LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 11/8 ts. 12-16
  • Thuto go Tswa mo Pitseng ya Mafura

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto go Tswa mo Pitseng ya Mafura
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nna Mojuta
  • Go Tlhasela ga Banasi
  • Phudugo e Kgolo ka Poifo
  • Botshelo Jaaka Batshabi
  • Lelapa la Rona le Tlhopha Bodumedi
  • Bodiredi Kwa Nageng e Sele
  • Nka Duela Jehofa ka Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Ke Rotloeditswe ke Boikanyego Jwa Lelapa la Gaetsho mo Modimong
    Tsogang!—1998
  • “A re Nneng le Tumelo E e Sa Ngodiegeng”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Go Ikanya Tlhokomelo e e Lorato ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 11/8 ts. 12-16

Thuto go Tswa mo Pitseng ya Mafura

Ditiragalo tse di boifisang tsa ntwa ke dingwe tsa dilo tse ke sa ntseng ke di gakologelwa tse di diragetseng ke sa le mmotlana segolobogolo tsa fa re ne re tshaba mo bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe II go falotsa matshelo a rona, fa ke ne ke na le dingwaga di le nnè fela. Lelapa la rona la batho ba le supa le ne le nna kwa Prussia Botlhaba, eo ka nako eo e neng e le karolo ya Jeremane.

KE NE ke gototse matlho mo lefifing le le boifisang, ke reeditse sefofane sa Russia sa dibomo se se neng se atamela. Ka tshoganetso fela, matlhasedi a a bogale le go thunya mo go kabang ditsebe di ne tsa tshuba tanka ya peterole e e neng e le dimetara di le makgolo a sekae kwa kgakalanyana. Terena e re neng re le mo go yone e ne ya tshikinyega mo seporong, mme batho ba goa. Le fa go ntse jalo, ka bonako fela sefofane seo sa dibomo se ne sa tsamaya mme ra tswelela ka loeto lwa rona.

Mo tiragalong nngwe ke ne ka tsosiwa mo borokong jo bo motlhofo ke mosadi mongwe yo o neng a goa a leka go tswa mo leterokong la dikgomo le re neng re le pagame. Rre o ne a mo kganela mme a mo gogela mo teng. Mosadi o ne a thulamela gaufi le kgoro, a tsere lesea la gagwe mo matsogong. Fa a tsoga, o ne a fitlhela gore lesea le bolailwe ke serame. Ka jalo banna ba ne ba latlhela setopo seo kwa ntle kwa kapokong, mmè yono ka a ne a tletse kutlobotlhoko, o ne a leka go bula kgoro go tlolela kwa ntle gore a tle a swele teng le ngwana wa gagwe.

Go lwantsha serame se se bogale, go ne go beilwe setofo se se potoka mo gare ga leteroko la rona la dikgomo. Dikgong di sekae tse di neng di beilwe mo letlhakoreng le lengwe la leteroko leno di ne di dirisediwa fela go apaya ditapole. Gape dikgetsi tsa ditapole e ne e le malao a rona, e re ka go robala mo go tsone go ne go le botoka go na le go robala mo mabokoseng a a neng a adilwe fa fatshe mo leterokong a a neng a le tsididi.

Ke ka ntlha yang fa re ne re tshaba go sireletsa matshelo a rona? Lelapa la rona le ne la kgona jang go falola dikgwedi di le dintsi re le batshabi? E re ke go bolelele.

Go Nna Mojuta

Ke belegwe ka December 22, 1940—ke le gofejana mo baneng ba le batlhano—kwa Lyck, mo Prussia Botlhaba (e jaanong e leng Elk kwa Poland). Go bogisediwa bodumedi go ne ga pateletsa borremogolo ba me ba Bajuta go tswa kwa Jeremane mo bokhutlong jwa bo1700. Ba ne ba fudugela kwa Russia ka nako ya khuduga e e di gaisang tsotlhe mo hisitoring. Ka jalo ka 1917, go falola pogiso e e kgatlhanong le Bajuta kwa Russia ka nako eo, rremogolo yo e neng e le Mojuta o ne a fudugela kwa Prussia Botlhaba go tswa kwa motseng wa gagwe gaufi le Noka ya Volga.

Rremogolo o ne a na le boagi jwa Jeremane, mme Prussia Botlhaba e ne e lebega e le botshabelo jo bo sireletsegileng. Batho ba ba neng ba na le maina a ntlha a Sejuta ba ne ba tsaya a Se-Aryan. Ka jalo, rre e bong Friedrich Salomon o ne a itsege e le Fritz. Mmè mo go le lengwe e ne e le moagi wa Prussia. Ene le Rre, yo e neng e le seopedi, ba ne ba nyalana ka 1929.

Botshelo jwa batsadi ba me bo ne bo lebega bo tletse ka boitumelo le ka tsholofelo. Mmèmogolo e bong Fredericke le Nkokoagemmè e bong Wilhelmine (ba losika lwa ga Mmè) ba ne ba na le polasi e e kgolo, e e neng ya nna legae la bobedi la batsadi ba me le rona bana ba bone. Mmino e ne e le selo sa konokono mo botshelong jwa lelapa la rona. Mmè o ne a letsa meropa mo setlhopheng sa ga Rre sa tantshe.

Go Tlhasela ga Banasi

Ka 1939, go ne ga tsoga tsebetsebe mo dilong tsa sepolotiki. Tharabololo e go neng go twe ke ya makgaolakgang ya ga Adolf Hitler mo bothateng jwa Bajuta e ne ya simolola go tshwenya batsadi ba me. Rona bana re ne re sa itse gore re Bajuta, e bile ga re a ka ra itse ka gone go fitlha Mmè a swa ka 1978—dingwaga di le robonngwe morago ga gore Rre a swe.

Rre o ne a tsenela Bosole jwa Jeremane e le gore go se ka ga nna le ope yo o belaelang gore ke Mojuta. Fa a simolola, o ne a dira mo setlhopheng sa mmino sa masole. Le fa go ntse jalo, motho mongwe yo gongwe a neng a itse gore ke mokae o ne a bolela gore e ne e le Mojuta mme lelapa lotlhe la rona la tlhomakakwa dipotso le go tsewa dinepe. Bomankge ba Bonasi ba ne ba leka go tlhotlhomisa gore a re tshwana le Bajuta kgotsa nnyaa. Go bonala re ne re tshwana le Ba-Aryan thata mo go bone, ka jalo ka lesego ga re a ka ra tshwarwa kgotsa ra tsenngwa mo kgolegelong.

Fa Jeremane e ne e tlhasela Poland ka September 1, 1939, kgaolo ya rona e pele e neng e tletse kagiso e ne ya aparelwa ke poifo. Mmè o ne a batla go fuduga ka yone nako eo go ya kwa lefelong le le sireletsegileng, le fa go ntse jalo badiredi ba bagolo ba Banasi ba ne ba kganela lelapa go dira jalo. Go tswa foo, fa masole a Russia a ne a tsamaela go ya kwa Prussia Botlhaba mo nakong ya selemo sa 1944, Bajeremane ba ne ba ikemisetsa go fudusa batho ba Lyck le mafelo a a e dikologileng. Ka letsatsi lengwe ka July, re ne ra newa fela diura di le thataro go bo re tswile mo legaeng la rona.

Phudugo e Kgolo ka Poifo

Mmè o ne a tshogile. A tseye eng? A ye kae? A tsamaye ka eng? A re tla tsamaya re boa? Lelapa lengwe le lengwe le ne le sa kgone go tsamaya ka dilo di le dintsi. Mmè ka botlhale o ne a tlhopha dilo tsa botlhokwa—go akaretsa le pitsa e tona e e dirilweng ka mmopa e na le mafura a nama ya kgomo le ditokana tsa nama ya kolobe—e e lekaneng fela gore re kgone go e tsaya. Malapa a mangwe a ne a tlhopha go tsaya dilo tsa bone tse di tlhwatlhwakgolo.

Ka October 22, 1944, ditlhopha tsa masole a Russia di ne tsa tsena mo Prussia Botlhaba. Mokwadi mongwe o tlhalosa jaana: “Go ne go sa gakgamatse go lebelela gore masole a Russia a a boneng malapa a one a bolawa le magae a bone le masimo di fisiwa a tla batla go ipusolosetsa.” Tshenyego eno e ne ya tshosa batho gotlhe mo Prussia Botlhaba mme ba ne ba tshaba ba tsenwe ke poifo.

Ka nako eo re ne re le batshabi, re nna kwa bophirima jo bo kwa kgakala jwa Prussia Botlhaba. Go ne go bonala tsela fela ya go falola e le ya Lewatle la Baltic, ka jalo batho ba ne ba tshabela kwa boemakepe jwa Danzig (e jaanong e leng Gdansk kwa Poland). Teng koo, dikepe di ne di patelediwa go dira ditiro tsa phalotso ya tshoganetso. Lelapa la rona le ne la siiwa ke terena e e neng e ya kwa sekepeng sa bapagami ba Bajeremane sa Wilhelm Gustloff, se se neng se tloga kwa Gdynia gaufi le Danzig ka January 30, 1945. Re ne ra itsisiwe moragonyana gore bomo ya Ba-Russia e ne ya dira gore sekepe seo se nwele le gore bapagami ba ka nna 8000 ba ne ba swela mo metsing a a tsididitsididi.

Re ne ra leba kwa bophirima ka gonne tsela e go neng go tshabiwa ka yone e e tsamayang gaufi le lewatle e ne e tswetswe. Rre o ne a tsamaya le rona mo karolong e nngwe ya loeto ka terena ka nako ya fa sesole se ne se mo neile malatsi a boikhutso jwa nakwana jaaka go tlhalositswe mo matsenong. Ka bonako fela o ne a tshwanela go boela morago kwa bosoleng mme re ne ra tswelela ka loeto lono lo loleele, lo lo kotsi re le bosi. Mmè o ne a disitse pitsa ya mafura, a re nathela go sekae go tswa mo go yone nako le nako. E ne e tlatseletsa dijonyana dipe fela tse re neng re di bona mo tseleng, e leng se se neng sa re boloka re tshela mo nakong eo ya mariga a maleele le a a tsididi. Pitsa eno ya mafura e ne ya itshupa e le botlhokwa thata go gaisa gauta kgotsa selefera epe fela!

Kgabagare, re ne ra goroga kwa toropong ya Stargard, koo masole a Jeremane le ba Sefaapano se se Hibidu ba neng ba tlhomile lefelo le lennye le le tlamelang ka dijo tse di motlhoswana gaufi le seteishene sa terena teng. Mo ngwaneng yo o tshwerweng ke tlala thata, sopo eo e ne e le monate tota. Kgabagare, ra goroga kwa Hamburg kwa Jeremane, re tshwerwe ke tlala e bile re lapile, le fa go ntse jalo, re itumeletse go bo re tshela. Re ne ra bewa mo polasing e e neng e le gaufi le noka ya Elbe, mmogo le batshwarwa ba ntwa ba Ba-Russia le ba Poland. Fa ntwa e ne e khutla mo Yuropa ka May 8, 1945, boemo jwa rona bo ne bo sa tlhomama gotlhelele.

Botshelo Jaaka Batshabi

Rre e ne e le motshwarwa kwa Amerika mme ba ne ba mo tshwere sentle, segolobogolo fa ba lemoga gore e ne e le seopedi. Ba ne ba dirisa botswerere jwa gagwe jwa mmino gore ba bo tsenye mo moletlong wa bone wa Letsatsi la Boipuso. Moragonyana fela ga moo, o ne a kgona go tshaba le go boela kwa Hamburg, koo a neng a kopana le rona ka boitumelo teng. Re ne re nna mo mokgorong o monnye mme ka bonako fela bommèmogolo ka bobedi ba ne ba goroga ba sireletsegile mme ba kgona go nna le rona.

Le fa go ntse jalo, fa go ntse go ya, baagi ba mo motseng, go akaretsa le Kereke ya rona ya Luthere, ba ne ba simolola go tlhoa batshabi ba ba neng ba le bantsi. Maitseboa mangwe moruti o ne a etela kwa gae. Go lebega a ile a bua mafoko a a kgopisang ka boomo ka go bua bosula ka boemo jwa rona batshabi. E re ka rre e ne e le monna yo o maatla, o ne a shakgadiwa ke seno mme a tlhasela moruti. Mmè le bommemogolo ba ne ba thiba Rre. Le fa go ntse jalo, o ne a tsholetsa moruti, a mo isa kwa kgorong mme a mo kgoromeletsa kwa ntle. Go tloga ka nako eo o ne a iletsa motlotlo ope fela ka bodumedi mo ntlong ya gagwe.

Morago ga tiragalo eno, Rre o ne a bona tiro mo ditereneng tsa Jeremane mme ra fuduga go ya go nna kwa lefelong le le ka kwa ntle ga Hamburg, koo re neng re nna mo leterokong le le neng le sa dirisiwe la terena teng. Moragonyana, Rre o ne a re agela ntlo e ntle. Le fa go ntse jalo, letlhoo la batshabi le ne la tswelela pele mme go tloga fa e sale ke le ngwana, ke ne ke tlhola ke itewa thata le go utlwisiwa botlhoko mo maikutlong ke bana ba mo motseng.

Lelapa la Rona le Tlhopha Bodumedi

Fa ke le ngwana, ke ne ke robala mo kamoreng e le nngwe le bommemogolo ba me ba babedi. Go sa kgathalesege ditaelo tsa ga Rre, fa Rre a ne a se teng mo gae, ka bobedi gantsi ba ne ba bua le nna ka Modimo, ba opela difela le go bala Dibaebele tsa bone. Ke ne ka simolola go kgatlhegela dilo tsa semoya. Ka jalo, fa ke le dingwaga di le lesome, ke ne ka simolola go tsamaya dikilometara di le 11 go ya kwa kerekeng ka Disontaga. Le fa go ntse jalo, gone ke ne ka swaba thata fa bontsi jwa dipotso tsa me di ne di sa arabiwe ka tsela e e nkgotsofatsang.

Mme, mo selemong sa 1951, monna mongwe yo o neng a apere sentle o ne a kokota mo kgorong ya rona mme a neela Mmè khopi ya makasine wa Tora ya Tebelo. O ne a bolela gore: “Tora ya Tebelo e itsise kaga Bogosi jwa Modimo.” Pelo ya me e ne ya binabina ka go bo e le sone se ke neng ke se eletsa. Mmè ka maitseo o ne a e gana, kwa ntle ga pelaelo e le ka ntlha ya go bo Rre a ganetsa bodumedi. Le fa go ntse jalo, ke ne ka mo rapela thata fela mo e leng gore o ne a feleletsa a ntseetse khopi ya makasine. Moragonyana ga moo, Ernest Hibbing o ne a boa mme a tlogela buka ya “Let God Be True.”

Ka nako eno, Rre o ne a gobala kwa tirong mme a robega leoto. Mo go bolelang gore o ne a tshwanetse go nna mo ntlong, e leng se a neng a sa se batle. Le e leng le fa leoto la gagwe le ne le tsentswe samente, o ne a kgona go tlhotsa ka lone. Re ne re akabadiwa ke gore o ne a aga a nyelela motshegare, a tlhaga fela ka nako ya dijo. O ne a dira seno beke yotlhe. Ke ne ka lemoga gore nako le nako fa Rre a ne a nyelela, buka ya me le yone e ne e nyelela. Mme e ne ya re, ka nako nngwe fa re ja Rre o ne a re mo go nna: “Fa monna yole a tla gape, ke batla go mmona!”

Fa Mokaulengwe Hibbing a boa, re ne ra gakgamadiwa ke fa Rre a itaaganya buka eno mo tafoleng mme a re: “Buka eno ke boammaaruri!” Thuto ya Baebele e ne ya simolola ka yone nako eo, mme fa nako e ntse e ya ba bangwe mo lapeng ba ne ba nna teng mo thutong. Mokaulengwe Hibbing o ne a nna mokaedi wa me yo o ikanyegang le tsala ya boammaaruri. Ke ne ka kobiwa kwa sekolong sa Sontaga ka gonne ke ne ke leka go bua le ba bangwe ka ditumelo tsa me tse disha. Ka jalo ke ne ka tlogela Kereke ya Luthere.

Ka July 1952, ke ne ka simolola go nna le seabe le tsala ya me mo go rereng dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka ntlo le ntlo. Sontaga mongwe le mongwe Mokaulengwe Hibbing o ne a nkgakolola go reetsa ka kelotlhoko ka fa a buang molaetsa ka teng go beng ba matlo. Morago ga dibeke di le mmalwa, o ne a ntshupetsa dikago di le mmalwa mme a re: “Ke tsa gago tsotlhe gore o dire mo go tsone o le nosi.” Fa nako e ntse e ya, ke ne ka fenya letshogo mme ka atlega thata mo go bueng le batho le go ba neela dibuka tsa Baebele.

Ka bonako ke ne ka tshwanelega go kolobediwa e le letshwao la go ineela ga me mo go Jehofa. Nna le Rre re ne ra kolobediwa mmogo ka March 29, 1953, mme moragonyana mo go one ngwaga oo Mmè le ene a kolobediwa. Kgabagare, botlhe mo gae ba ne ba kolobediwa, go akaretsa le morwadiarre e bong Erika; bomorwarre e bong Heinz, Herbert le Werner; le bommèmogolo ba rona, ba ka nako eo ba neng ba setse ba le mo dingwageng tsa bone tsa bo80. Mme ka January 1959, ke ne ka nna mmulatsela jaaka badiredi ba nako e tletseng ba bidiwa.

Bodiredi Kwa Nageng e Sele

Rre ka gale o ne a nthotloetsa gore ke tswe mo Jeremane mme fa ke gakologelwa kwa morago ke dumela gore seno e ne e le ka ntlha ya go boifa ga gagwe kgang ya go nna kgatlhanong le Bajuta. Ke ne ka tsenya kopo ya go fudugela kwa Australia, ke solofela gore seno e tla nna kgato e e tla nthusang go nna morongwa kwa Papua New Guinea kgotsa kwa setlhaketlhakeng sengwe fela sa Phasifike. Nna le morwarre e bong Werner re ne ra goroga mmogo mo Melbourne, mo Australia ka July 21, 1959.

Mo dibekeng di le mmalwa fela, ke ne ka kopana le Melva Peters, yo e neng e le modiredi wa nako e e tletseng kwa Phuthegong ya Footscray mme re ne ra nyalana ka 1960. Re ne ra segofadiwa ka barwadi ba le babedi, ba le bone ba neng ba rata Jehofa Modimo le go neela matshelo a bone mo go ene. Re lekile ka natla go boloka matshelo a rona a le motlhofo e le gore re ka latela mekgele ya semoya re le lelapa. Melva o ne a tswelela e le mmulatsela ka dingwaga di le dintsi go fitlha fa mathata a botsogo a mo kganela. Gone jaanong ke mogolwane le mmulatsela mo Phuthegong ya Belconnen mo toropokgolong ya Canberra.

Go tloga fa ke sa ntse ke le ngwana, ke ne ka ithuta go itumelela le go kgotsofalela dilo tse ke di neelwang ke Jehofa. Jaaka go bontshitswe ke pitsa ya ga Mmè ya mafura, ke ne ka lemoga gore motho a ka kgona go tswelela pele a itshedisa, e seng ka gauta kana selefera, le fa go ntse jalo ka dilo tsa motheo tse di tlhokegang, sa botlhokwa le go gaisa, ka go ithuta Lefoko la Modimo e bong Baebele le go dira se le se rutang.—Mathaio 4:4.

Mafoko a a botlhale a ga mmaagwe Jesu e bong Maria, a boammaaruri eleruri: “[Jehofa] o kgorisitse ka botlalo ba ba tshwerweng ke tlala ka dilo tse di molemo mme o tsamaisitse ba ba neng ba na le khumo ba iphotlhere.” (Luke 1:53) Nka bala ka boitumelo ba le 47 ba lelapa la me, ba ba tsamayang mo tseleng ya boammaaruri jwa Baebele, go akaretsa le ditlogolwana di le supa. (3 Johane 4) Ka tseo tsotlhe nna le Melva le bana ba le bantsi ba rona ba semoya le ditlogolwana re lebile pele kwa isagweng e e itumedisang e e sireletsegileng kafa tlase ga tlhokomelo e e molemo ya ga Jehofa le go kopana ka boitumelo le batho ba re ba ratang fa ba tsosiwa.—Jaaka go boletse Kurt Hahn.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Masole a Russia a tlhasela Prussia Botlhaba ka 1944

[Motswedi wa Setshwantsho]

Sovfoto

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Morwarre e bong Heinz, morwadiarre Erika, Mmè, barwarre Herbert le Werner le nna fa pele

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ke na le mogatsake e bong Melva

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Pitsa e e tshwanang le eno, e tladitswe ka mafura, e ne ya re otla

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela