Lorato Lwa Baagelani lo Feletse Kae?
DIMILIONE tsa batho di ikutlwa di nyerile pelo, di boifa, di tshwenyegile, mme di se na gope kwa di ka bonang thuso gone. Motho mongwe o ne a bua jaana a hutsafetse: “Ga ke na yo ke jang le ene, yo ke tsamayang le ene, yo ke robalang le ene le yo ke buang le ene.” Ke batho ba sekae fela ba ba iketleeditseng go pitlologa le go bontsha lorato mo go ba ba lo tlhokang.
Mmakgwebo mongwe yo o setseng a tlogetse tiro o ne a bolela jaana: ‘Maitseboa mangwe motlholagadi yo o nnang mo boalong jwa moago o ke nnang mo go one o ne a kokota mo lebating la me mme a re o jewa ke bodutu. Ke ne ka mmolelela ka maitseo mme ke tlhamaletse gore ke tshwaregile. O ne a kopa maitshwarelo go bo a ile a ntshwenya mme a tsamaya.’
Mosadi yono o tswelela pele jaana: ‘Ke ne ka ikutlwa ke le motlotlo go bo ke ile ka se ka ka diiwa ke motho yo o lapisang yono. Maitseboa a a latelang tsala nngwe e ne ya nteletsa mogala mme ya mpotsa gore a ke ne ke itse mosadi yo o nnang mo moagong o ke nnang mo go one yo o ipolaileng bosigo jo bo fetileng. Fa o ise o itse gore e ne e le mang, ke mosadi yo o neng a kokota mo lebating la me.’ Morago ga moo, mmakgwebo yono o ne a bolela gore o ithutile “thuto e kgolo.”
Go a itsege gore bana ba ba sa bontshiweng lorato ba ka swa. Batho ba ba godileng le bone ba ka swa fa ba sa bontshiwe lorato. Mosha mongwe yo montle wa dingwaga di le 15 o ne a kwala jaana pele a ipolaya: “Lorato lo kaya go sa tlhole o jewa ke bodutu.”
Masetlapelo a Gompieno
Lokwalodikgang lwa Newsweek lo ne lwa bega jaana fa lo ne lo akgela ka letlhoo la setso mo dingwageng di sekae tse di fetileng: “‘Ila moagelani wa gago’ e ne ya bonala e le moano wa ngwaga.” Ka nako ya dintwa tsa setso kwa Bosnia le kwa Herzegovina, e pele e neng e le karolo ya Yugoslavia, batho ba ba fetang milione ba ne ba patelediwa go tswa mo magaeng a bone, mme dikete tse di masome di ne tsa bolawa. Ke bomang? “Baagelani ba rona,” go ne ga rialo mosetsana mongwe yo o neng a pateleditswe go tswa mo motsaneng wa gagabo a hutsafetse. “Re ne re ba itse.”
“Re kile ra bo re nna mmogo ka kagiso,” mosadi mongwe o ne a bolela jalo ka Bahutu le Batutsi ba ba 3000 ba ba neng ba nna kwa motsaneng wa Ruganda. Lokwalodikgang lwa The New York Times lo ne lwa bolela jaana: “Se se diragaletseng motsana ono ke se se neng sa diragalela Rwanda: Bahutu le Batutsi ba ne ba nna mmogo, ba nyalelana, ba sa tshwenyege kana tota e bile ba sa itse gore ke mang yo e leng Mohutu le gore ke mang yo e leng Motutsi. Sengwe sa fetoga ka ponyo ya leitlho,” mme “ga simologa dipolaano.”
Ka mo go tshwanang, Bajuda le Baarabia kwa Iseraele ba bapile, mme ba le bantsi ba a ilana. Mo lekgolong lotlhe leno la bo20 la dingwaga, go ile ga tlhaga maemo a a tshwanang le ano kwa Bokone jwa Ireland, kwa India le Pakistan, kwa Malaysia le Indonesia, le mo ditsong tsa kwa United States—ee, mo lefatsheng lotlhe le re tshelang mo go lone.
Motho a ka umaka a sa fetse dikai tse dintsintsi tsa go tlhoana ga ditso le bodumedi. Lefatshe ga le ise le tlhoke lorato jaana fa e sa le mo hisitoring.
Ke Molato wa ga Mang?
Letlhoo, fela jaaka lorato, le a rutiwa. Pina nngwe e e tumileng thata e bolela gore bana ba “rutwa pele go nna thari/Pele o nna le dingwaga di le thataro kana di le supa kana di le robedi/Gore o tlhoe batho botlhe ba losika lwa gago lo ba tlhoileng.” Segolobogolo gompieno letlhoo le a rutiwa. Bogolo jang dikereke di paletswe ke go ruta maloko a tsone go ratana.
Lokwalodikgang lwa Fora lwa Le Monde lo ne lwa botsa jaana: “Ke mang yo o ka tlhokomologang gore Batutsi le Bahutu ba ba lwang kwa Burundi le Rwanda ba ne ba thapisiwa ke barongwa ba le bangwe fela ba Bakeresete le gore ba ne ba tsena dikereke tse di tshwanang?” Ee ruri, National Catholic Reporter e bolela gore Rwanda ke “setšhaba se diperesente tsa sone tse 70 e leng Bakatoliki.”
Mo tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga, dinaga tsa Yuropa Botlhaba di ne tsa fetogela mo Bokomonising jwa bolatola Modimo. Ka ntlha yang? Ka 1960 moeteledipele wa bodumedi kwa Prague, Czechoslovakia, o ne a bolela jaana: “Ke rona, rona Bakeresete re le nosi, ba re dirileng gore go nne le Bokomonisi. . . . Gakologelwa gore Bakomonisi e kile ya bo e le Bakeresete. Fa ba sa dumele mo Modimong yo o tshiamiso, ke molato wa ga mang?”
Akanya ka se dikereke di se dirileng ka Ntwa ya Lefatshe I. Mogenerale wa sesole sa Boritane e bong Frank Crozier o ne a bolela jaana malebana le ntwa eo: “Dikereke tsa Bokeresete ke tsone tse di tlhotlheletsang thata tshololo ya madi e bile re di dirisa jaaka re rata.” Moragonyana, morago ga Ntwa ya Lefatshe II, lokwalodikgang lwa The New York Times lo ne lwa bolela jaana: “Mo nakong e e fetileng ditlhopha tsa baruti ba Katoliki di ile tsa tshegetsa dintwa tsa ditšhaba tsa tsone ka metlha, di segofatsa masole e bile di a rapelela gore a fenye, fa setlhopha se sengwe sa bobishopo kafa letlhakoreng le lengwe se ne se rapela phatlalatsa gore se bone phenyo eo.”
Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete o bontshitse lorato mo ditirong tsotlhe tsa gagwe, mme moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lona ka bolona lo rutwa ke Modimo gore lo ratane.” (1 Bathesalonika 4:9) “Bakeresete ba boammaaruri ke bakaulengwe le bokgaitsadi mo go Jesu Keresete,” go ne ga bolela jalo mongwe wa bakwadi ba Vancouver Sun. “Le ka motlha, ba ka se utlwisane botlhoko ka boomo.”
Go phepafetse gore dikereke di na le molato o mogolo go bo gompieno go se na lorato. Setlhogo sengwe se se gatisitsweng mo makasineng wa India Today se ne sa bolela jaana: “Bokebekwa jo bo tsitsibanyang mmele bo ntse bo dirwa ka leina la bodumedi.” Le fa go ntse jalo, go na le lebaka la konokono la go bo kokomana ya rona e bo e tlhasetswe ke go ilana mo go setlhogo jaana.
Lebaka La go Bo Lorato lo Tsidifetse
Mmopi wa rona o re neela karabo. Lefoko la Gagwe, Baebele, le bitsa motlha o re tshelang mo go one ‘malatsi a bofelo.’ Boporofeti jwa Baebele bo bolela gore eno ke nako e mo go yone batho ba tla bong ba se na “katamalano e e bothitho ya tlholego.” Malebana le “dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone,” tse gape Dikwalo di di bitsang ‘bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo,’ Jesu Keresete o ne a bolelela pele gore “lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.”—2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:3, 12.
Ka gone, go bo gompieno go se na lorato ke bosupi jo bongwe jwa gore re tshela mo malatsing a bofelo a lefatshe leno. Se se itumedisang ke gore gape seno se kaya gore lefatshe leno la batho ba ba boikepo le tla tloga le emisediwa ke lefatshe le lesha la tshiamo le le tla bong le busiwa ka lorato.—Mathaio 24:3-14; 2 Petere 3:7, 13.
A mme gone re na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore phetogo e e ntseng jalo e ka direga—gore re tla kgona go tshela mo lefatsheng le batho botlhe ba tla bong ba ratana le go nna mmogo mo go lone ka kagiso?