LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 12/8 ts. 21-23
  • Ke Eng se se Siametseng Ngwana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng se se Siametseng Ngwana?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mefuta e Mengwe ya Boikarabelo Jwa go Godisa Ngwana
  • Dipotso Tse go ka Nnang ga Lebanwa le Tsone
  • Boikarabelo Jwa go Godisa Ngwana—Pono e e Lekalekaneng
    Tsogang!—1997
  • Tlhalo Eleruri E Na le Ba E Ba Amang mo go Botlhoko
    Tsogang!—1991
  • Boikarabelo Jwa Go Godisa Ngwana—Bodumedi le Molao
    Tsogang!—1997
  • Go Thusa Bana Bao Batsadi ba Bone Ba Tlhalaneng
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 12/8 ts. 21-23

Ke Eng se se Siametseng Ngwana?

A RE tlhalane kana nnyaa? Eno ke potso e tona e batho ba bantsi ba ba nyalaneng ba ba sa itumelang ba ipotsang yone. Dingwaga tse dintsi tse di fetileng tlhalo e ne e sa amogelwe e bile gantsi e ne e nyadiwa ka mabaka a boitshwaro le a bodumedi. Mme batsadi bape fela ba ba nyalaneng ba ba sa itumelang ba ne ba nna mmogo fela ka ntlha ya bana. Le fa go ntse jalo, boitsholo jwa lefatshe leno bo fetogile gotlhelele bosheng jaana. Gompieno tlhalo e amogelwa gotlhe.

Le fa go ntse jalo, le fa batho ka bontsi ba sa tseye tlhalo e le molato, batsadi ba bantsi, baatlhodi, baitseloago ba amegile thata ka matswela a a bosula a tlhalo e a bakang mo baneng. Go setse go utlwala dikakgelo tse dintsi tse di lemosang ka ga seno. Bosupi jo bo ntseng bo gola bo bontsha gore tlhalo e ka nna le matswela a a botlhoko mo baneng. Batsadi ba rotloediwa go akanya ka ditlamorago tsa tlhalo mo go bone le mo baneng ba bone. Moitseloago e bong Sara McLanahan wa kwa Princeton University, o bolela gore “gareng ga peditharong le tharonnèng ya malapa a a tlhalanang gongwe a tshwanetse go ipha nako e e lekaneng le go akanya sentle ka gone gore a ba dira selo se se siameng.”

Patlisiso ya bosheng e bontsha gore bana ba batsadi ba bone ba tlhalaneng ba mo kotsing ya go ithwala ba sa le basha, go tlogela sekolo, go tshwenyega thata mo maikutlong, go tlhala mo manyalong a bone le go tlatsa palo ya batho ba ba tlamelwang ke puso. Kwa dinageng tsa Bophirima, ngwana a le 1 go ba le 6, batsadi ba gagwe ba tlhalane. Mokwalahisitori e bong Mary Ann Mason, mo bukeng ya gagwe e e kaga boikarabelo jwa go godisa ngwana kwa United States, o ne a re: “Go ka direga ka diperesente di le 50 gore ngwana yo o tshotsweng ka 1990 kgotlatshekelo e dire tshwetso ka ene gore o tla nna kae le gore o tla nna le mang.”

Ka maswabi, ntwa eno ga se ka gale e khutlang ka nako ya tlhalo ka gonne batsadi ba ka nna ba tswelela ba lwa kwa dikgotlatshekelong ba lwela ditshwanelo tsa go godisa ngwana le go ba etela, e leng se se gakatsang go ngomoga pelo ga bana thata. Ditiragalo tseo tse di kgoberang maikutlo mo tikologong eo e e tshosang ya kgotlatshekelo di gwetlha boikanyegi jwa bana mo batsading ba bone e bile gantsi di ba tlogela ba ikutlwa ba akabetse e bile ba boifa.

Mogakolodi wa tsa malapa o boletse gore: “Tlhalo ga e namole bana. Ka dinako dingwe e namola bagolo.” Boammaaruri ke gore batsadi ba ka nna ba rarabolola mathata a bone a a raraaneng ka go tlhalana, le fa go ntse jalo, ka nako e e tshwanang ba ka utlwisa bana ba bone botlhoko ba ba ka nnang ba fetsa matshelo otlhe a bone ba leka go siamisa kutlobotlhoko e e ba diragaletseng.

Mefuta e Mengwe ya Boikarabelo Jwa go Godisa Ngwana

Mo ntweng le mo tobekanong ya maikutlo tse di bakiwang ke go tlhalana, ga go motlhofo go buisana sentle ka tsela e e ritibetseng gore ke mang yo o tlileng go newa boikarabelo jwa go godisa bana. Go fokotsa go tlhaselana ga batsadi le go tila go ngangisana, dikgotlatshekelo dingwe di tle di dirise mokgwa o sele go rarabolola dikgotlhang, o o jaaka go nna le motsereganyi yo e seng wa kgotlatshekelo.

Go tsereganya fa go dirwa ka tsela e e tshwanetseng, go thusa batsadi go dira tshwetso e ba dumalanang ka yone go na le go tlogelela moatlhodi e nna ene a dirang tshwetso ka bana. Fa go tsereganya go sa kgonege, batsadi ba ka kgona go dira ditumalano malebana le gore boikarabelo jwa go godisa bana bo newa mang le kgang ya go ba etela ba thusiwa ke diagente tsa bone. Fa batsadi ba se na go dumalana le go kwala seo, moatlhodi a ka nna a saena taelo e e nang le dilo tse ba dumalanang ka tsone.

Fa batsadi ba sa kgone go dumalana ka thulaganyo ya go neela motsadi yo mongwe bana, lephata la tsa molao kwa dinageng di le dintsi le tla rulaganya ditsela tsa go leka go tlhomamisa gore dikgatlhego tsa bana di a sirelediwa. Moatlhodi o tla amega thatathata ka bana, e seng ka batsadi. Moatlhodi o tla ela tlhoko mabaka a mantsi a a utlwalang a a jaaka dilo tse batsadi ba di eletsang, kamano e ngwana a nang le yone le motsadi mongwe le mongwe, dilo tse ngwana a di tlhophang le bokgoni jwa motsadi mongwe le mongwe jwa go tlhokomela ngwana letsatsi le letsatsi. Ka jalo moatlhodi o tla tlhomamisa gore ngwana o tla nna kae le mang mmogo le ka fa batsadi ba tla dirang ditshwetso tse di botlhokwa ka teng ka ga isagwe ya ngwana.

Mo thulaganyong e mo go yone motsadi a le mongwe a neelwang go tlhokomela ngwana, motsadi a le mongwe e ka nna ene a nnang le thata ya go dira ditshwetso. Mo thulaganyong ya fa batsadi boobabedi ba neetswe go tlhokomela ngwana, batsadi boobabedi ba tshwanetse go dumalana mo ditshwetsong tsa botlhokwa, tse di jaaka tlhokomelo ya boitekanelo le thuto ya ngwana.

Dipotso Tse go ka Nnang ga Lebanwa le Tsone

Fa batsadi ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba lebane le dikgogakgogano tsa go batla go tlhokomela ngwana, ba tshwanetse go akanyetsa le se se siametseng bana ba bone semoyeng. Ka sekai, go tweng fa e le gore motsadi yo e seng Mosupi o kgatlhanong le thapiso epe fela e e neelwang bana e e theilweng mo Baebeleng? Kgotsa go tweng fa e le gore motsadi yo e seng Mosupi o kgaotswe mo phuthegong ya Bokeresete?

Maemo ano a ka nna a dira gore go dira tshwetso go raraane thata mo letlhakoreng la batsadi ba Bakeresete. Ba batla go tsaya kgato ka tsela e e botlhale le e e lekalekaneng mme gape ba batla go nna le segakolodi se se molemo mo pele ga Jehofa fa ka thapelo ba ntse ba akanyetsa dilo tse di siametseng bana.

Mo ditlhogong tse di latelang, re tla leba dipotso tse di tshwanang le tseno: Fa go neelwa motsadi yo mongwe go tlhokomela bana, molao o leba bodumedi jang? Nka fenya jang kgwetlho ya go tlhokomela ngwana ka katlego? Nka itshokela jang go latlhegelwa ke boikarabelo jwa go tlhokomela bana ba me? Nka leba jang tumalano ya gore re tlhokomele ngwana roobabedi le motsadi yo o kgaotsweng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela