Leroborobo—A ke Sesupo sa Bokhutlo?
A MAROBOROBO a motlha wa rona a supa gore bokhutlo jwa lefatshe bo gaufi? Pele ga re araba potso eo, a re sekasekeng se se bolelwang ke “bokhutlo jwa lefatshe.”
Batho ba le bantsi ba dumela gore bokhutlo jwa lefatshe bo bolela gore Modimo o tla senya lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le bolela gore o “tlhodile [lefatshe] gore le agiwe.” (Isaia 45:18, NW) Boikaelelo jwa gagwe ke gore polanete eno e tladiwe ka batho ba ba tshelang sentle, ba ba itumetseng, ba ba tlhagafaletseng go tshela go ya ka melao ya gagwe e e siameng. Ka jalo bokhutlo jwa lefatshe ga bo bolele go fedisiwa ga lefatshe le baagi ba lone. Go na le moo, go bolela go fedisiwa ga tsamaiso ya gompieno le batho ba yone ba ba ganang go dira go rata ga Modimo.
Seno se ne sa bontshiwa ke moaposetoloi Petere, yo o neng a kwala jaana: “Lefatshe la nako eo [la motlha wa ga Noa] le ne la senngwa ka dilo tseo fa le ne le rwalelelwa ka metsi.” Fa lefatshe le ne le senngwa mo nakong ya ga Noa, e ne ya nna baikepi fela ba ba neng ba nyelela. Lefatshe le Noa yo o siameng le lelapa la gagwe ba ne ba sala. Jaaka Petere a bolela moragonyana, Modimo o tla tsaya kgato gape mo isagweng go lere “go senngwa ga batho ba e seng ba bomodimo.”—2 Petere 3:6, 7.
Ditemana tse dingwe tsa Baebele di ema kgopolo eno nokeng. Ka sekai, Diane 2:21, 22 e bolela gore: “Bathokgami ba tlaa aga mo lefatsheng, le baitekanedi ba tlaa sala ba ntse ruri mo go lone. Baikepi ba tlaa kgaolwa ba tlosiwa mo lefatsheng, le ba ba dirang ka bonongwana ba tlaa khumolwa mo go lone.”—Bona gape le Pesalema 37:9-11.
Maroborobo le Bokhutlo Jwa Lefatshe
Le fa go ntse jalo, seno se tla diragala leng? Barutwa ba banè ba ga Jesu ba ne ba mo botsa yone potso eno. Ba ne ba botsa gore: “Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo [kgotsa jaaka dithanolo tse dingwe tsa Baebele di bua, “bokhutlo jwa lefatshe”]?” Jesu o ne a araba ka gore: “Morafe o tla tsogologela morafe le bogosi bo tsogologele bogosi, mme go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.” (Mathaio 24:3, 7) Mo pegong e e tsamaelanang le eo ya Luke 21:10, 11, Jesu o ne a oketsa jaana: “Go tla nna . . . mo mafelong ka go latelana malwetsi a leroborobo . . . mme go tla nna le dipono tse di boifisang le ditshupo tse dikgolo go tswa legodimong.”
Ela tlhoko gore Jesu ga a ka a re maroborobo ke one fela a a tla bontshang gore bokhutlo bo ne bo le gaufi. Go na le moo, gape o ne a bolela ka dintwa tse dikgolo, dithoromo tsa lefatshe le ditlhaelo tsa dijo. Mo boperofeting jwa gagwe jo bo boletsweng ka botlalo mo go Mathaio 24 le 25, Mareko 13 le Luke 21, Jesu o ne a bolelela pele dilo di le dintsi tse di neng di tshwanetse go diragala. Di tshwanetse go diragala tsotlhe ka nako e le nngwe pele ga Modimo a tsaya kgato go fedisa lefatshe leno le le boikepo. Bosupi jwa gore re setse re tshela mo nakong eo bo bonala sentle.
Paradaise e e Tlang
Isagwe ga e kitla e lere go nyelediwa ga batho, e ka tswa e le ka leroborobo kgotsa ka letsogo la Modimo. Jehofa Modimo o solofetsa go fetolela lefatshe leno go le dira paradaise. (Luke 23:43) Gareng ga dilo dingwe, o tla fedisa malwetse a a itayang batho.
Re tlhomamisega ka seno fa re akanya ka bodiredi jwa ga Jesu Keresete, yo o neng a bontsha dinonofo tsa ga Rraagwe sentle. E re ka Jesu a ne a nonotshiwa ke Rraagwe wa selegodimo, o ne a fodisa ba ba neng ba tlhotsa, ba ba golafetseng, ba ba foufetseng kgotsa ba ba dimumu. (Mathaio 15:30, 31) Gape o ne a fodisa le ba ba neng ba tshwerwe ke lepero. (Luke 17:12-14) O ne a fodisa mosadi yo o neng a na le bolwetse jwa go tshologa madi, monna yo o neng a omeletse seatla le monna yo o neng a na le bolwetse jwa go tlala metsi. (Mareko 3:3-5; 5:25-29; Luke 14:2-4) O ne a bo a fodisa “ba ba nang le bolwetse jwa go karalala le ba ba suleng ditokololo.” (Mathaio 4:24) O ne a tsosa baswi ka makgetlho a le mararo!—Luke 7:11-15; 8:49-56; Johane 11:38-44.
Go fodisa gono ka kgakgamatso go bontsha boammaaruri jwa tsholofetso ya Modimo ya gore mo isagweng ya dilo, “monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Leroborobo ga le kitla gape le tlhola le tseela batho boitekanelo le botshelo jwa bone. A bo re leboga jang ne gore Mmopi wa rona yo o lorato o na le bokgoni e bile o rata go phimola go bobola le bolwetse gotlhelele, ka bosakhutleng!—Tshenolo 21:3, 4.
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Jesu o ne a nonotshiwa ke Modimo go fodisa ba ba lwalang
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Mo Paradaiseng e e tlang ya mo lefatsheng, Jehofa o tla fedisa go bobola le bolwetse