LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/08 ts. 30
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dira Tshenyo Go na Le go Dira Molemo
  • “Tshupanako ya Letsatsi la Tshenyego” e Isiwa Kwa Pele
  • Kgatelelo ya Maikutlo ka Nako Ya fa O le Moimana
  • Bakgweetsi ba ba Kgweetsang Jaaka e Kete Koloi e a Itsamaisa
  • Ntwa ya Nuklea—Ke Bomang ba ba Bakang Matshosetsi?
    Tsogang!—2004
  • A Lefatshe le Tlhakatlhakane?
    Tsogang!—2017
  • A go Fedile ka Matshosetsi a Nuklea?
    Tsogang!—1999
  • Matshosetsi a Nuklea—A Kgakala le go Fela
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 1/08 ts. 30

Ditiragalo Tsa Lefatshe

◼ “Fa ngwana a na le dingwaga tse thataro kwa Boritane o tla bo a dirisitse sebaka se se lekanang le ngwaga go bogela thelebishene, mme ba ba fetang halofo ya bana ba dingwaga tse tharo ba na le dithelebishene mo dikamoreng tsa bone.”—THE INDEPENDENT, BRITAIN.

◼ Diperesente tse di 31.4 tsa batho ba kwa China ba ba kwa godimo ga dingwaga tse 16 ba go neng ga dirwa dipatlisiso ka bone ba ne ba ipolela fa e le batho ba bodumedi. Fa e le gore bano ba emela setšhaba sotlhe, dipatlisiso tseno di tla be di bontsha gore “mo e ka nnang dimilione tse 300 tsa batho ke ba bodumedi . . . mme seno se tla bo se ganetsana gotlhelele le dipalopalo tsa semolao tse di bontshang gore ke dimilione tse 100.”—CHINA DAILY, CHINA.

Go Dira Tshenyo Go na Le go Dira Molemo

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, boradipolotiki ba Ba-Dutch le batlhokomedi ba tlhago ba ne ba akanya gore ba bone tharabololo ya go fetlha motlakase o o ka se senyeng tikologo—e leng ka go tsamaisa dijenereitara ka lookwane lo lo tswang mo difoseleng, bogolosegolo lookwane lwa mokolana. Lokwalodikgang lwa The New York Times lwa re: Ditsholofelo tsa bone e nna “tshenyo e e seng kana ka sepe mo tikologong. Go batliwa go gontsi ga logong lwa mokolana kwa Yuropa go bakile gore dikarolo tse dikgolo tsa sekgwa sa pula sa Borwabotlhaba jwa Asia di segiwe mme gape go dirisiwe dikhemikale tse di nontshang mmu ka tsela e e feteletseng.” Dipolantase di ne tsa dirwa ka go ntshiwa le go fisiwa ga lefelo le le loraga, seno se ne sa dira gore “selekanyo se segolo” sa digase tsa khabone di ye mo lefaufaung. Lokwalodikgang lwa Times lwa re ka ntlha ya seno Indonesia e ne ya nna “naga ya boraro mo lefatsheng e e ntshang khabone e ntsi mo lefaufaung e borasaense ba dumelang gore ke yone e bakileng kgotelo ya lefatshe.”

“Tshupanako ya Letsatsi la Tshenyego” e Isiwa Kwa Pele

Tshupanako ya letsatsi la tshenyego e e neng ya simololwa ke Bulletin of Atomic Scientists (BAS) gore e bontshe ka moo batho ba leng gaufi ka teng le masetlapelo a a bakiwang ke nuklea, e ne ya isiwa kwa pele ka metsotso e mebedi, gore e nne metsotso e metlhano pele ga bosigogare—e leng se se “tshwantshetsang bokhutlo jwa tlhabologo.” Fa e sa le tshupanako eno e nna teng dingwaga di le 60 tse di fetileng, e ile ya setiwa ka makgetlo a le 18 fela. E ne ya fetolwa la bofelo ka February 2002, morago ga ditlhaselo tsa World Trade Center kwa New York. Go ya ka BAS go tsweletsa tlhabololo ya dibetsa tsa nuklea, go nna teng ga tsone le go retelelwa go dira gore di sireletsege ke “sesupo sa gore mathata a a bakwang ke thekenoloji e e kotsi go gaisa mo Lefatsheng a paletswe ke go rarabololwa.” Mme e ne ya tswelela ka gore, “dikotsi tse di bakwang ke go fetofetoga ga maemo a bosa di batla di boitshega fela jaaka dikotsi tse di bakwang ke dibetsa tsa nuklea.”

Kgatelelo ya Maikutlo ka Nako Ya fa O le Moimana

Go ya ka patlisiso ya bosheng kgatelelo ya maikutlo mo mosading wa moimana e e bakiwang ke go ngangisana kgotsa go lwa le molekane e ka ama mo go maswe tlhaloganyo ya ngwana yo a iseng a tsholwe. Porofesa Vivette Glover wa Imperial College, London a re: “Re fitlhetse gore fa mosadi a na le molekane yo o a neng a mo sotla mo maikutlong fa a ne a le moimana go ka ama kgolo ya ngwana. Rre o na le karolo e kgolo e a e tshamekang.” O tlhalosa gore kamano e batsadi ba nang le yone e “ama tsela e dihomone le dikhemikale di dirang ka yone mo mmeleng wa mmè, mme seno se bo se ama tsela e boboko jwa ngwana bo golang ka yone.”

Bakgweetsi ba ba Kgweetsang Jaaka e Kete Koloi e a Itsamaisa

Rasaense wa pharakano Michael Schreckenberg wa Yunibesithi ya Duisburg-Essen, kwa Jeremane o tlhalosa gore, bakgweetsi ba ba dirisang tsela e le nngwe letsatsi le letsatsi ga ba dirise karolo nngwe ya boboko jwa bone e e dirang gore motho o akanya sentle. Fa ba le mo ditseleng tse ba di tlwaetseng, go na le gore ba tsepamise mogopolo mo pharakanong, bakgweetsi ba nna ba tshwaregile ka dilo dingwe. Ka ntlha ya seno, go tsaya lobaka gore ba lemoge dikotsi. Schreckenberg o kgothaletsa bakgweetsi gore ba ikgakolole gore ba nne ba ntshitse matlho dinameng le gore ba se ka ba itetla go kgorelediwa ke dilo dingwe fa ba le mo tseleng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela