LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/08 ts. 10-11
  • A Lefatshe le Tla Nna Paradaise?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Lefatshe le Tla Nna Paradaise?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshimologo e e Molemo
  • “O Tla Nna le Nna mo Paradaiseng”
  • Se Bakanoki ba Baebele ba se Buileng
  • Modimo ke Mang?
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Go na le Lebaka Lengwe Le Le Molemolemo la Go Bo Botshelo Bo le Gone
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • O ka Dumela mo Lefatsheng la Paradaise
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 5/08 ts. 10-11

Baebele ya Reng

A Lefatshe le Tla Nna Paradaise?

DITLHAMANE tsa motlha wa boipelo tse mo go tsone motho a neng a se na boleo, a na le kamano e e molemo le Modimo, mme a sa lwale le go swa, di ka fitlhelwa mo dingwaong tse di farologaneng tsa batho ba le bantsi—ba ba akaretsang Baegepeto, Ba-Mexico, Ba-Peru le Ba-Tibet. Ditlhamane tseno gape di akaretsa kgopolo ya gore motho o ne a dira boleo.

Le fa ditlhamane tseno di fetotswe e bile di okeditswe, di na le dintlha tse dintsi tse di tshwanang ka tsone gore di ka bo di itiragaletse fela. Seno se ne sa dira gore bontsi jwa batho ba swetse ka gore di tshwanetse tsa bo di tserwe mo ditiragalong tsa hisitori. Ke boammaaruri, dintlha tse di tshwanang tsa ditlhamane tseno di tshwana le se se fitlhetsweng mo dikgaolong tsa ntlha tsa buka ya Baebele ya Genesise. Le fa go ntse jalo, mo go yone ga re fitlhele fela dintlha tse di sa utlwaleng tsa ditlhamane, mme re fitlhela dintlha tse di tlhalosang boammaaruri jwa hisitori sentle.—2 Timotheo 3:16.

Tshimologo e e Molemo

Buka ya Genesise e re bolelela gore fa Modimo a ne a bopa batho ba ntlha—e bong Adame le Efa—o ne a ba baya mo tshimong e ntle e e bidiwang Tshimo ya Edene. Ba ne ba na le botsogo jo bo itekanetseng le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Loso ke tuelo ya boleo. (Genesise 2:8-17; Baroma 5:12) Adame le Efa ba ne ba tshwanetse go ‘ata ba ntsifale ba tlatse lefatshe ba bo ba le fenye.’ (Genesise 1:28) Seno se ne se tla felela ka gore lefatshe le nne paradaise e e tletseng ka batho ba ba itekanetseng le ba ba itumelelang go ikobela Modimo, Mmusi wa bone.

Ka maswabi, Adame le Efa ga ba a ka ba ikobela Modimo mme ba ne ba latlhegelwa ke tshono ya go diragatsa maikaelelo a Mmopi le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng. Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo o tla diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe. O ne a re: “Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me . . . ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla atlega.” (Isaia 55:11) Eleruri, boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go dira gore lefatshe le nne legae la paradaise la batho ba ba bontshang dinonofo tsa gagwe, ke setlhogo se segolo sa Baebele.—Baroma 8:19-21.

“O Tla Nna le Nna mo Paradaiseng”

Morago fela ga gore Adame le Efa ba leofe, Modimo o ne a solofetsa gore o tla tlisa “losika” lo lo tla senyetsang “noga ya bogologolo” Satane Diabolo ruri, mme lo fedise ditiro tsa gagwe tse di bosula. (Genesise 3:15; Tshenolo 12:9; 1 Johane 3:8) Kgabagare “losika” loo lo ne lwa itshupa fa e le Jesu Keresete. (Bagalatia 3:16) Mo godimo ga moo, Modimo o mo tlhomile gore e nne Kgosi ya Bogosi jwa legodimo jo bo tla busang lefatshe.—Daniele 7:13, 14; Tshenolo 11:15.

Keresete o tla dira ka botlalo se Adame a paletsweng ke go se dira. Tota e bile, Baebele e bitsa Jesu e re ke “Adame wa bofelo.” (1 Bakorintha 15:45) Gape mo thapelong ya gagwe ya sekao Jesu o ne a amanya isagwe ya lefatshe le Bogosi jwa Modimo fa a ne a re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:10.

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, e re ka e le Kgosi ya lefatshe ya mo isagweng, o ne a na le tshwanelo ya go raya modirabosula yo o neng a ikwatlhaile yo o neng a bapotswe gaufi le ene a re: “O tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Luke 23:43) Paradaise e Jesu a neng a bua ka yone e ne e tla nna mo lefatsheng, fela jaaka Modimo a ne a ikaeletse kwa tshimologong. Boammaaruri jono bo tshegediwa ke Baebele. Akanya ka kelotlhoko ka ditemana tse di latelang.

“Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.” (Pesalema 72:16) “Gonne bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone.” (Diane 2:21) ‘Ba ba se nang molato ga ba kitla ba utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo; ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.’—Isaia 11:9.

Fa Jesu a ne a bua tumalanong le dipolelo tseno mo Therong ya gagwe e e itsegeng thata ya kwa Thabeng o ne a re: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5) Moragonyana ga foo moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Mogope wa Modimo o mo bathong . . . Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:3, 4) Ga go na pelaelo gore ditemana tseno tsa Baebele, di bua ka “paradaise” e e tla nnang mo lefatsheng e seng kwa legodimong.

Se Bakanoki ba Baebele ba se Buileng

Bakanoki ba le bantsi ba Baebele ba dumela gore mo Bogosing jwa ga Keresete lefatshe le tla nna paradaise. Moithutabodumedi Joseph A. Seiss a re: “Kgabagare lefatshe lotlhe kafa tlase ga puso ya ga Mesia le tla nna . . . ka tsela e le . . . tshwanetseng la bo le ne le ntse ka yone fa Adame a ka bo a sa leofa.” Henry Alford o ne a kwala jaana mo bukeng ya The New Testament for English Readers: “Bogosi joo jwa Modimo . . . bo tla tswelela bo dira go fitlha e nna puso ya lefatshe lotlhe mme babusiwa ba jone ba tla rua lefatshe . . .  mme kwa bofelong ba tla ntšhafadiwa le go segofadiwa ka bosakhutleng.”—Mokwalo o o sekameng ke wa gagwe.

Ka tsela e e tshwanang, moitsesaense yo o itsegeng thata e bile e le moithuti yo o tlhagafetseng wa Baebele Isaac Newton o ne a kwala jaana: “Lefatshe le tla tswelela go nniwa ke batshedi [batho] morago ga letsatsi la katlholo mme e seng ka dingwaga di le sekete fela tota e bile le ka bosakhutleng.”

E re ka lefatshe le tla busiwa ke Jesu Keresete ka tlhamalalo, bosula ga bo kitla bo tlhola bo nna teng. (Isaia 11:1-5, 9) Ee tota, lefatshe e tla nna paradaise ka botlalo mme seno e tla nna pako go Mmopi wa lone ka bosakhutleng.

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

◼ Boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka batho le lefatshe e ne e le bofe? —Genesise 1:28.

◼ Bogosi jwa Modimo bo tla fitlhelela eng?—Mathaio 6:10.

◼ Ke ka ntlha yang fa bosula bo ka se tlhole bo nna teng gape?—Isaia 11:1-5, 9.

[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 11]

“Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.”—Mathaio 5:5

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela