LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 4/8 ts. 24-27
  • Go Ngomoga Pelo go go Siameng le go go Kotsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ngomoga Pelo go go Siameng le go go Kotsi
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mefuta e Meraro ya go Ngomoga Pelo
  • Go Tsibogela go Ngomoga Pelo Thata
  • Go Laola go Ngomoga Pelo
    Tsogang!—2010
  • Go Ngomoga Pelo—Kafa Go Re Amang Ka Teng
    Tsogang!—2010
  • Go Ngomoga Pelo—Dilo Tse di Bakang Bothata Jono le Ditlamorago Tsa Jone
    Tsogang!—2005
  • Go Ngomoga Pelo—Matshosetsi a a Masisi a Botsogo
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 4/8 ts. 24-27

Go Ngomoga Pelo go go Siameng le go go Kotsi

“E re ka go ngomoga pelo e le tsela e e itiragalelang fela e mmele o tsibogelang sengwe le sengwe ka yone, mongwe le mongwe o nna a ngomogile pelo ka tsela nngwe.”—Dr. Hans Selye.

GORE moletsi wa bayoline a kgone go e letsa, dithapo tsa seletswa sa gagwe di tshwanetse tsa gagamala—ka selekanyo se se rileng fela. Fa di gagametse thata, di tla kgaoga. Le fa go ntse jalo, fa dithapo di repile thata, ga di ne di ntsha modumo ope fela. Gore di lele sentle di tshwanetse tsa gagamala ka tsela e e siameng.

Go a tshwana le ka go ngomoga pelo. Jaaka re setse re bone, go ngomoga pelo thata go ka nna kotsi. Mme go tweng fa motho a sa ngomoge pelo gotlhelele? Le fa gone seno se ka utlwala e le se se kgatlhang, boammaaruri ke gore o tlhoka go ngomoga pelo—ka selekanyo se se rileng. Ka sekai, akanya o kgabaganya mmila mme ka tshoganyetso fela o lemoga gore go na le koloi e e mo lebelong e e tlang e go lebile. Ke go ngomoga pelo go go dirang gore o kgone go tila kotsi—ka bonako!

Mme, go ngomoga pelo ga go molemo fela mo maemong a tshoganyetso. Gape o tlhoka go ngomoga pelo gore o fetse ditiro tsa letsatsi le letsatsi. Mongwe le mongwe o nna a ngomogile pelo ka dinako tsotlhe. Dr. Hans Selye a re: ‘Tsela fela ya go tila go ngomoga pelo ke go swa.’ O okeditse ka go re polelo e e dirisiwang ya go re motho “o ngomogile pelo” ga e na bokao bope e tshwana fela le go re motho “o mogote.” Selye a re: “Se tota re se bolelang ka dipolelo tseo ke go re motho o ngomogile pelo thata kana themperetšha ya mmele wa gagwe e kwa godimo thata.” Mo go se go buiwang ka sone fano boitapoloso le jone bo akaretsa go ngomoga pelo fela jaaka boroko le jone, ka gonne pelo ya gago e tshwanetse ya nna e itaya le makgwafo a gago a bereka.

Mefuta e Meraro ya go Ngomoga Pelo

Fela jaaka go na le dilekanyo tse di farologaneng tsa go ngomoga pelo, go na gape le mefuta e e farologaneng ya gone.

Go ngomoga pelo go go masisi go bakwa ke mathata a botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Gantsi go akaretsa maemo a a sa itumediseng a a tlhokang go rarabololwa. E re ka maemo ano e le a a itlelang fela e bile e le a nakwana, gantsi go ngomoga pelo ga teng go ka laolwa. Gone mme, go na le batho bangwe ba ba agang fela ba le mo mathateng—eleruri, tlhakatlhakano e kete ke karolo ya botho jwa bone. Le e leng selekanyo seno sa go ngomoga pelo se se masisi se ka laolwa. Le fa go ntse jalo, motho yo o tshwerweng ke gone a ka nna a gana go fetola mokgwa wa gagwe wa go tshela go fitlha a lemoga ditlamorago tse di tlhakatlhakanyang tse mokgwa ono wa go tshela o di lereng mo go ena le mo go ba ba mo dikologileng.

Le fa gone go ngomoga pelo go go masisi e le ga nakwana, go ngomoga pelo mo go sa foleng gone go tsaya lobaka lo leleele. Motho yo o tshwerweng ke gone ga a bone tsela epe ya go tswa mo boemong jo bo ngomolang pelo joo, e ka tswa e le bohutsana jwa go humanega kana khutsafalo ya go bereka tiro e a sa e rateng—kana go tlhoka tiro. Go ngomoga pelo go go sa foleng go ka bakwa gape ke mathata a a sa feleng a lelapa. Go tlhokomela mongwe wa losika yo o koafetseng le gone go ka baka go ngomoga pelo. E ka tswa lebaka e le lefe, go ngomoga pelo go go sa foleng go ka koafatsa motho yo go mo tshwerweng malatsi a le mantsi, dibeke le dikgwedi tse di ntsintsi. Buka nngwe e e buang ka kgang eno ya re: “Selo se se maswe thata ka go ngomoga pelo mo go sa foleng ke gore, batho ba a go tlwaela. Batho ba lemoga go ngomoga pelo go go masisi ka bonako ka gonne go go ntšha; ba itlhokomolosa go ngomoga pelo go go sa foleng ka gonne ke ga bogologolo, go tlwaelegile e bile ka dinako dingwe ga go ba re sepe.”

Go tshwenyega mo maikutlong go bakwa ke ditlamorago tsa masetlapelo mangwe a a bosula, a a jaaka go betelelwa, kotsi kgotsa masetlapelo a tlholego. Bontsi jwa ba e kileng ya nna masole le ba ba falotseng kwa dikampeng tsa pogisetso ba tshwenngwa ke mofuta ono wa go ngomoga pelo. Matshwao a go tshwenyega mo maikutlong a ka nna a akaretsa go gopola sentle se se go diragaletseng, le e leng dingwaga morago ga moo, mmogo le go amega thata ka dilo tse di sa reng sepe. Ka dinako dingwe motho yo o tshwerweng ke gone o tlhalosiwa a tshwerwe ke bolwetse jo bo bidiwang bothata jwa go ngomoga pelo morago ga tiragalo e e garolang pelo (PTSD [post-traumatic stress disorder]).—Bona lebokose le le fa godimo.

Go Tsibogela go Ngomoga Pelo Thata

Bangwe ba bolela gore tsela e re tsibogelang go ngomoga pelo ka yone gone jaanong e ikaegile thata ka mofuta le tsela e re ngomogileng pelo ka yone mo nakong e e fetileng. Ba bolela gore ditiragalo tse di garolang pelo totatota di ka fetola mokgwa o dikhemikale tsa boboko “di dirang ka teng,” tsa dira gore motho wa teng a ngomoge pelo thata mo isagweng. Ka sekai, mo patlisisong e Dr. Lawrence Brass a neng a e dira mo masoleng a le 556 a a loleng mo Ntweng ya Lefatshe II, o lemogile gore bodiphatsa jwa go tshwarwa ke seterouku bo ne bo le kwa godimo ka makgetlho a le robedi mo go ba e neng e le batshwarwa ba ntwa go feta ba bangwe ba e neng e se batshwarwa—le e leng dingwaga di le 50 morago ga tiragalo ya ntlha go ba garola pelo. “Go ngomolwa pelo ke go nna POW [prisoner of war (motshwarwa wa ntwa)] go ne go le masisi thata mo e leng gore go ne ga fetola tsela e batho bano ba neng ba ngomoga pelo ka yone mo isagweng—go ne ga ba tshwenya thata.”

Baitse ba bolela gore ditiragalo tse di ngomolang pelo tse di diragaletseng bangwe e santse e le bana ga di a tshwanela go tlhaediwa matlho, ka di ka nna le ditlamorago tse di masisi. Dr. Jean King o bolela jaana: “Bontsi jwa bana ba ba bogisitsweng ke tiragalo e e garolang pelo ga ba isiwe ngakeng. Ba feta bothata jono, ba tswelele ka matshelo a bone mme dingwaga moragonyana ba tle mo diofising tsa rona ba tshwenyegile thata mo maikutlong kana ba tshwerwe ke pelo.” Ka sekai, akanya fela ka tiragalo e e garolang pelo ya go swelwa ke motsadi. Dr. King o bolela gore: “Go ngomoga pelo go go golo goo go go diregang o sa ntse o le mmotlana go ka fetola tsela e boboko jwa gago bo dirang ka yone gotlhelele, ga bo dira gore bo se tlhole bo kgona go emelana le go ngomoga pelo go go tlwaelegileng ga letsatsi le letsatsi.”

Gone mme, mokgwa o motho a tsibogelang go ngomoga pelo ka one o ikaegile ka dilo tse dintsi, go akaretsa boitekanelo jwa gagwe le dilo tse di mo thusang go lepalepana le maemo a a ngomolang pelo. Le fa go ntse jalo, go ngomoga pelo go ka laolwa go sa kgathalesege gore go bakwa ke eng. Gone ke boammaaruri gore ga go motlhofo. Dr. Rachel Yehuda o akgela jaana: “Go raya motho yo o ngomogileng pelo thata o re a ritibale go tshwana le go raya motho yo o tlhokang boroko o re a robale.” Le fa go ntse jalo, go na le go le gontsi go motho a ka go dirang go fokotsa go ngomoga pelo, jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

Go Ngomolwa Pelo ke Mmereko—“Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe“

Pego ya lekgotla la Dit■haba Tse di Kopaneng ya re: “Go ngomoga pelo go setse go fetogile nngwe ya dikgang tse di masisi tsa boitekanelo mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga.“ Go bo-nala sentle kwa meberekong.

• Go ngongorega ka go ngomoga pelo mo go di-rwang ke badiredipuso ba Australia go oketsegile ka diperesente di le 90 mo nakong fela ya dingwaga di le tharo.

• Patlisiso e e dirilweng kwa Fora e senotse gore diperesente di le 64 tsa baoki le diperesente di le 61 tsa barutabana di bolela gore di tenwa ke tikologo e e ngomolang pelo e ba berekang mo go yone.

• Malwetse a a amanang le go ngomoga pelo a dirile gore United States e duele madi a a fopholediwang go diranta di le dimilione di le dikete di le 900 ngwaga le ngwaga. Dikotsi tsa madirelo tse di fopholediwa go nna diperesente di le 75 go ya go di le 85 ke tse di amanang le go ngomoga pelo.

• Mo dinageng di le dintsi, go fitlhetswe basadi ba ngomogile pelo thata go feta banna gongwe e le ka ntlha ya gore ba dira ditiro tse dintsi thata mo gae le kwa mmerekong. Jaaka pego ya lekgotla la Dit■haba tse di Kopaneng e bolela, go ngomolwa pelo ke mmereko totatota ke “bothatajwa lefatshe lotlhe.”

[Lebokoso mo go tsebe 26]

PTSD—Tsela e e Tlwaelegileng ya go Tsibogela Tiragalo E e Sa Tiwaelegang

‘Dikgwedi di le tharo morago ga gore koloi ya rona e sugakane, ke ne ke sa ntse ke lela kgotsa ke palelwa ke go robala bosigo jotlhe. Go tswa fela mo ntlong go ne go boifisa tota.’—Louise. LOUISE o tshwerwe ke bolwetse jwa go ngomoga pelo morago ga tiragalo e e garolang pelo (PTSD [posttraumatic stress disorder]), bolwetse jo bo koafatsang jo bo bakwang ke go nna o gakologeIwa sengwe se se rileng kana go nna o lora tiragalo nngwe e e boifisang. Motho yo o tshwerweng ke PTSD a ka nna a tsibogela sengwe le sengwe thata. Ka sekai, moithutatlhaloganyo mongwe e bong Michael Davis o bua ka motho yo o loleng mo ntweng ya kwa Vietnam yo e neng ya re mo letsatsing la gagwe la mokete wa lenyalo a bo a itatlhela mo ditlhatshaneng fa a ne a utlwa koloi e dira modumo wa go thunya. Davis a re: “Go ne go tshwanetse ga bo go ne go na le mefuta yotlhe ya dilo tse di bontshang gore dilo tsotlhe di apere tshiamo mo tikologong eo. Go ne go fetile dingwaga di ka nna 25; o ne a le mo United States, e seng kwa Vietnam; . . . o ne a apere sutu e tshweu ya lenyalo, e seng diaparo tsa ntwa. Le fa go ntse jalo, fa boikutlo joo jo bo mo tsibosang bo tla, o ne a taboga go ya go iphitlha.“

Masetlapelo a a diragetseng kwa ntweng ke nngwe ya dilo tse di bakang PTSD. Go ya ka The Harvard Mental Health Letter, boIwetse jono bo ka bakwa ke nngwe fela ya “ditiragalo kana motseletsele wa ditiragalo tse di akaretsang loso ka bolone kana matshosetsi a lone kana go gobala thata kana matshosetsi a go gobala mo mmeleng. E ka tswa e le masetlapelo a tlholego, kotsi kana sengwe se se bakilweng ke motho: morwalela, molelo, thoromo ya lefatshe, go sugakana ga koloi, bomo, go hulana, go ketekwa, go utswiwa ka dikgoka, go tlhaselwa, go betelelwa kana go sotlwa ga bana.“ Go bona fela tiragalo nngwe e e boifisang kana go itse ka yone—gongwe go bona matshwao a teng a a bonalang sentle kana go bona dinepe—go ka rotloetsa matshwao a PTSD, segolobogolo fa batho ba ba amegang e le maloko a lelapa kana ditsala tse di kgolo thata.

Gone ke boammaaruri gore batho ba tsibogela sengwe se se boifisang ka ditsela tse di farologaneng. The Harvard Mental Health Letter e tlhalosa jaana: “Bontsi jwa batho ba ba boifang sengwe ga ba nne le matshwao a a masisi a tlhaloganyo, e bile le fa gone go na le matshwao, ga go reye gore e nna PTSD.“ Go tweng he, ka batho ba go ngomoga pelo ga bone go felelang e le PTSD? Fa nako e ntse e ya, bangwe ba kgona go itshokela maikutlo a a amanang le go boifa mme ba wela makgwafo. Ba bangwe ba tswelela pele ba Iwa le megopolo ya bone ka tiragalo nngwe e e boifisang e e diragetseng dingwaga di le dintsi tse di fetileng.

E ka ne e le ka tsela epe fela, ba ba tshwerweng ke PTSD—le ba ba batlang go ba thusa—ba tshwanetse ba gakologelwa gore ba tlhoka bopelotelele gore ba fole. Baebele e kgothaletsa Bakeresete “go bua ka tsela e e nametsang meya e e sulafetseng megopolo“ le go “itshwar[a] ka bopelotelele mo go botlhe.“ (1 Bathesalonika 5:14) Louise yo o nopotsweng fa godimo, o ne a fetsa dikgwedi di le tlhano pele ga a ka simolola go kgweetsa koloi gape. 0 ne a bolela jaana dingwaga di le nnè morago ga kotsi: “Le fa gone ke le botoka, ga ke ne ke tlhola ke itumelela go kgweetsa jaaka pele. Ke go dira fela ka go bo ke sengwe se ke tshwanetseng ka se dira. Le fa go ntse jalo ke botoka thata fela fa go bapisiwa le nako ya morago ga kotsi e ke neng ke ikutlwa ke nyera marapo.”

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Bontsi jwa badiri ba diofisi ba ngomogile pelo

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ga se go ngomoga pelo gotlhe go go sa go siamelang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela