a re: “[Go opela] go kgatlha tota. Ke akantsha gore mongwe le mongwe yo o batlang go itlhalosa ka pina, a dire jalo ka kgololesego le ka nako nngwe le nngwe.”
E re ka mmino o kgona go tlhotlheletsa pelo fela thata, re tshwanetse go tlhopha mmino o re o reetsang. Ka sekai, molodi o o monate o ka dira gore batho ba se ka ba lemoga mafoko a a sa siamang a a ka mpampetsang kana le e leng go rotloetsa letlhoo, boitsholo jo bo sa siamang kana thubakanyo e leng ditlhogo tsa dipina tse di ka se kang tsa kgatlha motho yo o tshelang ka melaometheo ya Modimo. (Baefeso 4:17-19; 5:3, 4) Lefoko la Modimo la re: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.” (Diane 4:23) Ee, gore o tlhopha mmino ofe ke kgang e e botlhokwa.a
Mmino o o Monate e ka Nna Molemo o o Siameng
Buka ya Principles and Practice of Stress Management ya re: “Lengwe la mabaka a go bo go na le mmino mo ditsong tsotlhe ke ka go bo o kgona go dira gore batho ba nne ba itekanetse le gore ba nne le botsogo jo bo siameng.” Buka nngwe e ne ya bolela gore fa re opela mmele wa rona otlhe o nna le modumo e bile o a roroma. Mme go roroma go go bonolo go thusa dithishu tsa mmele gore di ritibale le go ngaologa, e leng se se ka thusang go fokotsa ditlhabi.
Ke ka lebaka leo dingaka dingwe di rotloetsang balwetse ba ba gateletsweng mo maikutlong gore ba reetse mmino o o ritibatsang, o o ka kgonang go tokafatsa tlhaloganyo ya motho. Dikokelo tse dingwe di tshameka mmino o o rekotilweng kwa dikarolong tsa bookelo tse go tlhokomelwang balwetse ba ba lwalang thata. Gantsi masea a a tsholwang pele ga nako le balwetse ba ba arilweng ba itumelela mmino o o itumedisang. Go ya ka buka ya Principles and Practice of Stress Management, dipatlisiso di akantsha gore go reetsa mmino o o lapolosang go “fokotsa selekanyo se se bonalang sa dihoromone tse di bakang go gatelelwa mo maikutlong ka nako ya karo.”
Gape mmino o ka fokotsa go tlhobaela mo basading ba ba imileng ka go dira gore ba ritibale ka nako ya ditlhabi tsa pelegi le fa ba belega. Ka dinako tse dingwe dingaka tsa meno di tshameka mmino o o ritibetseng go dira gore balwetse ba ba tshogileng ba kgone go ritibala. Mme gone, mmino o ka nna le molemo o o fetang o re setseng re buile ka one. O ka re thusa go nonotsha kamano ya rona le Modimo.
‘Ke Tla Baka Modimo ka Pina’
A o ne o itse gore mo e ka nnang karolo ya lesome ya Baebele e kwadilwe ka tsela ya dipina? Dikai tse di tlhagelelang thata ke tsa Dipesalema, Sefela sa Difela le Dikhutsafalo. Ke ka moo go utlwalang, go bo mo e ka nnang ditshupiso di le 300 tsa dipina di akaretsa kobamelo ya Modimo. Kgosi ya Moiseraele e bong Dafide, yo e neng e le moopedi yo o setswerere le motlhami wa dipina o ne a kwala jaana: “Jehofa ke nonofo ya me. . . , mme ke tla mmaka ka pina ya me.”—Pesalema 28:7.
Tota e bile, Dafide o ne a rulagantse banna ba le 4 000 ba lotso lwa Lefi gore e nne baletsi ba diletswa le baopedi kwa Jerusalema. Mo go bone, ba le 288 e ne e le “ba ba thapiseditsweng go opelela Jehofa e le ditswerere botlhe.” (1 Ditiragalo 23:4, 5; 25:7) Kwantle ga pelaelo, baopedi bano ba ne ba ikatisa ka tlhagafalo. Eleruri, mmino o ne o le botlhokwa thata mo kobamelong ya Modimo mo e leng gore baopedi ba ne ba tlogedisiwa ditiro tse dingwe tse ba neng ba tshwanetse go di dira mo tempeleng gore ba tlhome mogopolo mo go opeleng.—1 Ditiragalo 9:33.
Bosigo jwa pele ga Jesu a swa, ene le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba opelela Modimo dipako, gongwe ba ne ba opela Dipesalema 113 go ya go 118. Ka motlha wa ga Jesu, dipesalema tseno—tse di neng di bidiwa “Dipesalema tsa Hallel”—di ne di opelwa ka nako ya moletlo wa Tlolaganyo. (Mathaio 26:26-30) Mafoko a a reng “Dipesalema tsa Hallel” a kaya go boelediwa ga tlhaeletso ya “Haleluja” e e rayang “Bakang Jah!” “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa ka tsela ya poko, e leng leina la Modimo Mogodimodimo.—Pesalema 83:18.
Gape go opela e ne ya nna karolo ya kobamelo ya Bokeresete. Buka ya The History of Music e bolela jaana: “Bakeresete ba bogologolo ba ne ba obamela ka go opela fa pele ga batho le fa ba le bosi. Mo basokologing ba Bajuda seno e ne e le tsela ya go tsweletsa pele dingwao tsa bone tsa kwa sinagogeng . . . Mo godimo ga Dipesalema tsa Sehebera . . . , go ne go bonala tumelo e ntšha e ne e ntse e tlhagisa difela tse disha.” Tota le gompieno, Bakeresete ba Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go mmaka ka pina, fa ba le bosi le fa ba le mo dipokanong tsa Bokeresete.
E re ka mmino o re letla go tlhalosa mo e ka nnang maikutlo mangwe le mangwe le ka go bo o kgona go tlhotlheletsa pelo, mogopolo le mmele, re tshwanetse go tlotla “mpho . . . e e molemo e e . . . tswang kwa godimo.” (Jakobe 1:17) Ee, e kete re ka e dirisa gangwe le gape le ka botlhale.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo godimo ga go gana go reetsa dipina tse di tlotlomatsang letlhoo, boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo, batho ba ba ratang Modimo le beng ka bone gape ba tila go reetsa mmino o tlhotlheletsang go obamela medingwana, boratanaga kana o o buang ka dithuto tsa maaka tsa bodumedi.—Isaia 2:4; 2 Bakorintha 6:14-18; 1 Johane 5:21.