Go Tsamaya ka Mokoro mo Melapong ya Kerala
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA INDIA
AKANYA fela o tsamaya ka iketlo ka mokoro o motho a kgonang nna mo go one o o nang le fanitšhara e ntle mme o ralala melomo ya dinoka di le 44. Seo se ka kgonega mo melapong e e boleele jwa dikilometara di le 900 ya naga ya Kerala, kwa borwabophirima jwa India. Ke boitemogelo jo bo itumedisang. Fa mokoro wa gago o ntse o lelesela ka iketlo, ga go na sepe se o ka se dirang fa e se go leba ka kgatlhego makadiba a a dikologilweng ke ditlhare tsa kokonate, dikgwa tse di tala tse di nnang di na le metsi, matsha a tlholego le dikanala tse di dirilweng ke batho. Ee, go ka direga gore ke ka ntlha ya melapo eno go bo makasine wa National Geographic Traveler o beileng Kerala kwa godimo mo lenaaneng jaaka “nngwe ya mafelo a 50 a maemo a a kwa godimo thata ‘a motho a tshwanetseng go a bona mo botshelong.’”
Mme batho ba ba nnang mo dintshing tsa dikanala di le dintsi ga ba a tshwanela go lebalwa. Ba gakologelwa nako ya fa go ne go se na bajanala kgotsa dihotele tsa maemo a a kwa godimo mo lefelong la bone. Le fa go ntse jalo, matshelo a bone ga a fetoga thata. Ba tlhokomela dikgwa tsa bone tse di nnang di le tala le masimo a bone a kokonate, mme mo godimo ga moo, ba itlamela ka dijo tsa letsatsi le letsatsi le ka go itirela lotseno ka go tshwara ditlhapi le go di rekisa.
Go Tshwara Ditlhapi mo Melapong
Go tshwara ditlhapi ke tsela ya botshelo fano. Sengwe se o ka se kang wa se bona gope ke go bona basadi ba tshwara ditlhapi tse di nang le diperela kgotsa tlhapi e e bidiwang karimeen ka diatla. Ditlhapi tseno tse di fitlhelwang fela kwa melapong ya Kerala, ke dijo tse di monate tsa Baindia le batswakwa. Basadi ba ba batlang ditlhapi, ba ne ba gobua mo metsing, dipitsa tsa bone di kokobetse mo metsing fa morago ga bone. Fa ditlhapi di bona basadi ba atamela, di ithabuetsa kwa teng mme di bo di fitlha ditlhogo tsa tsone mo seretseng. E re ka basadi bano ba sa itetle go fenngwa, ba tla bo ba apaapa mo seretseng ka maoto a bone ba bo ba kgona go utlwa fa ditlhapi di le gone. Go tswa foo, ba nwelelela mo metsing ka bonako ba bo ba phamola ditlhapi tse di neng di sa lebelela go tshwarwa tse di inyokanyoketsang mme ba di tsenya mo dipitseng tsa bone tse di kokobalang mo metsing. Fa ba setse ba tshwere ditlhapi tse di lekaneng, ba gobua metsi gape go fitlha kwa losing, kwa batho ba ba kgatlhegelang go reka ba ba letetseng gone. Ditlhapi tse di kgolwane le tse di turang thata di isiwa kwa dihoteleng tsa maemo a a kwa godimo, kwa di itumelelwang ke batho ba ba humileng mme tse dinnye tsone e nna dijo tsa batho ba ba dikobo dikhutshwane.
Matloa a Ditlhapi a Se-China
Sengwe se se bonwang thata mo dintshing tsa melapo eno ke matloa a ditlhapi a Se-China a mantle. Matloa ano gape ke sengwe se bajanala ba le bantsi ba ratang go se bona.
Go dumelwa gore bagwebi ba Ba-China ba ntlo ya segosi ya Kublai Khan ba ne ba tlisa matloa a ditlhapi lekgetlho la ntlha kwa Cochin (e gone jaanong e leng Kochi) pele ga ngwaga wa 1400. Matloa ano a a neng a berekisiwa ka diatla a ne a dirisiwa la ntlha ke baagi ba batswakwa ba Ba-China mme moragonyana ke ba Bapotokisi. Gompieno batshwari ba ditlhapi ba le bantsi ba kwa India ba itshedisa ka ditlhapi tseno, mme e bile ke dijo tsa batho ba le bantsi fela jaaka go ne go ntse mo dingwageng di le 600 tse di fetileng. Se se gakgamatsang ke gore ditlhapi tse di tshwarwang ka letloa le le lengwe di kgona go fepa motsana otlhe. Bajanala ba le bantsi ba rata go tsaya ditshwantsho tsa segopotso sa loeto lwa bone gaufi le matloa a mantle fa letsatsi le phirima.
Ga se ditshwantsho tsa matloa a Se-China fela tse di ngokang bajanala go tla mo melapong eno. Go na le ditiro tse dingwe tse di dirwang mo metsing tse di ngokang batho ba le bantsintsi ngwaga le ngwaga tse di jaaka metshameko e e tlwaelegileng ya mabelo a mekoro ya noga.
Mabelo a Mekoro mo Melapong
Mekoro ya noga ke mekorwana e meleele e mesesane. Karolo e e kwa morago ya yone e bopegile jaaka tlhogo ya kake, e leng lone lebaka la go bo go twe ke mokoro wa noga. Mo nakong e e fetileng, dikgosi tsa mafelo ano tse di neng di lwa di ne di dirisetsa mekoro eno go phutha thobo ya bone morago ga ntwa. Fa ntwa e sena go fela, mekoro eno e ne e sa tlhole e tlhokega thata. Mekoro e mentle eno e ne e ralala metsi fela ka nako ya meletlo ya tempele. Mekoro eno e ne e dirisiwa go nna mekgabiso ya setso ya lefelo leo, mme go ne go tlhabiwa megolokwane mo go yone, gape e ne e rwele batho e bile e kgabisitswe. Ka nako ya meletlo, mabelo a mekoro a ne a tshwarwa go tlotla batlotlegi ba ba neng ba le teng. Ngwao eno, e e simolotseng diketekete tsa dingwaga tse di fetileng, e sa ntse e latelwa thata.
Go tlwaelegile gore go nne le mekoro e e ka nnang 20 e e gaisanang mo mabelong ano mme nngwe le nngwe e rwele banna ba ba fa gare ga 100 le 150. Go na le banna ba ba fetang lekgolo ba ba tshotseng difetlhametsi tse dikhutshwane ba ba dutseng ka mela e mebedi e meleele e e bapileng mo mokorong mongwe le mongwe. Mme bakgweetsi ba mokoro ba le banè ba ba tshotseng difetlhametsi tse di telele ba ema ka kwa morago ga mokoro gore ba o tsamaise. Ba bangwe ba babedi ba ema fa gare ga mokoro, ba iteela dithobane mo botong e e dirang modumo gore ba tsibose bakgweetsi ba mekoro ka nako. Ba tsibosiwa gape ke bobotlana banna ba bangwe ba ba ka nnang barataro ba le bone ba tsamayang ka mokoro. Banna bano ba opa diatla, ba letsa molodi, ba goa le go opela dipina tse di itsiweng fela ke bakgweetsi ba mekoro go rotloetsa bakgweetsi gore ba se ka ba salela kwa morago. Morago ga foo, fa makawana ano a sena go nna a tsamaisa mokoro go ya ka moribo o a o utlwang, a tla bo a dirisa maatla a bone a a setseng mo lobelong lo lo gakgamatsang gore ba fitlhe kwa bofelong.
Ka 1952, tonakgolo ya ntlha ya kwa India, e bong Jawaharlal Nehru, o ne a etela Alleppey, toropo e e botlhokwa e e dikologilweng ke melapo, mme o ne a kgatlhwa thata ke mabelo a mekoro a a neng a nna teng kwa go yone. Tota e bile, o ne a kgatlhega thata jaana mo e leng gore o ne a itlhokomolosa melao ya pabalesego mme a tlolela mo mokorong o o neng o fenya lobelo, a bo a opa diatla le go opela mmogo le bakgweetsi ba mokoro. Fa a boela kwa Delhi, o ne a romela mpho, e e neng e le mokorwana wa noga wa mmala wa selefera o o neng o tshwana le mokoro wa mmatota, o o neng o na le mosaeno wa gagwe le mafoko a a reng: “Ke e abela bafenyi ba mabelo a mekoro, e leng tiragalo e e tlhomologileng mo setšhabeng.” Mokorwana ono o o selefera o dirisiwa jaaka sekgele se se fenngwang mo mabelong a Nehru Trophy Race. Mo e ka nnang batho ba le dikete tse di makgolo ba thologela go ya go bona mabelo ano ngwaga le ngwaga. Ka dinako tseo, metsi a melapo a gantsi go sa diregeng sepe mo go one, a simolola go tlhanasela tota.
Dihotele Tsa Maemo a a Kwa Godimo Tse di Kokobalang mo Metsing e Bile di Lelesela mo go One
Mekoro ya noga ga se yone fela e e ngokang bajanala. Mekoro e e simolotsweng go ratiwa thata ke ya reise—mofuta mongwe wa mekoro ya bogologolo e e fetotsweng go nna mekoro ya manobonobo e motho a ka kgonang mo nna mo go yone.
Le fa gone bontsi jwa mekoro ya reise e e dirisiwang ke bajanala e sa tswa go agiwa, go sa ntse go na le ya dingwaga tse di lekgolo e e baakantsweng go dirisiwa ke bajanala. Kwa tshimologong e ne e itsege jaaka kettuvallam, e e kayang “mokoro o o nang le lefuto.” Mokoro otlhe o ne o dirilwe ka dipolanka tsa logong lwa jackwood mme o ne o golagantswe ka megala e e bofilweng lefuto, go sa dirisiwa dipekere dipe. Mekoro eno e ne e dirisediwa go isa reise le dilwana tse dingwe kwa motsaneng o mongwe go ya go o mongwe le go isa ditswaiso kwa mafelong a a kgakala. Mme fa go simololwa go dirisiwa dipalangwa tsa segompieno, mekoro e ne e sa tlhole e dirisiwa gotlhelele. Mme moitse kgwebo mongwe o ne a tla ka kgopolo e ntle ya go fetola mekoro eno go nna mekoro e motho a ka nnang mo go yone gore e dirisediwe kgwebo ya bojanala. E re ka mekoro eno e na le mathudi, diphaposi tsa borobalo le diphaposi tsa botlhapelo tsa maemo a a kwa godimo, e bile e na le diphaposi tsa bojelo tse di nang le fanitšhara e ntle, e ka tewa go twe ke dihotele tse di kokobalang mo metsing. Go na le batlhokomedi ba ba isang mokoro wa gago gongwe le gongwe kwa o batlang o ya teng le go apaya sengwe le sengwe se o batlang go se ja.
Fa go nna maitseboa, mekoro eno e tshetlelwa gaufi le lotshitshi kgotsa ka ntlha ya batho ba ba batlang go nna le kagiso e oketsegileng e bile ba batla go nna ba le nosi, e tshetlelwa mo gare ga letsha. Fa motho a le foo, o kgona go itumelela tidimalo ya melapo eno e e dirang gore motho a tseege maikutlo, mme gone, gangwe le gape go tla utlwala go phatšha ga metsi go go bakiwang ke ditlhapi tse di sa robaleng tse di ithabuetsang mo metsing!
Le fa go ntse jalo, ga se mofuta otlhe wa botshelo o o iketlileng jalo mo mafelong ano a a dikologilweng ke melapo. “Batshwari ba batho” le bone ba thantse e bile ba matlhagatlhaga mo lefelong leno.
‘Go Tshwara Batho’ mo Mafelong Ano a a Dikologileng Melapo
Mafoko a a reng “batshwari ba batho” ke mafoko a ga Jesu a a neng a a bolelela batshwari ba batho ba e neng e tla nna barutwa ba gagwe. O ne a re: “Ntshalang morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.” Jesu o ne a bua ka tiro ya go thusa batho go nna barutwa ba gagwe. (Mathaio 4:18, 19; 28:19, 20) Tiro eo e dirwa ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, go akaretsa le mafelo a a dikologileng melapo.
Go na le diphuthego di le 132 tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Kerala, go akaretsa di le 13 go dikologa mafelo ao a melapo. Ba le bantsi ba maloko a diphuthego tseno le bone ba dira kgwebo ya go tshwara ditlhapi. Fa ba ntse ba tshwara ditlhapi, mongwe wa bone o ne a bua le motshwara ditlhapi ka ene ka Bogosi jwa Modimo. Go ise go ye kae, monna yono o ne a kgona go bona pharologanyo fa gare ga dithuto tsa kereke ya gagwe le tsa Baebele. Mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba le banè le bone ba ne ba bontsha kgatlhego. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele le bone. Ba ne ba gatela pele ka bonako mme ba le banè mo go ba le barataro ba setse ba kolobeditswe. Ba le babedi ba bana le bone ba gatela pele go fitlhelela mokgele oo.
Maloko a phuthego nngwe a ne a tsamaya ka mokoro go ya kwa setlhaketlhakeng se sennye go ya go rera koo. E re ka maeto a go ya le go boa a mokoro ono a sa tlhomama, batho ba ba nnang koo ba bitsa setlhaketlhake seno ba re ke kadamakudi go go kayang gore “o tla gaelelwa fa o tsena.” Kwa setlhaketlhakeng seno Basupi ba ne ba kopana le Johny le mosadi wa gagwe e bong Rani. Le fa gone ba godisitswe e le Bakatoliki, ba ne ba ya kwa setheong sengwe sa go tlhatlhanya mme ba se ntshetsa moneelo wa madi otlhe o ba neng ba kgona go o ntsha. Johny o ne a kgatlhegela molaetsa wa boammaaruri jwa Baebele thata mme o ne a simolola go ithuta Baebele. O ne a simolola go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gagwe e ntšha. Boammaaruri jwa Baebele bo ne gape jwa mo thusa go tlogela go goga le go dirisa bojalwa ka tsela e e sa siamang!
Tiro ya ga Johny ya boitshediso e ne e sa tsamaisane le Dikwalo, ka jalo o ne a dira diphetogo. Mo tshimologong seno se ne sa dira gore lelapa a gagwe le nne le mathata a tsa madi. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, Johny o ne a simolola go tshwara makakaie gore a a rekise mme o ne a kgona go tlamela lelapa la gagwe. O ne a kolobediwa ka September 2006, mme mosadi wa gagwe le bana ba bone ba babedi ba ne ba kolobediwa ngwaga morago ga foo. Tsholofelo ya go ka tshelela ruri mo paradaiseng ya lefatshe lotlhe e ile ya fetola tsela e ba lebang botshelo ka yone gotlhelele.—Pesalema 97:1; 1 Johane 2:17.
Ee, go etela mafelo a a dikologilweng ke melapo ya Kerala ke boitemogelo jo bo itumedisang. Go ntse jalo e seng fela ka ntlha ya matloa a ditlhapi a Se-China, mekoro ya noga le mekoro e motho a kgonang go nna mo go yone mme gape le ka ntlha ya “batshwari ba batho” ba ba ikanyegang e leng Basupi ba ga Jehofa ba ba nnang koo.
[Mmapa mo go tsebe 23]
(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso)
INDIA
KERALA
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Go tshwara ditlhapi ke tsela ya botshelo kwa Kerala
[Motswedi wa Setshwantsho]
Top photo: Salim Pushpanath
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Basadi ba ba tshwarang ditlhapi ka diatla tsa bone
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Lobelo lwa mokoro wa noga
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
“Kettuvallam”
[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Mokoro o motho a kgonang go nna mo go one
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Johny le mosadi wa gagwe e bong Rani
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]
Salim Pushpanath