LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 2/8 ts. 13-15
  • A Kutlwano ya Bokeresete e Dumelela go Farologana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Kutlwano ya Bokeresete e Dumelela go Farologana?
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Ngoka Mongwe le Mongwe wa Rona
  • Maikaelelo a Modimo a Kwa Tshimologong
  • Go Akanyetsa Batho ba Bangwe
  • Kutlwano le Pharologano —Tekatekanyo e e Seng Motlhofo
  • Bonang Kubu e e Maatla!
    Tsogang!—2003
  • Galaletsang Modimo “Ka Molomo o le Mongwe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Kutlwano ya Bokeresete e Galaletsa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Lo Nne Lo na Le Kutlwano mo Metlheng Eno ya Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 2/8 ts. 13-15

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Kutlwano ya Bokeresete e Dumelela go Farologana?

KUTLWANO ke selo sa botlhokwa thata mo phuthegong ya Bokeresete. Go se dumalane ka dithuto tsa bodumedi go ka baka dikgotlhang tse dikgolo, dikgaogano tota le bobaba. (Ditiro 23:6-10) Baebele ya re “Modimo ke Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, fa e se wa kagiso.” (1 Bakorintha 14:33) Ka jalo, Bakeresete ba gakololwa gore ba bue ka tumalano le gore ba nne le kutlwano mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya.—1 Bakorintha 1:10.

A mafoko ano le a mangwe a a tshwanang le one mo Baebeleng a kgothaletsa Bakeresete gore ba dire dilo ka go tshwana kgo, mo go sengwe le sengwe? (Johane 17:20-23; Bagalatia 3:28) A Bokeresete jwa boammaaruri jo bo tlhalosiwang mo Baebeleng bo kgatlhanong le gore batho ba nne le botho jo bo sa tshwaneng? A Bakeresete botlhe ba tshwanetse go dira dilo ka tsela e e tshwanang kgo, ba sa farologane?

Modimo o Ngoka Mongwe le Mongwe wa Rona

Batho bangwe ba dumela thata gore Baebele ke sedirisiwa se se laolang bontsi jwa batho ka tsela e e gagametseng. Ke boammaaruri gore gantsi makoko mangwe a ile a e dirisa jalo ka tsela e e sa siamang. Le fa go ntse jalo, Jesu ene o ne a na le pono e e farologaneng gotlhelele ka Dikwalo le Mokwadi wa tsone wa Bomodimo ka tsela e e farologaneng gotlhelele le eo. O ile a tlhalosa Modimo e le yo o kgatlhegelang sengwe le sengwe sa dibopiwa tsa gagwe thata.

Jesu o ne a tlhalosa jaana mo go Johane 6:44: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” Lediri le le dirisitsweng fano ga le kaye gore Modimo o pateletsa batho go mo latela ba sa batle. Go na le moo, Modimo o re ngoka ka bonolo, a gapa dipelo tsa rona. Go ntse fela jaaka mokanoki mongwe wa Baebele a boletse gore go na le ‘sengwe se Modimo a re tlhotlheletsang ka sone se se dirang gore mogopolo wa rona o dumele mo go ene.’ Mmopi ga a lebe batho e le segopa fela se se sa tshwanelang go farologana. O sekaseka mongwe le mongwe wa bone mme ka bonolo a ngoke ba dipelo tsa bone di sekametseng mo go direng se se siameng.—Pesalema 11:5; Diane 21:2; Ditiro 13:48.

Ela tlhoko kafa moaposetoloi Paulo a neng a fetofetoga le maemo ka teng. O ne a lemoga dilo tse batho ba di tlhokang ka ntlha ya go farologana ga bone le go dumela gore dikgopolo dingwe di ne di atile thata mo bathong ba ditšhaba tse di rileng kana ba ba godisitsweng ka tsela e e rileng. Mme o ne a fetofetola tsela e a dirisanang le bone ka yone go ya kafa go tlhokegang ka teng. O ne a kwala jaana: “Mo Bajudeng ke ne ka nna jaaka Mojuda, e le gore ke tle ke gape Bajuda . . . Mo go ba ba bokoa ke ne ka nna bokoa, e le gore ke tle ke gape ba ba bokoa. Ke ntse dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe, e le gore kafa go ka kgonegang ka gone ke tle ke boloke bangwe.”—1 Bakorintha 9:20-22.

Ga go na pelaelo gore Paulo o ne a sa pateletse gore batho ba tshwane fela botlhe kana go ba tshwara ka tsela e e tshwanang. O ne a ba kgothatsa jaana: “A puo ya lona ka metlha e nne ka bopelontle, e lokilwe ka letswai, e leng gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakolosa 4:6) Ee, Paulo le Bakeresete ba bangwe ba ne ba tsaya tsia e bile ba tlotla kgang ya go bo batho ba farologana e le gore ba tle ba kgone go ba thusa.

Maikaelelo a Modimo a Kwa Tshimologong

Go tlotla motho mongwe le mongwe jalo go tswelela pele le fa motho a setse a le wa phuthego ya Bokeresete. Batho ba Modimo ga ba patelediwe go fetoga se ba leng sone e le gore botlhe fela ba tshwane go ya ka tsela e ba ba eteletseng pele ba ba batlang ba nna ka yone. Go na le moo, ba itumelela go nna le botho jo bo farologaneng le go nna le dikgono, mekgwa le dikgopolo tse di sa tshwaneng. Tsela e mongwe le mongwe a farologanang le ba bangwe ka yone ga e tsewe e le selo se se tshwenyang kana se se sa siamang. Ke tsela e Modimo a neng a batla dilo di nna ka yone kwa tshimologong.

Ke gone ka moo, mo lefatsheng le lesha le Baebele e le solofeditseng batho ba ba siameng, go itekanela ga batho go tla akaretsa gore ba nne le dilo tse dintsi tse ba farologaneng ka tsone. (2 Petere 3:13) Saetlopedia ya Baebele ya Insight on the Scripturesa e tlhalosa seno sentle jaana ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Perfection [Boitekanelo]”: “Le fa go ntse jalo, boitekanelo ga bo kaye gore ga go ne go tlhola go nna le mefutafuta e e farologaneng ya dilo jaaka gantsi batho bangwe ba akanya. Diphologolo, tse e leng dingwe tsa ‘ditiro tse di itekanetseng’ tsa ga Jehofa (Ge[nesise] 1:20-24; Du[teronome] 32:4), di mefutafuta e e farologaneng.”

Insight e oketsa jaana: “Go itekanela mo polaneteng eno ya Lefatshe le gone ga se gore go tla bo go se na mefutafuta e e farologaneng ya dilo, diphetogo kana dilo tse di sa tshwaneng; go tla bo go na le dilo tse di motlhofo le tse di raraaneng, dilo tse di sa kgabisiwang le tse di kgabisitsweng thata, tse di botlha le tse di botshe, tse di magwata le tse di borethe, naga e e tletseng bojang le e e sekgwa, dithaba le mekgatsha. Go tla bo go na le pheswana e e monate e e phepa ya dikgakologo, mogote wa selemo ka loapi lwa sone lo lo pududupududu, mebalabala e mentle ya letlhabula, le bosweu jo bontle jwa kapoko e e sa tswang go wa. (Ge[nesise] 8:22) Ka jalo ga se gore batho ba ba itekanetseng ba tla bo ba tshwana botlhe fela ka botho jo bo tshwanang, ditalenta le dikgono.”

Go Akanyetsa Batho ba Bangwe

Le fa go ntse jalo, Bokeresete jwa boammaaruri bo kgatlhanong le gore motho a nne le moya wa bopelotshetlha a sa akanyetse batho ba bangwe. Moaposetoloi Paulo o ne a ela tlhoko sengwe le sengwe se a neng a se dira mo botshelong le mo boitshwarong jwa gagwe gore a se ka a kgopisa batho ba bangwe. O ne a bua jaana mo lekwalong le a le kwaletseng phuthego ya Korintha: “Ka tsela epe ga re neye lebaka lepe la go kgopega, e le gore bodiredi jwa rona bo tle bo se ka jwa bonwa molato.” (2 Bakorintha 6:3) Ka dinako dingwe re tshwanetse go itima dilo dingwe tse re di ratang e le fela gore re dire dilo go ya kafa batho ba bangwe ba ka ratang ka teng go na le kafa rona re batlang ka teng. Ka sekai, Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Baroma jaana: “Go molemo gore o se ka wa ja nama kgotsa wa nwa beine kgotsa wa dira sepe fela se mokaulengwe wa gago a kgotšwang ke sone.”—Baroma 14:21.

Le gompieno motho a ka itima go nwa bojalwa fa a na le motho mongwe yo o palelwang ke go laola tsela e a nwang ka yone. (1 Bakorintha 10:23, 24) O dira jalo a supa bopelonomi le lorato, e seng ka go bo a patelesega go dira jalo. “Le eleng Keresete o ne a se ka a iitumedisa.” Jesu e ne e le motho yo o farologaneng le ba bangwe, le fa go ntse jalo, ga a ka a gagamalela gore batho ba bangwe ba dire se ene a se batlang a sa akanyetse maikutlo a bone.—Baroma 15:3.

Le fa go ntse jalo, sengwe sa dilo tse di kgatlhang thata ka Bokeresete jwa boammaaruri ke tsela e bo tlotlang ditshwanelo le ditswetso tsa mongwe le mongwe ka yone fa fela di dumalana le dikaelo tsa Baebele. E re ruta gore Modimo o re dirile re farologana e bile re sa tshwane le ope. Mo go 1 Bakorintha 2:11 re bala jaana: “Ke mang gareng ga batho yo o itseng dilo tsa motho fa e se moya wa motho o o mo go ene?” Re leka ka bojotlhe go tlhaloganya batho ba bangwe kafa go ka kgonegang ka teng. Le fa go ntse jalo, temana eno e bolela gore mongwe le mongwe wa rona o farologane le batho ba bangwe ka tsela e e tlhaloganngwang ke rona fela le ke Mmopi wa rona. Re na le “motho wa sephiri wa pelo” o re mo senolang fa re batla.—1 Petere 3:4.

Kutlwano le Pharologano —Tekatekanyo e e Seng Motlhofo

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhomela Bakeresete sekao se se molemo sa go nna tekatekano. Le mororo a ne a na le taolo ka e ne e le moaposetoloi wa ga Keresete, o ne a le kelotlhoko gore a se ka a pateletsa batho ba bangwe megopolo ya gagwe.

Ka sekai, Paulo o ne a rata thata gore batho ba nne ba sa nyala mo lefatsheng leno la batho ba ba sa itekanelang. Ene ka boene o ne a sa nyala ka nako ya fa a ne a kwala jaana: “Ba ba [nyalang] ba tla nna le pitlagano mo nameng,” mme “[motlholagadi] o itumela segolo fa a nna jaaka a ntse, go ya ka kgopolo ya me.” Go bo mafoko a gagwe a ile a nna bontlhanngwe jwa Lefoko la Modimo go bontsha gore kgopolo eno ya gagwe e ne e se phoso. Le fa go ntse jalo, gape o ile a tlhalosa jaana: “Lefa o ne o ka nyala, o ne o tla bo o sa dire boleo.”—1 Bakorintha 7:28, 40.

Go bonala fa bontsi jwa baaposetoloi e ne e le banna ba ba nyetseng, jaaka fa Paulo a bolela mo mafokong ano: “Re na le taolo ya go tsaya kgaitsadi re tsamaya le ene e le mosadi yo re mo nyetseng, le eleng jaaka baaposetoloi ba bangwe botlhe le barwarraa Morena le Kefase ba dira, ga ke re?” (1 Bakorintha 9:5) Bakeresete ba ne ba itse gore mo kgannyeng eno ba ne ba ka tlhopha go dira tshwetso e e farologaneng le ya ga Paulo mme o ne a tla nna a ba tlotla.

Baobamedi ba Modimo ga ba bolo go nna ba letlwa go bontsha tumelo ya bone go ya ka botho jwa mongwe le mongwe wa bone. Tota e bile, Modimo o ile a letla le e leng bakwadi ba Baebele gore mongwe le mongwe a kwale ka tsela ya gagwe. Ka sekai, le mororo Nehemia a ne a le boikokobetso, o ile a kwala pego ya gagwe ka go tla a ikumaka. (Nehemia 5:6, 19) Ka fa letlhakoreng le lengwe, moaposetoloi Johane ene ka ntlha ya go nna bori ga a ka a dirisa leina la gagwe le fa e le gangwe fela mo pegong ya gagwe ya Efangele e bile o ikumaka sewelo fela. Modimo o ile a amogela mekgwa eno ka bobedi mme a dira gore e akarediwe mo Baebeleng.

Re bona dikai tse di ntseng jalo tsa go nna tekatekano le kakanyetso mo Dikwalong tsotlhe. Go mo pepeneneng gore, kutlwano ya Bokeresete e letlelela go farologana. Ke boammaaruri gore go farologana ka tsela e batho ba godisitsweng ka yone le ka dikakanyo go ka baka dikgaogano fa go sa dirisiwe dinonofo tsa semoya. (Baroma 16:17, 18) Mme fa re ‘ikapesa lorato, loo e leng sebofo se se itekanetseng sa go nna seoposengwe,’ re ithuta go amogela le go itumelela botho jwa batho ba bangwe jo bo sa tshwaneng le jwa rona.—Bakolosa 3:14.

Baebele ya re: “Jalo amogelanang, fela jaaka Keresete le ene a ne a re amogela, ka tebelelo ya kgalalelo mo Modimong.” (Baroma 15:7) Ka thuso ya moya wa Modimo, Bakeresete ba ka kgona go nna tekatekano mo go direng gore ba nne le kutlwano fa ka fa letlhakoreng le lengwe ba ntse ba itumelela mefutafuta e e farologaneng ya batho ba ba leng mo phuthegong.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Mmopi ga a lebe batho e le segopa fela se se sa tshwanelang go farologana

[Mafoko a a mo go tsebe 15]

Mongwe le mongwe wa rona o farologane le batho ba bangwe ka tsela e e tlhaloganngwang ke rona fela le ke Mmopi wa rona

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela