LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 12/8 ts. 13-15
  • A Bakeresete ba Tshwanetse go Tlhoa Basodoma?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bakeresete ba Tshwanetse go Tlhoa Basodoma?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Pono ya Modimo
  • “Lo Ileng Bosula”
  • “Modimo Ga a Tlhaole”
  • Bakeresete ba Amogela Mosokologi
  • Bosodoma—A Tota bo Maswe Thata Jalo?
    Tsogang!—1995
  • A Bosodoma bo ka Tsamaya bo Amogelesega?
    Tsogang!—2012
  • A go Ratana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang go Phoso?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Nka Tlhalosa Jang Gore Baebele ya Reng ka go Ratana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 12/8 ts. 13-15

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Bakeresete ba Tshwanetse go Tlhoa Basodoma?

KA 1969 go ne ga tlhamiwa lefoko le lengwe mo puong ya Seesemane le le tlhalosang go boifa basodoma ka tsela ya boeleele kgotsa go ba ila. Lefoko leo ke “homophobia.” Dipuo di le dintsi ga di na lefoko leno le le tlhamaletseng, le fa go ntse jalo ka dingwaga di le diketekete, batho ba ditšhaba tse dintsi le maleme ba ne ba bontsha go ila basodoma.

Le fa go ntse jalo, mo dinakong tsa bosheng jaana bosodoma bo rotloediwa thata jaaka mokgwa fela o mongwe wa tlhakanelodikobo. Mokwalahisitori e bong Jerry Z. Muller bosheng jaana o ne a kwala ka “tlhokego e e ntseng e oketsega ya gore setšhaba se lemoge le go tlotla bosodoma mo go bonalang.” O ne a tlhalosa gore basodoma “ba ile ba nna seoposengwe go bolela fa mokgwa wa bone o siame le go lwela gore ba bangwe le bone ba dire jalo.” Seno se bonwa segolobogolo kwa dinageng tsa Bophirima. Le fa go ntse jalo, mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, le e leng dinaga tse go tweng ke tse di letlelelang sengwe le sengwe, bontsi jwa batho bo sa ntse bo nyatsa le go kgala bosodoma.

Basodoma le ba ba belaelwang ka bosodoma gantsi ba tlhaselwa ka mafoko a a tlhabang, ba a tlhorontshiwa e bile ba a itewa. Le e leng baeteledipele ba bodumedi ba bontshitse letlhoo le le ntseng jalo. Bangwe ba simolotse se se lebegang e le dintwa tsa bone ka namana le basodoma. Tsaya ka sekai dikakgelo tse di dirilweng ke bishopo wa Kereke ya Greek Orthodox tse di neng tsa gasiwa bosheng jaana mo radiong ya setšhaba kwa Greece. O ne a bolela gore: “Modimo o tla fisa basodoma ka bosakhutleng mo molelong o o senyang wa dihele. Go kua ga melomo ya bone e e leswe go tla utlwala ka bosayengkae. Mebele ya bone e e boikepo e tla tlhokofadiwa mo go feteletseng.” A ruri seno ke boammaaruri? Modimo o ikutlwa jang ka basodoma?

Pono ya Modimo

Baebele ga e laele gore basodoma jaaka setlhopha ba tshwanetse go kgaphelwa kwa thoko kgotsa ba ilwa ke Bakeresete. E bile ga e rute gore Modimo o tla otlhaya basodoma—kgotsa setshedi sepe fela sa gagwe—ka go ba fisa mo molelong wa dihele ka bosakhutleng.—Bapisa Baroma 6:23.

Le fa go ntse jalo, Dikwalo di tlhalosa melao ya Mmopi wa rona ya boitsholo sentle e gantsi e thulanang le maikutlo a segompieno a boitsholo. Baebele e kgala ditiro tsa bosodoma, tlhakanelodikobo gareng ga batho ba ba sa nyalanang le go kopana le phologolo. (Ekesodo 22:19; Baefeso 5:3-5) Modimo o ne a senya Sodoma le Gomora ka ntlha ya ditiro tse di ntseng jalo tsa tlhakanelodikobo.—Genesise 13:13; 18:20; 19:4, 5, 24, 25.

Lefoko la Modimo le bolela seno ka ditiro tsa bosodoma: “Seno ke selo se se ilegang.” (Lefitiko 18:22, The New Jerusalem Bible) Molao wa Modimo go Iseraele o ne o bolela gore: “Fa monna a lala le monna, a mo etsa mosadi, ba dirile mo go makgapha boo babedi; a ba bolawe ruri.” (Lefitiko 20:13) Go ne ga ntshiwa katlholo e e tshwanang le mo bathong ba ba kopanang le phologolo, ba ba tlhakanelang dikobo le wa losika le ba ba dirang boaka.—Lefitiko 20:10-12, 14-17.

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go tlhalosa ditiro tsa bosodoma e le ditiro tsa ‘go fisegela tlhakanelodikobo mo go tlhabisang ditlhong’ le ‘tse di fapaaneng le tlholego.’ O ne a kwala jaana: “Ke gone ka moo Modimo o neng wa ba leseletsa mo go fisegeleng tlhakanelodikobo mo go tlhabisang ditlhong, gonne batho ba bone ba basadi ba ne ba fetola go dirisiwa ga bone ga tlholego ba go dira mo go fapaaneng le tlholego; mme ka tsela e e tshwanang le eleng batho ba banna ba ne ba tlogela go dirisa motho wa mosadi ka tlholego mme ba fisega mo go maswe mo keletsanong ya bone e e fekeetsang, batho ba banna le batho ba banna, ba dira se se bifelesegang mme ba ikamogelela tefetso e e tletseng, e e neng e tshwanela phapogo ya bone. Mme fela jaaka ba ne ba se ka ba amogela go tsaya Modimo ka kitso e e leng yone, Modimo o ne wa ba leseletsa go nna le seemo sa mogopolo se se sa amogelweng, gore ba dire dilo tse di sa tshwanelang.”—Baroma 1:26-28.

Dikwalo ga di dumalane le seipato sepe, ga di letlelele sepe, ga di temepedi; Modimo o ila ditiro tsotlhe tsa bosodoma, boaka le kgokafalo. Ke gone ka moo, Bakeresete ba boammaaruri ba sa itlhokomoloseng tsela e Baebele e lebang ditiro tseno tsa ‘go fisegela tlhakanelodikobo mo go tlhabisang ditlhong’ e le fela gore ba ratiwe kgotsa ba amogelwe ke batho ba segompieno. E bile ga ba dumalane le mokgatlho ope fela o o buelelang gore bosodoma ke mokgwa fela o o itshiametseng wa botshelo.

“Lo Ileng Bosula”

Baebele e tlhagisa gore: “Lona ba lo ratang Jehofa, a ko lo ileng bosula.” (Pesalema 97:10) Ke gone ka moo Bakeresete ba tshwanetseng go ila tiro nngwe le nngwe e e tlolang melao ya ga Jehofa. Batho bangwe ba ka nna ba bontsha go ila bosodoma thata kana go bo ferogela sebete go feta mefuta e mengwe ya boitsholo jo bo sa siamang, ba leba bosodoma e le mokgwa o e seng wa tlhago wa go tlhakanela dikobo. Le fa go ntse jalo, a Bakeresete ba tshwanetse go ila batho ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo?

Mopesalema o ne a re neela lesedi mo kgannyeng eno mo go Pesalema 139:21, 22: “Jehofa, a ga ke ile bone ba ba go ilang? A ga ke a tlhokofadiwa ke ba ba go tsogologelang? Ke a ba ila ka kilo e tona thata; ke ba kaya e le baba ba me.” Boikanyegi jwa rona jo bo nitameng mo go Jehofa le melaometheo ya gagwe bo tshwanetse jwa re tlhotlheletsa gore re tlhoe thata ba ba tsuologelang Jehofa ka boomo le ba ba itirang baba ba Modimo. Satane le badimona ba gagwe ke bangwe ba baba ba ba ntseng jalo ba Modimo. Batho bangwe le bone go ka direga gore ba wela mo setlhopheng seno. Le fa go ntse jalo, go ka nna bokete thata gore Mokeresete a lemoge batho ba ba ntseng jalo ka ponalo ya bone ya kafa ntle. Ga re kgone go bona dipelo. (Jeremia 17:9, 10) Go tla bo go le phoso go tsaya fela gore motho mongwe ke mmaba yo o ka se keng a fetoga wa Modimo ka ntlha ya go bo a dira dilo tse di sa siamang. Mo mabakeng a le mantsi badirabosula ga ba itse melaometheo ya Modimo.

Ke gone ka moo, Bakeresete ba sa itlhaganeleleng go tlhoa batho ba bangwe. Le e leng le fa ba ila thata mekgwa mengwe e e rileng ya go tshela, ga ba senke go utlwisa ba bangwe botlhoko, kgotsa gone go ba ila kana go ba eleletsa bosula. Go na le moo, Baebele e gakolola Bakeresete gore ba ‘agisane le batho botlhe.’—Baroma 12:9, 17-19.

“Modimo Ga a Tlhaole”

Jehofa o tla itshwarela motho fa a ikwatlhaya ka boammaaruri go sa kgathalesege boitsholo jo bo maswe jo a neng a ntse a bo dira. Ga go na bosupi jwa gore Jehofa o leba mokgwa o mongwe wa boitsholo jo bo maswe o le maswe go gaisa o mongwe. “Modimo ga a tlhaole.” (Ditiro 10:34, 35) Ka sekai, akanya ka kgang ya phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Korinthe. Moaposetoloi Paulo o ne a e kwalela jaana: “Go le bagokafadi, lefa e le baobamedi ba medingwana, lefa e le baakafadi, lefa e le banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego, lefa e le banna ba ba robalang le banna, lefa e le magodu, lefa e le batho ba ba bogagaru, lefa e le matagwa, lefa e le bagobolodi, lefa e le batsayakadikgoka ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” Go tswa foo Paulo o ne a bolela gore bangwe ba e neng e le bagokafadi, baakafadi, basodoma le magodu ba ne ba amogetswe mo phuthegong ya Bokeresete mo Korinthe. O ne a tlhalosa gore: “Mme lefa go ntse jalo seo ke se bangwe ba lona ba neng ba le sone. Mme lo tlhapisitswe mo lo leng phepa, mme lo itshepisitswe, mme lo boletswe lo le ba ba siameng mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete le ka moya wa Modimo wa rona.”—1 Bakorinthe 6:9-11.

Gone mme, Jehofa ga a dumalane le gore motho a tswelele pele a tlola melao ya gagwe ya boitsholo e e siameng a sa fetoge. O tlhoile thata motho yo o itlhokomolosang melaometheo ya gagwe ka botlhogoethata. Le fa go ntse jalo, o nna a iketleeditse go letlana le motho yo o ntseng jalo. (Pesalema 86:5; Isaia 55:7) Tumalanong le seno, Bakeresete ga ba bogise basodoma kgotsa motho ope fela, ga ba ba tshware makgwakgwa, ga ba ba sotle kgotsa go ba tlhorontsha. Bakeresete ba boammaaruri ba leba batho ba bangwe e le ba e ka nnang barutwa ba ga Keresete, ba ba tshwara ka tlotlo le ka seriti. Baebele ya re: “Seno se molemomogolo e bile se a amogelesega mo ponong ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo, o thato ya one e leng gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Timotheo 2:3, 4.

Bakeresete ba Amogela Mosokologi

Gangwe le gape, Baebele e bolela gore Modimo o a itshwarela. E mo tlhalosa e le “Modimo o o maitshwarelo; o pelotshweu, o tletse bopelotlhomogi, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko.” (Nehemia 9:17; Esekiele 33:11; 2 Petere 3:9) Gape Baebele e mo tshwantsha le rre mo setshwantshong sa ga Jesu se se kaga morwa wa sesenyi, yo o neng a senya boswa jwa gagwe ka boaka kwa nageng e e kwa kgakala. Rre yono o ne a mo emetse ka diatla tsoopedi go mo amogela fa kgabagare morwa a itharabologelwa, a ikwatlhaya mme a boela kwa lelapeng la gaabo.—Luke 15:11-24.

Ee, go a kgonega gore modirabosula a fetoge. Dikwalo di dumela seno ka go kgothaletsa batho go apola botho jwa bone jwa bogologolo le go apara jo bosha mme “ba dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo.” (Baefeso 4:22-24) Batho ba ba dirang bosula, go akaretsa le basodoma ba ka dira diphetogo tse dikgolo mo tseleng ya bone ya go akanya le mo boitsholong e bile ba le bantsi ba ile ba atlega jalo mo go fetogeng.a Jesu ka boene o ne a rerela ba ba ntseng jalo; mme fa ba se na go ikwatlhaya, o ne a ba amogela.—Mathaio 21:31, 32.

Bakeresete ba amogela batho ba ba sokologileng ba ba tswang mo ditseleng tse di farologaneng tsa botshelo. Morago ga go tlogela ditiro tsotlhe tsa boitsholo jo bo sa siamang, go sa kgathalesege gore e ne e le dife, botlhe ba ka ipelela melemo e e feletseng ya boitshwarelo jwa Modimo ka gonne “Jehofa o molemo mo go tsotlhe; mautlwelobotlhoko a manana a gagwe a okame ditiro tsotlhe tsa gagwe.”—Pesalema 145:9.

Bakeresete ba iketleeditse go ema nokeng le e leng batho ba ba sa ntseng ba kgaratlhela go tlogela ditshekamelo tsa bosodoma ka dilo tsa semoya. Seno se tumalanong le tsela e Modimo ka boene a bontshang lorato ka yone, ka gonne Baebele ya re: “Modimo o re amogedisa lorato lwa one ka gore, fa re ne re santse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.”—Baroma 5:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona setlhogo sa “Nka Dirang Gore Ke se Ikutlwe Jaana?,” mo makasineng wa Tsogang! wa April 8, 1995.

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Bakeresete ga ba itlhokomolose pono ya Baebele ka bosodoma

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

Punch

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela