Se re Tshwanetseng go se Itse ka Digopa
Wade, yo o kileng a nna leloko la segopa sa kwa California, o boletse jaana: “Re ne re le ditsala fela tse di neng di le baagelani. Re simolotse mmogo kwa sekolong se se potlana. Ke fela gore re ne re se ka ra dira ditshwetso tse di siameng.”
GANTSI digopa di simolola e le ditlhopha fela tsa baagelani. Batho ba ba leng mo dingwageng tsa bone tsa bolesome kana ba ba botlana go feta foo ba kgobokana mmogo mo dikhutlong tsa mebila. Ba ne ba dira dilo mmogo mme morago ba bo ba kopana go itshireletsa mo setlhopheng sengwe. Mme go ise go ye kae, setlhopha sa bone se ne sa simolola go tsenelela thata go ya bokgakaleng jwa gore maloko a sone a dirise dikgoka thata, mme ba dire ditiro tse di kotsi tsa bokebekwa.
Segopa se sengwe se se gaisanang le sone go tswa mo mmileng o mongwe se ka tswa se ne se setse se leba setlhopha seno se sesha jaaka mmaba wa sone. Go galefa ga sone ga felela ka thubakanyo. Batho ba ba gwebang ka diokobatsi ba dirisa segopa seno gore se ba rekisetse diokobatsi tse di seng ka fa molaong. Mme go latele ditiro tse dingwe tsa bokebekwa.
Luis o ne a na le dingwaga di le 11 fela fa ditsala tsa gagwe di ne di simolola go itira segopa. Fa a le dingwaga di le 12 a simolola go dirisa diokobatsi. Fa a le dingwaga di le 13 o ne a tshwarwa e le lekgetlho la ntlha. O ne a nna le seabe mo go utsweng dikoloi, mo go thubeng matlo le go thukhutha ka tlhobolo. Mme o ne a tshwarwa gantsintsi ka ntlha ya go lwa le go dira dikhuduego.
Ka dinako dingwe re ka gakgamadiwa ke batho ba ba leng mo digopeng. Martha o ne a le montle, e le seithuti se se botlhale thata kwa sekolong se segolo, a bona maduo a a kwa godimo e bile a na le maitseo a a siameng thata kwa sekolong. Le fa go ntse jalo, e ne e le moeteledipele wa segopa se se neng se gweba ka motokwane, heroine le khokeine. E ne ya nna fela morago ga gore mongwe wa ditsala tsa gagwe a hulwe ka makgetlho a le mmalwa le go bolawa a neng a tshoga thata mo a neng a batla go fetola botshelo jwa gagwe.
Lebaka La go Bo ba Inaakanya le Digopa
Se se gakgamatsang ke gore, maloko mangwe a digopa a bolela gore a inaakanya le tsone gore a tle a ratiwe. Ba ne ba batla bolekane jo bo molemo, botsalano jwa go ntshana se inong jo ba neng ba sa bo bone kwa gae. Lokwalodikgang lwa Die Zeit lwa kwa Hamburg kwa Jeremane, lo boletse gore basha ba itsenya mo digopeng tsa mo mebileng ka ntlha ya go batla go bona polokesego e ba sa kgoneng go e bona gope go sele. Eric yo o kileng a nna leloko la segopa sengwe, o boletse gore fa o sa bone lorato kwa gae, “o ya go senka sengwe se se botoka kwa ntle.”
Rre mongwe yo o kileng ya bo e le leloko la segopa sengwe, o kwadile seno ka se se neng sa mo diragalela mo botshelong jwa gagwe: “Ke ne ke tshwarwa gantsintsi ka ntlha ya go sa itshware sentle, dintwa tsa digopa, go tsosa dikhuduego mme kgabagare ka ntlha ya go leka go bolaya mongwe ka go mo hula go tswa mo koloing e e tsamayang.” Moragonyana fa morwawe e bong Ramiro a ne a tsholwa, o ne a fetsa nako e nnye fela le ene. Fa Ramiro a gola, le ene o ne a nna leloko la segopa sengwe mme a tshwarwa ke mapodise morago ga go lwa ba le segopa. Fa rraagwe a ne a mo gatelela gore a tswe mo segopeng seo, o ne a goa jaana: “Jaanong ke balelapa la me.”
Mooki mongwe kwa bookelong jwa Texas, yo o buileng le basha ba le 114 ba ba ileng ba hulwa mo ngwageng e le nngwe, o boletse jaana: “Go a gakgamatsa. Ga ke ise ke utlwe ope fela wa bone a kopa go bona mmaagwe kana mongwe fela wa lelapa.”
Gone ga se fela bana ba ba tswang kwa dikarolong tsa toropo tse di humanegileng ba e nnang maloko a digopa. Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng makasine wa Maclean’s wa kwa Canada o nopotse lepodise lengwe le bolela gore ba bone basha ba ba tswang kwa karolong e e humileng ya toropokgolo le ba ba tswang kwa go ya boagelani e e humanegileng thata ba le mo segopeng se le sengwe. Basha bano ba ba tswang kwa malapeng a a farologaneng ba ikopantse mmogo ka lebaka le le lengwe—ba senka bokopano jo bo jaaka jwa lelapa jo ba sa bo boneng kwa gae.
Mo mafelong mangwe basha ba gola ba na le kgopolo ya gore go nna leloko la segopa ke tsela e e tlwaelegileng ya botshelo. Fernando wa dingwaga di le 16 o tlhalositse jaana: “Ba akanya gore go inaakanya le segopa sengwe go tla ba thusa go rarabolola mathata a bone. Ba akanya gore: ‘Ke tla itirela ditsala. Ba bagolo e bile ba na le ditlhobolo. Ba tla ntshireletsa mme ga go na ope yo o tla ntirang sepe.’” Le fa go ntse jalo, maloko a masha a segopa ka bonako fela a lemoga gore go nna mo segopeng go ba dira gore ba tlhaselwe ke baba ba segopa seo.
Gantsi digopa di fitlhelwa mo mafelong a mo go one go nang le madi a mannye le ditlhobolo tse dintsi. Dipego tsa dikgang di umaka diphaposi tsa borutelo tsa dikolo tsa ditoropokgolo tse mo go tsone baithuti ba le 2 go ba le 3 ba nnang mo magaeng a motsadi a le mongwe. Ka dinako dingwe, motsadi wa moithuti o tshwakgotswe ke diokobatsi mo a sa kgoneng go tla gae bosigo mme moithuti o tshwanetse a isa ngwana wa gagwe yo o se nang rraagwe kwa go tlhokomelwang bana teng pele ga a ka ya kwa sekolong mo mosong.
Molaodi wa kwa California e bong Pete Wilson o boletse gore: “Re na le bothata jo bogolo ka gonne bana ba bantsi ba gola ba se na borraabone, ba se na monna yo ba ka latelang sekao sa gagwe yo a ka ba bontshang lorato, a ba kaela, a ba otlhaya le go ba ruta mekgwa e mentle—ga ba itse gore ke ka ntlha yang ba tshwanetse go itlotla kana go tlotla batho ba bangwe.” O boletse gore go sa kgone go utlwela batho ba bangwe botlhoko gono ga basha ke lone lebaka le le dirang gore “ba kgone go phampholola motho [ba mmolaya] ba sa ikotlhaele seo.”
Le fa gone go se kitlane ga malapa, go se thapisiwe le go tlhoka dikao tse di molemo tsa boitshwaro e le one mabaka a konokono a a dirang gore digopa di gole jaana, go na le mabaka a mangwe a a bakang seno. One a akaretsa dithulaganyo tsa thelebishene le dibaesekopo tse di tlhagisang thubakanyo e le tsela e e motlhofo ya go rarabolola mathata, setšhaba se gantsi se dirang gore bahumanegi ba lebege e le batho ba ba paletsweng mme ka metlha se ba gakolola gore ga ba ne ba kgona go dira dilo tse batho ba bangwe ba di dirang, le palo e e ntseng e gola ya malapa a batsadi ba ba nosi a mo go one mmè yo mosha a dirang go feta selekanyo go tlamela ngwana a le mongwe kana go feta yo o sa tlhokomelweng sentle. Mabaka ano otlhe gongwe le a mangwe gape, a okeditse sebetso se se ntseng se gola mo lefatsheng lotlhe sa digopa tsa mo mebileng.
Go Thata go Itshomola
Ke boammaaruri gore morago ga nako maloko mangwe a segopa a tswa mo segopeng seo, a dire ditiro tse dingwe. Bangwe ba ka nna ba ya go nna le balosika kwa lefelong le lengwe ka jalo ba atlege go itshomola mo segopeng. Le fa go ntse jalo, gantsi go tswa mo segopeng ga go motlhofo jalo.
Gantsi, maloko a segopa a itewa setlhogo ke maloko a mangwe a le mmalwa pele ga ba ka letlelelwa go tswa mo segopeng ba ntse ba tshela. Tota e bile, batho ba ba neng ba batla go tswa mo digopeng dingwe ba ne ba hulwa. Fa ba kgonne go falola, ba ne ba letlelelwa go tswa! A gone o tshwanetse wa sotliwa jaana gore o tle o tswe mo segopeng?
Mongwe yo o kileng a nna leloko la segopa o tlhalositse lebaka la gore a batle go tswa jaana: “Ditsala tsa me di le tlhano di setse di sule.” Eleruri, botshelo jwa go nna leloko la segopa bo ka nna kotsi fela thata. Makasine wa Time o begile jaana malebana le mongwe yo o kileng a nna leloko la segopa sa Chicago: “Mo tirong e a e dirileng dingwaga di le supa, o ne a hulwa mo mpeng, a itewa ka tshipi ya seporo mo tlhogong, a robega letsogo mo ntweng nngwe mme a tlhatlhelwa gabedi ka ntlha ya go utswa dikoloi . . . Le fa go ntse jalo jaanong fa kwa bokhutlong a sa tlhole a batla go dira ditiro tsa bokebekwa, le e leng ba e kileng ya nna ditsala tsa gagwe ba ikaeletse go mo gobatsa.”
O ka Kgona go Tshela Botoka
Eleno wa kwa Brazil, e kile ya nna leloko la Headbangers, e leng segopa se se neng se lwa ka dithipa mme ka dinako dingwe ka ditlhobolo. E re ka a ne a ikutlwa gore ga a lesego, o ne a kgotsofadiwa ke go thuba dilo le go tlhasela batho. Modirimmogo le ene o ne a bua le ene ka Baebele. Moragonyana Eleno o ne a nna teng kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa, koo a neng a kopana le batho ba a neng a kile a bo a le mo segopeng le bone le motho yo o kileng a bo a le wa segopa se se neng se gaisana le sa gagwe. Ba ne ba dumedisana e le bakaulengwe—e leng se se farologaneng le se se ka bong se diragetse mo nakong e e fetileng.
A seno tota se a diragala? Eleruri se a diragala! Bosheng jaana moemedi wa Tsogang! o ne a tlotla le ba e kileng ya bo e le maloko a digopa tse dikgolo mo Los Angeles ba jaanong ba leng mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa. Morago ga motlotlo wa diura di le mmalwa, mongwe wa bone o ne a kgwa mokhu, a ikaega ka setulo mme a re: “Ako o ele seno tlhoko! Ba e kileng ya bo e le maloko a Bloods le Crips ba ntse fano mmogo ba ratana jaaka bakaulengwe!” Ba ne ba dumela gore go fetoga ga bone go tswa mo malokong a a setlhogo a segopa go nna banna ba ba molemo le ba ba lorato e nnile ka ntlha ya gore ba ithutile melaometheo ya bomodimo ka go ithuta Baebele ka kelotlhoko.
A tota seno se ka diragala mo dingwageng tseno tsa bo1990? A totatota maloko a digopa a ka dira diphetogo tse di ntseng jalo mo nakong eno? Ba ka go dira fa ba rata go latela kgothatso e e maatla ya Lefoko la Modimo le go tshela matshelo a bone tumalanong le melaometheo ya Baebele. Fa e le gore o leloko la segopa sengwe, ke eng o sa leke go fetoga?
Baebele e re kgothaletsa gore re “latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya lona ya pele ya boitshwaro” le gore re “apare botho jo bosha jo bo neng jwa tlholwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyego jo bo nitameng.” (Baefeso 4:22-24) Botho joo jo bosha bo tlhagolelwa jang? Baebele e bolela gore botho jwa motho bo ka “ntšhafadiwa ka kitso e eleng yone go ya ka setshwano sa [Modimo] yo o neng a bo tlhola.”—Bakolosa 3:9-11.
A gone go a tlhokega gore motho a leke go fetoga jalo? Ee go a tlhokega! Fa o le leloko la segopa sengwe, gongwe o tla tlhoka thuso e e rileng gore o dire phetogo e e ntseng jalo. Go na le batho ba o agisaneng le bone ba ba tla itumelelang go go thusa. Le fa go ntse jalo, gantsi batsadi ke bone ba ka kgonang go tlhotlheletsa bana ba bone botoka mo dilong tse di siameng. Ka jalo jaanong re tla sekaseka se batsadi ba ka se dirang go sireletsa bana ba bone mo digopeng.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Batho ba pele e neng e le maloko a digopa tse di sa utlwaneng jaanong ba kopantswe mmogo ke boammaaruri jwa Baebele