Basha ba Botsa Jaana . . .
A Diphati Tse di Leratla ke Monate Fela o o Seng Kotsi?
“Fa ke bina matsogo a me a le mo moyeng le mmino o ntsena mo mading, ke ikutlwa ke tsenngwa mo moweng ke ba bangwe ba le bone ba binang. Ke ikutlwa e kete ke tsewa ke maikutlo.”—Gena.
KE KAFA Gena a tlhalosang monate wa kwa phating e e leratla ka teng. Diphati tseno tse go binwang kwa go tsone, tse gantsi di nnang bosigo jotlhe, di ne tsa simolola go ata thata kwa Boritane ka bo1980. Jaanong di setse di atile thata mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, go akaretsa le Afrika Borwa, Belgium, Canada, India, Jeremane, New Zealand le United States.
Diphati tseno tse di leratla di tshwarelwa mo ditlelapeng, mo mabolokelong a a sa tlholeng a dirisiwa, mo ditsheng tse di lolea—gongwe le gongwe fela kwa batho ba ka kokoanelang teng go tla go bina bosigo jotlhe e kete ba a tsenwa, ba sa kgaotse. Adam Levin o kwadile seno mo go Sunday Times Magazine ya Johannesburg ya Afrika Borwa: “Ka bonya ka bonya diphati tseno tse di leratla di tsaya maemo a di-nightclub mo go nneng boitapoloso jo basha ba bo ratang.” O ne a oketsa ka gore: “Fa e le gore bana ba gago ba basha ga ba ise ba bue sepe ka gone, o na le bothata jwa puisano le bone.”
Go Leba se se Diragalang kwa Diphating Tse di Leratla
Ka dinako dingwe diphati tseno tse di leratla di direlwa mo sephiring, lefelo le di tla tshwarelwang kwa go lone ga le itsisiwe go fitlha ka letsatsi la tiragalo. Le fa go ntse jalo, fa dipone tsa teng tse di mebalabala le mmino o o ubang di simolola, basha ba ba ka nnang masome a sekae fela go ya go ba le diketekete ba ba apereng diaparo tse di sa tlwaelegang ba ka nna teng. Katy yo e leng moithuti yo o leng mo ngwageng wa bobedi kwa kholetšheng a re: “Go ntse jaaka e kete matshwititshwiti a mantsi a a kopantsweng a batho a bina a ithokgolaka go tsamaisana le moporo wa mmino.”
Le fa go ntse jalo, phati e e leratla ga se fela go bina. Gape ke tlwaelo kgotsa “tiragalo,” jaaka fa batho ba ba ratang go ya kwa go tsone ba go bitsa. Dilo tsa motheo tse di gatelelwang mo diphating tseno tse di leratla gantsi ke kagiso, lorato, kutlwano le tlotlo—go sa kgathalesege gore motho ke wa lotso lofe, setšhaba kgotsa tshekamelo efe ya tsa tlhakanelodikobo. Mong wa lebenkele lengwe le le tlwaelegileng ka mmino o o binelwang a re: “Re ntse re leka go tswakanya ditso kwa diphating tseno.” O oketsa ka gore: “Maikaelelo ke go nna seoposengwe mme go bina mmogo ke tsela e e molemo ya go fitlhelela seo.”
Ka ntlha ya dikgopolo tseno tse di lebegang di le molemo, o ka nna wa botsa gore, ‘Ke eng se se ka tswang se le phoso ka diphati tseno tse di leratla?’ Le fa go ntse jalo, go na le sengwe gape ka diphati tseno tse di leratla se o tshwanetseng go se akanyetsa.
Sengwe se se Seng Molemo ka Diphati Tse di Leratla
Bangwe ba bolela gore bojalwa ga bo ke bo nna teng kwa diphating tseno tse di leratla. Le fa go ntse jalo, diokobatsi tsone ke kgang e sele. Brian yo e leng mongwe wa batho ba ba ratang diphati tseno tse di leratla o dumelana jaana: “Motho o ipotsa gore a batho ba ne ba ka rata diphati tseno tse di leratla fa go ka bo go se na diokobatsi tse dintsi thata jaana mo go tsone.” O oketsa jaana: “Gone mme, ba bangwe ba a ipotsa gore a diphati tseno tse di leratla di ka bo di nnile teng kwantle ga tsone.”
Le fa gone motokwane le LSD di tlwaelegile mo diphating dingwe tse di leratla, seokobatsi se bangwe ba batho ba ba nnang teng mo diphating tse di leratla ba se ratang thata go lebega e le MDMA, se gantsi se itsegeng e le Ecstasy. Batho ba ba dirisang Ecstasy ba bolela gore ga e diphatsa. Ba gatelela gore e ba neela fela maatla a gore ba kgone go bina bosigo jotlhe e bile e dira gore ba ikutlwe ba itekanetse sentle. Le fa go ntse jalo, mo setlhogong se se reng “Seokobatsi se se Tlwaelegileng se ka Nna sa Gobatsa Boboko,” The New York Times e bolela gore Ecstasy “e ka nna le ditlamorago tsa nako e telele, tse di diphatsa tse di ka amang keletso ya motho ya dijo, boroko, maikutlo, phadimogo le ditiro dingwe tsa tlhaloganyo.” Mme ga se tsone fela. Dr. Howard McKinney o bolela gore: “Go na le ba ba bolailweng ke Ecstasy le ditiragalo dingwe di le mmalwa tse mo go tsone batho ba ba neng ba dirisa selekanyo sa yone se se lekaneng ba neng ba nna le bothata jwa pelo, jwa sebete kgotsa jwa kidibalo e kgolo.” Ke ka lebaka le le utlwalang go bo Dr. Sylvain de Miranda a ile a bolela jaana: “Batho ba e reng fa ba ile kwa diphating tse di leratla ba bo ba fitlha ba dirisa Ecstasy ba bina le loso.”
Le e leng diokobatsi tsa ditlhatshana—tse di jaaka Herbal Acid, Acceleration, Ecstasy ya ditlhatshana kgotsa Rush—di ka nna kotsi. Ka sekai, go bolelwa gore mo maemong a a rileng, seokobatsi sa ditlhatshana sa Acceleration se ka baka bolwetse jwa pelo le e leng loso.
Go na le sengwe gape se batho ba ba sa ntseng ba tatalalela gore diokobatsi tse di dirisiwang kwa diphating tseno tse di leratla ga di kotsi, ba tshwanetseng go se ela tlhoko. Letseka lengwe la kwa Canada e bong Ian Briggs o boletse gore diperesente di le 90 tsa diokobatsi tse di rekisiwang go twe ke Ecstasy tota ga se Ecstasy. A re: “Bontsi jwa yone ke PCP kgotsa diokobatsi tse dingwe tse di kotsi. Batho ba ba rekisang diokobatsi tseno ba boferefere. Ga ba yo fa diokobatsi tseno di simolola go ntsha mokgwa.”a
Gone ke boammaaruri gore dingwe tsa diphati tse di leratla di ka nna tsa bo di se na diokobatsi. Le fa go ntse jalo, tota le batho ba ba ratang diphati tseno tse di leratla ba tla dumela gore gantsi ga o ka ke wa kgona go bonela pele gore a mongwe fela, bontsi kgotsa botlhe ba ba tlileng mo phating e e leratla ba tla bo ba tagilwe ke sengwe.
A Diphati Tse di Leratla di go Siametse?
Ga se gore mmino le tantshe ka botsone di phoso e bile ga go molato go batla go ijesa monate. Kana e bile Baebele ya re go na le “nako ya boitumelo” le “nako ya go bina.” (Moreri 3:4, Today’s English Version) Gape e gakolola jaana: “Itumele . . . mo bokaung jwa gago.” (Moreri 11:9) Ka jalo Mmopi o batla gore o itumele! Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go gakologelwa gore “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula,” e bong Satane Diabolo. (1 Johane 5:19) Ka jalo, ga go a tshwanela go go gakgamatsa gore mefuta ya boitlosobodutu e lefatshe le e tseelang kwa godimo gantsi e a bo e tswakane le dilo tse di sa siamang.
Ka sekai, akanya ka ba ba nnang teng kwa diphating tse di leratla. A ba latela kgakololo ya Baebele ya go ‘intlafatsa teswafalo nngwe le nngwe ya nama le moya’? (2 Bakorinthe 7:1) Ke boammaaruri gore batho ba ba ratang diphati tseno tse di leratla ba ka tswa ba buelela kagiso, lorato le kutlwano. Le fa go ntse jalo, “botlhale jo bo fologang bo tswa kwa godimo” bo gaisa fela go nna le “kagiso”; gape bo “itshekile.” (Jakobe 3:15, 17) Ipotse jaana, ‘A maitsholo a ba ba ratang go ya kwa diphating tseno tse di leratla a dumalana le melao e e mo Lefokong la Modimo e bong Baebele? A ke batla go fetsa bosigo jotlhe ke na le “barati ba menate go na le barati ba Modimo”?’—2 Timotheo 3:4; 1 Bakorinthe 6:9, 10; bapisa Isaia 5:11, 12.
Tseno ke dipotso tse di botlhokwa tse o ka akanyang ka tsone, ka go bo Paulo o kwadile a bolela gore “go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e nang le mosola.” (1 Bakorinthe 15:33) Go itlwaelanya le ba ba tlhokomologang melao ya Modimo go tla felela ka masetlapelo, ka go bo Baebele e bolela gore: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.”—Diane 13:20.
Boammaaruri ke gore diphati tseno tse di leratla sentlentle ke diphati tsa diokobatsi e bile ba ba nnang teng mo go tsone ba ka roba matswela a a utlwisang botlhoko. Ka sekai, diphati dingwe tse di leratla di na le go phoruphodiwa le go emisiwa ke mapodise, e ka tswa e le ka gonne di se kafa molaong kgotsa ka gonne go na le diokobatsi. A o ka rata go tsewa o le mongwe wa batho ba ba sa utlweng molao? (Baroma 13:1, 2) Tota le fa go sa nne le tlolomolao epe, a o ka nna teng mo phathing e e ntseng jalo mme o bo o nna o “se na selabe se se tswang mo lefatsheng”? (Jakobe 1:27) E re ka Baebele e kgala mediro ya botlhapelwa kgotsa “diphati tse di modumo bobe” (Byington), a go nna teng kwa phating e e leratla go tla go dira gore o kgone go boloka segakolodi sa gago se le phepa mo pele ga Modimo le batho?—Bagalatia 5:21; 2 Bakorinthe 4:1, 2; 1 Timotheo 1:18, 19.
Ka phepafalo, Bakeresete ba tshwanetse go ela tlhoko kotsi ya diphati tseno tse di leratla. Le fa go ntse jalo, o se ka wa tlalelwa. Go na le boitlosobodutu jo bontsi jo o ka bo ipelelang. Ka sekai, malapa a le mantsi a Basupi ba ga Jehofa a na le go nna le dikokoano tse di molemo.b Ka go rulaganya dilo sentle le go okamela dilo ka kelotlhoko, seno se dira gore botlhe ba ba leng teng ba ikutlwe ba lapologile mo semoyeng le mo mmeleng. Sa botlhokwa go gaisa, kokoano e e agang e itumedisa Jehofa, “Modimo o o itumetseng,” o o batlang gore batho ba gagwe ba ipele.—1 Timotheo 1:11; Moreri 8:15.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a PCP (phencyclidine) ke molemo o o idibatsang o ka dinako dingwe o dirisiwang ka tsela e e sa siamang go dira gore tlhaloganyo ya motho e akanye dilo tse di seyong.
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Tora ya Tebelo ya August 15, 1992, ditsebe 15-20, le Tsogang! ya June 8, 1997 ditsebe 8-10.
[Lebokoso mo go tsebe 24]
Techno ke Eng?
Fa e tlhalosiwa ka tsela e e motlhofo fela, techno e bolela mmino wa eleketeroniki o o binelwang. 0 akare-tsa mefuta e le mentsi. Bontsi bo tla tlhalosa mmino wa techno eleoo tletseng moribo ka go bo gantsi o na le meporo e e tlogang go e le 115 go ya go e le 160 ka motsotso.
The European e bolela gore: “Mo go ba ba sa tlwaelang mmino wa techno, o utlwala e le medumo e o e utlwang fa o dutse mo setulong sa ngaka ya meno, e kopantswe le medumo e o ka e ikakanyetsang ya bosi-go jwa fa Sodoma le Gomora di ne di senngwa.“ Le fa go ntse jalo, bareetsi bangwe ba gogelwa ke moporo o o tiileng wa mmino wa techno. Christine wa dingwaga di le 18 a re: “Nna mmino ono o ntira gore ke ikutlwe ke na le kgololesego le boipuso tse di sa lekanyediwang.“ Sonja le ene o ikutlwa fela jalo. O a dumela gore: “La ntlha ke ne ke sa rate mmino wa techno gotlhelele. Le fa go ntse jalo, fa o ntse o o reetsa thata, o simolo-la go o rata. Fa o o bulela kwa godimo, ga o kgone go itlhokomolosa moporo wa one o o itayang ka maatla. O iphitlhela o setse o tsikinyega. Fa o sa nne kelotlhoko, moporo oo o laola mmele otlhe wa gago.“ Shirley wa dingwaga di le 19 o bona sengwe se se boteng ka mmino ono wa techno. 0 bolela jaana: “Ga se mmino fela. Ke tsela yotlhe ya botshelo e e supiwang ka moaparo le ka puo.“
Bakeresete ba eletsa go ‘nna ba tlhomamisa se se amogelesegang mo Moreneng.’ (Baefeso 5:10) Ka gone ba tshwanetse ba ela tlhoko mmino wa techno fela jaaka ba ne ba tla dira ka mofuta o mongwe wa mmino. Fa o iphitlhela o setse o rata mmino wa techno thata, ipotse jaana: ‘Mofuta ono wa mmino o nkama Jang? A o dira gore ke itumele, ke ritibale le go nna le kagiso? Kgotsa o a nkgalefisa, gongwe le e leng go dira gore ke shakgale kgotsa go dira gore ke nne le megopolo ya boitsholo jo bo maswe? A go gapiwa maikutlo ga me ke mofuta ono wa mmino go tla dira gore ke kga-tlhegele mokgwa wa one wa botshelo? A ke tla raele-sega go nna teng kwa phating e e leratla e le gore ke utlwe mofuta ono wa mmino kgotsa go o binela?’
Ruri, kgang ya konokono ke eno: Se letle mmino ope fela ooo ratang go tsena gareng ga gago le Rraago wa selegodimo.